KGAOLO 2
“Lo Tla Nna Basupi ba Me”
Kafa Jesu a neng a baakanyetsa baaposetoloi ba gagwe ka gone go etelela pele tiro ya go rera
E tswa mo go Ditiro 1:1-26
1-3. Jesu o kgaogana jang le baaposetoloi ba gagwe, mme go tsoga dipotso dife?
GA BA batle gore go fele. Dibeke tse di fetileng e ile ya nna tse di itumedisang thata mo baaposetoloing! Go tsosiwa ga ga Jesu mo baswing go dirile gore khutsafalo ya bone e fele mme ba itumele gape. Jaanong go setse go fetile malatsi a le 40 Jesu a ntse a bonala gangwe le gape mo balateding ba gagwe, a ba ruta le go ba kgothatsa. Le fa go ntse jalo, mo letsatsing leno o bonala mo go bone lekgetlo la bofelo.
2 Baaposetoloi ba kopane botlhe mo Thabeng ya Lotlhware mme ba reeditse ka tlhoafalo sengwe le sengwe se Jesu a se buang. Fa a fetsa go bua le bone—mo go bonalang e ne e le ka nako e khutshwane—o tsholetsa diatla a bo a ba segofatsa. Morago ga moo, o simolola go tlhatlogela kwa legodimong! Balatedi ba gagwe ba mo lebile fa a ntse a tlhatlogela kwa loaping. Kgabagare, leru le a mo sira mo ba sa tlholeng ba mmona. O ile, mme ba nna ba lebile kwa legodimong.—Luke 24:50; Dit. 1:9, 10.
3 Tiragalo eno e ne ya tlisa diphetogo tse dikgolo mo matshelong a baaposetoloi ba ga Jesu. Ba tla dira eng jaanong e re ka Mong wa bone, Jesu Keresete, a tlhatlogetse kwa legodimong? Re ka tlhomamisega gore Mong wa bone o ne a ba baakanyeditse gore ba tsweletse pele tiro e a neng a e simolotse. O ne a ba tlhomelela jang gore ba kgone go dira tiro eno e e botlhokwa, mme ba ne ba tsibogela seo jang? Mme seo se ama Bakeresete jang gompieno? Kgaolo ya ntlha ya buka ya Ditiro e na le dikarabo tse di kgothatsang tsa dipotso tseno.
Bosupi jo bo Tlhatswang Pelo (Ditiro 1:1-5)
4. Luke o simolola jang pego ya gagwe e e mo bukeng ya Ditiro?
4 Luke o simolola pego ya gagwe ka go kwalela Theofilo, e leng monna yo pelenyana a neng a mo kwaletse Efangele ya gagwe.a Luke o simolola ka go sobokanya ditiragalo tse di mo bofelong jwa Efangele ya gagwe, e le go bontsha gore pego eno e tsweletsa e a e kwadileng pele, mme mo lekgetlong leno tsela e a kwalang ka yone e farologane le ya pele e bile o tsenya dintlha tse dingwe tse disha.
5, 6. (a) Ke eng se se tla thusang balatedi ba ga Jesu gore ba nne ba nonofile mo tumelong? (b) Ke jang tumelo ya Bakeresete gompieno e theilweng mo dilong di le dintsi tse di ‘tlhatswang pelo’?
5 Ke eng se se tla dirang gore tumelo ya balatedi ba ga Jesu e nne e nonofile? Ditiro 1:3 e a re Jesu: “O ne a iponatsa mo go bone makgetlo a le mantsi, gore ba tle ba tlhatswege pelo gore eleruri o a tshela.” Mo Baebeleng, ke fela “ngaka e e rategang” Luke, yo o dirisitseng mafoko a a ranolwang e le “gore ba tle ba tlhatswege pelo.” (Bakol. 4:14) E ne e le lereo le le neng le dirisiwa mo dibukeng tsa bongaka, mme le bontsha gore kgang e go buiwang ka yone e boammaaruri e bile e a ikanyega. Jesu o ne a ba naya bosupi jo bo ntseng jalo. O ne a bonala mo balateding ba gagwe ka makgetlho a le mantsi, nako nngwe mo go a le mongwe kgotsa ba le babedi, nako nngwe mo baaposetoloing botlhe, mme mo lekgetlong lengwe mo badumeding ba ba fetang 500. (1 Bakor. 15:3-6) Eleruri bosupi joo bo ne bo tlhatswa pelo!
6 Gompieno, tumelo ya Bakeresete ba boammaaruri le yone e theilwe mo dilong di le dintsi tse di ‘tlhatswang pelo.’ A go na le bosupi jwa gore Jesu o kile a tshela mo lefatsheng, a swela maleo a rona le gore o ne a tsosiwa mo baswing? Ee, bo teng! Dipego tse di ikanyegang tse di mo Lefokong la Modimo le le tlhotlheleditsweng tsa basupi ba ba boneng ditiragalo tseo ka matlho, di re naya bosupi jotlhe jo re bo tlhokang le jo bo re tlhatswang pelo. Fa re ithuta dipego tseno e bile re rapelela thuso ya gore re dirise se re se ithutang, tumelo ya rona e ka nonofa fela thata. Se lebale gore, bosupi jo bo ikanyegang bo ka bontsha pharologano gareng ga motho yo o nang le tumelo ya mmatota le motho yo o dumelang sengwe le sengwe fela se a se bolelelwang. Motho o tshwanetse go nna le tumelo ya mmatota gore a bone botshelo jo bo sa khutleng.—Joh. 3:16.
7. Jesu o ne a tlhomela balatedi ba gagwe sekao sefe fa a ne a ruta le fa a rera?
7 Gape Jesu o ne a “bua ka Bogosi Jwa Modimo.” Ka sekai, o ne a tlhalosa boporofeti jo bo neng bo bontsha gore Mesia o ne a tshwanetse go boga le go swa. (Luke 24:13-32, 46, 47) Fa Jesu a ne a tlhalosa ka tsela e e utlwalang seabe sa gagwe e le Mesia, o ne a gatelela kgang ya Bogosi jwa Modimo ka gonne e ne e le ene Kgosi e e Tlhophilweng ya jone. Ka metlha fa Jesu a rera o ne a gatelela kgang ya Bogosi, mme le balatedi ba gagwe gompieno ba dira fela jalo fa ba rera.—Math. 24:14; Luke 4:43.
“Go ya Kwa Dikarolong Tse di Kwa Kgakalakgakala Tsa Lefatshe” (Ditiro 1:6-12)
8, 9. (a) Baaposetoloi ba ga Jesu ba ne ba na le dikgopolo dife tse pedi tse di phoso? (b) Jesu o ne a fetola jang tsela e ba neng ba akanya ka yone, mme seo se ruta Bakeresete eng gompieno?
8 Fa baaposetoloi ba ne ba kokoane kwa Thabeng ya Lotlhware, ba ne ba tshwere pokano ya bone ya bofelo le Jesu mo lefatsheng. Ba ne ba mmotsa jaana ba tlhoafetse: “Morena, a o busetsa bogosi mo Iseraele gone jaanong?” (Dit. 1:6) Potso eno ya bone e ne e bontsha gore ba ne ba na le dikgopolo tse pedi tse di phoso. Sa ntlha, ba ne ba akanya gore Bogosi jwa Modimo bo ne bo tla busediwa kwa Iseraeleng wa tlholego. Sa bobedi, ba ne ba lebeletse gore Bogosi jo bo solofeditsweng bo simolole go busa ka yone nako eo, kgotsa “gone jaanong.” Jesu o ne a ba thusa jang go fetola tsela e ba neng ba akanya ka yone?
9 Go bonala Jesu a ne a itse gore kgopolo ya ntlha e ba neng ba na le yone e ne e tla baakanngwa mo nakong e e sa fediseng pelo. Tota e bile, malatsi a le lesome fela moragonyana ga moo, balatedi ba gagwe ba ne ba tla tloga ba iponela ka matlho go tsholwa ga setšhaba se sesha, Iseraele wa semoya! Modimo o ne a le gaufi le go fedisa kgolagano ya gagwe le Iseraele wa tlholego. Fa e le ka kgopolo ya bobedi gone, Jesu o ne a ba gakolola jaana ka lorato: “Rara yo o kwa legodimong ke ene fela a nang le taolo ya go tlhoma nako ya gore dilo di tla direga leng, mme ga lo tlhoke go itse dinako tseo.” (Dit. 1:7) Jehofa ke Mmolokanako yo Mogolo. Pele Jesu a swa, o ne a bolela gore ka nako eo, tota le Morwa o ne a sa itse “letsatsi leo kgotsa ura” e bofelo bo neng bo tla tla ka yone, mme ke “Rara fela” yo o neng a itse. (Math. 24:36) Le gompieno, fa Bakeresete ba tshwenyegile thata ka gore tsamaiso eno ya dilo e tla fela leng, tota ba a bo ba tshwenyega ka kgang e e sa ba ameng.
10. Ke boikutlo bofe jo baaposetoloi ba neng ba na le jone jo le rona re tshwanetseng go lwela go nna le jone, mme ka ntlha yang?
10 Mme gone, ga re a tshwanela go nyatsa baaposetoloi ba ga Jesu, ba e neng e le banna ba ba nang le tumelo e e nonofileng. Ba ne ba amogela kgakololo ka boikokobetso. Mo godimo ga moo, le fa potso e ba neng ba e botsa e ne e bontsha tsela e e phoso e ba neng ba akanya ka yone, gape e ne e senola boikutlo jo bo siameng jo ba neng ba na le jone. Gangwe le gape Jesu o ile a rotloetsa balatedi ba gagwe jaana: “Nnang lo disitse.” (Math. 24:42; 25:13; 26:41) Ba ne ba thantse semoyeng, ba letile ka tlhoafalo bosupi jwa gore Jehofa o ne a tloga a tsaya kgato. Jono ke boikutlo jo le gompieno re tshwanetseng go lwela go nna le jone. Tota e bile, e re ka re tshela mo “malatsing a bofelo” a a nang le ditiragalo tsa botlhokwa, go potlakile thata gore re nne le boikutlo joo.—2 Tim. 3:1-5.
11, 12. (a) Jesu o ne a naya balatedi ba gagwe tiro efe? (b) Ke eng fa go ne go tshwanela gore Jesu a umake moya o o boitshepo fa a ne a bua ka tiro ya go rera?
11 Jesu o ne a gakolola baaposetoloi gore ke eng se ba neng ba tshwanetse go tshwenyega thata ka sone. O ne a re: “Lo tla amogela maatla fa moya o o boitshepo o tla mo go lona, mme lo tla nna basupi ba me mo Jerusalema, mo Judea yotlhe le Samarea, le go ya kwa dikarolong tse di kwa kgakalakgakala tsa lefatshe.” (Dit. 1:8) Dikgang tsa gore Jesu o tsositswe mo baswing di ne di tla itsisiwe pele kwa Jerusalema kwa bathong ba ba neng ba mmolaile. Go tswa foo, molaetsa oo o ne o tla anamisiwa mo Judea yotlhe, mme morago kwa Samarea le go ya karolong e e kwa kgakalakgakala.
12 Go a utlwala go bo Jesu a ne a bua ka tiro ya go rera fela fa a sena go solofetsa barutwa ba gagwe gape gore o tla ba romelela moya o o boitshepo gore o ba thuse. Leno ke lengwe la makgetlo a a fetang 40 a mo go one lefoko, “moya o o boitshepo” le tlhagang mo bukeng ya Ditiro. Gangwe le gape buka eno e e utlwalang sentle ya Baebele e bontsha sentle gore ga re ka ke ra kgona go dira thato ya ga Jehofa fa re sa thusiwe ke moya o o boitshepo. Ka jalo, a bo go le botlhokwa jang ne gore ka metlha re nne re kope moya oo! (Luke 11:13) Gone jaanong re o tlhoka go feta le fa e le leng pele.
13. Tiro ya go rera e batho ba Modimo ba e neilweng gompieno e godile go le kana kang, mme ke eng fa re tshwanetse go e dira ka tlhagafalo?
13 Fa e sa le go tloga ka nako eo, bokao jwa mafoko a a reng “kwa dikarolong tse di kwa kgakalakgakala tsa lefatshe” bo fetogile. Le fa go ntse jalo, jaaka re bone mo kgaolong e e fetileng, Basupi ba ga Jehofa ba dira tiro eno ya go rera ka pelo yotlhe, e re ka ba itse gore Modimo o batla gore batho ba mefuta yotlhe ba utlwe dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa gagwe. (1 Tim. 2:3, 4) A o nna le seabe ka botlalo mo tirong eno e e bolokang matshelo? Ga o kitla o tsamaya o bona tiro e nngwe e e itumedisang le e e kgotsofatsang go gaisa eno gope fela! Jehofa o tla go naya nonofo e o e tlhokang gore o e dire. Buka ya Ditiro e tla go ruta go le gontsi ka mekgwa e e tshwanetseng e o ka e dirisang le boikutlo jo o tshwanetseng go nna le jone gore o nne le matswela a a molemo mo bodireding jwa gago.
14, 15. (a) Baengele ba ne ba reng kaga go boa ga ga Keresete, mme ba ne ba kaya eng? (Bona le ntlha e e kwa tlase.) (b) Keresete o boile jang ka “tsela e e tshwanang” le e a tsamaileng ka yone?
14 Jaaka go umakilwe mo tshimologong ya kgaolo eno, Jesu o ne a tlhatlogela kwa legodimong mme a se ka a tlhola a bonala. Le fa go ntse jalo, baaposetoloi ba ba 11 ba ne ba tswelela ba eme foo, ba lebile kwa loaping. Kgabagare baengele ba babedi ba ne ba bonala mme ba ba kgalema jaana ka bopelonomi: “Banna ba Galalea, ke ka ntlha yang fa lo eme lo lebile kwa loaping? Jesu yono, yo o ntseng a na le lona e bile a tlhatloseditswe kwa loaping, o tla tla ka tsela e e tshwanang le e lo mmoneng a ya kwa loaping ka yone.” (Dit. 1:11) A baengele ba ne ba raya gore Jesu o ne a tla boa a le mo mmeleng wa senama, jaaka madumedi a mangwe a ruta? Nnyaa, ba ne ba sa reye jalo. Re itse seo jang?
15 Baengele ba ne ba re Jesu “o tla tla ka tsela e e tshwanang” le e a tsamaileng ka yone, e seng ka sebopego se se tshwanang.b O tsamaile ka mokgwa ofe? Fa baengele ba ntse ba bua, o ne a sa tlhole a bonala. Ke banna bao fela ba le mmalwa e bong baaposetoloi, ba ba ileng ba lemoga gore Jesu o ne a sa tlhole a le mo lefatsheng mme o ne a le mo tseleng a ya kwa go Rraagwe yo o kwa legodimong. Keresete o ne a tla boa ka mokgwa o o tshwanang. Go ne ga direga fela jalo. Gompieno, ke fela batho ba ba nang le temogo ya semoya ba ba lemogang gore gone jaanong Jesu o busa e le kgosi. (Luke 17:20) Re tshwanetse go lemoga bosupi jwa go nna gone ga gagwe mme re bolelele ba bangwe ka gone gore le bone ba lemoge gore dinako tse re leng mo go tsone di potlakile.
‘Bontsha Gore ke Ofe . . . Yo o Mo Tlhophileng’ (Ditiro 1:13-26)
16-18. (a) Re ithuta eng mo go Ditiro 1:13, 14 ka dikokoano tse Bakeresete ba kopanang mo go tsone go obamela Jehofa? (b) Re ka ithuta eng mo sekaong sa ga mmaagwe Jesu, e bong Marea? (c) Ke eng fa gompieno dipokano tsa Bokeresete di le botlhokwa?
16 Ga go gakgamatse go bo baaposetoloi ba ile ba “boela kwa Jerusalema ba itumetse thata.” (Luke 24:52) Mme gone, ba ne ba tla dirisa jang kaelo ya ga Keresete le taelo e a neng a ba neile yone? Mo go Ditiro kgaolo 1 temana 13 le 14, re ba fitlhela ba kokoane mo “ntlwaneng e e kwa godimo,” mme re ithuta dintlha dingwe tse di kgatlhang ka dikokoano tseo. Gantsi matlo a motlha oo a kwa Palesetina a ne a na le ntlwana e e kwa godimo, mme go ne go dirisiwa ditepisi tse di neng di le kwa ntle go ya kwa go yone. A ‘ntlwana eno e e kwa godimo’ e ka tswa e ne e le mo godimo ga ntlo ya ga mmaagwe Mareko, e e umakiwang mo go Ditiro 12:12? Le fa e ka tswa e ne e le yone kgotsa nnyaa, go lebega e ne e le lefelo le e seng la maemo le balatedi ba ga Keresete ba neng ba kopanela mo go lone. Mme gone, ke bomang ba ba neng ba kokoane koo, mme ba ne ba dira eng?
17 Ela tlhoko gore kokoano eno e ne e se ya baaposetoloi kgotsa banna fela. “Basadi bangwe” ba ne ba le teng, go akaretsa le mmaagwe Jesu, e bong Marea. Leno ke lekgetlo la bofelo Marea a umakiwa ka tlhamalalo mo Baebeleng. Go a tshwanela go akanya ka ene a le mo kokoanong eno, a sa ipatlele maemo, go na le moo, ka boikokobetso a kokoane mmogo le bakaulengwe le bokgaitsadi ba gagwe ba semoya go tla go obamela Jehofa. O tshwanetse a bo a ne a kgothala tota fa a bona barwaawe ba bangwe ba banè, ba e neng e se badumedi fa Jesu a ne a sa ntse a le mo lefatsheng, jaanong ba na le ene mo kokoanong eo. (Math. 13:55; Joh. 7:5) Ba ne ba fetoga morago ga gore Jesu a bolawe le go tsosiwa mo baswing.—1 Bakor. 15:7.
18 Gape ela tlhoko lebaka la go bo barutwa bano ba ne ba kokoane mmogo: “Bano botlhe ba ne ba rapela ba sa kgaotse e bile ba le seoposengwe.” (Dit. 1:14) Go kokoana mmogo ga e bolo go nna karolo ya botlhokwa ya kobamelo ya Bokeresete. Re phuthega mmogo gore re kgothatsane, re rutiwe le go gakololwa, mme sa botlhokwa le go feta, gore re obamele Rraarona yo o kwa legodimong, Jehofa, re le seoposengwe. Dithapelo le dipina tsa pako tse re di opelang fa re kopane mmogo jalo di a mo ipedisa e bile di botlhokwa thata mo go rona. A le ka motlha re se lese go phuthega mmogo mo dikokoanong tseno tse di boitshepo le tse di agang!—Baheb. 10:24, 25.
19-21. (a) Re ithuta eng ka seabe se segolo se Petere a neng a na le sone mo phuthegong? (b) Ke eng fa go ne go tlhokega gore go tsenngwe mongwe mo boemong jwa ga Judase, mme re ka ithuta eng mo tseleng e kgang eno e neng ya rarabololwa ka yone?
19 Jaanong balatedi bao ba ga Keresete ba lebana le kgang ya botlhokwa mme moaposetoloi Petere o ne a ba thusa mo kgannyeng eo. (Temana 15-26) Ruri go a kgothatsa go bona kafa Petere a neng a fetogile ka teng mo dibekeng di le mmalwa fela a sena go itatola Morena wa gagwe ka makgetlo a le mararo. (Mar. 14:72) Rotlhe re a leofa mme re tlhoka go nna re gakololwa gore Jehofa “o molemo e bile o ikemiseditse go itshwarela” ba ba ikwatlhayang go tswa pelong.—Pes. 86:5.
20 Petere o ne a lemoga gore go tshwanetse ga tsenngwa mongwe mo boemong jwa moaposetoloi yo o neng a okile Jesu, e bong Judase. Mme e ne e tla nna mang? Moaposetoloi yo mosha e ne e tshwanetse go nna mongwe yo o neng a sala Jesu morago mo bodireding jotlhe jwa gagwe e bile a ne a bona fa Jesu a tsosiwa mo baswing. (Dit. 1:21, 22) Seno se ne se dumalana le tsholofetso eno ya ga Jesu: “Lona ba lo ntshetseng morago lo tla nna mo ditulong tsa bogosi tse 12, lo atlhola ditso tse 12 tsa Iseraele.” (Math. 19:28) Go bonala sentle gore maikaelelo a ga Jehofa e ne e le gore baaposetoloi ba le 12 ba ba neng ba sala Jesu morago mo bodireding jwa gagwe jwa mo lefatsheng, e nne bone “maje a le 12 mo motheong” wa Jerusalema yo Mosha. (Tshen. 21:2, 14) Ka jalo, Modimo o ne a dira gore Petere a lemoge gore boporofeti jo bo reng, “tiro ya gagwe ya bolebedi e tsewe ke motho yo mongwe,” bo ne bo bua ka Judase.—Pes. 109:8.
21 Moaposetoloi yono yo mosha o ne a tlhophiwa jang? Ka go latlhela bola, e leng mokgwa o o neng o tlwaelegile mo metlheng ya go kwalwa ga Baebele. (Diane 16:33) Le fa go ntse jalo, leno ke lekgetlo la bofelo le Baebele e bontshang go dirisiwa ga bola ka mokgwa ono. Kwantle ga pelaelo, go tshololwa ga moya o o boitshepo moragonyana ga foo go ne go bontsha gore mokgwa ono o ne o sa tlhole o dirisiwa. Mme gone, ela tlhoko lebaka la go bo go ne go dirisiwa bola. Baaposetoloi ba ne ba rapela jaana: “Modimo wa rona Jehofa, o itse dipelo tsa batho botlhe, re bontshe gore ke ofe wa banna ba babedi bano yo o mo tlhophileng.” (Dit. 1:23, 24) Ba ne ba batla gore Jehofa e nne ene a tlhophang moaposetoloi yoo. Go ne ga tlhophiwa Mathiase, yo go lebegang e ne e le mongwe wa barutwa ba le 70 ba Jesu a neng a ba romile go ya go rera. Ka jalo, Mathiase o ne a nna mongwe wa “ba ba 12.”c—Dit. 6:2.
22, 23. Ke eng fa re tshwanetse go ikobela ba ba etelelang phuthego pele gompieno le go ba utlwa?
22 Tiragalo eno e re gopotsa gore go botlhokwa gore batho ba Modimo ba dire dilo ka thulaganyo. Le gompieno, go tlhophiwa banna ba ba nang le maikarabelo gore ba direle e le balebedi mo phuthegong. Bagolwane ba sekaseka ka kelotlhoko ditshwanelego tsa Dikwalo tse balebedi bao ba tshwanetseng go nna le tsone mme ba bo ba rapelela moya o o boitshepo gore o ba kaele. Ka gone phuthego e leba banna bano e le ba ba tlhomilweng ke moya o o boitshepo. Rona re tshwanetse go ikobela le go utlwa kaelo ya bone, mme fa re dira jalo go tla nna le moya wa tirisanommogo mo phuthegong.—Baheb. 13:17.
23 E re ka jaanong barutwa bao ba ne ba nonotshitswe ke go bona Jesu yo o tsositsweng mo baswing le go kgothadiwa ke go bona tsela e phuthego e neng e tla okamelwa ka yone, ba ne ba ipaakanyeditse ka botlalo se se neng se larile kwa pele. Kgaolo e e latelang e tla tlotla ka tiragalo eo ya botlhokwa.
a Mo Efangeleng ya gagwe, Luke o bitsa monna yono a re ke “motlotlegimogolo Theofilo,” mme seo se dira gore bangwe ba akanye gore gongwe Theofilo e ne e le monna wa maemo yo ka nako eo a neng a ise a nne modumedi. (Luke 1:1) Le fa go ntse jalo, mo bukeng eno ya Ditiro, Luke o mmitsa fela a re “Theofilo.” Baithuti bangwe ba Baebele ba bolela gore gongwe Theofilo o nnile modumedi morago ga go bala Efangele ya ga Luke; mme ba re ke gone ka moo Luke a sa diriseng sereto seno sa tlotlo, e re ka jaanong a mo kwalela e le mokaulengwe wa Mokeresete.
b Baebele fano e dirisa lefoko la Segerika e leng troʹpos, le le kayang mokgwa kgotsa tsela, e seng mor·pheʹ, le le kayang “sebopego.”
c Moragonyana, Paulo o ne a tlhomiwa go nna “moaposetoloi yo o rometsweng mo ditšhabeng,” mme ga a ka a tsewa e le mongwe wa ba ba 12. (Bar. 11:13; 1 Bakor. 15:4-8) O ne a sa tshwanelege go newa tshiamelo eo e e kgethegileng ka gonne e ne e se mongwe wa ba ba neng ba sala Jesu morago mo bodireding jwa gagwe jwa mo lefatsheng.