KGAOLO 5
‘Matlotlo Otlhe a Botlhale’
1-3. Maemo e ne e le afe ka nako ya fa Jesu a ne a neela thero ka letsatsi la dikgakologo tsa ngwaga wa 31 C.E., mme ke eng fa bareetsi ba gagwe ba ile ba gakgamala?
KE LETSATSI la dikgakologo ka ngwaga wa 31 C.E. Jesu Keresete o gaufi le Kaperenama, motse o o tlhanaselang o o kafa lobopong lwa bokonebophirima jwa Lewatle la Galalea. Jesu o feditse bosigo jotlhe a rapela a le nosi mo thabeng e e gaufi le motse oo. Fa moso o ntse o atamela, o bitsa barutwa ba gagwe, mme mo gare ga bone o tlhopha ba le 12, mme o ba bitsa gore ke baaposetoloi. Ka yone nako eo, boidiidi jo bogolo jwa batho—bangwe ba tswa mafelong a a kwa kgakala—ba ntse ba setse Jesu morago go tla mo lefelong leno mme ba kgobokanetse mo lefelong le le sebatla mo go yone thaba eno. Ba swegaswega dipelo go utlwa dilo tse a tla ba rutang tsone le gore a fodise malwetse a bone. Jesu ga a ba swabise.—Luke 6:12-19.
2 O atamela boidiidi mme o fodisa botlhe ba ba lwalang. Kgabagare, fa go sa tlhole go le ope wa bone yo o lwalang, o nna fa fatshe a bo a simolola go ba ruta.a Mafoko a Jesu a a buang mo letsatsing leo la dikgakologo a tshwanetse a bo a gakgamatsa batho ba ba mo reeditseng. Kana e bile, ga ba ise ba ko ba utlwe ope a ruta ka tsela e e jaaka eo. Ga a gatelele botlhokwa jwa se a se rutang ka go nopola dingwao tse di sa kwalwang kana go nopola mafoko a borabi ba ba tumileng ba Bajuda. Go na le moo, gangwe le gape o nopola Dikwalo Tsa Sehebera tse di tlhotlheleditsweng. Molaetsa wa gagwe o tlhamaletse, mafoko a gagwe ga a raraana, bokao jwa one bo utlwala sentle. Fa a fetsa, boidiidi bo sala bo akabetse. Ee ruri, go a utlwala go bo ba akabetse. Ba sa tswa go reetsa monna yo o botlhale go gaisa botlhe ba ba kileng ba tshela!—Mathaio 7:28, 29.
3 Thero eo le dilo tse dingwe tse dintsi tse Jesu a ileng a di bua le go di dira di kwadilwe mo Lefokong la Modimo. Go ka nna molemo gore re sekaseke se pego eo e e tlhotlheleditsweng e se bolelang ka Jesu, ka gonne mo go ene go na le ‘matlotlo otlhe a botlhale.’ (Bakolosa 2:3) O ne a tsaya kae botlhale joo—bokgoni joo jwa go dirisa kitso le tlhaloganyo ka tsela e e molemo? O ile a bontsha botlhale jang, mme rona re ka latela jang sekao seo sa gagwe?
“Monna Yono o Tsere Kae Botlhale Jono?”
4. Batho ba ba neng ba reeditse Jesu kwa Nasaretha ba ne ba botsa potso efe, mme ka ntlha yang?
4 Ka nako ya lengwe la maeto a ga Jesu a go rera, o ne a etela Nasaretha, toropo e a goletseng kwa go yone, mme a simolola go ruta mo sinagogeng ya teng. Bontsi jwa batho ba ba neng ba mo reeditse ba ne ba akabala mme ba botsa ba re: “Monna yono o tsere kae botlhale jono?” Ba ne ba itse lelapa la gaabo—batsadi ba gagwe le bomonnawe—le gore o ne a tswa mo lelapeng la maemo a a kwa tlase. (Mathaio 13:54-56; Mareko 6:1-3) Mme ga go pelaelo gore ba ne ba itse le gore mmetli yono yo o setswerere mo puong o ne a sa tsena dikolo tse di neng di tseelwa kwa godimo tsa borabi. (Johane 7:15) Ka jalo go ne go bonala potso ya bone e utlwala.
5. Jesu o ne a senola gore o ne a tsaya kae botlhale jo a neng a na le jone?
5 Botlhale jo Jesu a neng a na le jone e ne e se fela ka ntlha ya go bo a na le mogopolo o o itekanetseng. Moragonyana mo bodireding jwa gagwe, fa a ne a rera phatlalatsa kwa tempeleng, o ne a senola gore botlhale jwa gagwe bo ne bo tswa mo motsweding wa maemo a a kwa godimo le go feta. O ile a re: “Se ke se rutang ga se sa me, mme ke sa yo o nthomileng.” (Johane 7:16) Ee, Rara, yo o neng a romile Morwa, e ne e le ene motswedi wa botlhale jwa ga Jesu. (Johane 12:49) Le fa go ntse jalo, Jehofa o ne a abela Jesu botlhale ka tsela efe?
6, 7. Jesu o ile a newa botlhale ke Rraagwe ka ditsela dife?
6 Moya o o boitshepo wa ga Jehofa o ne o dira mo pelong le mo mogopolong wa ga Jesu. Isaia o ile a bolelela pele jaana malebana le Jesu, Mesia yo o solofeditsweng: “Moya wa ga Jehofa o tla nna mo go ene, moya wa botlhale le wa go tlhaloganya, moya wa kgakololo le wa thata, moya wa kitso le wa go boifa Jehofa.” (Isaia 11:2) Ga go gakgamatse go bo mafoko le ditiro tsa ga Jesu di ne di bontsha botlhale jo bo seng kana ka sepe ka gonne moya wa ga Jehofa o ne o le mo go ene e bile o kaela dikakanyo le ditshwetso tsa gagwe.
7 Rara o ile a abela Jesu botlhale ka tsela e nngwe gape e e tseneletseng. Jaaka fa re bone mo Kgaolong ya 2, mo nakong e e tsereng dingwaga tse di se nang palo, ya pele ga Jesu a tla go nna motho, o ile a nna le tshono ya go ithuta tsela ya go akanya ya ga Rraagwe. Re ka se kgone go tlhaloganya ka botlalo bogolo jwa botlhale jo Morwa a ileng a kgona go ithuta jone fa a ntse a na le Rraagwe, a dira le ene ka natla e le “modiri yo o setswerere,” mo go bopeng dilo tse dingwe tsotlhe, tse di tshelang le tse di sa tsheleng. Ke ka lebaka le le utlwalang go bo Morwa a tlhalosiwa e le mothofatso wa botlhale fa go buiwa ka nako ya pele ga a tla go nna motho. (Diane 8:22-31; Bakolosa 1:15, 16) Mo bodireding jotlhe jwa ga Jesu jwa mo lefatsheng, o ile a kgona go dirisa botlhale jo a ileng a nna le jone fa a ntse a tshela le Rraagwe kwa legodimong.b (Johane 8:26, 28, 38) Ka gone, ga re a tshwanela go gakgamadiwa ke bogolo jwa kitso le boteng jwa tlhaloganyo jo re bo bonang mo mafokong a ga Jesu le temogo e kgolo e re e bonang mo go sengwe le sengwe se a se dirileng.
8. Rona balatedi ba ga Jesu re ka bona botlhale jang?
8 Rona balatedi ba ga Jesu, re tshwanetse go tsaya Jehofa e le motswedi wa botlhale. (Diane 2:6) Ke boammaaruri gore, Jehofa ga a re abele botlhale ka tsela ya kgakgamatso. Le fa go ntse jalo, o araba dithapelo tsa rona fa ka tlhoafalo re mo kopa botlhale jwa go dirisana ka katlego le dikgwetlho tsa botshelo. (Jakobe 1:5) Re tshwanetse go dira maiteko a magolo e le gore re kgone go nna le botlhale jo bo ntseng jalo. Re tshwanetse go nna re bo senka “jaaka matlotlo a a fitlhegileng.” (Diane 2:1-6) Ee, re tshwanetse go nna re epa kwa teng mo Lefokong la Modimo, le mo go lone re senolelwang botlhale jwa gagwe le gore re dumalanye botshelo jwa rona le se re ithutang sone. Sekao sa Morwa wa ga Jehofa se ka re thusa thata gore re nne le botlhale. A re sekasekeng dikarolo di le mmalwa tse Jesu a ileng a bontsha botlhale mo go tsone mme re bone kafa re ka mo etsang ka teng.
Mafoko a Botlhale
9. Ke eng se se neng se dira gore dithuto tsa ga Jesu di nne le botlhale jo bogolo jaana?
9 Batho ba ne ba thelegela kwa go Jesu ka bontsi go tla go mo reetsa. (Mareko 6:31-34; Luke 5:1-3) Seno ga se gakgamatse ka gonne fa Jesu a bula molomo, go ne go tswa mafoko a botlhale jo bo seng kana ka sepe! Dithuto tsa gagwe di ne di bontsha gore o na le kitso e e boteng ka Lefoko la Modimo le bokgoni jo bo seng kana ka sepe jwa go senola se tota e leng kgang ya konokono. Dithuto tsa gagwe di ka dirisiwa ke batho botlhe go sa kgathalasege gore ba tshela mo motlheng ofe. Akanyetsa dikai dingwe tsa botlhale jo bo fitlhelwang mo mafokong a ga Jesu, “Mogakolodi yo o Gakgamatsang,” yo go boleletsweng pele ka ene.—Isaia 9:6.
10. Ke dinonofo dife tse di molemo tse Jesu a re kgothaletsang go nna le tsone, mme ka ntlha yang?
10 Thero ya mo Thabeng, e e umakilweng kwa tshimologong, ke motlobo o mogolo go gaisa yotlhe ya dithuto tsa ga Jesu tse bakwadi ba tsone ba di kwadileng fela jaaka di ntse ba sa tle ba tsenya mafoko a bone kana a batho ba bangwe. Mo therong eno, Jesu ga a re gakolole fela gore re gagamalele go bua puo e e siameng le go nna le boitshwaro jo bo siameng. Kgakololo ya gagwe e akaretsa le dilo tse di boteng go feta tseo. E re ka Jesu a ne a itse gore mafoko le ditiro tsa motho di tlhotlhelediwa ke megopolo le maikutlo a motho a nang le one, o ne a re kgothaletsa go lwela go nna le dinonofo tse di molemo tse di amanang le tlhaloganyo le pelo, tse di jaaka bonolo, go rata tshiamo go nna kutlwelobotlhoko le kagiso le go rata ba bangwe. (Mathaio 5:5-9, 43-48) Fa re ntse re lwela go nna le dinonofo tse di ntseng jalo mo pelong ya rona, seo se tla dira gore re nne le puo le boitshwaro jo bo molemo jo bo itumedisang Jehofa e bile bo re thusa go nna le kamano e e molemo le beng ka rona.—Mathaio 5:16.
11. Fa Jesu a ntsha kgakololo kaga ditiro tsa boleo, o bontsha jang mabaka a konokono a tsone?
11 Fa Jesu a naya kgakololo kaga ditiro tsa boleo, o umaka mabaka a konokono a ditiro tseo. Ga a re bolelele fela gore re tile dikgoka. Go na le moo, o re tlhagisa gore re se ka ra letla kgalefo e nna le sebaka mo dipelong tsa rona. (Mathaio 5:21, 22; 1 Johane 3:15) Ga a re thibele fela go dira boaka. Go na le moo, o re tlhagisa ka kotsi ya maikutlo a a simololang mo pelong mme a bo a gogela motho mo go direng tiro e e ntseng jalo ya go se ikanyege. O re tlhagisa gore re se ka ra letla matlho a rona go tsosa keletso e e sa siamang mo go rona. (Mathaio 5:27-30) Jesu ga a bue fela ka matshwao a bothata, go na le moo, o bua le ka se se bakang bothata. O itebaganya le maikutlo le dikeletso tse di gogelang motho kwa go direng boleo.—Pesalema 7:14.
12. Balatedi ba ga Jesu ba leba jang kgakololo ya gagwe, mme ka ntlha yang?
12 A bo go na le botlhale jo bogolo jang mo mafokong a ga Jesu! Ga go gakgamatse go bo “boidiidi bo ne jwa tshwarwa ke kgakge ka ntlha ya tsela ya gagwe ya go ruta.” (Mathaio 7:28) Rona balatedi ba gagwe, re tsaya kgakololo ya gagwe e e botlhale e le kaelo e e molemo mo botshelong. Re leka go lwela go nna le dinonofo tse di molemo tse a neng a di ruta—go akaretsa bopelotlhomogi, go rata kagiso le lorato—ka gonne re itse gore fa re dira jalo re a bo re thaya motheo wa go nna le boitsholo jo bo itumedisang Modimo. Re leka ka bojotlhe go khumola mo dipelong tsa rona maikutlo le dikeletso tse di bosula tse a ileng a re kgothaletsa go di tila, tse di jaaka kgalefo e e feteletseng le dikeletso tsa boitsholo jo bo sa siamang, ka go itse gore go dira jalo go tla re thusa go tila boitshwaro jo bo sa siamang.—Jakobe 1:14, 15.
Tsela ya Botshelo e e Laolwang ke Botlhale
13, 14. Ke eng se se bontshang gore Jesu o ne a leba dilo ka tsela e e tshwanetseng fa a ne a tlhopha botshelo jo a batlang go bo tshela?
13 Jesu ga a ka a bontsha botlhale fela ka mafoko mme gape o ne a bo bontsha le ka ditiro. Tsela yotlhe ya gagwe ya botshelo—ditshwetso tsa gagwe, tsela e a neng a iteba ka yone le tsela e a neng a ikutlwa ka yone ka ba bangwe—e ne e bontsha botlhale ka dikarolo tsa jone tse dintsi tse di kgatlhang. Akanya ka dikai dingwe tse di bontshang gore Jesu o ne a laolwa ke “botlhale jo bo mosola le bokgoni jwa go akanya.”—Diane 3:21.
14 Botlhale bo akaretsa go leba dilo ka tsela e e tshwanetseng. Jesu o ne a leba dilo sentle fa a tlhopha botshelo jo a batlang go bo tshela. Akanya fela ka botshelo jo a ka bong a ile a tlhopha go bo tshela—ntlo e a ka bong a ikagetse yone, kgwebo e a ka bong a nnile le yone, kana maemo a a ka bong a nnile le one mo lefatsheng. Jesu o ne a itse gore go kgaratlhela botshelo jo bo ntseng jalo “ke lefela le go kgaratlhela phefo.” (Moreri 4:4; 5:10) Tsela e e ntseng jalo ya botshelo ke boeleele, jo bo farologaneng gotlhelele le botlhale. Jesu o ile a tlhopha go tshela botshelo jo bo sa raraanang. O ne a sa kgatlhegele go itirela madi kana go ikokoanyetsa dikhumo. (Mathaio 8:20) Go dumalana le se a neng a se ruta, o ne a tlhoma matlho mo selong se le sengwe fela—go dira thato ya Modimo. (Mathaio 6:22) Ka botlhale o ne a fetsa nako e ntsi ya gagwe le maatla mo go direng dilo tsa Bogosi, dilo tse di leng botlhokwa thata le tse di leretseng motho kgotsofalo e kgolo go feta dikhumo. (Mathaio 6:19-21) Ka gone, o re tlogeletse sekao se se molemo go se etsa.
15. Balatedi ba ga Jesu ba ka bontsha jang gore ba tlhoma leitlho la bone mo selong se le sengwe fela, mme ke ka ntlha yang fa eo e le tsela e e botlhale go e latela?
15 Balatedi ba ga Jesu gompieno ba lemoga molemo wa go tlhoma leitlho la bone mo selong se le sengwe fela. Ka gone, ba tila go ikimetsa ka dikoloto tse di sa tlhokegeng le ditiro tse di seng botlhokwa tsa letsatsi le letsatsi tse di tseelang motho nako e ntsi le maatla. (1 Timotheo 6:9, 10) Bontsi jwa bone ba ile ba tsaya dikgato tsa go tlhofofatsa botshelo jwa bone e le gore ba kgone go dirisa nako e ntsi mo bodireding jwa Bokeresete, gongwe le e leng go nna baboledi ba Bogosi ba nako e e tletseng. Ga go na tsela e nngwe ya botshelo e e botoka go feta eno, ka gonne fa motho a dira gore dilo tsa Bogosi e nne tsone di tlang pele, seo se dira gore a nne le boitumelo le kgotsofalo e kgolo.—Mathaio 6:33.
16, 17. (a) Jesu o ile a bontsha ka ditsela dife gore o ne a le boingotlo e bile a sa gagamalele go dira dilo tse a ka se kang a di kgona? (b) Re ka bontsha jang gore re boingotlo le gore ga re gagamalele go dira dilo tse re ka se kang ra di kgona?
16 Baebele e amanya botlhale le boingotlo, e leng se se bolelang go lemoga ditlhaelo tsa rona. (Diane 11:2) Jesu o ne a le boingotlo e bile a sa leke go dira dilo tse a itseng gore a ka se ka a di kgona. O ne a itse gore a ka se sokolole batho botlhe ba ba neng ba utlwa molaetsa wa gagwe. (Mathaio 10:32-39) Gape o ne a lemoga gore o ne a tla kgona go fitlhelela batho ba se kae fela ka boene. Ka gone, ka botlhale o ne a abela balatedi ba gagwe tiro ya go dira barutwa. (Mathaio 28:18-20) Ka boingotlo o ile a dumela gore ba ne ba tla “dira ditiro tse dikgolo go feta” tsa gagwe, ka gonne ba ne ba tla kgona go fitlhelela batho ba bantsi mo dikarolong tse dintsi le mo lobakeng lo loleele lwa nako go mo feta. (Johane 14:12) Gape Jesu o ne a lemoga gore le ene o tlhoka thuso. O ne a amogela thuso ya baengele ba ba neng ba tla go mo direla kwa sekakeng le thuso ya moengele yo o neng a tla go mo nonotsha kwa Gethesemane. Ka nako e Morwa Modimo a neng a tlhoka thuso thata ka yone, o ne a e kopa.—Mathaio 4:11; Luke 22:43; Bahebera 5:7.
17 Le rona re tshwanetse go nna boingotlo le go se gagamalele go dira dilo tse tota re ka se kang ra di kgona. Ke boammaaruri gore re batla go dira ka moya otlhe le go iteka ka natla mo tirong ya go rera le go dira barutwa. (Luke 13:24; Bakolosa 3:23) Mme gape, re tshwanetse go se lebale gore Jehofa ga a re bapise le batho ba bangwe, mme le rona ga re a tshwanela go dira jalo. (Bagalatia 6:4) Botlhale jo bo mosola bo tla re thusa go ipeela mekgele e re ka kgonang go e fitlhelela go ya ka bokgoni le maemo a rona. Mo godimo ga moo, botlhale bo tla kaela ba ba nang le maikarabelo go lemoga gore ba na le ditlhaelo le gore nako le nako ba tlhoka thuso le go engwa nokeng. Boingotlo bo tla ba thusa go amogela ka kanaanelo thuso e ba e newang, ka go itse gore Jehofa a ka nna a dirisa badumedi ka bone go nna ‘thuso e e ba nonotshang.’—Bakolosa 4:11.
18, 19. (a) Ke eng se se bontshang gore Jesu o ne a le tekatekano e bile a na le maikutlo a a siameng fa a dirisana le barutwa ba gagwe? (b) Ke eng fa re na le lebaka le le molemo la go nna le maikutlo a a siameng le go nna kakanyetso fa re dirisana le batho ba bangwe, mme re ka dira seo jang?
18 Jakobe 3:17 ya re: “Botlhale jo bo tswang kwa godimo . . . bo tekatekano.” Jesu o ne a le tekatekano e bile a le pelonomi fa a dirisana le barutwa ba gagwe. O ne a lemoga diphoso tsa bone, le fa go ntse jalo o ne a senka dilo tse di molemo mo go bone. (Johane 1:47) O ne a itse gore ba ne ba tlile go mo itatola mo bosigong jo a neng a tshwarwa ka jone, mme gone o ne a se ka a belaela go ikanyega ga bone. (Mathaio 26:31-35; Luke 22:28-30) Petere o ile a bo a latola ka makgetlo a mararo gore o itse Jesu. Le fa go ntse jalo, Jesu o ile a rapelela Petere mme a bontsha gore o a mo ikanya. (Luke 22:31-34) Mo bosigong jwa bofelo jwa ga Jesu mo lefatsheng, o ne a se ka a tlhoma mogopolo mo diphosong tsa barutwa ba gagwe fa a ne a rapela Rraagwe. Go na le moo, o ile a bua dilo tse di molemo malebana le tsela ya bone ya botshelo go fitlha mo bosigong joo, a re: “Ba bolokile lefoko la gago.” (Johane 17:6) Le fa ba ne ba na le makoa a go sa itekanela, o ne a ba naya boikarabelo jwa go tlhokomela dilo tse di mo lefatsheng tse di direlwang Bogosi jwa gagwe. (Mathaio 25:14, 15; Luke 12:42-44) Ga go pelaelo gore tsela e a neng a ba tshepa le go ba ikanya ka yone e ne ya ba nonotsha gore ba tswelele pele go dira tiro e a neng a ba laetse yone.
19 Balatedi ba ga Jesu ba na le lebaka la go etsa sekao sa gagwe mo kgannyeng eno. Fa Morwa Modimo yo o itekanetseng a ile a bontsha bopelotelele fa a dirisana le barutwa ba gagwe ba ba sa itekanelang, ruri rona batho ba ba sa itekanelang re tshwanetse go nna kakanyetso le e leng go feta fa re dirisana le ba bangwe! (Bafilipi 4:5) Go na le go tlhoma mogopolo thata mo makoeng a baobamedi ka rona, go ka nna molemo go senka dinonofo tse di molemo tse ba nang le tsone. Go molemo go gopola gore Jehofa ke ene yo o ba gogetseng kwa go ene. (Johane 6:44) Ga go pelaelo gore o tshwanetse a bo a bona sengwe se se molemo mo go bone, mme le rona re tshwanetse go dira jalo. Go nna le moya o o siameng ga go kitla go re thusa fela go “tlhokomologa diphoso” tsa ba bangwe mme gape go tla re thusa go senka dilo tse re ka ba akgolelang tsone. (Diane 19:11, The New English Bible) Fa re bontsha go ikanya bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ba Bakeresete, re a bo re ba thusa go dira ka bojotlhe mo go direleng Jehofa le go itumelela tirelo eo.—1 Bathesalonika 5:11.
20. Re tshwanetse go dira eng ka letlotlo le legolo la botlhale le le fitlhelwang mo dipegong tsa Diefangele, mme ka ntlha yang?
20 Ruri dipego tsa Diefangele tsa botshelo le bodiredi jwa ga Jesu ke letlotlo le legolo la botlhale! Re tshwanetse go dira eng ka mpho eno e e seng kana ka sepe? Fa Jesu a konela Thero ya gagwe ya kwa Thabeng, o ne a se ka a kgothaletsa bareetsi ba gagwe fela go utlwa mafoko a gagwe a a botlhale, mme gape o ne a ba kgothaletsa go a dira kana go a diragatsa. (Mathaio 7:24-27) Go bopa megopolo ya rona, dilo tse di re tlhotlheletsang le ditiro tsa rona gore di dumalane le mafoko a a botlhale a ga Jesu le ditiro tsa gagwe, go tla re thusa go bona tsela ya botshelo e e di gaisang tsotlhe gone jaanong, le go tswelela re le mo tseleng e e isang botshelong jo bo sa khutleng. (Mathaio 7:13, 14) Ruri ga go na tsela e nngwe e e botoka kana e e botlhale go gaisa eno e re ka e tsayang!
a Puo e Jesu a ileng a e neela mo letsatsing leo e ile ya itsege ka leina la Thero ya mo Thabeng. E kwadilwe mo go Mathaio 5:3–7:27, mme e na le ditemana di le 107 e bile go ka direga gore go ile ga tsaya metsotso e le 20 fela go e neela.
b Go bonala gore ka nako ya fa “magodimo a bulega” fa Jesu a ne a kolobediwa, o ne a busediwa mogopolo wa botshelo jwa gagwe jwa pele ga a tla go nna motho.—Mathaio 3:13-17.