Lefoko la ga Jehofa le a Tshela
Dintlhakgolo go Tswa mo Bukeng ya Jeremia
MASETLAPELO a Jeremia a neng a a bolelela batho ba gaabo a tshwanetse a bo a ne a utlwala a garola pelo tota! Tempele e e galalelang e e neng e ntse e dirisediwa kobamelo ka dingwaga di feta makgolo a le mararo e ne e tla fisiwa gore e sale e le molora. Motse wa Jerusalema le naga ya Juda di ne di tla sala di swafetse, banni ba koo ba isitswe botshwarwa. Pego ya go bolelwa ga masetlapelo ano le dipolelo tse dingwe tsa katlholo di mo bukeng e e fetwang ke e le nngwe fela ka bogolo mo Baebeleng, buka ya Jeremia. Gape e anela se se ileng sa diragalela Jeremia ka boene fa a ntse a dira bodiredi jwa gagwe jwa dingwaga tse 67. Tshedimosetso e e mo bukeng eno ga e a tlhomaganngwa ka go latelana ga ditiragalo, mme e kgaogantswe go ya ka dikgang tse di farologaneng.
Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go kgatlhegela buka ya Baebele ya Jeremia? Boporofeti jwa yone jo bo ileng jwa diragala bo nonotsha tumelo ya rona ya gore Jehofa o diragatsa ditsholofetso tsa gagwe. (Isaia 55:10, 11) Le mo motlheng wa rona go na le se se ka tshwantshiwang le tiro ya ga Jeremia ya go porofeta mmogo le tsela e batho ba neng ba ikutlwa ka yone ka molaetsa wa gagwe. (1 Bakorintha 10:11) Mo godimo ga moo, pego ya kafa Jehofa a neng a dirisana le batho ba gagwe ka teng e bontsha dinonofo tsa gagwe mme e tshwanetse ya re ama thata.—Bahebera 4:12.
“DILO TSE PEDI TSE DI BOSULA TSE BATHO BA ME BA DI DIRILENG”
Jeremia o tlhomiwa go nna moporofeti mo ngwageng wa bo13 wa puso ya ga Josia, kgosi ya Juda, dingwaga di le 40 pele Jerusalema a senngwa ka 607 B.C.E. (Jeremia 1:1, 2) Dipolelo tse di bolelwang segolobogolo mo dingwageng tse di setseng tse 18 tsa puso ya ga Josia di senola bosula jwa Juda mme di bolela dikatlholo tsa ga Jehofa kgatlhanong le ene. Jehofa a re: “Ke tla dira Jerusalema mekoa ya maje, . . . le metse ya Juda ke tla e dira kgakgabalo, e nne e se na monni.” (Jeremia 9:11) Ka ntlha yang? A re: “Ka gonne go na le dilo tse pedi tse di bosula tse batho ba me ba di dirileng.”—Jeremia 2:13.
Molaetsa ono gape o bua ka go tsosolosiwa ga masalela a a ikwatlhayang. (Jeremia 3:14-18; 12:14, 15; 16:14-21) Mme batho ga ba amogele morongwa yono. “Molaodi yo o eteletseng pele mo ntlong ya ga Jehofa” o itaya Jeremia a bo a mo tsenya mo disaneng gore a lale moo.—Jeremia 20:1-3.
Go Arabiwa Dipotso Tsa Dikwalo:
1:11, 12—Ke ka ntlha yang fa go nna ga ga Jehofa a thantse ka ga lefoko la gagwe go amana le “letlhogela la setlhare sa thamane”? Setlhare sa thamane ke “sengwe sa ditlhare tsa ntlha go thunya ka dikgakologo.” (Temana 11, ntlha e e kwa tlase go NW) Jehofa ka tsela ya tshwantshetso o ne a nnela go “tsoga go sa le phakela letsatsi le letsatsi [a roma baporofeti ba gagwe]” gore ba tlhagise batho ba gagwe kaga dikatlholo tsa gagwe mme a ‘nna a thantse’ go fitlha di diragadiwa.—Jeremia 7:25.
2:10, 11—Ke eng se se neng se dira gore ditiro tsa Baiseraele ba ba sa ikanyegeng e nne tse di sa tlwaelegang jaana? Le fa batho ba ditšhaba tsa baheitane kwa bophirima go ya kwa Kitime le kwa botlhaba go ya kwa Kedare ba ne ba ka tla ka medimo ya ditšhaba tse dingwe ba oketsa medimo ya bone, go ne go ise go ke go direge gore setšhaba se tlogele medimo ya sone gotlhelele se bo se e emisetsa ka medimo ya ditšhaba di sele. Mme Baiseraele bone ba ne ba latlha Jehofa, ba emisetsa kgalalelo ya Modimo yo o tshelang ka medimo e e sa tsheleng.
3:11-22; 11:10-12, 17—Ke ka ntlha yang fa Jeremia a ne a akaretsa bogosi jwa bokone jwa ditso tse di lesome mo dipolelong tsa gagwe, le fa Samarea e ne e ole ka 740 B.C.E.? E ne e le ka gonne go senngwa ga Jerusalema ka 607 B.C.E. e ne e le katlholo ya ga Jehofa mo setšhabeng sotlhe sa Iseraele, e seng mo Juda fela. (Esekiele 9:9, 10) Mo godimo ga moo, fa bogosi jwa ditso tse di lesome bo sena go wa, tsholofelo ya gore bogosi jono bo ka tsosolosiwa e ne ya tswelela e le kwa Jerusalema, ka gonne melaetsa ya baporofeti ba Modimo e ne ya tswelela pele e akaretsa Baiseraele.
4:3, 4—Taelo eno e kaya eng? Bajuda ba ba sa ikanyegeng ba ne ba tshwanetse go baakanya, go nolofatsa le go ntlafatsa mmu wa dipelo tsa bone. Ba ne ba tshwanetse go rupa ka go ntsha “matlalo” a dipelo tsa bone, ke gore ba tlose dikakanyo, maikutlo le maitlhomo a a seng phepa. (Jeremia 9:25, 26; Ditiro 7:51) Seno se ne se tlhoka gore ba fetole mokgwa wa bone wa botshelo—ba tlogele go dira se se bosula mme ba dire se se tlisang masego a Modimo.
4:10; 15:18—Jehofa o ne a tsietsa batho ba gagwe ba ditsuolodi ka tsela efe? Mo motlheng wa ga Jeremia, go ne go na le baporofeti ba ba neng “ba porofeta maaka.” (Jeremia 5:31; 20:6; 23:16, 17, 25-28, 32) Jehofa ga a ka a ba thibela gore ba se ka ba bolela melaetsa e e tsietsang.
16:16—Ke eng se se kaiwang ke gore Jehofa o ne a “roma gore go tle batshwara ditlhapi ba bantsi” le “batsomi ba bantsi”? Seno se ka tswa se lebisitse mo nakong ya fa go romelwa masole a baba go ya go batla Bajuda ba ba sa ikanyegeng ba Jehofa a neng a tla diragatsa katlholo ya gagwe mo go bone. Le fa go ntse jalo, go ya ka mafoko a Jeremia 16:15, temana eno gape e ka tswa e kaya go senkwa ga Baiseraele ba ba ikwatlhayang.
20:7—Jehofa o ne a ‘dirisa nonofo’ ya gagwe jang kgatlhanong le Jeremia a mo tsietsa? E re ka Jeremia a ne a lebana le kganetso le pogiso fa a bolela dikatlholo tsa ga Jehofa, o ka tswa a ile a akanya gore ga a na maatla a go tswelela pele. Le fa go ntse jalo, Jehofa o ne a dirisa nonofo ya gagwe kgatlhanong le maikutlo ao, a naya Jeremia maatla a go tswelela. Ka jalo Jehofa o ne a tsietsa Jeremia ka go mo dirisa dilo tse moporofeti yono a neng a akanya gore a ka se di dire.
Se re Ithutang Sone:
1:8. Ka dinako tse dingwe Jehofa a ka namola batho ba gagwe mo pogisong—gongwe ka go dira gore go nne le baatlhodi ba ba sa tlhaoleng, ka go emisetsa batlhankedi ba ba letlhoo ka ba ba lebang dilo sentle, kgotsa ka go naya baobamedi ba gagwe maatla a go itshoka.—1 Bakorintha 10:13.
2:13, 18. Baiseraele ba ba sa ikanyegeng ba ne ba dira dilo tse pedi tse di bosula. Ba ne ba tlogela Jehofa, ene yo o neng a tla ba naya masego, kaelo le tshireletso. Mme ba ne ba ipetlela megobe ya tshwantshetso ka go leka go dira kgolagano ya sesole le Egepeto le Asiria. Mo motlheng wa rona, go latlha Modimo wa boammaaruri o bo o ya le difilosofi le dithuto tsa batho le dipolotiki tsa lefatshe ke go emisetsa “motswedi wa metsi a a tshelang” ka “megobe e e thubegileng.”
6:16. Jehofa o kgothaletsa batho ba gagwe ba ba tsuologang gore ba eme, ba itlhatlhobe mme ba boele kwa ‘ditseleng’ tsa bagologolwane ba bone ba ba ikanyegang. A ga re a tshwanela go itlhatlhoba gangwe le gape go bona gore a ruri re tsamaya ka tsela e Jehofa a batlang re tsamaya ka yone?
7:1-15. Bajuda ba ne ba ikantse tempele, ba e tsaya jaaka pheko ya mofuta mongwe, mme seo ga se a ka sa ba boloka. Re tshwanetse go tsamaya ka tumelo, e seng ka pono.—2 Bakorintha 5:7.
15:16, 17. Le rona re ka lwantsha go kgobega marapo, fela jaaka Jeremia. Re ka dira jalo ka go ipelela go ithuta Baebele ka tlhoafalo motho a le esi, ka go tlotlomatsa leina la ga Jehofa mo bodireding, le ka go tila ditsala tse di sa siamang.
17:1, 2. Maleo a batho ba kwa Juda a ne a dira gore Jehofa a se ka a itumelela ditlhabelo tsa bone. Go se nne phepa mo boitsholong go dira gore ditlhabelo tsa rona tsa pako di se ka tsa amogelwa.
17:5-8. Re ka ikanya batho le mekgatlho fela fa e latela thato ya Modimo le melaometheo ya Baebele. Fa e le ka kgang ya poloko le kagiso le pabalesego ya mmatota, go molemo go ikanya Jehofa fela.—Pesalema 146:3.
20:8-11. Ga re a tshwanela go letla go se kgatlhege, kganetso kgotsa pogiso e koafatsa tlhoafalo ya rona mo tirong ya go rera ka Bogosi.—Jakobe 5:10, 11.
“TSENYANG MELALA YA LONA KA FA TLASE GA JOKWE YA KGOSI YA BABELONA”
Jeremia o bolela dikatlholo kgatlhanong le dikgosi tse nnè tsa bofelo tsa Juda mmogo le baporofeti ba maaka, badisa ba ba bosula le baperesiti ba ba sa siamang. Jehofa o bolela jaana a bitsa masalela a a ikanyegang a re ke difeige tse di molemo: “Ke tla baya leitlho la me mo go bone ka tsela e e molemo.” (Jeremia 24:5, 6) Dipolelelopele tse tharo mo go kgaolo 25 di bolela ka bokhutshwane dikatlholo tse di bolelwang ka botlalo mo dikgaolong tse di latelang moragonyana.
Baperesiti le baporofeti ba loga maano a go bolaya Jeremia. Molaetsa wa gagwe wa re ba tshwanetse ba direla kgosi ya Babelona. Jeremia o raya Kgosi Sedekia a re: “Tsenyang melala ya lona ka fa tlase ga jokwe ya kgosi ya Babelona.” (Jeremia 27:12) Le fa go ntse jalo, “Yo o gasamisang Iseraele ene ka boene o tla mo phutha mmogo [Iseraele].” (Jeremia 31:10) Barekabe ba newa tsholofetso ka lebaka le le utlwalang. Jeremia o tsenngwa “mo kgolegelong kwa Lolwapeng lwa Badisa.” (Jeremia 37:21) Jerusalema o a senngwa, mme bontsi jwa banni ba yone ba isiwa botshwarwa. Jeremia le mokwaledi wa gagwe e bong Baruke, ke bangwe ba bao ba salang. Batho bano ba ba tshogileng ba ya Egepeto, le fa Jeremia a tlhagisitse gore ba se ka ba ya koo. Mo go kgaolo 46 go ya go 51 go anelwa molaetsa o Jeremia a o bolelang kaga ditšhaba.
Go Arabiwa Dipotso Tsa Dikwalo:
22:30—A molao ono o ne o fedisa tshwanelo ya ga Jesu Keresete ya go nna mo setulong sa bogosi sa ga Dafide? (Mathaio 1:1, 11) Nnyaa. Molao ono o ne o thibela setlogolwana sepe sa ga Jehoiakine gore se se ka sa “nna mo setulong sa bogosi sa ga Dafide . . . mo Juda.” Jesu o ne a tla busa a le kwa magodimong, e seng mo setulong sa bogosi mo Juda.
23:33—“Mokgweleo wa ga Jehofa” ke eng? Mo motlheng wa ga Jeremia, dipolelo tse di masisi tse di neng di bolelwa ke moporofeti yono malebana le go senngwa ga Jerusalema e ne e le mokgweleo mo bathong ba gagabo. Mme setšhaba se se sa tsibogeng le sone e ne e le mokgweleo o mogolo mo go Jehofa mo a neng a tla ba latlha. Ka tsela e e tshwanang, molaetsa o o mo Dikwalong malebana le go senngwa mo go gaufi ga ditumelo tse di ipitsang tsa Bokeresete ke mokgweleo mo ditumelong tseo, mme batho ba ba sa o tseyeng tsia ke mokgweleo mo Modimong.
31:33—Molao wa Modimo o kwalwa jang mo dipelong? Fa motho a rata molao wa Modimo thata mo a eletsang ka tlhoafalo go dira thato ya ga Jehofa, go ka twe molao wa Modimo o kwadilwe mo pelong ya gagwe.
32:10-15—Mosola wa go dira ditlankana tsa tshupo di le pedi tsa tumalano e le nngwe fela e ne e le ofe? Setlankana se se neng se sa kanwe e ne e le se se bonwang fa go tlhokega. Setlankana se se kannweng se ne se beetswe gore fa go tlhokega, go tlhomamisiwe ka sone gore se se sa kanwang se boammaaruri. Jeremia o ne a re tlhomela sekao ka go latela mekgwa e e batlegang kafa molaong tota le fa a dirisana le mongwe wa losika e bile e le modumedi ka ene.
33:23, 24—“Malapa a mabedi” a go buiwang ka one fano ke afe? Le lengwe ke lelapa la segosi le le neng le tla ka losika lwa ga Kgosi Dafide, mme le lengwe ke lelapa la baperesiti ba e leng ditlogolwana tsa ga Arone. Fa Jerusalema le tempele ya ga Jehofa e sena go senngwa, go ne go lebega e kete Jehofa o latlhile malapa ano a mabedi e bile a ka se tlhole a nna le bogosi mo lefatsheng kgotsa a tsosolosa kobamelo ya gagwe.
46:22—Ke ka ntlha yang fa lentswe la Egepeto le tshwantshiwa le la noga? Seno se ka tswa se kaya go sia ga gagwe jaaka noga e e sumang kgotsa se kaya go tlhabisiwa ditlhong ga gagwe jaaka setšhaba ka ntlha ya go welwa ke masetlapelo. Tshwantshiso eno gape e bontsha kafa go neng go se mosola ka teng gore Bo-Faro ba Egepeto ba rwale setshwantsho sa noga e e boitshepo mo serwalong sa bone sa tlhogo gore ba sirelediwe ke Modimo wa sesadi wa noga e bong Uatchit.
Se re Ithutang Sone:
21:8, 9; 38:19. Tota le ka motsotso wa bofelo, Jehofa o ne a naya banni ba ba sa ikwatlhayeng ba Jerusalema sebaka sa gore ba itlhophele, le fa ba ne ba tshwanelwa ke go swa. Ee, “o mautlwelobotlhoko a mantsi.”—2 Samuele 24:14; Pesalema 119:156.
31:34. A bo go gomotsa jang go itse gore fa Jehofa a itshwarela batho, ga a gopole maleo a bone a bo a ba tseela dikgato mo isagweng!
38:7-13; 39:15-18. Jehofa ga a lebale tirelo ya rona ya boikanyegi, e e akaretsang ‘go direla baitshepi.’—Bahebera 6:10.
45:4, 5. Fela jaaka go ne go ntse mo metlheng ya bofelo ya Juda, ‘metlha ya bofelo’ ya tsamaiso ya jaanong ya dilo ga se nako ya go ipatlela “dilo tse dikgolo,” tse di jaaka khumo, go tuma kgotsa dithoto.—2 Timotheo 3:1; 1 Johane 2:17.
JERUSALEMA E JEWA KA MOLELO
Ngwaga ke wa 607 B.C.E. Sedekia o mo ngwageng wa bo11 wa puso ya gagwe. Kgosi Nebukadenesare wa Babelona o ntse a dikanyeditse Jerusalema ka dikgwedi tse 18 tse di fetileng. Ka letsatsi la bosupa la kgwedi ya botlhano ya ngwaga wa bo19 wa puso ya ga Nebukadenesare, Nebusaradane, molaodi wa bafemedi o “tla,” kgotsa o goroga mo Jerusalema. (2 Dikgosi 25:8) Gongwe a le mo bothibelelong jwa gagwe, kafa ntle ga dipota tsa motse, Nebusaradane o sekaseka seemo mme o rulaganya gore o tla tsaya kgato efe. Malatsi a le mararo moragonyana, ka letsatsi la bolesome la kgwedi, o “tla,” kgotsa o tsena mo Jerusalema. Mme o ja motse ka molelo.—Jeremia 52:12, 13.
Jeremia o naya pego e e feletseng ya go wa ga Jerusalema. Ka jalo tlhaloso ya gagwe e felela ka gore go tlhamiwe dipolelo tsa khutsafalo. Ditlhamo tseno di mo bukeng ya Baebele ya Dikhutsafalo.
[Setshwantsho mo go tsebe 8]
Dipolelo tsa ga Jeremia di ne di akaretsa katlholo ya ga Jehofa kgatlhanong le Jerusalema
[Setshwantsho mo go tsebe 9]
Jehofa o ne a ‘dirisa nonofo ya gagwe’ jang kgatlhanong le Jeremia?
[Setshwantsho mo go tsebe 10]
“Jaaka difeige tse di molemo tseno, ke tla leba batshwarwa ba Juda jalo.”—Jeremia 24:5