Kgaolo ya Lesometlhano
Tshwetso ya ga Jehofa Kgatlhanong le Ditšhaba
1. Isaia o kwala polelo efe ya katlholo kgatlhanong le Asiria?
JEHOFA a ka dirisa ditšhaba go otlhaela batho ba gagwe boikepo jwa bone. Le fa go ntse jalo, ga a tlodise ditšhaba tseo matlho fa di na le bosetlhogo jo bo sa tlhokegeng, boikgogomoso, le go tlhoa bodumedi jwa boammaaruri. Ka jalo, o tlhotlheletsa Isaia go sa le gale gore a kwale “polelo kgatlhanong le Babelona.” (Isaia 13:1) Le fa go ntse jalo, Babelona ke matshosetsi a nako e e tlang. Mo motlheng wa ga Isaia, Asiria o gatelela batho ba kgolagano ya Modimo. Asiria o senya bogosi jwa bokone jwa Iseraele a bo a ripitla bontsi jwa Juda. Mme phenyo ya Asiria ke ya nakwana. Isaia o kwala jaana: “Jehofa wa masomosomo o ikanne, a re: ‘Ruri go tla diragala fela jaaka ke ikanne . . . gore ke robaganye Moasiria yo o mo lefatsheng la me le gore ke mo gatake mo dithabeng tsa me; le gore jokwe ya gagwe e tle e tswe mo go bone le morwalo wa gagwe o tloge mo legetleng la bone.’” (Isaia 14:24, 25) Go ise go ye kae fela Isaia a sena go bolela boporofeti jono, matshosetsi a Asiria a tlosiwa mo Juda.
2, 3. (a) Mo metlheng ya bogologolo, Jehofa o otlolola seatla sa gagwe kgatlhanong le mang? (b) Go tewa eng fa go twe Jehofa o otlolola seatla sa gagwe kgatlhanong le “ditšhaba tsotlhe”?
2 Le fa go ntse jalo, go tweng ka ditšhaba tse dingwe tse di leng baba ba batho ba kgolagano ya Modimo? Le tsone di tshwanetse go atlholwa. Isaia o bolela jaana: “Eno ke tshwetso e e sweditsweng kgatlhanong le lefatshe lotlhe, mme seno ke seatla se se otlolotsweng kgatlhanong le ditšhaba tsotlhe. Gonne Jehofa wa masomosomo ka esi o dirile tshwetso, mme ke mang yo o ka e senyang? Seatla sa gagwe ke sone se se otlolotsweng, ke mang yo o ka se busetsang morago?” (Isaia 14:26, 27) “Tshwetso” ya ga Jehofa ga se kgakololo fela. Ke maikaelelo a gagwe a a nonofileng, taolo ya gagwe. (Jeremia 49:20, 30) “Seatla” sa Modimo ke maatla a gagwe a a a dirisang. Mo ditemaneng tsa bofelo tsa Isaia kgaolo 14 le mo go kgaolo 15 go ya go 19, tshwetso ya ga Jehofa e kgatlhanong le Filisitia, Moabe, Damaseko, Ethiopia le Egepeto.
3 Le fa go ntse jalo, Isaia o bolela gore seatla sa ga Jehofa se otlolotswe kgatlhanong le “ditšhaba tsotlhe.” Ka gone, le fa boporofeti jono jwa ga Isaia bo diragadiwa la ntlha mo metlheng ya bogologolo, gape tota bo dira mo “motlheng wa bokhutlo” fa Jehofa a otlolola seatla sa gagwe kgatlhanong le magosi otlhe a lefatshe. (Daniele 2:44; 12:9; Baroma 15:4; Tshenolo 19:11, 19-21) Go sa le gale, Modimo mothatayotlhe, Jehofa, o senola tshwetso ya gagwe ka tlhomamo. Ga go na ope yo o ka busetsang morago seatla sa gagwe se se otlolotsweng.—Pesalema 33:11; Isaia 46:10.
“Noga e e Fofang e e Botlhole jo e Keteng Molelo” e Kgatlhanong le Filisitia
4. Dilo dingwe tse di mo polelong ya ga Jehofa kgatlhanong le Filisitia ke dife?
4 Bafilisitia ke bone ba bewang leitlho pele. “Mo ngwageng o Kgosi Ahase a neng a swa ka one, polelo eno e ne ya diragala: ‘O se ka wa ipela, wena Filisitia, ope fela wa gago, fela ka gonne lore lwa yo o go itayang lo robagantswe. Gonne mo moding wa noga go tla tswa noga e e botlhole, mme leungo la yone e tla nna noga e e fofang e e botlhole jo e keteng molelo.’”—Isaia 14:28, 29.
5, 6. (a) Usia o ne a ntse jaaka noga mo Bafilisitieng ka tsela efe? (b) Hesekia o itshupa e le eng kgatlhanong le Filisitia?
5 Kgosi Usia o ne a nonofile mo a neng a kgona go thibela matshosetsi a a neng a tlisiwa ke Filisitia. (2 Ditiragalo 26:6-8) Mo go bone o ne a ntse jaaka noga, mme lore lwa gagwe lo ne lo nnela go itaya moagelani yoo yo o seng botsalano. Fa Usia a sena go swa—‘lore lwa gagwe lo ne lwa robaganngwa’—ga busa Jothame yo o ikanyegang, mme “batho ba ne ba sa ntse ba dira bosula.” Go tswa foo, Ahase o ne a nna kgosi. Dilo di ne tsa fetoga, mme Bafilisitia ba ne ba tlhasela Juda ka katlego. (2 Ditiragalo 27:2; 28:17, 18) Le fa go ntse jalo, jaanong dilo di a fetoga gape. Ka 746 B.C.E., Kgosi Ahase o a swa mme Hesekia yo mmotlana o tsaya bogosi. Fa e le gore Bafilisitia ba akanya gore dilo di tla tswelela di ba siametse, ba phoso tota. Hesekia o itshupa e le mmaba yo o kotsi. E re ka Hesekia e le setlogolwana sa ga Usia (“leungo” la ‘modi’ wa gagwe), o tshwana le “noga e e fofang e e botlhole jo e keteng molelo”—e itatlhela gore e tlhasele, e tlhasela ka bofefo jwa legadima, mme e dira gore go fise, jaaka e kete e tsenya botlhole mo dilong tse e di tsomang.
6 Eno ke tsela e e tshwanelang tota ya go tlhalosa kgosi e ntšha. “Ke ene [Hesekia] yo o neng a kgemetha Bafilisitia go ya go fitlha kwa Gasa le dikarolo tsa yone tsa naga.” (2 Dikgosi 18:8) Go ya ka ditiragalo tse di kwadilweng tsa Kgosi ya Asiria e bong Senakeribe, Bafilisitia ba simolola go busiwa ke Hesekia. “Batho ba maemo a a kwa tlase”—bogosi jo bo koafetseng jwa Juda—ba nna le polokesego le dithoto tse dintsi, fa Filisitia yone e le mo leubeng.—Bala Isaia 14:30, 31.
7. Hesekia o tshwanetse a bolelela baemedi ba ba leng teng kwa Jerusalema mafoko afe a tumelo?
7 Go lebega go na le baemedi kwa Juda—gongwe ba batla go dira kgolagano kgatlhanong le Asiria. Ba tshwanetse ba tewa ga tweng? “Motho ope fela o tla reng fa a araba barongwa ba setšhaba?” A Hesekia o tshwanetse a batla polokesego ka go ikgolaganya le ditšhaba di sele? Nnyaa! O tshwanetse a raya barongwa bao a re: “Jehofa ka boene o theile motheo wa Siona, le batho ba gagwe ba ba bogisiwang ba tla tshabela mo go yone.” (Isaia 14:32) Kgosi e tshwanetse ya ikanya Jehofa ka botlalo. Motheo wa Siona o nonofile. Motse o tla falola e le botshabelo jo bo sireletsegileng mo matshosetsing a Asiria.—Pesalema 46:1-7.
8. (a) Ditšhaba dingwe gompieno di ile tsa nna jaaka Filisitia jang? (b) Jehofa o dirile eng go tshegetsa batho ba gagwe gompieno, jaaka a ne a dira mo metlheng ya bogologolo?
8 Jaaka Filisitia, ditšhaba dingwe gompieno di ganetsa baobamedi ba Modimo mo go botlhoko. Basupi ba ga Jehofa ba Bakeresete ba ile ba tswalelwa mo dikgolegelong le mo dikampeng tsa pogisetso. Ba ile ba thibelwa. Bangwe ba ile ba bolawa. Baganetsi ba tswelela pele go “tlhasela moya wa mosiami mo go botlhoko.” (Pesalema 94:21) Setlhopha seno sa Bakeresete se ka lebega mo babeng ba sone e le batho ba “maemo a a kwa tlase” e bile ba ‘humanegile.’ Le fa go ntse jalo, ka tshegetso ya ga Jehofa, ba humile semoyeng, fa baba ba bone ba le mo leubeng. (Isaia 65:13, 14; Amose 8:11) Fa Jehofa a otlolola seatla sa gagwe kgatlhanong le Bafilisitia ba motlha wa segompieno, “batho ba ba maemo a a kwa tlase” bano ba tla bo ba sireletsegile. Kae? Ba kopane mmogo le “maloko a ba ntlo ya Modimo,” ba Jesu e leng leje la bone la sekhutlo la motheo le ba tlhomamisegang ka lone. (Baefeso 2:19, 20) Mme ba tla bo ba sireleditswe ke “Jerusalema wa selegodimo,” Bogosi jwa ga Jehofa jwa selegodimo, jo Jesu Keresete e leng Kgosi ya jone.—Bahebera 12:22; Tshenolo 14:1.
Moabe o a Didimadiwa
9. Polelo e e latelang e dirwa kgatlhanong le mang, mme setšhaba seno se itshupile e le mmaba wa batho ba Modimo jang?
9 Kwa Botlhaba jwa Lewatle le le Suleng go na le moagelani yo mongwe wa Iseraele—Moabe. Bamoabe ga ba tshwane le Bafilisitia ka gonne bone ba amana le Iseraele, ke ditlogolwana tsa ga Lote setlogolo sa ga Aborahame. (Genesise 19:37) Le fa go na le kamano eo, Moabe o tswa kgakala e le mmaba wa Iseraele. Ka sekai, morago kwa mo metlheng ya ga Moshe, kgosi ya Moabe e ne ya thapa moporofeti Balame, e solofela gore o tla hutsa Baiseraele. Fa seo se sa atlege, Moabe o ne a dirisa boitsholo jo bo sa siamang le kobamelo ya ga Baale go raela Baiseraele. (Dipalo 22:4-6; 25:1-5) Ga go gakgamatse he, go bo jaanong Jehofa a tlhotlheletsa Isaia gore a kwale “polelo kgatlhanong le Moabe”!—Isaia 15:1a.
10, 11. Go tla diragala eng ka Moabe?
10 Boporofeti jwa ga Isaia bo lebisitswe kwa metseng e mentsi le mafelo kwa Moabe, go akaretsa Ara, Kire (kana Kire-haresethe), le Dibone. (Isaia 15:1b, 2a) Bamoabe ba tla hutsafalela dikuku tsa morara o o swabisitsweng tsa Kire-haresethe, tse gongwe e leng tsone kuno ya konokono e e tlhagisiwang ke motse oo. (Isaia 16:6, 7) Sibema le Jasere, tse di itsegeng ka go lema mofine, di tla tlhaselwa. (Isaia 16:8-10) Egelatha-shelishiya, yo leina la gagwe le ka kayang “Moroba wa Dingwaga Tse Tharo,” o tla tshwana le kgongwana e e kwenneng e e ntseng e lela ka tlalelo ka tsela e e tlhomolang pelo. (Isaia 15:5) Bojang jwa naga bo tla omelela fa “metsi a Dimone” one a tlala madi ka ntlha ya go bolawa ga Bamoabe. “Metsi a Nimerime” a tla nna “kgakgabalo fela,” e ka tswa e le ka tsela ya tshwantshetso kana ka tsela ya mmatota—gongwe e le ka gonne masole a baba a kganela metswedi ya one.—Isaia 15:6-9.
11 Bamoabe ba tla ikgatlha ka letsela la kgetsi, seaparo sa khutsafalo. Ba tla beola ditlhogo tsa bone gore di nne borethe, go tshwantshetsa ditlhong le khutsafalo. Ditedu tsa bone di tla ‘kgaolwa,’ go bontsha khutsafalo le ditlhong tse di feteletseng. (Isaia 15:2b-4) Isaia ka boene, e re ka a tlhomamisega gore dikatlholo tseno di tla diragadiwa, o na le maikutlo a a boteng. Dikarolo tsa gagwe tse di kwa teng di tlhotlhelediwa ke kutlwelobotlhoko jaaka megala e e tshikinyegang ya harepa ka ntlha ya molaetsa wa tatlhego kgatlhanong le Moabe.—Isaia 16:11, 12.
12. Mafoko a ga Isaia kgatlhanong le Moabe a ne a diragadiwa jang?
12 Boporofeti jono bo tla diragadiwa leng? Mo bogautshwaneng. “Leno ke lefoko le Jehofa a le buileng malebana le Moabe mo nakong e e fetileng. Mme jaanong Jehofa o buile, a re: ‘Mo dingwageng di le tharo, go ya ka dingwaga tsa modiri yo o thapilweng, kgalalelo ya Moabe e tla tlhabisiwa ditlhong ka khuduego e kgolo ya mofuta mongwe le mongwe, mme ba ba setseng e tla bo e le ba se kae ba e seng ba sepe, ba sa nonofa.’” (Isaia 16:13, 14) Tumalanong le seno, go na le bosupi jwa boithutamarope jwa gore mo lekgolong la borobedi la dingwaga B.C.E., Moabe o ne a amega mo go botlhoko mme mafelo a teng a le mantsi a ne a sala a sena banni. Tigelathe-pilesere III o ne a umaka Salamu wa Moabe e le mongwe wa babusi ba ba neng ba mo ntshetsa sehuba. Senakeribe o ne a fiwa sehuba ke Kammusunadbi, kgosi ya Moabe. Dikgosi tsa Asiria e bong Esare-hadone le Ashurbanipal ba ne ba bolela fa Kgosi Musuri le Kgosi Kamashaltu ba Moabe e le babusiwa ba bone. Makgolokgolo a dingwaga a a fetileng, setšhaba sa Bamoabe se ne sa se ka sa tlhola se nna teng. Go bonwe marope a metse e go akanngwang gore ke ya Bamoabe, mme go setse go epolotswe bosupi bo se kae fela jwa mmaba yono yo o kileng a bo a nonofile wa Iseraele.
“Moabe” wa Motlha wa Gompieno o a Nyelela
13. Ke mokgatlho ofe gompieno o o ka tshwantshiwang le Moabe?
13 Gompieno go na le mokgatlho wa lefatshe lotlhe o o tshwanang le Moabe wa bogologolo. Ke Labokeresete, karolo ya konokono ya “Babelona o Mogolo.” (Tshenolo 17:5) Moabe le Iseraele ka bobedi ba dule mo go rraagwe Aborahame e bong Tera. Labokeresete le ene, fela jaaka phuthego ya Bakeresete ba ba tloditsweng gompieno, o iphaka gore o tswa mo phuthegong ya Bokeresete ya lekgolo la ntlha la dingwaga. (Bagalatia 6:16) Le fa go ntse jalo, Labokeresete—jaaka Moabe—o bodile, o rotloetsa boitsholo jo bo maswe le kobamelo ya medimo e mengwe e seng Modimo yo o esi wa boammaaruri, Jehofa. (Jakobe 4:4; 1 Johane 5:21) Baeteledipele ba Labokeresete jaaka setlhopha ba ganetsa batho ba ba rerang dikgang tse di molemo tsa Bogosi.—Mathaio 24:9, 14.
14. Le fa Jehofa a gakolotse kgatlhanong le “Moabe” wa motlha wa segompieno, go na le tsholofelo efe ka maloko a mokgatlho oo?
14 Kgabagare Moabe o ne a didimadiwa. Labokeresete o tla diragalelwa ke se se tshwanang. Jehofa o tla dirisa Asiria wa motlha wa segompieno go mo swafatsa. (Tshenolo 17:16, 17) Le fa go ntse jalo, batho ba ba mo go “Moabe” wa motlha wa segompieno ba na le tsholofelo. Fa a ntse a porofeta ka Moabe, Isaia a re: “Setulo sa bogosi se tla tlhomamisiwa ka thata ka bopelonomi jwa lorato; mme motho o tla nna mo go sone ka boammaaruri mo mogopeng wa ga Dafide, a atlhola e bile a senka tshiamiso mme a potlaka mo tshiamong.” (Isaia 16:5) Ka 1914, Jehofa o ne a tlhomamisa setulo sa bogosi sa ga Jesu, Mmusi wa losika lwa ga Kgosi Dafide. Go busa ga ga Jesu go supa bopelonomi jo bo lorato jwa ga Jehofa mme go tla tswelela pele ka bosakhutleng, e le go diragatsa kgolagano ya Modimo le Kgosi Dafide. (Pesalema 72:2; 85:10, 11; 89:3, 4; Luke 1:32) Batho ba le bantsi ba ba pelonomi ba ile ba tlogela “Moabe” wa motlha wa segompieno mme ba ineetse mo go Jesu gore ba bone botshelo. (Tshenolo 18:4) A bo go gomotsa jang ne mo bathong bano go itse gore Jesu “o tla tlhalosetsa ditšhaba se tshiamiso e leng sone”!—Mathaio 12:18; Jeremia 33:15.
Damaseko o Fetoga Marope a a Bolang
15, 16. (a) Damaseko le Iseraele ba tseela Juda dikgato dife tse di bosula, mme seo se felela jang ka Damaseko? (b) Ke mang yo o akarediwang mo polelong e e kgatlhanong le Damaseko? (c) Bakeresete gompieno ba ka ithuta eng mo sekaing sa Iseraele?
15 Go tswa foo, Isaia o kwala “polelo kgatlhanong le Damaseko.” (Bala Isaia 17:1-6.) Damaseko, e e kwa bokone jwa Iseraele, ke “tlhogo ya Siria.” (Isaia 7:8) Fa go ntse go busa Kgosi Ahase wa Juda, Resine wa Damaseko a golagane le Peka wa Iseraele, ba tlhasela Juda. Le fa go ntse jalo, fa Ahase a kopa jalo, Tigelathe-pilesere III wa Moasiria o tlhabana le Damaseko, a e fenya a bo a isa banni ba yone ba le bantsi botshwarwa. Morago ga moo, Damaseko ga a tlhole a le kotsi mo go Juda.—2 Dikgosi 16:5-9; 2 Ditiragalo 28:5, 16.
16 Polelo ya ga Jehofa kgatlhanong le Damaseko gape e akaretsa mafoko a katlholo kgatlhanong le bogosi jo bo sa ikanyegeng jwa bokone, gongwe e le ka gonne Iseraele a ile a ikgolaganya le Damaseko. (Isaia 17:3-6) Iseraele o tla tshwana le tshimo ka nako ya thobo e na le mabele a mannye fela kana setlhare sa motlhware se se setseng se tlhotlhorilwe bontsi jwa maungo a motlhware mo dikaleng tsa sone. (Isaia 17:4-6) A bo e le sekai se se masisi jang ne mo bathong ba ba ineetseng mo go Jehofa! O batla boineelo jo bo feletseng e bile o amogela fela tirelo e e itshekileng e e tswang pelong. Mme o tlhoile ba ba tlhanogelang barwarraabone.—Ekesodo 20:5; Isaia 17:10, 11; Mathaio 24:48-50.
Go Ikanya Jehofa ka Botlalo
17, 18. (a) Batho bangwe kwa Iseraele ba tsibogela dipolelo tsa ga Jehofa jang, mme bontsi bo itshwara jang? (b) Ditiragalo tsa gompieno di tshwana jang le tsa motlha wa ga Hesekia?
17 Jaanong Isaia a re: “Mo letsatsing leo motho wa mo lefatsheng o tla lelalela kwa Modiring wa gagwe, mme o tla tlhoma matlho a gagwe mo Moitsheping wa Iseraele. Mme ga a kitla a leba kwa dibesong, tiro ya diatla tsa gagwe; mme ga a kitla a tlhoma matlho mo selong se menwana ya gagwe e se dirileng, e ka tswa e le mo dikoteng tse di boitshepo kgotsa mo ditlhomong tsa maswalo.” (Isaia 17:7, 8) Ee, batho bangwe kwa Iseraele ba utlwa polelo ya ga Jehofa ya tlhagiso. Ka sekai, fa Hesekia a romela taletso kwa banning ba Iseraele gore ba ye go kopanela le Juda mo go ketekeng Tlolaganyo, Baiseraele bangwe ba tsaya kgato mme ba tsaya mosepele wa go ya borwa go ya go kopanela le barwarraabone mo kobamelong e e itshekileng. (2 Ditiragalo 30:1-12) Go ntse go le jalo, bontsi jwa banni ba Iseraele ba sotla barongwa ba ba tlisitseng taletso eno. Naga eno e setse e tletse botlhanogi mo go maswe. Ka gone, tshwetso ya ga Jehofa kgatlhanong le ene e a diragadiwa. Asiria o senya metse ya Iseraele, naga e a swafala, mafulo ga a tlhagise sepe.—Bala Isaia 17:9-11.
18 Gompieno gone? Iseraele e ne e le setšhaba sa batlhanogi. Ka gone, tsela e Hesekia a neng a leka ka yone go thusa batho mo setšhabeng seo gore ba boele mo kobamelong e e itshekileng e re gopotsa kafa Bakeresete ba boammaaruri gompieno ba lekang ka gone go thusa batho ba ba mo mokgatlhong wa batlhanogi wa Labokeresete. Fa e sa le ka 1919, barongwa ba “Iseraele wa Modimo” ba ile ba ralala Labokeresete, ba laletsa batho gore ba nne ba kopanele mo kobamelong e e itshekileng. (Bagalatia 6:16) Bontsi jwa bone ba ganne. Ba le bantsi ba bone ba ile ba sotla barongwa bao. Le fa go ntse jalo, bangwe bone ba ile ba tsaya kgato. Palo ya bone jaanong e tshwara dimilione, mme ba itumelela go ‘tlhoma matlho a bone mo Moitsheping wa Iseraele,’ ba rutiwa ke ene. (Isaia 54:13) Ba tlogela go obamela mo dibesong tse di sa itshepang—go ineela mo medimong e e itiretsweng ke batho le go e tshepa—mme ba leba ka tlhoafalo kwa go Jehofa. (Pesalema 146:3, 4) Fela jaaka Mika, yo o neng a le teng mo motlheng wa ga Isaia, mongwe le mongwe wa bone a re: “Fa e le nna, ke tla nna ke lebeletse Jehofa. Ke tla supa boikutlo jwa go leta mo Modimong wa poloko ya me. Modimo wa me o tla nkutlwa.”—Mika 7:7.
19. Jehofa o tla kgalema bomang, mme seno se tla kaya eng ka bone?
19 A bo ba farologane jang ne le ba ba ikanyang motho yo o swang! Mo metlheng eno ya bofelo batho ba tsentswe tsebetsebe ke thubakanyo le dikhuduego. “Lewatle” la batho ba ba sa iketlang, ba ba tsuologang le ntse le biloga go se kgotsofale le botsuolodi. (Isaia 57:20; Tshenolo 8:8, 9; 13:1) Jehofa o tla “kgalema” boidiidi jono jo bo modumo. Bogosi jwa gagwe jwa selegodimo bo tla senya mokgatlho mongwe le mongwe le motho mongwe le mongwe yo o tsosang mathata, mme ba tla “tshabela kgakala . . . jaaka setsokotsane se se itshokeletsang fa pele ga phefo ya matsubutsubu.”—Isaia 17:12, 13; Tshenolo 16:14, 16.
20. Le fa Bakeresete ba boammaaruri ba ‘thopiwa’ ke ditšhaba, ba na le tsholofelo efe?
20 Go tla felela ka eng? Isaia a re: “Bona! go na le letshogo la tshoganyetso maitseboa. Pele ga go nna moso—ga le tlhole le le teng. Seno ke kabelo ya ba ba re thopang, le karolo ya ba ba re gapelang.” (Isaia 17:14) Batho ba le bantsi ba thopa batho ba ga Jehofa, ba ba tshwara ka tsela e e setlhogo le ka lonyatso. E re ka Bakeresete ba boammaaruri ba se karolo ya madumedi a magolo a lefatshe—e bile ba sa eletse go nna karolo ya one—ba lejwa e le ba ba ka tlhaselwang motlhofo fela ke batshwayadiphoso ba ba sa lebeng dilo sentle le baganetsi ba ba feteletsang dilo. Mme batho ba Modimo ba na le tsholofelo ya gore “moso” o pitlagano ya bone e tla felang ka one o ntse o atamela ka bonako.—2 Bathesalonika 1:6-9; 1 Petere 5:6-11.
Ethiopia o Tlisetsa Jehofa Mpho
21, 22. Ke setšhaba sefe se se newang polelo ya katlholo morago ga foo, mme mafoko a ga Isaia a a tlhotlheleditsweng a diragadiwa jang?
21 Ethiopia, e e kwa borwa jwa Egepeto e ntse e tlhasela Juda, makgetlo a ka nna mabedi. (2 Ditiragalo 12:2, 3; 14:1, 9-15; 16:8) Jaanong Isaia o bolelela pele ka katlholo e e tla tlelang setšhaba seo: “A lefatshe la ditshenekegi tse di phaphaselang tse di nang le diphuka, le le mo kgaolong ya dinoka tsa Ethiopia!” (Bala Isaia 18:1-6.)a Jehofa o bolela gore Ethiopia o tla ‘kgaolwa, a pomiwa, a tlosiwa.’
22 Hisitori ya motlha wa gompieno e bontsha gore mo karolong ya bofelo ya lekgolo la borobedi la dingwaga B.C.E., Ethiopia e ne ya fenya Egepeto mme ya e busa dingwaga di ka nna 60. Babusibagolo ba Asiria e bong Esare-hadone le Ashurbanipal le bone ba ne ba tlhasela. Asiria o ne a fenya Egepeto fa Ashurbanipal a ne a senya Thebes, ka jalo Ethiopia a se ka a tlhola a laola Mokgatšha wa Nile. (Bona le Isaia 20:3-6.) Go tweng ka mo metlheng ya segompieno?
23. “Ethiopia” ya motlha wa segompieno e nna le seabe sefe, mme ke ka ntlha yang fa e senngwa?
23 Mo boporofeting jwa ga Daniele jwa “mo motlheng wa bokhutlo,” “kgosi ya bokone” e e gatelelang e tlhalosiwa e na le Ethiopia le Libia “mo dikgatong tsa gagwe,” ke gore, ba reetsa kaelo ya gagwe. (Daniele 11:40-43) Gape go umakiwa fa Ethiopia a le mo masoleng a ga “Gogo wa lefatshe la Magogo.” (Esekiele 38:2-5, 8) Masole a ga Gogo, go akaretsa kgosi ya bokone, a senngwa fa a tlhasela setšhaba sa ga Jehofa se se boitshepo. Ka gone, seatla sa ga Jehofa gape se tla otlololwa kgatlhanong le “Ethiopia” wa motlha wa segompieno ka gonne a le kgatlhanong le bolaodi jwa ga Jehofa.—Esekiele 38:21-23; Daniele 11:45.
24. Jehofa o amogetse “dimpho” tse di tswang kwa ditšhabeng ka ditsela dife?
24 Le fa go ntse jalo, boporofeti jono gape jwa re: “Ka nako eo mpho e tla tlisiwa kwa go Jehofa wa masomosomo, e tswa kwa bathong ba batelele ba ba borethe, le mo bathong ba ba tshabegang gongwe le gongwe . . . go ya kwa lefelong la leina la ga Jehofa wa masomosomo, Thaba ya Siona.” (Isaia 18:7) Le fa ditšhaba di sa amogele bolaodi jwa ga Jehofa, ka dinako tse dingwe di ile tsa itshwara ka ditsela tse di solegelang batho ba ga Jehofa molemo. Mo dinageng dingwe babusi ba dirile melao ba bo ba dira ditshwetso tsa kgotlatshekelo tse di nayang baobamedi ba ba ikanyegang ba ga Jehofa ditshwanelo tsa semolao. (Ditiro 5:29; Tshenolo 12:15, 16) Mme go na le dimpho tse dingwe. “Dikgosi di tla go tlisetsa dimpho. . . . Dilwana tsa boronse di tla tswa mo Egepeto; Kushe [Ethiopia] e tla otlololela diatla tsa yone ka bonako kwa Modimong di na le dimpho.” (Pesalema 68:29-31) Gompieno, dimilione tsa “Baethiopia” ba motlha wa segompieno ba ba boifang Jehofa ba tlisa “mpho” ya kobamelo. (Malaki 1:11) Ba nna le seabe mo tirong e kgolo ya go rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi mo lefatsheng lotlhe. (Mathaio 24:14; Tshenolo 14:6, 7) A bo e le mpho e e molemo jang ne go e abela Jehofa!—Bahebera 13:15.
Pelo ya Egepeto e a Nyera
25. Go diragala eng ka Egepeto wa bogologolo go dumalana le Isaia 19:1-11?
25 Moagelani yo o gaufi wa Juda ka kwa borwa ke Egepeto, yo o sa bolong go nna mmaba wa batho ba kgolagano ya Modimo. Isaia kgaolo 19 e tlhalosa kafa maemo a sa iketlang ka teng kwa Egepeto ka nako ya fa Isaia a sa ntse a tshela. Go na le ntwa ya selegae kwa Egepeto, “motse [o lwa] le motse, bogosi le bogosi.” (Isaia 19:2, 13, 14) Borahisitori ba tlhagisa bosupi jwa gore masika a segosi a a neng a lwa a ne a busa dikarolo tse di farologaneng tsa naga ka nako e le nngwe. Botlhale jo Egepeto a ikgantshang ka jone, le ‘medimo ya gagwe e e se nang mosola le batshereanyi,’ ga e mo golole mo “seatleng sa mong yo o gatelelang.” (Isaia 19:3, 4) Egepeto o fenngwa ke Asiria, Babelona, Peresia, Gerika, le Roma, ka go latelana ga tsone. Ditiragalo tseno tsotlhe di diragatsa boporofeti jwa Isaia 19:1-11.
26. Mo tiragatsong e kgolwane, banni ba “Egepeto” wa segompieno ba tla itshwara jang malebana le ditiro tsa ga Jehofa tsa katlholo?
26 Le fa go ntse jalo, mo Baebeleng, gantsi Egepeto o tshwantshetsa lefatshe la ga Satane. (Esekiele 29:3; Joele 3:19; Tshenolo 11:8) Ka jalo, a “polelo kgatlhanong le Egepeto” e e bolelwang ke Isaia e na le tiragatso e kgolwane? Ee, ruri! Mafoko a a kwa tshimologong a boporofeti jono a tshwanetse a naya mongwe le mongwe lebaka la gore a ele tlhoko: “Bona! Jehofa o palame leru le le bofefo o tsena mo Egepeto. Mme medimo e e se nang mosola ya Egepeto ruri e tla roroma ka ntlha ya gagwe, mme pelo ya Egepeto e tla nyera mo teng ga yone.” (Isaia 19:1) Jehofa o tla tloga a tsaya kgato kgatlhanong le mokgatlho wa ga Satane. Ka nako eo, medimo ya tsamaiso eno ya dilo e tla bonwa e se na mosola. (Pesalema 96:5; 97:7) “Pelo ya Egepeto e tla nyera” ka go boifa. Jesu o ne a bolelela pele ka nako eo: “Go tla nna le . . . tlalelo e e mahehe ya ditšhaba, e sa itse kgoro ya botso ka ntlha ya go suma ga lewatle le khuduego ya lone, fa batho ba ntse ba tepelela ka ntlha ya poifo le tebelelo ya dilo tse di tlelang lefatshe le le nang le banni.”—Luke 21:25, 26.
27. Go ne ga bolelelwa pele gore go tla nna le dikgaogano dife mo teng ga “Egepeto,” mme seno se diragadiwa jang gompieno?
27 Jehofa o bolela jaana ka tsela ya boporofeti malebana le nako ya pele ga katlholo ya gagwe e diragadiwa: “Ke tla tlhotlheletsa Baegepeto go nna kgatlhanong le Baegepeto, mme ruri ba tla lwa motho le morwarraagwe, le mongwe le mongwe le molekane wa gagwe, motse le motse, bogosi le bogosi.” (Isaia 19:2) Fa e sa le Bogosi jwa Modimo bo tlhomiwa ka 1914, “sesupo . . . sa go nna gone” ga ga Jesu se ntse se bonala ka gore setšhaba se tsogologele setšhaba le bogosi bo tsogologele bogosi. Mo metlheng eno ya bofelo batho ba le dimilionemilione ba sule fa go gailwa merafe e e rileng, go lailwa merafe ka go bolaya batho ba yone, le fa go dirwa se go tweng ke go phimola ditso. Fa bokhutlo bo ntse bo atamela “ditlhabi tsa tlalelo” tse di ntseng jalo di tla nnela maswe kwa pele.—Mathaio 24:3, 7, 8.
28. Ka letsatsi la katlholo, bodumedi jwa maaka bo tla kgona go dira eng go namola tsamaiso eno ya dilo?
28 “Moya wa Egepeto o tla akabala mo go yone, mme ke tla tlhakatlhakanya boikaelelo jwa yone. Mme ruri ba tla ya mo medimong e e se nang mosola le mo batshereanying le mo go ba ba buang le meya le mo go ba ba dirang tiro ya go bolelela ditiragalo pele.” (Isaia 19:3) Fa Moshe a ne a tla kwa go Faro, baperesiti ba Egepeto ba ne ba tlhabisiwa ditlhong, ba sa kgone go lepalepana le Jehofa ka maatla. (Ekesodo 8:18, 19; Ditiro 13:8; 2 Timotheo 3:8) Ka tsela e e tshwanang, ka letsatsi la katlholo, bodumedi jwa maaka ga bo ne bo kgona go namola tsamaiso eno e e bosula. (Bapisa Isaia 47:1, 11-13.) Kgabagare, Egepeto o ne a busiwa ke “mong yo o gatelelang,” Asiria. (Isaia 19:4) Seno se tshwantshetsa isagwe e e bosula e e tlelang tsamaiso eno ya dilo.
29. Fa letsatsi la ga Jehofa le tla, ba tsa bopolotiki ba tla thusa ka eng?
29 Le fa go ntse jalo, go tweng ka baeteledipele ba bopolotiki? A ba ka thusa? “Dikgosana tsa Soane ruri ke dieleele. Fa e le ba ba botlhale ba bagakolodi ba ga Faro, kgakololo ya bone ke sengwe se se sa utlwaleng.” (Bala Isaia 19:5-11.) A bo go sa utlwale jang ne go solofela gore bagakolodi ba batho ba tla nna le thuso epe ka letsatsi la katlholo! Tota le fa ba na le kitso yotlhe ya lefatshe, ga ba na botlhale jwa bomodimo. (1 Bakorintha 3:19) Ba latlhile Jehofa mme ba ikantse se go tweng ke saense, filosofi, madi, menate le dilo tse dingwe tse di tsayang maemo a go nna medimo. Ka ntlha ya seo, ga ba itse maikaelelo a Modimo. Ba tsieditswe e bile ba tlhakatlhakane. Ditiro tsa bone ga di na mosola. (Bala Isaia 19:12-15.) “Ba ba botlhale ba tlhabilwe ke ditlhong. Ba tshogile mme ba tla tshwarwa. Bonang! Ba ganne lefoko la ga Jehofa, mme ba na le botlhale bofe?”—Jeremia 8:9.
Sesupo le Bosupi ka Jehofa
30. “Lefatshe la Juda le tla theekedisa Egepeto” jang?
30 Le fa go ntse jalo, le mororo baeteledipele ba “Egepeto” ba le bokoa, “jaaka basadi,” go sa ntse go na le batho ba ba batlang botlhale jwa bomodimo. Batlodiwa ba ga Jehofa le balekane ba bone ba ‘bolela dinonofo tse di molemolemo tsa Modimo gongwe le gongwe.’ (Isaia 19:16; 1 Petere 2:9) Ba dira sengwe le sengwe se ba ka se kgonang go tlhagisa batho ka tshenyego e e tlang ya mokgatlho wa ga Satane. Isaia o bolela jaana ka seemo seno se se larileng kwa pele: “Lefatshe la Juda le tla theekedisa Egepeto. Mongwe le mongwe yo o le umakelwang o a boifa ka ntlha ya boikaelelo jwa ga Jehofa wa masomosomo jo a bo ikaelelang kgatlhanong le ene.” (Isaia 19:17) Batlhanka ba ba ikanyegang ba ga Jehofa ba tsamaya ba bolelela batho boammaaruri—go akaretsa kitsiso ka dipetso tse di boleletsweng pele ke Jehofa. (Tshenolo 8:7-12; 16:2-12) Seno se tshwenya baeteledipele ba bodumedi ba lefatshe.
31. Go tla jang gore “puo ya Kanana” e buiwe mo metseng ya Egepeto (a) mo metlheng ya bogologolo? (b) mo metlheng ya segompieno?
31 Tiro eno ya go bolela e nna le diphelelo dife tse di gakgamatsang? “Mo letsatsing leo go tla nna le metse e le metlhano mo lefatsheng la Egepeto e e buang puo ya Kanana e bile e ikanela Jehofa wa masomosomo. Motse mongwe o tla bidiwa Motse wa go Rutlolola.” (Isaia 19:18) Mo metlheng ya bogologolo boporofeti jono go bonala bo ne jwa diragala fa puo ya Sehebera e ne e buiwa mo metseng ya Egepeto ke Bajuda ba ba neng ba tshabetse koo. (Jeremia 24:1, 8-10; 41:1-3; 42:9–43:7; 44:1) Gompieno, go na le batho mo nageng ya “Egepeto” wa segompieno ba ba ithutileng go bua ‘puo e e itshekileng’ ya boammaaruri jwa Baebele. (Sefania 3:9) Mongwe wa metse eno e metlhano ya tshwantshetso o bidiwa “Motse wa go Rutlolola,” o tshwantshetsa gore karolo ya ‘puo e e itshekileng’ e amana le go senola le go “rutlolola” mokgatlho wa ga Satane.
32. (a) Ke “sebeso” sefe se se leng mo gare ga naga ya Egepeto? (b) Batlodiwa ba ntse jaaka “pilara” jang fa thoko ga molelwane wa Egepeto?
32 Ka thuso ya tiro ya go bolela e e dirwang ke batho ba ga Jehofa, leina la gagwe le legolo ruri le tla itsiwe mo tsamaisong eno ya dilo. “Mo letsatsing leo go tla nna le sebeso sa ga Jehofa mo gare ga naga ya Egepeto, le pilara ya ga Jehofa fa thoko ga molelwane wa yone.” (Isaia 19:19) Mafoko ano a malebana le boemo jwa Bakeresete ba ba tloditsweng, ba ba mo kgolaganong le Modimo. (Pesalema 50:5) Ba ntsha ditlhabelo tsa bone jaaka “sebeso”; ba neela bosupi ka Jehofa jaaka “pilara le setshegetso sa boammaaruri.” (1 Timotheo 3:15; Baroma 12:1; Bahebera 13:15, 16) Ba “mo gare ga naga,” ba fitlhelwa—mmogo le balekane ba bone ba “dinku tse dingwe”—mo dinageng le ditlhaketlhake tsa lewatle di feta 230. Mme “ga ba karolo ya lefatshe.” (Johane 10:16; 17:15, 16) Go ntse jaaka e kete ba eme mo molelwaneng fa gare ga lefatshe leno le Bogosi jwa Modimo, ba ipaakanyeditse go kgabaganya molelwane oo gore ba amogele tuelo ya bone ya selegodimo.
33. Batlodiwa ke “sesupo” le “mosupi” kwa “Egepeto” ka tsela efe?
33 Isaia o tswelela jaana: “Se tla nna sesupo le mosupi mo go Jehofa wa masomosomo mo lefatsheng la Egepeto; gonne ba tla goela kwa go Jehofa ka ntlha ya bagateledi, mme o tla ba romelela mmoloki, yo mogolo, yo o tla ba gololang.” (Isaia 19:20) Jaaka “sesupo” le “mosupi,” batlodiwa ba etelela tiro ya go rera pele mme ba tlotlomatsa leina la ga Jehofa mo tsamaisong eno ya dilo. (Isaia 8:18; Bahebera 2:13) Selelo sa batho ba ba gateletsweng se utlwala mo lefatsheng lotlhe, mme ka kakaretso, dipuso tsa batho ga di kgone go ba thusa. Le fa go ntse jalo, Jehofa o tla romela Mmoloki yo Mogolo, Kgosi Jesu Keresete, gore a golole batho botlhe ba ba pelonomi. Fa metlha eno ya bofelo e fitlha kwa konelong ya yone ka ntwa ya Haramagedona, o tla tlisetsa batho ba ba boifang Modimo kgololo le masego a a nnelang ruri.—Pesalema 72:2, 4, 7, 12-14.
34. (a) Jehofa o tla itsewe jang “mo Baegepetong,” mme ba tla mo naya setlhabelo sefe le mpho efe? (b) Jehofa o tla itaya “Egepeto” leng, mme go tla folwa jang morago ga foo?
34 Go sa ntse go le jalo, thato ya Modimo ke gore batho ba mefuta yotlhe ba nne le kitso e e tlhomameng mme ba bolokwe. (1 Timotheo 2:4) Ka gone, Isaia o kwala jaana: “Ruri Jehofa o tla itsiwe mo Baegepetong; mme Baegepeto ba tla itse Jehofa mo letsatsing leo, mme ba tla isa setlhabelo le mpho mme ba direle Jehofa maikano ba bo ba a diragatse. Mme ruri Jehofa o tla itaya Egepeto. Go tla nna le go itewa le phodiso; mme ba tla boela kwa go Jehofa, mme o tla dumela go rapelesega a bo a ba fodisa.” (Isaia 19:21, 22) Batho ba ba tswang mo ditšhabeng tsotlhe tsa lefatshe la ga Satane, “Baegepeto,” ba simolola go itse Jehofa le go mo isetsa setlhabelo, “leungo la dipounama tse di bolelang leina la gagwe phatlalatsa.” (Bahebera 13:15) Ba ikanela Jehofa ka go ineela mo go ene, mme ba duela ikano eo ka go tshela botshelo jwa go mo direla ka boikanyegi. Fa Jehofa a sena go “itaya” tsamaiso eno ya dilo ka ntwa ya Haramagedona, o tla dirisa Bogosi jwa gagwe go fodisa batho. Ka nako ya Puso ya ga Jesu ya Mileniamo, batho ba tla tokafadiwa gore ba itekanele mo semoyeng, mo tlhaloganyong, mo boitsholong, le mo mmeleng—go fodisiwa tota!—Tshenolo 22:1, 2.
“A Batho Ba me Ba Segofale”
35, 36. Go ile ga nna le kgolagano efe mo metlheng ya bogologolo fa gare ga Egepeto, Asiria le Iseraele, fela jaaka Isaia 19:23-25 e ne e boletse?
35 Go tswa foo moporofeti o bonela pele tiragalo e e gakgamatsang: “Mo letsatsing leo go tla nna le tsela e kgolo e e tswang mo Egepeto e ya kwa Asiria, mme Asiria o tla tsena mo Egepeto, le Egepeto mo Asiria; mme ba tla direla, Egepeto le Asiria. Mo letsatsing leo Iseraele e tla nna ya boraro le Egepeto le Asiria, ke gore, tshegofatso mo gare ga lefatshe, ka gonne Jehofa wa masomosomo o tla bo a e segofaditse, a re: ‘A batho ba me ba segofale, Egepeto, le tiro ya diatla tsa me, Asiria, le boswa jwa me, Iseraele.’” (Isaia 19:23-25) Ee, letsatsi lengwe Egepeto le Asiria ba tla bo ba utlwana. Jang?
36 Fa Jehofa a ne a golola batho ba gagwe mo ditšhabeng mo dinakong tse di fetileng, o ne a ba direla ditsela tse dikgolo tse di yang kgololesegong, jaaka go ka tualo. (Isaia 11:16; 35:8-10; 49:11-13; Jeremia 31:21) Tiragatso e potlana ya boporofeti jono e diragetse fa Babelona a sena go fenngwa fa batshwarwa go tswa Asiria le Egepeto, mmogo le go tswa Babelona, ba ne ba busediwa kwa Nageng e e Solofeditsweng. (Isaia 11:11) Mme go tweng ka metlha ya gompieno?
37. Ke ka tsela efe dimilione tsa batho gompieno di tshelang jaaka e kete go na le tsela e kgolo fa gare ga “Asiria” le “Egepeto”?
37 Gompieno, masalela a batlodiwa a Baiseraele ba semoya, ke “tshegofatso mo gare ga lefatshe.” Ba rotloetsa kobamelo ya boammaaruri mme ba bolela molaetsa wa Bogosi mo bathong mo ditšhabeng tsotlhe. Dingwe tsa ditšhaba tseno di tshwana le Asiria, di rata ntwa tota. Ditšhaba tse dingwe di repisitse molao, gongwe jaaka Egepeto—e e kileng ya nna “kgosi ya borwa” mo boporofeting jwa ga Daniele. (Daniele 11:5, 8) Batho ba le dimilionemilione go tswa mo dinageng tse di ratang ntwa le ditšhaba tse di repisitseng molao ba amogetse kobamelo ya boammaaruri. Ka gone, batho ba ba tswang mo ditšhabeng tsotlhe ba ‘direla’ ka kutlwano. Batho bano ga ba ikgaoganye ka botšhaba. Ba a ratana, mme go ka bolelwa ka boammaaruri gore ‘Asiria o tsena mo Egepeto le Egepeto mo Asiria.’ Go ntse jaaka e kete go na le tsela e kgolo go tswa mo nageng e nngwe go ya kwa go e nngwe.—1 Petere 2:17.
38. (a) Iseraele “e tla nna ya boraro le Egepeto le Asiria” jang? (b) Ke ka ntlha yang fa Jehofa a re “A batho ba me ba segofale”?
38 Le fa go ntse jalo, go tla jang gore Iseraele ‘e nne ya boraro le Egepeto le Asiria’? Kwa tshimologong “mo motlheng wa bokhutlo,” bontsi jwa batho ba ba direlang Jehofa mo lefatsheng e ne e le maloko a “Iseraele wa Modimo.” (Daniele 12:9; Bagalatia 6:16) Fa e sa le ka bo1930, go ntse go tla boidiidi jo bogolo jwa “dinku tse dingwe,” ba ba nang le tsholofelo ya go tshela mo lefatsheng. (Johane 10:16a; Tshenolo 7:9) Ba ologela kwa ntlong ya ga Jehofa ya kobamelo e bile ba laletsa ba bangwe gore ba kopanele le bone, ba tswa mo ditšhabeng tse di neng di tshwantshediwa ke Egepeto le Asiria. (Isaia 2:2-4) Ba dira tiro e e tshwanang ya go rera jaaka barwarraabone ba ba tloditsweng, ba itshokela diteko tse di tshwanang, ba bontsha boikanyegi le bothokgami jo bo tshwanang, mme ba jela mo tafoleng e le nngwe fela ya semoya. Eleruri, batlodiwa le “dinku tse dingwe” ke “letsomane le le lengwe, modisa a le mongwe.” (Johane 10:16b) A go na le mongwe yo o ka belaelang gore Jehofa o itumelela tiro ya bone, fa a bona tlhoafalo le boitshoko jwa bone? Ga go gakgamatse go bo a bolela tshegofatso mo go bone, a re: “A batho ba me ba segofale”!
[Ntlha e e kwa tlase]
a Bakanoki bangwe ba akantsha gore polelwana e e reng “lefatshe la ditshenekegi tse di phaphaselang tse di nang le diphuka” e lebisitse go tsie e e nang le go saila mo Ethiopia. Batho bangwe ba bolela gore lefoko la Sehebera le le ranotsweng go twe “phaphaselang,” tsela·tsalʹ, le tshwana le modumo wa leina le Bagalla, Bahamit ba ba nnang kwa Ethiopia wa motlha wa segompieno, ba bitsang tsetse ka lone, e leng tsaltsalya.
[Setshwantsho mo go tsebe 191]
Batlhabani ba Bafilisitia ba tlhasela baba ba bone (setshwantsho se se betlilweng kwa Egepeto sa lekgolo la bo12 la dingwaga B.C.E.)
[Setshwantsho mo go tsebe 192]
Setshwantsho se se gabilweng mo letlapeng sa motlhabani kana modimo wa Momoaba (gareng ga lekgolo la bo11 le la bo8 la dingwaga B.C.E.)
[Setshwantsho mo go tsebe 196]
Motlhabani wa Mosiria a palame kamela (lekgolo la borobongwe la dingwaga B.C.E.)
[Setshwantsho mo go tsebe 198]
“Lewatle” la batho ba ba tsuologang le biloga go sa kgotsofale le botsuolodi
[Setshwantsho mo go tsebe 203]
Baperesiti ba Egepeto ba ne ba sa kgone go lepalepana le Jehofa ka maatla