Rasiti e e Dumalanang le Rekoto ya Baebele
◼ Go ile ga epololwa letlapanakwalelo la letsopa le le bophara jwa disentimetara di le 5,5 ka bo1870 gaufi le Baghdad ya gompieno kwa Iraq. Ka 2007, Michael Jursa, porofesa wa kwa Yunibesithing ya Vienna, kwa Austria, o ne a bona letlapanakwalelo fa a ntse a dira dipatlisiso kwa Musiamong wa kwa Boritane. Jursa o ne a lemoga leina Nebo-saresekime, (e leng Nabu-sharrussu-ukin ka Sebabelona) modiredimogolo mongwe wa Mobabelona yo o umakilweng mo Baebeleng mo go Jeremia 39:3.a
Nebo-saresekime e ne e le mongwe wa balaodi ba ga Kgosi Nebukadenasare ka nako ya go senngwa ga Jerusalema ka 607 B.C.E mme go ya ka letlapanakwalelo leo, o bidiwa “moopafadiwa yo mogolo.” Mo godimo ga moo, sereto sa moopafadiwa yo mogolo se ne se fiwa monna a le mongwe fela ka nako e e rileng, e leng selo se se neelang bosupi jo bo nonofileng jwa gore Saresekime yo go buiwang ka ene ke ene monna yo o umakiwang mo Baebeleng.
Letlapanakwalelo leo le tlhalosa ka gauta e Nebo-saresekime a e isitseng kwa tempeleng ya ga Maraduke kgotsa Merodake, modimo yo mogolo wa Babelona, yo leina la gagwe le lone le umakiwang mo Baebeleng. (Jeremia 50:2) Rasiti eno ke ya letlha la ngwaga wa bolesome, kgwedi ya bo11 le letsatsi la bo18 la puso ya ga Nebukadenasare. Le fa go ntse jalo, gauta e e isitsweng kwa tempeleng, ga e amane ka gope le go tlhaselwa ga Jerusalema, go go diragetseng dingwaga di le dintsi moragonyana. (2 Dikgosi 25:8-10,13-15) Le fa go ntse jalo, porofesa Jursa a re: “go bona sengwe se se jaaka letlapanakwaleno leno, mo re bonang motho yo o umakiwang mo Baebeleng a ntsha tuelo e e tlwaelegileng kwa tempeleng ya Babelona mme e umaka letlha le le nepileng, ke selo se se sa tlwaelelang tota.” Lokwalodikgang lwa kwa Boritane lwa Telegraph lo bolela gore, e re ka go twe ke nngwe ya dilo tse di botlhokwa thata tse di kileng tsa ribololwa mo thutamaropeng ya Baebele, letlapanakwalelo leno le “tshegetsa kgopolo ya gore dibuka tsa ditiragalo tsa Tesetamente ya Bogologolo di theilwe mo dilong tse di boammaaruri.”
Le fa go ntse jalo, go nna boammaaruri ga Baebele ga go a ikaega ka thutamarope. Go na le bosupi jo bo nonofileng thata jo bo ka bonwang mo Baebeleng ka boyone, segolobogolo mo boporofeting jwa yone. (2 Petere 1:21) Ka sekai, dingwaga tse di fetang 100 pele ga go diragala, Jehofa Modimo, a dirisa moporofeti Isaia, o ne a bolelela pele gore matlotlo otlhe a Jerusalema a tla “isiwa Babelona.” (Isaia 39:6, 7) Ka tsela e e tshwanang, Modimo o ne a bolelela pele jaana a dirisa moporofeti Jeremia: “Ke tla tsenya dilo tsotlhe tse di bolokilweng tsa motse ono [Jerusalema] . . . mo seatleng sa baba ba bone. Mme ruri ba tla di gapa mme . . . ba di tlise mo Babelona.”—Jeremia 20:4, 5.
Nebo-saresekime e ne e le mongwe wa baba bao mme ka tsela eo, o ne gape a nna mosupi yo o boneng ka matlho go diragadiwa ga boporofeti jwa Baebele. Tota e bile, a ka tswa a ne a itse kgotsa nnyaa, tota o nnile le seabe mo go diragadiweng ga boporofeti joo.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Mo go Jeremia 39:3, Thanolo ya Lefatshe le Lesha e balega jaana: “Samagare-nebo, Saresekime, Rabesarise,” mme mafoko ano a tla morago ga matshwao a puo a mokwalo wa Sehebera wa Masora. Mme mokwalo wa Sehebera wa ditumammogo o ka ranolwa jaana: “Samagare, Nebo-saresekime, Rabesarise [kgotsa modiredimogolo wa ntlo ya segosi]” o o dumalanang le letlapanakwalelo la cuneiform.
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 11]
Copyright The Trustees of the British Museum