“Lo Ithute mo go Nna”
“Rwalang jokwe ya me mme lo ithute mo go nna, gonne ke bonolo e bile ke boikokobetso mo pelong, mme lo tla bonela meya ya lona tapologo.”—MATHAIO 11:29.
1. Ke eng fa go ithuta mo go Jesu go ka nna monate ga ba ga dira gore botshelo bo nne le bokao?
KA METLHA Jesu Keresete o ne a akanya, a ruta e bile a dira dilo sentle. O tshetse nako e khutshwane mo lefatsheng, mme botshelo jwa gagwe e ne e le jo bo monate jo bo kgotsofatsang, e bile o ne a nna a itumetse. O ne a phutha barutwa mme a ba ruta tsela ya go obamela Modimo, go rata batho le go fenya lefatshe. (Johane 16:33) O ne a dira gore dipelo tsa bone di tlale tsholofelo a bo a ‘phatsimisetsa lesedi mo botshelong le mo go sa boleng ka dikgang tse di molemo.’ (2 Timotheo 1:10) Fa e le gore o itsaya o le mongwe wa barutwa ba gagwe, o akanya gore go nna morutwa go kaya eng? Fa re tlhatlhoba se Jesu a se bolelang ka barutwa, re ka ithuta go dira gore matshelo a rona a nne le bokao. Seo se akaretsa go leba dilo ka tsela ya gagwe le go dirisa melaometheo mengwe ya konokono.—Mathaio 10:24, 25; Luke 14:26, 27; Johane 8:31, 32; 13:35; 15:8.
2, 3. (a) Morutwa wa ga Jesu ke eng? (b) Ke eng fa go le botlhokwa gore re ipotse jaana, ‘Nna ke morutwa wa ga mang?’
2 Mo Dikwalong tsa Bokeresete tsa Segerika, lefoko le le ranotsweng go twe “morutwa” tota le raya mongwe yo o tlhomang mogopolo wa gagwe mo sengweng, kgotsa yo o ithutang. Lefoko le le tsamaisanang le leo le teng mo temaneng ya setlhogo sa rona, Mathaio 11:29: “Rwalang jokwe ya me mme lo ithute mo go nna, gonne ke bonolo e bile ke boikokobetso mo pelong, mme lo tla bonela meya ya lona tapologo.” Ee, morutwa ke moithuti. Gantsi Diefangele di dirisa lefoko “morutwa” mo balateding ba ba gaufi thata le Jesu, ba ba neng ba tsamaya le ene fa a ntse a rera e bile ba rutiwa ke ene. Batho bangwe ba ka tswa ba ile ba amogela dithuto tsa ga Jesu fela, gongwe e bile ba dira jalo mo sephiring. (Luke 6:17; Johane 19:38) Bakwadi ba Efangele gape ba ne ba bua ka “barutwa ba ga Johane [Mokolobetsi] le barutwa ba Bafarasai.” (Mareko 2:18) E re ka Jesu a ile a tlhagisa balatedi ba gagwe gore ba “dise . . . thuto ya Bafarasai,” re ka nna ra ipotsa jaana, ‘Nna ke morutwa wa ga mang?’—Mathaio 16:12.
3 Fa e le gore re barutwa ba ga Jesu, re ithutile mo go ene, foo ba bangwe ba tshwanetse ba ikutlwa ba lapologetswe semoyeng fa ba na le rona. Ba tshwanetse ba lemoga gore re setse re le bonolo thata le boikokobetso mo pelong. Fa e le gore mo tirong ya rona re na le maikarabelo a botsamaisi, re batsadi, kgotsa re na le ditiro tsa bodisa mo phuthegong ya Bokeresete, a ba re ba okametseng ba akanya gore re ba tshwara ka tsela e Jesu a neng a tshwara ba a ba okametseng ka yone?
Kafa Jesu a Neng a Tshwara Batho ka Teng
4, 5. (a) Ke eng fa go se thata go bona kafa Jesu a neng a dirisana ka teng le batho ba ba neng ba na le mathata? (b) Jesu o ne a diragalelwa ke eng fa a ntse a ja mo legaeng la Mofarasai mongwe?
4 Re tshwanetse ra itse gore Jesu o ne a tshwara batho jang, segolobogolo ba ba nang le mathata a a masisi. Ga re a tshwanela go palelwa ke go ithuta seo; Baebele e na le dipego di le dintsi tsa kafa Jesu a neng a dirisana le ba bangwe ka teng, mme bangwe ba bone ba ne ba tshwenyegile. A re eleng tlhoko le kafa baeteledipele ba bodumedi, segolobogolo Bafarasai, ba neng ba tshwara ka teng batho ba ba nang le mathata a a tshwanang. Pharologanyo eo e tla re ruta go le gontsi.
5 Ka ngwaga wa 31 C.E., fa Jesu a ne a le mo mosepeleng wa go tsamaya a rera kwa Galalea, “mongwe wa Bafarasai a nna a . . . kopa [Jesu] gore a je dijo tsa motshegare le ene.” Jesu o ne a amogela taletso eno ntle le go tikatika. “Jalo a tsena mo ntlong ya Mofarasai yono mme a nna ka go sekama fa tafoleng. Mme, bona! mosadi yo o neng a itsiwe mo motseng e le moleofi a utlwalela gore o ne a ntse ka go sekama aa ja mo ntlong ya Mofarasai yono, mme a tlisa kurwana ya alabasetere ya leokwane le le nkgang monate, a nna kafa morago fa dinaong tsa gagwe, a lela mme a simolola go kolobetsa dinao tsa gagwe ka dikeledi tsa gagwe a bo a di phimola ka moriri wa tlhogo ya gagwe. Gape, o ne a atla dinao tsa gagwe ka bonolo a ba a di tlotsa ka leokwane le le nkgang monate.”—Luke 7:36-38.
6. Ke eng fa mosadi yo e neng e le “moleofi” a ka tswa a ne a le kwa legaeng la Mofarasai?
6 A o kgona go bona seo ka leitlho la mogopolo? Buka nngwe ya ditshupiso ya re: “Mosadi yo (temana 37) o ile a tsena ka gonne go ne go na le dingwao tse di letlang batlhoki go fapogela mo meketeng e e ntseng jalo gore ba tle ba fiwe masalela.” Seo se ka tlhalosa gore ke ka ntlha yang fa motho a ne a ka tsena fela a sa lalediwa. Go ka tswa go ne go na le ba bangwe ba ba neng ba solofetse go selasela fa go feditswe go jewa. Le fa go ntse jalo, mosadi yono o ne a itshwara ka tsela e e sa tlwaelegang. Ga a ka a lebelela fela a le kgakala, a emetse gore batho ba fetse go ja. O ne a se na leina le lentle, e le “moleofi” yo o itsegeng, mo e leng gore Jesu o ne a re o itse ka “maleo a gagwe, le fa a [ne a] le mantsi.”—Luke 7:47.
7, 8. (a) Gongwe re ka bo re ile ra itshwara jang mo maemong a a tshwanang le a a begilweng mo go Luke 7:36-38? (b) Simone o ne a itshwara jang?
7 Akanya fela o tshela mo metlheng eo e bile o le mo seemong sa ga Jesu. O ka bo o ile wa itshwara jang? A o ka bo o ile wa ikutlwa o sa phuthologa fa mosadi yono a tla fa go wena? Seemo seno se ne se ka go ama jang? (Luke 7:45) A o ka bo o ile wa tsitsibana, wa tenega?
8 Fa o ka bo o ne o le mongwe wa baeng ba bangwe, a gongwe o ka bo o ile wa akanya ka tsela e e batlileng e tshwana le ya ga Simone wa Mofarasai? “Fa Mofarasai yo o . . . laleditseng [Jesu] yono a bona seno a ithaya a re: ‘Monna yono, fa e ne e le moporofeti, o ne a tla itse gore mosadi yo o mo amang yono ke mang le gore ke wa mofuta ofe, gore ke moleofi.’” (Luke 7:39) Mme Jesu ene e ne e le motho yo o pelotlhomogi tota. O ne a tlhaloganya bothata jwa mosadi yono e bile o ne a kgona go bona kutlobotlhoko ya gagwe. Ga re bolelelwe gore o ile a tsena jang mo botshelong jwa boleo. Fa e le gore ruri e ne e le seaka, go raya gore banna ba motse, Bajuda ba ba ineetseng ba ne ba sa mo thuse.
9. Jesu o ne a araba jang, mme go ka tswa go ile ga felela jang?
9 Mme Jesu o ne a batla go mo thusa. O ne a mo raya a re: “Maleo a gago a itshwaretswe.” Go tswa foo a oketsa jaana: “Tumelo ya gago e go bolokile; tsamaya ka kagiso.” (Luke 7:48-50) Pego e ema gone fa. Mongwe a ka nna a ganetsa a re Jesu ga a ka a mo thusa ka sepe se se kalo. Tota se a se dirileng ke go mo tsamaisa ka tshegofatso. A o akanya gore o ka tswa a ile a boela kwa botshelong jwa gagwe jo bo makgapha? Le fa re ka se tlhomamisege ka seo, ela tlhoko se Luke a se bolelang morago ga moo. O ne a tlhalosa gore Jesu o ne a eta “go tswa motseng go ya motseng le go tswa motsaneng go ya motsaneng, a rera e bile a bolela dikgang tse di molemo tsa bogosi.” Luke gape o ne a bega gore “basadi bangwe” ba ne ba na le Jesu le barutwa ba gagwe, “ba ba direla ka dilo tsa bone [basadi bano].” Ruri go ka direga gore mosadi yono yo o neng a ikwatlhaile e bile a tletse ditebogo o ne jaanong a le mo gare ga bone, a simolola go tshela ka tsela ya bomodimo ka segakolodi se se phepa, a na le boikaelelo jo bosha e bile a rata Modimo thata.—Luke 8:1-3.
Pharologanyo fa Gare ga ga Jesu le Bafarasai
10. Ke eng fa go le mosola go sekaseka kgang ya ga Jesu le mosadi kwa ntlong ya ga Simone?
10 Re ka ithuta eng mo pegong eno e e tlhalositsweng sentle? E re ama maikutlo, a ga go jalo? A ko o akanye fela o le mo ntlong ya ga Simone. O ne o ka ikutlwa jang? A o ne o tla itshwara ka tsela e Jesu a neng a itshwara ka yone, kgotsa o ne o tla ikutlwa go sekae jaaka Mofarasai yo o neng a mo laleditse? Jesu e ne e le Morwa Modimo, ka jalo re ka se ka ra ikutlwa le go itshwara fela jaaka ene. Kafa letlhakoreng le lengwe, re ka se rate go akanya gore re tshwana le Simone wa Mofarasai. Ga se batho ba bantsi ba ba ka ikgantshang ka gore ba tshwana le Bafarasai.
11. Ke eng fa re ka se batle go tshwantshiwa le Bafarasai?
11 Fa re tlhatlhoba bosupi jwa Baebele le jwa dibuka tse dingwe, re ka bona gore Bafarasai ba ne ba ipona e le batlhokomedi ba gore batho ba tshele sentle le gore setšhaba se atlege. Ba ne ba sa kgotsofalele gore Molao wa Modimo o a utlwala e bile o motlhofo go tlhaloganngwa. Gongwe le gongwe fa bone ba neng ba bona e kete Molao ga o itlhalose sentle teng, ba ne ba leka go thiba diphatlha tse ba di bonang ka ditlhaloso tse di neng di dira gore motho a se ka a tlhoka go dirisa segakolodi. Baeteledipele bano ba bodumedi ba ne ba leka go tlhama melawana e e tla laolang boitshwaro mo dikgannyeng tsotlhe, tota le mo go tse e seng tsa sepe.a
12. Bafarasai ba ne ba ipona ba ntse jang?
12 Rahisitori wa lekgolo la ntlha wa Mojuda e bong Josephus o dira gore go bonale sentle gore Bafarasai ba ne ba ipona ba le pelontle, ba le bonolo, ba le tshiamo e bile ba tshwanela tiro ya bone sentle. Ga go pelaelo gore bangwe ba bone ba ne ba ntse jalo. O ka nna wa gopola Nikodemo. (Johane 3:1, 2; 7:50, 51) Fa nako e ntse e ya, bangwe ba bone ba ne ba amogela tsela ya Bokeresete. (Ditiro 15:5) Moaposetoloi wa Mokeresete Paulo o ne a kwala ka Bajuda bangwe, ba ba jaaka Bafarasai a re: “Ba na le tlhoafalo ka Modimo; mme e seng go ya ka kitso ya boammaaruri.” (Baroma 10:2) Le fa go ntse jalo, Diefangele di ba tlhalosa jaaka batho ka kakaretso ba ne ba ba bona—ba ikgantsha, ba ikgogomosa, ba ipona tshiamo, ba tshwayatshwaya diphoso e bile ba le lonyatso.
Kafa Jesu a Neng a ba Leba ka Teng
13. Jesu o ne a reng ka Bafarasai?
13 Jesu o ne a kgalema bakwadi le Bafarasai a re ke baitimokanyi. “Ba bofa merwalo e e boima ba bo ba e pega mo magetleng a batho, mme bone ka bobone ga ba rate le go e sutisa ka monwana wa bone.” Ee, morwalo o ne o le bokete le jokwe e e neng e pegilwe batho e ne e le botlhoko. Jesu o ne a ba a bitsa bakwadi le Bafarasai a re ke “dieleele.” Seeleele se a tshwenya mo setšhabeng. Jesu gape o ne a bitsa bakwadi le Bafarasai a re ke “bagogi ba ba foufetseng” a bontsha gore ba “itlhokomolositse dilo tse di bokete segolo tsa Molao, e leng, tshiamiso le kutlwelobotlhoko le boikanyegi.” Ke mang yo o neng a ka rata gore Jesu a mo tseye a tshwana le Bafarasai?—Mathaio 23:1-4, 16, 17, 23.
14, 15. (a) Tsela e Jesu a neng a dirisana ka yone le Mathaio Lefi e senola eng ka ditsela tsa Bafarasai? (b) Re ka ithuta dilo dife tsa botlhokwa mo pegong eno?
14 Mmadi ope fela wa dipego tsa Efangele a ka bona kafa seemo sa bontsi jwa Bafarasai se neng se le masisi ka teng. Fa Jesu a sena go laletsa Mathaio Lefi, mokgethisi, gore a nne morutwa, Lefi o ne a mo rulaganyetsa mokete o mogolo wa go mo amogela. Pego ya re: “Foo Bafarasai le bakwadi ba bone ba simolola go ngongorega mo barutweng ba gagwe, ba re: ‘Ke ka ntlha yang lo ja e bile lo nwa le bakgethisi le baleofi?’ Fa Jesu a fetola a ba raya a re: ‘ . . . Ke tlile go biletsa, e seng batho ba ba siameng, mme baleofi kwa boikwatlhaong.’”—Luke 5:27-32.
15 Lefi ka boene o ne a tlhaloganya sengwe gape se Jesu a neng a se bua ka nako eo: “Tsamayang, mme lo ithute gore seno se rayang, ‘Ke batla kutlwelobotlhoko, e seng setlhabelo.’” (Mathaio 9:13) Le fa Bafarasai ba ne ba bolela gore ba dumela mekwalo ya baporofeti ba Bahebera, ga ba a ka ba amogela mafoko ano mo go Hosea 6:6. Ba ne ba tlhomamisa gore le fa ba ka fapoga mme gone ba bo ba latetse ngwao. Mongwe le mongwe wa rona a ka ipotsa gore, ‘A ke itsege ke le motho yo o ngaparelang melao mengwe thata, jaaka e e dumalanang le maikutlo a me kgotsa tsela e e tlwaelegileng ya go dira dilo? Kgotsa a batho ba ntsaya ke le motho yo o pelotlhomogi, yo o molemo?’
16. Bafarasai ba ne ba na le mokgwa ofe, mme re ka dira jang gore re se ka ra tshwana le bone?
16 Bafarasai ba ne ba rata go tshwayatshwaya diphoso. E ne e le mokgwa wa bone. Bafarasai ba ne ba batla phoso nngwe le nngwe—e ka tswa e le teng kgotsa ba e akanyetsa fela. Ba ne ba dira gore batho ba nne ba letetse go kgalwa nako nngwe le nngwe mme ba ba gakolola ditlhaelo tsa bone. Bafarasai ba ne ba ikgantsha ka gore ba ntsha nngwesomeng ya ditlhatshana tse dinnye thata, tse di jaaka minte, dile le kumina. Ba ne ba bontsha boineelo jwa bone ka diaparo tsa bone e bile ba leka go kaela setšhaba. Eleruri, fa re batla gore ditiro tsa rona di tsamaisane le sekao sa ga Jesu, ga re a tshwanela go nna le mokgwa wa go batla makoa a ba bangwe le go a baya mo pontsheng.
Jesu O ne A Rarabolola Mathata Jang?
17-19. (a) Tlhalosa gore Jesu o ile a dira jang mo seemong se se ka bong se nnile le diphelelo tse di masisi tota. (b) Ke eng se se neng se dira gore boemo jono e nne jo bo tshwenyang le jo bo seng monate? (c) Fa o ka bo o ne o le teng fa mosadi yono a ya kwa go Jesu, o ka bo o ile wa itshwara jang?
17 Tsela ya ga Jesu ya go rarabolola mathata e ne e farologane thata le ya Bafarasai. Ela tlhoko kafa Jesu a neng a rarabolola ka teng seemo se se ka bong se ile sa nna masisi thata. Se ne se ama mosadi yo o neng a sa le a tshologa madi ka dingwaga di le 12. O ka bala pego eo mo go Luke 8:42-48.
18 Pego ya ga Mareko ya re mosadi yono o ne a “tshogile e bile a roroma.” (Mareko 5:33) Ka ntlha yang? Kwantle ga pelaelo, ke ka gonne a ne a itse gore o robile Molao wa Modimo. Go ya ka Lefitiko 15:25-28, mosadi yo o neng a tshologa madi ka tsela e e seng ya tlholego o ne a itshekologile go fitlha madi a kgaotsa, le beke morago ga foo. Sengwe le sengwe se a neng a se tshwara le mongwe le mongwe yo a neng a mo ama o ne a itshekologa. Mosadi yono o ne a tshwanelwa ke go itshukunyetsa mo letshutitshuting la batho gore a fitlhe kwa go Jesu. Fa re bala ka pego eno dingwaga di le 2 000 e sena go diragala, re mo utlwela botlhoko ka ntlha ya bothata jo a neng a na le jone.
19 Fa o ka bo o ne o le teng mo letsatsing leo, o ka bo o tsere seemo jang? O ka bo o ile wa reng? Ela tlhoko gore Jesu o ne a tshwara mosadi yono ka tsela e e pelonomi, e e lorato le go mo akanyetsa, a sa umake le mathata ape a a ka tswang a a bakile.—Mareko 5:34.
20. Fa Lefitiko 15:25-28 e ka bo e tshwanetse go latelwa gompieno, re ne re tla lebana le kgwetlho efe?
20 A re ka ithuta sengwe mo tiragalong eno? A re re o mogolwane mo phuthegong ya Bokeresete gompieno. Gape a re tseye gore Bakeresete gompieno ba ne ba tshwanetse go ikobela Lefitiko 15:25-28 le gore mosadi wa Mokeresete o ne a robile molao oo, a tshogile e bile a sa itse se a ka se dirang. O ne o tla itshwara jang? A o ne o tla mo tlhabisa ditlhong mo pele ga batho ka go mo kgalemela o mo tshwayatshwaya diphoso? “Nna,” wa rialo, “nka se ka ka ba ka dira jalo! Ke ne ke tla latela sekao sa ga Jesu, ke leka thata gore ke nne pelontle, lorato le go mo akanyetsa.” A mafoko a mantle! Mme bothata ke go a diragatsa, go latela sekao sa ga Jesu.
21. Jesu o ne a ruta batho eng ka Molao?
21 Tota batho ba ne ba ikutlwa ba lapolosiwa ke Jesu, ba gomotsega e bile ba kgothatsega. Fa Molao wa Modimo o neng o tlhomame teng, o ne o tshwanetse wa tlhaloganngwa fela jalo. Fa go lebega o akaretsa, ba ne ba tshwanelwa ke go dirisa segakolodi mme ba ne ba ka bontsha gore ba rata Modimo ka ditshwetso tsa bone. Molao o ne o sa ba gatelele. (Mareko 2:27, 28) Modimo o ne a rata batho ba gagwe, a dira ka metlha gore ba solegelwe molemo, e bile o ne a iketleeditse go nna pelotlhomogi fa ba dira phoso. Jesu o ne a ntse fela jalo.—Johane 14:9.
Diphelelo Tsa Dithuto Tsa ga Jesu
22. Go ithuta mo go Jesu go ne ga tlogela barutwa ba gagwe ba ikutlwa jang?
22 Ba ba neng ba reetsa Jesu ba bo ba nna barutwa ba gagwe ba ne ba rata boammaaruri jwa mafoko ano a gagwe: “Jokwe ya me e bopelonomi le morwalo wa me o motlhofo.” (Mathaio 11:30) Ba ne ba se ke ba ikutlwa e kete o a ba tshwenya kgotsa o ba kgalemeletse ruri. Ba ne ba ikutlwa ba gololesegile, ba itumetse go feta pele e bile ba tshepa kamano ya bone le Modimo le batho ba bangwe go feta pele. (Mathaio 7:1-5; Luke 9:49, 50) Ba ne ba ithuta mo go ene gore go nna moeteledipele wa semoya go tlhoka gore motho a lapolose ba bangwe, a ikokobeditse mo mogopolong le mo pelong.—1 Bakorintha 16:17, 18; Bafilipi 2:3.
23. Barutwa ba ga Jesu ba ne ba ithuta eng sa botlhokwa ka go nna le ene mme se ne sa ba thusa go dira ditshwetso dife?
23 Mo godimo ga moo, ba le bantsi ba ne ba kgatlhiwa thata ke botlhokwa jwa go nna ba le seoposengwe le Keresete le go bontsha moya o a neng a o bontsha. O ne a raya barutwa ba gagwe a re: “Fela jaaka Rara a nthatile le nna ke lo ratile, nnelang ruri mo loratong lwa me. Fa lo boloka ditaelo tsa me, lo tla nnela ruri mo loratong lwa me, fela jaaka ke bolokile ditaelo tsa ga Rara mme ka nnela ruri mo loratong lwa gagwe.” (Johane 15:9, 10) Gore ba atlege e le badiredi le batlhanka ba Modimo, ba ne ba tshwanetse go dirisa ka tlhoafalo se ba neng ba se ithutile mo go Jesu, ka go rera le ka go ruta phatlalatsa ka dikgang tse di molemo tsa Modimo le ka go dirisana sentle le ba lelapa le ditsala. Fa bakaulengwe ba ntse ba oketsega e bile ba bopa diphuthego, gangwe le gape ba ne ba tla tlhoka go ikgopotsa gore tsela ya gagwe ke yone e e tshwanetseng. O ne a ruta se e leng boammaaruri, mme botshelo jo ba neng ba bone a bo tshela ruri e ne e le botshelo jo motho a ka bo eletsang.—Johane 14:6; Baefeso 4:20, 21.
24. Ke dilo dife tse re tshwanetseng ra di ela tlhoko mo sekaong sa ga Jesu?
24 Gone jaanong, fa o akanya ka dingwe tsa dilo tse re ntseng re di tlhalosa, a o bona ditsela tse o ka tokafatsang ka tsone? A o a dumalana gore Jesu ka metlha o ne a akanya, a ruta e bile a itshwara ka tsela e e tshwanetseng? Fa go le jalo, se kgobege marapo. Mafoko a a re kgothatsang ka one ke a: “Fa lo itse dilo tseno, lo a itumela fa lo di dira.”—Johane 13:17.
[Ntlha e e kwa tlase]
a “Pharologanyo e kgolo [fa gare ga ga Jesu le Bafarasai] e bonala sentle fela fa go lejwa pharologanyo fa gare ga ditsela tse pedi tse di sa tshwaneng tse ba tlhaloganyang Modimo ka tsone. Go ya ka Bafarasai, sa Modimo fela ke go dira ditaelo; mme Jesu ene o bona a le molemo e bile a le pelotlhomogi. Gone ke boammaaruri gore Mofarasai ga a ganetse gore Modimo o molemo e bile o lorato, mme o tsaya gore dinonofo tseno di ne tsa bontshiwa ka mpho ya Tora [Molao] le mo goreng batho ba ka diragatsa se se batliwang mo go one. . . . Mofarasai o ne a bona go ngaparela ngwao le melawana ya yone ya go tlhalosa molao e le tsela ya go diragatsa Tora. . . . Go tlotlomatsa ga ga Jesu molao wa lorato o o gabedi (Math. 22:34-40) gore e nne tlhaloso e e amogelwang mme a gana mokgwa wa go itlama ka ngwao . . . go ile ga dira gore a thulane le tsela ya Bafarasai ya go tlhalosa ngwao.”—The New International Dictionary of New Testament Theology.
O Arabela Jang?
• Mo go wena, go nna morutwa wa ga Jesu go kaya eng?
• Jesu o ne a tshwara batho jang?
• Re ka ithuta eng mo tseleng e Jesu a neng a ruta ka yone?
• Jesu o ne a farologane jang le Bafarasai?
[Ditshwantsho mo go tsebe 18, 19]
A bo Jesu a ne a tsaya batho ka tsela e e farologaneng jang ne le ya Bafarasai!