A o Mongwe Wa ba Ba Ratwang ke Modimo?
“Yo o nang le ditaelo tsa me e bile a di boloka, ene yoo ke yo o nthatang. Le yo o nthatang o tla ratwa ke Rre.”— JOHANE 14:21.
1, 2. (a) Jehofa o ne a bontsha jang gore o rata batho? (b) Jesu o ne a simolola eng mo bosigong jwa Nisane 14, 33 C.E.?
JEHOFA o rata batho ba a ba bopileng. Tota o rata lefatshe le e leng batho “mo go kalo mo a bileng a ntsha Morwawe yo o tsetsweng a le esi, gore mongwe le mongwe yo o dumelang mo go ene a se ka a senngwa mme a nne le botshelo jo bo sa khutleng.” (Johane 3:16) E re ka nako ya go keteka Segopotso sa loso lwa ga Keresete e ntse e atamela, Bakeresete ba boammaaruri ba tshwanetse go nna ba gopotse ka metlha yotlhe gore Jehofa “o re ratile mme a romela Morwawe go nna setlhabelo sa thuanyo sa maleo a rona.”—1 Johane 4:10.
2 Mo bosigong jwa Nisane 14, 33 C.E., Jesu le baaposetoloi ba gagwe ba ba 12 ba ne ba kokoana mo phaposing e e kwa godimo kwa Jerusalema ba tlile go keteka Tlolaganyo, ba gopola go gololwa ga Baiseraele kwa Egepeto. (Mathaio 26:17-20) Fa ba sena go keteka moletlo ono wa Sejuda, Jesu o ne a koba Judase Isekariota mme a simolola sejo sa maitseboa sa go ikgopotsa, se se neng se tla nna Segopotso sa Bakeresete sa loso lwa ga Keresete.a Jesu o ne a dira gore baaposetoloi ba ba setseng ba ba 11 ba kopanele mmogo mo sejong seno sa kabalano, a dirisa ditshwantshetso tsa senkgwe se se sa bedisiwang le beine e khibidu go tshwantshetsa mmele wa gagwe wa nama le madi a gagwe. Tlhaloso ya se a neng a se dira e newa ke bakwadi ba Diefangele tsa Ntlha tse Tharo e bong Mathaio, Mareko le Luke, le ke moaposetoloi Paulo, yo o neng a bitsa sejo seno a re ke “dijo tsa maitseboa tsa Morena.”—1 Bakorintha 11:20; Mathaio 26:26-28; Mareko 14:22-25; Luke 22:19, 20.
3. Pego ya ga moaposetoloi Johane ya diura tsa bofelo tsa ga Jesu a na le barutwa ba gagwe kwa phaposing e e kwa godimo e farologane ka ditsela dife tsa botlhokwa le dipego tsa ba bangwe?
3 Se se kgatlhang ke gore, moaposetoloi Johane ga a umaka sepe kaga go fetisiwa ga senkgwe le beine, gongwe e le ka gonne ka nako ya fa a ne a kwala pego ya gagwe ya Efangele (mo e ka nnang ka 98 C.E.), mokgwa ono o ne o setse o tlwaelegile thata mo Bakereseteng ba bogologolo. (1 Bakorintha 11:23-26) Le fa go ntse jalo, Johane ke ene fela a ileng a tlhotlhelediwa go re naya tshedimosetso ya botlhokwa malebana le se Jesu a neng a se bua a bo a se dira pele fela ga gore A simolole Segopotso sa loso lwa Gagwe le morago fela ga sone. Dintlha tseno tse di kgatlhang di ne tsa ba tsa tlatsa dikgaolo di le tlhano tsa Efangele ya ga Johane. Di bontsha ka phepafalo gore Modimo o rata batho ba mofuta ofe. A re tlhatlhobeng Johane kgaolo 13 go ya go kgaolo 17.
Ithute mo Loratong Lwa ga Jesu lo lo Tlhomang Sekao
4. (a) Johane o ne a gatelela jang kgang e e tlhomologileng ya pokano ya ga Jesu le barutwa ba gagwe fa a ne a simolola Segopotso? (b) Lebaka lengwe la botlhokwa la go bo Jehofa a rata Jesu ke lefe?
4 Lorato ke kgang e e tlhomologileng mo dikgaolong tseno tsotlhe tse di nang le kgakololo ya bofelo e Jesu a neng a e naya balatedi ba gagwe pele a kgaogana le bone. E bile lefoko “lorato” le tlhaga mo go tsone ka dipopego tse di farologaneng makgetlo a le 31. Ga go na gope fa lorato lo logolo lo Jesu a neng a rata Rraagwe e leng Jehofa ka lone le barutwa ba gagwe lo bonalang thata teng go feta mo dikgaolong tseno. Dipego tsotlhe tsa Efangele tsa botshelo jwa ga Jesu di bontsha lorato lo a neng a rata Jehofa ka lone, mme Johane ke ene fela a kwadileng gore Jesu o ne a bolela ka tlhamalalo a re: “Ke rata Rara.” (Johane 14:31) Gape Jesu o ne a bolela gore Jehofa o a mo rata a bo a tlhalosa gore ke ka ntlha yang a mo rata. O ne a re: “Fela jaaka Rara a nthatile le nna ke lo ratile, nnelang ruri mo loratong lwa me. Fa lo boloka ditaelo tsa me, lo tla nnela ruri mo loratong lwa me, fela jaaka ke bolokile ditaelo tsa ga Rara mme ka nnela ruri mo loratong lwa gagwe.” (Johane 15:9, 10) Ee, Jehofa o rata Morwawe ka gonne a mo utlwa mo dilong tsotlhe. A bo seo e le sekao se se molemo jang ne mo balateding botlhe ba ga Jesu Keresete!
5. Jesu o ne a bontsha jang gore o rata barutwa ba gagwe?
5 Kwa tshimologong fela, pego ya ga Johane ka ga pokano ya ga Jesu ya bofelo le baaposetoloi e gatelela lorato lo logolo lo Jesu a neng a rata balatedi ba gagwe ka lone. Johane o ne a anela jaana: “Jaanong, ka gonne a ne a itse pele ga moletlo wa tlolaganyo gore nako ya gagwe e ne e tlile ya gore a fuduge mo lefatsheng leno a ye kwa go Rara, Jesu, ka a ne a ratile ba gagwe ba ba neng ba le mo lefatsheng, a ba rata go ya bokhutlong.” (Johane 13:1) Mo maitseboeng ao a a sa lebalegeng, o ne a ba naya thuto e e mosola ya go direla ba bangwe ka lorato. O ne a ba tlhapisa dinao. Seno ke sengwe se botlhe ba ka bong ba ile ba iketleeletsa go se direla Jesu le bomorwarraabone, mme ga ba a ka ba se dira. Jesu o ne a dira tiro eno ya boikokobetso a bo a raya barutwa ba gagwe a re: “Fa nna, le mororo ke le Morena le Moruti, ke ne ka tlhapisa dinao tsa lona, le lona lo tshwanetse lwa tlhapisana dinao. Gonne ke lo tlhometse sekao, gore, fela jaaka ke ne ka dira mo go lona, le lona lo tshwanetse lwa dira jalo.” (Johane 13:14, 15) Bakeresete ba boammaaruri ba tshwanetse ba iketleeletsa go direla bakaulengwe ba bone e bile ba tshwanetse ba go itumelela.—Mathaio 20:26, 27, ntlhanyana e e kwa tlase mo go NW; Johane 13:17.
Latela Taolo e Ntšha
6, 7. (a) Johane o bolela ntlha efe ya botlhokwa malebana le fa go ne go simololwa Segopotso? (b) Jesu o ne a naya barutwa ba gagwe taelo efe e ntšha, mme e ne e le ntšha ka tsela efe?
6 Pego ya ga Johane ya se se diragetseng kwa phaposing e e kwa godimo mo bosigong jwa Nisane 14 ke yone fela e umakang ka tlhamalalo gore Judase Isekariota o ne a tswa. (Johane 13:21-30) Fa re kopanya dipego tsa Efangele re fitlhela gore Jesu o ne a simolola Segopotso sa loso lwa Gagwe fela fa mooki yono a sena go tsamaya. E ne ya nna gone a buang ka boleele le baaposetoloi ba gagwe ba ba ikanyegang, a ba naya kgakololo le ditaelo tsa bofelo. Fa re ntse re ipaakanyetsa go nna teng kwa Segopotsong, re tshwanetse ra kgatlhegela thata se Jesu a neng a se bua motsing oo, bogolo jang ka gonne ruri re batla go nna bangwe ba bao Modimo a ba ratang.
7 Taelo ya ntlha fela e Jesu a neng a e naya barutwa ba gagwe fa a sena go simolola Segopotso sa loso lwa gagwe e ne e le sengwe se sesha. O ne a bolela jaana: “Ke lo naya taelo e ntšha, ya gore lo ratane; fela jaaka ke lo ratile, gore le lona lo ratane. Botlhe ba tla itse gore lo barutwa ba me ka seno, fa lo ratana.” (Johane 13:34, 35) Ke eng se se neng se le sesha ka taelo eno? Moragonyana mo go one maitseboa ao, Jesu o ne a tlhalosa a re: “Eno ke taelo ya me, gore lo ratane fela jaaka ke lo ratile. Ga go na ope yo o nang le lorato lo logolo go feta lono, gore motho a neele moya wa gagwe mo boemong jwa ditsala tsa gagwe.” (Johane 15:12, 13) Molao wa ga Moshe o ne o laela Baiseraele gore ba ‘rate bangwe ka bone jaaka ba ithata.’ (Lefitiko 19:18) Mme taelo ya ga Jesu yone e ne e sa felele foo. Bakeresete ba ne ba tshwanetse go ratana fela jaaka Keresete a ba ratile, ba iketleeditse go ntsha matshelo a bone setlhabelo go thusa bakaulengwe ba bone.
8. (a) Lorato lwa go intsha setlhabelo lo tlhoka eng? (b) Basupi ba ga Jehofa ba bontsha lorato lwa go intsha setlhabelo jang gompieno?
8 Motlha wa Segopotso ke nako e e tshwanetseng ya gore re itlhatlhobe, motho ka namana le jaaka phuthego, go bona gore a ruri re na le letshwao leno le le tlhaolang Bokeresete jwa boammaaruri—lorato lo lo tshwanang le lwa ga Keresete. Lorato lo lo ntseng jalo lwa go intsha setlhabelo lo ka tlhoka gore Mokeresete a iketleeletse go swa go na le gore a oke bakaulengwe ba gagwe, e bile lo ile lwa tlhoka jalo ka dinako dingwe. Le fa go ntse jalo, gantsi go akaretsa gore re iketleeletse go latlhegelwa ke dilo tse re di ratang gore re kgone go thusa le go direla bakaulengwe ba rona le batho ba bangwe. Moaposetoloi Paulo e ne e le sekao se se molemo mo ntlheng eno. (2 Bakorintha 12:15; Bafilipi 2:17) Basupi ba ga Jehofa ba itsiwe lefatshe lotlhe e le batho ba ba nang le moya wa go intsha setlhabelo, ba thusa bakaulengwe ba bone le baagelani ba bone e bile ba dira ka natla go bolelela bangwe ka bone boammaaruri jwa Baebele.b—Bagalatia 6:10.
Botsalano jo bo Tlhwatlhwakgolo
9. Ke eng se re itumelelang go se dira gore re nne re na le botsalano jo bo tlhwatlhwakgolo le Modimo le Morwawe?
9 Ga go sepe se re ka se tsayang se le tlhwatlhwakgolo go feta go ratiwa ke Jehofa le ke Morwawe, Keresete Jesu. Le fa go ntse jalo, go na le sengwe se re tshwanetseng ra se dira gore re nne le lorato lono re bo re lo utlwe. Fa Jesu a ne a na le barutwa ba gagwe mo bosigong joo jwa bofelo, o ne a re: “Yo o nang le ditaelo tsa me e bile a di boloka, ene yoo ke yo o nthatang. Le yo o nthatang o tla ratwa ke Rre, mme ke tla mo rata ke ba ke mo ipontsha ka papamalo.” (Johane 14:21) Re utlwa ditaelo tsa Modimo le Morwawe ka boitumelo ka gonne re anaanela botsalano jo re nang najo le bone. Ditaelo tseno di akaretsa taelo e ntšha ya gore re bontshe lorato lwa go intsha setlhabelo le taelo e Keresete a neng a e neela fa a sena go tsosiwa ya “go rerela batho le go neela bosupi ka botlalo,” re leka ‘go dira’ batho ba ba amogelang dikgang tse di molemo ‘barutwa.’—Ditiro 10:42; Mathaio 28:19, 20.
10. Batlodiwa le “dinku tse dingwe” ba ka nna le botsalano bofe jo bo tlhwatlhwakgolo?
10 Moragonyana mo bosigong joo, fa Jesu a ne a araba potso e a neng a e boditswe ke moaposetoloi yo o ikanyegang e bong Judase (Thadaeo), o ne a re: “Fa motho a nthata, o tla boloka lefoko la me, mme Rre o tla mo rata, mme re tla tla mo go ene re bo re nna le ene.” (Johane 14:22, 23) Tota le fa Bakeresete ba ba tloditsweng ba sa ntse ba le mo lefatsheng, bone ba ba bileditsweng go ya go busa le Keresete kwa legodimong, ba na le botsalano jo bogolo thata le Jehofa le Morwawe. (Johane 15:15; 16:27; 17:22; Bahebera 3:1; 1 Johane 3:2, 24) Mme ditsala tsa bone tse e leng ba “dinku tse dingwe” ba ba solofetseng go tshelela ruri mo lefatsheng, le bone ba na le botsalano jo bo tlhwatlhwakgolo le “modisa a le mongwe” wa bone, Jesu Keresete, le Modimo wa bone, Jehofa, fa fela ba nna kutlo.—Johane 10:16; Pesalema 15:1-5; 25:14.
“Ga lo Karolo ya Lefatshe”
11. Jesu o ne a naya barutwa ba gagwe tlhagiso efe e e masisi?
11 Mo pokanong eno ya ga Jesu ya bofelo a na le barutwa ba gagwe ba ba ikanyegang pele a swa, o ne a naya tlhagiso eno e e masisi: Fa motho a ratiwa ke Modimo, lefatshe le tla mo ila. O ne a re: “Fa lefatshe le lo tlhoile, lo a itse gore le ntlhoile pele ga le tlhoa lona. Fa lo ne lo le karolo ya lefatshe, lefatshe le ne le tla rata se e leng sa lone. Jaanong ka gonne ga lo karolo ya lefatshe, mme ke lo tlhophile mo lefatsheng, ka lebaka leno lefatshe le lo tlhoile. Gakologelwang lefoko le ke le lo reileng ka re, Motlhanka ga a mogolo go feta mong wa gagwe. Fa ba mpogisitse, ba tla lo bogisa le lona; fa ba bolokile lefoko la me, ba tla boloka le la lona.”—Johane 15:18-20.
12. (a) Ke ka ntlha yang fa Jesu a ne a tlhagisa barutwa ba gagwe gore lefatshe le ne le tla ba ila? (b) Go ka nna molemo gore rotlhe re akanye ka eng fa Segopotso se ntse se atamela?
12 Jesu o ne a naya tlhagiso eno gore baaposetoloi bano ba ba 11 le Bakeresete botlhe ba boammaaruri morago ga bone ba se ka ba kgobega marapo mme ba tlogela ka gonne ba ilwa ke lefatshe. O ne a oketsa a re: “Ke buile dilo tseno le lona gore lo tle lo se ka lwa kgotšwa. Batho ba tla lo leleka mo sinagogeng. Tota e bile, nako e etla fa mongwe le mongwe yo o lo bolayang o tla ithayang a re o diretse Modimo tirelo e e boitshepo. Mme ba tla dira dilo tseno ka gonne ga ba ise ba bo ba itse Rara le fa e le nna.” (Johane 16:1-3) Bukantswe nngwe ya mafoko a Baebele e tlhalosa gore popego e nngwe ya lediri le fano le ranotsweng go twe go “kgotšwa” e kaya “go dira gore motho a simolole go se tshepe le go latlha mongwe yo a tshwanetseng go mo tshepa le go mo ikobela; go kgelosa.” Fa nako ya go keteka Segopotso e ntse e atamela, rotlhe re tshwanetse go akanya ka botshelo jwa batho ba ba ikanyegang ba nako e e fetileng le ba gone jaanong mme re tseye malebela mo sekaong sa bone sa go nitama fa ba lekwa. O se ka wa letla kganetso kgotsa pogiso e dira gore o latlhe Jehofa le Jesu, mme iketleeletse go ba ikanya le go ba ikobela.
13. Mo thapelong e Jesu a neng a e rapela Rraagwe, o ne a kopela balatedi ba gagwe eng?
13 Mo thapelong ya ga Jesu e e konelang pele a tswa mo phaposing ele ya bojelo kwa Jerusalema, o ne a raya Rraagwe a re: “Ke ba neile lefoko la gago, mme lefatshe le ba tlhoile, ka gonne ga ba karolo ya lefatshe, fela jaaka nna ke se karolo ya lefatshe. Ke a go kopa, e seng gore o ba ntshe mo lefatsheng, fa e se gore o ba tlhokomele ka ntlha ya yo o boikepo. Ga ba karolo ya lefatshe, fela jaaka nna ke se karolo ya lefatshe.” (Johane 17:14-16) Re ka tlhomamisega gore Jehofa o tlhokomela batho ba a ba ratang, gore a ba nonotshe jaaka fa ba nna ba ikgaogantse le lefatshe.—Isaia 40:29-31.
Nnang mo Loratong Lwa Rara le Lwa Morwa
14, 15. (a) Jesu o ne a itshwantsha le eng se se farologaneng le ‘mofine ofe o o senyegileng’? (b) “Dikala” tsa “mofine wa boammaaruri” ke bomang?
14 Mo motlotlong o Jesu a neng a o tshwara le barutwa ba gagwe ba ba ikanyegang e le ene fela le bone mo bosigong jwa Nisane 14, o ne a itshwantsha le “mofine wa boammaaruri,” o o sa tshwaneng le ‘mofine o o senyegileng’ wa Iseraele yo o sa ikanyegeng. O ne a re: “Ke nna mofine wa boammaaruri, mme Rre ke modiri wa mo tshimong.” (Johane 15:1) Makgolo a dingwaga pele ga foo, moporofeti Jeremia o ne a kwala mafoko ano a ga Jehofa a a neng a a raya batho ba gagwe ba ba tlhanogileng: “Ke ne ke go jadile jaaka mofine o mohibidu wa boleng jo bo kwa godimo . . . Mme jaanong o mphetogetse jang gore o nne matlhogela a a senyegileng a mofine o sele?” (Jeremia 2:21) Mme moporofeti Hosea o ne a kwala jaana: “Iseraele ke mofine o o senyegang. O nna a ntse a itlhagisetsa maungo. . . . Pelo ya bone e nnile boitimokanyo.”—Hosea 10:1, 2.
15 Go na le go tlhagisa maungo a kobamelo ya boammaaruri, Iseraele o ne a tlhanoga mme a itlhagisetsa maungo. Malatsi a le mararo pele ga pokano ya gagwe ya bofelo le barutwa ba gagwe ba ba ikanyegang, Jesu o ne a raya baeteledipele ba baitimokanyi ba Bajuda a re: “Ke lo [raya] ke re, Bogosi jwa Modimo bo tla tsewa mo go lona bo bo bo newa setšhaba se se ungwang maungo a jone.” (Mathaio 21:43) Setšhaba se sesha seo ke “Iseraele wa Modimo,” se se bopilweng ka Bakeresete ba ba tloditsweng ba le 144 000 ba ba tshwantshiwang le “dikala” tsa “mofine wa boammaaruri,” Keresete Jesu.—Bagalatia 6:16; Johane 15:5; Tshenolo 14:1, 3.
16. Jesu o ne a rotloetsa baaposetoloi ba ba 11 ba ba ikanyegang gore ba direng, mme go ka bolelwang ka masalela a a ikanyegang mo motlheng ono wa bofelo?
16 Jesu o ne a raya baaposetoloi ba ba 11 ba ba neng ba na le ene kwa phaposing eo e e kwa godimo a re: “Kala nngwe le nngwe e e mo go nna e e sa ungweng maungo o a e tlosa, mme nngwe le nngwe e e ungwang maungo o a e phepafatsa, gore e tle e ungwe maungo a a oketsegileng. Nnelang ruri seoposengwe le nna, le nna ke le seoposengwe le lona. Fela jaaka kala e ka se ka ya ungwa maungo ka boyone fa e sa nnele ruri mo mofineng, ka yone tsela eo le lona lo ka se ka, fa lo sa nnele ruri seoposengwe le nna.” (Johane 15:2, 4) Hisitori ya motlha wa gompieno ya batho ba ga Jehofa e bontsha gore masalela a a ikanyegang a Bakeresete ba ba tloditsweng a ile a nna a le seoposengwe le Tlhogo ya one, Keresete Jesu. (Baefeso 5:23) Ba ile ba dumela go phepafadiwa le go pongwa dikala. (Malaki 3:2, 3) Fa e sa le ka 1919, ba ile ba tlhagisa maungo a mantsi a Bogosi, sa ntlha Bakeresete ba bangwe ba ba tloditsweng, mme fa e sa le ka 1935, “boidiidi jo bogolo” jwa ditsala tsa bone tse di ntseng di oketsega.—Tshenolo 7:9; Isaia 60:4, 8-11.
17, 18. (a) Ke mafoko afe a ga Jesu a a thusang batlodiwa le dinku tse dingwe gore ba nne ba le mo loratong lwa ga Jehofa? (b) Go nna gone kwa Segopotsong go tla re thusa jang?
17 Mafoko a mangwe a ga Jesu a dira mo batlodiweng botlhe ba Bakeresete le mo ditsaleng tsa bone: “Rre o galalediwa ke seno, gore lo nne lo ungwe maungo a mantsi lo bo lo itshupe lo le barutwa ba me. Fela jaaka Rara a nthatile le nna ke lo ratile, nnelang ruri mo loratong lwa me. Fa lo boloka ditaelo tsa me, lo tla nnela ruri mo loratong lwa me, fela jaaka ke bolokile ditaelo tsa ga Rara mme ka nnela ruri mo loratong lwa gagwe.”—Johane 15:8-10.
18 Rotlhe re batla go nnela ruri mo loratong lwa Modimo, mme seno se re tlhotlheletsa go nna Bakeresete ba ba ungwang. Re dira seno ka go dirisa sebaka sengwe le sengwe go rera ‘dikgang tse di molemo tsa bogosi.’ (Mathaio 24:14) Gape re dira bojotlhe jwa rona go bontsha “maungo a moya” mo matshelong a rona ka namana. (Bagalatia 5:22, 23) Go nna teng kwa Segopotsong sa loso lwa ga Keresete go tla re nonotsha mo maikaelelong a rona a go dira seno, gonne re tla gakololwa ka lorato lo logolo lo Modimo le Keresete ba re ratang ka lone.—2 Bakorintha 5:14, 15.
19. Setlhogo se se latelang se tla tlhalosa thuso efe e nngwe?
19 Fa Jesu a sena go simolola Segopotso, o ne a solofetsa gore Rraagwe o ne a tla romelela balatedi ba gagwe ba ba ikanyegang “mothusi, e leng moya o o boitshepo.” (Johane 14:26) Mo setlhogong se se latelang go tla tlhatlhobiwa gore moya ono o thusa batlodiwa le dinku tse dingwe jang gore ba nne ba le mo loratong lwa ga Jehofa.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Mo ngwageng wa 2002, fa go balwa go ya ka Baebele, Nisane 14 e simolola fa letsatsi le phirima ka Labone, March 28. Mo maitseboeng ao, Basupi ba ga Jehofa mo lefatsheng lotlhe ba tla kopana mmogo go tla go keteka loso lwa Morena, Jesu Keresete.
b Bona buka ya Basupi ba ga Jehofa—Baboledi ba Bogosi jwa Modimo, e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa, kgaolo 19 le kgaolo 32.
Dipotso Tsa Poeletso
• Jesu o ne a naya barutwa ba gagwe thuto efe e e mosola malebana le go direla ka lorato?
• Nako ya Segopotso ke nako e e tshwanetseng ya go itlhatlhoba malebana le eng?
• Ke ka ntlha yang fa re sa tshwanela go kgopisiwa ke tlhagiso ya ga Jesu malebana le letlhoo le go bogisiwa ke lefatshe?
• “Mofine wa boammaaruri” ke mang? “Dikala” ke bomang, mme go lebeletswe eng ka bone?
[Setshwantsho mo go tsebe 15]
Jesu o ne a naya baaposetoloi ba gagwe thuto e e mosola malebana le go direla ba bangwe ka lorato
[Ditshwantsho mo go tsebe 16]
Barutwa ba ga Keresete ba ikobela taelo ya gagwe ya go bontsha lorato lwa go intsha setlhabelo