Kgaolo ya Masomeamabeditharo
Nna o Lebeletse mo go Jehofa
1, 2. (a) Isaia kgaolo 30 e tshwere eng? (b) Jaanong re tla sekaseka dipotso dife?
MO GO Isaia kgaolo 30, re bala ka dipolelo tse dingwe gape tsa Modimo kgatlhanong le baikepi. Le fa go ntse jalo, karolo eno ya boporofeti jwa ga Isaia e tlhalosa dingwe tsa dinonofo tsa ga Jehofa tse di kgothatsang. E bile tota, dinonofo tsa ga Jehofa di tlhalosiwa ka tsela e e utlwalang sentle mo e leng gore go nna jaaka e kete re bona go nna teng ga gagwe mo go gomotsang, re utlwa lentswe la gagwe le le re kaelang, e bile re utlwa jaaka a re tshwara re bo re fola.—Isaia 30:20, 21, 26.
2 Le fa go ntse jalo, bagabone Isaia, banni ba Juda ba batlhanogi, ba gana go boela kwa go Jehofa. Mo boemong jwa moo, ba ikanya batho. Jehofa o ikutlwa jang ka seno? Mme karolo eno ya boporofeti jwa ga Isaia e thusa Bakeresete jang gompieno gore ba nne ba lebeletse mo go Jehofa? (Isaia 30:18) A re boneng.
Boeleele le Bomadimabe
3. Jehofa o senola leano lefe?
3 E setse e le nakonyana baeteledipele ba Juda ba ntse ba loga maano ka sephiri a gore ba tile go tsena mo jokweng ya Asiria. Le fa go ntse jalo, Jehofa o ntse a lebeletse. Jaanong o senola leano la bone: “‘A bo go latlhega barwa ba ba tlhogoethata,’ go bua Jehofa, ‘ba ba sekametseng mo go diragatseng boikaelelo, mme e se jo bo tswang mo go nna; le go tshela tshupelo ya senō, mme e se ka moya wa me, gore ba oketse boleo ka boleo; ba ba bololang go ya kwa Egepeto.’”—Isaia 30:1, 2a.
4. Batho ba Modimo ba ba tsuologang ba beile Egepeto mo boemong jwa Modimo jang?
4 A bo baeteledipele bano ba ba logang maano ba tshoga jang ne fa ba utlwa gore leano la bone le senogile! Go tsaya mosepele ba ya kwa Egepeto go ya go dira kgolagano le yone ga se kgato ya bobaba fela kgatlhanong le Asiria; tota ke go tsuologela Jehofa Modimo. Mo motlheng wa ga Kgosi Dafide, setšhaba se ne se tsaya Jehofa e le kago e e thata e bile se tshabela ‘mo moriting wa diphuka tsa gagwe.’ (Pesalema 27:1; 36:7) Jaanong ba “[itshireletsa] mo kagong e e thata ya ga Faro” e bile ba “tshabela mo moriting wa Egepeto.” (Isaia 30:2b) Ba beile Egepeto mo boemong jwa Modimo! A botsuolodi ruri!—Bala Isaia 30:3-5.
5, 6. (a) Ke ka ntlha yang fa kgolagano le Egepeto e le phoso e e masisi? (b) Ke mosepele ofe o batho ba Modimo ba kileng ba o tsaya pele o o bontshang gore go tsaya mosepele ono go ya Egepeto ke boeleele?
5 Isaia o naya tshedimosetso e e oketsegileng, jaaka e kete o batla go akgela malebana le kakanyo epe ya gore mosepele wa go ya Egepeto e ne e le loeto fela. “Polelo kgatlhanong le dibatana tsa naga tsa kwa borwa: Go ralala lefatshe la matshwenyego le maemo a a thata, la tau le lengau le le dumang, la noga e e botlhole le noga e e fofang e e botlhole jo e keteng molelo, ba tshola dikhumo tsa bone ka magetla a diesele tse di godileng sentle, le dilo tsa bone tse ba itlamelang ka tsone mo diroteng tsa dikamela.” (Isaia 30:6a) Go phepafetse gore mosepele ono o rulagantswe sentle. Ditlhopha tsa batsamai di rulaganya mokoloko wa dikamela le diesele, tse ba pegang dilwana tse di turang mo godimo ga tsone ba bo ba di etelela pele go ya Egepeto go ralala naga e e sa ungweng e e tletseng ditau tse di dumang le dinoga tse di botlhole. Kgabagare, ditlhopha tseno di goroga kwa di yang teng di bo di naya Baegepeto dilwana tsa tsone tse di tlhwatlhwakgolo. Ba rekile tshireletso—kana re ka re ba akanya jalo. Le fa go ntse jalo, Jehofa a re: “Di tla itshupa di se na mosola mo bathong. Mme Baegepeto ke lefela fela, mme ba tla thusetsa lefela. Ka jalo ke biditse yono: ‘Rahabe—sa bone ke go nna fela.’” (Isaia 30:6b, 7) “Rahabe,” “setshedi se setona thata sa lewatle,” o ne a tshwantshetsa Egepeto. (Isaia 51:9, 10) O solofetsa sengwe le sengwe mme ga a dire sepe. Kgolagano e Juda a e dirileng le ene ke phoso e e masisi.
6 Fa Isaia a ntse a tlhalosa mosepele wa ditlhopha tseno, bareetsi ba gagwe ba ka nna ba bo ba gopola mosepele o o tshwanang o o neng wa dirwa mo metlheng ya ga Moshe. Borraabomogologolwane ba ne ba tsamaya mo go yone “naga e kgolo [eo] e e boitshegang.” (Duteronome 8:14-16) Le fa go ntse jalo, mo motlheng wa ga Moshe, Baiseraele ba ne ba tsaya mosepele ba tswa mo Egepeto e bile ba tswa mo bokgobeng. Jaanong ditlhopha tseno tsa batsamai di tsaya mosepele go ya kwa Egepeto, e bile tota ba itsenya mo taolong ya gagwe. A boeleele ruri! A le ka motlha re se ka ra dira tshwetso e e ntseng jalo e e seng botlhale mme ra latlha kgololesego ya rona ya semoya ra itsenya mo bokgobeng!—Bapisa Bagalatia 5:1.
Molaetsa wa Moporofeti o a Ganediwa
7. Ke ka ntlha yang fa Jehofa a dira gore Isaia a kwale tlhagiso e A e nayang Juda?
7 Jehofa o bolelela Isaia gore a kwale molaetsa o a sa tswang go o bolela gore “[o tle o] direle jaaka bosupi mo isagweng, ka bosakhutleng.” (Isaia 30:8) Kgang ya go bo Jehofa a sa rate gore batho ba ikanye dikgolagano tsa bone le batho go feta tsela e ba ikanyang Ene ka yone e tshwanetse ya kwalwa gore e solegele dikokomane tse di latelang molemo—go akaretsa le kokomane ya rona gompieno. (2 Petere 3:1-4) Le fa go ntse jalo, go na le lebaka le lengwe le le amang nako eo le le dirang gore go tlhokege gore go nne le pego e e kwadilweng. “Ke batho ba ba tsuololang, barwa ba ba se nang boammaaruri, barwa ba ba ntseng ba sa batle go utlwa molao wa ga Jehofa.” (Isaia 30:9) Batho bano ba ganne kgakololo ya Modimo. Ka gone, go tshwanetse ga kwalwa gore moragonyana ba se ka ba ganetsa ba re ga ba a tlhagisiwa sentle.—Diane 28:9; Isaia 8:1, 2.
8, 9. (a) Baeteledipele ba Juda ba leka jang go faposa baporofeti ba ga Jehofa? (b) Isaia o bontsha jang gore ga a kitla a tshosiwa?
8 Jaanong Isaia o naya sekai sa boikutlo jwa batho jwa botsuolodi. Ba reile “ba ba bonang ba re, ‘Lo se ka lwa bona,’ le ba ba nnang le diponatshegelo ba re, ‘Lo se ka lwa re bonela dilo dipe tse di tlhamaletseng mo ponatshegelong. Buang le rona dilo tse di forang; bonang dilo tsa tsietso mo ponatshegelong.’” (Isaia 30:10) Ka go laela baporofeti ba ba ikanyegang gore ba tlogele go bua se se “tlhamaletseng,” kana se se boammaaruri, mme go na le moo ba bue se se “forang” le sa “tsietso,” kana sa maaka, baeteledipele ba Juda ba bontsha gore ba batla go tsikitliwa ditsebe. Ba batla go bakwa, e seng go kgalwa. Go ya ka bone, moporofeti ope fela yo o sa batleng go porofeta dilo tse ba di ratang o tshwanetse a ‘fapoga mo tseleng; a tswa mo tselaneng.’ (Isaia 30:11a) O tshwanetse a bua mafoko a a tla nnang monate mo ditsebeng tsa bone kana bogolo a emisa go rera gotlhelele!
9 Baganetsi ba ga Isaia ba tatalala jaana: “Dirang gore Moitshepi wa Iseraele a kgaotse ka ntlha ya rona fela.” (Isaia 30:11b) A Isaia a tlogele go bua ka leina la ga Jehofa, “Moitshepi wa Iseraele”! Sone sereto seno fela se a ba tena ka gonne melao ya ga Jehofa ya maemo a a kwa godimo e senola boemo jwa bone jo bo makgapha. Isaia o itshwara jang? O bolela jaana: “Moitshepi wa Iseraele o rile.” (Isaia 30:12a) Isaia ga a okaoke mme o bua one mafoko a baganetsi ba gagwe ba sa batleng go a utlwa. Ga a kitla a tshosiwa. A bo seo e le sekao se se molemo jang ne mo go rona! Fa go tliwa mo go boleleng molaetsa wa Modimo, le ka motlha Bakeresete ga ba a tshwanela go ineela. (Ditiro 5:27-29) Fela jaaka Isaia, ba tswelela pele ba re: ‘Jehofa o rile’!
Maduo a Botsuolodi
10, 11. Go tsuologa ga Juda go tla nna le diphelelo dife?
10 Juda o ganne lefoko la Modimo, a ikanya maaka mme a ikaega ka “se e leng tsietso.” (Isaia 30:12b) Diphelelo e tla nna dife? Go na le gore Jehofa a tlogele dilo di ntse jaaka setšhaba se batla, o tla fedisa setšhaba seno! O tla se fedisa gotlhelele, ka tshoganetso, jaaka Isaia a gatelela a dirisa setshwantsho. Go tsuologa ga setšhaba go tshwana le “karolo e e thubegileng e e tlogang e wela fa fatshe, go kokomoga mo loboteng lo lo goletseng kwa godimo, lo go wa ga lone go ka tlang ka tshoganyetso, ka ponyo ya leitlho.” (Isaia 30:13) Fela jaaka go kokomoga mo go ntseng go gola mo loboteng lo lo goletseng kwa godimo go ka dira gore kgabagare lobota lo we, fela jalo botsuolodi jo bo ntseng bo oketsega jwa batho ba motlha wa ga Isaia bo tla dira gore setšhaba se we.
11 Isaia o dirisa setshwantsho se sengwe go bontsha kafa tshenyego e e tlang e tla diregang ka botlalo ka teng: “Motho o tla e thuba jaaka fa go thujwa nkgo e kgolo ya babopi ba letsopa, e thubaganngwa e sa rekegelwe, mo e leng gore mo mathubegong a yone go ka se ka ga fitlhelwa kapetla ya sejana sa letsopa e go ka gogolwang molelo wa leiso ka yone mo leisong kgotsa ga okolwa metsi mo lefelong le le ditsobotla.” (Isaia 30:14) Juda e tla bo e sentswe gotlhelele mo e leng gore ga go kitla go sala sepe sa botlhokwa—le fa e le lone lobeana lo lo lekaneng go ka gogola molora o o fisang mo leisong kana lwa okola metsi mo lefelong le le ditsobotla. A phediso ya matlhabisaditlhong! Batho ba ba tsuologelang kobamelo ya boammaaruri gompieno ba tlile go senngwa gotlhelele e bile e le ka tshoganetso fela jalo.—Bahebera 6:4-8; 2 Petere 2:1.
Ba Gana Thuso ya ga Jehofa
12. Batho ba Juda ba ka tila jang go senngwa?
12 Le fa go ntse jalo, ga se gore ga go na kafa bareetsi ba ga Isaia ba ka tilang go senngwa ka gone. Go na le tsela e ba ka falolang ka yone. Moporofeti o tlhalosa jaana: “Morena Molaodimogolo Jehofa, Moitshepi wa Iseraele o rile: ‘Lo tla bolokwa ka go boa lo tla go ikhutsa. Maatla a lona a tla tlisiwa fela ke go nna lo sa tshwenyege le go ikanya.’” (Isaia 30:15a) Jehofa o iketleeditse go boloka batho ba gagwe—fa ba bontsha tumelo ka go “ikhutsa,” kana go tila go leka go ipatlela poloko ka dikgolagano le batho, le ka go ‘nna ba sa tshwenyege,’ kana ba bontsha gore ba ikanya gore Modimo o na le maatla a go ba sireletsa ka go sa ineele gore ba boife. Isaia o raya batho a re: “Mme lo ne lo sa rate.”—Isaia 30:15b.
13. Baeteledipele ba Juda ba ikanya eng, a mme go a tshwanela?
13 Go tswa foo Isaia o tlhalosa jaana go ya pele: “Lo ne lwa re: ‘Nnyaa, re tla tshaba ka dipitse!’ Ke gone ka moo lo tla tshabang. ‘Mme re tla palama dipitse tse di bofefo!’ Ke gone ka moo ba ba lo latelelang ba tla itshupang ba le bofefo.” (Isaia 30:16) Bajudea ba akanya gore ba tla bolokwa ke dipitse tse di bofefo, e seng Jehofa. (Duteronome 17:16; Diane 21:31) Le fa go ntse jalo, moporofeti o ganetsa seo ka go bolela gore se ba se ikantseng se tla itshupa e le sa maaka ka gonne baba ba bone ba tla ba fenya. Tota le go nna bantsi ga bone go ka se ka ga ba thusa ka sepe. “Ba le sekete ba tla roroma ka ntlha ya kgalemo ya a le mongwe; lo tla tshaba ka ntlha ya kgalemo ya ba le batlhano.” (Isaia 30:17a) Masole a Juda a tla tshoga a bo a sia fa setlhotshwanyana fela sa baba se goa.a Kwa bofelong go tla sala masalela fela, ba setse ba le bosi, “jaaka pinagare ya sekepe kwa godimo ga thaba le jaaka sesupo mo thoteng.” (Isaia 30:17b) Fela jaaka boporofeti bo boletse, fa Jerusalema a senngwa ka 607 B.C.E., go sala masalela fela.—Jeremia 25:8-11.
Kgomotso mo Gare ga Kgalemo
14, 15. Mafoko a Isaia 30:18 a kgothatsa jang banni ba Juda mo metlheng ya bogologolo le Bakeresete ba boammaaruri gompieno?
14 Fa Isaia a fetsa go bolelela bareetsi ba gagwe mafoko ano a a masisi, segalo sa molaetsa wa gagwe se a fetoga. Matshosetsi a gore go ka nna le masetlapelo a latelwa ke tsholofetso ya gore go tla tla masego. “Ka jalo Jehofa o tla nna a lebeletse go lo bontsha kamogelo, mme ka jalo o tla ema a lo bontsha kutlwelobotlhoko. Gonne Jehofa ke Modimo wa katlholo. Go itumela botlhe ba ba nnang ba lebeletse mo go ene.” (Isaia 30:18) A mafoko a a kgothatsang ruri! Jehofa ke Rre yo o kutlwelobotlhoko yo o eletsang go thusa bana ba gagwe. O itumelela go bontsha kutlwelobotlhoko.—Pesalema 103:13; Isaia 55:7.
15 Mafoko ano a a kgothatsang a lebisitse go masalela a Bajuda a ka boutlwelobotlhoko a letlelelwang go falola fa Jerusalema a senngwa ka 607 B.C.E. mmogo le ba ba seng kae ba ba boelang kwa Nageng e e Solofeditsweng ka 537 B.C.E. Le fa go ntse jalo, mafoko a moporofeti a gomotsa le Bakeresete gompieno. A re gopotsa gore Jehofa o tla “ema” a re thusa, a fedisa lefatshe leno le le boikepo. Baobamedi ba ba ikanyegang ba ka solofela gore Jehofa—“Modimo wa katlholo”—ga a kitla a letla lefatshe la ga Satane go tswelela pele le le teng go feta kafa tshiamiso e tlhokang ka teng. Ka jalo, “ba ba nnang ba lebeletse mo go ene” ba ka itumela tota.
Jehofa o Gomotsa Batho ba Gagwe ka go Araba Dithapelo
16. Jehofa o kgothatsa jang batho ba ba kgobegileng marapo?
16 Le fa go ntse jalo, bangwe ba ka ikutlwa ba kgobegile marapo ka gonne kgololo ga e a tla ka bonako jaaka ba ne ba solofetse. (Diane 13:12; 2 Petere 3:9) E kete ba ka gomodiwa ke mafoko a a latelang a ga Isaia, a a bontshang karolo ya botlhokwa ya botho jwa ga Jehofa. “Fa batho ba ba kwa Siona ba tla bo ba nna kwa Jerusalema, le ka motlha ga o kitla o lela. Ruri o tla go amogela fa go utlwala modumo wa selelo sa gago; fela fa a o utlwa o tla go araba.” (Isaia 30:19) Isaia o bontsha lorato mo mafokong ano ka go tlogela go dirisa “lo” wa batho ba bantsi kwa temaneng ya 18 jaanong a dirisa “o” wa motho a le esi mo temaneng ya 19. Fa Jehofa a gomotsa batho ba ba ngomogileng pelo, o dirisana le bone motho ka bongwe. Jaaka Rre, ga a botse morwa yo o kgobegileng marapo a re, ‘Ke eng fa o sa nonofe jaaka morwarrago?’ (Bagalatia 6:4) Go na le moo, o reetsa mongwe le mongwe wa bone ka tlhoafalo. E bile tota, “fela fa a o utlwa o tla . . . araba.” A mafoko a a kgothatsang ruri! Batho ba ba kgobegileng marapo ba ka nonotshiwa thata ke go rapela Jehofa.—Pesalema 65:2.
Utlwa Lentswe la Modimo le le Kaelang ka go Bala Lefoko la Gagwe
17, 18. Jehofa o kaela batho jang le ka dinako tse di thata tota?
17 Fa Isaia a ntse a tsweletse ka polelo ya gagwe, o gakolola bareetsi ba gagwe gore go tla tla tlalelo. Batho ba tla amogela “senkgwe sa matshwenyego le metsi a go gatelelwa.” (Isaia 30:20a) Matshwenyego le kgatelelo tse ba tla nnang le tsone fa ba dikanyeditswe di tla bo di tlwaelegile fela jaaka senkgwe le metsi. Le fa go ntse jalo, Jehofa o iketleeditse go falotsa batho ba ba dipelo di siameng. “Motlhatlheledi yo Mogolo wa lona ga a kitla a tlhola a iphitlha, mme matlho a lona a tla nna matlho a a bonang Motlhatlheledi wa lona yo Mogolo. Mme ditsebe tsa lona di tla utlwa lefoko kwa morago ga lona le re: ‘Tsela ke e. Tsamayang ka yone,’ fa go direga gore lo ye kafa mojeng kgotsa go direga gore lo ye kafa molemeng.”—Isaia 30:20b, 21.b
18 Jehofa ke “Motlhatlheledi yo Mogolo.” Ga go na morutisi ope yo o lekanang le ene. Le fa go ntse jalo, batho ba ka ‘mmona’ le go mo “utlwa” jang? Jehofa o itshenola ka baporofeti ba gagwe, ba mafoko a bone a kwadilweng mo Baebeleng. (Amose 3:6, 7) Gompieno, fa baobamedi ba ba ikanyegang ba bala Baebele, go ntse jaaka e kete lentswe la Modimo le le tshwanang le la rre le ba bolelela tsela e ba tshwanetseng go tsamaya ka yone e bile le ba rotloetsa go fetola mekgwa ya bone gore ba kgone go tsamaya ka yone. Mokeresete mongwe le mongwe o tshwanetse a reetsa ka kelotlhoko fa Jehofa a bua a dirisa Baebele le dikgatiso tse di theilweng mo Baebeleng tse di rulagantsweng ke “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale.” (Mathaio 24:45-47) A mongwe le mongwe a tlhoafalele go bala Baebele, ka gonne ‘go raya botshelo jwa gagwe.’—Duteronome 32:46, 47; Isaia 48:17.
Akanya ka Masego a a Tlang
19, 20. Batho ba ba tsibogelang lentswe la Motlhatlheledi yo Mogolo ba tla tlelwa ke masego afe?
19 Batho ba ba tsibogelang lentswe la Motlhatlheledi yo Mogolo ba tla gasamisa ditshwantsho tsa bone tse di betlilweng, ba di tsaya e le sengwe se se makgapha. (Bala Isaia 30:22.) Go tswa foo, batho ba ba tsayang kgato bao ba tla nna le masego a magolo. One a tlhalosiwa ke Isaia, jaaka a kwadilwe mo go Isaia 30:23-26, boporofeti jo bo itumedisang jo bo malebana le tsosoloso jo bo diragadiwang la ntlha fa masalela a Bajuda a boa kwa botshwarwa ka 537 B.C.E. Gompieno, boporofeti jono bo re thusa go bona masego a magolo a Mesia a a tlisang mo paradaiseng ya semoya gone jaanong le mo Paradaiseng ya mmatota e e tla tlang.
20 “Ruri o tla naya peo ya lona e lo e jalang mo lefatsheng pula, a lo neye senkgwe e le kungo ya mmu, se e tla nnang se se nonneng le se se nang le mafura. Mo letsatsing leo diruiwa tsa gago di tla fula mo mafulong a a bulegileng. Dikgomo le diesele tse di godileng sentle tse di lemang mmu di tla ja furu e e lokilweng ka sorele, e e neng ya olosiwa ka garawe le ka foroko.” (Isaia 30:23, 24) Senkgwe se se “nonneng le se se nang le mafura”—dijo tse di tletseng dikotla—e tla nna dijo tse motho a di jang letsatsi le letsatsi. Lefatshe le tla tlhagisa dijo tse dintsi mo e leng gore tota le diphologolo di tla solegelwa molemo. Diruiwa di tla fepiwa ka “furu e e lokilweng ka sorele”—furu e e monate e e beetsweng dinako tse di rileng fela. E bile dijo tseno di ‘olositswe’—mokgwa o gantsi o dirwang fela mo dijong tsa ditlhaka tse di tlileng go jewa ke batho. A bo Isaia fano a tlhalosa dilo tse di itumedisang jang ne go bontsha kafa masego a ga Jehofa a tla bong a le mantsi ka teng mo bathong ba ba ikanyegang!
21. Tlhalosa kafa masego a a tlang a tla diragalang ka botlalo ka teng.
21 “Mo thabeng nngwe le nngwe e e kwa godimo le mo thoteng nngwe le nngwe e e goletsegileng go tla nna le melatswana.” (Isaia 30:25a)c Isaia o naya tlhaloso e e tshwanelang e e gatelelang kafa masego a ga Jehofa a tla bong a diragala ka botlalo ka teng. Go tla bo go se na tlhaelo ya metsi—selo sa botlhokwa se se tla elelang e seng fela mo nageng e e kwa tlase mme le mo thabeng nngwe le nngwe, tota le mo “thabeng nngwe le nngwe e e kwa godimo le mo thoteng nngwe le nngwe.” Ee, tlala e tla bo e sa tlhole e le gone. (Pesalema 72:16) Mo godimo ga moo, jaanong moporofeti o leba le e leng kwa dilong tse di kwa godimo ga dithaba. “Lesedi la ngwedi o o tletseng le tla nna jaaka lesedi la letsatsi le le phatsimang; mme lesedi la letsatsi le le phatsimang e tla nna le le menaganeng ga supa, jaaka lesedi la malatsi a le supa, mo letsatsing la fa Jehofa a hapa go robega ga batho ba gagwe a bo a fodisa le ntho e e botlhoko ya titeo ya gagwe.” (Isaia 30:26) A konelo e e kgatlhang jang ne ya boporofeti jono jo bontle! Kgalalelo ya Modimo e tla tsabakela ka phatsimo ya yone yotlhe. Masego a a tla tlelang baobamedi ba Modimo ba ba ikanyegang a tla feta sepe fela se ba kileng ba se bona—go menagane ga supa.
Katlholo le Boipelo
22. Go fapaana le masego a a tla tlelang batho ba ba ikanyegang, Jehofa o tshwaretse baikepi eng?
22 Segalo sa molaetsa wa ga Isaia se fetoga gape. A re “Bona!” jaaka e kete o batla go gapa tlhokomelo ya bareetsi ba gagwe. “Leina la ga Jehofa le tswa kgakala, le tuka ka bogale jwa gagwe le ka maru a magolo. Fa e le dipounama tsa gagwe, di tletse katlholo, le loleme lwa gagwe lo tshwana le molelo o o lailang.” (Isaia 30:27) Go tla go fitlha jaanong, Jehofa o ntse a emetse kgakala, a letla baba ba batho ba gagwe gore ba dire se ba se ratang. Jaanong o a atamela—jaaka pula ya matlakadibe fa e ntse e atamela—o tla go diragatsa katlholo. “Moya wa gagwe o ntse jaaka molatswana o o phothoselang o o fitlhang mo molaleng, gore o akgaakge ditšhaba ka sefe e e se nang mosola; le tomo e e dirang gore motho a kgarakgatshege e tla bo e le mo ditlhaeng tsa ditšhaba.” (Isaia 30:28) Baba ba batho ba Modimo ba tla dikanyediwa ke “molatswana o o phothoselang,” ba ‘akgaakgiwa thata ka sefe,’ mme ba tshwerwe ka “tomo.” Ba tla senngwa.
23. Ke eng se se dirang gore Bakeresete ba ‘ipele mo pelong’ gompieno?
23 Segalo sa molaetsa wa ga Isaia se fetoga gape fa a tlhalosa go itumela ga baobamedi ba ba ikanyegang ba letsatsi lengwe ba tla boelang kwa nageng ya bone. “Lo tla nna le pina e e tshwanang le ya bosigo jwa fa motho a itshepisetsa moletlo, le go ipela mo pelong jaaka ga motho yo o tsamayang ka folutu gore a tsene mo thabeng ya ga Jehofa, kwa Lefikeng la Iseraele.” (Isaia 30:29) Bakeresete ba boammaaruri gompieno ba “ipela mo pelong” jalo fa ba ntse ba akanya ka katlholo ya lefatshe la ga Satane; tshireletso e ba e newang ke Jehofa, ‘Lefika la poloko;’ le masego a Bogosi a a tla tlang.—Pesalema 95:1.
24, 25. Boporofeti jwa ga Isaia bo gatelela jang lebaka la go bo katlholo e e tlang ya Asiria e le ya mmatota?
24 Fa Isaia a sena go bolela mafoko ano a boitumelo, o boela gape mo kgannyeng ya katlholo mme o bontsha se Modimo a se galefelang. “Jehofa o tla dira gore seriti sa lentswe la gagwe se utlwiwe le go fologa ga lebogo la gagwe go bonwe, mo tšararegong ya bogale le kgabo ya molelo o o lailang le pula e kgolo ya tshoganyetso le pula ya matsubutsubu le sefako. Gonne ka ntlha ya lentswe la ga Jehofa Asiria e tla welwa ke poifo; o tla e itaya ka lore.” (Isaia 30:30, 31) Isaia o dirisa tlhaloso eno e e phepafetseng go gatelela gore katlholo ya Modimo mo Asiria ke ya mmatota. E bile tota, Asiria o ema fa pele ga Modimo a bo a roromisiwa ke go bona ‘go fologa ga lebogo la gagwe’ la katlholo.
25 Moporofeti o tswelela jaana: “Go kgatikana gongwe le gongwe ga thobane ya gagwe ya go kgwathisa e Jehofa a tla e bayang mo godimo ga Asiria e tla nna ka meropana le ka diharepa; mme o tla tlhabana le bone ka ditlhabano tsa go kgatikanya. Gonne Tofethe ya gagwe e rulagantswe ka thulaganyo go tswa dinakong tsa bosheng jaana; gape e baakanyeditswe kgosi ka boyone. O dirile mokoa wa yone boteng. Molelo le dikgong di dintsi. Mohemo wa ga Jehofa, jaaka molatswana o o phothoselang wa sulefera, o tuka kgatlhanong le yone.” (Isaia 30:32, 33) Fano Tofethe yo o mo Mokgatšheng wa Hinoma o dirisiwa e le lefelo la tshwantshetso, le le tukang molelo. Fa Isaia a bontsha gore Asiria o tla felela koo, o gatelela kafa tshenyego e e tla tlelang setšhaba seo e tla bong e le ya tshoganyetso e bile e feletse ka teng.—Bapisa 2 Dikgosi 23:10.
26. (a) Dipolelo tsa ga Jehofa kgatlhanong le Asiria di dira jang mo motlheng wa gompieno? (b) Bakeresete gompieno ba nna ba lebeletse mo go Jehofa jang?
26 Le fa molaetsa ono wa katlholo o le kgatlhanong le Asiria, bokao jwa boporofeti jwa ga Isaia ga bo felele foo. (Baroma 15:4) Jehofa o tla tla gape, jaaka go ka tualo, a tswa kgakala a tla go senya ka morwalela, a kgotlhokgotsa le go golega batho botlhe ba ba gatelelang batho ba gagwe. (Esekiele 38:18-23; 2 Petere 3:7; Tshenolo 19:11-21) E kete letsatsi leo le ka tla ka bonako! Fa go sa ntse go le jalo, Bakeresete ba emetse letsatsi la kgololo ka tlhoafalo. Ba nonotshiwa ke go akanya ka mafoko a a utlwalang sentle a a mo go Isaia kgaolo 30. Mafoko ano a kgothaletsa batlhanka ba Modimo gore ba tseye tshiamelo ya go rapela e le ya botlhokwa, ba tlhoafalele go ithuta Baebele, ba bo ba tlhatlhanye ka masego a Bogosi a a tla tlang. (Pesalema 42:1, 2; Diane 2:1-6; Baroma 12:12) Ka jalo, mafoko a ga Isaia a re thusa rotlhe gore re nne re lebeletse mo go Jehofa.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Ela tlhoko gore fa Juda a ka bo a ile a ikanyega, go ka bo go sa diragala se se diragetseng.—Lefitiko 26:7, 8.
b Lefelo leno ke lone fela mo Baebeleng le Jehofa a bidiwang “Motlhatlheledi yo Mogolo” mo go lone.
c Isaia 30:25b e balega jaana: “Mo letsatsing la polao e kgolo e e setlhogo fa ditora di wa.” Fa mafoko ano a ne a diragadiwa la ntlha, a ka tswa a lebisitse mo go weng ga Babelona, mo go neng ga naya Iseraele sebaka sa gore a tlelwe ke masego a a boleletsweng pele mo go Isaia 30:18-26. (Bona serapa 19.) Gape a ka tswa a lebisitse mo phedisong e e tla dirwang ka Haramagedona e e tla dirang gore masego ano a kgone go diragadiwa ka tsela e kgolwane thata mo lefatsheng le lesha.
[Ditshwantsho mo go tsebe 305]
Mo motlheng wa ga Moshe, Baiseraele ba ne ba falola kwa Egepeto. Mo motlheng wa ga Isaia, Juda o ya go kopa thuso kwa Egepeto
[Setshwantsho mo go tsebe 311]
“Mo thabeng nngwe le nngwe e e kwa godimo le mo thoteng nngwe le nngwe e e goletsegileng go tla nna le melatswana”
[Setshwantsho mo go tsebe 312]
Jehofa o tla tla “ka bogale jwa gagwe le ka maru a magolo”