Kgaolo ya Lesomepedi
“Nna o e Lebeletse”
1, 2. (a) O ka ipotsa dipotso dife? (b) Bangwe ba baporofeti ba ba 12 ba ne ba tshela mo seemong sefe, mme Mika o ne a na le boikutlo bofe?
O NA le lobaka lo lo kae o ntse o emetse gore letsatsi la ga Jehofa le tle mme le fedise boikepo mo lefatsheng? O sa ntse o iketleeditse go le emela lobaka lo lo kae? Fa o ntse o letile, o tla nna le boikutlo jo bo ntseng jang, mme seo se tla ama jang tsela e o itshwarang ka yone? Ruri dikarabo tsa gago di tla farologana le tsa batho ba ba tsenang kereke mme ba dira fela se ba se batlang ba emetse go ya legodimong.
2 Fa o ntse o emetse letsatsi leo le legolo, dibuka tse di kwadilweng ke baporofeti ba ba 12 di ka go thusa fela thata. Bontsi jwa baporofeti bao ba ne ba tshela ka nako e ka yone Modimo a neng a le gaufi le go diragatsa katlholo. Ka sekai, fa Mika a ne a porofeta, go ne go le gaufi gore Samarea e otlhaiwe go dirisiwa Baasiria ka 740 B.C.E. (Bona tšhate e e mo go tsebe 20 le 21.) Moragonyana, letsatsi la ga Jehofa le ne le tla wela Juda. E re ka Mika a ne a sa itse gore tota Modimo o ne a tla tsaya kgato leng, a o ne a swetsa ka gore a nne fela a sa dire sepe, a solofela gore Modimo o ne a tla tloga a tsaya kgato? Mafoko a ga Mika ke a: “Fa e le nna, ke tla nna ke lebeletse Jehofa. Ke tla supa boikutlo jwa go leta mo Modimong wa poloko ya me. Modimo wa me o tla nkutlwa.” (Mika 7:7) Ee, e re ka Mika a ne a tlhomamisegile ka se se tlang, o ne a tshwana le molebeledi yo o ntshitseng matlho dinameng mo toreng ya tebelo.—2 Samuele 18:24-27; Mika 1:3, 4.
3. E re ka Jerusalema e ne e tla tloga e senngwa, Habakuke le Sefania ba ne ba bontsha boikutlo bofe?
3 Jaanong senka Sefania le Habakuke mo tšhateng. Ela tlhoko gore bobedi jono bo ne jwa porofeta ka nako e e neng e le gaufi thata le go senngwa ga Jerusalema ka 607 B.C.E. Le fa go ntse jalo, ba ne ba sa kgone go itse gore a go ne go setse go le gaufi thata gore Modimo a senye motse oo kgotsa go ne go sa ntse go setse masome a dingwaga pele go direga. (Habakuke 1:2; Sefania 1:7, 14-18) Sefania o ne a kwala jaana: “‘Ka jalo nnang lo ntebeletse,’ go bua Jehofa, ‘go fitlha letsatsi la go ema ga me ke emela kgapo, gonne tshwetso ya me ya boatlhodi ke . . . gore ke [ba] tshele ka katlholo ya me, bogale jotlhe jwa me jo bo tukang.’” (Sefania 3:8) Mme go tweng ka Habakuke, yo o neng a tshela go ise go ye kae morago ga motlha wa ga Sefania? Habakuke o ne a kwala jaana: “Ponatshegelo e sa ntse e na le nako e e tlhomilweng, mme e ntse e itlhaganelela kwa bokhutlong, mme ga e kitla e bua maaka. Le fa e ka diega, nna o e lebeletse; gonne ruri e tla diragala. Ga e kitla e tla morago ga nako.”—Habakuke 2:3.
4. Sefania le Habakuke ba ne ba porofeta mo maemong afe, mme ba na le boikutlo bofe?
4 Seemo sa nako ya fa mafoko a Sefania 3:8 le Habakuke 2:3 a ne a buiwa se naya lesedi la botlhokwa. Ka nako ya fa Bajuda bangwe ba ne ba re, “Jehofa ga a kitla a dira molemo, e bile ga a kitla a dira bosula,” Sefania ene o ne a bolela “letsatsi la bogale jwa ga Jehofa.” Ka letsatsi leo ditšhaba tsa baba mmogo le Bajuda ba ba diganana ba ne ba tla utlwa bogale jwa Modimo. (Sefania 1:4, 12; 2:2, 4, 13; 3:3, 4) A o akanya gore Sefania o ne a tshaba katlholo ya Modimo le bogale jwa gagwe? Nnyaa le e seng, o ne a tshwanetse go nna ‘a lebeletse.’ O ka nna wa botsa wa re, ‘Habakuke ene?’ Le ene o ne a tshwanetse go ‘nna a e lebeletse.’ Ee, Sefania le Habakuke ba ne ba sa tseye dilo motlhofo malebana le se se larileng kwa pele, ba tswelela pele fela le matshelo a bone jaaka e kete ba akanya gore dilo di ka se fetoge. (Habakuke 3:16; 2 Petere 3:4) Le fa go ntse jalo, jaaka go bontshitswe, ntlha ya botlhokwa e baporofeti bano ba neng ba tshwana ka yone ke gore ka bobedi ba ne ba tshwanetse go ‘nna ba lebeletse.’ Mme gape o itse seno: Se baporofeti bao ba babedi ba neng ba se lebeletse se ne sa diragala ka 607 B.C.E. Ka jalo go ne ga bonala gore ba ne ba le botlhale ka go nna ‘ba lebeletse.’
5, 6. Fa re akanya ka nako e re leng mo go yone malebana le go diragadiwa ga boikaelelo jwa Modimo, ke boikutlo bofe jo re tshwanetseng go nna le jone?
5 O ka tlhomamisa fela jalo gore “letsatsi la bogale jwa ga Jehofa” kgatlhanong le tsamaiso ya jaanong ya dilo le tla tla; le tla diragala fela jaaka go boletswe. O tshwanetse wa bo o sa belaele seo. Fela jaaka Sefania le Habakuke, ga o itse gore tota letsatsi leo le tla tla leng. (Mareko 13:32) Mme gone le tla tla, e bile go diragadiwa ga boporofeti jwa Baebele mo motlheng wa gago go bontsha gore tota le tla tloga le tla. Ka jalo, se Jehofa a neng a se gatelela mo baporofeting bao, se a go ama—“Nna o e lebeletse.” Mme o gopole ntlha eno e e boammaaruri: Modimo wa rona ke ene fela a ‘direlang yo o nnang a mo lebeletse.’—Isaia 64:4.
6 O ka bontsha boikutlo jo bo tshwanetseng jwa go nna o lebeletse, o bontsha ka se o se dirang gore o tshepa gore “letsatsi la bogale jwa ga Jehofa” le tla tla fela ka nako e e beilweng. Fa o tlhomamisega ka seo e bile o bontsha seo ka ditiro tse di tshwanelang, o tla bo o dira se Jesu a kileng a se bua. O ne a rotloetsa baaposetoloi le Bakeresete botlhe ba ba tloditsweng a re: “A matheka a lona a gatlhiwe le dipone tsa lona di tuke, mme lona ka bolona lo nne jaaka banna ba ba letetseng mong wa bone . . . Go itumela batlhanka bao fa mong a goroga a ba fitlhelang ba lebeletse! Ammaaruri ke a lo raya, O tla ikgatlha a bo a ba nnisa ka go sekama fa tafoleng mme o tla tla fa go bone a bo a ba direla.” (Luke 12:35-37) Ee, go nna le boikutlo jo bo tshwanetseng jwa go leta go bontsha go ikanya gore letsatsi la ga Jehofa ga le na go diega le fa e le ka motsotswana, le tla tla ka yone nako e a ikaeletseng gore le tle ka yone.
‘LO LEBELETSE’ E BILE “LO IKETLEEDITSE”
7, 8. (a) Bopelotelele jwa Modimo bo ile jwa nna le diphelelo dife? (b) Petere o re rotloetsa gore re nne le boikutlo bofe?
7 Batlhanka ba Modimo ba motlha wa gompieno ba ne ba ntse ba lebeletse le pele Bogosi jwa Modimo bo tlhomiwa kwa legodimong ka 1914 mme le jaanong ba sa ntse ba lebeletse. Ruri go lebelela ga bone ga se go nna fela ba sa dire sepe. Go na le moo, ba ntse ba tlhoafetse mo tirong ya bone e ba e abetsweng ke Modimo ya go rera. (Ditiro 1:8) Le fa go ntse jalo, akanya ka seno: Fa letsatsi la ga Jehofa le ka bo le tlile morago kwa ka 1914, le ka bo le go fitlhetse o le mo seemong sefe? Le fa le ka bo le tlile dingwaga tse 40 tse di fetileng, a ka nako eo o ne o le motho wa ‘ditiro tse di boitshepo tsa boitshwaro le tsa boineelo jwa bomodimo’? (2 Petere 3:11) Mme go tweng ka ba lelapa la gago ba e leng Basupi kgotsa ditsala tsa gago tse di mo phuthegong? Go bonala sentle gore motlha ono wa go lebelela o buletse wena le ba bangwe ba ba tshwanang le wena tsela ya go bona poloko, jaaka go bontshiwa ke 2 Petere 3:9. Lebaka la go bo Jehofa a sa ka a senya tsamaiso yotlhe e e boikepo ya dilo fela fa Bogosi bo sena go tlhomiwa le dirile gore batho ba le bantsi ba kgone go ikwatlhaya, fela jaaka Baninife ba ne ba kgona go ikwatlhaya ba bo ba falola. Rotlhe re na le lebaka le le utlwalang la go dumalana le mafoko ano a ga Petere: “Tsayang bopelotelele jwa Morena wa rona e le poloko.” (2 Petere 3:15) Mme nako e re leng mo go yone jaanong e ntse e naya batho sebaka sa go ikwatlhaya kgotsa go dira diphetogo mo tseleng e ba tshelang le e ba akanyang ka yone.
8 Gone ke boammaaruri gore Mokeresete a ka nna a se kgatlhegele go le kalo go itse ka seemo sa mo motlheng wa ga Mika, Sefania, le Habakuke. A ka nna a re, “Ke dilo tsa bogologolo tseo!” Mme re ka ithuta eng mo go tsone? Re setse re umakile kgakololo ya ga Petere gore Bakeresete ba tshwanetse go nna batho ba ‘ditiro tse di boitshepo tsa boitshwaro le tsa boineelo jwa bomodimo.’ Morago fela ga mafoko ao, Petere o ne a gatelela selo se sengwe gape se se tlhokegang—gore re tlhoka go nna re “letetse e bile [re] akantse thata ka go nna gone ga letsatsi la ga Jehofa.” (2 Petere 3:11, 12) Ka jalo, re tshwanetse go ‘nna re ntse re akantse thata’ ka letsatsi leo, re ‘le lebeletse.’
9. Ke ka ntlha yang fa go tshwanela gore ‘re nne re lebeletse’?
9 Le fa re ka tswa re diretse Jehofa ka dingwaga di le mmalwa kgotsa ka masomesome a dingwaga, a re ‘nna re lebeletse e bile re supa boikutlo jwa go leta’ jo Mika a ileng a bo supa? (Baroma 13:11) Gone ke boammaaruri gore re ka tswa re eletsa go itse gore bokhutlo bo tla tla leng le gore go setse nako e kana kang gore bo tle. Le fa go ntse jalo, tota ga re ka ke ra itse. Gopola mafoko ano a ga Jesu: “Fa mong wa ntlo a ne a itsile gore legodu le tla ka tebelo efe, o ka bo a ne a nna a tsogile mme a se ka a letlelela gore go thubiwe mo ntlong ya gagwe. Ka lebaka leno le lona itshupeng lo iketleeditse, ka gonne ka ura e lo sa akanyeng gore ke yone, Morwa motho o tla ka yone.”—Mathaio 24:43, 44.
10. Botshelo jwa ga moaposetoloi Johane le boikutlo jwa gagwe bo go ruta eng?
10 Se Jesu a se boletseng se utlwala se tshwana thata le se se kwadilweng ke Mika, Sefania le Habakuke. Le fa go ntse jalo, Jesu o ne a sa bue ntlha eno ka batho ba bogologolo, mme o ne a lebagantse mafoko ano le balatedi ba gagwe, rona. Eleruri Bakeresete ba le bantsi ba ba ineetseng ba ile ba dirisa kgakololo ya ga Jesu; ba ‘itshupile ba iketleeditse,’ ba nna ba lebeletse. Moaposetoloi Johane e ne e le sekao se se molemo sa seno. Ke mongwe wa batho ba banè ba ba neng ba le mo Thabeng ya Lotlhware ba botsa Jesu ka go fela ga tsamaiso ya dilo. (Mathaio 24:3; Mareko 13:3, 4) E ne e le ka ngwaga wa 33 C.E., mme go ne go se kafa Johane a ka itseng ka teng gore tota dilo di tla diragala jang. Jaanong akanya ka dingwaga di ka nna 60 morago ga foo. Johane o ne a tsofetse, mme ga a ka a lapa kgotsa a tlogela go nna a lebeletse. Mo boemong jwa moo, e ne ya re fa a utlwa Jesu a re: “Ee; ke tla ka bofefo,” o ne a araba a re: “Amen! Tla, Morena Jesu.” Johane ga a ka a ikwatlhaela kafa a neng a dirisitse dingwaga tsa gagwe ka teng. O ne a tlhomamisegile gore fa Jehofa a diragatsa katlholo, gape o ne a tla duela mongwe le mongwe kafa ditirong tsa gagwe. (Tshenolo 22:12, 20) Le fa katlholo eno e ne e ka diragala leng, Johane o ne a batla gore a bo a “iketleeditse,” fela jaaka Morena Jesu a ne a gakolotse. A le wena o ikutlwa jalo?
A O ‘LEBELETSE’ KGOTSA O ‘KGOTSOFETSE’?
11. Batho ba motlha wa ga Mika le Hosea ba ne ba farologane jang le baporofeti bano?
11 Akanya ka thuto e nngwe gape e re ka e ithutang mo baporofeting ba ba neng ba tshela ka nako e ka yone go neng go le gaufi gore Jehofa a diragatse dikatlholo tsa gagwe, ya ntlha kgatlhanong le Iseraele, mme e nngwe kgatlhanong le Juda. Le fa Mika a ne a ‘nna a lebeletse a ba a supa boikutlo jwa go leta,’ batho ba le bantsi ba motlha wa gagwe bone ba ne ba se na boikutlo joo. Ba ne ba nna “batlhoi ba se se molemo le barati ba bosula.” Mika o ne a tlhagisa gore fa ba ne ba ka se fetoge, ba ne ‘ba tla ikuela kwa go Jehofa gore a ba thuse, mme o ne a se kitla a ba araba.’ (Mika 3:2, 4; 7:7) Hosea, yo o neng a tshela mo motlheng wa ga Mika, o ne a dirisa mafoko a a amanang le go lema fa a rotloetsa ba bogosi jwa Iseraele jaana: “Ijaleleng peo mo tshiamong; robang tumalanong le bopelonomi jwa lorato. Itlhagoleleng lefatshe le le siametseng go lengwa, fa go na le nako ya go batla Jehofa.” Le fa go ntse jalo, ba le bantsi ga ba a ka ba mo reetsa. Ba ne ba ‘lema boikepo,’ ka jalo ba roba tshiamololo. (Hosea 10:12, 13) Ba ne ba buelela kgotsa ba kopanela mo ditirong tse di bosula, ba ‘ikantse tsela ya bone’ go na le go ikanya tsela ya ga Jehofa. Gompieno bangwe ba ka nna ba ipotsa ba re, ‘Seo se ne se ka diragalela jang baobamedi ba boammaaruri ba ba neng ba setse ba nna mo Lefatsheng le le Solofeditsweng?’ Hosea o ne a bontsha gore bothata jwa bone bo ne bo bakwa ke boikutlo jo bo tshwanang le boikutlo jo re tshwanetseng go itisa mo go jone e le gore re nne re lebeletse letsatsi le legolo la ga Jehofa. Boikutlo joo ke jwa go iketla le go “kgotsofala.”
12. (a) Hosea o ne a bona Baiseraele ba simolola go dira eng se se phoso pele ga 740 B.C.E.? (b) Go “kgotsofala” ga batho go ne ga bonala ka ditsela dife?
12 Fa batho ba Modimo ba sena go tsena mo Lefatsheng le le Solofeditsweng, lefatshe le le elelang mashi le dinotshe, ba ne ba atlega fela thata. Ba ne ba itshwara jang? Hosea o ne a bolela mafoko ano a ga Jehofa: “Gape ba ne ba kgotsofala ka ntlha ya mafulo a bone. Ba ne ba kgotsofala mme pelo ya bone ya simolola go ikgodisa. Ke gone ka moo ba neng ba ntebala.” (Hosea 13:6) Makgolo a dingwaga pele ga foo, Modimo o ne a tlhagisitse batho ba gagwe ka yone kotsi eo. (Duteronome 8:11-14; 32:15) Le fa go ntse jalo, mo motlheng wa ga Hosea le Amose, Baiseraele ba ne ba wela mo kotsing yone e ba neng ba tlhagisiwa ka yone—“ba ne ba kgotsofala.” Amose o re naya dintlha ka botlalo. A re batho ba le bantsi ba ne ba kgabisitse matlo a bone ka tsela e e magasigasi, mme malapa mangwe e bile a ne a na le magae a mabedi. Ba ne ba a ja dijo tsa maemo a a kwa godimo, ba a nwa beine ka dijana tse di kgethegileng, e bile ba itlotsa “maokwane a boleng jo bo kwa godimo,” gongwe e le dinkgisamonate. (Amose 3:12, 15; 6:4-6) O ka tswa o lemoga gore ga go sepe sa dilo tseo se se neng se le maswe ka bosone, mme se se neng se le phoso e ne e le go di tsaya di le botlhokwa go feta sengwe le sengwe.
13. Ke bothata bofe jo Baiseraele ba neng ba na le jone, e ka tswa ba humile kgotsa ba sa huma?
13 Gone ke boammaaruri gore, ga se botlhe mo bogosing jwa bokone ba ba neng ba huma ba bo ba “kgotsofala.” Bangwe ba bone ba ne ba humanegile mme ba tshwanelwa ke go goga ka thata gore ba itshedise le ba malapa a bone. (Amose 2:6; 4:1; 8:4-6) Go ntse jalo le mo dikarolong tse dintsi tsa lefatshe gompieno. A kgakololo ya Modimo e e mo go Hosea 13:6 e ne e dira le mo bahumaneging ba Iseraele wa bogologolo, le gone a e sa ntse e dira le gompieno? Ee, e a dira. Jehofa o ne a bontsha gore le fa moobamedi wa boammaaruri a ka tswa a humile kgotsa a sa huma, o tshwanetse go itisa gore a se ka a diiwa ke dithoto mo botshelong gore a bo a ‘lebale Modimo.’—Luke 12:22-30.
14. Ke ka ntlha yang fa go tshwanela gore re akanye ka go nna ga rona re lebeletse?
14 E re ka rona re kgona go leba kwa morago le go bona se se diragetseng e bile boporofeti jo bontsi jaana jwa Baebele bo setse bo diragetse, re na le mabaka a a oketsegileng a go nna re ntshitse matlho dinameng, re iketleeditse e bile re lebeletse. Mme go tweng fa e le gore re na le lobaka lo loleele re letile, gongwe masome a dingwaga? Mo nakong e e fetileng re ne re dira ka natla mo bodireding ra ba ra dira ditshwetso tse di neng di bontsha gore re tlhatswegile pelo gore letsatsi la ga Jehofa le gaufi. Mme ga le ise le tle. A re sa ntse re lebeletse? E bile o ka nna wa ipotsa jaana, ‘A ke sa ntse ke lebeletse ka tlhoafalo jaaka pele, kgotsa tlhoafalo ya me e fokotsegile fela thata?’—Tshenolo 2:4.
15. Dingwe tsa dilo tse di ka bontshang gore ga re tlhole re letile ke dife?
15 Re ka nna ra lekanya selekanyo se re lebelelang ka sone ka ditsela tse dintsi, mme ke ka ntlha yang fa re sa dirise tsone dintlha tse di fitlhelwang mo tlhalosong ya ga Amose ya batho ba motlha wa gagwe ba ba neng “ba kgotsofala”? Fa re ntse re sekaseka kgang eo, re ka tlhatlhoba gore a re ipona re na le mekgwa epe ya ‘go kgotsofala.’ Mokeresete yo mo dingwageng tse di fetileng a neng a bontsha ka tsela e a akanyang ka yone le ka ditiro tsa gagwe gore o nna a letile, a ka nna a simolola go leka botshelo jo bongwe jwa go nna le legae kgotsa koloi ya manobonobo, diaparo tsa sesheng, ditlolo le dibenyane tsa madi a a kwa godimo kgotsa beine le dijo tsa maemo. Ga go na gope fa Baebele e reng re tshwanetse go nna baitlami, re itima menate. Motho yo o dirang ka natla o tshwanetse gore “a je a bo a nwe mme a bone molemo ka ntlha ya tiro yotlhe ya gagwe ya bonatla.” (Moreri 3:13) Le fa go ntse jalo, kotsi ke gore Mokeresete a ka tlhoma mogopolo otlhe wa gagwe mo dijong, mo dinong le mo tseleng e a lebegang ka yone. (1 Petere 3:3) Jesu o ne a bontsha gore batlodiwa bangwe ba kwa Asia Minor ba ne ba iteega tsebe, mme seo se bontsha gore Bakeresete ba ka diragalelwa ke sengwe se se ntseng jalo. (Tshenolo 3:14-17) A re diragaletswe ke sengwe se se tshwanang? A re simolola ‘go kgotsofala,’ gongwe re tlhomile mogopolo mo dithotong? A ga re tlhole re letile jaaka pele?—Baroma 8:5-8.
16. Ke ka ntlha yang fa go ka se ka ga solegela bana ba rona molemo go ba kgothaletsa gore ba leke go tshela botshelo jwa go “kgotsofala”?
16 Re ka bontsha gore ga re tlhole re letetse letsatsi la ga Jehofa le legolo ka tlhoafalo jaaka pele ka tsela e re gakololang bana ba rona kgotsa batho ba bangwe ka yone. Mokeresete a ka ipolelela jaana: ‘Ke ile ka tlhopha gore ke se ka ka rutega kgotsa ke se ka ka dirisa ditshono dingwe tse di neng di mpulegetse tsa tiro ka gonne ke ne ke akanya gore bokhutlo bo gaufi thata. Jaanong ke batla go tlhomamisa gore bongwanake ba bona thuto e e tla dirang gore ba tshele sentle.’ Gongwe bangwe mo motlheng wa ga Hosea ba ne ba akanya jalo. Fa e le gore go ntse jalo, a go kgothatsa bana ba bone gore ba tshele botshelo jwa go “kgotsofala” go ne go tla solegela bana ba bone molemo? Mme fa e le gore bana ba mo motlheng oo tota ba ile ba tshela botshelo jwa go “kgotsofala,” kgotsa jwa manobonobo, seemo sa bone e ne e ka nna sefe ka 740 B.C.E., fa Samarea e ne e senngwa ke Baasiria?—Hosea 13:16; Sefania 1:12, 13.
NNA O LEBELETSE
17. Re tshwanetse go etsa Mika jang?
17 Fela jaaka baobamedi ba bogologolo ba boammaaruri, re ka nna ra tlhatswega pelo gore se Modimo a se solofeditseng se tla diragadiwa ka nako e a e beileng. (Joshua 23:14) Moporofeti Mika o dirile sentle ka go bontsha boikutlo jwa go leta mo Modimong wa poloko ya gagwe. E re ka re kgona go leba ditiragalo tse di fetileng, re ka leba dinako tsa motlha wa ga Mika mme ra bona gore mo motlheng wa gagwe, go ne go le gaufi go le kana kang gore Samarea e fenngwe. Go tweng ka rona le nako e re tshelang mo go yone? Fa re leba kwa morago mo botshelong jwa rona, a re tla bona re dirile ditshwetso tse di molemo, jaaka tse di amanang le tiro ya boitshediso, tsela ya botshelo, le bodiredi jwa nako e e tletseng? Gone ke boammaaruri gore ga re itse “letsatsi leo le ura eo.” (Mathaio 24:36-42) Le fa go ntse jalo, re tlhomamisa gore re dira se se siameng fa re nna le boikutlo jo bo tshwanang le jwa ga Mika re bo re dira tumalanong le jone. Mme fa Mika a duelwa ka go tshela mo lefatsheng le le tsosolositsweng la paradaise, a bo a tla itumela jang go itse gore re solegetswe molemo ke molaetsa wa gagwe wa boporofeti le sekao sa gagwe sa go ikanyega! Go nna teng ga rona go tla bo go bontsha tota gore Jehofa ke Modimo wa poloko!
18, 19. (a) Obadia o ne a bua ka masetlapelo afe a a neng a tla? (b) Obadia o ne a naya Baiseraele tsholofelo jang?
18 Re na le lebaka le le utlwalang la go nna le tsholofelo. Ka sekai, akanya ka buka e khutshwane ya boporofeti ya Obadia. E ne ya bua thata ka Edoma wa bogologolo, e bolela katlholo ya ga Jehofa kgatlhanong le batho ba ba neng ba sotla ‘morwarraabone’ e bong Iseraele. (Obadia 12) Tshenyego e e neng e boleletswe pele e ne ya diragala, jaaka go tlhalositswe mo go Kgaolo 10 ya buka eno. Bababelona ba ba neng ba eteletswe pele ke Nabonidase ba ne ba fenya Edoma mo magareng a lekgolo la borataro la dingwaga B.C.E., mme setšhaba sa Edoma se ne sa nyelela. Le fa go ntse jalo, go na le ntlha e nngwe ya botlhokwa mo molaetseng wa ga Obadia, ntlha e e amanang le go nna ga rona re lebeletse letsatsi le legolo la ga Jehofa.
19 O a itse gore setšhaba sa mmaba (Babelona) se se neng sa senya Edoma, gape se ne se diragaditse kotlhao ya Modimo mo bathong ba gagwe ba ba sa ikanyegeng. Ka 607 B.C.E., Bababelona ba ne ba senya Jerusalema mme ba isa Bajuda botshwarwa. Morago ga moo naga e ne ya swafala. A kgang e ne ya felela foo? Nnyaa. Jehofa o ne a dirisa Obadia go bolelela pele gore Baiseraele ba ne ba tla boa ba nna mo nageng ya bone gape. Obadia 17 e na le tsholofetso eno e e kgothatsang: “Mo Thabeng ya Siona ke teng kwa ba ba falolang ba tla nnang teng, mme e tla nna sengwe se se boitshepo; ntlo ya ga Jakobe e tshwanetse go rua dilo tse ba tshwanetseng go di rua.”
20, 21. Ke ka ntlha yang fa Obadia 17 e tshwanetse ya re gomotsa?
20 Fa re leba hisitori re a bona gore se Jehofa a neng a se bua ka Obadia se ile sa diragala. Modimo o ne a se bolelela pele, mme se diragetse. Batho ba le diketekete ba ba tswang kwa Juda le Iseraele ba ba neng ba ile botshwarwa ba ile ba boa ka 537 B.C.E. Ka thuso ya ga Jehofa, batho ba ba neng ba boa kwa botshwarwa ba ne ba fetola naga e e swafetseng go nna paradaise e ntle. Mo go Isaia 11:6-9 le 35:1-7 o badile boporofeti jwa phetogo eo e e gakgamatsang. Selo sa botlhokwa ke gore kobamelo ya boammaaruri e ne ya tsosolosiwa, e remeletse mo tempeleng e e neng e agilwe sesha ya ga Jehofa. Ka jalo Obadia 17 e ka nna bosupi jo bongwe gape mo go rona jwa gore ditsholofetso tsa ga Jehofa di a ikanyega. Ka metlha di a diragala.
21 Obadia o ne a konela boporofeti jwa gagwe ka mafoko ano a a gatelelang: “Bogosi e tla nna jwa ga Jehofa.” (Obadia 21) E re ka o ikanya tsholofetso eo, o emetse nako e e itumedisang ya fa Jehofa a tla bo a dirisa Jesu Keresete go busa lobopo lotlhe a sa ganediwe ke ope, a busa le lone lefatshe tota. Le fa o ka tswa o ntse o lebeletse letsatsi le legolo la ga Jehofa—le masego a lone—ka nako e khutshwane kgotsa ka masomesome a dingwaga, o ka tlhomamisega o tlhatswegile pelo gore ditsholofetso tse di ntseng jalo tsa Baebele ruri di tla diragala.
22. Ke eng fa o tshwanetse go leba dilo ka tsela e e tsamaisanang le mafoko a Habakuke 2:3 le Mika 4:5?
22 Ka jalo, go a tshwanela go boeletsa mafoko ano a a kgothatsang a ga Habakuke, a kwantle ga pelaelo a dirang mo motlheng wa rona: “Ponatshegelo e sa ntse e na le nako e e tlhomilweng, mme e ntse e itlhaganelela kwa bokhutlong, mme ga e kitla e bua maaka. Le fa e ka diega, nna o e lebeletse; gonne ruri e tla diragala. Ga e kitla e tla morago ga nako.” (Habakuke 2:3) Le fa batho ba ka bona e kete letsatsi la ga Jehofa le diegile, tota le tla tla ka nako e e beilweng. Jehofa o re solofetsa jalo. Ka jalo, ba ba ileng ba direla Modimo ka dingwagangwaga le ba ba simolotseng go mo obamela bosheng jaana ba ka tswelela pele ka tsholofelo e e tshwanang le e e bontshiwang mo go Mika 4:5: “Fa e le rona, re tla tsamaya mo leineng la ga Jehofa Modimo wa rona ka bosakhutleng, le ka bosaengkae.”
DINTLHA TSE O KA TLHATLHANYANG KA TSONE
• Ke ntlha efe ya botlhokwa malebana le boikutlo jwa gago e o e bonang mo go Mika 7:7; Habakuke 2:3; le Sefania 3:8?
• Ke ka ntlha yang fa kgakololo e e fitlhelwang mo go Jakobe 5:10, 11 e le botlhokwa e bile e le mosola mo go wena?
• O ka solegelwa molemo jang ke go tlhatlhanya ka 2 Petere 3:9, 11, 12, 14?
O TLA SOLEGELWA MOLEMO JANG?
• Le fa o ka tswa o humile kgotsa o humanegile, o tshwanetse wa ithuta dilo dife mo go Amose 3:15; 5:11; le Hagai 1:4-7?
• Go nna o kgotsofetse go thulana jang le go nna o lebeletse?—Habakuke 3:17, 18.
• Ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa gore o nne o lebeletse ka tlhoafalo?—Sefania 1:12-15.
[Setshwantsho mo go tsebe 153]
Sefania
[Setshwantsho mo go tsebe 154]
“‘Nnang lo ntebeletse,’ go bua Jehofa.”—Sefania 3:8
[Ditshwantsho mo go tsebe 160]
O kgothaletsa bana ba gago go tshela botshelo jo bo ntseng jang?
[Setshwantsho mo go tsebe 163]
Re direla Jehofa ka boipelo ka boikaelelo jwa go mo direla ka bosakhutleng