Buka ya Bibela ya bo 26—Esekiele
Mokwadi: Esekiele
Lefelo Leo E Kwaletsweng kwa go Lone: Babelona
Go Wediwa ga go E Kwala: mo e ka nnang ka 591 B.C.E.
Lobaka Lo Lo Tserweng: 613–mo e ka nnang ka 591 B.C.E.
1. Maemo a batshwarwa ba ba kwa Babelona e ne e le afe, mme ba ne ba lebana le diteko dife tse disha?
MO NGWAGENG wa 617 B.C.E., Jehoiakine, kgosi ya Juda, o ne a leseletsa Jerusalema go gapiwa ke Nebukadenesare, yo o neng a tsaya batho ba maemo a a kwa godimo ba lefatshe leo le dikhumo tsa ntlo ya ga Jehofa le tsa ntlo ya kgosi a di isa kwa Babelona. Gareng ga batshwarwa bao go ne go na le balelapa la kgosi le dikgosana; banna ba ba diganka, ba ba nonofileng; badiri ba diatla le baagi; le Esekiele morwa wa ga Busi moperesiti. (2 Dikg. 24:11-17; Esek. 1:1-3) Batshwarwa bano ba Baiseraele ba ne ba weditse mosepele wa bone o o lapisang ba hutsafetse tota, ba tswa kwa lefatsheng la dithota, la melatswana, le mekgatšha ba tla mo lefatsheng la dipoa tse dikgolo tse di senang dithaba. Jaanong ba ne ba nna gaufi le noka ya Kebara ba busiwa ke mmusomogolo o o maatla, ba dikologilwe ke batho ba dingwao tse di sa tlwaelegang le kobamelo ya boheitane. Nebukadenesare o ne a letlelela Baiseraele gore ba ikagele matlo a bone, ba nne le batlhanka, ba bo ba dire dikgwebo dingwe. (Esek. 8:1; Yer. 29:5-7; Esere 2:65) Fa ba ne ba ka nna dinatla, ba ne ba tla tlhogonolofala. A ba ne ba tla rareediwa ke bodumedi jwa Babelona le go rata dilo tse di bonalang? A ba ne ba tla tswelela ba tsuologela Jehofa? A ba ne ba tla amogela gore go ya botshwarwa ga bone ke kotlhao e e tswang kwa go ene? Ba ne ba tla thulana le diteko tse disha mo lefatsheng leo la botshwarwa.
2. (a) Ke baperofeti bafe ba bararo ba ba neng ba tlhomologile mo dingwageng tse di thata tsa pele ga go senngwa ga Jerusalema? (b) Esekiele o bidiwa ka leina lefe leo eleng la botlhokwa, mme leina la gagwe le raya eng? (c) Esekiele o ne a perofesa mo motlheng ofe, mme ke eng se se itsiweng ka botshelo jwa gagwe le loso?
2 Mo dingwageng tseno tsa dipaka tse di thata tseo di felelang ka go senngwa ga Jerusalema, Jehofa o ne a seka a dira gore ene kana Baiseraele ba tlhoke moperofeti. Jeremia o ne a tlhomilwe mo Jerusalema ka boene, Daniele o ne a le mo ntlong ya kgosi ya Babelona, mme Esekiele ene e ne e le moperofeti wa Bajuda ba ba ileng botshwarwa kwa Babelona. Esekiele e ne e le moperesiti ebile e le moperofeti, maemo ao Jeremia mme moragonyana Sekaria le bone ba neng ba nna nao. (Esek. 1:3) Mo bukeng ya gagwe yotlhe o bidiwa “morwa motho” makgetlo a feta a le 90, seo e leng ntlha ya botlhokwa fa motho a ithuta boperofeti jwa gagwe ka gonne, mo Dikwalong tsa Bokeresete tsa Segerika, Jesu le ene o bidiwa “Morwa Motho” mo e ka nnang makgetlo a le 80. (Esek. 2:1; Math. 8:20) Leina la gagwe eleng Esekiele (Sehebera, Yechez·qeʼlʹ) le raya “Modimo O A Nonotsha.” E ne e le mo ngwageng wa botlhano wa go fudusiwa ga ga Jehoiakine, eleng ka 613 B.C.E., fa Esekiele a ne a rongwa ke Jehofa go nna moperofeti. Re bala ka ene a santse a dira tiro eo mo ngwageng wa bo 27 wa go fudusiwa, dingwaga tse 22 moragonyana ga moo. (Esek. 1:1, 2; 29:17) O ne a nyetse, mme mosadi wa gagwe o ne a tlhokafala ka letsatsi leo Nebukadenesare a neng a simolola go dikaganyetsa Jerusalema ka lone. (24:2, 18) Ga go itsiwe gore o ne a tlhokafala leng le gone gore o ne a bolawa ke eng.
3. Ke eng se se ka bolelwang kaga gore buka ya Esekiele e kwadilwe ke mang, mmogo le gore a buka ya Esekiele ke karolo ya Dikwalo kana ke ya boammaaruri?
3 Ga go na ope yo o ganetsang gore Esekiele ke ene yo o neng a kwala buka eno e e reeletsweng ka leina la gagwe le gore ke karolo ya Dikwalo tota. E ne e le karolo ya Dikwalo mo motlheng wa ga Esere mme e tlhaga mo tlhatlhamanong ya dikwalo tsa metlha ya Bokeresete jwa pele, tseo go lemotshegang e le karolo ya Dikwalo tsa ga Origen. Gape gore e boammaaruri go supelwa ke go tshwana mo go gakgamatsang ga ditshwantsho tsa yone le tsa Yeremia le Tshenolō.—Esek. 24:2-12—Yer. 1:13-15; Esek. 23:1-49—Yer. 3:6-11; Esek. 18:2-4—Yer. 31:29, 30; Esek. 1:5, 10—Tshen. 4:6, 7; Esek. 5:17—Tshen. 6:8; Esek. 9:4—Tshen. 7:3; Esek. 2:9; 3:1—Tshen. 10:2, 8-10; Esek. 23:22, 25, 26—Tshen. 17:16; 18:8; Esek. 27:30, 36—Tshen. 18:9, 17-19; Esek. 37:27—Tshen. 21:3; Esek. 48:30-34—Tshen. 21:12, 13; Esek. 47:1, 7, 12—Tshen. 22:1, 2.
4. Boperofeti jwa ga Esekiele bo diragaditswe jang ka mo go kgatlhisang?
4 Bosupi jo bongwe jwa gore buka eno e boammaaruri bo fitlhelwa mo go diragadiweng mo go gakgamatsang ga boperofeti jwa Esekiele kgatlhanong le merafe e e neng e le mo tikologong ya wa gagabo, e e tshwanang le Ture, Egepeto, le Edoma. Ka sekai, Esekiele o ne a perofeta gore Ture o ne a tla senngwa, mme seno se ne sa diragadiwa ka bontlhabongwe fa Nebukadenesare a ne a gapa motse oo morago ga a sena go o dikanyetsa ka dingwaga di le 13. (Esek. 26:2-21) Thulano eno e ne e sa reye gore e ne e le bokhutlo jwa Ture. Lefa go ntse jalo, katlholo ya ga Jehofa e ne e le gore a senyediwe ruri. O ne a ile a bolelela pele ka Esekiele a re: “Ke tla gopa lorole mo go èna, ke mo ntsha lehika ye le borethe hèla. . . . Mayè a gago, le dikgoñ tsa gago, le lorole loa gago, ba tla baea gotlhe hèla mo gare ga metse.” (26:4, 12) Seno sotlhe se ne sa diragadiwa dingwaga tse di fetang 250 moragonyana fa Alexander yo Mogolo a ne a bololela go ya go tlhabana le motsemogolo wa setlhaketlhake wa Ture. Masole a ga Alexander a ne a gopa matlakala otlhe le motse o o seng mo setlhaketlhakeng o o neng o le marope mme ba a latlhela mo lewatleng, ba dira thotobolo ya boleele jwa dimetara tse 800 go tswela kwa motsemogolong wa setlhaketlhake seo. Go tswa foo, ba ne ba dira maano a a kwa godimo a go dikaganyetsa motse oo, ba palama dipota tse di bogodimo jwa dimetara di le 46 gore ba gape motse oo ka 332 B.C.E. Go ne ga bolawa batho ba le diketekete, mme ba le bantsi ba ne ba isiwa botshwarwa. Fela jaaka Esekiele a ne a bolelela pele, Ture o ne a nna ‘lefika le le borethe fela le lefelo le go anagelwang matlowa gone.’ (26:14)a Mo ntlheng e nngwe ya Lefatshe la Tsholofetso, Baedoma ba ba dinokwane le bone ba ne ba senngwa, e le tiragatso ya boperofeti jwa Esekiele. (25:12, 13; 35:2-9)b Mme, kana, boperofeti jwa Esekiele kaga go senngwa ga Jerusalema le go busediwa gae ga Iseraele le jone bo ne jwa diragala fela jaaka go ne go boletswe.—17:12-21; 36:7-14.
5. Bajuda ba ne ba itshwara jang fa ba utlwa boperofeti jwa ntlha jwa ga Esekiele?
5 Mo dingwageng tsa ntlha tsa tiro ya gagwe ya boperofeti, Esekiele o ne a bolela dikatlholo tsa Modimo kgatlhanong le Jerusalema yo o sa ikanyegeng tse go neng go tlhomamisega gore di ne di tla diragala a bo a tlhagisa ba ba ileng botshwarwa gore ba itise mo kobamelong ya medimo ya disetwa. (14:1-8; 17:12-21) Bajuda ba ba tshwerweng ba ne ba sa bontshe ka gope gore ba ne ba ikotlhaya. Banna ba bone ba ba neng ba tshwere marapo ba ne ba tlwaetse go ya go botsa Esekiele, mme ba ne ba sa tseye tsia ka gope melaetsa e e tswang kwa go Jehofa eo Esekiele a neng a e ba bolelela. Ba ne ba tswelela fela ka kobamelo ya bone ya medimo ya disetwa le ditiro tsa go rata dilo tse di bonalang. Ba ne ba tsenwa ke letshogo le legolo fa ba ne ba latlhegelwa ke tempele ya bone, motse wa bone o o boitshepo, le losika lwa dikgosi tsa bone, mme bao ba neng ba ikokobetsa ba bo ba ikotlhaya ka baka la seo ba ne ba sekae fela.—Pes. 137:1-9.
6. Boperofeti jwa moragonyana jwa ga Esekiele bo supa eng, mme go itshepisiwa ga leina la ga Jehofa go tlotlomadiwa jang?
6 Boperofeti jwa ga Esekiele mo dingwageng tsa moragonyana bo ne bo otlelela tsholofelo ya go busediwa gae. Gape bo ne jwa baya baagelani ba Juda molato ka baka la go itumelela go wa ga gagwe. Go kokobediwa ga bone, mmogo le go tsosolosiwa ga Iseraele, go ne go tla itshepisa Jehofa mo matlhong a bone. Fa go sobokanngwa, boikaelelo jwa go isiwa botshwarwa ga bone le go busediwa gae e ne e le: ‘Gore lona batho ke lona, Bajuda mmogo le merafe, lo tle lo itse fa ke le Jehofa.’ (Esek. 39:7, 22) Go itshepisiwa mono ga leina la ga Jehofa go tlotlomadiwa mo bukeng eno yotlhe, ereka mafoko a a reng: “Lo [kana ba] tla itse ha ke le Yehofa” a tlhaga makgetlo a le 60.—6:7, ntlhanyana e e kwa tlase go NW.
SEO SE LENG MO GO ESEKIELE
7. Buka ya Esekiele e na le dikarolo dife tse tharo tse di latelelanang sentle?
7 Buka eno e na le dikarolo di le tharo tse di latelelanang sentle. Ya ntlha, kgaolo 1 go ya go 24, e na le ditlhagiso tsa gore Jerusalema o tla senngwa eleruri. Karolo ya bobedi, kgaolo 25 go ya go 32, e na le boperofeti jwa katlholo e e tla welang merafe e le mmalwa ya baheitane. Karolo ya bofelo, kgaolo 33 go ya go 48, e na le boperofeti jwa go busediwa gae, e felela ka ponatshegelo ya tempele e ntšha le motse o o boitshepo. Bontsi jwa boperofeti jono bo rulagantswe go ya ka go latelelana ga dingwaga mmogo le ka dikgang tse go buiwang ka tsone.
8. Esekiele o bona eng mo ponatshegelong ya gagwe ya ntlha?
8 Jehofa o tlhoma Esekiele jaaka molebedi (1:1–3:27). Mo ponatshegelong ya gagwe ya ntlha, ka 613 B.C.E., Esekiele o bona sefefo se se tsubutlang se se tswang kwa bokone, se na le leru le legolo le molelo o eketeng setsokotsane. Mo go one go tswa dibopiwa di le nnè tse di nang le diphuka, di na le sefatlhego sa motho, sa tau, sa poo, le sa ntsu. Di lebega jaaka magala a a tukang, mme sengwe le sengwe sa tsone go ntse jaaka ekete se bapile le leotwana le le mo teng ga leotwana le lengwe la bogodimo jo bo boitshegang, mme dikulukutwane tsa one di tletse matlho. Di tsamaela gongwe le gongwe mme di tsamaela gongwe. Kwa godimo ga ditlhogo tsa ditshedi tseno go na le mo go tshwanang le phuthologo, mme kwa godimo ga phuthologo eo go na le setulo sa bogosi seo go nang le “pōnalō ea kgalalèlō ea ga Yehofa” mo godimo ga sone.—1:28.
9. Ke eng se se kopanyelediwang mo thomong ya ga Esekiele?
9 Jehofa o bitsa Esekiele yo o inameng a re: “Morwa motho, èma ka dinaō.” Go tswa foo o mo roma go nna moperofeti wa Iseraele le go ya kwa merafeng e e tsuologileng e e mo tikologong. O tshwanetse go ya kwa go yone go sa kgathalesege gore a ba tla mo utlwa kana nnyaa. Go tla bo go le botoka ka gonne ba tla bo ba itse gore moperofeti wa Morena Jehofa o ne a le gareng ga bone. Jehofa o dira gore Esekiele a je momeno wa buka eo, eo e utlwalang e le monate fela jaaka tswina ya dinotshe mo ganong la gagwe. O mo raya a re: “Morwa motho, ke gu beile molebedi oa ba ntlo ea Iseraela.” (2:1; 3:17) Esekiele o tshwanetse go ntsha tlhagiso ka boikanyegi, eseng jalo o tla swa.
10. Esekiele o etsisa sesupo sefe go Iseraele?
10 O etsisa go dikanyediwa ga Jerusalema (4:1–7:27). Jehofa o raya Esekiele a re a tshwantshe motse wa Jerusalema mo seteneng sengwe. O tshwanetse go dira tikanyetso ya tshwantshetso go o dikologa e le sesupo mo go Iseraele. Go gatelela ntlha eo, o tshwanetse go robala fa pele ga setena seo malatsi a le 390 ka letlhakore la molema le malatsi a le 40 ka letlhakore la moja, a a ja dijonyana di sekae fela. Gore Esekiele eleruri o etsisa tiragalo eno go supiwa ke go ikuela ga gagwe kwa go Jehofa a utlwile botlhoko a mo kopa gore a fetole dilo tse a gotsang molelo ka tsone go apaya dijo.—4:9-15.
11. (a) Esekiele o tshwantsha bokhutlo jwa matlhotlhapelo jwa tikanyetso eo jang? (b) Ke ka ntlhayang fa go tla seke go nne le kgoro ya botso?
11 Jehofa o dira gore Esekiele a etsise bokhutlo jwa matlhotlhapelo jwa tikanyetso eo ka go ipeola moriri le ditedu. O tshwanetse go fisa nngwetharong ya one, nngwetharong e nngwe a e kgaoganye ditokitoki ka tšhaka, mme nngwetharong e nngwe a e latlhe gore e gasagasiwe ke phefo. Ka gone, kwa bokhutlong jwa tikanyetso eo, bangwe ba baagi ba Jerusalema ba tla bolawa ke leuba, kgogodi ya bolwetsi, le ke tšhaka, mme ba bangwe ba tla gasama mo merafeng e mengwe. Jehofa o tla mo swafatsa. Ka ntlhayang? Ka go bo a kgopisiwa ke kobamelo ya gagwe e e maswe le e e ferosang dibete ya medimo ya disetwa. Ga go na motho ope yo o tla iphalotsang ka khumo ya gagwe. Mo letsatsing la bogale jwa ga Jehofa, batho ba Jerusalema ba tla latlhela selefera sa bone mo mebileng, “me ba tla itse ha ke le Yehofa.”—7:27.
12. Ke dilo dife tse di makgapha tse Esekiele a di bonang mo ponatshegelong ya gagwe ya Jerusalema wa motenegi?
12 Ponatshegelo ya ga Esekiele ya Jerusalema wa motenegi (8:1–11:25). Jaanong ke ngwaga wa 612 B.C.E. Esekiele o isiwa kgakala kwa Jerusalema a le mo ponatshegelong, koo a bonang dilo tse di makgapha tseo di diragalang mo tempeleng ya ga Jehofa. Mo lolwapaneng, go na le setshwantsho se se ferosang dibete seo se dirang gore Jehofa a fufege. Fa Esekiele a phunya lekotswana leo, o bona banna ba ba godileng ba le 70 ba obamela fa pele ga ditshwantsho tsa dibatana tse di gabilweng mo lokotswaneng tse di ferosang dibete le fa pele ga ditshwantsho tsa medimo ya disetwa. Ba ipata ka go re: “Yehofa ga a re bone: Yehofa o tlogetse lehatshe.” (8:12) Kwa kgorong e e kwa bokone, basadi ba lelela modimo wa boheitane Tamuse. Mme ga se gone gotlhe! Gone mo teng ga kgoro ya tempele eo ka boyone, go na le banna ba le 25, bao ba fularetseng tempele, ba obamela letsatsi. Ba tlhapatsa Jehofa mo matlhong a gagwe, mme eleruri o tla tsaya kgato a galefile!
13. Monna yo o apereng seaparo sa leloba le banna ba barataro ba ba tshotseng dibetsa ba diragatsa ditaelo dife?
13 Bonang tlhe jaanong! Go tlhaga banna ba le barataro ba tshotse dibetsa tse di kgemethang. Gareng ga bone go na le wa bosupa yo o apereng seaparo sa leloba, a tshotse kurwana ya inka ya mokwaledi. Jehofa o raya monna yono yo o apereng seaparo sa leloba a re a kgabaganye motse mme a tshwaye batho botlhe ba ba fegelwang le ba ba sonelwang ka baka la dilo tse di makgapha tseo di dirwang mo gare ga one mo diphatleng tsa bone. Go tswa foo, o raya banna ba barataro bao a re ba tsene mo motseng mme ba bolaye mongwe le mongwe, “monna mogolo, lekau le morweetsana, le banyana ba bannye le basadi,” bao ba senang lotshwao. Ba dira fela jalo, ba simolola ka bannabagolo ba ba fa pele ga ntlo. Monna yo o apereng seaparo sa leloba o bega ka go re: “Ke dihile hèla yaka u ntaotse.”—9:6, 11.
14. Ponatshegelo eo e bontsha eng kwa bokhutlong malebana le kgalalelo ya ga Jehofa le dikatlholo tsa gagwe?
14 Esekiele o bona gape le kgalalelo ya ga Jehofa, e tlhatloga kwa godimo ga ditšheruba. Tšheruba nngwe e latlhela magala a a molelo e a tsaya fa gare ga maotwana a a tlhatlaganeng, mme monna yo o apereng leloba o a tsaya a bo a a gasetsa mo godimo ga motse oo. Fa e le ka Baiseraele bao ba gasagasitsweng, Jehofa o solofetsa gore o tla ba phutha gape a ba a ba naya moya o mosha. Mme go tweng ka baobamedi bano ba ba bosula ba Jerusalema? “Ke tla lere mokgwa oa bōnè mo tlhogoñ ea bōnè,” go bua Jehofa. (11:21) Kgalalelo ya ga Jehofa e bonwa e fologa kwa godimo ga motse, mme Esekiele o tswelela ka go bolelela batho ba ba ileng botshwarwa ponatshegelo.
15. Esekiele o bontsha ka setshwantsho sefe gape gore go a tlhomamisega gore baagi ba Jerusalema ba tla ya botshwarwa?
15 Boperofeti jo bongwe gape mo Babelona malebana le Jerusalema (12:1–19:14). Esekiele ke ene yo o etsisang maemo a mangwe a tshwantshetso. O ntsha dilwana tse a tshabang ka tsone mo ntlong ya gagwe go le motshegare, mme go tswa foo fa go nna bosigo o tswa ka letshoba le le mo lekotswaneng la motse a ipipile sefatlhego. O tlhalosa fa seno e le sesupo sa sengwe: “Ba tla ea phaladiñ, kwa bochwaroñ.” (12:11) Baperofeti ba ba dieleele bao ba ba laolwang ke meya ya bone! Ba goa ba re, “Kagishō,” fa gone kagiso e seyo. (13:10) Lefa Noa, Daniele, le Jobe ba ne ba le mo Jerusalema, ba ne ba sa kake ba golola lefa e le motshedi a le mongwe fela fa e se go ikgolola bone fela.
16. Go tlhoka mosola ga Jerusalema go tshwantshiwa jang, mme ke ka ntlhayang fa ba tla busediwa gae?
16 Motse oo o tshwana le setlhare sa mofine se se senang mosola. Legong la sone ga se le le ka dirang dikota, lefa e le dimapo! Le jewa ka molelo mo matlhakoreng oo mabedi le ba le babolwa fa gare—ga le na mosola ope. Abo Jerusalema a sa tlhole a ikanyega jang ne ebile a sena mosola gotlhelele! O ne a selwa ke Jehofa a le lesea le le latlhilweng, le le neng le tsholetswe kwa lefatsheng la Kanana. O ne a mo otla a bo a dira kgolagano ya lenyalo nae. O ne a mo dira montle, “a hitlha mo popegoñ ea segosi.” (16:13) Mme jaanong o fetogile seaka, ka go sianela kwa merafeng e mengwe jaaka e feta. O ile a obamela ditshwantsho tsa yone a bo a ja bomorwawe ka molelo. O tla fedisiwa ka go senngwa ke yone merafe eo, dinyatsi tsa gagwe. O bile o bosula go gaisa barwarradiagwe bo Sodoma le Samaria. Lefa go le jalo, Jehofa, Modimo o o kutlwelobotlhoko, o tla mo direla tetlanyo a bo a mo tsosolosa go ya ka kgolagano ya gagwe.
17. Jehofa o bontsha eng ka malepa a ntsu le setlhare sa mofine?
17 Jehofa o naya moperofeti yoo malepa mangwe mme go tswa foo a bo a mmolelela phuthololo ya one. A tshwantshetsa boeleele jwa Jerusalema fa a ne a ya go batla thuso kwa Egepeto. Ntsu e kgolo (Nebukadenesare) e tla e bo e tomola kala e e kwa godimo (Jehoiakine) ya setlhare se se godileng sa mosedara, e mo tlisa mo Babelona, e bo e jala setlhare sa mofine (Sedekia) mo boemong jwa sone. Setlhare seo sa mofine se lebisa dikala tsa sone kwa ntsung e nngwe (Egepeto), mme a se a atlega? Se kumolwa le ka medi! Jehofa ka boene o tla kgetla kala e e nana kwa godimo ga setlhare se se godileng sa mosedara a bo a e tlhoma kwa godimo ga thaba e e kwa godimo thata. Mme fa e le koo e tla gola e nna setlhare se segolo sa mosedara e nna lefelo le go nnang “dinōnyane cotlhe tsa diphuka cotlhe” mo go sone. Batho botlhe ba tla itse gore ke Jehofa yo o dirileng jalo.—17:23, 24.
18. (a) Jehofa o bolela melaometheo efe fa a kgalemela batshabi ba Bajuda? (b) Ke katlholo efe e e tla diragalelang dikgosi tsa Juda?
18 Jehofa o kgalemela Bajuda ba ba ileng botshwarong ka puo ya bone ya seane a re: “Borra bana ba yele bogoto yoa difine, me mènō a bana a dilahetse.” Nnyaa, “mōea o o leohañ, go tla shwa ōna.” (18:2, 4) Mosiami o tla tswelela a tshela. Jehofa ga a itumelele go swa ga moikepi. O itumelela go bona moikepi a tlogela ditsela tsa gagwe tse di bosula a bo a tshela. Fa e le ka dikgosi tsa Juda tsone, fela jaaka ditawana ba ile ba akediwa ke Egepeto le Babelona. Kodu ya tsone ga ‘e kake ya tlhola e utlwala mo dithabeng tsa Iseraele.’—19:9.
19. (a) Lemororo tshenyego e tla nna gone, ke tsholofelo efe e Esekiele a e bolelang? (b) O tshwantsha jang go sa ikanyegeng ga Iseraele le Juda le phelelo ya gone?
19 Go latofadiwa ga Jerusalema (20:1–23:49). Jaanong e setse e le ngwaga wa 611 B.C.E. Bagolwane ba bahudutshiwa ba tla gape kwa go Esekiele ba botsa kaga Jehofa. Ba bolelelwa kafa Baiseraele go tswa bogologolong ba ileng ba nna ba tsuologa ba bo ba dira kobamelo e e maswe ya medimo ya disetwa ka gone ebile ba tlhagisiwa gore Jehofa o biditse tšhaka gore e tle go diragatsa katlholo mo go ene. O tla “ribegetsa, [a] ribegetsa, [a] ribegetsa” Jerusalema. Mme, go na le tsholofelo e e itumedisang! Jehofa o tla tshegetsa bogosi (“serwalō”) sa yo o tla tlang a na le “tshiamèlō ea gōna” mme o tla bo mo naya. (21:26, 27) Esekiele o boa gape a bolela dilo tse di makgapha tse di dirwang mo Jerusalema, “motse o o madi.” Ntlo ya Iseraele e ntse jaaka “manyèlō” mme e tla phuthelwa kwa Jerusalema mme e tlhapolosiwe jaaka ekete e mo loubelong. (22:2, 18) Samaria yo o sa ikanyegeng (Iseraele) le Juda ba tshwantshediwa ke barwadiamotho ba babedi. Samaria yo o tshwantshediwang ke Ohola o akafala le Baasiria mme o senngwa ke baratiwa ba gagwe. Juda yo o tshwantshediwang ke Oholiba ga a ithute mo go seo mme o dira se ebileng se le bosula go feta, ka go akafala lantlha le Asiria mme go tswa foo le Babelona. O tla senyediwa ruri, “me lo tla itse ha ke le Morèna [Jehofa].”—23:49.
20. Jerusalema yo o gapilweng o tshwantshiwa le eng, mme Jehofa o neela sesupo sefe se se maatla malebana le katlholo eo a mo atlholang ka yone?
20 Tikanyetso ya bofelo ya Jerusalema e a simologa (24:1-27). Ngwaga ke wa 609 B.C.E. Jehofa o itsise Esekiele gore kgosi ya Babelona e ne ya gapa Jerusalema mo letsatsing leno la bolesome la kgwedi ya bolesome. O tshwantshanya motse o o thekeleditsweng ono le pitsa e e molomo mogolo, baagi ba one ba maemo a a kwa godimo ba tshwana le nama e e mo teng ga yone. E bediseng! E bediseng gore leswe lotlhe la kobamelo ya medimo ya disetwa e e ferosang sebete ya Jerusalema le tshologe! Ka letsatsi lone leo, mosadi wa ga Esekiele o a tlhokafala, mme moperofeti yoo ga a lele, fela jaaka Jehofa a ne a mmoleletse. Seno ke sekao sa gore batho bao ga baa tshwanela go lela fa Jerusalema a senngwa, ka gonne ke katlholo e e tswang kwa go Jehofa, e le gore ba tle ba itse gore ke mang. Jehofa o tla romela motshabi mongwe go ya go tlhagisa kaga go senngwa ga “boitumèlō yoa kgalalèlō ea bōnè,” mme fa a ise a goroge, Esekiele gaa tshwanela go bua sepe le batshwarwa bao.—24:25.
21. Merafe e tla tshwanelwa ke go itse Jehofa jang le ipusolosetso ya gagwe?
21 Boperofeti jo bo kgatlhanong le merafe eo (25:1–32:32). Jehofa o bonela pele gore merafe e e mo tikologong e tla ipelela go wa ga Jerusalema mme ba o dirise jaaka tshono ya go kgoba Modimo wa Juda. Ga ba kitla ba tlhoka go otlhaiwa! Amona o tla newa Batho ba Botlhaba, mme Bamoaba le bone ba tla dirwa jalo. Edoma o tla dirwa lefelo le le swafetseng, mme Bafilisitia ba tla ipusolosediwa fela thata. Jehofa o bolela gore merafe eo yotlhe, “ba tla itse ha ke le Yehofa, mogañ ke ipusholosañ mo go bōnè.”—25:17.
22. Ture o umakiwa jang ka mo go kgethegileng, mme Jehofa o tla itshepisiwa jang malebana le Sidona?
22 Go buiwa ka Ture ka mo go kgethegileng. Ereka a ikgogomosa ka baka la katlego ya gagwe mo papading, o tshwana le sekepe se sentle se se fa gare ga mawatle, mme mo nakong e khutshwane fela o tla bo a lalaanye kwa tlase ga metse. Moeteledipele wa gagwe o ikgantsha ka go re: ‘Ke Modimo.’ (28:9) Jehofa o dira gore moperofeti wa gagwe a opele sefela sa kutlobotlhoko kaga kgosi ya Ture: O ne a ntse jaaka tšheruba e ntle e e tloditsweng fa a ne a le mo Edena, tshingwana ya Modimo; mme Jehofa o tla mo ntsha mo thabeng ya Gagwe jaaka tlhapatso, mme o tla jewa ke molelo mo teng. Jehofa o bolela gore gape O tla itshepisiwa ka go senya Sidona yo o lonyatso.
23. Ke eng se Egepeto o tla tshwanelwang ke go se itse, mme seno se tla diragala jang?
23 Jaanong Jehofa o raya Esekiele a re a tlhome matlho a gagwe mo go Egepeto le Faro wa gagwe a bo a perofesa kgatlhanong le ene. Faro o ikgantsha ka go re, “Noka ea me [ya Nile] ke ea me hèla, ke bile ke e itihetse.” (29:3) Faro, le Baegepeto ba ba dumelang mo go ene, le bone ba tla itse gore Jehofa ke ene Modimo, mme selo seo ba tla se rutwa ka gore go tlisiwe tshwafalo ya dingwaga tse 40 mo lefatsheng leo. Fano Esekiele o bua tshedimosetso nngwe eo a e senolelwang moragonyana, ka 591 B.C.E. Jehofa o tla naya Nebukadenesare Egepeto a mo duelela tiro ya gagwe ya go kokobetsa Ture. (Nebukadenesare o ne a seka a tsaya thopo e e kalo kwa Ture, ereka batho ba Ba-Ture ba ne ba tshaba ka bontsi jwa dithoto tsa bone ba tshabela kwa motsemogolong wa bone wa setlhaketlhake.) Mo sefeleng sa khutsafalo, Esekiele o itsise gore Nebukadenesare o tla nyeletsa mabela a Egepeto, mme “ba tla itse ha ke le Yehofa.”—32:15.
24. (a) Boikarabelo jwa ga Esekiele jaaka molebedi ke eng? (b) Fa Esekiele a utlwalela kaga go wa ga Jerusalema, o bolelela batshwarwa molaetsa ofe? (c) Ke tsholofetso efe ya tshegofatso e e tlotlomadiwang mo go kgaolo 34?
24 Molebedi wa batshwarwa; go bolelelwa pele ka pusetsogae (33:1–37:28). Jehofa o bolelela Esekiele gape boikarabelo jwa gagwe jaaka molebedi. Batho baa re, “Tsela ea [ga Jehofa] ga ea lekalekana.” Jalo Esekiele o tshwanetse go ba phepafaletsa kafa ba leng phoso ka gone. (33:17) Mme jaanong ke ngwaga wa 607 B.C.E., letsatsi la botlhano la kgwedi ya bolesome.c Mme motshabi mongwe o goroga mo Jerusalema go tla go bolelela moperofeti yoo gore: “Motse o kgemethilwe.” (33:21) Ereka Esekiele, jaanong a gololesegile gape go ka bua le bafudusiwa, o ba bolelela gore megopolo epe fela e ba nang nayo ya go golola Juda ga e na go thusa sepe. Lemororo ba tla kwa go Esekiele go tla go utlwa lentswe la ga Jehofa, mo go bone o ntse jaaka moopedi wa difela fela, jaaka motho yo o nang le lentswe le le monate yo o tshamekang seletso sa mathale ka botswerere. Ga ba mo tseye tsia. Lefa go ntse jalo, fa go diragala jaaka a boletse, ba tla itse gore moperofeti mongwe o ne a le gare ga bone. Esekiele o kgalemela badisa ba ba maaka bao ba latlhileng letsomane mme jaanong ba iphepa ba le bosi. Jehofa, Modisa yo o Siameng, o tla phutha dinku tse di gasameng a bo a ba tlisa mo mafulong a a nonneng mo dithabeng tsa Iseraele. Fa ba le koo o tla ba tsosetsa modisa a le mongwe fela, ‘eleng motlhanka wa gagwe Dafide.’ (34:23) Jehofa ka boene o tla nna Modimo wa bone. O tla dira kgolagano ya kagiso le bone a bo a ba tshololele masego a eketeng dipula.
25. (a) Ke ka ntlhayang fa Jehofa a tla dira lefatshe leo gore le tshwane le Edena mme o tla le dira jang? (b) Ke eng se se tshwantshediwang ke ponatshegelo ya marapo a a omeletseng? ke ya dithupana tse pedi?
25 Esekiele o perofesa gape gore Thaba ya Seira (Edoma) e tla swafadiwa. Lefa go ntse jalo, mafelo a a swafaditsweng a Iseraele a tla agiwa sesha, ka gonne Jehofa o tla tlhomogela leina la gagwe pelo, gore a le itshepise fa pele ga merafe eo. O tla naya batho ba gagwe pelo e ntšha le moya o mosha, mme lefatshe la bone le tla boela gape le nna jaaka “tshimo ea Edena.” (36:35) Esekiele jaanong o bona ponatshegelo ya Iseraele a tshwana le mokgatšha o o tletseng marapo a a omeletseng. Esekiele o perofesa kaga marapo ao. A simolola go nna le dinama, mohemo, le botshelo gape, ka kgakgamatso. Jehofa o tla bula diphupu tsa botshwarwa tsa Babelona fela jalo a bo a busetse Iseraele kwa lefatsheng la gagwe gape. Esekiele o tsaya dithupa di le pedi tseo di emelang matlo a mabedi a Iseraele, Juda le Eferaime. Fa a sena go di tsenya mo seatleng sa gagwe di fetoga thupa e le nngwe fela. Ka gone, fa Jehofa a busetsa Iseraele gae, ba tla bopagana mmogo ka kgolagano ya kagiso ba busiwa ke motlhanka wa gagwe “Dafide.”—37:24.
26. Ke ka ntlhayang fa Goga wa Magoga a tlhasela, mme go felela jang?
26 Tlhaselo ya Goga wa Magoga le go busediwa gae ga Iseraele (38:1–39:29). Go tswa foo ba tla tlhaselwa ke selo se sele! Ereka a tla bo a gogwa ke kagiso e e itumedisang le go tlhogonolofala ga batho ba ga Jehofa ba ba buseditsweng gae, Goga wa Magoga o tla ba tlhasela jaaka ekete o a tsenwa. O tla sianela go ba fenya. Fa a dira jalo, Jehofa o tla emelela ka bogale jo eketeng molelo. O tla dira gore mongwe le mongwe a bolaye morwarraagwe ka tšhaka a bo a tlise kgogodi ya bolwetsi le madi le sefako se se sa emeng, molelo, le sulefura. Ba tla swa ba itse gore Jehofa ke “Moitshepi mo Iseraela.” (39:7) Go tswa foo batho ba gagwe ba tla tshuba molelo ka dilo tsa ntwa tse di senyegileng ba bo ba fitlhe marapo mo “Mogōgōrō[ng] oa Hamonagōga.” (39:11) Dinonyane tse di jang nama le dibatana di tla ja nama ya bao ba bolailweng di bo di nwe madi a bone. Go tswa foo Iseraele o tla nna ka pabalesego, go sena ope yo o mmoifisang, mme Jehofa o tla ba tshololela moya wa gagwe.
27. Esekiele o bona eng fa a etetse kwa lefatsheng la Iseraele ka ponatshegelo, mme kgalalelo ya Modimo e bonala jang?
27 Ponatshegelo ya ga Esekiele ya tempele (40:1–48:35). Re tla mo ngwageng wa 593 B.C.E. Ke ngwaga wa bo 14 fa e sale tempele ya ga Solomone e senngwa, mme batho ba ba ikotlhaileng ba bahudutshiwa bao ba tlhoka go kgothadiwa le go nna le tsholofelo. Jehofa o fudusetsa Esekiele kwa lefatsheng la Iseraele a le mo ponatshegelong a bo a mo tlhoma mo thabeng e e kwa godimo thata. Fa a le fano o bona tempele, a le mo ponatshegelong, le sengwe “kaha ntlheñ ea borwa ekete sebopègō sa motse moñwe.” Moengele mongwe o mo laola jaana: “Cotlhe tse u di bōnañ u di kakanyetsè ba ntlo ea Iseraela.” (40:2, 4) Go tswa foo o bontsha Esekiele dikarolo tsotlhe tsa tempele eo le malwapana a yone, a lekanyetsa dipota tsa yone, dikgoro, matlwana a tebelo, matlwana a bojelo, le tempele eo ka boyone, mmogo le lefelo la Boitshepo le la Boitshepo jwa Maitshepo. O tseela Esekiele kwa kgorong e e kwa botlhaba. “Me bōnañ, kgalalèlō ea Modimo oa Iseraela ea tla le tsela ea botlhabatsatsi: me lencwe ya ōna le ne le nntse yaka moshumō oa metse a le mantsi: me lehatshe ya galalèla ka kgalalèlō ea ōna.” (43:2) Moengele yoo o laela Esekiele ka botlalo malebana le Ntlo eo (kana tempele); sebeso le ditlhabelo tsa sone; ditshwanelo le ditiro tsa baperesiti, Balefi, dikgosana; le go kgaoganngwa ga lefatshe.
28. Ponatshegelo ya ga Esekiele e bontsha eng malebana le molatswana o o elelang o tswa kwa Ntlong, mme ke eng se se tlhalosiwang malebana le motse oo le leina la one?
28 Moengele yoo o busetsa Esekiele kwa kgorong ya Ntlo, koo moperofeti yoo o bonang metsi a tswa mo serepoding sa Ntlo e e kwa botlhabatsatsi, kafa letlhakoreng le le kafa borwa la sebeso seo. E simolola e le motswedinyana fela mme e nna e gola go fitlhela e nna noka e kgolo. Go tswa foo e elelela mo Lewatleng le le Suleng, koo ditlhapi di rulang gone mme go simololang go nna le kgwebo ya ditlhapi. Mo letlhakoreng lengwe le lengwe la noka eo, ditlhare tsa maungo di otla batho bao le go ba fodisa. Go tswa foo mo ponatshegelong ditso tse 12 di newa boswa, go sa lebalwe baeng le dikgosana, go bo go tlhalosiwa motse o o boitshepo o o kwa borwa, o o nang le dikgoro di le 12 tse di reeletsweng ka maina a ditso tseo. Motse oo o tshwanetse go bidiwa ka leina le le tlotlegang go a gaisa otlhe go twe: “Yehofa o gōna.”—48:35.
LEBAKA LA GO BO E LE MOSOLA
29. Batshwarwa ba Bajuda ba ne ba solegelwa molemo jang mo boperofeting jwa ga Esekiele?
29 Mafoko, diponatshegelo, le ditsholofetso tseo Jehofa a neng a di naya Esekiele tsotlhe di ne di amana ka botlalo le Bajuda ba ba fudusitsweng. Lefa bontsi jwa bone ba ne ba kgoba moperofeti yoo ba bo ba mo sotla, bangwe ba ne ba dumela mo go ene. Batho bano ba ne ba solegelwa molemo fela thata. Ba ne ba nonotshiwa ke ditsholofetso tsa gore ba ne ba tla busediwa gae. Ka go sa tshwane le merafe e mengwe eo e neng ya isiwa botshwarwa, ba ne ba santse ba bopagane jaaka morafe, mme Jehofa o ne a busetsa masalela a bone, jaaka go boleletswe pele, ka 537 B.C.E. (Esek. 28:25, 26; 39:21-28; Esere 2:1; 3:1) Ba ne ba aga ntlo ya ga Jehofa gape ba bo ba busetsa kobamelo ya boammaaruri gone koo.
30. Ke melaometheo efe e e kwadilweng mo go Esekiele e e leng botlhokwa mo go rona?
30 Melaometheo e e kwadilweng mo go Esekiele le rona e na le mosola mo go rona gompieno. Botenegi le kobamelo ya medimo ya disetwa, mmogo le botsuolodi, di tlhoboganya motho le Jehofa fela. (Esek. 6:1-7; 12:2-4, 11-16) Mongwe le mongwe o tla arabela boleo jwa gagwe, mme Jehofa o tla itshwarela yo o tlogelang tsela ya gagwe e e phoso. Yoo o tla bontshiwa kutlwelobotlhoko mme a tswelele a tshela. (18:20-22) Batlhanka ba Modimo ba tshwanetse go nna balebedi ba ba ikanyegang jaaka Esekiele, lefa ba dira tiro e e bokete mme ebile ba sotlwa le go kgobiwa. Ga re a tshwanela go dira gore baikepi ba swe ba sa tlhagisiwa, re na le molato wa madi a bone. (3:17; 33:1-9) Badisa ba batho ba Modimo ba na le boikarabelo jo bo boima jwa go tlhokomela letsomane.—34:2-10.
31. Ke boperofeti bofe jwa Esekiele jo bo bolelelang pele go tla ga ga Mesia?
31 Boperofeti jo bo tlhomologileng mo bukeng ya Esekiele ke jo bo buang ka Mesia. Go buiwa ka ene jaaka “èna eo tshiamèlō ea” setulo sa bogosi sa ga Dafide “e leñ ea gagwè” le yo o tshwanetsweng go bo neelwa. Mo mafelong a mabedi o tlhalosiwa jaaka “motlhanka oa me Dafide,” le “modisa,” “kgosi,” le “kgōsana.” (21:27; 34:23, 24; 37:24, 25) Ereka Dafide a sa bolo go tlhokafala, Esekiele o ne a bua ka Yo o neng a tla nna Morwa wa ga Dafide ebile e le Morena wa gagwe. (Pes. 110:1; Math. 22:42-45) Esekiele, fela jaaka Isaia, o bua ka go tlhoma letlhogela le le nana leo le tla tlotlomadiwang ke Jehofa.—Esek. 17:22-24; Isa. 11:1-3.
32. Ponatshegelo ya Esekiele ya tempele e tshwana jang le ponatshegelo ya Tshenolō ya “motse o o boitshèpō”?
32 Go a kgatlhisa go tshwantsha ponatshegelo ya ga Esekiele ya tempele le ponatshegelo ya Tshenolō ya “motse o o boitshèpō, Yerusalema.” (Tshen. 21:10) Go na le dilo dingwe tse di sa tshwaneng tse di tshwanetseng go elwatlhoko; ka sekai, tempele ya ga Esekiele e kwa thoko mme ebile e kwa bokone jwa motse, fa Jehofa ka boene e le ene tempele ya motse wa Tshenolō. Lefa go ntse jalo, mo go tsone ka bobedi go na le noka ya botshelo e e elelang, go na le ditlhare tse di ungwang maungo ka kgwedi le kgwedi ebile di na le matlhare a a fodisang, mme ebile go na le kgalalelo ya ga Jehofa mo go tsone ka bobedi. Ponatshegelo nngwe le nngwe e bolela kanaanelo ya bogosi jwa ga Jehofa le paakanyetso ya gagwe ya go boloka bao ba mo direlang tirelo e e boitshepo.—Esek. 43:4, 5—Tshen. 21:11; Esek. 47:1, 8, 9, 12—Tshen. 22:1-3.
33. Esekiele o gatelela eng, mme bao jaanong ba itshepisang Jehofa mo matshelong a bone ba tla felela jang?
33 Buka ya Esekiele e gatelela gore Jehofa o boitshepo. E itsise gore go itshepisiwa ga leina la ga Jehofa go botlhokwa go gaisa sengwe le sengwe. “Ke tla itshepisa leina ya me ye legolo, . . . me merahe e tla itse ha ke le Yehofa, go bua Morèna [Jehofa].” Jaaka boperofeti joo bo bontsha, o tla itshepisa leina la gagwe ka go senya batlhapatsi botlhe ba leina leo, go akaretsa le Goga wa Magoga. Go botlhale bao ba itshepisang Jehofa mo matshelong a bone ka go dira se a se batlang mo kobamelong eo a e amogelang. Batho bano ba tla bona phodiso le botshelo jo bo sa feleng mo nokeng e e elelang e tswa kwa tempeleng ya gagwe. Motse o o bidiwang “Yehofa o gōna” o galalela ka kgalalelo e kgolo ebile o bontle jo bo senang tlhaloso!—Esek. 36:23; 38:16; 48:35.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Insight on the Scriptures, Bol. 2, ditsebe 531, 1136.
b Insight on the Scriptures, Bol. 1, ditsebe 681-2.
c Fa mokwalo wa Ba-Masora one o re motshabi yono o ne a goroga a tswa kwa Jerusalema ka ngwaga wa bo 12, mekwalo e mengwe e balega ka go re “ka ngwaga wa bolesome le bongwe,” mme temana eno e tlhalosiwa jalo ke Lamsa le Moffatt mmogo le An American Translation.