KGAOLO YA BOLESOME
A Letsatsi le Letsatsi o Botsa Gore, “O Kae Jehofa?”
1, 2. (a) Bajuda ba mo motlheng wa ga Jeremia ba ne ba ntse jang semoyeng? (b) Bajuda bano ba ka bo ba ile ba dira eng ka seemo sa bone?
JEREMIA o ne a lela. O ne a utlwisitswe botlhoko ke seemo se batho ba gagabo ba neng ba le mo go sone ka nako eo le ke dikgang tse Modimo a neng a mo laetse gore a di bolelele pele ka isagwe ya bone. O ne a eletsa e kete tlhogo ya gagwe e ka bo e tshwana le motswedi wa metsi mme matlho a gagwe le sediba gore a tle a lele a sa kgaotse. Jeremia o ne a na le lebaka le le utlwalang la go hutsafadiwa ke seemo se setšhaba se neng se le mo go sone. (Jer. 9:1-3; bala Jeremia 8:20, 21.) Bajuda ba ne ba tsweletse ka go gana molao wa Modimo e bile ba sa ikobele lentswe la ga Jehofa, ka jalo ba ne ba tla welwa ke masetlapelo.—Jer. 6:19; 9:13.
2 Le fa go ntse jalo, batho ba Juda ba ba neng ba rata go utlwa baeteledipele ba bone ba bodumedi ba ntse ba ba raya ba re, ‘tsotlhe di apere tshiamo,’ ba ne ba se na sepe le gore Jehofa o akanya eng ka boitsholo jwa bone. (Jer. 5:31; 6:14) Ba ne ba tshwana le balwetse ba ba batlang ngaka e e ba bolelelang dilo tse di tla ba itumedisang mme gone e itlhokomolosa matshwao a a bontshang gore tota ba a lwala. Fa o lwala thata, a o ne o se kitla o batla go bolelelwa gore tota o tshwerwe ke eng gore o kgone go batla kalafi ka bonako? Bajuda ba mo motlheng wa ga Jeremia ba ka bo ba ile ba batla go itse boammaaruri ka bomoya jwa bone. Ba ka bo ba ile ba botsa gore: “O kae Jehofa?”—Jer. 2:6, 8.
3. (a) Bajuda ba ka bo ba ile ba araba jang potso e e reng, “O kae Jehofa?” (b) Tsela nngwe e Bajuda ba neng ba ka batla Jehofa ka yone ke efe?
3 Fa Bajuda ba botsa gore, “O kae Jehofa?” seo se ne se tla bo se raya gore ba batla kaelo ya Modimo fa ba dira ditshwetso tse dinnye le tse dikgolo. Bajuda ba mo motlheng oo ga ba a ka ba dira jalo. Mme fa Jerusalema e se na go senngwa le fa ba se na go boa kwa Babelona, ba ne ba tshwanetse go ‘batla Jehofa.’ Fa ba ka dira jalo, ba ne ba tla mmona ba bo ba ithute le ditsela tsa gagwe. (Bala Jeremia 29:13, 14.) Ba ne ba tla dira seo jang? Tsela nngwe e ne e le ka go rapela Modimo ka tlhoafalo ba mo kopa gore a ba kaele. Eo ke yone tsela e Kgosi Dafide a neng a dira ka yone. O ne a kopa Modimo jaana: “Nkitsise ditsela tsa gago, wena Jehofa; nthute ditselana tsa gago.” (Pes. 25:4) Ela tlhoko taletso e Moutlwi wa thapelo a neng a e naya batho a dirisa Jeremia mo ngwageng wa bolesome wa puso ya ga Kgosi Sedekia. “Mpitse, mme ke tla go araba ke bo ke go bolelela dilo tse dikgolo le tse di sa tlhaloganyegeng tse o sa di itseng ke sa okaoke.” (Jer. 33:3) Fa kgosi le setšhaba seno sa batsuolodi se ka bo se ile sa kopa thuso mo Modimong, a ka bo a ile a ba senolela dilo tse di neng di sa ‘tlhaloganyege’ mo go bone, go kgakgabadiwa le go tsosolosiwa ga Jerusalema morago ga dingwaga di le 70.
4, 5. Batho ba Modimo ba ka bo ba ile ba batla Jehofa ka ditsela dife tse dingwe?
4 Tsela e nngwe e Bajuda ba ka bong ba ile ba batla Jehofa ka yone e ne e le ka go batlisisa dilo tse di diregileng mo nakong e e fetileng le go ela tlhoko kafa Modimo a neng a dirisana le batho ba gagwe ka gone. Ka go dira jalo, ba ka bo ba ile ba lemoga gore ke eng se se neng se itumedisa Modimo le se se neng se mo galefisa. Ba ne ba na le mekwalo ya ga Moshe le dipego di le mmalwa tsa hisitori tse di tlhotlheleditsweng mmogo le dipego tsa se se neng sa direga ka dikgosi tsa Iseraele le tsa Juda. Fa Bajuda ba motlha wa ga Jeremia ba ne ba ka tlhatlhanya ka dilo tseno ba bo ba reetsa baporofeti ba boammaaruri ba Modimo, ba ka bo ba ile ba kgona go bona karabo ya potso eno, “O kae Jehofa?”
5 Tsela ya boraro e Bajuda bao ba ka bong ba ile ba batla Jehofa ka yone e ne e le ka go ithuta mo dilong tse di ba diragaletseng le tse di diragaletseng batho ba bangwe. Seo ga se reye gore ba ne ba tshwanetse go ithuta sengwe le sengwe ka go lekeletsa le ka diphoso, mme gone ba ka bo ba ile ba solegelwa molemo fa ba ne ba ka ela tlhoko dilo tse ba ileng ba di dira mo nakong e e fetileng le kafa Jehofa a neng a leba tsela e ba neng ba dira dilo ka yone. Fa ba ne ba le kelotlhoko, ba ka bo ba ile ba tlhaloganya kafa Modimo a lebang boitsholo jwa bone ka gone.—Dia. 17:10.
6. Sekai sa ga Jobe se go kgothatsa jang?
6 Mma re boneng gore rona re ithuta eng mo go seno. Fa o dira ditshwetso le fa o tlhopha dilo tse o batlang go di dira, a ka metlha o botsa gore, “O kae Jehofa?” Bangwe ba ka nna le boikutlo jwa gore gantsi ga ba dire seo ka metlha jaaka ba tshwanetse. Fa e le gore le wena o ikutlwa jalo, o se ka wa kgobega marapo. Tota le Jobe, yo e neng e le tlhogo e e ikanyegang ya lotso o ne a na le bothata jono. Fa a ne a na le mathata o ne a akanya fela ka se se mo diragalelang. Elihu o ile a tshwanelwa ke go mo gakolola ka tshekamelo e e tlwaelegileng e batho ba nang le yone: “Ga go na ope yo o neng a re, ‘O kae Modimo Modiri wa me yo Mogolo?’” (Jobe 35:10) Elihu o ne a kgothatsa Jobe jaana: ‘Ela tlhoko ditiro tse di gakgamatsang tsa Modimo.’ (Jobe 37:14) Jobe o ne a tshwanetse go leba ka kelotlhoko ditiro tse dikgolo tsa ga Jehofa tse di bonalang mo dilong tse di mo dikologileng tse Modimo a di bopileng le mo tseleng e Modimo a dirisanang le batho ka yone. Dilo tse di diragaletseng Jobe di ne tsa mo thusa gore a tlhaloganye ditsela tsa ga Jehofa. Fa Jobe a sena go itshokela matshwenyego a gagwe le go bona kafa Jehofa a ileng a rarabolola kgang eo ka gone, o ne a re: “Ke ne ka bua, mme ke ne ke sa tlhaloganye dilo tse di gakgamatsang tota mo go nna, tse ke sa di itseng. Ke utlwile kaga gago ka magatwe, mme jaanong leitlho la me le a go bona.”—Jobe 42:3, 5.
7. Jaaka go bontshitswe mo go tsebe 116, re tlile go ithuta eng mo dirapeng tse di latelang?
7 Fa e le moporofeti Jeremia ene, o ile a tswelela a batla Jehofa mme o ne a mmona. Ga a ka a tshwana le batho ba gagabo; mo dingwageng di le masomesome tse Jeremia a neng a ntse a direla Jehofa ka boikanyegi ka tsone, o ne a ntse a botsa gore: “O kae Jehofa?” Mo dirapeng tse di latelang tsa kgaolo eno, re tla ithuta mo sekaing sa ga Jeremia gore ke jang re ka batlang Jehofa le go mmona ka go rapela, ka go ithuta le ka dilo tse di re diragaletseng.—1 Ditir. 28:9.
Go kaya eng go botsa gore, “O kae Jehofa?” Bajuda ba mo motlheng wa ga Jeremia ba ka bo ba ile ba botsa seo ka ditsela dife?
JEREMIA O ILE A RAPELA JEHOFA
8. Jeremia o ne a lebane le maemo afe fa a ne a rapela Modimo gore a mo thuse?
8 Mo dingwageng tse ka tsone Jeremia e neng e le mmueledi wa Modimo mo setšhabeng sa Juda, o ne a batla Jehofa ka go mo rapela ka tlhoafalo. O ne a ikaega ka Modimo gore a mo eme nokeng fa a ntse a bolela melaetsa e batho ba neng ba sa e rate, fa a ne a kgobegile marapo mo a neng a batla go latlhela seditse, le fa a ne a sa tlhaloganye lebaka la go bo dilo dingwe di ne di direga. Modimo o ne a mo araba a bo a mo kaela gore a dire eng. Ela tlhoko dikai di le mmalwa.
9. (a) Jeremia o ne a tlhalosa maikutlo a gagwe jang mo go Jeremia 15:15, 16, mme Jehofa o ne a mo araba jang? (b) Ke eng fa o akanya gore go botlhokwa go tlhalosa kafa re ikutlwang ka gone fa re rapela?
9 Nako nngwe fa Jeremia a ne a neilwe melaetsa ya katlholo e a neng a tshwanetse go e bolela, o ne a na le boikutlo jwa gore batho botlhe ba ne ba mo hutsa. Ka jalo, moporofeti o ne a kopa Modimo gore a mo gopole. Ela tlhoko thapelo ya gagwe e e mo go Jeremia 15:15, 16 e mo go yone a tlhalosang kafa a neng a ikutlwa ka gone ka karabo e Modimo a ileng a mo naya yone. (E bale.) Mo thapelong eo, Jeremia o tlhalosa kafa a ikutlwang a tlaletswe ka gone. Le fa go ntse jalo, o ne a itumela tota fa a sena go bona mafoko a Modimo le go a tsenya mo molomong wa gagwe! Jehofa o ne a mo thusa go anaanela tshiamelo e a neng a na le yone ya go tshola leina la Modimo le go bolela melaetsa ya Gagwe. Jeremia o ne a bona sentle gore Jehofa o ikutlwa jang ka kgang eno. Re ithuta eng mo go seno?
10. Modimo o ne a dira eng fa moporofeti a ne a re ga a kitla a tlhola a bua ka leina la ga Jehofa gape?
10 Nako nngwe fa moperesiti Pashure morwa Imere a sena go mo itaya, Jeremia o ne a re ga a kitla a tlhola a bua ka leina la ga Jehofa. Modimo o ne a tsibogela jang se Jeremia a neng a mmolelela sone mo thapelong? (Bala Jeremia 20:8, 9.) Baebele ga e re bolelele gore Modimo o ne a thusa Jeremia ka go bua le ene a le kwa legodimong. Go na le moo, ya re lefoko la Modimo le ne la nna jaaka molelo o o tukang o tswaletswe mo marapong a gagwe, o ne a sa kgone go le tshola ka jalo o ne a tlhotlheletsega go le bolela. E re ka Jeremia a ile a tlhalosetsa Modimo ka boikanyegi kafa a ikutlwang ka gone a bo a itetla go tlhotlhelediwa ke se a se itseng ka thato ya Modimo, o ne a kgona go tswelela a dira se Modimo a neng a batla gore a se dire.
11, 12. Jeremia o ne a bona jang karabo ya potso e a neng a na le yone malebana le baikepi ba go neng go bonala ba atlega?
11 Jeremia o ne a tshwenyegile thata fa a bona baikepi ba atlega. (Bala Jeremia 12:1, 3.) Le fa gone a ne a sa belaele tshiamo ya ga Jehofa, o ne a batla gore Modimo a mo tlhalosetse “ngongorego” ya gagwe. Tsela e a neng a bua le Modimo ka tlhamalalo ka yone e ne e bontsha sentle gore o ne a na le kamano e e nonofileng le Modimo e e tshwanang le ya ngwana le rraagwe yo o mo ratang. Ke fela gore Jeremia o ne a sa kgone go tlhaloganya gore ke eng fa Bajuda ba le bantsi ba ne ba atlega jaana le fa ba le boikepo. Mme gone, a o ne a bona karabo e e mo kgotsofatsang? Jehofa o ne a mo solofetsa gore o tlile go kumola baikepi. (Jer. 12:14) Tsela e Jeremia a ikanyang tshiamiso ya Modimo ka yone e ne ya nonofa le go feta fa a bona dikgang tse a di boleletseng Modimo ka thapelo di rarabologa. Mme ka ntlha ya seo, o tshwanetse a bo a ile a rapela Modimo le go feta, a tshololela Rraagwe maikutlo a gagwe.
12 Go ela kwa bofelong jwa puso ya ga Sedekia, fa Bababelona ba ntse ba dikaganyeditse Jerusalema, Jeremia o ne a re Jehofa ke mongwe ‘yo matlho a gagwe a bulegetseng ditsela tsotlhe tsa bomorwa batho, gore a neye mongwe le mongwe go ya ka ditsela tsa gagwe le go ya ka maungo a ditiro tsa gagwe.’ (Jer. 32:19) Jeremia o ne a kgona go bona gore Jehofa o ikutlwa jang ka kgang ya tshiamiso, gore tota o lebile se mongwe le mongwe a se dirang le gore o utlwa dithapelo tse di tswang pelong tsa batlhanka ba gagwe. Mme go dumalana le seo, ba ne ba tla nna ba bona bosupi jo bo oketsegileng jwa gore Modimo o naya “mongwe le mongwe go ya ka ditsela tsa gagwe le go ya ka maungo a ditiro tsa gagwe.”
13. Ke eng fa o tlhomamisegile gore thato ya Modimo e tla direga?
13 Re ka tswa re sa belaele sepe ka tshiamiso ya Modimo le ka botlhale jo a bo dirisang fa a diragatsa thato ya gagwe gone jaanong le mo tseleng e a tla e diragatsang ka yone mo isagweng. Le fa go ntse jalo, re ka solegelwa molemo ke go tlhatlhanya ka se se ileng sa diragalela Jeremia mme re tlhalose maikutlo a rona ka botlalo fa re rapela. Go itlhalosa ka tsela eo go ka nonotsha tsela e re tshepang Jehofa ka yone, gore eleruri thato ya gagwe e tlile go diragadiwa. Tota le fa gone jaanong re sa tlhaloganye sentle gore ke eng fa dilo di direga ka tsela e di diregang ka yone, kgotsa gore ke eng thato ya Modimo e direga ka selekanyo se e diregang ka sone, re ka bolelela Modimo ka thapelo gore tota re ikanya gore ke ene a laolang dilo ka botlalo. Thato ya gagwe e tlile go direga ka tsela le ka selekanyo se ene a bonang se siame. Ga go mmè o rile; ruri seo se tlile go direga. Re tla tswelela re botsa gore, “O kae Jehofa?” ka go mo rapela re batla go tlhaloganya thato ya gagwe le go bona bosupi jwa kafa e diragadiwang ka gone.—Jobe 36:5-7, 26.
Se se ileng sa diragalela Jeremia fa a batla Jehofa ka thapelo se go tlhomamisetsa eng?
JEREMIA O NE A TSENYA KITSO MO PELONG YA GAGWE
14. Re itse jang gore Jeremia o ile a dira dipatlisiso ka hisitori ya batho ba Modimo?
14 Jeremia o ne a itse sentle gore o tshwanetse go ‘itse Jehofa’ gore a kgone go araba potso e e reng, “O kae Jehofa?” (Jer. 9:24) O tshwanetse a bo a ne a batlisisitse ka hisitori ya batho ba Modimo fa a ne a kokoanya tshedimosetso e e mo dibukeng tse jaanong di itsegeng e le Dikgosi wa Ntlha le wa Bobedi. O ne a umaka ka tlhamalalo ‘buka ya ditiragalo tsa ga Solomone,’ ‘buka ya ditiragalo tsa metlha ya dikgosi tsa Iseraele,’ le ‘buka ya ditiragalo ya metlha ya dikgosi tsa Juda.’ (1 Dikg. 11:41; 14:19; 15:7) Seo se ne sa mo thusa go tlhaloganya kafa Jehofa a ileng a rarabolola maemo a a farologaneng ka gone. Jeremia o ne a bona gore ke eng se se itumedisang Jehofa le kafa a lebang ditshwetso tse batho ba di dirang ka gone. Gape o ne a ka batla dikwalo tse di tlhotlheleditsweng tse di neng di le teng ka nako eo, jaaka tse di kwadilweng ke Moshe, Joshua, Samuele, Dafide le Solomone. Ga go pelaelo gore o ne a itse ka baporofeti ba ba nnileng teng pele ga gagwe le ka ba ba neng ba tshela mo nakong ya gagwe. Jeremia o ne a solegelwa molemo jang ke go ithuta a le esi?
15. Jeremia a ka tswa a ile a solegelwa molemo jang ke go dira dipatlisiso ka boporofeti jwa ga Elija?
15 Jeremia o ile a kwala pego ka ga Jesebele, mosadi yo o boikepo wa ga Kgosi Ahabe wa Samarea. Mo pegong ya gagwe o ne a kwadile le se Elija a ileng a se bua, gore dintša di tla jela Jesebele mo sebateng sa lefatshe sa Jesereele. (1 Dikg. 21:23) Mme go dumalana le se Jeremia a ileng a se kwala, o a itse gore dingwaga di ka nna 14 morago ga moo, Jesebele o ne a digiwa ka fensetere, a gatakwa ke dipitse tsa ga Jehu mme a jewa ke dintša. (2 Dikg. 9:31-37) Go dira dipatlisiso ka boporofeti jwa ga Elija le go diragadiwa ga jone, tota le ka dintlha tse dingwe tse di tlhalosiwang mo go jone go tshwanetse ga bo go ile ga nonotsha tsela e Jeremia a ikanyang lefoko la Modimo ka yone. Eleruri, selo se se thusitseng moporofeti yono gore a itshoke ke tumelo e e nonotshitsweng ke go ithuta ka dilo tse Jehofa a di dirileng mo nakong e e fetileng.
16, 17. O akanya gore ke eng se se ileng sa thusa Jeremia gore a itshokele go nna a tlhagisa dikgosi tse di boikepo tsa mo motlheng wa gagwe?
16 Mma re sekasekeng sekai se sengwe gape. O akanya gore ke eng se se ileng sa thusa Jeremia—le fa a ne a bogisiwa—gore a tswelele a tlhagisa dikgosi tse di boikepo tse di jaaka Jehoiakime le Sedekia? Lebaka la konokono e ne e le gore Jehofa o ne a dirile Jeremia “motse o o sireletsegileng le pilara ya tshipi le dipota tsa kgotlho” mo dikgosing tsa Juda. (Jer. 1:18, 19) Mme gone a re se itlhokomoloseng kgang ya gore Jeremia o ne a dirile dipatlisiso tse di tseneletseng ka dikgosi tse di kileng tsa busa Juda le Iseraele pelenyana ga foo. O ne a kwadile pego ya gore Manase o ne a “agela lesomo lotlhe la magodimo dibeso mo malwapaneng a mabedi a ntlo ya ga Jehofa,” a dira setlhabelo ka morwawe mo molelong, a bo a tsholola madi a le mantsi a batho ba ba seng molato. (2 Dikg. 21:1-7, 16; bala Jeremia 15:4.) Mme gone, Jeremia o tshwanetse a bo a ne a itse gore fa Manase a ka ikokobetsa mme a nna a rapela Jehofa, ‘Modimo o dumela go rapelesega’ mme o tla busetsa kgosi mo mannong a yone.—Bala 2 Ditiragalo 33:12, 13.
17 Mo dikwalong tsa gagwe, Jeremia ga a ka a umaka kgang ya gore Jehofa o ne a bontsha Manase bopelotlhomogi. Kana gone Manase o sule dingwaga di ka nna 15 pele Jeremia a simolola tiro ya gagwe ya go porofeta. Mme gone, moporofeti yono o tshwanetse a bo a ile a utlwa ka se se ileng sa direga fa kgosi e ne e ikwatlhaela boikepo jwa yone jwa mo nakong e e fetileng. Go batlisisa ka boitsholo jo bo sa siamang jwa ga Manase le ka matswela a jone, go tshwanetse ga bo go ile ga thusa Jeremia gore a bone botlhokwa jwa go rotloetsa dikgosi tse di jaaka Sedekia gore di batle bopelotlhomogi le bopelonomi jwa ga Jehofa. Tota le kgosi e e neng e itsege ka ditiro tse di maswe tsa go obamela medingwana le go tsholola madi e ile ya ikwatlhaya mme ya itshwarelwa. Fa o ne o le mo seemong sa ga Jeremia, a ditiragalo tse di amanang le Manase di ka bo di ile tsa go kgothatsa, tsa go naya lebaka la gore o itshoke mo nakong ya dipuso tsa dikgosi tse dingwe tse di bosula?
GO ITHUTA MO GO SE SE MO DIRAGALETSENG
18. Jeremia o ne a ithuta eng mo sekaing sa ga Urija, mme ke eng fa o rialo?
18 Fa Jeremia a ntse a dira tiro ya gagwe ya go porofeta, ga go pelaelo gore o ile a ithuta mo go se baporofeti ba bangwe ba mo motlheng wa gagwe ba neng ba se dira mo maemong a a farologaneng a ba neng ba lebana le one. Mongwe wa bone e ne e le moporofeti Urija, yo o neng a porofeta kgatlhanong le Jerusalema le Juda mo nakong ya puso ya ga Jehoiakime. E re ka Urija a ne a boifa Kgosi Jehoiakime, o ne a tshabela kwa Egepeto. Morago ga foo, kgosi e ne ya romela banna gore ba ye go mo tsaya kwa Egepeto, mme ya laela gore Urija a bolawe. (Jer. 26:20-23) A o akanya gore Jeremia o ne a ithuta sengwe mo go se se diragaletseng Urija? Kgang fela ya gore Jeremia o ile a tswelela a tlhagisa Bajuda ka katlholo e e neng e ba gomagomela—a dira seo le mo tempeleng—e bontsha sentle gore o ne a ithutile sengwe. Jeremia o ne a tswelela a le pelokgale, mme Jehofa ga a ka a mo latlha. Modimo o tshwanetse a bo a ile a tlhotlheletsa Ahikame, morwa Shafane, gore a sireletse botshelo jwa moporofeti yono yo o pelokgale.—Jer. 26:24.
19. Jeremia o ile a kgona go lemoga eng fa Jehofa a ntse a romela baporofeti kwa bathong ba gagwe?
19 Gape Jeremia o ne a ithuta mo go se se mo diragaletseng fa Jehofa a ntse a mo dirisa gore a tlhagise batho ba Gagwe. Mo ngwageng wa bonè wa puso ya ga Kgosi Jehoiakime, Jehofa o ne a laela Jeremia gore a kwale mafoko otlhe a Ene a a buileng go tloga mo motlheng wa ga Josia go tla go fitlha mo motlheng oo. Ke eng fa Modimo a ne a mo laela gore a dire jalo? Gore a tle a kgothatse batho gore ba tlogele go dira bosula mme ba itshwarelwe. (Bala Jeremia 36:1-3.) Jeremia, yo o neng a tsoga go sa le phakela go tlhagisa batho ka melaetsa e e tswang kwa go Jehofa o ne a bo a kopa batho gore ba tlogele ditiro tsa bone tse di makgapha. (Jer. 44:4) A seno ga se bontshe gore se se ileng sa diragalela Jeremia ke sone se dirileng gore a lemoge gore Modimo o rometse baporofeti gonne a utlwela batho ba gagwe botlhoko? Mme a seno ga se a tlhotlheletsa Jeremia gore le ene a nne kutlwelobotlhoko? (2 Ditir. 36:15) Jaanong o kgona go tlhaloganya lebaka la go bo Jeremia a ile a kgona go bua jaana fa a falola go senngwa ga Jerusalema: “Ke ditiro tsa bopelonomi jwa lorato tsa ga Jehofa, go bo re sa fela, ka gonne mautlwelobotlhoko a gagwe ruri ga a na go khutla. A masha moso mongwe le mongwe.”—Dikhu. 3:22, 23.
Jeremia o tshwanetse a bo a ile a amiwa jang ke go dira dipatlisiso ka tsela e Modimo a ileng a dirisana ka yone le batho ba gagwe mo nakong e e fetileng le go tlhatlhanya ka se se ileng sa diragalela ene le batho ba bangwe? Re ka ithuta eng mo go seno?
A WENA O BOTSA LETSATSI LE LETSATSI GORE, “O KAE JEHOFA?”
20. O ka etsa Jeremia jang fa o batla Jehofa?
20 Letsatsi le letsatsi fa o tshwanelwa ke go dira ditshwetso, a o tsaya matsapa go batla go itse gore thato ya Modimo ke eng ka seo, ka go botsa gore “O kae Jehofa?” (Jer. 2:6-8) Jeremia o ne a sa tshwane le Bajuda ba mo motlheng wa gagwe, ka metlha o ne a batla kaelo ya Mothatayotlhe gore a mo thuse go lemoga tsela e a tshwanetseng go e latela. Go tla bo go le botlhale gore le rona re etse Jeremia ka go batla kaelo ya ga Jehofa letsatsi le letsatsi fa re dira ditshwetso.
21. Ke thapelo ya mofuta ofe e e ka go thusang fa o le mo bodireding, gongwe fa o kopana le motho yo o bogale?
21 Ga go tlhokege gore tshwetso e o e dirang e bo e le e kgolo kgotsa e le e e tla amang isagwe ya gago. Ka sekai, a o tlhoka kaelo ya ga Jehofa fa o dira tshwetso ya go ya bodireding jwa tshimo mo letsatsing le o le rulagantseng? Gongwe fa o tsoga mo mosong o bona maru a thibile mme o akanya gore ga o na o itumelela bodiredi mo seemong seo. Tshimo e o tshwanetseng go e bereka mo letsatsing leo e ka tswa e le e e berekwang kgapetsakgapetsa. Gongwe o ka tswa o gopola gore mo nakong e e fetileng batho bangwe mo tshimong eo ba ile ba itira e kete ba pelonomi mo go wena kgotsa bangwe ba bone ba go tshwara setlhogo ba sa fitlhe. Mo go yone nako eo, a o ka botsa jaana ka thapelo, “O kae Jehofa?” Go dira jalo go ka nna ga go thusa gore o akanye ka melemo ya molaetsa o o o tshotseng le go tlhaloganya ka botlalo gore Modimo ke ene a batlang gore o bolele molaetsa oo. Go tswa foo o ka nna wa utlwa lefoko la ga Jehofa le go itumedisa le go go tlatsa boipelo fela jaaka Jeremia. (Jer. 15:16, 20) Fa moragonyana mo tshimong o kopana le mongwe yo o bogale kgotsa yo o go tshosetsang, o ka nna wa bua gape le Modimo ka thapelo o mmolelela kafa o ikutlwang ka gone. A o tla dira jalo? Se lebale gore a ka go naya moya o o boitshepo gore o arabe ka tsela e e tshwanetseng mme keletso e o nang le yone ya go bolela molaetsa wa Modimo e ka fekeetsa maikutlo a a sa siamang a o ka nnang le one.—Luke 12:11, 12.
22. Ke eng fa dithapelo dingwe di ka thibelwa?
22 Go molemo go lemoga gore dithapelo dingwe di ka kgorelediwa kgotsa tsa thibelwa. (Bala Dikhutsafalo 3:44.) Jehofa ga a ka a reetsa dithapelo tsa Bajuda ba ba neng ba tsuologa gonne ba ne ba ‘faposa tsebe ya bone mo go ene’ mme ba tsweletse ka ditiro tsa go tlhoka molao. (Dia. 28:9) Jeremia o tshwanetse a bo a ile a ithuta thuto nngwe ya botlhokwa e le rona re tshwanetseng go e ithuta: Fa motho a sa dire go dumalana le dithapelo tsa gagwe, seo se swabisa Modimo mme se ka dira gore a se ka a utlwa dithapelo tsa gagwe. Ke boammaaruri gore re tshwanetse go dira bojotlhe gore seo se se ka sa re diragalela.
23, 24. (a) Selo sa botlhokwa ke eng fa re batla go itse thato ya ga Jehofa? (b) O ka dira jang gore go ithuta o le nosi go go solegele molemo?
23 Mo godimo ga go rapela go tswa pelong re batla kaelo ya ga Jehofa, re tshwanetse go tswelela re ithuta re le nosi e leng tsela e nngwe e e ka re thusang go itse thato ya ga Jehofa. Rona re na le ditshono di le dintsi tsa go dira seo go feta Jeremia. Re na le Baebele e e feletseng. Fela jaaka Jeremia yo o neng a dira dipatlisiso tse di tseneletseng gore a kokoanye pego e e tlhotlheleditsweng ya hisitori, le wena o ka nwelela mo Lefokong la Modimo mme o batle kaelo ya gagwe, o botse gore, “O kae Jehofa?” Fa o ntse o leka go ithuta thato ya gagwe, o bontsha gore o a mo ikanya, mme o “tla nna jaaka setlhare se se jadilweng fa metsing, se se romelang medi ya sone mo moseleng wa metsi.”—Bala Jeremia 17:5-8.
24 Fa o ntse o bala le go tlhatlhanya ka Dikwalo tse di Boitshepo, leka go bona gore ke eng se Jehofa a batlang o se dira mo maemong a a farologaneng a o lebanang le one. O ka nna wa batla melaometheo e o ka ratang go e gopola le go e dirisa mo botshelong jwa gago. Fa o ntse o bala dipego tsa hisitori, ditaelo tsa Modimo, melaometheo ya Modimo, le dipolelo tse di botlhale tse di mo Lefokong la Modimo, ela tlhoko kafa ditemana tseo di tshwanetseng go ama ka gone ditshwetso tse o di dirang letsatsi le letsatsi. Fa o ntse o botsa gore, “O kae Jehofa?” Modimo a ka dirisa Lefoko la gagwe le le kwadilweng go go senolela se o ka se dirang mo maemong a a thata a o ka lebanang le one. Aitsane, mo Baebeleng o ka nna wa fitlhela “dilo . . . tse di sa tlhaloganyegeng tse o sa di itseng” kgotsa tse o neng o sa di tlhaloganye ka tsela e di tlhalosiwang ka yone ka nako eo!—Jer. 33:3.
25, 26. Ke eng fa dilo tse di re diragaletseng le tse di diragaletseng ba bangwe di ka re solegela molemo?
25 Gape o ka ithuta mo dilong tse di go diragaletseng le tse di diragaletseng ba bangwe. Ka sekai, o ka nna wa lemoga gore fela jaaka Urija, go na le batho ba le mmalwa ba ba ileng ba tlogela go ikaega ka Jehofa. (2 Tim. 4:10) O ka ithuta mo go se se ba diragaletseng mme le wena o tile go welwa ke masetlapelo a a neng a ba wela ka ntlha ya ditiro tsa bone. Fela jaaka Jeremia le ene a ile a nna a anaanela bopelotlhomogi le boutlwelobotlhoko jwa Modimo, le ka motlha se lebale tsela e e lorato e Jehofa a dirisanang le wena ka yone. Le fa o ka tswa o le mo maemong a a thata go le kana kang, o se ka wa akanya gore Mogodimodimo ga a go kgathalele. Ruri o amega ka wena, fela jaaka a ne a amega ka Jeremia.
26 Fa o ntse o tlhatlhanya ka tsela e Jehofa a dirisanang le batho ka yone gompieno, o tla lemoga gore letsatsi le letsatsi o kaela batho ka ditsela tse di farologaneng. Kgaitsadi mongwe yo mosha wa kwa Japane yo o bidiwang Aki, o ne a ikutlwa a sa tshwanelwe ke go nna Mokeresete. Letsatsi lengwe fa Aki a ntse a bereka tshimo le mosadi wa molebedi wa potologo, o ne a mmulela mafatlha a re: “Ke ikutlwa e kete Jehofa o tloga a nkgwa mo molomong wa gagwe, mme ke itsetsepetse fela ka dipounama tsa gagwe ke mo kopa gore a mphe nakonyana.” Mosadi wa molebedi wa potologo o ne a mo tlhoma matlho mme a mo raya a re: “Ga ke ise ke tsamaye ke nne le maikutlo a gore o Mokeresete yo o mololo!” Moragonyana, Aki o ne a tlhatlhanya ka mafoko ao a a kgothatsang. Tota e bile, go ne go se sepe fela se se bontshang gore Jehofa o kile a mo tsaya a le mololo. Morago ga foo, Aki o ne a rapela Jehofa jaana: “Nthomele gongwe le gongwe fela kwa o ratang teng. Ke tla dira sengwe le sengwe fela se o batlang ke se dira.” Mo e ka nnang ka yone nako eo, o ne a etela kwa nageng e sele kwa go neng go na le setlhopha se sennye sa Bajapane ba ba neng ba tlhoka mongwe yo o buang puo eo yo o ka nnang mo lefelong leo mme a bereke le bone. Ka lesego Aki o ne a tsholetswe kwa nageng eo, mme seo se ne sa dira gore go nne motlhofo gore a fudugele teng go ya go ba thusa. Mme gone, o ne a tla nna kae? Kgaitsadi mongwe yo morwadie a neng a sa tswa go fuduga o ne a mo naya phaposi e a ka nnang mo go yone. Aki o konela ka gore: “Dilo di ne di simolola go ntsamaela sentle jaanong; Jehofa o ne a mpulela ditsela.”
27. Potso e e reng, “O kae Jehofa?” e tshwanetse go ama jang sengwe le sengwe se o se dirang?
27 Bakaulengwe ba le bantsi le bokgaitsadi ba ka tlhalosa maemo a mo go one ba ileng ba lemoga gore Modimo o a ba kaela, gongwe fa ba ne ba dira mmalo wa Baebele kgotsa ba ithuta ba le nosi. Le wena o ka tswa o kile wa ikutlwa jalo. Seo se tshwanetse go nonotsha kamano ya gago le Jehofa mme se go tlhotlheletse gore o mo rapele ka metlha le ka tlhoafalo go feta le fa e le leng pele. Tlhomamisega gore fa letsatsi le letsatsi re botsa gore, “O kae Jehofa?” o tla re bontsha tsela.—Isa. 30:21.
O ka bona jang karabo ya potso e e reng, “O kae Jehofa?” O ka batla kaelo ya gagwe ka ditsela dife?