Kgaolo ya Bobedi
Go Ipaakanyetsa go Atlega mo Lenyalong
1, 2. (a) Jesu o ne a gatelela jang gore go botlhokwa go rulaganya dilo? (b) Ke karolo efe e segolobogolo e tlhokang go rulaganyediwa?
OTSHWANETSE go ipaakanya ka kelotlhoko fa o batla go aga. O tshwanetse go senka setsha le polane pele o ka dira motheo wa ntlo. Lefa go ntse jalo, go na le sengwe gape se se botlhokwa. Jesu o ne a re: “Ke ofe wa lona yo e ka reng fa a rata go aga kago e e godileng, mme a se ka a dula pele a bala madi a yone, gore a tle a itse fa a na le a a lekanyeng go e swetsa.”—Luke 14:28.
2 Se se dirwang fa go agiwa se tshwanetse go dirwa le fa o aga lelapa le le tla atlegang. Batho ba le bantsi ba re: “Ke batla go nyala.” Mme ke ba bakae ba ba akanyetsang gore seno se tlile go batla eng mo go bone? Le mororo Baebele e buelela lenyalo, gape e re bolelela kafa lenyalo le gwetlhang ka gone. (Diane 18:22; 1 Bakorinthe 7:28) Ka gone, ba ba batlang go tsena mo lenyalong ba tshwanetse ba bo ba itse sentle ka masego a ba tla a bonang mmogo le dilo tse lenyalo le tla di batlang mo go bone.
3. Ke eng fa Baebele e ka thusa batho ba ba rulaganyetsang go nyalana thata, mme ke dipotso dife tse tharo tse e tla re thusang go di araba?
3 Baebele e ka thusa. Kgakololo ya yone e tlhotlheleditswe ke Mosimolodi wa lenyalo, Jehofa Modimo. (Baefeso 3:14, 15; 2 Timotheo 3:16) A re diriseng melaometheo e e fitlhelwang mo bukeng eno ya bogologolo ya kaelo eo lefa go ntse jalo e santseng e dira le gompieno, go bona gore (1) Motho a ka kgona go lemoga jang gore o setse a siametse lenyalo? (2) Motho yo a batlang go nyalana nae o tshwanetse a bo a ntse jang? le (3) Ba ka dira jang gore thatano ya bone e nne e e tlotlegang?
A O SETSE O SIAMETSE GO TSENA MO LENYALONG?
4. Ke eng se se botlhokwa thata mo go nneng le lenyalo le le atlegileng mme ka ntlha yang?
4 Go aga kago go ka ja madi a mantsi mme go e boloka e le mo seemong se se siameng le gone go batla madi a mantsi. Go ntse fela jalo le ka lenyalo. Go tsena mo lenyalong go lebega go gwetlha tota; lefa go ntse jalo, o tshwanetse go akanyetsa go boloka botsalano joo jwa lenyalo jaaka dingwaga di tla bo di ntse di feta. Go boloka botsalano jo bo ntseng jalo go batla eng? Selo sa botlhokwa ke go itlama go tswa mo pelong. Baebele e tlhalosa botsalano jwa lenyalo jaana: “Ke gone ka moo monna o tlaa tlogelang rraagwe le mmaagwe, o tlaa ngaparela mosadi wa gagwe; mme ba tlaa nna nama e le nngwe fela.” (Genesise 2:24) Jesu Keresete o ne a bolela lebaka le le lengwe fela le Dikwalo di letlang motho go tlhala ka lone mme a ka nna a nyala gape—“boaka,” ke gore, go tlhakanela dikobo le motho yo o sa nyalanang nae. (Mathaio 19:9) Fa e le gore o akanyetsa go nyala, gakologelwa melao eno ya Dikwalo. Fa e le gore ga o ise o siamele go itlama ka tsela eno e e masisi, go raya gore ga o ise o siamele lenyalo.—Duteronome 23:21; Moreri 5:4, 5.
5. Le mororo go itlama ka tsela e e masisi mo lenyalong go tshosa ba le bantsi, ke eng fa ba ba ikaeletseng go tsena mo lenyalong ba tshwanetse go go tseela kwa godimo?
5 Go itlama ka tsela eno e e masisi go boifisa ba le bantsi. “Go itse fela gore bobedi jwa rona bo tshwanetse jwa nna mmogo botshelo jotlhe, go ne ga ntira gore ke ikutlwe ke kganeletswe mo sekhutlwaneng, ke pitlagane go sena kwa ke ka yang teng,” go ne ga bolela jalo lekawana lengwe. Mme fa e le gore ruri o rata motho yo o batlang go mo nyala yono, go itlama jalo ga go kitla go lebega e le mokgweleo. Go na le moo, go tla lejwa e le selo se se sireletsang. Go itlama go banyalani ba go dirang fa ba tsena mo lenyalong go tla ba dira gore ba nne mmogo fa go le monate le fa go se monate le gore ba emane nokeng lefa go ka diragala eng. Moaposetoloi wa Mokeresete Paulo o ne a kwala gore lorato lwa boammaaruri “lo itshokela dilo tsotlhe” e bile “lo iphapaanya le dilo tsotlhe.” (1 Bakorinthe 13:4, 7) “Maitlamo a lenyalo a ntira gore ke ikutlwe ke sireletsegile,” go bolela jalo mosadi mongwe. “Ke itumelela thetebalo e e leriwang ke go bo re dumetse rona ka borona gore re tlile go ngaparelana e bile re boleletse lefatshe gore re ikaeletse go dira jalo.”—Moreri 4:9-12.
6. Ke eng fa go le botoka thata gore motho a se ka a sianela lenyalo a santse a le mmotlana?
6 Motho o tshwanetse a bo a godile sentle mo tlhaloganyong gore a kgone go tshelela maitlamo a a ntseng jalo. Ke gone ka moo, Paulo a gakololang Bakeresete gore ba dira sentle fa ba sa nyale go fitlha ba ‘tlola dingwaga tsa bosha,’ paka e maikutlo a tlhakanelodikobo a nonofileng thata ka yone e bile a ka nna a dira gore motho a se ka a dira ditshwetso tse di siameng. (1 Bakorinthe 7:36, NW) Basha ba fetoga ka bonako fa ba ntse ba gola. Batho ba le bantsi ba ba tsenang mo lenyalong ba santse ba le bannye ba fitlhela gore morago ga dingwaga di sekae fela, dilo tse ba di tlhokang le tse ba di eletsang mmogo le tsa yo ba nyalaneng nae di fetogile. Tshedimosetso e e kgobokantsweng e supa gore bana ba ba tsenang mo lenyalong ba le mo dingwageng tsa bolesome ga ba itumele e bile ba tlhala ka bonako go feta ba ba ileng ba leta lobakanyana. Ka jalo se sianele lenyalo. Dingwaga tse o ka di tshelang o santse o le mosha, o se mo lenyalong di ka dira gore o nne le boitemogelo jo bo botlhokwa thata jo bo tla dirang gore o gole sentle o bo o tshwanele maemo a lenyalo. Go leta pele o tsena mo lenyalong gape go ka go thusa gore o itlhaloganye botoka—selo se se botlhokwa thata fa o batla gore o atlege mo lenyalong.
IKITSE PELE
7. Ke eng fa ba ba rulaganyang go nyalana ba tshwanetse go itshekatsheka pele?
7 A o kgona go bolela dilo tse o di batlang mo mothong yo o ka nyalanang nae motlhofo fela? Ba le bantsi ba a kgona. Lefa go ntse jalo, go tweng ka dinonofo tsa gago? O na le mekgwa efe e e tla dirang gore o kgone go dira seabe sa gago gore lenyalo le atlege? O tlile go nna monna kana mosadi wa mofuta ofe? Ka sekai, a o dumela diphoso tsa gago motlhofo e bile a o amogela kgakololo kana a o rata go itshireletsa fa o supediwa diphoso? A o motho yo ka tlwaelo a nnang a itumetse e bile a solofetse dilo tse di siameng kana a o rata go nna o tlhokofetse, o ngongoregetse ruri? (Diane 8:33; 15:15) Gakologelwa gore lenyalo ga le kitla le fetola botho jwa gago. Fa e le gore o a ikgogomosa, o kgopisega fela kana o nnela go akanya dilo tse di bosula fa o santse o se mo lenyalong, o tlile go nna fela jalo le mo lenyalong. E re ka go le bokete go iteba ka tsela e ba bangwe ba re lebang ka yone, ke eng o sa botse motsadi kana tsala nngwe e o e ikanyang gore e go bolelele puo phaa fela gore o ntse jang e bo e go akantshe se o ka se dirang? Fa o lemoga gore o tshwanetse go fetola dilo dingwe, dira jalo pele o tsena mo lenyalong.
8-10. Ke kgakololo efe e Baebele e e nayang e e tla thusang motho gore a ipaakanyetse lenyalo?
8 Baebele e re kgothaletsa gore re letle moya wa Modimo o o boitshepo gore o dire mo go rona, o ungwe dinonofo tse di jaaka “lorato, le boitumelo, le kagiso, le bopelotelele, le bopelonomi, le molemo, le boikanngo, le boingotlo, le boikgapo.” Gape e re bolelela gore re “šafadiwe mo moweng wa pelo tsa [rona]” le go ‘apara motho yo mosha, yo ka fa Modimong o bopilweng mo tshiamong, le mo boitshepong jwa boammaaruri.’ (Bagalatia 5:22, 23; Baefeso 4:23, 24) Fa o dirisa kgakololo eno o santse o se mo lenyalong go tla tshwana le go baya madi mo bankeng—sengwe se se tla itshupang se le mosola tota mo isagweng, fa o tsena mo lenyalong.
9 Ka sekai, fa e le gore o mosadi, ithute go tlhokomela thata “motho yo o sa bonaleng wa pelo” e seng tebego ya kafa ntle. (1 Petere 3:3, 4) Go nna bori le go nna le mogopolo o o lekalekaneng go tla go thusa gore o nne botlhale, joo e leng “serwalo sa tlhogo sa bontle” sa boammaaruri. (Diane 4:9; 31:10, 30; 1 Timotheo 2:9, 10) Fa e le gore o monna, ithute go dirisana le basadi o le pelonomi e bile o ba tlotla. (1 Timotheo 5:1, 2) Fa o ntse o ithuta go dira ditshwetso le go sikara boikarabelo, ithute go nna bori le go ikokobetsa. Go rata go laola ba bangwe go tlile go tlisa mathata mo lenyalong.—Diane 29:23; Mika 6:8; Baefeso 5:28, 29.
10 Le mororo go se motlhofo go fetola mogopolo mo dilong tseno, seno ke selo se Bakeresete botlhe ba tshwanetseng go se dira. E bile go tla go thusa gore o nne motho yo o botoka thata mo lenyalong.
SE O TSHWANETSENG GO SE SENKA MO GO YO O TLA NYALANANG NAE
11, 12. Batho ba babedi ba ka senka jang gore ba bone gore a ba a tshwanelana?
11 A kwa o nnang teng go tlwaelegile gore motho a itlhophele motho yo a tla nyalanang nae? Fa e le gore go ntse jalo, o tshwanetse go dira eng fa o kgatlhiwa ke mongwe wa bong bo sele? Sa ntlha, ipotse jaana, ‘A tota ke na le maikaelelo a go nyalana nae?’ Tota ke bosetlhogo go tshameka ka maikutlo a motho yo mongwe kana go dira gore a solofele dilo tse di se kitlang di diragala. (Diane 13:12) Morago ga foo, ipotse jaana, ‘A maemo a me a ntetla gore ke tsene mo lenyalong?’ Fa e le gore o araba dipotso tseno tsotlhe ka ee, o tlile go tsaya dikgato tse di dumalanang le ngwao ya lefelo la lona. Kwa dinageng tse dingwe, fa o sena go lebelela motho yoo pele ka lobakanyana, o ka nna wa ya kwa go ene o bo o mmolelela gore o eletsa go mo itse botoka. Fa a gana, o se ka wa mo pateletsa mo o ka felelang o mo kgopisa. Gakologelwa, motho yo mongwe yoo le ene o na le tshwanelo ya go dira tshwetso ka kgang eno. Lefa go ntse jalo, fa a dumela, lo ka rulaganya gore lo kopane mo maemong a lo ka se kang lwa kgopisa ope fa lo le mo go one. Seno se tla go naya tshono ya go bona gore a go botlhale go nyalana le motho yono.a Ke eng se lo tshwanetseng go se senka mo pakeng eno?
12 Go bona karabo ya potso eno, akanya ka diletswa tse pedi tsa mmino, gongwe piano le katara. Fa di baakantswe gore medumo ya tsone e tswe sentle, nngwe le nngwe ya tsone e ka kgona go ntsha mmino o o monate e le nosi fela. Lefa go ntse jalo, go diragala eng fa diletswa tseno di lediwa mmogo? Jaanong go tshwanetse ga dirwa gore melodi ya tsone e nyalane. Go ntse fela jalo ka wena le motho yo o batlang go nyalana nae. Mongwe le mongwe a ka tswa a dirile ka natla gore mekgwa ya gagwe e “nyalane” le ya yo mongwe. Mme potso ke eno: A botho jwa lona bo a nyalana? Ka mafoko a mangwe, a lo a tshwanelana?
13. Ke eng fa go se botlhale go ratana le motho yo o seng mo tumelong e le nngwe le wena?
13 Go botlhokwa thata gore lo bo lo dumela dilo tse di tshwanang le melaometheo e e tshwanang. Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “Se pataganeleng jokwe le ba ba sa dumeleng.” (2 Bakorinthe 6:14; 1 Bakorinthe 7:39) Go nyalana le motho yo o sa dumeleng mo Modimong jaaka wena go tla dira gore lo se ka lwa utlwana. Kafa letlhakoreng le lengwe, fa lo ineetse mo go Jehofa Modimo lotlhe go tla dira gore lo utlwane tota. Jehofa o batla gore o itumele o bo o atamalane thata le motho yo o nyalaneng nae. O batla gore lo golagane le Ene lo bo lo golagane lotlhe mo kgolaganong e e dikala di tharo ya lorato.—Moreri 4:12.
14, 15. A go nna mo tumelong e le nngwe ke lone lebaka fela le le ka dirang gore lo utlwane mo lenyalong? Tlhalosa.
14 Lefa gone go obamela Modimo e le selo se se botlhokwa thata se se tlisang kutlwano, go batlega dilo tse dingwe tse dintsi. Gore lo tshwanelane, wena le motho yo o tlileng go nyalana nae lo tshwanetse lwa bo lo na le mekgele e e tshwanang. Mekgele ya lona ke efe? Ka sekai, lo ikutlwa jang ka go nna le bana? Ke dilo dife tse di leng botlhokwa thata mo botshelong jwa lona?b (Mathaio 6:33) Banyalani ba lenyalo la bone le atlegang, ke ditsala tse dikgolo e bile ba itumelela go nna mmogo. (Diane 17:17) Gore seno se nne jaana ba tshwanetse ba bo ba kgatlhegela dilo tse di tshwanang. Go bokete tota go boloka botsalano jo bo atamalaneng thata le mongwe—lenyalo lone le bokete go feta fa dilo di sa nna jalo. Lefa go ntse jalo, fa motho yo o tlileng go nyalana nae a rata sengwe, jaaka go pagama dithaba mme wena o sa go rate, a seo se raya gore ga lo a tshwanela go nyalana? Ga go reye jalo. Gongwe go na le dilo tsa botlhokwa tse lo di kgatlhegelang lotlhe. Mo godimo ga moo, o ka itumedisa motho yo o tlileng go nyalana nae yono ka go kopanela le ene mo dilong dingwe tse di siameng fela ka gonne ene a di rata.—Ditiro 20:35.
15 Gone mme, gantsi fa lo tshwanelana go supiwa ke gore a lo kgona go fetofetoga e seng ke gore lo tshwana go le kana kang. Go na le gore o ipotse go re, “A re dumalana mo go sengwe le sengwe?” go botoka go ipotsa dipotso tseno: “Go diragalang fa re sa dumalane ka sengwe? A re kgona go bua ka sengwe re ritibetse, re tlotlana le go sa tlontlololane? Kana a gantsi fa re tlotla go felela ka dikgogakgogano tse di botlhoko?” (Baefeso 4:29, 31) Fa o batla motho yo o ka nyalanang nae, se senke motho yo o ikgogomosang le yo o gagamalelang dikgopolo tsa gagwe, yo o se kang a ineela kana yo o tlholang a batlile dilo ka kgang le yo o logang maano gore go dirwe dilo kafa ene a batlang ka teng.
BATLISISA PELE
16, 17. Ke eng se monna kana mosadi a ka se senkang fa a akanya go nyalana le mongwe?
16 Batho ba ba neetsweng boikarabelo mo phuthegong ya Bokeresete ba tshwanetse gore “ba lekwe pele.” (1 Timotheo 3:10) Le wena o ka dirisa molaomotheo ono. Ka sekai, mosadi a ka nna a botsa jaana, “Monna yono o itsege e le motho yo o ntseng jang? Ditsala tsa gagwe ke bomang? A o bonala a na le boikgapo? O tshwara jang batho ba ba godileng? O tswa mo lelapeng le le ntseng jang? O dirisana jang le lone? O leba madi jang? A o nwa bojalwa ka tsela e e feteletseng? A maikutlo a gagwe a fetofetoga ka bonako, mo a bileng a lwa? O na le maikarabelo afe mo phuthegong e bile o a dira jang? A ke tla kgona go mo tlotla?”—Lefitiko 19:32; Diane 22:29; 31:23; Baefeso 5:3-5, 33; 1 Timotheo 5:8; 6:10; Tito 2:6, 7.
17 Monna a ka botsa jaana: “A mosadi yono o rata Modimo le go mo tlotla? A o ka kgona go tlhokomela legae? Lelapa la gaabo le tlile go lebelela dilo dife mo go rona? A o botlhale, o dira ka natla, o somarela dilo? O bua thata ka eng? A o amega thata ka batho ba bangwe kana o ikakanyetsa fela a le nosi, a o rata go tsenatsena mo dikgannyeng tsa batho? A o a ikanyega? A o iketleeditse go ineela mo botlhogong kana a o tlhogoethata gongwe e bile e le setsuolodi?”—Diane 31:10-31; Luke 6:45; Baefeso 5:22, 23; 1 Timotheo 5:13; 1 Petere 4:15.
18. O tshwanetse wa gakologelwa eng fa o lemoga makoa mangwe a mannye fa lo ntse lo ratana?
18 O se ka wa lebala gore motho yono le ene ke setlogolwana sa ga Atame, ga a itekanela, ga se mogaka mongwe yo o umakiwang mo dibukeng tsa lorato. Mongwe le mongwe o na le makoa e bile mangwe a one a tshwanetse go tlodisiwa matlho—a gago le a motho yo o tlileng go nyalana nae. (Baroma 3:23; Jakobe 3:2) Mo godimo ga moo, fa o lemogile bokoa bongwe o ka kgona go bo tokafatsa. Ka sekai, a re re go tsoga kganetsano fa lo ntse lo ratana. Akanyetsa seno: Tota le batho ba ba ratanang e bile ba tlotlana ba a tle ba ganetsane ka dinako dingwe. (Bapisa Genesise 30:2; Diane 15:39.) A e ka tswa e le gore bobedi jwa lona lo tlhoka go ‘thibela mewa ya lona’ thata mme lo ithute go rarabolola dikgang ka kagiso? (Diane 25:28) A motho yo o tlileng go nyalana le ene yono o supa fa a batla go tokafatsa? A le wena o batla go dira jalo? A o ka ithuta gore o se ka wa kgopisega ka bonako, le go kgopisiwa ke sengwe le sengwe? (Moreri 7:9) Go ithuta go rarabolola mathata go ka dira gore lo kgone go buisana sentle lo ikanyega e leng selo se se botlhokwa thata fa e le gore lo ka nyalana.—Bakolosa 3:13.
19. Ke selo sefe se se botlhale se o ka se dirang fa go nna le mathata mangwe a a masisi fa lo ntse lo ratana?
19 Go tweng he, fa e le gore o lemoga dilo dingwe tse di go tshwenyang thata? Dilo tse di ntseng jalo tse di belaetsang di tshwanetse go akanyediwa ka kelotlhoko. Lefa lo ka tswa lo ikutlwa lo ratana jang kana lo eletsa thata gore lo nyalane, lo se ka lwa iphoufaletsa diphoso tse di masisi. (Diane 22:3; Moreri 2:14) Fa o na le botsalano le motho yo o nang le dilo dingwe tse di masisi tse o sa di rateng go botoka gore o kgaole botsalano joo e bile o se ka wa itlama gore o tla tshela le motho yoo goyagoile.
BOLOKANG THATANO YA LONA E TLOTLEGA
20. Batho ba ba ratanang ba ka boloka boitsholo jwa bone jang bo sa tlhabise ditlhong?
20 Lo ka boloka thatano ya lona e tlotlega jang? Sa ntlha, tlhomamisang gore boitsholo jwa lona ga bo tlhabise ditlhong. A kwa lo nnang teng, go tshwarana ka diatla, go atlana kana go tlamparelana go lejwa go siame fela mo bathong ba ba sa nyalanang? Lefa go supetsana lorato ka tsela eo go sa kgopise, go tshwanetse ga dirwa fela fa botsalano joo bo setse bo fitlhile mo seemong sa fa go setse go rulagantswe gore lenyalo le tla nna leng. Elang tlhoko gore fa lo supetsana lorato ga lo felele lo dirile boitsholo jo bo leswe kana kgokafalo. (Baefeso 4:18, 19; bapisa Sefela sa Difela 1:2; 2:6; 8:5, 9, 10.) Lebaka la go bo pelo e le boferefere, lo tshwanetse go dira gore lo nne botlhale mme lo tile go nna lo le nosi mo ntlong, mo foleteng, mo koloing e e emeng kana gongwe le gongwe fela kwa lo ka nnang le tshono ya go dira boitsholo jo bo sa siamang teng. (Jeremia 17:9) Fa lo sa dire boitsholo bope fela jo bo phoso fa lo ratana go tla supa ka phepafalo gore lo kgona go ikgapa le gore lo baya dikeletso tsa ba bangwe kwa pele ga tsa lona. Se se botlhokwa gape ke gore go ratana lo sa dire sepe se se leswe go itumedisa Jehofa Modimo, yoo a laelang batlhanka ba gagwe gore ba tile bomaswe le kgokafalo.—Bagalatia 5:19-21.
21. Lo ka tshwanela go buisana ka tsela efe lo ikanyega gore lo ratane ka tsela e e tlotlegang?
21 Sa bobedi, thatano e e tlotlegang e akaretsa go ikanyega fa lo buisana. Fa lo ntse lo ratana e bile lo tloga lo nyalana, lo tlile go tlhoka gore lo tlhamalale fa lo tlotla ka dikgang dingwe. Lo tlile go nna kae? A lo tlile go bereka lotlhe? A lo batla go nna le bana? Gape, go tla nna molemo gore o senole dilo dingwe, gongwe tsa nako e e fetileng, tse di ka nnang tsa ama lenyalo. Tseno di ka tswa di akaretsa dikoloto kana maikarabelo kana boitekanelo jwa mmele, jaaka malwetse mangwe a a masisi kana boemo bongwe. E re ka batho ba le bantsi ba ba nang le HIV (mogare o o bakang AIDS) ba sa nne le ditshupo tsa yone ka bonako, go tla bo go se phoso gore motho kana batsadi ba ba lorato ba kope gore madi a yoo a kileng a tlhakanela dikobo le bangwe mo nakong e e fetileng kana a kile a bo a itlhaba ka diokobatsi a tlhatlhobiwe gore a o na le AIDS. Fa teko e supa gore o na le yone, motho yo o tshwaeditsweng ga a tshwanela go pateletsa yo a batlang go nyalana le ene gore ba tswelele fela fa e le gore ene o batla gore ba kgaogane. Tota ruri, motho ope fela yo a kileng a bo a tshela botshelo jo bo neng bo ka mmaya mo bodiphatseng joo o tla bo a dira sentle fa a ikisa ka boene gore madi a gagwe a tlhatlhobiwe gore ga a na AIDS pele a ka simolola go ratana le ope.
GO LEBA KA KWA GA LENYALO
22, 23. (a) Lo ka palelwa ke go lekalekanya dilo fa lo baakanyetsa moletlo wa lenyalo fa lo dira eng? (b) Lo tshwanetse go boloka tekatekano jang fa lo akanya ka moletlo wa lenyalo le lenyalo ka bolone?
22 Mo dikgweding tsa bofelo tsa fa lo tla tloga lo nyalana, lo tla bo lo tshwaregile thata lo baakanyetsa moletlo wa lenyalo. Lo ka ithusa gore lo se ka lwa ngomoga pelo ka go sa feteletse sepe. Moletlo o o manobonobo o ka itumedisa ba losika le batho ba ba mo tikologong mme wa tlogela ba ba fetsang go nyalana le ba malapa a bone ba lapile e bile ba sena madi. Go dira dilo dingwe tse di tlwaetsweng mo tikologong ya lona ga go tshwenye mme go feteletsa dilo gongwe e bile lo gaisana le bangwe lo batla go tshwana le bone go ka nna ga bipa se tota se kaiwang ke tiragalo eno le go dira gore lo se ka lwa e itumelela kafa lo tshwanetseng ka teng. Le mororo lo tshwanetse go akanyetsa maikutlo a ba bangwe, monna yo o nyalang ke ene a nang le boikarabelo jo bogolo jwa go swetsa gore go tlile go dirwa eng kwa moletlong wa lenyalo.—Johane 2:9.
23 Gakologelwang gore letsatsi la lenyalo lone le lengwe fela mme lenyalo la gago le tlile go nna botshelo jotlhe. Tilang go tlhoma mogopolo thata mo tiragalong ya go nyalana. Go na le moo, leba kwa go Jehofa Modimo gore a go kaele mme o rulaganyetse botshelo jwa fa o tla bo o setse o nyetse. Fa o dirile seno, o tla bo o ipaakantse sentle gore lenyalo la gago le tle le atlege.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Seno se tla dira kwa dinageng tseo go intsha mmogo go siameng fela mo Bakereseteng.
b Tota le mo phuthegong ya Bokeresete go ka tswa go na le bangwe ba ba dirang go le gonnye thata mo phuthegong. Go na le gore ba bo ba ineetse mo Modimong ka pelo yotlhe, ba ka nna ba tswa ba tlhotlhelediwa ke maikutlo a lefatshe leno le boitsholo jwa lone.—Johane 17:16; Jakobe 4:4.
MELAOMETHEO ENO YA BAEBELE E KA THUSA . . . MOTHO JANG GO BAAKANYETSA LENYALO LE LE TLA ATLEGANG?
Monna le mosadi ba tshwanetse go ineela yo mongwe mo go yo mongwe.—Genesise 2:24.
Motho yo o kafa teng o botlhokwa go feta tebego ya kafa ntle.—1 Petere 3:3, 4.
“Se pataganeleng jokwe le ba ba sa dumeleng.”—2 Bakorinthe 6:14.
Batho ba ba seng phepa mo boitsholong ba ikgaogantse le Modimo.—Baefeso 4:18, 19.
[Lebokoso mo go tsebe 17]
DINGWAO LE BAEBELE
Bogadi Le se Se Ntshiwang ke ba Gaabo Mosadi: Kwa dinageng tse dingwe, lelapa la gaabo monna le lebeletswe gore le neye la gaabo mosadi madi (bogadi). Kwa go tse dingwe, lelapa la gaabo mosadi le neela la gaabo monna madi. Dingwao tseno di ka nna tsa se ka tsa nna phoso fa molao o sa di thibele. (Baroma 13:1) Lefa go ntse jalo, lefa go dirisiwa epe ya tsone, lelapa le le neelwang le tshwanetse go tila go batla madi kana dithoto tse dintsi go feta kafa go tlhokegang ka teng. (Diane 20:21; 1 Bakorinthe 6:10) Mo godimo ga moo, go ntsha bogadi ga go a tshwanela ga tsewa gore go kaya gore mosadi ke thoto e e rekilweng; e bile monna ga a tshwanela go akanya gore boikarabelo jwa gagwe fela mo mosading wa gagwe le lelapa la gaabo ke gore a ba neye madi.
Go Nyala Lefufa: Dingwao tse dingwe di letla monna go nyala basadi ba bantsi. Mo tikologong e e ntseng jalo monna e nna kgosana go na le go nna rre wa lelapa le rrabana. Mo godimo ga moo, go nyala lefufa gantsi go dira gore basadi bano ba gaisane. Baebele e letla Bakeresete gore ba ka nna ba sa nyala kana ba nne le mosadi a le mongwe.—1 Bakorinthe 7:2.
Lenyalo la Tekeletso: Batho ba bantsi ba bolela gore fa lo nna mmogo pele lo nyalana lo tla kgona go bona gore a lo a tshwanelana. Lefa go ntse jalo, lenyalo la tekeletso ga le leke selo se se botlhokwa go di gaisa tsotlhe mo lenyalong—maitlamo. Ga go na thulaganyo epe, fa e se lenyalo fela e e nayang botlhe tshireletsego le pabalesego ka selekanyo se se tshwanang—go akaretsa le bana bape fela ba ba ka nnang teng. Mo matlhong a ga Jehofa Modimo, lo a bo lo gokafala fa lo nna mmogo lo sa nyalana.—1 Bakorinthe 6:18; Bahebere 13:4.
[Ditshwantsho mo go tsebe 19]
Fa o santse o sa nyala, dira gore o nne le dinonofo, mekgwa le dikgono tse di tla go thusang mo lenyalong