Buka ya Bibela ya bo 16—Nehemia
Mokwadi: Nehemia
Lefelo Leo E Kwaletsweng kwa go Lone: Jerusalema
Go Wediwa ga go E Kwala: Morago ga 443 B.C.E.
Lobaka Lo Lo Tserweng: 456–morago ga 443 B.C.E.
1. Nehemia o ne a na le boemo bofe jo bo kwa godimo, mme ke eng seo a neng a akantse ka sone thata?
NEHEMIA, yo leina la gagwe le kayang “Jah O A Gomotsa,” e ne e le motlhanka wa Mojuda wa ga kgosi Aretaserese (Longimanus) wa Moperesia. E ne e le motsholaphafana wa kgosi. Boemo jono e ne e le jo motho wa jone a neng a ikanngwa thata ebile a tlotliwa, joo bo neng bo elediwa, ka go bo bo ne bo dira gore motho a bone kgosi ka dinako tsa fa e ne e itumetse mme e kgona go ka direla batho melemo. Lefa go ntse jalo, Nehemia e ne e le mongwe wa batshwarwa ba ba ikanyegang bao ba neng ba baya Jerusalema kwa pele ga ‘boitumelo jwa bone jo bogolo.’ (Pes. 137:5, 6) Nehemia o ne a sa tseele maemo kana go huma ga gagwe ga dilo tse di bonalang kwa godimo, mme go na le moo, o ne a akantse thata ka go tsosolosiwa ga kobamelo ya ga Jehofa.
2. Ke boemo bofe jo bo tlhomolang pelo joo bo neng jwa hutsafatsa Nehemia, mme ke nako efe e e tlhomilweng e e neng e atamela?
2 Ka 456 B.C.E. bao ba ‘setseng ba batshwarwa,’ masalela a Bajuda ao a neng a setse a boetse kwa Jerusalema, ba ne ba sa tswelele sentle. Ba ne ba le mo boemong jo bo utlwisang botlhoko. (Neh. 1:3) Lorako lwa motse e ne e le dithothobolo fela tsa mmu, mme batho bao e ne e le sekgobo fela mo matlhong a baba ba bone bao ba neng ba ntse ba le gone. Seno se ne se utlwisa Nehemia botlhoko. Lefa go ntse jalo, eo e ne e le nako eo Jehofa o e tlhomileng gore go dirwe sengwe ka lorako lwa Jerusalema. Go le baba kana ba seyo, Jerusalema le lorako lwa yone lo lo sireletsang di ne di tshwanetse go agiwa gore di tshwaye lobaka lo lo malebana le boperofeti joo Jehofa a neng a bo neile Daniele jwa go tla ga ga Mesia. (Dan. 9:24-27) Ka mo go tshwanelang, Jehofa o ne a kaela ditiragalo tseno, a dirisa Nehemia yo o ikanyegang le yo o tlhaga go dira go rata ga gagwe ga bomodimo.
3. (a) Ke eng se se supang gore Nehemia e ne e le mokwadi, mme go ne ga tla jang gore buka eno e bidiwe Nehemia? (b) Ke lobaka lofe lwa nako lo lo kgaoganyang buka eno le buka ya ga Esere, mme buka ya Nehemia e tsere lobaka lo lo kae?
3 Ga go belaetse gore Nehemia ke ene mokwadi wa buka eno e e bidiwang ka leina la gagwe. Polelo ya yone e e simololang, “Mahoko a ga Nehemia morwa Hakalia,” le go kwala ga gagwe e le ene a buang go supa seno ka phepafalo. (Neh. 1:1) Kwa tshimologong dibuka tsa Esere le Nehemia e ne e le buka e le nngwe, di bidiwa Esere. Moragonyana, Bajuda ba ne ba kgaoganya dibuka tseno go nna Esere wa Ntlha le wa Bobedi, mme moragonyana lokwalo lwa ga Esere wa Bobedi le ne la bidiwa Nehemia. Go na le lobaka lwa dingwaga tse di ka nnang 12 fa gare ga ditiragalo tse di konelang Esere le tseo di simololang Nehemia, tseo hisitori ya tsone e tsereng lobaka lwa go tloga kwa bokhutlong jwa 456 B.C.E. go fitlha fa morago ga 443 B.C.E.—1:1; 5:14; 13:6.
4. Buka ya ga Nehemia e dumalana jang le Dikwalo tse dingwe tsotlhe?
4 Buka ya Nehemia e dumalana le Dikwalo tsotlhe tse dingwe tse di tlhotlheleditsweng, tseo tota eleng nngwe ya tsone. E umaka dikarolo tse di farologaneng tsa Molao, e umaka dikgang tse di jaaka go nyalana ga bone le batho ba seeng (Dute. 7:3; Neh. 10:30), go adimana madi (Lefi. 25:35-38; Dute. 15:7-11; Neh. 5:2-11), Moletlo wa Metlaagana (Dute. 31:10-13; Neh. 8:14-18). Mo godimo ga moo, buka eno e tshwaya go simolola ga go diragadiwa ga boperofeti jwa ga Daniele jwa gore Jerusalema e ne e tla tsosolosiwa mme go dirwa jalo mo teng ga kganetso, “mo metlheñ ea diphuduègō.”—Dan. 9:25.
5. (a) Ke bosupi jo bo tswang mo metsweding efe jo bo bontshang go tlhongwa ga ga Aretaserese ka 475 B.C.E.? (b) Ke letlha lefe leo le tshwayang ngwaga wa gagwe wa bo 20? (c) Dibuka tsa ga Nehemia le Luke di dumalana jang le go diragadiwa ga boperofeti jwa ga Daniele kaga Mesia?
5 Go tweng ka letlha la 455 B.C.E. leo Nehemia a neng a tsaya loeto go ya Jerusalema go ya go aga sesha lorako lwa motse ka lone? Bosupi jo bo ka ikanngwang go tswa mo hisitoring ya Bagerika, Baperesia le Bababelona bo supa gore Aretaserese o ne a tlhongwa ka ngwaga wa 475 B.C.E. mme a simolola go busa ka 474 B.C.E.a Seno se dira gore ngwaga wa gagwe wa bo 20 o wele mo go 455 B.C.E. Nehemia 2:1-8 e bontsha gore motsholaphafana wa kgosi, ebong Nehemia, o ne a amogela tetla ya kgosi ya go ya go tsosolosa le go aga Jerusalema le lorako lwa yone, le dikgoro tsa yone mo dikgakologong tsa one ngwaga oo, mo kgweding ya Bajuda ya Nisane. Boperofeti jwa ga Daniele bo ne jwa bontsha gore dibeke di le 69 tsa dingwaga, kana dingwaga di le 483, di ne di tla simolola ka “go thaèga ga go cwa ga taolō ea go shahatsa le go aga Yerusalema go ea go hitlha mo go eo o tlodicweñ, eboñ kgōsana”—boperofeti joo bo neng jwa diragadiwa ka mo go tlhomologileng ka go tlodiwa ga ga Jesu ka 29 C.E., mo letlheng leo le ka nyalanngwang sentle le hisitori ya batho le ya Bibela.b (Dan. 9:24-27; Luke 3:1-3, 23) Eleruri, dibuka tsa ga Nehemia le Luke di dumalana sentle le boperofeti jwa ga Daniele mo go bontsheng gore eleruri Jehofa Modimo ke Mokwadi le Modiragatsi wa boperofeti jwa boammaaruri! Nehemia eleruri ke karolo ya Dikwalo tse di tlhotlheleditsweng.
SEO SE LENG MO GO NEHEMIA
6. (a) Ke pego efe e e dirang gore Nehemia a rapele Jehofa, mme kgosi e dumelela kopo efe? (b) Bajuda ba arabela jang fa ba utlwa thulaganyo ya ga Nehemia?
6 Nehemia o romelwa kwa Jerusalema (1:1–2:20). Nehemia o tshwenyegile thata ka pego ya ga Hanani, yo a boetseng mo Shushana a tswa Jerusalema mme a tla ka dikgang tsa boemo jo bo utlwisang botlhoko jwa Bajuda koo le go senyega ga lorako le dikgoro. O itima dijo mme o rapela Jehofa jaaka e le “Modimo oa legodimo, Modimo o mogolo, o o boitshègañ, o o tshegeletsañ ba ba o ratañ le batshegetsi ba ditaolō tsa ōna.” (1:5) O bolela maleo a Baiseraele mme o kopa Jehofa gore a gakologelwe batho ba Gagwe ka ntlha ya leina la Gagwe, fela jaaka A solofeditse Moshe. (Dute. 30:1-10) Fa kgosi e botsa Nehemia gore ke ka ntlhayang a sosobane sefatlhego, Nehemia o mmolelela gore Jerusalema e ntse jang mme o kopa tetla ya go boela morago go aga motse le lorako lwa one gape. O newa se a se kopang, mme o tloga ka bonako a ya Jerusalema. Fa a sena go tlhatlhoba lorako loo bosigo mme a akanya sentle ka tiro e e larileng kwa pele, o bolelela Bajuda thulaganyo ya gagwe, a gatelela gore Modimo o tla ba tshegetsa mo kgannyeng eno. Ba bua jaana fa a rialo: “A re nanogeñ, a re ageñ.” (Neh. 2:18) Fa Basamaria ba ba agileng go bapa le bone le ba bangwe ba utlwa gore tiro e simologile, ba simolola go ba kgala le go ba sotla.
7. Tiro e tswelela jang, mme ke boemo bofe jo bo batlang gore dilo di rulaganngwe gape?
7 Lorako lo agiwa sesha (3:1–6:19). Tiro ya lorako e simolola mo letsatsing la boraro la kgwedi ya botlhano, mme baperesiti, dikgosana, le batho ba kopanetse botlhe mo tirong. Dikgoro tsa motse le lorako lo lo fa gare di baakanngwa ka bonako. Sanebalate wa Mohora o ba sotla jaana: “Bayudanyana ba ba señ thata ba, ba dihañ? . . . A ba tla shwetsa ka tsatsi le le leñwe hèla?” Tobia wa Moamona le ene o oketsa tshotlo eo jaana: “Le se ba se agañ, ha phokoyè a se palama, o ka thuba lorakō loa bōnè.” (4:2, 3) Fa lorako loo lo setse lo le fa bogareng jwa boleele jwa lone, baba bano ba ba kopaneng baa shakgala mme ba tsuologa ba tla go lwa kgatlhanong le Jerusalema. Mme Nehemia o kopa Bajuda gore ba gakologelwe “Morèna, eo mogolo, le eo o boitshègañ” mme ba tlhabanele malapa a bone le magae a bone. (4:14) Tiro e rulaganngwa gape gore ba lebane le boemo jono; bangwe ba disa ka marumo fa ba bangwe ba dira ba tsentse marumo a bone mo dikgatlheng.
8. Nehemia o rarabolola mathata a a leng fa gare ga Bajuda ka bobone jang?
8 Lefa go ntse jalo, go na le mathata a mangwe fa gare ba Bajuda ka bobone. Ba bangwe ba lefisa baobamedi ka bone ba ga Jehofa lekgetho, seo se leng kgatlhanong le molao wa gagwe. (Ekes. 22:25) Nehemia o siamisa boemo jono, a kgalemela kgatlhanong le go rata dilo tse di bonalang, mme batho ba dumalana nae ka go rata fela. Nehemia ka boene, mo dingwageng tsotlhe tse 12 tsa go busa ga gagwe, go tloga ka 455 B.C.E. go fitlha ka 443 B.C.E., ga a ise a ko a batle lefa e le senkgwe seo se tshwanelwang go fiwa mmusi ka ntlha ya tiro e kgolo e batho ba nang nayo.
9. (a) Nehemia o thulana le maretshwa a go emisa kago jang? (b) Lorako lo wediwa morago ga lobaka lo lo kana kang lwa nako?
9 Baba jaanong ba leka maano a boferefere go thibela kago. Ba laletsa Nehemia gore a tle kwa pokanong nngwe, mme o ba araba ka go re ga a kake a kgona go tlogela tiro e tona eo a e dirang. Sanebalate jaanong o pega Nehemia molato wa gore o a tsuologa mme o leka go itira kgosi ya Juda, mme o thapa Mojuda mongwe go tshosa Nehemia gore a iphitlhe mo tempeleng. Nehemia o gana go tshosiwa ka tsela eo, mme o tswelela pele ka tiro ya gagwe e a e filweng ke Modimo a ritibetse ebile a le boikobo. Lorako lo wediwa “ka malatsi a le mashomè matlhano le bobedi.”—Neh. 6:15.
10. (a) Batho ba nna kae, mme ba kwadisiwa jang? (b) Ke kopano efe e jaanong ba e bilediwang, mme thulaganyo ya letsatsi la ntlha ke efe?
10 Go laya batho (7:1–12:26). Go na le batho ba le mmalwa fela le matlo a sekae fela mo motseng, ka go bo bontsi jwa Baiseraele bo nna ka kwa ntle mo mafelong a bone a ba a ruileng boswa a ditso tsa bone. Modimo o laela Nehemia gore a phuthe botlhe ba bagolo le batho botlhe gore ba tle ba kwalwe go ya ka masika a bone. Fa a dira seno, o tsaya lenane la botlhe bao ba boileng go tswa kwa Babelona. O bitsa phuthego ya malatsi a le robedi mme o ba phuthela kwa lefelong la botlhe fa Kgorong ya Metsi. Esere o simolola thulaganyo ya gagwe a eme mo seraleng sa logong. O baka Jehofa mme o bala go tswa mo bukeng ya Molao wa ga Moshe go tloga fa letsatsi le tlhaba go fitlha ka sethoboloko. O thusiwa ke Balefi ba bangwe, bao ba tlhalosetsang batho Molao mme ba tswelela pele go “bala mo lokwaloñ, mo molaoñ oa Modimo, ka thanolō; me ba phutholola mahoko, me batho ba tlhaloganya go balwa ga aōna.” (8:8) Nehemia o kgothaletsa batho gore ba dire moletlo mme ba itumele ba tseye tsia mafoko ano: “Yehofa ke thata ea lona.”—8:10.
11. Ke kokoano efe e e kgethegileng e e tshwarwang ka letsatsi la bobedi, mme batho bao ba ba kokoaneng ba tswelela pele go ipela jang?
11 Mo letsatsing la bobedi la kopano eo, ditlhogo tsa batho di tshwara kokoano e e kgethegileng le Esere gore di kgone go tlhaloganya Molao. Ba utlwa ka Moletlo wa Metlaagana o o tshwanetseng go ketekiwa mo kgweding yone eno ya bosupa mme ka bonako fela ba rulaganyetsa go agela moletlo eno wa ga Jehofa metlaagana. Mme “ga nna boitumèlō yo bogolo” jaaka ba ne ba nna mo metlaaganeng ka malatsi a le supa, mme ba reetsa Molao fa o balwa letsatsi le letsatsi. Mo letsatsing la bobedi, ba nna le phuthego e e itshepileng go ya “kaha molaoñ.”—Neh. 8:17, 18; Lefi. 23:33-36.
12. (a) Ke kopano efe e e tshwarwang moragonyana mo go yone kgwedi eo, mme setlhogo sa yone ke sefe? (b) Ba dira maitlamo afe? (c) Ke thulaganyo efe eo e dirwang gore Jerusalema e nne le baagi?
12 Mo letsatsing la bo 24 lwa yone kgwedi eo, barwa ba Iseraele ba phuthega gape mme ba tswelela go ikgaoganya le batho botlhe ba seeng. Ba reetsa fa Molao o balwa ka mo go kgethegileng le fa go boelediwa ditirisano tsa Modimo le Iseraele tseo di hukutsang dipelo tsa bone, jaaka ba ne ba di balelwa ke setlhopha sa Balefi. Mme setlhogo sa seno e nna: “Èmañ ka dinaō, lo bakè Yehofa Modimo oa lona go cwa bosenañ tshimologō le go ea bosakhutleñ: me a go bakwè leina ya gago ye le galalèlañ, ye le goletsegileñ godimo ga tumishō eotlhe le pakō.” (Neh. 9:5) Ba tswelela pele go ipolela dibe tsa bo rraabomogolo mme ba rapela Jehofa ka boikokobetso gore a ba segofatse. Seno e ne e le ka tsela ya go itlama goo baemedi ba morafe ba go tlhomamisang ka go go kana. Setlhopha sotlhe seno se dumela go se nyalane le batho ba mo nageng eo, gore ba tla tshegetsa Sabata, le go tlamela tirelo ya tempele le badiri. Go tlhophiwa motho a le mongwe mo bathong ba le lesome ka bola gore a nnele ruri mo Jerusalema, mo teng ga lorako.
13. Ke lenane lefe la kopano leo le latelwang fa go neelwa lorako, mme go felela go dirwa dithulaganyo dife?
13 Go neelwa ga lorako (12:27–13:3). Nako ya fa ba neela lorako lo lo sa tswang go agiwa bosha ke nako ya go opela le boitumelo. Ke nako ya gore ba phuthege gape. Nehemia o rulaganya ditlhopha tse pedi tse dikgolo tsa baopedi le mokoloko o o tla tsamayang mo godimo ga lorako o fapaana, mme kwa bokhutlong ba kopana botlhe kwa ntlong ya ga Jehofa go isa ditlhabelo. Go rulaganyediwa go isiwa ga meneelo go tshegetsa baperesiti le Balefi ba tempele. Fa go balwa Bibela go ya kwa pele e senola gore Baamona le Bamoaba ga baa tshwanelwa go letlwa go tla mo phuthegong, mme ka gone ba simolola go kgaoganya batho botlhe ba ba tlhakaneng le Baiseraele.
14. Tlhalosa dilo tse di boikepo tseo di diragalang fa Nehemia a seo, le dikgato tse a di tsayang go bo tlosa.
14 Go tlosa bomaswe jotlhe (13:4-31). Morago ga go nna lobakanyana kwa Babelona, Nehemia o boela kwa Jerusalema mme o fitlhela go na le bomaswe bongwe jo bosha joo bo tseneletseng mo Bajudeng. Abo dilo di fetogile ka bofefo jang ne! Moperesiti yo mogolo Eliashibe o agile ntlo ya bojelo mo lolwapeng lwa tempele go dirisiwa ke Tobia, wa Moamona, mongwe wa baba ba Modimo. Nehemia ga a senye nako. O latlhela dilwana tsa ga Tobia kwa ntle mme o laela gore go phepafadiwe matlwana otlhe a bojelo. O fitlhela gape gore meneelo ya dilo tse di bonalang ya Balefi e ne e kgaoditswe, ka jalo ba ne ba ya kwa ntle ga Jerusalema go ya go ipatlela se ba ka tshelang ka sone. Go na le kgwebo e ntsi mo motseng. Sabata ga e tlhole e tlhokomelwa. Nehemia o ba bolelela jaana: “Lo sa nntse lo tlisa bogale mo Iseraela ka go itshepolola sabata.” (13:18) O tswala dikgoro tsa motse ka Sabata go thibela barekisi go tsena, mme o ba laela gore ba tloge mo lorakong lwa motse. Mme go na le boleo bongwe jo bo fetang jono, sengwe seo ba dumalaneng botlhe ka ikano gore ga ba kitla ba se dira gape. Ba tlisitse basadi ba seeng, ba baheitane mo motseng. Go setse go na le bana ba bokopano jono bao ba sa tlholeng ba bua puo ya Sejuda. Nehemia o ba gakolola kafa Solomone a neng a leofa ka gone ka basadi ba seeng. Ka ntlha ya boleo jono jwa bone, Nehemia o koba setlogolwana sa moperesiti yo mogolo Eliashibe.c Mme o rulaganya boperesiti le ditiro tsa Balefi gape.
15. Nehemia o kopa dilo dife ka boikokobetso?
15 Nehemia o wetsa buka ya gagwe ka kopo eno e e bonolo le e e ikokobeditseng: “Modimo oa me, u tlo u nkgakologèlwè ka molemō.”—13:31.
LEBAKA LA GO BO E LE MOSOLA
16. Ke ka ditsela dife Nehemia e leng sekao se se molemo mo go botlhe bao ba ratang kobamelo e e siameng?
16 Boineelo jwa ga Nehemia mo Modimong bo tshwanetse go kgothatsa botlhe ba ba ratang kobamelo e e siameng. O ne a tlogela boemo jo bo kwa godimo go ya go nna molebedi yo o kwa tlase wa batho ba ga Jehofa. O ne a gana le eleng meneelo ya dilo tse di bonalang tseo a neng a tshwanetse go di bona, mme o ne a kgala go rata dilo tse di bonalang a supa fa e le seru. Nehemia o ne a kgothaletsa morafe otlhe go ganelela mo kobamelong ya ga Jehofa ka botlhaga le go e tshegetsa. (5:14, 15; 13:10-13) Nehemia e ne e le sekao se se molemo mo go rona sa go tlhoka bogagapa le go nna botlhale, monna yo o tsayang kgato, yo a sa boifeng go dira tshiamo lefa a lebane le kotsi. (4:14, 19, 20; 6:3, 15) O ne a boifa Modimo ka tshwanelo mme a kgatlhegela go aga tumelo ya batlhankakaene. (13:14; 8:9) O ne a dirisa molao wa ga Jehofa ka botlhaga, segolo bogolo jaaka o amana le kobamelo ya boammaaruri le go gana ditlhotlheletso tsa batho ba seeng, jaaka go nyalana le baheitane.—13:8, 23-29.
17. Nehemia ke sekao se se molemo jang gape mo go nneng le kitso le mo go diriseng molao wa Modimo?
17 Go ralala buka yotlhe ya gagwe, go bonala sentle gore Nehemia o ne a na le kitso e e molemo ka molao wa ga Jehofa, mme o ne a e dirisa sentle. O ne a dira gore Modimo o ba segofatse ka ntlha ya tsholofetso ya ga Jehofa e e mo go Duteronome 30:1-4, mme a na le tumelo e e tletseng ya gore Jehofa o tla ba direla ka boikanyegi mo boemong jwa gagwe. (Neh. 1:8, 9) O ne a rulaganya dipokano di le mmalwa, mme segolo bogolo e le go tlwaetsa Bajuda dilo tseo di neng di kwadilwe go le gale. Fa ba ne ba bala mo Molaong, Nehemia le Esere ba ne ba tlhagafaletse go dira gore Lefoko la Modimo le phepafale mo bathong le gore ba bo ba le dirise.—8:8, 13-16; 13:1-3.
18. Ke dithuto dife tseo balebedi ba tshwanetseng go di ithuta go tswa mo boeteledipeleng jwa ga Nehemia jo a neng a bo dira a ikaegile ka thapelo?
18 Go ikaega ga ga Nehemia ka botlalo ka Jehofa le ka dithapelo tsa gagwe tsa boikokobetso go tshwanetse go re tlhotlheletsa gore re tlhagolele boikutlo jo bo tshwanang jwa go ikaega ka Modimo ka thapelo. Tlhokomela ka moo dithapelo tsa gagwe di neng di baka Modimo ka gone, di supa go lemoga ga gagwe boleo jwa batho ba gagwe, mme a rapelela gore leina la ga Jehofa le itshepisiwe. (1:4-11; 4:14; 6:14; 13:14, 29, 31) Boiketleetso jwa bone mo go lateleleng kaelo e e botlhale ya gagwe le boipelo joo ba neng ba bo bona ka go dira go rata ga Modimo mmogo le ene go supa gore molebedi yono yo o tlhaga e ne e le maatla a a nonotshang batho ba Modimo. Abo seno e le sekao se se kgothatsang jang ne! Lefa go ntse jalo, fa go sena molebedi yo o botlhale, abo go rata dilo tse di bonalang, go bola, le botenegi jo bo tlhamaletseng di tsenelela ka bonako jang ne! Eleruri seno se tshwanetse go gatelela mo balebeding botlhe ba ba leng mo gare ga batho ba Modimo gompieno botlhokwa jwa go nna matlhagatlhaga, podimatseba, le go nna tlhaga fa ba thusa bakaulengwe ba bone ba Bakeresete, le go ba tlhaloganya le go ba etelela pele mo ditseleng tsotlhe tsa kobamelo ya boammaaruri ba nonofile.
19. (a) Nehemia o ne a dirisa Lefoko la Modimo jang go nonotsha batho gore ba ikanye mo ditsholofetsong tsa Bogosi? (b) Batlhanka ba Modimo ba kgothadiwa jang ke tsholofelo ya Bogosi gompieno?
19 Nehemia o ne a supa gore o ne a ikaega thata ka Lefoko la Modimo. E ne e se fela moruti yo o tlhaga wa Dikwalo mme gape o ne a di dirisa fa a ne a aba boswa go ya ka masika le tirelo ya baperesiti le Balefi mo bathong ba ba tsosolositsweng ba Modimo. (Neh. 1:8; 11:1–12:26; Yosh. 14:1–21:45) Seno se tshwanetse sa bo se ne sa kgothatsa masalela ano a Bajuda thata. Se ne sa nonotsha go ikanya ga bone ditsholofetso tse dikgolo tse di fetileng tseo ba neng ba di neetswe kaga Losika le go tsosolosiwa go go golwane goo go neng go tla tla ka Bogosi jwa Gagwe. Go nna le tsholofelo mo go tsosolosiweng ga Bogosi ke gone go kgothatsang batlhanka ba Modimo gore ba lwele Bogosi ka bopelokgale le gore ba nne ba tshwaregile mo go nonotsheng kobamelo ya boammaaruri mo lefatsheng lotlhe.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Insight on the Scriptures, Bol. 2, ditsebe 613-16.
b Insight on the Scriptures, Bol. 2, ditsebe 899-901.
c Boraditiragalo ba bangwe ba Bajuda ba bolela gore setlogolwana seno sa ga Eliashibe se ne se bidiwa Manase le gore ene le mogwagadiagwe, Sanebalate, ba ne ba aga tempele mo Thabeng ya Gerisima, eo e neng ya nna lefelo la kobamelo la Basamaria le koo a neng a direla jaaka moperesiti gone fa a ntse a tshela. Gerisima ke thaba eo e umakiwang ke Jesu mo go Yohane 4:21.—The Second Temple in Jerusalem, 1908, W. Shaw Caldecott, ditsebe 252-5; bona le The Watchtower, July 15, 1960, ditsebe 425-6.