Nna mo Mokgatšheng wa ga Jehofa wa Tshireletso
“Jehofa o tla . . . lwa le ditšhaba tseo jaaka mo letsatsing la go lwa ga gagwe, mo letsatsing la tlhabano.”—SEKA. 14:3.
1, 2. Ke ntwa efe ya mmatota e e ntseng e gomagomela lefatshe, mme batlhanka ba Modimo ga ba kitla ba tlhoka go dira eng mo ntweng eno?
KA October 30, 1938, batho ba le dimilione kwa United States ba ne ba reeditse thulaganyo ya radio. Mo thulaganyong eo, badiragatsi ba ba neng ba itira e kete ke babegadikgang ba ne ba dira kitsiso ya gore dibopiwa tse di tswang kwa polaneteng ya Mars di tlhasetse Lefatshe mme di a le senya. Le fa go ne go dirilwe kitsiso ya gore seno e ne e le motshameko fela, batho ba le bantsi ba ne ba akanya gore eno e ne e le tiragalo ya mmatota mme ba ne ba tshoga. Ba bangwe ba ne ba tsaya dikgato go itshireletsa mo dibopiweng tseno tse go neng go buiwa ka tsone.
2 Gompieno ntwa ya mmatota e ntse e gomagomela lefatshe. Le fa go ntse jalo, batho ga ba tsibogele go tla ga ntwa eo. Ntwa eno e bolelelwa pele mo Lefokong la Modimo le le tlhotlheleditsweng e bong Baebele, e seng mo dibukeng tsa ditlhamane tsa saense. Ke ntwa ya Haramagedona—ntwa ya Modimo kgatlhanong le tsamaiso eno e e boikepo ya dilo. (Tshen. 16:14-16) Mo ntweng eno, batlhanka ba Modimo ga ba kitla ba tlhoka go itshireletsa kgatlhanong le dibopiwa tse di tswang kwa polaneteng e nngwe. Le fa go ntse jalo, ba tla jesiwa kgakge ke ditiragalo tse di gakgamatsang le ke dipontsho tse di tshosang tsa maatla a Modimo.
3. Re tla sekaseka boporofeti bofe, mme ke ka ntlha yang fa re bo kgatlhegela?
3 Boporofeti jwa Baebele jo bo mo go Sekarea kgaolo 14 bo tlhalosa sentle se se tla bong se direga ka nako ya ntwa ya Haramagedona. Le fa boporofeti jono bo kwadilwe dingwaga di ka nna 2 500 tse di fetileng, bo sa ntse bo ama matshelo a rona. (Bar. 15:4) Dilo tse dintsi tse di kwadilweng mo go jone di re bolelela se se ileng sa diragalela batho ba Modimo fa e sa le Bogosi jwa Bomesia bo tlhomiwa kwa legodimong ka 1914 le ka ditiragalo tse di tla nnang teng mo bogautshwaneng. Dikarolo tse di tlhomologileng tsa boporofeti jono di akaretsa tshedimosetso ya “mokgatšha o mogolo thata” le go elela ga “metsi a a tshelang.” (Seka. 14:4, 8) Mokgatšha ono o na le seabe sa botlhokwa mo go sireletseng baobamedi ba ga Jehofa. Mme fa re tlhaloganya se metsi a a tshelang a tla re direlang sone, ga re kitla re bona fela botlhokwa jwa go a nwa mme gape re tla batla go a nwa. Ka jalo, re tla solegelwa molemo fa re ela tlhoko boporofeti jono.—2 Pet. 1:19, 20.
“LETSATSI LA GA JEHOFA” LE A SIMOLOLA
4. (a) “Letsatsi la ga Jehofa” le simologile leng? (b) Ke eng se baobamedi ba ga Jehofa ba neng ba se bolela masomesome a dingwaga pele ga 1914, mme baeteledipele ba lefatshe ba ne ba itshwara jang?
4 Kgaolo ya bo14 ya Sekarea e simolola ka go re bolelela ka “letsatsi la ga Jehofa.” (Bala Sekarea 14:1, 2.) Letsatsi leno ke lefe? Ke ‘letsatsi la Morena’ le le simologileng fa “bogosi jwa lefatshe” bo ne bo fetoga “bogosi jwa Morena wa rona le jwa ga Keresete wa gagwe.” (Tshen. 1:10; 11:15) Letsatsi leo le simologile ka 1914 fa Bogosi jwa Bomesia bo ne bo tlhomiwa kwa legodimong. Masomesome a dingwaga pele ga 1914, baobamedi ba ga Jehofa ba ne ba bolelela ditšhaba gore, bofelo jwa “dinako tse tlhomilweng tsa ditšhaba” bo tla tla ka one ngwaga oo le gore lefatshe le tla nna le mathata a a iseng a ko a nne gone. (Luke 21:24) Ditšhaba di ne tsa itshwara jang? Go na le gore baeteledipele ba dipolotiki le ba bodumedi ba reetse tlhagiso eo e e neng e le mo nakong, ba ne ba sotla bareri bano ba ba tlhagafetseng le go ba bogisa. Fa ba dira jalo, ba ne ba sotla Modimo Mothatayotlhe ka gonne baemedi bao ba Bogosi ba ba tloditsweng ba emela “Jerusalema wa selegodimo”—Bogosi jwa Bomesia—yo ba neng ba le karolo ya gagwe.—Baheb. 12:22, 28.
5, 6. (a) Ke eng se se neng se boleletswe pele se ditšhaba di neng di tla se dira kgatlhanong le “motse” le ‘baagi’ ba one? (b) “Ba ba setseng ba batho” e ne e le bomang?
5 Sekarea o ne a bolelelapele se ditšhaba di tla se dirang fa a ne a re: “Motse [Jerusalema] o tla thopiwa.” “Motse” o tshwantshetsa Bogosi jwa Modimo jwa Bomesia. Mo lefatsheng o emelwa ke ‘baagi,’ e leng masalela a Bakeresete ba ba tloditsweng. (Bafil. 3:20) Ka nako ya Ntwa ya Lefatshe ya I, maloko a a eteletseng pele a e leng karolo ya phuthego ya ga Jehofa ya mo lefatsheng, a ne a “thopiwa” kgotsa a tshwarwa mme a tsenngwa mo kgolegelong kwa Atlanta, Georgia, U.S.A. ‘Matlo a ne a thopiwa’ ka tsela ya gore batho bano ba ba se nang molato ba ba neng ba thokgame ba ne ba tshwarwa setlhogo le ka go tlhoka tshiamiso. Batlhasedi bano ba ne ba thibela dikgatiso tsa bone ba bo ba leka go emisa tiro ya bone ya go rera ka Bogosi.
6 Le fa batho ba Modimo ba ne ba le bannye ka palo, ba senngwa leina, ba ganediwa e bile ba bogisiwa ke baba ba bone, kobamelo ya boammaaruri ga e a ka ya fedisiwa. Go ne go na le “ba ba setseng ba batho” e leng, karolo ya mo lefatsheng ya masalela a batlodiwa ba ba neng ba gana go “kgaolwa mo motseng.”
7. Basupi ba ga Jehofa ba batlodiwa ba tlhomela baobamedi ba bangwe ba boammaaruri sekao sefe gompieno?
7 A boporofeti jono bo ne jwa diragadiwa ka botlalo fa Ntwa ya Lefatshe ya I e ne e khutla? Nnyaa. Ditšhaba di ne di sa ntse di tla tlhasela gape masalela a batlodiwa le ditsala tsa bone tse di ikanyegang tse di nang le tsholofelo ya go tshela mo lefatsheng. (Tshen. 12:17) Ntwa ya Lefatshe ya II ke bosupi jwa seno. Go boloka bothokgami ga batlodiwa ba ba ikanyegang mo Modimong go rotloetsa batlhanka ba Modimo gompieno go itshokela diteko le fa e ka nna dife tse ba ka lebanang le tsone, jaaka go ganediwa ke ba losika ba ba sa dumeleng, le go sotlwa ke badirimmogo le ba ba tsenang sekolo le bone. (1 Pet. 1:6, 7) Go sa kgathalesege gore baobamedi ba boammaaruri ba nna kae, ba ikemiseditse go feta le fa e le leng pele go ‘ema ba nitame mo maikutlong a le mangwe’ mme ba sa ‘tshosiwe ke baganetsi ba bone.’ (Bafil. 1:27, 28) Le fa go ntse jalo, batho ba ga Jehofa ba tla bona kae tshireletsego mo lefatsheng le le ba tlhoileng?—Joh. 15:17-19.
JEHOFA O DIRA “MOKGATŠHA O MOGOLO THATA”
8. (a) Mo Baebeleng, dithaba di ka emela eng? (b) ‘Thaba ya ditlhare tsa motlhware’ e emela eng?
8 E re ka Jerusalema—“motse”—e tshwantshetsa Jerusalema wa selegodimo, ‘thaba ya ditlhare tsa motlhware e e fa pele ga Jerusalema’ le yone e tshwanetse go tlhaloganngwa e le ya tshwantshetso. Thaba eo e emela eng? E tla “fatoga ka bogare” jang gore e nne dithaba tse pedi? Ke eng fa Jehofa a di bitsa “dithaba tsa me”? (Bala Sekarea 14:3-5.) Mo Baebeleng, dithaba di ka emela magosi kgotsa dipuso. Gape, thaba ya Modimo e amanngwa le masego le tshireletso. (Pes. 72:3; Isa. 25:6, 7) Ka jalo, thaba ya ditlhare tsa motlhware e Modimo a emeng mo go yone ka fa botlhaba jwa Jerusalema wa mo lefatsheng, e emela bolaodi jwa ga Jehofa jwa lobopo lotlhe, e leng bogosi jwa gagwe jo bogolo.
9. ‘Thaba ya Motlhware’ e fatoga ka tsela efe?
9 Go fatoga ga thaba ya ditlhare tsa motlhware go emela eng? Thaba eo e e leng kwa botlhaba jwa Jerusalema e fatoga ka tsela ya gore Jehofa o tlhoma bolaodi jo bongwe gape jo le jone e leng karolo ya bogosi jwa gagwe. Karolo eno ya bogosi ke Bogosi jwa Bomesia jo Jesu Keresete e leng kgosi ya jone. Ke gone ka moo Jehofa a buang ka dithaba tse pedi tse di nnang gone morago ga gore ‘Thaba ya Motlhware’ e fatoge ka bogare, a re ke “dithaba tsa me.” (Seka. 14:4) Dithaba tseno tsoopedi ke tsa gagwe.
10. “Mokgatšha o mogolo thata” o o fa gare ga dithaba tse pedi o emela eng?
10 Fa thaba eno ya tshwantshetso e fatoga, bontlhanngwe jwa yone bo ya kwa bokone mme jo bongwe bo ya kwa borwa, Jehofa o nna a tlhomile dinao tsa gagwe mo go tsone tsoopedi. Go nna le “mokgatšha o mogolo thata” mo tlase ga dinao tsa ga Jehofa. Mokgatšha ono wa tshwantshetso o emela tshireletso ya ga Jehofa e ka yone batlhanka ba gagwe ba bonang polokesego mo bolaoding jwa gagwe jwa lobopo lotlhe le mo Bogosing jwa Morwawe jwa Bomesia. Jehofa o tla tlhomamisa gore kobamelo e e itshekileng ga e fedisiwe. Go fatoga ga thaba ya ditlhare tsa motlhware go diregile leng? Go ne ga direga fa go ne go tlhomiwa Bogosi jwa Bomesia kwa bokhutlong jwa Metlha ya Baditšhaba ka 1914. Baobamedi ba boammaaruri ba ne ba simolola leng go tshabela kwa mokgatšheng wa tshwantshetso?
GO TSHABELA KWA MOKGATŠHENG GO A SIMOLOLA!
11, 12. (a) Go tshabela kwa mokgatšheng wa tshwantshetso go ne ga simolola leng? (b) Ke eng se se bontshang gore seatla se se nonofileng sa ga Jehofa se sireleditse batho ba gagwe?
11 Jesu o ne a tlhagisa balatedi ba gagwe jaana: “Lo tla nna ba ba tlhoilweng ke ditšhaba tsotlhe ka ntlha ya leina la me.” (Math. 24:9) Mo metlheng ya bofelo jwa tsamaiso eno ya dilo, fa e sa le ka 1914, letlhoo leo le ne la oketsega thata. Le fa baba ba ne ba bolotsa tlhaselo e e setlhogo kgatlhanong le masalela a batlodiwa ka nako ya Ntwa ya Lefatshe ya I, setlhopha seno se se ikanyegang ga se a ka sa nyelediwa. Ka 1919, ba ne ba gololwa mo kgatelelong ya Babelona o Mogolo—mmusomogolo wa lefatshe lotlhe wa bodumedi jwa maaka. (Tshen. 11:11, 12)a Go tshabela kwa mokgatšheng wa dithaba tsa ga Jehofa go ne ga simolola ka yone nako eo.
12 Fa e sa le ka 1919 Jehofa o ne a tswelela a sireletsa baobamedi ba gagwe ba boammaaruri lefatshe ka bophara. Go ralala masomesome a dingwaga, mo dikarolong tse dintsi tsa lefatshe, Basupi ba ga Jehofa ba ile ba thibelwa gore ba se ka ba rera dikgang tse di molemo le go anamisa dikgatiso tsa bone tsa Baebele. Go sa ntse go na le dithibelo tse di ntseng jalo mo dinageng dingwe. Le fa ditšhaba di ka leka go le kana kang go nyeletsa kobamelo ya boammaaruri, ga di kitla di atlega! Seatla sa ga Jehofa se se nonofileng se tla sireletsa batho ba gagwe.—Dute. 11:2.
13. Re nna jang mo mokgatšheng wa ga Jehofa wa tshireletso, mme ke ka ntlha yang fa go dira seno go le botlhokwa thata?
13 Fa re ngaparela Jehofa le go nna re nitame mo boammaaruring, ene le Morwawe e bong Jesu Keresete ba tla re sireletsa, mme Modimo ga a kitla a letla ope kgotsa sepe se re ‘tsubula mo seatleng sa Gagwe.’ (Joh. 10:28, 29) Jehofa o iketleeleditse go re thusa ka sengwe le sengwe se re se tlhokang gore re ikobele ene Molaodimogolo wa Lobopo Lotlhe mme re tswelele re le babusiwa ba ba ikanyegang ba Bogosi jwa Bomesia. Go botlhokwa thata gore re tswelele re le mo mokgatšheng wa tshireletso, ka gonne mokgatšha oo, o tla thusa baobamedi ba boammaaruri thata fa pitlagano e kgolo e ntse e atamela ka bofefo.
‘LETSATSI LA GO LWA’ LE A GOROGA
14, 15. Mo “letsatsing la go lwa ga [Modimo]” kgatlhanong le baba ba gagwe, go tla diragala eng ka ba ba tla bong ba le kwa ntle ga mokgatšha?
14 Fa bokhutlo jwa tsamaiso eno ya dilo bo ntse bo atamela, Satane o tla gagamatsa tlhaselo ya gagwe kgatlhanong le batlhanka ba ga Jehofa. Go tswa foo, go tla latela ‘letsatsi la go lwa ga Modimo’ kgatlhanong le baba ba gagwe. Jehofa o tla tlhomamisa gore tlhaselo eo ya ga Satane e nna ya bofelo. Mo letsatsing leo, Molaodimogolo wa lobopo o tla itshupa e le Motlhabani yo o atlegileng go gaisa kafa a kileng a atlega ka gone mo “letsatsing [lepe fela] la tlhabano.”—Seka. 14:3.
15 Ka letsatsi la go lwa ga Modimo, go tla diragala eng ka batho ba ba kwa ntle ga “mokgatšha o mogolo” wa polokesego? Ga ba kitla ba phatsimelwa ke “lesedi le le tlhokegang thata” la Modimo. Mo letsatsing leo le le tlang la ntwa “pitse, mmoulo, kamela, le esele e tonanyana, le seruiwa sa mofuta mongwe le mongwe”—tse di emelang dibetsa tsa ntwa tsa ditšhaba, di tla bo di se na mosola. Go tla nna jaaka e kete di “gatsetse.” Gape Jehofa o tla dirisa bolwetse jwa leroborobo le “petso.” Le fa petso eo e ka tswa e le ya mmatota kgotsa e se ya mmatota, e tla fedisa matshosetsi ape fela. Mo letsatsing leo “matlho a motho . . . le loleme lwa motho lo tla bola,” ka tsela ya gore batlhasedi ga ba kitla ba gobatsa batlhanka ba ga Jehofa e bile puo ya bone ya go kgoba e tla fedisiwa. (Seka. 14:6, 7, 12, 15) Dikgosi tsotlhe tsa lefatshe tse di mo letlhakoreng la ga Satane le mephato ya tsone ya sesole di tla bo di le dintsi. Le fa go ntse jalo, di tla fedisiwa tsotlhe. (Tshen. 19:19-21) “Ba Jehofa a ba bolaileng ba tla bo ba le go tloga kwa ntlheng e nngwe ya lefatshe go fitlha ntlheng e nngwe ya lefatshe.”—Jer. 25:32, 33.
16. Fa re ntse re akantse ka letsatsi le le tlang la go lwa ga Modimo, re tshwanetse go ipotsa dipotso dife, mme ke eng se re tla tshwanelwang ke go se dira?
16 Ka metlha ntwa e tlisa pogo, tota le mo bathong ba ba fentseng. Go ka nna le tlhaelo ya dijo. Batho ba ka latlhegelwa ke dithoto. Maemo a botshelo a ka nna maswe. Kgololesego ya batho e ka fokotsega. Fa re ka welwa ke mathata a a ntseng jalo, re tla itshwara jang? A re tla tlalelwa? A re tla itatola tumelo fa re le mo kgatelelong? A re tla latlhegelwa ke tsholofelo re bo re itlhoboga? Ruri go tla bo go le botlhokwa gore ka nako ya pitlagano e kgolo re tswelele re na le tumelo ya gore Jehofa o na le maatla a go re boloka mme re nne re le mo mokgatšheng wa Gagwe wa tshireletso!—Bala Habakuke 3:17, 18.
“METSI A A TSHELANG A TLA ELELA”
17, 18. (a) “Metsi a a tshelang” ke eng? (b) Ke eng se se emelwang ke ‘lewatle le le kwa botlhaba’ le ‘lewatle le le kwa bophirima’? (c) Fa o ntse o lebile pele kwa isagweng, ke eng se o ikemiseditseng go se dira?
17 Morago ga Haramagedona “metsi a a tshelang” a tla elela a sa kgaotse go tswa mo setulong sa Bogosi jwa Bomesia. “Metsi a a tshelang” ano ke thulaganyo e Jehofa a e dirileng gore re bone botshelo. ‘Lewatle le le kwa botlhaba’ le kaya Lewatle le le Suleng mme ‘lewatle le le kwa bophirima’ lone le kaya Lewatle la Mediterranean. Mawatle ano ka bobedi a emela batho. Lewatle le le Suleng le ne le tla emela sentle batho botlhe ba ba mo mabitleng a a tlwaelegileng a batho. E re ka Lewatle la Mediterranean le tletse ka ditshedi, go a tshwanela go bo le emela “boidiidi jo bogolo” jo bo falotseng Haramagedona. (Bala Sekarea 14:8, 9; Tshen. 7:9-15) Ka jalo, ditlhopha tseno di tla solegelwa molemo ke go gololwa mo losong lwa ga Adame fa ba ntse ba itimola lenyora ka metsi ano a a tshelang a tshwantshetso, kgotsa “noka ya metsi a botshelo.”—Tshen. 22:1, 2.
18 Fa re le mo tshireletsong ya ga Jehofa re tla falola bokhutlo jwa tsamaiso eno e e boikepo ya dilo mme re tsene mo lefatsheng le lesha la tshiamo la Modimo. Le fa re tlhoilwe ke ditšhaba tsotlhe, a re ititeyeng sehuba go tswelela re le babusiwa ba ba ikanyegang ba Bogosi jwa Modimo, mme re ikemisetse go nna mo mokgatšheng wa ga Jehofa wa tshireletso.
a Bona buka ya Tshenolo—Konelo Ya Yone e e Molemolemo e Atametse! tsebe 169-170.