Buka ya Bibela ya bo 42—Luke
Mokwadi: Luke
Lefelo Leo E Kwaletsweng kwa go Lone: Kaesarea
Go Wediwa ga go E Kwala: mo e ka nnang ka 56–58 C.E.
Lobaka Lo Lo Tserweng: 3 B.C.E.–33 C.E.
1. Luke o ne a kwala ka Efangele ya mofuta ofe?
EFANGELE ya ga Luke e kwadilwe ke monna yo o neng a na le mogopolo o o ratang go itse dilo ebile a le pelonomi, mme ereka a ne a na le dinonofo tse di molemo tseno tse di tsamaisanang sentle, mmogo le kaelo ya moya wa Modimo, o ne a kgona go kwala polelo ya bonnete le e e itumedisang le e e tshikhinyang maikutlo. Mo ditemaneng tsa yone tsa ntlha, a re, “Ke tlhotlhomisitse rure dilō cotlhe le tsa tshimologō, ke nntse ke ikaeletse ha go ka nna molemō go gu kwalèla ka thulaganyō.” Mokwalo wa gagwe o go kwadilweng dintlha tsotlhe mo go one, o o kwadilweng ka botswerere o supela mafoko ano ka botlalo.—Luke 1:3.
2, 3. Go na le bosupi bofe bo sele le jwa mo teng ga Bibela ka boyone jo bo supang gore ngaka Luke ke ene yo o neng a kwala Efangele eno?
2 Lemororo Luke a sa umakiwe gope mo polelong eno, bakwadi ba bogologolo ba dumela gore ke ene yo o kwadileng buka eno. Mo go Muratorian Fragment (mo e ka nnang ka 170 C.E.) go bolelwa fa Efangele eno e kwadilwe ke Luke mme bakwadi ba lekgolo la bobedi la dingwaga ba ba tshwanang le Irenaeus le Clement wa Alexandria ba ne ba dumela mo go yone. Bosupi jwa Bibela ka boyone le jone bo supa ka botlalo fa e kwadilwe ke Luke. Paulo o bua ka ene mo go Bakolosa 4:14 a re ke “Luke, ñaka e e ratègañ,” mme mokwalo wa gagwe o kwadilwe ka mokgwa wa bakanoki oo motho o ka o lebelelang mo mothong yo o rutegileng sentle, yo o tshwanang le ngaka. Go dirisa puo ga gagwe ka botswerere le go bo a dirisa mafoko a a farologaneng a mantsi, go feta ga bakwadi ba bangwe ba bararo ba Efangele ba kopantswe mmogo, go dirile gore a kgone go kwala kgang ya gagwe e e botlhokwa ka kelotlhoko le ka tsela e e tlhaloganyesegang. Batho bangwe ba tsaya fa polelo ya gagwe ya morwa sesenyi e le polelo e khutshwane e e molemo go gaisa tsotlhe tse di kileng tsa kwalwa.
3 Luke o dirisa mafoko a a fetang 300 a bongaka ao a a tlhalosang ka tsela e e farologaneng ya bongaka le jaaka a dirisiwa ke bakwadi ba bangwe (fa e le gore baa a dirisa) ba Dikwalo tsa Bokeresete tsa Segerika.a Ka sekai, fa a bua ka bolwetsi jwa lepero, Luke ga a dirise lereo le le tshwanang ka metlha le ba bangwe ba le dirisang. Mo go bone lepero ga le na mefuta e e farologaneng, mme go ya ka ngaka, go na le mefuta e e farologaneng ya lepero, se se tshwanang le fa Luke a bua ka “monna eo o tletseñ lepero.” O bolela gore Lasaro o ne a “tletse dinthō.” Ga go na mokwadi ope yo mongwe wa Efangele yo o bolelang gore mogwagadia Petere o ne a “chwerwe ke pobolō e kgolo ea lechoroma.” (5:12; 16:20; 4:38) Lemororo bakwadi ba bangwe ba bararo ba re bolelela gore Petere o ne a kgaola tsebe ya motlhanka wa moperesiti yo mogolo, ke Luke fela yo o umakang gore Jesu o ne a mo fodisa. (22:51) Ke ngaka fela e e ka bolelang gore mosadi o ne a “[tsenywe] ke mōea oa seèmèra ka dinyaga di le shomè le bohèra mebedi; me a bo a hutaganye; me a sa kake a ikinamolola ka gopè.” Mme ke mang fa e se “Luke, ñaka e e ratègañ” fela yo o neng a ka kwala dintlha tsotlhe tsa thuso ya pele e e neng ya newa monna mongwe ke Mosamaria yoo o neng “a hapa dinthō tsa gagwè, a di thèla loukwane le boyalwa yoa mofine”?—13:11; 10:34.
4. Luke e ka nna ya tswa e ne ya kwalwa leng, mme ke mabaka afe a a tshegetsang pono eno?
4 Luke o ne a kwala Efangele ya gagwe leng? Ditihō 1:1 e supa gore mokwadi wa Ditihō (yo gape e neng e le Luke) o ne pelenyana a ile a kwala “lokwalō loa pele,” eleng Efangele. Buka ya Ditihō e ka nna ya tswa e ne ya digelwa mo e ka nnang ka 61 C.E. fa Luke a ne a le mo Roma a na le Paulo, yo o neng a emetse tsheko ya boikuelo jwa gagwe kwa go Kaesare. Jalo Luke o tshwanetse a bo a ne a kwalela polelo eno ya Efangele kwa Kaesarea mo e ka nnang ka 56-58 C.E., morago ga a sena go boa le Paulo kwa Filipi kwa bokhutlong jwa loeto lwa ga Paulo lwa boraro lwa borongwa le fa Paulo a ne a letetse ka dingwaga di le pedi mo kgolegelong kwa Kaesarea pele ga a isiwa kwa Roma go ya go ikuela gone. Ereka Luke a ne a le koo mo Palasetina, mo nakong eno o ne a le mo seemong se sentle go ka ‘tlhotlhomisa dilo tsotlhe go tswa kwa tshimologong ya tsone ka tlhomamo’ kaga botshelo le bodihedi jwa ga Jesu. Ka gone go lebega fa polelo ya ga Luke e ne ya kwalwa pele ga Efangele ya ga Mareko.
5. Luke o ka nna a tswa a ne a kgonne go ‘tlhotlhomisa ka tlhomamo’ ditiragalo tsa botshelo jwa ga Jesu go tswa mo metsweding efe?
5 Legale, Luke o ne a sa bona ka matlho ditiragalo tsotlhe tse a di kwadileng mo Efangeleng ya gagwe, ereka a ne a se mongwe wa ba ba 12 mme ebile gongwe a ne a sekile a nna modumedi go fitlhela morago ga loso lwa ga Jesu. Lefa go ntse jalo, o ne a atamalane thata le Paulo mo tirong ya gagwe ya borongwa. (2 Tim. 4:11; File. 24) Jalo, fela jaaka go ka lebelelwa, mokwalo wa gagwe o bontsha gore o ne a atamalane thata le Paulo, jaaka go ka bonwa fa go bapisiwa dipolelo tsa bone tse pedi kaga Sejo sa Morena sa Maitsiboa, mo go Luke 22:19, 20 le 1 Bakorintha 11:23-25. Gape Luke o ka nna a bo a ne a tsaya tshedimosetso ya gagwe mo Efangeleng ya ga Mathaio. Fa a ne a ntse a ‘tlhotlhomisa dilo tsotlhe ka tlhomamo,’ o ne a ka kgona go botsolotsa ka boene batho ba ba boneng ka matlho ditiragalo tsa botshelo jwa ga Jesu, ba ba tshwanang le barutwa ba ba neng ba santse ba tshela mme gongwe le mmaagwe Jesu, ebong Maria. Re ka tlhomamisega gore o ne a seka a tlhoka go tlhotlhomisa sengwe le sengwe fa a ne a rulaganya dintlha tsa gagwe tse di boammaaruri.
6. Ke karolo e e kana kang ya Efangele ya ga Luke e e leng ya mofuta wa gagwe fela, mme o ne a kwalela bomang? Ke ka ntlhayang fa o araba jalo?
6 Go phepafala sentle fa go tlhatlhobisiwa dipolelo tse nnè tsa Efangele gore bakwadi bano ga ba boeletse dipolelo tsa ba bangwe, le gone ga ba kwalele fela go naya bosupi bo le mokawana jwa rekoto eno e e botlhokwatlhokwa ya Bibela. Polelo ya ga Luke e kwadilwe ka tsela ya yone e le yosi fela. Ka kakaretso, 59 lekgolong ya Efangele ya gagwe ke ya mofuta wa gagwe fela. O kwadile dikgakgamatso di ka nna thataro le ditshwantsho di feta palo eo e menagane gabedi tseo di sa umakiweng mo dipolelong tse dingwe tsa Efangele, mme ereka nngwetharong ya Efangele ya gagwe e le dilo tse di bolelwang mme peditharong ya yone e le mafoko a dibui; Efangele ya gagwe ke e telele mo go tsotlhe ka bonè. Mathaio o ne a kwalela segolobogolo Bajuda, mme Mareko ene o ne a kwalela babadi ba eseng Bajuda, segolobogolo Baroma. Efangele ya ga Luke e ne e lebisitswe go “Motlotlegi Theofila” mme ene o ne a tla e bolelela batho ba bangwe, Bajuda mmogo le ba e seng Bajuda. (Luke 1:3, 4) Fa a dira gore polelo ya gagwe e nne e e tla kgatlhegelwang ke batho ba merafe yotlhe, o latedisa balosika lwa batsadi ba ga Jesu go ya fela kwa go “Adame, morwa Modimo,” mme eseng fela go fitlha kwa go Aberahame, jaaka Mathaio a dira fa a kwalela Bajuda segolobogolo. O lemoga segolobogolo mafoko a boperofeti a ga Simeone a gore Jesu ke ene yo o neng a tla dirisediwa go ‘tlosa sesiro mo merafeng,’ mme o bolela gore “nama eotlhe e tla bōna poloka ea Modimo.”—3:38; 2:29-32; 3:6.
7. Ke eng se se nayang bosupi jo bo tiileng jwa gore Efangele ya ga Luke e boammaaruri?
7 Mo mokwalong otlhe wa gagwe, Luke o itshupa fa e le moanedi yo o tlhomologileng, ereka dipolelo tsa gagwe di rulagantswe sentle ebile di tlhomame. Go tlhomama mono le go ikanyega ga mekwalo ya ga Luke ke bosupi jo bo nonofileng jwa gore e boammaaruri. Mokwadi mongwe yo o kwalang ka dikgang tsa molao o kile a lemotsha jaana: “Lefa baboledi ba dipolelo tsa lorato, dikinane le bosupi jwa maaka ba nna kelotlhoko go bolela gore ditiragalo dingwe tse go bolelwang ka tsone di diragetse kwa lefelong lengwe le le kgakala le ka nako nngwe e e sa itsiweng, mme ka go dira jalo ba tlola melao ya ntlha e rona boagente re e ithutang ya molao o o siameng, wa gore ‘go tshwanetswe ga bolelwa gore polelo nngwe le nngwe e diragetse leng le gone e diragaletse kae,’ baanedi ba Bibela bone ba re bolelela letlha le lefelo la dilo tse go bolelwang ka tsone ka go opa kgomo lonaka.”b Fa a supa seo o ne a tsopola Luke 3:1, 2 e e reng: “Me yana, e rile ka ñwaga oa leshomè le botlhano oa pusho ea ga Kaesare Tiberio, ka Ponto Pilatwe a le molaodi oa Yudea, le Herode a le kgōsana ea Galilea, le Filipo monnawè a le kgōsana ea Iturea le ea lehatshe ya Terakoniti, le Lesaniase a le kgōsana ea Abilene, Le Anase le Kaiafase ba le baperisiti ba bagolo, lehoko ya Modimo ya tla kwa go Yohane, morwa Sakarie, a le mo nageñ.” Fano ga go buiwe sepe ka nako e e sa itsiweng kana lefelo le le kgakala, mme Luke o umaka batho ba maemo ba ka nna supa mo re kgonang go lemoga gore bodihedi jwa ga Johane le jwa ga Jesu bo ne jwa simologa leng.
8. Luke o supa nako ya go tsholwa ga ga Jesu jang “ka tlhomamō”?
8 Luke gape o re naya ditshupo di le pedi tse re ka kgonang ka tsone go bona gore Jesu o ne a tsholwa leng fa a bolela jaana mo go Luke 2:1, 2: “Me yana e rile mo metlheñ euō, ga cwa taolō kwa go Kaesare Aguseto, gore lehatshe yeotlhe le kwalwè. Go kwalwa mo ga ntlha, ke mo go dihilweñ ka Kuirinio a le molaodi oa Siria.” Nako eno e ne e le fa Josefa le Maria ba ne ba ya kwa Bethelehema go ya go ikwadisa, mme Jesu o ne a tsholwa fa ba le koo.c Ga go rone go re re dumalane le moakgedi mongwe yo o neng a re: “Bongwe jwa bosupi jo bogolo jwa gore Luke o kwala ka mokgwa wa bakwadi ba hisitori ke gore ka metlha o kgona go kwala se se tlhomameng.”d Re tshwanetse go dumela gore mafoko a ga Luke a gore ‘o ne a tlhotlhomisa dilo tsotlhe go tswa kwa tshimologong ka tlhomamo’ a boammaaruri.
9. Ke boperofeti bofe jwa ga Jesu, jo bo kwadilweng mo go Luke, jo bo neng jwa diragadiwa ka mo go gakgamatsang ka 70 C.E.
9 Luke gape o supa kafa boperofeti jwa Dikwalo tsa Sehebera bo neng jwa diragadiwa ka gone ka go opa kgomo lonaka mo go Jesu Keresete. O tsopola bosupi jo bo tlhotlheleditsweng jwa ga Jesu kaga seno. (24:27, 44) Mo godimo ga moo, o kwala boperofeti jwa ga Jesu ka tlhomamo malebana le ditiragalo tsa mo isagweng, mme ntlha nngwe le nngwe e e boleletsweng pele ya bontsi jwa tseno di setse di diragetse ka mo go gakgamatsang. Ka sekai, Jerusalema o ne a dikaganyediwa ka tikanyetso ya dikota tse di motsu a ba a senngwa ka masetlapelo a magolo a a tshosang ka 70 C.E., fela jaaka Jesu a ne a bolelela pele. (Luke 19:43, 44; 21:20-24; Math. 24:2) Raditiragalo wa selefatshe ebong Flavius Josephus, yo o neng a bone ditiragalo tseo ka matlho a le mo sesoleng sa Roma, o rurifatsa gore ditlhare tsotlhe tse di neng di le mo sekgaleng sa dikilometara tse 16 tsa naga eo di ne tsa rengwa e le gore go dirwe dikota tseo, le gore lobota lwa tikanyetso lo ne lo le dikilometara di le 7,2 ka boleele, le gore basadi ba le bantsi le bana ba ne ba bolawa ke tlala, le gore go ne ga swa Bajuda ba le 1 000 000 le gore ba le 97 000 ba ne ba isiwa botshwarwa. Le eleng gompieno, Arch of Titus e e mo Roma e supa dilo tse Baroma ba neng ba nna natso ba sena go fenya e le tse ba di thopileng kwa tempeleng ya kwa Jerusalema.e Re ka tlhomamisega gore boperofeti jo bongwe jo bo tlhotlheleditsweng jo bo kwadilweng mo go Luke bo tla diragala ka go opa kgomo lonaka.
SEO SE LENG MO GO LUKE
10. Luke o ne a itlhomela go dira eng?
10 Mafoko a kwa tshimologong a Luke (1:1-4). Luke o kwadile gore o ile a tlhotlhomisa dilo tsotlhe go tswa kwa tshimologong ka tlhomamo le gore o ile a fetsa ka gore a di kwale ka thulaganyo e e tlhaloganyesegang e le gore “Motlotlegi Theofila . . . [a] itse tlhōmamō” ya dilo tseno.—1:3, 4.
11. Ke ditiragalo dife tse di ipedisang tse di tlhalosiwang mo kgaolong ya ntlha ya ga Luke?
11 Dingwaga tsa ntlha tsa botshelo jwa ga Jesu (1:5–2:52). Moengele mongwe o bonala kwa go moperesiti Sekaria yo o tsofetseng a tla ka mafoko a a ipedisang a gore o tla nna le ngwana wa mosimane yo o neng a tshwanetse go mmitsa Johane. Mme Sekaria o ne a sena go kgona go bua go fitlhela mosimane yoo a tsholwa. Jaaka go solofeditswe, mosadi wa gagwe, ebong Elisabethe o a ima, lemororo a “setse [a] cohetse thata.” Morago ga dikgwedi tse thataro, moengele Gabariele o bonala kwa go Maria a bo a mmolelela gore o tla ima ka “nonohō ea Mogodimodimo” a bo a tshole ngwana wa mosimane yo o tshwanetseng go bidiwa Jesu. Maria o etela Elisabethe mme, fa ba sena go dumedisana ka boitumelo, o bolela jaana ka boitumelo jo bogolo: “Mōea oa me o godisa Morèna [Jehofa]. Mōea oa me o bile o itumetse mo Modimoñ Mmoloki oa me.” O bua ka leina la ga Jehofa le le boitshepo le kutlwelo botlhoko ya gagwe e kgolo mo go bao ba mmoifang. Fa Johane a tsholwa, loleme lwa ga Sekaria lo a funologa mo a kgonang go bolela boutlwelobotlhoko jwa Modimo le gore Johane o tla nna moperofeti yo o tla baakanyang tsela ya ga Jehofa.—1:7, 35, 46, 47.
12. Ke eng se se tlhalosiwang malebana le go tsholwa ga ga Jesu le botshelo jwa gagwe jwa bonyana?
12 Ka nako e e tshwanetseng, Jesu o tsholelwa kwa Bethelehema, mme moengele mongwe o itsise badisa bao ba disitseng letsomane bosigo “mahoko a a molemō, a boitumèlō yo bogolo” ano. O rupisiwa go ya kafa Molaong, mme go tswa foo, fa batsadi ba ga Jesu “ba mo neèla Morèna [Jehofa]” kwa tempeleng, Simeone yo o setseng a tsofetse le moperofeti wa sesadi Ana ba bua kaga ngwana yoo. Fa a ntse a le mo Nasaretha, o ‘tswelela ka go gola le go nonofa, a tladiwa ka botlhale mme Modimo o tswelela ka go mo rata.’ (2:10, 22, 40) Fa a sena go nna dingwaga di le 12, a etetse kwa Jerusalema a tswa kwa Nasaretha, Jesu o gakgamatsa barutisi ba gagwe kafa a tlhaloganyang dilo ka gone le ka dikarabo tsa gagwe.
13. Johane o rera kaga eng, mme ke eng se se diragalang fa Jesu a kolobediwa le ka bokhutshwane fela morago ga moo?
13 O ipaakanyetsa bodihedi (3:1–4:13). Mo ngwageng wa bo 15 wa puso ya ga Tiberio Kaesara, lefoko la Modimo le tla kwa go Johane morwa Sekaria, mme o tsamaya a “rèra kolobeco ea boikwatlhaō yo bo bōnañ boichwarèlō yoa dibe,” e le gore nama yotlhe e tle e ‘bone poloko ya Modimo.’ (3:3, 6) Fa batho botlhe ba kolobediwa kwa Joredane, Jesu le ene o a kolobediwa, mme fa a rapela, moya o o boitshepo o fologela mo go ene, mme Rraagwe o bolela go tswa kwa legodimong fa a mo amogela. Jesu Keresete jaanong o na le dingwaga di ka nna 30. (Luke o bolela balosika lwa batsadi ba gagwe.) Morago ga go kolobediwa ga gagwe, moya o tsamaisa Jesu mo nageng ka malatsi a le 40. Fa a le koo Diabolo o a mo raela mme a sa kgone go mo fenya mme morago ga moo o a mo tlogela “ka lobaka.”—4:13.
14. Jesu o phepafatsa gore o romilwe go tla go dira eng a le kae, mme thomo ya gagwe ke eng, mme bareetsi ba gagwe ba itshwara jang?
14 Bodihedi jwa ga Jesu jwa ntlha, jo bogolo jwa jone o bo diretseng mo Galilea (4:14–9:62). Fa a le mo sinagogeng ya motsemogolo wa gagabo mo Nasaretha, Jesu o phepafatsa gore o romilwe go tla go dira eng, ka go bala Isaia 61:1, 2 a re: “Mōea oa ga Yehofa o mo go nna, ka gonne o ntloleditse go rèrèla bahumanegi Mahoko a a Molemō; o nthomile (go hodisa ba ba pelo di phatlogileñ), go rèrèla bagolegwi kgololō, le phouhologō ea ba ba houhetseñ, go golola ba ba teketilweñ, Go bolèla ñwaga o o lebosègañ oa ga Yehofa” a bo a bolela gore e raya ene. (4:18, 19) Etswa batho ba ne ba itumelela mafoko a gagwe kwa tshimologong jaanong ba tenega fa a tswelela ka polelo ya gagwe, mme ba leka go mo lobela dintsi. Jalo o ya kwa Kaperenama, koo a fodisang batho ba le bantsi gone. O salwa morago ke boidiidi jwa batho ba bo ba leka go mo dira gore a nne nabo, mme o ba raya a re: “Ke na le go rèrèla le metse e meñwe Mahoko a a Molemō a bogosi yoa Modimo: gonne ke romilwe go diha yalo.” (4:43) O tswelela ka go rera mo sinagogeng mo Judea.
15. Tlhalosa kafa Petere, Jakobe, le Johane ba neng ba bidiwa ka gone, mmogo le kafa Mathaio le ene a neng a bidiwa ka gone.
15 Fa a le mo Galilea, Jesu o dira gore Simone (yo gape a bidiwang Petere) Jakobe, le Johane ba tshware ditlhapi ka kgakgamatso. O raya Simone a re: “Go simolola ka yeno u tla chwara batho.” Mme ba tlogela sengwe le sengwe ba bo ba mo sala morago. Jesu o tswelela ka go rapela le go ruta, mme ‘thata ya ga Jehofa e nna mo go ene gore a kgone go fodisa.’ (5:10, 17) O bitsa gape le Lefi (Mathaio), mokgethisi yo o nyatsegang, yo o bontshang Jesu tlotlo ka go mo direla moletlo o mogolo wa dijo, oo mo go one go nnang gape le “leshomō ye legolo ya bakgethisi.” (5:29) Seno e nna lekgetlo la ntlha mo go a mantsi ao a tla thulanang le Bafarasai mo go one mme o ba tlogela ba tenegile fela thata ba bile ba loga leano la go mo gobatsa.
16. (a) Jesu o kgetha baaposetoloi ba gagwe ba ba 12 morago ga eng? (b) Ke dintlha dife tse di tlotlomadiwang ke Luke fa a bolela Thero ya mo Thabeng ka tsela e nngwe?
16 Morago ga a sena go rapela Modimo bosigo jotlhe, Jesu o kgetha baaposetoloi ba gagwe ba ba 12 mo barutweng ba gagwe. Go latela ditiro tse dingwe tsa go fodisa. Go tswa foo o rera thero e e kwadilweng mo go Luke 6:20-49, eo lefa yone e le khutshwane e tshwanang le Thero ya mo Thabeng e e mo go Mathaio kgaolo 5 go ya go kgaolo 7. Jesu o bontsha phapaang ka go re: “Lo segō, lona bahumanegi: gonne bogosi yoa Modimo ke yoa lona. Me go bo go latlhèga lona ba lo humileñ! gonne lo amogetse kgomoco ea lona.” (6:20, 24) O laya bareetsi ba gagwe go rata baba ba bone, go nna kutlwelo botlhoko, go itlwaetsa go aba, le go ntsha se se molemo mo letlotlong le le molemo la pelo.
17. (a) Jesu o dira dikgakgamatso dife tse dingwe morago ga moo? (b) Jesu o araba barongwa ba ga Johane Mokolobetsi jang malebana le gore a Jesu ke Mesia?
17 Fa a boela kwa Kaperenama, Jesu o kopiwa ke molaodi mongwe wa masole gore a fodise motlhanka mongwe wa gagwe yo o lwalang. O ikutlwa a sa tshwanela gore Jesu a tsene mo ntlong ya gagwe mme go tswa foo o kopa Jesu gore a ‘bue lefoko’ go tswa kwa a leng gone. Motlhanka yoo o fola jaaka go bolelwa, mme Jesu o tlhotlheletsega go akgela ka go re: “Kea lo raea, Ga ke e se nke ke bone tumèlō e kgolo yana, Nya, leha e le mo Iseraela.” (7:7, 9) Jesu o tsosa motho yo o suleng mo losong, e le lwantlha, yono e le morwa wa motlholagadi wa kwa Naina, yoo o neng a “mo tlhomogèla pelo.” (7:13) Jaaka dikgang kaga Jesu di anama mo Judea yotlhe, Johane Mokolobetsi o romela batho bangwe kwa go ene a le mo kgolegelong gore ba mmotse ka go re, “A ke wèna eo o tlañ?” Fa Jesu a mo araba o raya barongwa ba gagwe a re: “Tsamaeañ, lo eè lo bolèlèlè Yohane dilō tse lo di bonyeñ, le tse lo di utlwileñ; lo re, dihohu dia bōna, batlhotsi baa tsamaea, balepero baa ntlahadiwa, ba boshushu baa utlwa, bashwi baa cosiwa, bahumanegi ba rèrèlwa Mahoko a a Molemō. Me go segō èna eo o se ketlañ a hitlhèla sekgopi sepè mo go nna.”—7:19, 22, 23.
18. Tiro ya go rera ka Bogosi e tsweledisiwa ka tiriso ya ditshwantsho dife, ditiro, le mafoko afe a kgakololo?
18 Jesu o “tsamaea a ea le metse le metsana eotlhe, a rèra, a bolèla Mahoko a a Molemō a bogosi yoa Modimo” a patilwe ke ba ba 12. O bolela setshwantsho sa mojadi, o digela puisano ya gagwe ka go re: “Ke gōna, itiseñ kaha lo utlwañ ka gōna; gonne leha e le mañ eo o nañ le señwe, ke èna o tla nèwañ; me leha e le mañ eo o senañ sepè, go tla tlosiwa mo go èna le se o itlhomañ a na nashō.” (8:1, 18) Jesu o tswelela ka go dira ditiro tse di gakgamatsang le dikgakgamatso. Gape o naya ba ba 12 thata e e fetang ya badimona le nonofo ya go fodisa malwetsi a bo a ba roma go ya go “rèra bogosi yoa Modimo, le go hodisa ba ba bobolañ.” Go fepiwa ba ba dikete tse tlhano ka kgakgamatso. Jesu o fetolwa ponalo a le mo thabeng mme mo letsatsing le le latelang o fodisa mosimanyana yo o tsenyweng ke badimona yoo barutwa ba gagwe ba neng ba se kile ba kgona go mo fodisa. O tlhagisa bao ba batlang go mo sala morago ka go re: “Diphokoyè di na le mesima, le dinōnyane tsa loapi di na le ditlhaga; me Morwa Motho èna, ga a na ha o ka itatsañ tlhōgō gōna.” Gore motho a tshwanelegele Bogosi jwa Modimo ga e kake ya re a tshwere mogoma ka seatla a sheba kwa morago.—9:2, 58.
19. Jesu o bontsha jang gore go rata moagelani ka boammaaruri go raya eng?
19 Bodihedi jwa ga Jesu jwa moragonyana kwa Judea (10:1–13:21). Jesu o roma ba bangwe ba le 70 go ya “thoboñ,” mme ba ipelela go bo ba atlegile mo bodiheding jwa bone. Fa a ntse a rera, monna mongwe, yo o neng a batla go itshupa fa a le tshiamo, o botsa Jesu ka go re: “Ana, moñwe ka nna e be e le mañ?” Fa Jesu a mo araba, o mmolelela setshwantsho sa Mosamaria yo o ratang ba bangwe. Monna mongwe, yo o rapaletseng go bapa le tsela yo o iteilweng ke dinokwane mo a tlogang a tlhokafala, o tlhokomologiwa ke moperesiti mongwe yo o fetang ka tsela eo le ke Molefi. Mosamaria yo o nyatsegang ke ene yo o emang, a baakanya dintho tsa gagwe ka go mo neneketsa, a mo pega mo peleseng ya gagwe, a mo tlisa mo ntlong ya baeti, a bo a duelela gore a tlhokomelwe. Ee, moagelani yo o molemo “ke eo o mo utlwetseñ botlhoko.”—10:2, 29, 37.
20. (a) Jesu o bontsha Maratha le Maria ntlha efe? (b) O gatelela thapelo jang?
20 Mo ntlong ya ga Maratha, Jesu o mo kgalemela ka bonolo ka go bo a itshwenya ka go dira ditiro tsa gagwe tsa mo ntlong, mme o akgolela Maria go bo a kgethile go dira se se botoka, eleng go nna fa fatshe a bo a reetsa lefoko la gagwe. O ruta barutwa ba gagwe thapelo ya sekaelo mmogo le gore go tlhokega gore ba nnele ruri mo thapelong, ka go re: “Lōpañ, me lo tla nèwa; batlañ, me lo tla bōna.” Moragonyana o leleka badimona a bo a bolela gore go itumela “ba ba utlwañ lehoko ya Modimo, ba le boloka.” Fa a ja dijo, o thulana le Bafarasai kaga Molao a bo a bolela gore ba latlhegile ka gonne ba tlositse “sekopololō sa kicō.”—11:9, 28, 52.
21. Jesu o tlhagisa jang kaga bopelotshetlha, mme o kgothaletsa barutwa ba gagwe go dira eng?
21 Fa a na le boidiidi jo bogolo jwa batho gape, motho mongwe o kopa Jesu ka go re: “Bua le mogolole gore a kgaoganè boshwa le nna.” Jesu o ya kwa moding wa bothata joo ka go fetola a re: “Tlhokomèlañ, lo bo lo itisè mo bopelotshetlheñ: gonne botshelō yoa motho ga boa èma mo le[t]lotloñ ya dithoto tse o nañ nacō.” Go tswa foo o bolela setshwantsho sa monna yo o humileng yo o neng a rutlolola mabolokelo a gagwe gore a age a magolwane, mme a bo a tlhokafala jone bosigo joo a bo a tlogelela ba bangwe khumo ya gagwe. Jesu o tlhalosa ntlha ya sone ka bokhutshwane a re: “Le èna eo o ikhumèlañ hèla, a sa humèla Modimo, o nntse hèla yalo.” Morago ga a sena go kgothaletsa barutwa ba gagwe go batla Bogosi jwa Modimo pele, Jesu o ba raya a re: “Lecomanyane, se boiheñ; gonne Rra eno o natehèlwa ke go lo naea bogosi.” O thulana gape le baganetsi ba gagwe, bao o ba tlhabisang ditlhong, ka go bo a ile a fodisa mosadi mongwe ka Sabata yo o neng a ntse a lwala ka dingwaga di le 18.—12:13, 15, 21, 32.
22. Jesu o ruta kaga Bogosi a dirisa ditshwantsho dife tse di tlhamaletseng?
22 Bodihedi jwa ga Jesu jwa moragonyana, jo bontsi jwa jone o bo diretseng mo Perea (13:22–19:27). Jesu o dirisa mafoko a a kgatlhisang mo ditshwantshong tsa gagwe fa a lebisa bareetsi ba gagwe go Bogosi jwa Modimo. O bontsha gore bao ba batlang maemo a a kwa godimo le go tlotliwa ba tla isiwa kwa tlase. A yo o dirang moletlo a laletse bahumanegi, bao ba sa kakeng ba mo duela; o tla itumela a bo a “duèlwa mo go cogeñ ga basiami.” Go tswa foo, go na le setshwantsho sa monna yo o dirang moletlo o mogolo wa dijo tsa maitseboa. Batho ba ba laleditsweng ba ipata ka sengwe ka go tlhomagana ga bone: Mongwe wa bone o bolela fa a rekile tshimo, yo mongwe o rekile dikgomo, mme yo mongwe ke gone a sa tswang go nyala mosadi. Mong wa ntlo yoo ka go tenega o romela gore go ye go bidiwa “bahumanegi, le digōlè, le dihohu, le batlhotsi,” mme o bolela gore ga go na ope wa ba ba neng ba laleditswe la ntlha yo o tla “isañ . . . ganoñ” modiro wa gagwe. (14:14, 21, 24) O bolela ka setshwantsho sa nku e e latlhegileng e ba e bonwa, a re, “Kea lo raea, Go tla nna boitumèlō hèla yalo kwa legodimoñ, kaga moleohi a le moñwe hèla eo o ikwatlhaeañ.” (15:7) Setshwantsho sa mosadi yo o feelang mo ntlong ya gagwe a batla ledi (drachma) le le lengwe fela le sone se tlhalosa ntlha e e tshwanang.f
23. Ke eng se se tshwantshediwang ke morwa wa sesenyi?
23 Go tswa foo Jesu o bolela ka morwa wa sesenyi yo o neng a kopa rraagwe gore a mo neele seabe sa gagwe sa dikhumo tsa gagwe mme go tswa foo a bo a tsamaya a ya go e senya yotlhe “mo ditlhapeloñ tsa bohahalele.” Fa morwa yoo a setse a le mo letlhokong le legolo, o a itharabologelwa a bo a boela kwa gae a ya go kopa rraagwe gore a mo utlwele botlhoko. Rraagwe, ka a mo tlhomogela pelo, “a taboga, a ea a wèla mo thamuñ ea gagwè, a mo atla.” O ne a neelwa diaparo tse dintle, ga dirwa moletlo o mogolo wa dijo, mme “ba simolola go itumela.” Mme mogolowe wa mosimane o ne a seka a rata seo. Rraagwe a mo tlhamalatsa ka bopelonomi a re: “Morwaaka, ke na nau ka metlha eotlhe, le cotlhe tse e leñ tsa me ke tsa gago. E ne e le chwanèlō ha re ka diha mokete, ra ba ra itumèla; ka gonne eo monnao o na a shule, me o bile o tshedile; o na a latlhegile, me o bonywe.”—15:13, 20, 24, 31, 32.
24. Ke boammaaruri bofe jo Jesu a bo gatelelang mo setshwantshong sa monna wa mohumi le Lasaro mmogo le sa Mofarasai le mokgethisi?
24 Fa Bafarasai ba ba ratang madi ba utlwa ka setshwantsho sa molebedi yo o sa siamang, ba sotla thuto ya ga Jesu, mme ene o ba raya a re: “Ke lona ba lo itshiamisañ ha pele ga batho; me Modimo o itse dipelo tsa lona; gonne se se tlotlègañ thata mo bathuñ, se bo se le makgapha ha pele ga Modimo.” (16:15) O bontsha kafa go nang le pharologanyo e kgolo fa gare ga bao ba ratwang ke Modimo le bao o sa ba amogeleng ka gone ka go bolela setshwantsho sa monna wa mohumi le Lasaro. Jesu o tlhagisa barutwa ba gagwe gore go tla nna le dilo dingwe tse di tla ba kgopisang, mme “go latlhèga èna eo di tlañ ka èna.” O bua ka mathata a a tla nnang gone “mo motlheñ o Morwa Motho o tla senolwañ ka ōna.” O ba raya a re, “Gakologèlwañ mosadi oa ga Lote.” (17:1, 30, 32) O ba tlhomamisetsa ka setshwantsho gore eleruri Modimo o tla sekela bao ba “goèlañ kwa go ōna motshegare le bosigo.” (18:7) Go tswa foo, o kgalemela batho ba ba iponang fa ba siame, a dirisa setshwantsho se sengwe a re: Mofarasai mongwe, yo o rapelang mo tempeleng, o lebogela Modimo go bo a sa tshwane le monna yo mongwe yo o nang nae. Mokgethisi mongwe, yo o emetseng kwa kgakajana mme e bile a sa kgone lefa e le go tsholeletsa matlho a gagwe kwa legodimong, o rapela a re: “Modimo, nkutlwèla botlhoko, nna eo ke leñ moleohi.” Jesu o tlotlomatsa seno jang? O bolela fa mokgethisi a siame go na le Mofarasai, “gonne moñwe le moñwe eo o ikgodisañ o tla ñōtlahadiwa; me eo o iñōtlahatsañ, o tla godisiwa.” (18:13, 14) Jesu o diretswe moletlo kwa Jeriko ke mokgethisi Sakaio a bo a bolela setshwantsho sa ditalenta tse di lesome, a bapisa phelelo ya go dirisa se motho a se neetsweng le ya go se fitlha.
25. Jesu o simolola bodihedi jwa gagwe jwa bofelo jang, mme o naya ditlhagiso dife tsa boperofeti?
25 Bodihedi jwa bofelo jwa phatlalatsa mo Jerusalema le mo tikologong ya gone (19:28–23:25). Fa Jesu a tsena mo Jerusalema a palame eselana a bo a galalediwa ke matshutitshuti a barutwa ba gagwe jaaka “Kgosi e e tlañ ka leina ya ga Yehofa,” Bafarasai ba mmitsa gore a tle go kgalemela barutwa ba gagwe. Jesu o fetola ka go re: “Ha ba, ba ka didimala, mayè a tla akoha a goa.” (19:38, 40) O bolela boperofeti jwa gagwe jo bo sa lebalesegeng kaga go senngwa ga Jerusalema, a bolela gore o tla dikaganyediwa ka dikota tse di metsu, a bewe mo tlalelong, a bo a lalaanngwe le bana ba gagwe le gore ga go na lentswe lepe le le tla salang le tlhatlaganye le le lengwe. Jesu o ruta batho mo tempeleng, a bolela mafoko a a molemo a bo a araba dipotso tse di ipoteditseng tsa baperesiti ba bagolo, bakwadi, le Basadukai ka go dirisa ditshwantsho le mabaka ka botswerere. Jesu o tlhalosa ka maatla sesupo se segolo sa bokhutlo, a umaka gape gore Jerusalema o tla dikaganyediwa ke masole a a thibeletseng. Batho ba tla idibadiwa ke poifo ya dilo tse di tlileng go diragala, mme fa dilo tseno di diragala, balatedi ba gagwe ba tshwanetse go ‘lelala le go tsholetsa ditlhogo tsa bone, ka gonne kgololo ya bone e tla bo e atametse.’ Ba tshwanetse go nna ba lebeletse e le gore ba tle ba falole se se tshwanetseng go diragala.—21:28.
26. (a) Jesu o simolola dikgolagano dife, mme o di amanya le eng? (b) Jesu o thatafadiwa jang fa a le mo tekong, mme o kgalemela jang ka nako ya fa a tshwarwa?
26 Jaanong ke Nisane 14, 33 C.E. Jesu o tshwara moletlo wa Tlolaganyo mme go tswa foo a bo a itsise baaposetoloi ba gagwe ba ba ikanyegang ka “kgōlaganō e ncha,” a e tsamaisanya le sejo sa tshwantshetso seo a ba laolelang go se keteka fa ba mo gopola. Gape o ba raya a re: ‘Ke dira kgolagano le lona, fela jaaka rre a dirile kgolagano ya bogosi le nna.’ (22:20, 29) Mo go jone bosigo joo, fa Jesu a rapela a le mo Thoteng ya Lotlhware, ‘moengele mongwe yo o tswang kwa legodimong o bonala kwa go ene go mo thatafatsa. Mme ereka a nna mo tlalelong e e botlhoko, o tswelela go nna a rapela ka tlhoafalo; mme mofufutso wa gagwe o nna jaaka madi a a rothelang fa fatshe.’ Seemo se befela kwa pele fa Judase wa mooki a tsena a eteletse segopa sa batho go ya go tshwara Jesu. Barutwa ba goa ka go re: “Morèna, a ke re rèmè ka chaka?” Mongwe wa bone o kgaola tsebe ya motlhanka wa moperesiti yo mogolo, mme Jesu o ba kgalemela a bo a fodisa monna yo o gobetseng.—22:43, 44, 49.
27. (a) Ke bosula bofe jo Petere a bo dirang? (b) Jesu o latofadiwa ka eng, mme o sekisiwa le go atlholwa mo maemong afe?
27 Jesu o gobagobelediwa kwa ntlong ya moperesiti yo mogolo go ya go bodiwa dipotso, mme mo botsididing jwa bosigo joo, Petere o tlhakatlhakana le boidiidi jo bogolo joo jwa batho ba ba orileng molelo. O pegwa molato makgetlo a le mararo a gore ke molatedi wa ga Jesu, mme o itatola ka makgetlo a le mararo. Go tswa foo koko e tonanyana e a lela. Morena o gadima a bo a leba Petere, mme Petere, ka a gakologelwa kafa Jesu a neng a ile a bolelela pele ka gone gore go ne go tla diragala jalo, o tswela kwa ntle a bo a lela selelo se se botlhoko. Morago ga go kgoromelediwa mo holong ya Lekgotla la Bajuda, Jesu jaanong o isiwa fa pele ga ga Pilato a bo a pegwa molato wa gore o sokamisa morafe, ka a ba itsa go duela makgetho, mme ebile “a re, le èna ka esi ke Keresete, Kgosi.” Fa Pilato a utlwa gore Jesu ke Mogalilea, o mo romela kwa go Herode, yo o neng a le mo Jerusalema ka nako eo. Herode le badisa ba gagwe ba sotla Jesu ba bo ba mmusetsa kwa morago gore a e go sekisiwa ke segopa sa batho ba ba tlhakaneng tlhogo. Pilato ‘o ba neela Jesu go ya ka thato ya bone.’—23:2, 25.
28. (a) Ke eng se Jesu a se solofetsang legodu le le bontshang gore le dumela mo go ene? (b) Luke o ne a kwala eng malebana le loso, phitlho le tsogo ya ga Jesu?
28 Loso lwa ga Jesu, tsogo, le tlhatlogo (23:26–24:53). Jesu o bapolelwa fa gare ga dinokwane tse pedi. Mongwe wa bone o a mo kgoba, mme yo mongwe o bontsha fa a na le tumelo ka go kopa gore a gakologelwe mo Bogosing jwa ga Jesu. Jesu o solofetsa ka go re: “Amarure, kea gu raea, u tla nna le nna kwa Paradaisa gompiyeno.” (23:43) Go tswa foo go nna lefifi le le sa tlwaelegang, sesiro sa tempele se gagoga ka bogare, mme Jesu o goa a re: “Rra, ke neèla mōea oa me mo diatleñ tsa gago.” Fa a sena go rialo o a tlhokafala, mme mmele wa gagwe o a folosiwa o bo o bewa mo phupung e e gabolotsweng mo lentsweng. Mo letsatsing la ntlha la beke eo, basadi ba ba neng ba tlile le ene go tswa kwa Galilea ba ya kwa phupung mme ga ba bone mmele wa ga Jesu. Fela jaaka a ne a bolelela pele, o ne a tsogile mo letsatsing la boraro!—23:46.
29. Efangele ya ga Luke e wela ka polelo efe e e ipedisang?
29 Fa Jesu a bonala kwa barutweng ba gagwe ba babedi mo tseleng e e yang kwa Emao, o bua ka go boga ga gagwe a bo a ba phuthololela Dikwalo. Ba mo lemoga fela ka bokhutshwane, mme ene o a nyelela. Jaanong ba akgela ka go re: “A dipelo tsa rona, a ga dia ka tsa tuka mo teñ ga rona, ka a nntse a bua le rona mo tseleñ, le ka a re rarabololèla dikwalō.” Ba itlhaganelela kwa Jerusalema go ya go bolelela barutwa ba bangwe. Le gone fa ba ntse ba bua dilo tseno, Jesu o bonala mo gare ga bone. Ga ba kgone go dumela ka baka la boipelo fela le ka gonne ba gakgametse. Go tswa foo o ‘bula megopolo ya bone ka botlalo gore ba tlhaloganye’ go ya ka Dikwalo seo se kaiwang ke sotlhe se se diragetseng. Luke o digela polelo ya Efangele ya gagwe a tlhalosa ka go tlhatlogela ga ga Jesu kwa legodimong.—24:32, 45.
LEBAKA LA GO BO E LE MOSOLA
30, 31. (a) Luke o dira gore re tshepe jang gore Dikwalo tsa Sehebera di tlhotlheleditswe ke Modimo? (b) Luke o tsopola mafoko afe a ga Jesu go tshegetsa seno?
30 Mafoko a a molemo “yaka a bolecwe ke Luke” a dira gore motho a tshepe Lefoko la Modimo ebile a nonotsha tumelo ya gagwe gore a tle a kgone go emelelana le dikgoreletsi tsa lefatshe le le bobaba. Luke o bolela dikai tse dintsi tsa kafa Dikwalo tsa Sehebera di ileng tsa diragadiwa ka gone ka tlhomamo. Go bolelwa kafa Jesu a bolelang mafoko a a tlhomameng a a mo bukeng ya ga Isaia a a supang gore o romilwe go tla go dira eng, mme go lebega Luke a dirisa mafoko ano jaaka setlhogo mo bukeng ya gagwe yotlhe. (Luke 4:17-19; Isa. 61:1, 2) Seno e ne e le lengwe la makgetlo ao Jesu a neng a tsopola mo Baperofeting mo go one. O ne a tsopola gape le mo Molaong, jaaka fa a ne a ganana le dithaelo tse tharo tsa ga Diabolo, le mo go Dipesalema, jaaka fa a ne a botsa baba ba gagwe a re, “Ba bua yañ, ha ba re, Keresete ke morwa Dafide?” Polelo ya ga Luke e na le ditsopolo tse dingwe tse di tswang mo Dikwalong tsa Sehebera.—Luke 4:4, 8, 12; 20:41-44; Dute. 8:3; 6:13, 16; Pes. 110:1.
31 Fa Jesu a ne a tsena mo Jerusalema a palame eselana jaaka go boleletswe pele mo go Sekaria 9:9, matshutitshuti a batho a ne a mo galaletsa ka boitumelo, ba dirisa lokwalo lo lo mo go Pesalema 118:26 mo go ene. (Luke 19:35-38) Mo kgaolong nngwe ditemana di le pedi tsa Luke di akaretsa dintlha di le thataro tse Dikwalo tsa Sehebera di boleletseng pele ka tsone malebana le loso lwa ga Jesu lwa matlhabisa ditlhong le tsogo ya gagwe. (Luke 18:32, 33; Pes. 22:7; Isa. 50:6; 53:5-7; Yona 1:17) Kwa bokhutlong, morago ga a sena go tsoga, Jesu o tlhalosetsa barutwa ba gagwe ka botlalo dilo tsotlhe tse di boletsweng mo Dikwalong tsa Sehebera. “Me a ba raea, a re, Mahoko a, ke aōna a nkileñ ka a bua le lona, ka ke sa na le lona, ha dilō cotlhe di na le go dihala, eboñ tse di kwadilweñ mo molaoñ oa ga Moshe, le mo baperofeting, le mo dipesalemeñ, kaga me. Hoñ a rarabolola tlhaloganyō ea bōnè, gore ba tlhaloganyè dikwalō.” (Luke 24:44, 45) Fela jaaka barutwa ba ntlha ba ga Jesu Keresete, le rona re ka sedifadiwa ra ba ra nna le tumelo e e tiileng ka go tlhokomela ditiragatso tsa Dikwalo tsa Sehebera, tseo di tlhalositsweng sentle ke Luke le bakwadi ba bangwe ba Dikwalo tsa Bokeresete tsa Segerika.
32. Polelo ya ga Luke e tlotlomatsa Bogosi jang le gore boikutlo jwa rona e tshwanetse go nna bofe malebana le Bogosi?
32 Mo polelong ya gagwe yotlhe, Luke o lebisa mmadi wa gagwe gangwe le gape go Bogosi jwa Modimo. Go tswa fela kwa tshimologong ya buka eno, fa moengele a ne a solofetsa Maria gore ngwana yo o neng a tla mo tshola o ne a “tla busa ntlo ea ga Yakobe ka bosakhutleñ; me bogosi yoa gagwè ga bo ketla bo na le bokhutlō,” go ya kwa dikgaolong tsa bofelo, koo Jesu a buang kaga go tsenya baaposetoloi mo kgolaganong ya Bogosi, Luke o tlotlomatsa tsholofelo ya Bogosi. (1:33; 22:28, 29) O bolela ka Jesu a etelela pele mo tirong ya go rera ka Bogosi a bo a romela baaposetoloi ba ba 12, moragonyana ga moo ba ba 70, go ya go dira yone tiro eo. (4:43; 9:1, 2; 10:1, 8, 9) Gore motho o tshwanetse go ineela ka moya otlhe gore a tle a kgone go tsena mo Bogosing joo go gatelelwa ke mafoko a ga Jesu a a tlhamaletseng ano a a reng: “Lesa bashwi ba hitlhè bashwi ba bōnè; me wèna, tsamaea u utlwatsè bogosi yoa Modimo,” le a a reng, “Ga go motho opè eo o ka reñ a chwere mogoma ka seatla, me a sheba kwa moragō eo o ka chwanèlañ bogosi yoa Modimo.”—9:60, 62.
33. Naya dikai tsa kafa Luke a gatelelang thapelo ka gone. Re ka ithuta eng mo go seno?
33 Luke o gatelela kgang ya thapelo. Efangele ya gagwe e tlhomologile ka seno. E bolela ka matshutitshuti a batho ba ba rapelang fa Sekaria a le mo tempeleng, kaga Johane Mokolobetsi yo o neng a tsholwa ka go bo go ne ga rapelelwa ngwana, le kaga moperofeti wa sesadi Ana yo o neng a rapela bosigo le motshegare. E tlhalosa thapelo ya ga Jesu ka nako ya fa a kolobediwa, le go lala a rapela bosigo jotlhe pele ga a kgetha ba ba 12, le fa a rapela ka nako ya phetogo ya ponalo. Jesu o laya barutwa ba gagwe gore “ba chwanetse go rapèla ka metlha eotlhe, ba sa ñosele,” a tshwantsha seno ka motlholagadi yo o neng a sa ipone tsapa yo o neng a sa kgaotse go lopa moatlhodi mongwe go fitlhela a mo sekela. Ke Luke fela yo o bolelang kaga barutwa ba kopa Jesu gore a ba rute go rapela le moengele yo o neng a thatafatsa Jesu fa a ne a rapela kwa Thoteng ya Lotlhware; mme ke ene fela yo o kwadileng mafoko a thapelo ya bofelo ya ga Jesu a a reng: “Rra, ke neèla mōea oa me mo diatleñ tsa gago.” (1:10, 13; 2:37; 3:21; 6:12; 9:28, 29; 18:1-8; 11:1; 22:39-46; 23:46) Fela jaaka mo motlheng o Luke a neng a kwala Efangele ya gagwe ka one, jalo le gompieno thapelo ke selo sa botlhokwa sa go thatafatsa botlhe ba ba dirang thato ya Modimo.
34. Luke o otlelela dinonofo dife tsa ga Jesu tse go ka nnang molemo fa Bakeresete ba ka di tsaya malebela?
34 Ka mogopolo wa gagwe o o kelotlhoko le go kwala a tlhalosa ka botswerere, Luke o dira gore thuto ya ga Jesu e nne e e itumedisang le e e nang le botshelo. Lorato, bopelonomi, kutlwelobotlhoko, le tlhomogelopelo tsa ga Jesu mo bathong ba ba bokoa, ba ba gateletsweng, le ba ba pitlaganyeng di fapaana gotlhelele le bopeloethata, go sa nneng pelonamagadi, go gatelela, le bodumedi jwa boitimokanyo jwa bakwadi le Bafarasai. (4:18; 18:9) Jesu o kgothatsa le go thusa bahumanegi, ba ba mo botshwarong, difofu, le ba ba phatlogileng dipelo gangwe le gape, ka go dira jalo a neela ba ba batlang gore ba “tsamaeè mo dikgatoñ tsa gagwè” malebela a a molemo eleruri.—1 Pet. 2:21.
35. Ke ka ntlhayang fa eleruri re ka lebogela Jehofa go bo a re neile Efangele ya ga Luke?
35 Fela jaaka Jesu, Morwa Modimo yo o itekanetseng, yo o dirang dikgakgamatso a ne a bontsha fa a amega ka barutwa ba gagwe le batho botlhe ba dipelo tse di ikanyegang ka lorato, le rona re tshwanetse go lekela go dira bodihedi jwa rona ka lorato, ee, “ka ntlha ea boutlwèlō botlhoko yo bo nana yoa Modimo oa rona.” (Luke 1:78) Ka baka leno mafoko a a molemo “yaka a bolecwe ke Luke” eleruri a na le mosola o mogolo ebile a na le thuso. Ruri re ka lebogela Jehofa go bo a ile a tlhotlheletsa Luke, “ñaka e e ratègañ,” go kwala polelo e e tlhomameng eno, e e agang, le e e kgothatsang, ereka e tlhalosa gore poloko e ka bonwa ka Bogosi jwa ga Jesu Keresete, “poloka ea Modimo.”—Bakol. 4:14; Luke 3:6.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a The Medical Language of Luke, 1954, W. K. Hobart, ditsebe xi-xxviii.
b A Lawyer Examines the Bible, 1943, I. H. Linton, tsebe 38.
c Insight on the Scriptures, Bol. 2, ditsebe 766-7.
d Modern Discovery and the Bible, 1955, A. Rendle Short, tsebe 211.
e The Jewish War, V, 491-515, 523 (xii, 1-4); VI, 420 (ix, 3); bona le Insight on the Scriptures, Bol. 2, ditsebe 751-2.
f Drachma e ne e le ledi la tshipi la selefera la Segerika leo le neng le ka nna bokete jwa digerama di le 3,4.