Buka ya Bibela ya bo 48—Bagalatia
Mokwadi: Paulo
Lefelo Leo E Kwaletsweng kwa go Lone: Korintha kana Antioka wa Siria
Go Wediwa ga go E Kwala: mo e ka nnang ka 50-52 C.E.
1. Ke diphuthego dife tse go buiwang le tsone mo go Bagalatia, mme di ne tsa tlhongwa jang le gone leng?
DIPHUTHEGO tsa Galatia tseo Paulo a buang ka tsone go Bagalatia 1:2 go bonala e ne e le tsa Antioka wa Pisidia, Ikonio, Lusetere, le Derebe—mafelo ao a leng mo dikgaolong tse di farologaneng mme otlhe a le mo nageng ya Roma. Ditihō dikgaolo 13 le 14 e re bolelela ka loeto lwa ntlha lwa borongwa lwa ga Paulo le Barenabase lo ba neng ba lo tsaya mo kgaolong eno yotlhe, loo lo neng lwa felela ka gore go bopiwe diphuthego tsa Galatia. Mo teng ga diphuthego tseno go ne go na le Bajuda le batho ba e seng Bajuda, bao kwantle ga pelaelo go neng go na le Ba-Celt, kana Ba-Gaul. Seno e ne e le ka bokhutshwanyane fela morago ga fa Paulo a sena go etela kwa Jerusalema mo e ka nnang ka 46 C.E.—Dit. 12:25.
2. (a) Ke eng seo se neng sa diragala fa Paulo a ne a etetse Galatia labobedi, mme ke eng se se neng sa diragala morago ga moo? (b) Fa dilo di eme jalo, Paulo o ne a tswelela jang ka loeto lwa gagwe?
2 Mo ngwageng wa 49 C.E., Paulo le Silase ba ne ba simolola loeto lwa bobedi lwa ga Paulo lwa borongwa mo kgaolong ya Galatia, mme loeto loo lwa felela ka gore ‘diphuthego di kgothale mo tumelong di bo di ntsifale mo palong ka malatsi otlhe.’ (Dit. 16:5; 15:40, 41; 16:1, 2) Lefa go ntse jalo, ba ne ba akofa ba latelwa ke barutisi ba maaka, Baganelelabojudeng, mme ba feta ba kgothaletsa bangwe mo diphuthegong tsa Bagalatia go dumela gore go rupa le go boloka Molao wa ga Moshe go ne go tlhokafala thata mo Bokereseteng jwa boammaaruri. Mo lobakeng lono Paulo o ne a tsere loeto go fetela kwa Misia go ya go tsena mo Makedonia le Gerika, mme kgabagare a ya go goroga kwa Korintha, koo a fetileng a nna gone le bakaulengwe dikgwedi tse di fetang 18. Morago ga moo, ka 52 C.E., o ne a feta ka Efeso go ya kwa Antioka wa Siria, koo a neng a go dirile legae la gagwe, mme a goroga koo mo ngwageng one oo.—Dit. 16:8, 11, 12; 17:15; 18:1, 11, 18-22.
3. Bagalatia e ka tswa e kwaletswe kae le gone leng?
3 Paulo o ne a kwalela Bagalatia lokwalo lwa gagwe a le kae mme ebile leng? Kwantle ga pelaelo o ne a le kwala ka bofefo fela morago ga a sena go bolelelwa gore Baganelelabojudeng ba ne ba tsentse leferetlho. E ka nna ya bo e ne e le kwa Korintha, Efeso, kana Antioka wa Siria. E ka nna ya bo e ne e le mo lobakeng lwa dikgwedi tse 18 fa a ntse a le mo Korintha, 50-52 C.E., ka go bo o ne a ka kgona go utlwalela dikgang tseno go santse go le nako go tswa kwa Galatia. Ga go bonale e ne e ka nna kwa Efeso, ka go bo o ne a nna koo fela ka nako e khutshwane fa a le mo loetong lwa gagwe lwa go boa. Lefa go ntse jalo, o ne a “hetisa lobaka” kwa legaeng la gagwe la Antioka wa Siria, gongwe mo e ka nnang mo selemong sa 52 C.E., mme ereka ditlhaeletsano di ne di le molemo mo motseng ono le wa Asia Minor, go a utlwala gore o ne a ka bo a ile a kwala lokwalo lwa gagwe lwa Bagalatia kaga Baganelelabojudeng a le mo Antioka wa Siria mo nakong eno.—Dit. 18:23.
4. Bagalatia e bolelang malebana le boaposetoloi jwa ga Paulo?
4 Lokwalo lono lo tlhalosa Paulo jaaka “Moaposetoloi,–eo o sa beèwañ ke batho, leha e le ke motho, ha e se ka Yesu Keresete, le Modimo Rara.” E tlhalosa gape le mabaka a le mantsi kaga botshelo jwa ga Paulo le tiro ya gagwe jaaka moaposetoloi, a supa gore, jaaka moaposetoloi, o ne a dira tumalanong le baaposetoloi kwa Jerusalema le gore o ne a bile a dirisa thata ya gagwe fa a ne a gakolola moaposetoloi yo mongwe, ebong Petere.—Bagal. 1:1, 13-24; 2:1-14.
5. Ke mabaka afe a a tshegetsang gore Bagalatia e boammaaruri ebile ke karolo ya Dikwalo?
5 Ke mabaka afe a a tiisetsang gore Bagalatia e boammaaruri ebile ke karolo ya Dikwalo? Leina la yone le tlhaga mo mekwalong ya ga Irenaeus, Clement wa Alexandria, Tertullian, le Origen. Mme gape, e umakiwa mo mekwalong eno ya Bibela e e botlhokwa ya seatla ya maemo a a kwa godimo ebong: Sinaitic, Alexandrine, Vatican No. 1209, mekwalo ya Codex Ephraemi Syri, Codex Bezae, le Chester Beatty Papyrus No. 2 (P46). Mme gape, e utlwana gotlhelele le mekwalo e mengwe ya Dikwalo tsa Segerika le Dikwalo tsa Sehebera, tseo e nnang e ntse e lebisa kwa go tsone nako le nako.
6. (a) Ke dintlha dife tse pedi tseo lokwalo lwa Bagalatia lo di tlhomololang? (b) Ke selo sefe se se sa tlwaelegang kaga go kwalwa ga lokwalo lono, mme ke eng seo lo se gatelelang?
6 Mo lekwalong la ga Paulo le le nang le molaetsa o o nonofileng go “diphuthègō tsa Galatia,” o supa gore (1) ke moaposetoloi wa boammaaruri (lebaka leo Baganelelabojudeng ba neng ba lekile go le latofatsa) le (2) go siamisiwa go tla ka tumelo mo go Keresete Jesu, eseng ka ditiro tsa Molao, le gore ka ntlha ya seno go rupa ga go tlhokafale mo Bakereseteng. Lemororo Paulo a ne a tlwaetse go roma mokwaledi gore e nne ene a mo kwalelang makwalo, ke ene ka sebele yo o neng a kwala Bagalatia ka ‘ditlhaka tse dikgolo ka seatla sa gagwe.’ (6:11) Dilo tse di leng mo bukeng eno di ne di le botlhokwa fela thata go Paulo le Bagalatia ka tsela e e tshwanang. Buka eno e gatelela go supa kafa Bakeresete ba boammaaruri ba nang le kgololesego ka gone ka ntlha ya ga Jesu Keresete.
SEO SE LENG MO GO BAGALATIA
7, 8. (a) Ke eng seo Paulo a se buang a tlhoafetse malebana le mafoko a a molemo? (b) Paulo o ne a tlhomamisiwa jang jaaka moaposetoloi wa botlhe ba ba sa rupang, mme o ne a bontsha jang gore o ne a na le thata malebana le kgang e e amanang le Kefase?
7 Paulo o femela boaposetoloi jwa gagwe (1:1–2:14). Morago ga fa a sena go dumedisa diphuthego tsa kwa Galatia, Paulo o gakgamadiwa ke go bo ka bofefo fela ba faposeditswe kwa mofuteng o mongwe gape wa mafoko a a molemo, mme o bua jaana ka maatla: “Leha e ka bo e le rona, kgotsa e le moengele eo o cwañ legodimoñ, ha a ka lo rèrèla mahoko a a molemō a sele kwa ntlè ga a re a lo reretseñ, a a hutsègè.” Mafoko a a molemo a a neng a a bolela a ne a sa itswele fela mo mothong, mme ebile o ne a seka a a rutwa, ‘mme a tsile mo go ene ka tshenolo ya ga Jesu Keresete.’ Nako e e fetileng, fa Paulo a ne a santse a le motshegetsi yo mogolo wa Boganelelabojudeng, Paulo o ne a ile a bogisa phuthego ya Modimo, mme go tswa foo Modimo o ne a mmitsa ka bopelonomi jwa Gagwe jo bo sa tshwanelang go ya go bolela mafoko a a molemo kaga Morwawe mo merafeng. O ne a ya Jerusalema morago fela ga dingwaga tse tharo fa a sena go sokololwa, mme, go tswa foo, mo baaposetoloing, o ne a bona Petere fela, mmogo le Jakobe morwarraagwe Morena. Ene ka sebele o ne a sa itsiwe mo diphuthegong tsa Judea, lemororo ba ne ba utlwaletse ka ene mme “ba galaletsa Modimo” ka ene.—1:8, 12, 24.
8 Morago ga dingwaga di le 14 Paulo o ne a ya kwa Jerusalema gape mme a tlhalosa kwa sephiring fela kaga mafoko a a molemo a a neng a a rera. Mme ebile go ne ga seka ga tlhokafala ka gope gore Tito molekane wa gagwe, lemororo e ne e le Mogerika, a rupisiwe. Fa Jakobe le Kefase le Johane ba sena go bona gore Paulo o ne a mo abetse go rerela botlhe ba ba sa rupang mafoko a a molemo, fela jaaka Petere a ne a tsholetse botlhe ba ba rupisitsweng mafoko a a molemo, ba ne ba roma Paulo le Barenabase mmogo go ya go rerela merafe, fa bone ba ya kwa go ba ba rupisitsweng. Fa Kefase a tsena mo Antioka mme a feta a sa tsamaye sentle kafa “boamarureñ yoa Mahoko a a Molemō” ka ntlha ya go boifa lesomo la batho ba ba rupisitsweng, Paulo o ne a mo kgalemela fa pele ga bone botlhe.—2:14.
9. Mokeresete o kaiwa tshiamo mo motheong wa eng?
9 Go kaiwa tshiamo ka tumelo, e seng ka molao (2:15–3:29). Paulo o ntsha mabaka a a reng, rona Bajuda re itse fa “motho a sa siamisiwe ka ditihō tsa molaō, ha e se ka tumèlō mo go Yesu Keresete.” Jaanong o tshela tumalanong le Keresete mme o tshela ka tumelo go dira thato ya Modimo. “Ha tshiamō e eme ka molaō, hoñ Keresete o ba a shwetse lehèla.”—2:16, 21.
10. Ke eng se se dirang gore motho a amogele tshegofatso ya Modimo, mme jalo Molao o ne o tlhometswe eng?
10 A Bagalatia ba dieleele fela thata mo e leng gore e ka re ba sena go amogela moya ka ntlha ya tumelo, ba ka supa tirelo ya bone mo Modimong ka ditiro tsa Molao? Go supa kutlo ka tumelo ke gone go tlhokafalang thata, fela jaaka go ne go ntse ka Aberahame yo o neng a ‘dumela Modimo mme a go balelwa e le tshiamo.’ Mme jaanong, go ya ka tsholofetso ya Modimo, “ba e leñ ba tumèlō ba segōhadiwa le Aberahame modumedi.” Ba ile ba gololwa mo phutsong ya Molao ka loso lwa ga Keresete mo mokgorong. Keresete ke Losika lwa ga Aberahame, mme Molao o o neng wa tlhongwa morago ga dingwaga di le 430 ga o fedise tsholofetso e e amanang le Losika loo. Mme tota, tiro ya Molao e ne e le eng? E ne e le “mogōga banyana mo go rona, go re gōgèla kwa go Keresete, gore re siamisiwè ka tumèlō.” Mme jaanong ga re sa tlhole re na le mogoga banyana, mme ebile ga go sa tlhole go na le pharologano mo Mojudeng le mo Mogerikeng, gonne botlhe ba bangwe fela le Keresete Jesu mme ke ‘losika lwa ga Aberahame, le baruaboswa kafa polelong ya tsholofetso.’—3:6, 9, 24, 29.
11. (a) Ke kgololo efe eo Bagalatia ba e tlhokomologang? (b) Paulo o tshwantshetsa jang kgololesego eo Bakeresete ba nang le yone?
11 Ngaparelang mo kgololesegong ya Bokeresete (4:1–6:18). Modimo o ne a romela Morwawe go tla go golola ba ba mo Molaong, gore ba tle ba “nèwè boèmō yoa boñwana.” (4:5) Jalo ke eng fa re boela kwa dilong tse di bokoa tse e seng tsa sepe tsa ditshimologo? Ereka jaanong Bagalatia ba tlhokomela malatsi le dikgwedi le dipaka le dingwaga, Paulo o tshogela gore tiro eo a e ba diretseng e ka tswa e ile ya nna ya lefela. Mo loetong lwa ntlha fa a ne a ba etetse, ba ne ba amogela Paulo jaaka morongwa wa Modimo. A jaanong o fetogile mmaba wa bone ka go bo a ba bolelela boammaaruri? A botlhe ba ba batlang go nna mo Molaong ba utlwe se Molao o se bolelang: Aberahame o ne a nna le bana ba le babedi ka basadi ba le babedi. Mosadi yo mongwe, ebong mosetsana wa lelata, Hagare, o tshwantshetsa morafe wa Iseraele wa senama, yo o neng a golagantswe le Jehofa ka kgolagano ya Molao wa ga Moshe, e leng kgolagano eo e tsholelang bana mo bokgobeng. Lefa go le jalo, mosadi yo o gololesegileng, Sara, o tshwantshetsa Jerusalema yo o kwa godimo, yoo Paulo a reng ke ‘bana ba mosadi yo e leng ngwana wa motse.’ “Me lokwalō loa reñ?” Paulo o a botsa. Lwa re: “Gonne ñwana oa lelata ga a ketla a tlhakanèla boshwa le ñwana oa mosadi eo e leñ ñwana oa motse.” Mme ga re bana ba mosetsana wa lelata, “me re ba mosadi eo e leñ ñwana oa motse.”—4:30, 31.
12. (a) Bagalatia ba tshwanetse go sepela ka eng jaanong? (b) Ke dipapiso dife tse di botlhokwa tseo Paulo a buang ka tsone?
12 Go rupa le go sa rupisiwa ga go kaye sepe, Paulo o a tlhalosa, mme se se botlhokwa ke tumelo e e nang le lorato. Molao otlhe ka kakaretso o diragadiwa mo mafokong a a reng: “U ratè oa ga eno yaka u ithata.” Nnang lo sepeleng ka moya, ka go bo “ha lo gōgwa ke Mōea, lo bo lo se ha tlhatse ga molaō.” Malebana le ditiro tsa nama, Paulo o tlhagisa gore botlhe “ba ba dihañ dilō tse di nntseñ yalo, ga ba ketla ba rua bogosi yoa Modimo.” Phapaanong le seo gotlhelele, o tlhalosa kaga loungo lwa moya, leo go senang molao o o kgatlhanong le lone, mme o oketsa ka go re: “Ha re tshela ka Mōea, le gōna a re sepeleñ ka Mōea” mme re latlhe boitlotlomatso le lefufa.—5:14, 18, 21, 25.
13. Molao wa ga Keresete o diragadiwa jang, mme ke selo sefe se se botlhokwa thata?
13 Fa motho mongwe a tsaya kgato nngwe e e phoso pele ga a ka go lemoga, botlhe ba ba nonofileng mo semoyeng ba tshwanetse go leka go mo tsosolosa ka “mōea oa bonōlō.” Bakeresete ba diragatsa molao wa ga Keresete ka go rwadisanya merwalo, mme mongwe le mongwe o tshwanetse go ithwalela morwalo ka go supa se e leng tiro ya gagwe. Motho o tla roba sone fela se a se jetseng, e ka ne e le sebodu se se tswang mo nameng kana botshelo jo bo sa khutleng ka se se tswang mo moyeng. Botlhe ba ba batlang gore Bagalatia ba rupisiwe ba batla go itumedisa batho fela gore ba tle ba tile go bogisiwa. Selo se se botlhokwa thata ga se go rupisiwa kana go sa rupisiwe, mme ke sebopiwa se sesha. Botlhe ba ba tsamayang kafa tshwanelong go ya kafa taolong eno ya boitshwaro, ba tla bona kagiso le kutlwelobotlhoko, le e leng “mo go Iseraela oa Modimo.”—6:1, 16.
LEBAKA LA GO BO E LE MOSOLA
14. Ke sekao sefe seo Paulo a se tlhomelang balebedi?
14 Lokwalo lwa Bagalatia le tlhalosa Paulo jaaka mmogisi yo o setlhogo yo o neng a nna moaposetoloi yo o tlhagafetseng wa merafe, yo ka metlha a neng a iketleeleditse go tlhabanela ditshwanelo tsa bakaulengwe ba gagwe. (1:13-16, 23; 5:7-12) Paulo o ne a bontsha ka sekao sa gagwe gore molebedi o tshwanetse go itlhaganelela go rarabolola mathata, a fenya megopolo e e phoso ka go dirisa mogopolo o o botlhale le Dikwalo.—1:6-9; 3:1-6.
15. Lokwalo lono lo ne lo solegela diphuthego tsa Bagalatia molemo jang, mme lo fa Bakeresete kaelo efe gompieno?
15 Lokwalo lono lo ne lo le mosola go Bagalatia ka go tlhalosa ka phepafalo kgololesego eo ba neng ba na le yone mo go Keresete le mo go latofatseng basokamisi ba mafoko a a molemo. Lo ne lwa phepafatsa gore motho o kaiwa tshiamo ka tumelo le gore go rupa ga go sa tlhole go tlhokafala gore motho a tle a bone poloko. (2:16; 3:8; 5:6) Ka go tlosa kgethololo e e ntseng jalo ya senama, le ne le thusa go bopaganya Bajuda le Baditšhaba mo phuthegong e le nngwe. Go gololesega ga bone mo thateng ya Molao go ne go sa tshwanela go ba tlhotlheletsa gore ba godise dikeletso tsa nama, ka go bo molaomotheo ono o ne o santse o bereka: “U ratè oa ga eno yaka u ithata.” O santse o ntse o goga Bakeresete le gone jaanong.—5:14.
16. Ke ditlhaloso dife tse di nonotshang tumelo tsa Dikwalo tsa Sehebera tseo di fitlhelwang mo lokwalong lwa Bagalatia?
16 Lokwalo lwa ga Paulo lo ne lwa thusa Bagalatia mo dintlheng di le dintsi tse di amanang le dintlha tsa motheo mo tumelong, lo ne lwa dirisa Dikwalo tsa Sehebera go dira ditshwantsho tse di nonofileng. Lo ne lwa ntsha phuthololo e e tlhotlheleditsweng ya Isaia 54:1-6, lo tlhalosa gore mosadi wa ga Jehofa ke “Yerusalema o o kwa godimo.” Lo ne lwa tlhalosa “sechwanchō” sa ga Hagare le Sara, lo bontsha gore baruaboswa ba ditsholofetso tsa Modimo ke ba ba golotsweng ke Keresete mme e seng ba ba mo bokgobeng jwa Molao. (Bagal. 4:21-26; Gen. 16:1-4, 15; 21:1-3, 8-13) Lo ne lwa tlhalosa ka phepafalo gore kgolagano ya Molao e ne ya seka ya dira gore kgolagano ya ga Aberahame e nne e e seng ya sepe mme e ne ya oketsa mo go yone. Lo ne lwa tlhalosa gape gore dikgolagano tse pedi di ne tsa siana ka dingwaga di le 430, mme lobaka loo lo botlhokwa thata go ya ka tlhatlhamano ya metlha ya Bibela. (Bagal. 3:17, 18, 23, 24) Rekoto ya dilo tseno tsotlhe e ile ya bolokiwa gore tumelo ya Bokeresete e tle e nonotshiwe mo nakong ya gompieno.
17. (a) Ke selo sefe se se botlhokwa seo lokwalo lwa Bagalatia lo se tlhalosang? (b) Ke kgothatso efe e e botlhokwa eo e neelwang baruaboswa ba Bogosi le badirimmogo le bone?
17 Se se botlhokwa thatathata ke gore, lokwalo lwa Bagalatia lo tlhalosa Losika lwa Bogosi ka papamalo, ebong loo baperofeti botlhe ba neng ba lo solofetse. “Me yana dipolèlō tsa choloheco di builwe le Aberahame le losika loa gagwè . . . Keresete.” Botlhe ba ba nnang bana ba Modimo ka tumelo mo go Keresete Jesu ba kaiwa ba kopanngwa le losika lono. “Ha lo le ba ga Keresete, hoñ lo losika loa ga Aberahame, lo baruaboshwa kaha poleloñ ea choloheco.” (3:16, 29) Kgothatso e e molemo e e neelwang mo go Bagalatia e tshwanetse go reediwa ke baruaboswa ba Bogosi le botlhe ba ba dirang ka natla le bone: ‘Tlhomamang mo kgololesegong e Keresete a lo golotseng ka yone!’ ‘Lo se lapeng mo go direng molemo, gonne re tla roba mo motlheng o o tshwanetseng fa re sa ngodiege.’ ‘Lo dire se se molemo, mme bogolo mo go ba ba amanang le rona mo tumelong.’—5:1; 6:9, 10.
18. Ke tlhagiso efe e e nonofileng le kgothatso tseo di neelwang mo go Bagalatia?
18 Kwa bofelong, go nna le tlhagiso e e nonofileng e e reng botlhe ba ba dirang ditiro tsa nama “ga ba ketla ba rua bogosi yoa Modimo.” A botlhe he ba latlhe leswe la selefatshe gotlhelele mme ba leke ka natla go tlhoma dipelo tsa bone mo go tlhagiseng loungo lwa moya, ebong “loratō, le boitumèlō, le kagishō, le bopelotelele, le bopelonomi, le molemō, le boikañō, le boiñōtlō, le boikgapō.”—5:19-23.