KGAOLO YA BORARO
“O ba Reye Lefoko Leno”
1. (a) Jesu le Jeremia ba ne ba tshwana ka ditsela dife? (b) Ke eng fa re tshwanetse go etsa Jeremia fa re le mo bodireding?
JESU KERESETE ke ene motho yo mogolo yo o neng a re tlhomela sekao se re se latelang fa re rera dikgang tse di molemo. Mme gone, go bonala ka dinako tse dingwe batho ba mo lekgolong la ntlha la dingwaga ba ne ba akanya ka moporofeti Jeremia fa ba ntse ba reeditse Jesu. (Math. 16:13, 14) Fela jaaka Jesu, Jeremia le ene o ne a laetswe ke Modimo gore a rere. Ka sekai, nako nngwe Modimo o ne a mo raya a re: “O ba reye lefoko leno o re, ‘Jehofa . . . o buile jaana.’” (Jer. 13:12, 13; Joh. 12:49) Mme fa Jeremia a le mo bodireding, o ne a bonatsa dinonofo dingwe tse di tshwanang le tsa ga Jesu.
2. Batho ba motlha wa rona ba tshwana jang le Bajuda ba mo motlheng wa ga Jeremia?
2 Mme gone, Basupi bangwe ba ka nna ba re: ‘Tiro ya rona ya go rera ga e tshwane le e e neng e dirwa ke Jeremia. E ne e le mmueledi wa Modimo mo setšhabeng se se neng se ineetse mo go Ene, mme bontsi jwa batho ba rona re ba rerelang ga ba itse Jehofa.’ Seo ke boammaaruri. Le fa go ntse jalo, mo motlheng wa ga Jeremia, Bajuda ba le bantsi ba ne ba fetogile “ba ba seng botlhale” mme ba tlogetse Modimo wa boammaaruri. (Bala Jeremia 5:20-22.) Ba ne ba tshwanetse go fetoga mme ba obamele Jehofa ka tsela e a e amogelang. Ka tsela e e tshwanang le gompieno, le fa batho ba ka ipolela gore ke Bakeresete kana e se bone, ba tshwanetse go ithuta go boifa Jehofa le go batla kobamelo ya boammaaruri. Mma re boneng kafa re ka etsang Jeremia ka gone mme re direle Modimo wa boammaaruri le go thusa batho.
‘JEHOFA O NE A AMA MOLOMO WA ME’
3. Modimo o ne a thusa Jeremia ka tsela efe kwa tshimologong ya bodiredi jwa gagwe, mme moporofeti yono o ne a ikutlwa jang ka seo?
3 Se lebale mafoko ano a Jeremia a neng a a utlwa fa a simolola tiro ya gagwe ya go porofeta: “O ye kwa go botlhe ba ke tla go romang kwa go bone; mme o bue sengwe le sengwe se ke tla se go laelang. O se ka wa boifa ka ntlha ya difatlhego tsa bone, gonne ‘Ke na le wena go go golola,’ go bua Jehofa.” (Jer. 1:7, 8) Morago ga moo, Modimo o ne a dira sengwe se Jeremia a neng a sa se lebelela. Jeremia a re: “Jehofa a ntsha seatla sa gagwe mme a dira gore se ame molomo wa me. Go tswa foo Jehofa a nthaya a re: ‘Bona, ke tsentse mafoko a me mo molomong wa gago. Bona, mo letsatsing leno ke go tlhomile.’” (Jer. 1:9, 10) Go tloga mo letsatsing leo go ya pele, Jeremia o ne a itse gore ke mmueledi wa Modimo Mothatayotlhe.a E re ka Jehofa a ne a mo eme nokeng, tlhoafalo e a neng a na le yone mo tirelong e e boitshepo e ne ya gola.—Isa. 6:5-8.
4. Ke dikai dife tsa batho ba ba tlhoafetseng mo bodireding tse o di itseng?
4 Gompieno Jehofa ga a tlhole a ama batlhanka ba gagwe ka tlhamalalo. Le fa go ntse jalo, o dirisa moya wa gagwe go ba thusa gore ba nne le keletso e e maatla ya go rera dikgang tse di molemo. Bontsi jwa bone ba tlhoafetse fela thata. Ela tlhoko sekai sa ga Maruja wa kwa Spain. O na le dingwaga tse di fetang 40 a golafetse matsogo le maoto. Go thata gore a rere ka ntlo le ntlo, ka jalo o batlile ditsela tse dingwe tse di ka mo thusang go nna le seabe ka botlalo mo bodireding. Tsela e nngwe e a e dirisang ke go kwala makwalo. Maruja o biletsa morwadie se a tshwanetseng go se kwala, mme morwadie a bo a kwala. Nako nngwe fa go ne go na le letsholo la kgwedi yotlhe, Maruja le “mokwaledi” yono wa gagwe ba ne ba romela makwalo a feta 150, ba tsentse pampitshana mo go lengwe le lengwe la one. Ka ntlha ya maiteko ano a bone, bontsi jwa batho ba mo motseng o o gaufi le wa bone ba ne ba amogela dikgang tse di molemo. Maruja o ne a raya morwadie a re: “Fa lengwe la makwalo a rona le ka amogelwa ke motho wa pelo e e siameng, Jehofa o tla re segofatsa ka thuto ya Baebele.” Mogolwane wa phuthego ya bone o kwala jaana: “Ke leboga Jehofa go bo a re neile bokgaitsadi ba ba jaaka Maruja, ba ba thusang ba bangwe go itse dilo tse tota e leng tsa botlhokwa.”
5. (a) Ke eng se se thusitseng Jeremia go nna a tlhoafetse le fa a ne a rerela batho ba ba sa kgatlhegeng? (b) Ke eng se se ka go thusang gore o nne o tlhoafaletse go rera dikgang tse di molemo?
5 Mo motlheng wa ga Jeremia, baagi ba le bantsi ba Jerusalema ba ne ba ‘sa itumelele’ lefoko la Modimo. A moporofeti o ne a tlogela go rera gonne bontsi jwa batho ba ne ba sa kgatlhegele molaetsa? Nnyaa! Go na le moo Jeremia o ne a re: “Ke tletse tšararego ya ga Jehofa. Ke lapisitswe ke go itshwara.” (Jer. 6:10, 11) Ke eng se se ka go thusang gore o nne o tlhoafetse ka tsela eo? Tsela nngwe ke ka go tlhatlhanya ka tshiamelo e e molemolemo e o nang le yone ya go nna moemedi wa Modimo wa boammaaruri. O itse sentle gore batho ba ba tlotlegang ba lefatshe leno ba ile ba kgoba leina la Modimo wa boammaaruri. Akanya gape le ka tsela e baruti ba tsieditseng batho ba lefelo le o nnang mo go lone ka yone fela jaaka baperesiti ba mo motlheng wa ga Jeremia ba ne ba dira. (Bala Jeremia 2:8, 26, 27.) Wena o farologane le bone, dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo tse o di bolelang di bontsha kafa Modimo a ratang batho ka gone. (Dikhu. 3:31, 32) Ke boammaaruri gore go akanya ka dilo tseno go tla go thusa go nna o tlhoafetse fa o ntse o bolela dikgang tse di molemo le go thusa batho ba sekadinku.
6. Jeremia o ne a lebana le mathata afe a a kgobang marapo?
6 Gongwe o a dumela gore ga se ka metlha go leng motlhofo go nna o tlhoafetse mo bodireding jwa Bokeresete. Jeremia le ene o ne a lebana le mathata a a masisi mmogo le baporofeti ba maaka fa a ntse a direla Jehofa. Jeremia kgaolo 28 e tlhalosa nngwe ya dilo tse di neng tsa mo diragalela. Bontsi jwa batho ba ne ba sa tseye tsia molaetsa wa gagwe mme ka dinako tse dingwe o ne a ikutlwa e kete o latlhegile. (Jer. 6:16, 17; 15:17) Mo godimo ga moo, gangwe le gape o ne a tshwanelwa ke go lebana le baba ba ba neng ba batla go mmolaya.—Jer. 26:11.
Ke eng fa o tshwanetse go ikanya Jehofa gore o tla go thusa go fenya mathata a o lebanang le one fa o ntse o rera dikgang tse di molemo?
“O NTSIEDITSE, WENA JEHOFA”
7, 8. Modimo o ne a ‘tsietsa’ Jeremia ka tsela efe e e molemo?
7 Nako nngwe fa Jeremia a ne a sotliwa e bile a tlhapadiwa letsatsi le letsatsi, o ne a bolelela Modimo kafa a ikutlwang ka gone. O akanya gore ke ka tsela efe o ka reng Jehofa o ne a ‘tsieditse’ moporofeti wa gagwe yo o ikanyegang, jaaka go umakilwe mo go Jeremia 20:7, 8?—E bale.
8 Ga go pelaelo gore Jehofa ga a ka a tsietsa Jeremia ka go dirisa tsela nngwe e e boferefere. Go na le moo, Modimo o ne a ‘tsieditse’ moporofeti yono ka tsela nngwe e e siameng, e e tla mo solegelang molemo. Jeremia o ne a ikutlwa a imetswe fela thata ka ntlha ya go ganediwa, mo a neng a na le boikutlo jwa gore ka boene fela ga a ka ke a kgona go diragatsa kabelo e Modimo a mo neileng yone. Mme gone, e re ka Mothatayotlhe a ne a mo eme nokeng e bile a mo thusa, o ne a kgona go dira kabelo ya gagwe. Ka jalo re ka re Jehofa o ne a mo fenya, a bontsha gore o maatla go feta Jeremia le maikutlo a gagwe a go inyatsa. Fa monna yono wa Modimo a ne a akanya gore jaanong o feletswe, ga a ka ke a tlhola a kgona go tswelela, Jehofa o ne a dirisa maatla mangwe a a tlhotlheletsang mo go neng ga lebega e kete Jeremia o ne a tsieditswe. Modimo o ne a itshupa gore o nonofile go feta makoa a moporofeti yono a nang le one. Tota le fa Jeremia a ne a lebane le batho ba ba sa kgatlhegeng, ba ba ganetsang le ba ba tletseng thubakanyo, o ne a kgona go tswelela a rera.
9. Ke eng fa o tshwanetse go kgothadiwa ke mafoko a a mo go Jeremia 20:11?
9 Jehofa o ne a ema Jeremia nokeng, a “nna jaaka yo o thata yo o boifisang.” (Jer. 20:11) Mme le wena Modimo a ka go nonotsha gore o nne o tlhoafaletse kobamelo ya boammaaruri mme o kgone go tswelela le fa o lebane le mathata a magolo. O ka nna wa akanya ka kgang eno ka tsela e e tlhalosiwang ka yone mo thanolong nngwe—Jehofa o tla nna ‘lesole le le maatla’ le le emeng gaufi le wena.—Contemporary English Version.
10. O ikemiseditse go dira eng fa o lebane le kganetso?
10 Moaposetoloi Paulo o ne a gatelela ntlha eno fa a ne a kgothatsa Bakeresete ba ba neng ba lebane le kganetso. O ne a kwala jaana: “Itshwareng ka mokgwa o o tshwanelang dikgang tse di molemo ka ga Keresete, gore . . . ke utlwe . . . gore lo eme lo nitame mo maikutlong a le mangwe, ka moya o le mongwe lo wa lo tsoga mmogo ka ntlha ya tumelo ya dikgang tse di molemo, mme le fa e le ka tsela efe lo sa tshosiwe ke baganetsi ba lona.” (Bafil. 1:27, 28) Fela jaaka Jeremia le Bakeresete ba mo lekgolong la ntlha la dingwaga, o ka kgona go ikaega ka Modimo Mothatayotlhe e bile o tshwanetse go ikaega ka ene fa o ntse o dira bodiredi jwa gago. Fa batho bangwe ba go sotla kgotsa ba go tlhasela, se lebale gore Jehofa o go eme nokeng mme o tla go naya maatla. O ne a nonotsha Jeremia le bakaulengwe ba gago ba bantsintsi; ka jalo le wena o tla go nonotsha. Kopa thuso kwa go ene ka thapelo mme o mo ikanye gore o tla araba thapelo ya gago. Le wena o ka nna wa fitlhela gore o ‘tsieditswe’ fa Modimo a go naya nonofo ya go lebana le mathata ka katlego le ka bopelokgale o sa boife. Ee, o ka kgona go dira dilo tse o neng o sa akanye gore o ka di dira.—Bala Ditiro 4:29-31.
11, 12. (a) Ke diphetogo dife tse o ka di dirang gore o kgone go bua le batho ba le bantsi fa o le mo bodireding? (b) Setshwantsho se se mo go tsebe 39 se bontsha ditsela dife tse di ka dirisiwang mo lefelong la lona?
11 Se re se balang ka bodiredi jwa ga Jeremia se ka re thusa ka ditsela tse di farologaneng gore re nne bareri ba dikgang tse di molemo ba ba nang le matswela. Fa Jeremia a sena go direla e le moporofeti wa ga Jehofa ka dingwaga tse di fetang 20, o ne a kgona go bua jaana: “Ke ne ka nna ka bua le lona, ke tsoga go sa le phakela ke bua, mme ga lo a ka lwa reetsa.” (Jer. 25:3) Ee, o ne a simolola tiro ya gagwe go sa le phakela, e seng letsatsi le setse le ile. A re ka ithuta sengwe se re ka se dirisang mo sekaing sa gagwe? Mo diphuthegong di le dintsi go na le baboledi ba ba tsogang ka makuku gore ba kgone go bua le batho kwa mafelong a go emela dibese le kwa diteisheneng tsa diterena. Kwa metseselegaeng, Basupi ba le bantsi ba dirisa diura tsa mo mosong go etela balemi le batho ba bangwe ba ba setseng ba simolotse ditiro ka nako eo. A o ka akanya ka ditsela dingwe tse ka tsone o ka dirisang se o se ithutileng malebana le go ikanyega ga ga Jeremia mo bodireding? A o ka akanyetsa go tsoga ka nako gore o bo o le teng fa thulaganyo ya pokano ya tirelo ya tshimo e simolola?
12 Ke boammaaruri gore mo mafelong a le mantsi baboledi ba nna le matswela a a molemo fa ba dirisa nako ya thapama le ya maitseboa go rera ka ntlo le ntlo. Tota le bosigo go na le baboledi bangwe ba ba ntseng ba rera, ba etela batho ba ba berekang mo mafelong a go tshelwang peterolo mo go one, mo diresetšhurenteng le mo dikgwebong tse dingwe tse di nnang di butswe diura di le 24 ka letsatsi. A o ka fetola thulaganyo ya gago gore o kgone go rera ka nako e batho ba leng teng ka yone kwa magaeng a bone kgotsa kwa mafelong a mangwe?
Ke eng fa o tlhomamisegile gore Jehofa o go eme nokeng fa o ntse o bolela molaetsa wa gagwe?
13, 14. (a) Sekao sa ga Jeremia se amana jang le go boela kwa bathong ba ba bontshitseng kgatlhego? (b) Ke eng se se bontshang gore tota go botlhokwa gore o boele kwa bathong ba o ba solofeditseng gore o tla boa?
13 Nako nngwe Jehofa o ne a laela Jeremia gore a itsise melaetsa ya boporofeti a eme mo dikgorong tsa tempele kgotsa tsa Jerusalema. (Jer. 7:2; 17:19, 20) E re ka Jeremia a ne a bua a eme mo dikgorong, batho ba le bantsi ba ne ba utlwa lefoko la ga Jehofa. Mme e re ka batho ba le bantsi go akaretsa le banna ba ba tlotlegang ba motse, bagwebi le borakgwebo ba ne ba dirisa kgoro eo ka metlha, Jeremia a ka tswa a ile a bua le batho bangwe makgetlo a le mmalwa gore a ba thuse go tlhaloganya dilo tse ba neng ba kile ba di utlwa. Re ka ithuta eng mo kgannyeng eno malebana le go boela kwa bathong ba ba bontshitseng kgatlhego?
14 Jeremia o ne a itse gore matshelo a batho a ne a ikaegile ka tiro ya gagwe jaaka moporofeti wa Modimo. Nako nngwe fa a ne a sa kgone go dira thomo e Modimo a mo neileng yone ya go bua le batho, o ne a romela tsala ya gagwe e bong Baruke gore a e dire. (Bala Jeremia 36:5-8.) Re ka etsa Jeremia jang mo kgannyeng eno? Fa re boleletse mong wa ntlo gore re tla boa, a re dira jalo? Fa re sa kgone go boela kwa mothong yo re mo solofeditseng kgotsa go ya go tshwara thuto ya legae ya Baebele, a re kopa mongwe gore a re ele? Jesu o ne a re: “A lefoko la lona la Ee le reye Ee.” (Math. 5:37) Go botlhokwa gore re diragatse tsholofetso ya rona gonne re emela Modimo wa boammaaruri le yo o dirang dilo ka thulaganyo.—1 Bakor. 14:33, 40.
15, 16. (a) Ba le bantsi ba ne ba bontsha jang gore ba latela sekao sa ga Jeremia ka go oketsa bodiredi jwa bone? (b) O ithuta eng mo maitemogelong a kwa Chile, a a bontshitsweng mo go tsebe 40?
15 Jeremia o ne a kgothatsa Bajuda ba ba kwa Babelona ka go ba kwalela lekwalo le le buang ka ‘lefoko le le molemo’ la ga Jehofa la go tsosolosiwa ga motse wa bone. (Jer. 29:1-4, 10) Le gompieno, ‘lefoko le le molemo’ la se Jehofa a tlogang a se dira le ka anamisiwa ka makwalo le ka thelefouno. A o ka dirisa mekgwa eno go thusa ba masika a gago kgotsa batho ba bangwe ba ba nnang kwa mafelong a a kgakala kgotsa ba go seng motlhofo go ikgolaganya le bone?
16 Gompieno, gantsi baboledi ba Bogosi ba nna le matswela a a molemo fa ba latela sekai sa ga Jeremia sa go wetsa bodiredi jwa gagwe ka botlalo. Mosupi mongwe wa kwa Chile o ne a ya go bua le mosadi mongwe yo o neng a tswa mo seteisheneng sa terena e e tsamayang kafa tlase ga lefatshe. O ne a kgatlhegile tota go utlwa molaetsa wa Baebele mme a dumela gore go ithutiwe Baebele le ene kwa legaeng la gagwe. Le fa go ntse jalo, Mosupi yono ga a ka a kwala aterese ya mosadi yono. Moragonyana, fa kgaitsadi yono a lemoga gore go botlhokwa go thusa mosadi yono gore a itse boammaaruri, o ne a kopa Jehofa ka thapelo gore a mo thuse. Mo letsatsing le le latelang, o ne a boela kwa seteisheneng ka yone nako e a ileng a bua le mosadi yoo ka yone. O ne a kopana le ene gape. Mo lekgetlong leno o ne a kwala aterese ya gagwe mme moragonyana a ya go etela mosadi yono kwa legaeng la gagwe gore a mo thuse go tlhaloganya Baebele. Go ise go ye kae Modimo o tla atlhola lefatshe leno la ga Satane. Mme batho ba ba ikwatlhayang le ba ba dumelang dikgang tse di molemo ba na le tsholofelo. (Bala Dikhutsafalo 3:31-33.) Ka jalo, a re bontsheng gore re tsaya seo se le botlhokwa ka go bereka tshimo ya rona ka kelotlhoko.
“GONGWE BA TLA REETSA MME BA BOE, MONGWE LE MONGWE MO TSELENG YA GAGWE”
17. O ka etsa Jeremia jang fa o rerela batho ba mo tshimong ya lona?
17 Jehofa o ne a sa batle gore batho ba latlhegelwe ke matshelo. Dingwaga di ka nna lesome pele Jerusalema e senngwa, o ne a roma Jeremia gore a tlhalose tsholofelo e ba ba leng kwa botshwarwa kwa Babelona ba ka nnang le yone. Re bala jaana: “Ke tla baya leitlho la me mo go bone ka tsela e e molemo, mme ruri ke tla ba dira gore ba boele mo lefatsheng leno. Ke tla ba aga, ga ke na go rutlolola; gape ke tla ba jala, mme ga ke na go kumola.” Jeremia o ne a raya batho bao a re: “Go na le tsholofelo ka isagwe ya gago.” (Jer. 24:6; 26:3; 31:17) Jeremia o ne a leba batho ka tsela e Modimo a ba lebang ka yone. O ne a dira bodiredi jwa gagwe a amegile thata ka bone, a ba bolelela molaetsa ono wa ga Jehofa: “Boang, tsweetswee, mongwe le mongwe a tswe mo tseleng ya gagwe e e bosula, mme lo dire ditiro tsa lona molemo.” (Jer. 35:15) A o ka akanya ka ditsela tse dingwe tse o ka bontshang ka tsone gore tota o kgatlhegela batho ba ba mo tshimong e o e berekang?
18, 19. (a) Ke maikutlo afe a re tshwanetseng go a tila fa re ntse re rera dikgang tse di molemo? (b) Re tshwanetse go nna le boikutlo bofe jo bo tshwanang le jo Jeremia a neng a na le jone?
18 Lorato lo Jeremia a neng a rata batho ka lone ga lo a ka lwa fela. Fa Jerusalema e ne e senngwa, o ne a ntse a ba utlwela botlhoko. (Bala Dikhutsafalo 2:11.) Bajuda e ne e le baipolai ba ba sa lelelweng. Le fa go ntse jalo, Jeremia ga a ka a re, ‘ke lo boleletse.’ Go na le moo, o ne a ba utlwela botlhoko thata ka se se ba tlhagetseng. Le rona re tshwanetse go nna kelotlhoko gore bodiredi jwa rona e se ka ya nna seomodiro, re bo dira fela go diragatsa molao. Matsapa a re a tsayang fa re neela bosupi a tshwanetse go bontsha kafa re ratang Modimo wa rona yo o molemolemo ka gone le kafa re ratang batho ba ba bopilweng mo setshwanong sa gagwe ka gone.
19 Mo lefatsheng leno, ga go tshiamelo kgotsa maemo ape a a botlhokwa go feta go rera ka Modimo wa boammaaruri. Jeremia o ne a ikutlwa ka tsela eo fa a ne a kwala jaana: “Mafoko a gago a ne a bonwa, mme ke ne ka a ja; lefoko la gago mo go nna le nna go itumela le go ipela ga pelo ya me; gonne leina la gago le bidiwa mo go nna, wena Jehofa.” (Jer. 15:16) Fa re ntse re rera dikgang tse di molemo, ba le bantsi ba ka simolola go itse le go rata Ene yo o ba neileng botshelo. Fa re direla Modimo ka tlhoafalo le ka lorato fela jaaka Jeremia, re ka ba thusa gore ba dire jalo.
Fela jaaka Jeremia, ke ditsela dife tse dingwe tse o ka lekang go di dirisa mo isagweng go anamisa ‘lefoko le le molemo’?
a Fela jaaka go ne ga direga ka Jeremia, gantsi Jehofa o ne a roma barongwa ba gagwe ba baengele gore ba ye go bua le batho mme go nna jaaka e kete go bua Ene.—Baatlh. 13:15, 22; Bagal. 3:19.