Kgaolo 25
Go Tsosolosa Basupi ba Babedi
1. Moengele yo o nonofileng o raya Johane a re a dire eng?
PELE ga ijoo wa bobedi a khutla, moengele yo o nonofileng o bolelela Johane go nna le seabe mo tiragalong e nngwe ya boporofeti, mme eno e le e e amanang le tempele. (Tshenolo 9:12; 10:1) Johane o bega jaana: “Mme ka newa lotlhaka lo lo tshwanang le thobane fa a ne a re: ‘Nanoga mme o lekanye lefelo le le boitshepo la tempele la Modimo le sebeso le ba ba obamelang mo go lone.’”—Tshenolo 11:1.
Lefelo le le Boitshepo la Tempele
2. (a) Ke lefelo la boitshepo la tempele efe e e neng e tla nnela ruri go fitlha mo motlheng wa rona? (b) Moperesiti yo Mogolo wa lefelo le le boitshepo la tempele ke mang, mme Boitshepo jwa Maitshepo jwa yone ke eng?
2 Tempele e e umakiwang fano e ka se ka ya bo e le tempele ya mmatota e e kwa Jerusalema, gonne ya bofelo ya tsone e ne ya senngwa ke Baroma ka 70 C.E. Le fa go ntse jalo, moaposetoloi Paulo o ne a bontsha gore le e leng pele ga tshenyo eo, go ne go bonetswe pele lefelo le le boitshepo la tempele e e neng e tla nnela ruri go tla go fitlha mo motlheng wa rona. Eno e ne e le tempele e kgolo ya semoya e e neng e diragatsa ditempele tsa boporofeti tse di neng di tshwantshediwa ke motlaagana mme moragonyana ke ditempele tse di neng tsa agiwa kwa Jerusalema. Ke “mogope wa boammaaruri, o Jehofa a o tlhomileng, e seng motho” mme Moperesiti yo Mogolo wa one ke Jesu, yo Paulo a mo tlhalosang e le yo o setseng a “ntse kafa seatleng sa moja sa setulo sa bogosi sa Ene Yo o Tlotlometseng kwa magodimong.” Boitshepo jwa Maitshepo jwa yone ke fa Jehofa a leng gone kwa legodimong ka bolone.—Bahebera 8:1, 2; 9:11, 24.
3. Mo motlaaganeng, ke eng se se neng se tshwantshediwa ke (a) sesiro se se neng se kgaoganya Boitshepo jwa Maitshepo le lefelo la Boitshepo? (b) ditlhabelo tsa diphologolo? (c) sebeso sa ditlhabelo?
3 Moaposetoloi Paulo o tlhalosa gore sesiro sa motlaagana, se se neng se kgaoganya Boitshepo jwa Maitshepo le lefelo la Boitshepo, se tshwantshetsa nama ya ga Jesu. Fa Jesu a ne a ntsha botshelo jwa gagwe setlhabelo, sesiro seno se ne sa kgaogana ka bogare, se bontsha gore mmele wa ga Jesu o ne o sa tlhole o mo thibela go tsena kwa Jehofa a leng gone kwa legodimong. Mo motheong wa setlhabelo sa ga Jesu, baperesiti ba gagwe ba babotlana ba batlodiwa ba ba suleng ba ikanyega e ne e tla re, ka nako e e tshwanetseng, le bone ba tlhatlogele kwa legodimong. (Mathaio 27:50, 51; Bahebera 9:3; 10:19, 20) Paulo, gape, o supa gore ditlhabelo tsa diphologolo tse di neng di ntshiwa ka metlha kwa motlaaganeng di ne di emela setlhabelo se se ntshitsweng gangwe fela sa ga Jesu sa botshelo jwa gagwe jo bo itekanetseng jwa fa a ne a le mo lefatsheng. Sebeso sa ditlhabelo se se neng se le mo lolwapeng se ne se emela thulaganyo ya ga Jehofa, go ya ka thato ya gagwe, ya go amogela setlhabelo sa ga Jesu se a neng a se ntshetsa “ba le bantsi”—ba batlodiwa mme, moragonyana, ba dinku tse dingwe—ba ba neng ba tla ‘mmatla ka tlhoafalo gore ba bolokwe.’—Bahebera 9:28; 10:9, 10; John 10:16.
4. Ke eng se se neng se tshwantshediwa ke (a) Lefelo la Boitshepo? (b) lolwapa lo lo ka fa teng?
4 Go tswa mo tshedimosetsong eno e e tlhotlheleditsweng ke Modimo, re ka fetsa ka gore Lefelo le le Boitshepo la motlaagana le tshwantshetsa boemo jwa boitshepo jo bo ipelelwang sa ntlha ke Keresete mme morago ke maloko a a tloditsweng a baperesiti ba segosi ba ba 144 000 fa ba sa ntse ba le mo lefatsheng, pele ga ba tsena kafa teng ga “sesiro.” (Bahebera 6:19, 20; 1 Petere 2:9) Le tshwantshetsa sentle go amogelwa ga bone jaaka bomorwa Modimo ba semoya, fela jaaka Modimo a ile a bolela fa Jesu e le Morwawe morago ga go kolobediwa ga ga Jesu kwa Joredane ka 29 C.E. (Luke 3:22; Baroma 8:15) Mme go tweng ka lolwapa lo lo mo teng, e leng karolo e le yosi ya motlaagana e e neng e bonwa ke Baiseraele ba e seng baperesiti e bile e le lefelo le ditlhabelo di neng di direlwa mo go lone? Lo no lo tshwantshetsa boemo jo bo itekanetseng jwa monna Jesu jo bo neng jwa mo tshwanelegisa go ntshetsa setho botshelo jwa gagwe. Gape lo tshwantshetsa boemo jwa tshiamo jaaka baitshepi, jo balatedi ba gagwe ba ba tloditsweng ba nnang le jone fa ba sa ntse ba le mo lefatsheng, jo ba bo newang mo motheong wa setlhabelo sa ga Jesu.a—Baroma 1:7; 5:1.
Go Lekanya Lefelo le le Boitshepo la Tempele
5. Mo dipolelelongpele tsa Dikwalo Tsa Sehebera, ke eng se se neng se kaiwa ke (a) go lekanngwa ga Jerusalema? (b) go lekanngwa ga tempele ya ponatshegelo ya ga Esekiele?
5 Johane o bolelelwa gore a “lekanye lefelo le le boitshepo la tempele la Modimo le sebeso le ba ba obamelang mo go lone.” Seno se kaya eng? Mo dipolelelongpele tsa Dikwalo Tsa Sehebera, go lekanya goo go ne go tlhomamisa gore tshiamiso e ne e tla dirisiwa mo motheong wa melao ya ga Jehofa e e molemo. Mo motlheng wa ga Kgosi Manase yo o neng a le boikepo, go lekanya Jerusalema ga boporofeti go ne go supa katlholo e e neng e ka se fetolwe ya go senngwa ga motse oo. (2 Dikgosi 21:13; Dikhutsafalo 2:8) Le fa go ntse jalo, moragonyana, fa Jeremia a ne a bona Jerusalema a lekanngwa, seno se ne se tlhomamisa gore motse oo o ne o tla agiwa sesha. (Jeremia 31:39; bona le Sekarea 2:2-8.) Ka tsela e e tshwanang, go lekanngwa ka kelotlhoko le ka botlalo ga tempele ya ponatshegelo go go neng ga bonwa ke Esekiele go ne go tlhomamisetsa Bajuda ba ba neng ba le kwa botshwarong kwa Babelona gore kobamelo ya boammaaruri e ne e tla tsosolosiwa kwa nagagaeng ya bone. Gape e ne e le kgakololo ya gore, ka ntlha ya diphoso tsa bone, go simolola jaanong Iseraele o ne a tla tshwanelwa ke go tshela go ya ka melao ya Modimo e e boitshepo.—Esekiele 40:3, 4; 43:10.
6. Go bolelelwa ga ga Johane gore a lekanye lefelo le le boitshepo la tempele le baperesiti ba ba obamelang mo go lone ke sesupo sa eng? Tlhalosa.
6 Ka jalo, fa Johane a laelwa go lekanya lefelo le le boitshepo la tempele le baperesiti ba ba obamelang mo go yone, seo ke sesupo sa gore ga go na sepe se se ka thibelang go diragadiwa ga maikaelelo a ga Jehofa malebana le thulaganyo ya tempele le ba ba amanang le yone, le gore maikaelelo ao a gaufi le go konelwa. E re ka jaanong dilo tsotlhe di beilwe ka fa tlase ga dinao tsa moengele yo o nonofileng wa ga Jehofa, ke nako ya gore “thaba ya ntlo ya ga Jehofa e tlhomamisiwe thata kwa godimo ga ditlhoa tsa dithaba.” (Isaia 2:2-4) Kobamelo e e itshekileng ya ga Jehofa e tshwanetse go tlotlomadiwa, morago ga makgolokgolo a dingwaga a botlhanogi jwa ditumelo tse di ipitsang tsa Bokeresete. Gape ke nako ya gore bomorwarraagwe Jesu ba ba ikanyegang ba ba suleng, ba tsosediwe go ya lefelong la “Boitshepo jwa Maitshepo.” (Daniele 9:24; 1 Bathesalonika 4:14-16; Tshenolo 6:11; 14:4) Mme ba bofelo go tshwaiwa mo lefatsheng ba “batlhanka ba Modimo wa rona” ba tshwanetse go lekanngwa go ya ka ditekanyetso tsa Modimo e le gore ba tle ba tshwanelegele lefelo le le nnetseng ruri la bone mo thulaganyong ya tempele jaaka bomorwa Modimo ba ba tsetsweng ka moya. Ba setlhopha sa Johane gompieno ba lemoga ka botlalo ditekanyetso tseo tse di boitshepo e bile ba ikemiseditse go di fitlhelela.—Tshenolo 7:1-3; Mathaio 13:41, 42; Baefeso 1:13, 14; bapisa Baroma 11:20.
Go Gatakwa ka Dinao ga Lolwapa
7. (a) Ke ka ntlha yang fa Johane a bolelelwa gore a se ka a lekanya lolwapa? (b) Ke leng motse o o boitshepo o neng wa gatakwa ka dinao ka dikgwedi tse 42? (c) Baruti ba dikereke tse di ipitsang tsa Bokeresete ba ne ba retelelwa jang ke go tshegetsa ditekanyetso tsa tshiamo tsa ga Jehofa mo dikgweding tse 42?
7 Ke ka ntlhayang fa Johane a ne a thibelwa go lekanya lolwapa? O re bolelela ka mafoko ano: “Mme lolwapa lo lo kwa ntle ga lefelo le le boitshepo la tempele, lo kgaphele kwa thoko mme o se ka wa lo lekanya, ka gonne lo neilwe ditšhaba, mme ba tla gatakela motse o o boitshepo kafa tlase ga dinao dikgwedi di le masome a manè le bobedi.” (Tshenolo 11:2) Re lemogile gore lolwapa lo lo ka fa teng lo tshwantshetsa boemo jwa tshiamo mo lefatsheng jwa Bakeresete ba ba tsetsweng ka moya. Jaaka re tla bona, fano go buiwa ka dikgwedi tse 42 tsa mmatota tse di simologang ka December 1914 go ya go June 1918, fa batho botlhe ba ba ipolelang e le Bakeresete ba ne ba lekwa setlhogo. A ba ne ba tla tshegetsa ditekanyetso tsa ga Jehofa tsa tshiamo mo dingwageng tseo tsa ntwa? Bontsi jwa bone ba ne ba se ka ba dira jalo. Ka kakaretso, baruti ba ditumelo tse di ipitsang tsa Bokeresete ba ne ba baya boratanaga kwa pele ga go utlwa molao wa Modimo. Mo matlhakoreng oo mabedi a ntwa, e bogolo jwa yone bo neng jwa lwelwa mo mafatsheng a dinaga tse di ipitsang tsa Bokeresete, baruti ba ne ba pateletsa makawana go ya ntweng. Dimilione tsa bone di ne tsa bolawa. Fa katlholo eo e ne e simologa mo ntlong ya Modimo ka 1918, United States le ene o ne a setse a tseneletse mo tshololong eo ya madi, mme baruti botlhe ba dikereke tse di ipitsang tsa Bokeresete ba ne ba setse ba nnile le molato wa madi a a neng a lelela go lefediwa ka tsela ya bomodimo. (1 Petere 4:17) Go latlhwa ga bone ke mo go nnetseng ruri, mo go ka se kang ga fetolwa.—Isaia 59:1-3, 7, 8; Jeremia 19:3, 4.
8. Ka nako ya Ntwa ya Lefatshe I, ke eng se bontsi jwa Baithuti ba Baebele ba neng ba se lemoga, mme ke eng se ba neng ba sa se tlhaloganye ka botlalo?
8 Le fa go le jalo, go tweng ka setlhopha se se botlana sa Baithuti ba Baebele? A ba ne ba tshwanetse go lekanngwa gone fela foo ka 1914 gore ba ne ba ntse ba utlwa ditekanyetso tsa bomodimo jang? Nnyaa. Fela jaaka batho ba ditumelo tse di ipitsang tsa Bokeresete, le bone ba ne ba tshwanetse go lekwa. Ba ne ba ‘kgaphelwa kwa thoko, ba newa ditšhaba’ gore ba lekwe setlhogo ba bo ba bogisiwe. Bontsi jwa bone ba ne ba lemoga gore ba ne ba sa tshwanela go ya go bolaya beng ka bone, mme ka nako eo ba ne ba ise ba tlhaloganye boitlhaodi jwa Bokeresete ka botlalo. (Mika 4:3; Johane 17:14, 16; 1 Johane 3:15) Ka ntlha ya go gatelelwa ke ditšhaba, bangwe ba bone ba ne ba ineela.
9. Motse o o boitshepo o o neng wa gatakwa ka dinao ke ditšhaba ke ofe, mme mo lefatsheng, ke mang yo o tshwantshediwang ke motse ono?
9 Le fa go le jalo, motse oo o o boitshepo o ne wa gatakwa ka dinao jang ke ditšhaba? Ga go pelaelo gore, seno ga se reye Jerusalema yo o neng a senngwa mo dingwageng tse di fetang 25 pele ga Tshenolo e kwalwa. Go na le moo, motse o o boitshepo oo ke Jerusalema yo Mosha, o o tlhalosiwang moragonyana mo go Tshenolo, o jaanong mo lefatsheng o tshwantshediwang ke masalela a Bakeresete ba batlodiwa ba ba mo lolwapeng lo lo ka fa teng lwa tempele. Morago ga nako, bano le bone ba tla nna karolo ya motse o o boitshepo. Jalo go ba gataka ka dinao go tshwana fela le go gataka motse oo ka boone.—Tshenolo 21:2, 9-21.
Basupi ba Babedi
10. Ke eng se basupi ba ba ikanyegang ba ga Jehofa ba tshwanetseng go se dira fa ba ntse ba gatakwa?
10 Le e leng fa ba ntse ba gatakwa ka dinao, baikanyegi bano ga ba lese go nna basupi ba ba ikanyegang ba ga Jehofa. Ka gone, boporofeti bo a tswelela: “‘Mme ke tla dira gore basupi ba me ba babedi ba porofete malatsi a le sekete makgolo a mabedi le masome a marataro ba apere letsela la kgetsi.’ Bano ba tshwantshediwa ke ditlhare tse pedi tsa motlhware le ditlhomo tse pedi tsa lobone mme ba eme fa pele ga Morena wa lefatshe.”—Tshenolo 11:3, 4.
11. Go perofeta ga Bakeresete ba ba ikanyegang ba ba tloditsweng ba apere “letsela la kgetsi” go ne go kaya eng ka bone?
11 Bakeresete bano ba ba ikanyegang ba batlodiwa ba ne ba tlhoka go nna le boitshoko, ka gonne ba ne ba tshwanetse go porofeta ba apere “letsela la kgetsi.” Seno se ne se kaya eng? Mo metlheng ya Baebele letsela la kgetsi gantsi le ne le tshwantshetsa go lela. Go le apara e ne e le sesupo sa gore motho o ne a hutsafetse e bile a tlaletswe fela thata. (Genesise 37:34; Jobe 16:15, 16; Esekiele 27:31) Letsela la kgetsi le ne le amanngwa le melaetsa e e hutsafatsang ya katlholo kana ya kutlobotlhoko e baporofeti ba Modimo ba neng ba tshwanetse go e bolela. (Isaia 3:8, 24-26; Jeremia 48:37; 49:3) Go apara letsela la kgetsi go ka supa boikokobetso kana boikotlhao ka ntlha ya tlhagiso ya bomodimo. (Jona 3:5) Letsela la kgetsi le le neng le aperwe ke basupi ba babedi go lebega le supa go itshoka ga bone ka boikokobetso fa ba ne ba bolela dikatlholo tsa ga Jehofa. E ne e le basupi ba ba neng ba bolela letsatsi la gagwe la pusoloso le gape le neng le tla lere selelo mo ditšhabeng.—Duteronome 32:41-43.
12. Ke ka ntlha yang fa lobaka lwa nako lo motse o o boitshepo o gatakwang ka dinao ka lone lo bonala e le lwa mmatota?
12 Ba setlhopha sa Johane ba ne ba tshwanetse go bolela molaetsa ono ka nako e e beilweng ka tlhomamo: malatsi a le 1 260, kana dikgwedi tse 42, e leng nako e e lekanang fela le e e neng e beetswe go gatakwa ka dinao ga motse o o boitshepo. Lobaka lono go bonala e le lwa mmatota, e re ka lo bolelwa ka ditsela tse pedi tse di farologaneng, sa ntlha ka dikgwedi mme go tswa foo ka malatsi. Mo godimo ga moo, kwa tshimologong ya letsatsi la Morena, go ne ga nna le nako e e tshwailweng ya dingwaga tse tharo le sephatlo fa batho ba Modimo ba ne ba diragalelwa ke dilo tse di tshwanang le tse di bolelelwang pele fano—go simologa ka December 1914 le go tswelela go fitlha ka June 1918. (Tshenolo 1:10) Ba ne ba rera molaetsa kaga katlholo ya ga Jehofa mo ditumelong tse di ipitsang tsa Bokeresete le mo lefatsheng ba apere “letsela la kgetsi.”
13. (a) Ke eng se se kaiwang ke kgang ya go bo Bakeresete ba ba tloditsweng ba ne ba tshwantshediwa ke basupi ba babedi? (b) Ke polelelopele efe ya ga Sekarea e re e gakololwang ke go bo Johane a bitsa basupi ba babedi “ditlhare tse pedi tsa motlhware, le ditlhomo tse pedi tsa lobone”?
13 Lebaka la go bo ba ne ba tshwantshediwa ke basupi ba babedi le re tlhomamisetsa gore molaetsa wa bone o ne o le boammaaruri e bile o tlhomame. (Bapisa Duteronome 17:6; Johane 8:17, 18.) Johane o ba bitsa “ditlhare tse pedi tsa motlhware, le ditlhomo tse pedi tsa lobone,” a bolela gore ba “eme fa pele ga Morena wa lefatshe.” Ga go pelaelo gore seno ke se polelelopele ya ga Sekarea, yo o neng a bona ditlhomo tsa dipone tsa dikala tse supa le ditlhare tse pedi tsa motlhware e lebisitseng go sone. Go ne ga bolelwa fa ditlhare tsa motlhware di ne di tshwantshetsa “batlodiwa ba babedi,” ke gore, Molaodi Serubabele le Moperesiti yo Mogolo Joshua, “ba ba emeng fa thoko ga Morena wa lefatshe lotlhe.”—Sekarea 4:1-3, 14.
14. (a) Ke eng se se neng se supiwa ke ponatshegelo ya ga Sekarea ya ditlhare tse pedi tsa motlhware? le setlhomo sa lobone? (b) Ke eng se Bakeresete ba ba tloditsweng ba neng ba tla se itemogelela ka nako ya ntwa ya ntlha ya lefatshe?
14 Sekarea o ne a tshela mo metlheng ya fa go agiwa motse sesha, mme ponatshegelo ya gagwe ya ditlhare tse pedi tsa motlhware e ne e raya gore Serubabele le Joshua ba ne ba tla segofadiwa ka moya wa ga Jehofa mo go nonotshetseng batho go dira tiro. Ponatshegelo ya ditlhomo tsa lobone e ne ya gakolola Sekarea gore a se ka a ‘nyatsa letsatsi la dilo tse di potlana’ ka gonne maikaelelo a ga Jehofa a ne a tla diragadiwa— “‘E seng ka mophato wa sesole, le fa e le ka maatla, mme ka moya wa me,’ go buile Jehofa wa masomosomo.” (Sekarea 4:6, 10; 8:9) Setlhopha se sebotlana sa Bakeresete ba kwantle ga go itsapa ba neng ba isa lesedi la boammaaruri kwa bathong ka nako ya ntwa ya lefatshe ya ntlha le bone ka tsela e e tshwanang ba ne ba tla dirisiwa mo tirong ya go aga sesha. Le bone ba ne ba tla nna motswedi wa kgothatso mme, lefa ba ne ba se kae ka palo, ba ne ba tla ithuta go ikaega ka nonofo ya ga Jehofa, ba sa nyatse motlha wa ditshimologo tse dipotlana.
15. (a) Lebaka la go bo Bakeresete ba ba tloditsweng ba ne ba tlhalosiwa jaaka basupi ba babedi gape le re gakolola eng? Tlhalosa. (b) Ke ditshupo tsa mofuta ofe tse basupi ba babedi ba laelwang go di dira?
15 Lebaka la go bo ba ne ba tlhalosiwa jaaka basupi ba babedi gape le re gakolola kaga ponatshegelo ya fa Jesu a ne a fetoga ponalo. Mo ponatshegelong eo, baaposetoloi ba ga Jesu ba bararo ba ne ba mmona a le mo kgalalelong ya Bogosi, a patilwe ke Moshe le Elija. Seno se ne se tshwantshetsa go nna ga ga Jesu mo setulong sa gagwe sa bogosi se se galalelang ka 1914 a diragatsa tiro e e neng e tshwantshediwa ke baporofeti bao ba babedi. (Mathaio 17:1-3) Go a tshwanela go bo basupi ba babedi jaanong ba bonwa ba dira ditshupo tse di re gakololang tse di neng tsa dirwa ke Moshe le Elija. Ka sekai, Johane o bolela jaana ka bone: “Mme fa mongwe a batla go ba gobatsa, molelo o tswa mo melomong ya bone o bo o laila baba ba bone; mme fa mongwe a ka batla go ba gobatsa, o tshwanetse go bolawa ka mokgwa ono. Bano ba na le taolo ya go tswala legodimo gore go se ka ga na pula mo malatsing a go porofeta ga bone.”—Tshenolo 11:5, 6a.
16. (a) Sesupo se se malebana le molelo se re gakololang jang motlha wa fa bolaodi jwa ga Moshe bo ne bo gwetlhiwa kwa Iseraele? (b) Baruti ba ditumelo tse di ipitsang tsa Bokeresete ba neng ba senya Baithuti ba Baebele leina jang le go ba tsosetsa mathata ka ntwa ya ntlha ya lefatshe, mme bone ba ne ba iphemela jang?
16 Seno se re gakolola nako ya fa bolaodi jwa ga Moshe bo ne bo gwetlhiwa kwa Iseraele. Moporofeti yoo o ne a bolela mafoko a a bogale a katlholo, mme Jehofa o ne a fedisa batsuolodi bao, a ba nyeletsa ba le 250 ka molelo wa mmatota go tswa legodimong. (Dipalo 16:1-7, 28-35) Ka tsela e e tshwanang, baeteledipele ba ditumelo tse di ipitsang tsa Bokeresete ba ne ba senya Baithuti ba Baebele leina, ba bolela gore ga ba a aloga kwa dikolong tsa boruti. Mme basupi bano ba Modimo ba ne ba na le makwalo a maemo a a kwa godimo a go nna badiredi: e leng batho ba ba pelonomi ba ba neng ba utlwa molaetsa wa bone wa Dikwalo. (2 Bakorintha 3:2, 3) Ka 1917 Baithuti ba Baebele ba ne ba gatisa The Finished Mystery, e e neng e tlhalosa ka tsela e e maatla ka dibuka tsa Tshenolo le Esekiele. Eno e ne ya latelwa ke go abiwa ga dikaelo tse 10 000 000 tsa pampitshana ya ditsebe tse nnè ya The Bible Students Monthly e setlhogo sa yone se segolo e neng e le “Go wa Ga Babelona—Lebaka La go Bo Ditumelo Tse di Ipitsang Tsa Bokeresete Jaanong di Tshwanetse go Boga—Phelelo ya Bofelo.” Kwa United States, baruti ba ba galefileng ba ne ba dirisa lesukasuka la ntwa jaaka seipato sa go dira gore buka eo e thibelwe. Mo dinageng tse dingwe buka eo e ne ya thibelwa semolao. Le fa go le jalo, batlhanka ba Modimo ba ne ba nna ba iphemela ka ditlhogo tse di bogale tsa pampitshana ya ditsebe tse nnè ya setlhogo se se reng Kingdom News. Fa letsatsi la Morena le ntse le tsweletse, dikgatiso tse dingwe di ne di tla tlhalosa sentle boemo jwa go swa semoyeng jwa ditumelo tse di ipitsang tsa Bokeresete.—Bapisa Jeremia 5:14.
17. (a) Ke ditiragalo dife mo metlheng ya ga Elija tse di neng di amana le komelelo le molelo? (b) Molelo o ne wa tswa jang mo maganong a basupi ba babedi, mme ke komelelo ya mofuta ofe e e neng ya nna gone?
17 Go tweng ka Elija? Mo metlheng ya dikgosi tsa Iseraele, moperofeti yono o ne a itsise kaga komelelo e e neng e tla nna sesupo sa bogale jwa ga Jehofa mo Baiseraeleng ba ba neng ba obamela Baale. E ne ya tsaya sebaka sa dingwaga tse tharo le sephatlo. (1 Dikgosi 17:1; 18:41-45; Luke 4:25; Jakobe 5:17) Moragonyana, fa Kgosi e e neng e sa ikanyege e bong Ahasia e ne e romela masole go ya go pateletsa Elija go tla mo lefelong la gagwe la segosi, moporofeti yoo o ne a rapelela gore molelo o tswe kwa legodimong o nyeletse masole ao. E ne ya nna fela fa molaodi wa masole a bontsha tlotlo e e tshwanetseng mo boemong jwa gagwe jaaka moperofeti, Elija a neng a dumela go ya le ene kwa kgosing. (2 Dikgosi 1:5-16) Ka tsela e e tshwanang, magareng a 1914 le 1918, masalela a a tloditsweng ka bopelokgale a ne a tlhokomedisa batho ka komelelo ya semoya ya mo dikerekeng tse di ipitsang tsa Bokeresete ya “letsatsi le legolo le le le boitshegang la ga Jehofa.”—Malaki 4:1, 5; Amose 8:11.
18. (a) Basupi ba babedi ba newa taolo efe, mme e ne e tshwana jang le e e neng ya newa Moshe? (b) Basupi ba babedi ba ne ba senola jang dikereke tse di ipitsang tsa Bokeresete?
18 Johane o tswelela go bua jaana kaga basupi ba babedi: “Mme ba na le taolo godimo ga metsi go a fetola gore a nne madi le go itaya lefatshe ka sebetso sa mofuta mongwe le mongwe ka gale fa ba batla jalo.” (Tshenolo 11:6b) E le gore a tle a pateletse Faro go golola Baiseraele, Jehofa o ne a dirisa Moshe go itaya Baegepeto ba bagateledi ka dipetso, go akareletsa le go fetola metsi madi. Morago ga makgolokgolo a dingwaga, baba ba Baiseraele ba Bafilisitia ba ne ba sa ntse ba gakologelwa sentle ditiro tsa ga Jehofa kgatlhanong le Egepeto, go ba dira gore ba goeletse ka go re: “Ke mang yo o tla re bolokang mo seatleng sa Modimo yono yo o tlotlometseng? Yono ke ene Modimo yo o neng a itaya Egepeto ka polao ya mofuta mongwe le mongwe [“sebetso,” Revised Standard Version] kwa nageng.” (1 Samuele 4:8; Pesalema 105:29) Moshe o ne a tshwantshetsa Jesu, yo o neng a na le taolo ya go bolelela baeteledipele ba bodumedi ba motlha wa gagwe dikatlholo tsa Modimo. (Mathaio 23:13; 28:18; Ditiro 3:22) Mme ka nako ya ntwa ya ntlha ya lefatshe bomonnawe Keresete, e bong basupi ba babedi, ba ne ba senola “metsi” a a bolayang a dikereke tse di ipitsang tsa Bokeresete di neng di a siela letsomane la tsone.
Go Bolawa ga Basupi ba Babedi
19. Go ya ka pego ya Tshenolo, go diragalang fa basupi ba babedi ba fetsa go rera ga bone?
19 Sebetso seno se ne se le segolo mo dikerekeng tse di ipitsang tsa Bokeresete mo e leng gore morago ga basupi ba babedi ba sena go porofeta ka dikgwedi di le 42 ba apere letsela la kgetsi, dikereke tseno di ne tsa dirisa tlhotlheletso ya tsone mo lefatsheng go dira gore ba ‘bolawe.’ Johane o kwala jaana: “Mme fa ba fetsa go neela bosupi, sebatana sa naga se se tlhatlogang mo moleteng o o se nang bolekanngo se tla lwa le bone mme se ba fenye se ba bolaye. Mme ditopo tsa bone di tla nna mo tseleng e e atlhameng ya motse o mogolo o ka tlhaloganyo ya semoya o bidiwang Sodoma le Egepeto, koo Morena wa bone a neng a bapolelwa gone le ene. Mme batho le ditso le diteme le ditšhaba ba tla leba ditopo tsa bone malatsi a le mararo le sephatlo, mme ga ba letle gore ditopo tsa bone di ladiwe mo lebitleng. Mme ba ba nnang mo lefatsheng ba ipela ka ntlha ya bone e bile ba ijesa monate, mme ba tla romelelana dimpho, ka gonne baporofeti ba babedi bano ba ne ba tlhokofatsa ba ba nnang mo lefatsheng.”—Tshenolo 11:7-10.
20. “Sebatana sa naga se se tlhatlogang mo moleteng o o se nang bolekanngo” ke eng?
20 Leno ke lekgetlo la ntlha la a a 37 a go buiwang ka sebatana ka one mo go Tshenolo. Mo nakong e e tlang re tla sekaseka sebatana seno le tse dingwe ka botlalo. Go a utlwala gore gone jaanong re re “sebatana sa naga se se tlhatlogang mo moleteng o o se nang bolekanngo” ke sa ga Satane, e bong tsamaiso ya dilo e e tshelang ya sepolotiki.b—Bapisa Tshenolo 13:1; Daniele 7:2, 3, 17.
21. (a) Baba ba bodumedi ba basupi ba babedi ba ne ba dirisa jang seemo sa ntwa ka botlalo? (b) Lebaka la go bo ditopo tsa basupi ba babedi di ne tsa tlogelwa di sa fitlhwa le ne le supa eng? (c) Lobaka lwa nako ya malatsi a mararo le sephatlo lo tshwanetse go lebiwa jang? (Bona mokwalo o o kwa tlase.)
21 Go simologa ka 1914 go ya go 1918 ditšhaba di ne di tshwaregile thata mo ntweng ya ntlha ya lefatshe. Maikutlo a boratanaga a ne a ile magoletsa, mme mo dikgakologong tsa 1918, baba ba bodumedi ba basupi ba babedi ba ne ba dirisa seemo seo ka botlalo. Ba ne ba loga maano ka boramolao ba Puso mo e leng gore badiredi ba ba nang le boikarabelo ba Baithuti ba Baebele ba ne ba latlhelwa mo kgolegelong ka ditatofatso tsa maaka tsa gore ba a tsuologa. Badirimmogo le bone ba ba ikanyegang ba ne ba sala ba akabetse. Tiro ya Bogosi e ne e batlile e ema. Go ne go ntse jaaka e kete tiro ya go rera e ne e sule. Mo metlheng ya Baebele e ne e le tlontlololo e e maswe gore motho a se ka a fitlhwa mo lebitleng. (Pesalema 79:1-3; 1 Dikgosi 13:21, 22) Jalo, go se fitlhwe ga basupi ba babedi e ne e tla nna kgobo e kgolo. Mo mogoteng wa Palesetine, setopo se se tlogetsweng mo mmileng ruri se ne se tla simolola go nkga morago ga malatsi a mmatota a mararo le sephatlo.c (Bapisa Johane 11:39.) Ka gone, ntlha eno ya boporofeti e supa ditlhong tse basupi ba babedi ba neng ba tshwanelwa ke go di itshokela. Batho ba ba umakiwang fa godimo ba ba neng ba latlhelwa mo kgolegelong ba ne ba bile ba se ka ba dumelelwa beile fa dikgetsi tsa bone di ne di sa ntse di isitswe kwa kgotlatshekelong ya boikuelo. Ba ne ba senolwa phatlalatsa ka lobaka lo loleele mo e leng gore ba ne ba nna jaaka sebodu mo baaging ba “motse o mogolo.” Mme “motse o mogolo” ono e ne e le ofe?
22. (a) Motse o mogolo ke eng? (b) Makwalodikgang a lefatshe a ne a nna seoposengwe jang le baruti go ipelela go didimadiwa ga basupi ba babedi? (Bona lebokoso.)
22 Johane o re latlhelela lesedi. O bolela gore Jesu o ne a bapolelwa koo. Jalo ka bofefo fela re akanya ka Jerusalema. Mme gape a re motse o mogolo oo o bidiwa Sodoma le Egepeto. Ebu, Jerusalema wa mmatota ka nako nngwe o ne a bidiwa Sodoma ka ntlha ya ditiro tsa gagwe tse di seng phepa. (Isaia 1:8-10; bapisa Esekiele 16:49, 53-58.) Mme Egepeto, e leng mmusomogolo wa ntlha wa lefatshe, ka dinako tse dingwe o tshwantshanngwa le tsamaiso eno ya dilo ya lefatshe. (Isaia 19:1, 19; Joele 3:19) Ka jalo, motse ono o mogolo o tshwantshetsa “Jerusalema” o o leswafetseng o o iphakang gore o obamela Modimo mme e le o o seng phepa e bile o tletse boleo, fela jaaka Sodoma, e bile e le karolo ya tsamaiso eno ya dilo ya lefatshe ya ga Satane, fela jaaka Egepeto. O tshwantshetsa ditumelo tse di ipitsang tsa Bokeresete, e leng setshwani sa segompieno sa Jerusalema yo o neng a sa ikanyege, e bong phuthego e maloko a yone a neng a itumela thata fa a sena go emisa go rera go go ba tshwenyang ga basupi ba babedi.
Ba Tsosiwa Gape!
23. (a) Ke eng se se diragalelang basupi ba babedi morago ga malatsi a mararo le sephatlo, mme seno se ama baba ba bone jang? (b) Ke leng polelelopele ya Tshenolo 11:11, 12 le ya Esekiele ya fa Jehofa a ne a tsenya moya wa gagwe mo mokgatšheng wa marapo a a omeletseng e neng ya diragadiwa mo motlheng wa gompieno?
23 Bobegadikgang bo ne jwa kopanela le baruti mo go senyeng batho ba Modimo leina, lokwalodikgang longwe lo re: “The Finished Mystery e khutlisitswe.” Le fa go le jalo, seo e ne e se boammaaruri! Basupi ba babedi ba ne ba se ka ba swela ruri. Re bala jaana: “Morago ga malatsi a le mararo le sephatlo moya wa botshelo o o tswang kwa Modimong wa tsena mo go bone, mme ba ema ka dinao, mme poifo e kgolo ya wela ba ba ba bonang. Mme ba utlwa lentswe le le kwa godimo le tswa legodimong le ba raya le re: ‘Tlhatlogelang kwano.’ Mme ba tlhatlogela kwa legodimong ba le mo lerung, mme baba ba bone ba ba bona.” (Tshenolo 11:11, 12) Ka gone, ba ne ba diragalelwa ke se se tshwanang le se se neng sa diragalela marapo a a omeletseng a a neng a le mo mokgatšheng o Esekiele a neng a etela kwa go one a le mo ponatshegelong. Jehofa o ne a hemela mo marapong ao a a omeletseng, mme a ne a tshela gape, a tshwantshetsa go tsalwa sesha ga setšhaba sa Iseraele morago ga dingwaga tse 70 tsa go tshwarwa ga bone kwa Babelona. (Esekiele 37:1-14) Dipolelelopele tseno tse pedi, e e mo go Esekiele le e e mo go Tshenolo, di ne tsa nna le tiragatso ya tsone e e kgatlhang ya motlha wa segompieno ka 1919, fa Jehofa a ne a tsosetsa basupi ba gagwe ba ba ‘suleng’ go tshela gape ka tlhagafalo.
24. Fa basupi ba babedi ba sena go tshela gape, seno se ne sa ama jang babogisi ba bone ba bodumedi?
24 A bo seo se ne sa tshosa babogisi ba bone jang ne! Ditopo tsa basupi ba babedi ka tshoganetso fela di ne tsa tshela mme ba boa ba tlhagafala gape. Seo se ne sa se ka sa itumedisa, segolo jang ka badiredi ba Bakeresete ba ba neng ba ba logetse maano a gore ba latlhelwe mo kgolegelong ba ne ba golotswe gape, mme moragonyana ba se ka ba bonwa molato gotlhelele. Go tshoga ga bone go tshwanetse ga bo go ne ga nna gogolo le go feta fa, ka September 1919, Baithuti ba Baebele ba ne ba tshwara kopano kwa Cedar Point, Ohio, U.S.A. Mo go yone J. F. Rutherford, yo o neng a sa tswa go gololwa mo kgolegelong, o ne a kgothatsa batlakopanong ka puo ya gagwe e e neng e re “Go Itsise ka Bogosi,” e e neng e theilwe mo go Tshenolo 15:2 le Isaia 52:7. Ba setlhopha sa Johane ba ne ba simolola gape go “porofeta,” kana go rera phatlalatsa. Ba ne ba nna ba nonofela pele, ba senola boitimokanyo jwa ditumelo tse di ipitsang tsa Bokeresete kwantle ga poifo.
25. (a) Ke leng basupi ba babedi ba neng ba tewa ga twe, “Tlhatlogelang kwano,” mme seo se ne sa direga jang? (b) Go tsosolosiwa ga basupi ba babedi go ne ga tshosa motse o mogolo jang?
25 Ditumelo tse di ipitsang tsa Bokeresete di ne tsa leka gangwe le gape go boeletsa phenyo ya tsone ya 1918. Di ne jaanong di dirisa digopa tsa batho, di loga maano ka boramolao, di ba latlhela mo kgolegelong, le e leng go ba bolaya—gotlhe ga se ka ga thusa sepe! Morago ga 1919 bomoya jwa basupi ba babedi bo ne bo le kwa godimo thata mo di neng di ka se kgone go ba fitlhelela. Mo ngwageng oo Jehofa o ne a ba reile a re: “Tlhatlogelang kwano,” mme ba ne ba tlhatlogetse kwa boemong jo bo kwa godimo jwa semoya koo baba ba bone ba neng ba kgona go ba bona mme ba sa kgone go ba kgoma. Johane o tlhalosa kafa go tsosolosiwa ga bone go neng ga tshosa motse o mogolo ka gone: “Ka nako eo ga nna thoromo e kgolo ya lefatshe, mme nngwesomeng ya motse ya wa; batho ba le dikete di supa ba bolawa ke thoromo ya lefatshe, mme ba bangwe botlhe ba tshoga ba bo ba naya Modimo wa legodimo kgalalelo.” (Tshenolo 11:13) Ruri go ne ga nna le dikhuduego tse dikgolo mo bodumeding. Go ne go ntse jaaka e kete lefatshe le ne le roroma kafa tlase ga baeteledipele bao ba dikereke tse di itsegeng thata jaaka fa setlhopha seno sa Bakeresete ba ba tsositsweng ba ne ba simolola tiro. Nngwesomeng ya motse wa bone, batho ba ba 7 000 ka tshwantshetso, ba ne ba amegile fela thata mo go buiwang ka bone jaaka ba ba bolailweng.
26. Ke bomang ba ba emelwang ke “nngwesomeng ya motse” le ba ba “dikete di supa” ba Tshenolo 11:13? Tlhalosa.
26 Mafoko a a reng “nngwesomeng ya motse” a re gakolola gore Isaia o ne a porofeta ka Jerusalema wa bogologolo gore nngwesomeng ya batho ba ne ba tla falola go senngwa ga motse oo e le losika lo lo boitshepo. (Isaia 6:13) Ka tsela e e tshwanang, palo ya 7 000 e re gakolola gore fa Elija a ne a ikutlwa gore e ne e le ene fela motho yo o ikanyegang yo o neng a setse a le nosi mo Iseraele, Jehofa o ne a mmolelela gore, tota, go ne go sa ntse go na le batho ba le 7 000 ba ba neng ba sa obamele Baale. (1 Dikgosi 19:14, 18) Mo lekgolong la ntlha la dingwaga, moaposetoloi Paulo o ne a bolela gore batho ba ba 7 000 bano ba ne ba tshwantshetsa masalela a Bajuda ba ba neng ba tsibogela dikgang tse di molemo kaga Keresete. (Baroma 11:1-5) Dikwalo tseno di re thusa go tlhaloganya gore ba ba “dikete di supa” le “nngwesomeng ya motse” mo go Tshenolo 11:13 ke ba ba reetsang basupi ba babedi ba ba tsosolositsweng ba bo ba tswa mo motseng o mogolo o o tletseng boleo. Ba a swa, jaaka go ka tualo, mo ditumelong tse di ipitsang tsa Bokeresete. Maina a bone a phimolwa mo malokong a gagwe. Go ya ka ene, ga ba tlhole ba tshela.d
27, 28. (a) Ke jang ‘ba bangwe botlhe ba neng ba naya Modimo wa legodimo kgalalelo’? (b) Ke eng se baruti ba ditumelo tse di ipitsang tsa Bokeresete ba neng ba patelesega go se dumela?
27 Mme ke jang ‘ba bangwe botlhe [ba ditumelo tse di ipitsang tsa Bokeresete] ba neng ba naya Modimo wa legodimo kgalalelo’? Eleruri e ne e se ka go tlogela bodumedi jwa bone jwa botlhanogi le go nna batlhanka ba Modimo. Go na le moo, ke jaaka go tlhalositswe mo go Word Studies in the New Testament ya ga Vincent, fa e bua ka mafoko “ba naya Modimo wa legodimo kgalalelo.” Buka eno e tlhalosa jaana: “Polelo eo ga e kae go sokologa, kana go ikwatlhaya, le fa e le go ntsha malebogo, go na le moo e kaya temogo, e leng se ka gale e se rayang mo dikwalong. Bapisa Josh. vii. 19 (Sept.). Joh. ix. 24; Dit. xii. 23; Bar. iv. 20.” Ka maswabi, ditumelo tse di ipitsang tsa Bokeresete di ne tsa tshwanelwa ke go dumela gore Modimo wa Baithuti ba Baebele o ne a dirile tiro e kgolo ka go ba tsosolosetsa go dira tiro ya Bokeresete.
28 Gongwe baruti ba ne ba dumela jalo mo mogopolong fela, kana gareng ga bone. Totatota, ga go na ope wa bone yo go bolelwang fa a ne a bolela phatlalatsa kaga Modimo wa basupi ba babedi. Mme boporofeti jwa ga Jehofa ka Johane bo re thusa go lemoga se se neng se le mo dipelong tsa bone le go lemoga poifo e e neng ya ba isa kwa tlase e ba neng ba nna le yone ka 1919. Go simologa ka ngwaga oo go ya pele, fa ba ba “dikete di supa” ba ne ba tlogela dikereke tse di ipitsang tsa Bokeresete go sa kgathalesege maiteko a tsone a go ikemisetsa go gana ka dinku tsa tsone, baruti ba ne ba patelesega go lemoga gore Modimo wa ba setlhopha sa Johane o ne o nonofile go gaisa modimo wa bone. Ba ne ba tla lemoga seno sentle le go feta mo dingwageng tsa moragonyana, jaaka bontsintsi jwa letsomane la bone ba ne ba tla ba tlogela, ba bua mafoko a a neng a buiwa ke batho fa Elija a ne a fenya ba tumelo ya ga Baale kwa Thabeng ya Karemela ba re: “Jehofa ke Modimo wa boammaaruri! Jehofa ke Modimo wa boammaaruri!”—1 Dikgosi 18:39.
29. Ke eng se Johane a reng se tloga se tla ka bofefo, mme ke go tshikhinyega gofe go gongwe go go emetseng ditumelo tse di ipitsang tsa Bokeresete?
29 Mme reetsa! Johane o a re bolelela: “Ijoo wa bobedi o fetile. Bona! Ijoo wa boraro o tla ka bonako.” (Tshenolo 11:14) Fa e le gore ditumelo tse di ipitsang tsa Bokeresete di tshikhintswe ke se se diragetseng go tla go fitlha jaanong, di tla dirang fa go itsisiwe ijoo wa boraro, fa moengele wa bosupa a letsa lonaka lwa gagwe, mme sephiri se se boitshepo sa Modimo se wediwa labofelo?—Tshenolo 10:7.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Go bona kgang ka botlalo ka ga tempele eno e kgolo ya semoya, bona setlhogo se se reng “Tempele ya ga Jehofa e Kgolo ya Semoya” mo makasineng wa Tora ya Tebelo ya July 1, 1996 le “Tempele e le Nngwe ya Boammaruri kwa go Tshwanetsweng go Obangwa Gona,” mo makasineng wa March 1, 1974.
b “Molete o o se nang bolekanngo” (Segerika aʹbys·sos; Sehebera, tehohmʹ) ka tshwantshetso o kaya lefelo la go sa dire. (Bona Tshenolo 9:2.) Le fa go ntse jalo, gape o ka kaya lewatle le legolo la mmatota. Lefoko la Sehebera gantsi le ranolwa e le ‘madiba a a boteng.’ (Pesalema 71:20; 106:9; Jona 2:5) Ka gone, “sebatana sa naga se se tlhatlogang mo moleteng o o se nang bolekanngo” gape se ka tshwantshanngwa le “sebatana sa naga se se tlhatlogang se tswa mo lewatleng.”—Tshenolo 11:7; 13:1.
c Ela tlhoko gore fa go tlhatlhobiwa maitemogelo a batho ba Modimo ka nako eno, go lebega gore le fa dikgwedi tse 42 di ne di emela dingwaga tse tharo le sephatlo tsa mmatota, malatsi a mararo le sephatlo ga a emele sebaka sa mmatota sa diura tse 84. Ka tshwanelo, lobaka lo lo tlhomameng lwa malatsi a mararo le sephatlo lo umakiwa gabedi (mo ditemaneng 9 le 11) go gatelela gore e tla bo e le lobaka lo lokhutshwane fela fa lo bapisiwa le dingwaga tse tharo le sephatlo tsa mmatota tsa tiro pele ga lone.
d Bapisa go dirisiwa ga mafoko “sule,” “swa,” le “tshela” mo dikwalong tse di jaaka Baroma 6:2, 10, 11; 7:4, 6, 9; Bagalatia 2:19; Bakolosa 2:20; 3:3.
[Lebokoso mo go tsebe 168]
Boipelo Jwa Tshenolo 11:10
Mo bukeng ya gagwe ya Preachers Present Arms, e e neng ya gatisiwa ka 1933, Ray H. Abrams o umaka kganetso e kgolo e baruti ba neng ba ganetsa buka ya Baithuti ba Baebele ya The Finished Mystery ka yone. O kwala ka maano a baruti a go ikgomorolola Baithuti ba Baebele le “go bua ga bone mo go sa jeseng di welang.” Seno se ne sa gogela kwa tshekong e e neng ya felela ka go atlholelwa ga ga J. F. Rutherford le badirikaene ba le supa dingwaga tse dintsi mo kgolegelong. Dr. Abrams o oketsa ka go re: “Fa kgang yotlhe e sekasekwa go fitlhwa mo tshwetsong ya gore dikereke le baruti ke bone ba pele ba neng ba tlhotlheletsa kgato ya go fedisa Ba-Russell. Mo Canada, ka February, 1918, baruti ba ne ba simolola tlhabano ya ka metlha kgatlhanong le bone le dikgatiso tsa bone, segolo bogolo The Finished Mystery. Go ya ka Tribune ya kwa Winnipeg, . . . go thibelwa ga buka ya bone go ne ga dumelwa fa go ne go dirilwe ka tlhamalalo ke ‘baemedi ba baruti.’”
Dr. Abrams o tswelela jaana: “Fa dikgang kaga go atlholelwa dingwaga tse 20 mo kgolegelong di ne di fitlha kwa barulaganying ba makwalodikgang a bodumedi, tota nngwe le nngwe ya dikgatiso tseno, tse dikgolo le tse dipotlana, di ne tsa ipelela tiragalo eo. Ga ke a kgona go bona mafoko ape a go tlhomoga pelo mo go epe ya dimakasine tseno tsa ditumelo tse dikgolo. ‘Ga go na pelaelo epe,’ ga digela jalo Upton Sinclair, kaga gore ‘pogiso . . . ka ntlha e nngwe e ne e bakiwa ke lebaka la go bo ba ne ba ilwa ke ditlhopha tsa ditumelo “tse dikgolo.”’ Se maiteko a a kopanetsweng a dikereke a neng a retelelwa ke go se dira jaanong go ne go lebega fa puso e ne e atlegile mo go se di direleng.” Morago ga go nopola dikakgelo tse di gobololang tsa dikgatiso di le mmalwa tsa bodumedi, mokwadi o ne a umaka kgang ya go fetolwa ga tshwetso eo kwa Kgotlatshekelong ya Boikuelo a bo a akgela ka go re: “Ga go ope mo dikerekeng yo o neng a bua sepe ka katlholo eno.”
[Setshwantsho mo go tsebe 163]
Johane o lekanya tempele ya semoya—baperesiti ba ba tloditsweng ba tshwanetse go fitlhelela ditekanyetso dingwe
[Ditshwantsho mo go tsebe 165]
Tiro ya go agiwa sesha e e neng ya dirwa ke Serubabele le Joshua e ne e supa gore mo letsatsing la Morena ditshimologo tse dipotlana di ne di tla salwa morago ke koketsego e kgolo gareng ga Basupi ba ga Jehofa. Dikago tse di tshwanang le tse di bontshiwang fa godimo, tse di kwa Brooklyn, New York, di ile tsa tshwanelwa ke go atolosiwa e le gore di tle di thuse ka dilo tse di tlhokegang
[Ditshwantsho mo go tsebe 166]
Melaetsa e e bogale ya katlholo e e neng ya bolelwa ke basupi ba babedi e ne ya tshwantshediwa ke tiro ya boporofeti ya ga Moshe le Elija
[Ditshwantsho mo go tsebe 169]
Fela jaaka marapo a a omeletseng a Esekiele kgaolo 37, basupi ba babedi ba boa ba tlhagafala gape go dira tiro ya motlha wa segompieno ya go rera