Tirisabadimo le Matsapa a go Batla Bomoya Jwa Boammaaruri
ROTLHE re tlhoka dilo tsa semoya le dilo tsa nama. Ke ka lebaka leo batho ba bantsi ba botsang dipotso tse di jaaka, Lebaka la go bo re tshela ke lefe, ke eng fa batho ba boga le gore go diragala eng ka rona fa re swa? Batho ba le bantsi ba ba tlhoafetseng ba batla dikarabo tsa dipotso tseno le dipotso tse dingwe tse di tshwanang natso kwa dikokoanong tse go buisanwang le meya kwa go tsone, koo ba buang le badimo teng, ba solofetse go bua le meya ya baswi. Mokgwa ono o bidiwa tirisabadimo.
Batho ba ba dumelang mo tirisabadimong ba teng mo dinageng di le dintsi mme ba kopanela mo diphuthegong le mo dikerekeng. Ka sekai, kwa Brazil, go fopholediwa gore batho ba ba dumelang tirisabadimo ba ba ka nnang 4 000 000 ba latela dithuto tse di rulagantsweng ke Hyppolyte Léon Denizard Rivail, motlhatlheledi le mofilosofi wa Mofora wa lekgolo la bo19 la dingwaga yo o neng a kwala a dirisa leina la Allan Kardec. Kardec o ne a simolola go kgatlhegela tirisabadimo la ntlha ka 1854. Moragonyana o ne a botsa batho ba ba buisanang le mewa, ba ba mo mafelong a mantsi dipotso mme a kwala dikarabo tsa bone mo go The Book of Spirits, e e ileng ya gatisiwa ka 1857. Dibuka tse dingwe tse pedi tse a ileng a di kwala e ne e le The Mediums’ Book le The Gospel According to Spiritism.
Tirisabadimo e ntse e amangwa le ditlwaelo tsa bodumedi tse di jaaka voodoo, boloi, boselamose kana Kobamelo ya ga Satane. Le fa go ntse jalo, batho ba ba latelang dithuto tsa ga Allan Kardec ba re ditumelo tsa bone di farologane. Gantsi dikgatiso tsa bone di nopola Baebele, e bile di bua ka Jesu e le “mokaedi le sekao sa batho botlhe.” Ba bolela gore dithuto tsa ga Jesu “ke mafoko a a itshekileng go gaisa a molao wa Modimo.” Allan Kardec o ne a tsaya dikwalo tsa tirisabadimo e le tshenolo ya boraro ya molao wa Modimo o a o fileng batho, tse pedi tsa ntlha ke dithuto tsa ga Moshe le tsa ga Jesu.
Tirisabadimo e ngoka batho ba le bantsi ka gonne e gatelela lorato lwa boagelani le ditiro tse dintle. Nngwe ya ditumelo tsa tirisabadimo ke gore: “Fa go se na dimpho tsa lorato ga go na poloko.” Batho ba le bantsi ba ba dumelang mo tirisabadimong eno ba tshwaregile mo ditirong tsa go thusa setšhaba, ba thusa go aga dikokelo, dikolo le ditheo tse dingwe. Maiteko a a ntseng jalo a a akgolega. Gone mme, dithuto tsa tirisabadimo di ntse jang fa di bapisiwa le dithuto tsa ga Jesu tse di kwadilweng mo Baebeleng? A re tseyeng dikai tse pedi: tsholofelo ka baswi le lebaka la go bo re boga.
Go na Le Tsholofelo Efe ka Baswi?
Batho ba le bantsi ba ba dumelang mo tirisabadimong ba dumela gore motho o tsalwa gape ka mmele o mosha. Kgatiso nngwe ya batho ba ba dumelang mo tirisabadimong e bolela jaana: “Thuto ya go tsalwa gape ka mmele o mosha ke yone fela thuto e e tsamaisanang sentle le kgopolo ya tshiamiso ya bomodimo; ke yone fela thuto e e kgonang go tlhalosa isagwe le go nonotsha ditsholofelo tsa rona.” Batho ba ba dumelang mo tirisabadimong ba tlhalosa gore fa motho a swa, moya kana “moya o o tsetsweng gape o le mo sebopegong se sesha,” o tswa mo mmeleng—jaaka serurubele se se tswang mo mokoneng wa sone. Ba dumela gore moragonyana meya eno e tsalwa gape ka mebele e mesha, e le batho gore e tle e tlose maleo a a dirilweng mo botshelong jo bo fetileng. Mme le fa go ntse jalo motho wa teng ga a gakologelwe maleo a a a dirileng mo nakong e e fetileng. The Gospel According to Spiritism e bolela jaana: “Modimo o ile a bona go tshwanela gore go bewe lesire go bipa dilo tsa nako e e fetileng.”
Allan Kardec o ne a kwala jaana: “Go ganetsa thuto ya go tsalwa gape ka mmele o mosha ke go ganetsa mafoko a ga Keresete.” Le fa go ntse jalo, Jesu ga a ise a ko a dirise polelwana “go tsalwa gape ka mmele o mosha” e bile ga a ise a ko a umake kgopolo e e ntseng jalo. (Bona “A Baebele e Ruta Thuto ya go Tsalwa Gape ka Mmele o Mosha?” mo tsebeng 22.) Go na le moo, Jesu o ne a ruta ka go tsoga ga baswi. Ka nako ya bodiredi jwa gagwe jwa mo lefatsheng, o ne a tsosa batho ba le bararo—morwa wa motlholagadi wa kwa Naina, morwadia molaodi wa senagoge le tsala ya gagwe e kgolo e bong Lasaro. (Mareko 5:22-24, 35-43; Luke 7:11-15; Johane 11:1-44) A re sekasekeng nngwe ya ditiragalo tse di gakgamatsang tseo mme re bone gore Jesu o ne a kaya eng ka “tsogo.”
Go Tsosiwa ga ga Lasaro
Jesu o ne a utlwa gore tsala ya gagwe e bong Lasaro o a lwala. Malatsi a le mabedi moragonyana, o ne a bolelela barutwa ba gagwe jaana: “Lasaro tsala ya rona o ile go ikhutsa, mme ke tsaya loeto go ya gone go mo tsosa mo borokong.” Barutwa ba ne ba sa tlhaloganye gore Jesu o raya goreng, ka gone o ne a bolela jaana ka tlhamalalo: “Lasaro o sule.” Fa kgabagare Jesu a fitlha mo lebitleng la ga Lasaro, monna yono o ne a setse a sule malatsi a le manè. Le fa go ntse jalo, Jesu o ne a laela gore leje le le tswetseng botseno jwa lebitla le ntshiwe. Go tswa foo a tlhaeletsa jaana: “Lasaro tswa!” Fa a rialo, ga diragala sengwe se se itumedisang. “Monna yo o neng a sule a tswa, dinao tsa gagwe le diatla di hapilwe ka dihapi, mme sefatlhego sa gawe se ne se bofilwe gotlhe ka letsela. Jesu a ba raya a re: ‘Mmofololeng lo mo lese a tsamaye.’”—Johane 11:5, 6, 11-14, 43, 44.
Kwantle ga pelaelo, seno e ne e se go tsalwa gape ka mmele o mosha. Jesu o ne a re Lasaro yo o suleng o robetse, ga a utlwe sepe. Jaaka Baebele e tlhalosa, ‘dikakanyo tsa gagwe di ne di nyeletse.’ O ne a sa “itse sepe gotlhelele.” (Pesalema 146:4; Moreri 9:5) Lasaro yo o tsositsweng e ne e se motho yo o farologaneng yo o neng a tshotswe e le moya o mosha. O ne a sa ntse a na le botho jole jwa pele, a le dingwaga tse a neng a le tsone e bile a gopola dilo tse a di itseng. O ne a tswelela a tshela fela jaaka a ne a tshela pele a swa loso lwa tshoganyetso mme a boela mo baratiweng ba gagwe ba ba neng ba hutsafaletse loso lwa gagwe.—Johane 12:1, 2.
Moragonyana Lasaro o ne a swa gape. Ka jalo, boikaelelo jwa go tsosiwa ga gagwe e ne e le eng? Go bo Jesu a ile a mo tsosa mmogo le ba bangwe, go nonotsha tshepo ya rona mo tsholofetsong ya Modimo ya gore batlhanka ba Gagwe ba ba ikanyegang ba tla tsosiwa mo baswing ka nako ya Gagwe e e tshwanelang. Dikgakgamatso tseo tsa ga Jesu di ile tsa dira gore mafoko ano a gagwe a utlwale sentle: “Ke nna tsogo le botshelo. Yo o supang tumelo mo go nna, le mororo aa swa, o tla tshela.”—Johane 11:25.
Jesu o ne a bolela jaana ka tsogo eo ya mo isagweng: “Nako e etla e mo go yone botlhe ba ba mo mabitleng a kgakologelo ba tla utlwang lentswe la [me] ka yone mme ba tla tswa, ba ba dirileng dilo tse di molemo ba tswela kwa tsogong ya botshelo, ba ba dirileng dilo tse di bosula ba tswela kwa tsogong ya katlholo.” (Johane 5:28, 29) Jaaka go ne go ntse ka Lasaro, e tla nna tsogo ya batho ba ba suleng. E ka se ka ya nna go kopana ga meya e e tshelang e kopana le mebele e e tsositsweng e e bodileng gongwe e bile e fetogile go nna karolo ya ditshedi tse dingwe. Go tsosa baswi ke selo se se kgonegang mo Mmoping wa legodimo le lefatshe, yo o nang le botlhale le maatla a a se nang selekanyo.
A thuto ya tsogo, e e rutilweng ke Jesu Keresete, ga e bontshe kafa Modimo a ratang batho thata ka teng? Go tweng ka potso ya bobedi e e ileng ya umakiwa pelenyana?
Ke ka Ntlha Yang fa re Boga?
Bontsi jwa dilo tse batho ba di bogang di nna gone ka ntlha ya dilo tse batho ba ba seng botlhale, ba ba se nang maitemogelo kana ba ba boikepo ba di dirang. Mme go tweng ka ditiragalo tse di setlhogo tse batho ba ka se kang ba bewa molato ka tlhamalalo ka ntlha ya tsone? Ka sekai, ke eng fa go na le dikotsi le masetlapelo a tlholego? Ke eng fa bana ba bangwe ba tsholwa e le digole? Allan Kardec o ne a leba dilo tse di ntseng jalo e le kotlhao. O ne a kwala jaana: “Fa e le gore re a otlhaiwa, go raya gore re tshwanetse ra bo re dirile phoso. Fa e le gore ga re a dira phoso eo mo botshelong jo re bo tshelang gone jaanong, e tshwanetse ya bo e le ya botshelo jo bo fetileng.” Batho ba ba dumelang mo tirisabadimong ba rutiwa go rapela jaana: “Morena, O tshiamo gotlhe fela. Bolwetse jo o ileng wa bona go tshwanela gore o bo nthomelele bo tshwanetse jwa bo bo ntshwanela . . . Ke bo amogela e le tsela ya go duelela ditiro tsa nako e e fetileng le gore ke go leka tumelo ya me le go leka gore ke ineetse go le kana kang mo thatong ya Gago e e tlotlegang.”—The Gospel According to Spiritism.
A Jesu o ne a ruta selo se se ntseng jalo? Nnyaa. Jesu o ne a itse mafoko ano a Baebele sentle: “Botlhe ba diragalelwa ke motlha le tiragalo e e sa bonelwang pele.” (Moreri 9:11) O ne a itse gore ka dinako tse dingwe dilo tse di bosula di direga fela. Ga go tlhokege gore e bo e le kotlhao ya boleo.
Akanya ka tiragalo eno mo botshelong jwa ga Jesu: “Ya re [Jesu] a feta a bona monna mongwe yo o neng a foufetse fa e sa le a tsholwa. Mme barutwa ba gagwe ba mmotsa ba re: ‘Rabi, ke mang yo o leofileng, monna yono kgotsa batsadi ba gagwe, mo e leng gore o ne a tsalwa a foufetse?’” Karabo e Jesu a neng a e neela e ruta motho mo gontsi tota: “Ga se monna yono yo o leofileng lefa e le batsadi ba gagwe, mme e ne e le gore ditiro tsa Modimo di bonatshiwe mo go ene. Fa a sena go bua dilo tseno, a kgwela mathe fa fatshe mme a dira seretse ka mathe, mme a baya seretse sa gagwe mo matlhong a monna yono mme a mo raya a re: ‘Tsamaya o ye go tlhapa mo mogobeng wa Siloame.’ . . . Jalo a tswa a ya go tlhapa, mme a boa a bona.”—Johane 9:1-3, 6, 7.
Mafoko a ga Jesu a ne a bontsha gore ga se monna yono kana batsadi ba gagwe ba ba dirileng gore a tsholwe e le sefofu. Ka gone, Jesu ga a ka a tshegetsa kgopolo ya gore monna yono o ne a otlhaelwa boleo jo a bo dirileng mo botshelong jwa gagwe jwa pele. Gone ke boammaaruri gore Jesu o ne a itse gore batho botlhe ba ruile boleo. Mme le fa go ntse jalo ba ruile boleo jwa ga Adame e seng boleo jo ba bo dirileng pele ga ba tsholwa. Ka ntlha ya boleo jwa ga Adame, batho botlhe ba tsholwa ba sa itekanela mo mmeleng, ba lwala le go swa. (Jobe 14:4; Pesalema 51:5; Baroma 5:12; 9:11) Tota e bile, ke boemo jo Jesu a romilweng go tla go bo baakanya. Johane Mokolobetsi o ne a bolela gore Jesu ke “Kwana ya Modimo e e tlosang boleo jwa lefatshe!”—Johane 1:29.a
Ela tlhoko gape gore Jesu ga a ka a bolela gore Modimo o ile a dira ka boomo gore monna yoo a tsholwe e le sefofu gore Jesu a tle a kgone go tla go mo fodisa ka letsatsi lengwe. A bo e ne e tla bo e le bosetlhogo le go dira gore re ipotsakake dipotso jang ne! A seo se ka bo se dirile gore Modimo a bakwe? Nnyaa. Go na le moo, go fodisiwa ka tsela ya kgakgamatso ga monna yono wa sefofu go ile ga ‘supa ditiro tsa Modimo.’ Fela jaaka dikgakgamatso tse dingwe tse dintsi tse Jesu a ileng a di dira, e ile ya bontsha kafa Modimo, go tswa pelong, a ratang batho ba ba bogang ka teng e bile go tlhomamisa boammaaruri jwa tsholofetso ya Gagwe ya gore o tla fedisa bolwetse le go boga gotlhe ga batho ka nako ya Gagwe e e beilweng.—Isaia 33:24.
A ga go gomotse go lemoga gore go na le gore Rraarona wa selegodimo a dire gore re boge, o naya ‘ba ba mo kopang dilo tse di molemo’? (Mathaio 7:11) A bo go tla galaletsa Mogodimodimo jang ne fa matlho a difofu a bulega, ditsebe tsa bosusu di thibololwa mme ditlhotsa di tsamaya, di tlola le go siana!—Isaia 35:5, 6.
Go Kgotsofatsa Dilo Tse re di Tlhokang Semoyeng
Jesu o ne a bolela jaana: “Motho o tshwanetse go tshela, e seng ka senkgwe se le sosi, fa e se ka lefoko lengwe le lengwe le le tswang ka molomo wa ga Jehofa.” (Mathaio 4:4) Ee, re ka kgotsofadiwa ka dilo tse re di tlhokang mo semoyeng fa re bala Lefoko la Modimo e leng Baebele, e bile re tshela matshelo a rona tumalanong le lone. Go bua le badimo go ka se re kgotsofatse ka dilo tse re di tlhokang mo semoyeng. Ebu, mokgwa o o ntseng jalo o kgalwa gotlhelele mo go se Allan Kardec a neng a re ke tshenolo ya ntlha ya molao wa Modimo.—Duteronome 18:10-13.
Batho ba le bantsi, go akaretsa le ba ba dumelang mo tirisabadimong, ba lemoga gore Modimo ke Motho yo Mogolo Thata, wa bosakhutleng, yo o itekanetseng ka botlalo, yo o pelonomi, yo o molemo le yo o tshiamiso. Mme Baebele e senola mo gontsi thata go feta moo. E tlhalosa gore o na le leina, e leng Jehofa, le re tshwanetseng go le tlotla jaaka Jesu a ne a le tlotla. (Mathaio 6:9; Johane 17:6) E tlhalosa Modimo e le motho wa mmatota yo batho ba ka nnang le botsala jo bogolo nae. (Baroma 8:38, 39) Ka go bala Baebele, re ithuta gore Modimo o kutlwelobotlhoko e bile ga a “re direla kafa maleong a rona; le gone ga a re tlisetsa se se re tshwanelang kafa ditlolong tsa rona.” (Pesalema 103:10) Molaodimogolo Morena Jehofa o senola lorato lwa gagwe, bogolo jwa gagwe le go nna tekatekano ga gagwe ka Lefoko la gagwe le le kwadilweng. Ke ene yo o kaelang le go sireletsa batho ba ba kutlo. Go itse Jehofa le Morwawe e bong Jesu Keresete, go “raya botshelo jo bo sa khutleng.”—Johane 17:3.
Baebele e re neela tshedimosetso yotlhe e re e tlhokang malebana le maikaelelo a Modimo, mme e re bolelela gore re tshwanetse go dira eng fa re batla go mo itumedisa. Fa re tlhatlhoba Baebele ka kelotlhoko e tla re naya dikarabo tse di boammaaruri le tse di kgotsofatsang tsa dipotso tsa rona. Baebele gape e re kaela malebana le se se siameng le se se sa siamang, mme e re naya tsholofelo e e nonofileng. E re tlhomamisetsa gore gautshwane, Modimo “o tla phimola dikeledi tsotlhe mo matlhong a [batho], mme loso lo tla bo lo seyo, le fa e le khutsafalo le fa e le selelo le fa e le botlhoko di tla bo di sa tlhole di le gone. Dilo tsa pele di [tla bo di] fetile.” (Tshenolo 21:3, 4) Jehofa o tla dirisa Jesu Keresete go golola batho mo boleong jo ba bo ruileng le mo bosaitekanelang, mme batho ba ba kutlo ba tla bona botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng la paradaise. Ka nako eo, re tla kgotsofadiwa ka botlalo ka dilo tse re di tlhokang mo nameng le mo semoyeng.—Pesalema 37:10, 11, 29; Diane 2:21, 22; Mathaio 5:5.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Go bona tshedimosetso ya kafa boleo le loso di simologileng ka gone, bona kgaolo 6 ya buka ya Kitso E E Isang Botshelong Jo bo Sa Khutleng, e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.
[Lebokoso mo go tsebe 22]
A BAEBELE E RUTA THUTO YA GO TSALWA GAPE KA MMELE O MOSHA?
A thuto ya go tsalwa gape ka mmele o mosha e tshegediwa ke ditemana dingwe tsa Baebele? Akanya ka dikwalo dingwe tse batho ba ba dumelang thuto eno ba ileng ba di dirisa:
“Gonne botlhe, Baporofeti le Molao, ba ne ba porofeta go fitlha ka Johane . . . Ene ka boene ke ‘Elija yo o laoletsweng go tla.’”—Mathaio 11:13, 14.
A Johane Mokolobetsi e ne e le Elija yo o tsetsweng gape? Fa Johane a ne a bodiwa jaana: “A o Elija?” o ne a araba jaana ka phepafalo: “Ga ke ene.” (Johane 1:21) Le fa go ntse jalo, go ile ga bolelelwa pele gore Johane o tla tla pele ga Mesia “ka moya wa ga Elija le maatla.” (Luke 1:17; Malaki 4:5, 6) Ka mantswe a mangwe, Johane Mokolobetsi e ne e le Elija ka tsela ya gore o ne a dira tiro e e tshwanang le ya ga Elija.
“Fa motho a sa tsalwe gape, ga a ka ke a bona bogosi jwa Modimo. O se ka wa gakgamala ka gonne ke ne ka go raya ka re, Lo tshwanetse go tsalwa gape.”—Johane 3:3, 7.
Mongwe wa baaposetoloi o ne a kwala jaana moragonyana: “A go bakwe Modimo le Rra Morena wa rona Jesu Keresete! Ka kutlwelobotlhoko e kgolo ya gagwe re ne ra tsalwa sesha gore re nne le tsholofelo e e tshelang ka tsogo ya ga Jesu Keresete mo baswing.” (1 Petere 1:3, 4, Revised Standard Version; Johane 1:12, 13) Kwantle ga pelaelo, go tsalwa sesha go Jesu a neng a bua ka gone e ne e le selo sa semoya se se neng se tla diragala fa balatedi ba gagwe ba sa ntse ba tshela, e seng go tsalwa gape ka mmele o mosha ga isagwe.
“Fa motho a swa, o tshelela ruri: fa malatsi a me a go tshela a fedile mo Lefatsheng, ke tla leta, e re ka ke tla boa gape.”—“Thanolo ya Segerika” ya Jobe 14:14 e e nopotsweng go The Gospel According to Spiritism.
Revised Standard Version e ranola temana eno jaana: “Fa motho a swa, a o tla tshela gape? Ke tla leta ka malatsi a me otlhe a tirelo, go fitlha kgololo ya me e fitlha.” Bala mafoko a a dikologileng temana eo. O tla bona gore baswi ba leta kwa mabitleng a bone gore ba “gololwe.” (Temana 13) Fa ba ntse ba letile, ga ba yo. “Motho yo o suleng ga a yo gotlhelele; mme fa motho a wele, ga a tlhole a le teng.”—Jobe 14:10, thanolo ya Septuagint ya ga Bagster.
[Setshwantsho mo go tsebe 21]
Tsholofelo ya tsogo e bontsha kafa Modimo a kgatlhegelang mongwe le mongwe wa rona thata ka teng
[Ditshwantsho mo go tsebe 23]
Modimo o tla fedisa go boga gotlhe ga batho