“Sianang . . . Gore lo se Gape”
“Sianang ka tsela ya gore lo se gape.”—1 BAKOR. 9:24.
1, 2. (a) Paulo o dirisitse eng go kgothatsa Bakeresete ba Bahebera? (b) Batlhanka ba Modimo ba tlhagisiwa gore ba dire eng?
MO LEKWALONG le moaposetoloi Paulo a neng a le kwalela Bahebera, o ne a dirisa papiso e e maatla go rotloetsa Bakeresetemmogo le ene. O ne a ba gopotsa gore ba ne ba sa taboge lobelo lwa botshelo ba le bosi. Ba ne ba dikanyeditswe ke ‘leru le legolo la basupi’ ba ba weditseng lobelo loo ka katlego. Fa Bakeresete ba Bahebera ba itse sentle ditiro tsa boikanyegi le matsapa a batabogi ba ba tlileng pele ga bone ba a dirileng, ba ne ba tla tlhotlheletsega gore ba leke ka natla mme ba se ka ba latlhela seditse.
2 Mo setlhogong se se fetileng re sekasekile tsela ya botshelo ya ba le mmalwa mo ‘lerung la basupi.’ Botlhe bano ba ile ba bontsha gore go nna le tumelo e e nonofileng go ba thusitse go nna ba ikanyega mo Modimong, jaaka e kete ba ne ba tswelela ba taboga mo lobelong go fitlha ba lo wetsa. Re ka ithuta sengwe mo tseleng e ba atlegileng ka yone. Jaaka go bontshitswe mo setlhogong seo, Paulo o ne a tlhagisa batlhanka mmogo le ene go akaretsa le rona jaana: “A le rona re apoleng bokete bongwe le bongwe le boleo jo bo re rareetsang motlhofo, mme a re tabogeng ka boitshoko lobelo lo re lo tlhomilweng pele.”—Baheb. 12:1.
3. Paulo o ne a gatelela ntlha efe fa a ne a bua ka batabogi mo metshamekong ya Bagerika?
3 Fa buka ya Backgrounds of Early Christianity e bua ka lobelo lwa maoto e leng lengwe la metshameko e e tumileng ya motlha oo, e re bolelela gore “Bagerika ba ne ba ikatisa le go taboga ba sa apara sepe.”a Mo maemong ao, batabogi ba ne ba apola mokgweleo ope fela o o neng o ka dira gore ba taboge ka bonya. Le fa gompieno go taboga ka tsela eo go ka lebega go sa siama, batabogi bao ba ne ba dira jalo ka boikaelelo bo le bongwe, go fenya sekgele. Paulo o ne a gatelela ntlha ya gore, gore batabogi ba gape sekgele mo lobelong lwa botshelo, go botlhokwa gore ba tlose dikgoreletsi dingwe le dingwe. Eno e ne e le kgakololo e e molemo mo Bakereseteng ba nako eo, mme e sa ntse e dira le mo go rona gompieno. Ke mekgweleo efe e e ka nnang ya re kgoreletsa gore re se ka ra amogela sekgele mo lobelong lwa botshelo?
‘A re Apoleng Bokete Bongwe le Bongwe’
4. Batho ba motlha wa ga Noa ba ne ba tshwaregile ka eng?
4 Kgakololo ya ga Paulo e ne e le gore re ‘apole bokete bongwe le bongwe.’ Seo se akaretsa sengwe le sengwe se se ka nnang sa re thibela gore re se ka ra tlhoma mogopolo ka botlalo mo lobelong lo re lo tabogang le gore re se ka ra dira ka natla mo go lone. Dilo tseo tse di bokete e ka nna dife? Fa re akanya ka Noa—mongwe wa dikao tseo yo o neng a umakiwa ke Paulo—re gopola se Jesu a se buileng: “Fela jaaka go ne ga diragala mo metlheng ya ga Noa, go tla nna jalo le mo metlheng ya Morwa motho.” (Luke 17:26) Jesu o ne a sa bue fela ka tshenyego e e tlang e e iseng e direge; o ne a bua ka tsela e batho ba tshelang ka yone. (Bala Mathaio 24:37-39.) Bontsi jwa batho ba motlha wa ga Noa ga ba a ka ba kgatlhegela Modimo, e bile ba ne ba sa leke go mo itumedisa. Ke eng se se neng se ba iteile tsebe? E ne e se sepe se se sa tlwaelegang. E ne e le go ja, go nwa le go nyala—dilo tse di tlwaelegileng mo botshelong. Fela jaaka Jesu a ne a buile, bothata jo bogolo e ne e le gore, ‘ba ne ba se ka ba tsaya tsia.’
5. Ke eng se se ka re thusang go wetsa lobelo ka katlego?
5 Fela jaaka Noa le lelapa la gagwe, le rona re na le mo gontsi go go dira letsatsi le letsatsi. Re tshwanetse go bereka le go itlhokomela le go tlhokomela malapa a rona. Seo se ka re tseela nako e ntsi le maatla a rona. Go motlhofo go tlhobaela ka dilo tse re di tlhokang mo botshelong segolobogolo jang fa re na le mathata a tsa madi. E re ka re le Bakeresete ba ba ineetseng, gape re na le maikarabelo a a botlhokwa a dilo tse di amanang le puso ya Modimo. Re nna le seabe mo bodireding, re baakanyetsa dipokano tsa Bokeresete le go ya kwa go tsone mme re inonotsha semoyeng ka go nna le thuto ya motho a le esi le kobamelo ya lelapa. Go sa kgathalesege sotlhe se Noa a neng a tshwanetse go se dira mo go direleng Modimo, o ne “a dira fela jalo.” (Gen. 6:22) Ke boammaaruri gore go botlhokwa gore re tlhofofatse morwalo o re nang le one go akaretsa le go tila go rwala mokgweleo ope fela o o sa tlhokegeng, fa re batla go taboga lobelo lwa Bokeresete go ya kwa bokhutlong.
6, 7. Ke kgakololo efe ya ga Jesu e re tshwanetseng go nna re e gakologetswe?
6 Paulo o ne a kaya eng fa a ne a re re apole “bokete bongwe le bongwe”? Gone ke boammaaruri gore, ga re ka ke ra kgona go tlogela maikarabelo otlhe a re nang le one. Mme gakologelwa se Jesu a neng a se bua ka dilo tse re di tlhokang mo botshelong: “Lo se ka le ka motlha lwa tlhobaela mme lwa re, ‘Re tla ja eng?’ kgotsa, ‘Re tla nwa eng?’ kgotsa, ‘Re tla apara eng?’ Gonne dilo tseno tsotlhe ke dilo tse ditšhaba di di gwalalelang. Gonne Rraalona wa selegodimo o a itse gore lo tlhoka dilo tseno tsotlhe.” (Math. 6:31, 32) Mafoko a ga Jesu a kaya gore tota le dilo tse go tweng di tlwaelegile tse di jaaka dijo le diaparo di ka nna mokgweleo kgotsa sekgoreletsi fa re sa di lebe ka tsela e e tshwanetseng.
7 Tlhoma mogopolo mo mafokong ano a ga Jesu: “Rraalona wa selegodimo o a itse gore lo tlhoka dilo tseno tsotlhe.” Seno se raya gore Rraarona yo o kwa legodimong, e bong Jehofa, o tla dira se a tshwanetseng go se dira go re naya se re se tlhokang. Gone ke boammaaruri gore go nna le “dilo tseno tsotlhe” ga go kaye gore re tla nna le sengwe le sengwe se re ka ratang go nna le sone. Le fa go ntse jalo, re bolelelwa gore re se ka ra tlhobaela ka “dilo tse ditšhaba di di gwalalelang.” Ka ntlha yang? Moragonyana Jesu o ne a gakolola bareetsi ba gagwe jaana: “Itlhokomeleng gore dipelo tsa lona di se ka le ka motlha tsa imelwa ke go ja mo go feteletseng le ke go nwa bobe le ke ditlhobaelo tsa botshelo, mme ka tshoganyetso letsatsi leo la lo wela ka ponyo ya leitlho jaaka seru.”—Luke 21:34, 35.
8. Ke eng fa gone jaanong e le yone nako ya gore re ‘apole bokete bongwe le bongwe’?
8 Mola wa phenyo o gaufi. Ruri go ka utlwisa botlhoko fa re itetla go imelwa ke bokete jo bo sa tlhokegeng jo bo ka re kgoreletsang re setse re le gaufi thata le bokhutlo! Ka jalo, ruri kgakololo eno ya ga moaposetoloi Paulo ke e e botlhale: “Boineelo jono jwa bomodimo mmogo le thetebalo ke tsela ya papadi e kgolo.” (1 Tim. 6:6) Fa re tsaya mafoko a ga Paulo a le botlhokwa, seno se tla nonotsha thata tsholofelo ya rona ya go gapa sekgele.
“Boleo Jo bo Re Rareetsang Motlhofo”
9, 10. (a) Polelwana e e reng “boleo jo bo re rareetsang motlhofo,” e kaya eng? (b) Ke jang re ka raraediwang?
9 Mo godimo ga go bua ka “bokete bongwe le bongwe” gape Paulo o umaka “boleo jo bo re rareetsang motlhofo.” A ka tswa a ne a kaya eng? Lefoko la Segerika le le ranotsweng e le, ‘rareetsa motlhofo’ le tlhagelela gangwe fela mo Baebeleng, mo temaneng eno. Mokanoki mongwe e bong Albert Barnes o ne a re: “E re ka motabogi a tshwanetse go nna kelotlhoko gore a se ka a ikgoreletsa ka diaparo tse di ka mo rareetsang mo maotong fa a taboga, Mokeresete le ene o tshwanetse go tlosa sepe fela se se ka tshwantshediwang ke diaparo tseo.” Mokeresete a ka raraediwa jang, mo e leng gore tumelo ya gagwe e feleletsa e koafetse?
10 Mokeresete ga a latlhegelwe ke tumelo ya gagwe ka gangwe. Seno se ka direga ka iketlo tota le ka tsela e e sa lemotshegeng. Pelenyana mo lekwalong la gagwe, Paulo o ne a tlhagisa ka kotsi ya go “katogela go sele” le go “nna le pelo e e boikepo e e se nang tumelo.” (Baheb. 2:1; 3:12) Fa motabogi a raraediwa ke diaparo tsa gagwe mo maotong, gantsi go ka direga gore a we. Kotsi ya gore motabogi a raraediwe e nna kgolo le go feta fa e le gore o itlhokomolosa kotsi ya go apara diaparo tse di rileng fa a taboga. Ke eng se se ka dirang gore a itlhokomolose kotsi eo? Gongwe e ka nna go se nne kelotlhoko kgotsa go itshepa thata kgotsa dikgoreletsi dingwe. Re ka ithuta eng mo kgakololong eno ya ga Paulo?
11. Ke eng se se ka dirang gore re felelwe ke tumelo?
11 Re tshwanetse go nna re gakologetswe gore go latlhegelwa ke tumelo ke ditlamorago tsa se re ka tswang re se dirile mo tsamaong ya nako. Fa mokanoki yo mongwe a ne a bua malebana le “boleo jo bo re rareetsang motlhofo” o ne a tlhalosa gore maemo a re leng mo go one, batho ba re tlwaelaneng le bone le dikeletso tsa rona tse di sa siamang, tsotlhe tseno di ka nna le tlhotlheletso e kgolo mo go rona. Dilo tseno di ka koafatsa tumelo ya rona kgotsa le e leng gore re felelwe ke tumelo.—Math. 13:3-9.
12. Ke dikgakololo dife tse re tshwanetseng go nna re di gakologetswe e le gore re se ka ra latlhegelwa ke tumelo?
12 Mo dingwageng tse di fetileng, setlhopha sa motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale, se ntse se re gopotsa gore re nne kelotlhoko ka se re se lebang le se re se reetsang, ke gore se re tlhomang megopolo le dipelo tsa rona mo go sone. Re ile ra tlhagisiwa ka kotsi ya go raraediwa ke go gagamalela madi le dithoto. Re ka nna ra itewa tsebe ke maphatsiphatsi a boitlosobodutu kgotsa go kgatlhegela dilo tsa bosheng tse di sa feleng. E tla bo e le phoso e kgolo go tsaya gore kgakololo eno e gagametse thata kgotsa e dira fela mo go ba bangwe, mme re tsaya gore rona ga re amiwe ke dikotsi tseo. Dikgoreletsi tse lefatshe la ga Satane le di bayang fa pele ga rona, di bofitlha e bile di a tsietsa. Batho bangwe ba ile ba latlhegelwa ke tsholofelo ya go gapa sekgele sa botshelo ka ntlha ya go se nne kelotlhoko, go itshepa thata le go itewa tsebe ke dilo tsa lefatshe mme le rona re ka diragalelwa ke seo.—1 Joh. 2:15-17.
13. Re ka itshireletsa jang kgatlhanong le ditlhotlheletso tse di kotsi?
13 Letsatsi le letsatsi re kopana le batho ba ba rotloetsang mekgele, mekgwa le dikakanyo tsa lefatshe le re tshelang mo go lone. (Bala Baefeso 2:1, 2.) Le fa go ntse jalo, go ikaegile ka rona gore re letla dilo tseno gore di re ame go le kana kang, le gore re itshwara jang fa di re tlhotlheletsa. “Moya” o Paulo a neng a bua ka one o a bolaya. Re tshwanetse go nna re itlhokometse gore re se ka ra kgamiwa kgotsa ra hupediwa ke moya oo, mme ka jalo ra palelwa ke go wetsa lobelo. Ke eng se se ka re thusang go nna re le mo lobelong? Jesu ke motabogi yo o molemo yo o etelelang pele. (Baheb. 12:2) Gape re na le sekao sa ga Paulo ka gonne o ne a ipalela mo bataboging ba ba tabogang lobelo lwa Bokeresete mme o ne a kgothaletsa badumedimmogo le ene gore ba mo etse.—1 Bakor. 11:1; Bafil. 3:14.
“Lo se Gape”—Jang?
14. Paulo o ne a leba jang seabe sa gagwe mo lobelong lono?
14 Paulo o ne a leba jang seabe sa gagwe mo lobelong lono? Fa a bua le bagolwane ba kwa Efeso lekgetlho la bofelo o ne a re: “Ga ke tseye moya wa me e le o o botlhokwa o o rategang mo go nna, fa fela ke ka wetsa lobelo lwa me le bodiredi jo ke neng ka bo amogela jwa Morena Jesu.” (Dit. 20:24) O ne a iketleeditse go ithontsha sengwe le sengwe go akaretsa le botshelo jwa gagwe e le gore a wetse lobelo. Mo go Paulo, matsapa otlhe a gagwe le tiro ya gagwe ya bonatla e e malebana le dikgang tse di molemo e ne e tla nna lefela fa a ne a ka retelelwa ke go wetsa lobelo. Le fa go ntse jalo, o ne a sa itshepe thata, a akanya gore ruri o tla gapa lobelo loo. (Bala Bafilipi 3:12, 13.) Ke fela go ela kwa bokhutlong jwa botshelo jwa gagwe a neng a bua jaana a tlhomamisegile: “Ke tlhabane tlhabano e e molemo, ke tabogile lobelo go ya bofelong, ke bolokile tumelo.”—2 Tim. 4:7.
15. Paulo o ne a neela batabogimmogo le ene kgothatso efe?
15 Mo godimo ga moo, Paulo o ne a kgatlhegela thata go bona Bakeresetemmogo le ene ba wetsa lobelo mme ba sa latlhele seditse. Ka sekai, o ne a rotloetsa Bakeresete ba kwa Filipi gore ba dire ka natla gore ba bolokege. Ba ne ba tshwanetse go ‘ngangatlela lefoko la botshelo thata.’ O ne a tswelela ka go re: “Gore ke tle ke nne le lebaka la go itumela mo letsatsing la ga Keresete, gore ke ne ka se ka ka sianela lefela kgotsa ka dira ka natla ke direla lefela.” (Bafil. 2:16) Ka tsela e e tshwanang o ne a rotloetsa Bakeresete ba kwa Korintha jaana: “Sianang ka tsela ya gore lo . . . gape [sekgele].”—1 Bakor. 9:24.
16. Ke eng fa re tshwanetse go nna re akantse ka sekgele?
16 Mo lobelong lo loleele lo lo jaaka lwa marathone, kwa tshimologong mola wa phenyo ga o bonale. Le fa go ntse jalo, fa motabogi a ntse a le mo lobelong o nna a akantse ka mola wa phenyo. Mme fa a lemoga gore o tla tloga a lo wetsa, o ititaya sehuba le go feta gore a lo wetse. Le rona re tshwanetse go ikutlwa jalo mo lobelong lwa rona. Sekgele se re tla se amogelang se tshwanetse go nna sa mmatota mo go rona. Seo se tla re thusa gore re kgone go se gapa.
17. Tumelo e ka re thusa jang gore re nne re tlhomile mogopolo mo sekgeleng?
17 Paulo o ne a kwala jaana: “Tumelo ke go lebelela ka tlhomamisego dilo tse di solofetsweng, pontsho e e bonalang sentle ya dilo tsa mmatota le fa di sa bonwe.” (Baheb. 11:1) Aborahame le Sara ba ne ba iketleeleditse go tlogela botshelo jwa manobonobo mme ba tshele e le “batswakwa le baagi ba nakwana mo lefatsheng leo.” Ke eng se se ba thusitseng go dira seo? ‘Ba ne ba . . . bona [go diragadiwa ga ditsholofetso tsa Modimo] tse di neng di le kgakala thata.’ Moshe o ne a iketleeleditse go gana “monate wa boleo ka nakwana” le “matlotlo a Egepeto.” O kgonne jang go nna le tumelo le maatla a go dira jalo? O ne a “leba ka tlhomamo kwa go neweng maduo.” (Baheb. 11:8-13, 24-26) Go a utlwala go bo Paulo a ile a simolola go tlhalosa mongwe le mongwe wa batho bano ka polelwana e e reng “ka tumelo.” Tumelo e ba thusitse go leba ka kwa ga diteko le mathata a ba neng ba na le one mme ba bona se Modimo a neng a ba direla sone le se a neng a tla se dira.
18. Gore re apole ‘boleo jo bo re rareetsang motlhofo,’ ke dikgato dife tse re tshwanetseng go di tsaya?
18 Ka go tlhatlhanya ka banna le basadi ba tumelo ba ba umakilweng mo go Bahebera kgaolo 11 le go etsa sekao sa bone, re ka nna le tumelo mme ra apola “boleo jo bo re rareetsang motlhofo.” (Baheb. 12:1) Gape re ka ‘akanyetsana gore re tlhotlheletsane mo loratong le mo ditirong tse di molemo,” ka go kokoana mmogo le batho ba ba nang le tumelo e e tshwanang le ya rona.—Baheb. 10:24.
19. O ikutlwa jang ka go nna o tlhomile mogopolo mo sekgeleng?
19 Re gaufi le go wetsa lobelo lwa rona, mme go jaaka e kete re setse re bona mola wa phenyo. Ka tumelo le ka thuso ya ga Jehofa, le rona re ka ‘apola bokete bongwe le bongwe le boleo jo bo re rareetsang motlhofo.’ Ruri re ka kgona go taboga ka tsela e e tla dirang gore re gape sekgele—masego a a solofeditsweng ke Modimo wa rona le Rraarona e bong Jehofa.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Seno se ne se kgopisa Bajuda ba metlha ya bogologolo. Buka e go sa tlhomamisiweng boammaaruri jwa yone ya 2 Makabise ya re, Bajuda ba le bantsi ba ne ba galefile fa Moperesiti yo Mogolo wa motlhanogi e bong Jason, a ne a batla go aga jiminase e e tshwanang le ya Bagerika kwa Jerusalema.—2 Maka. 4:7-17.
A o A Gakologelwa?
• Go apola “bokete bongwe le bongwe” go akaretsa eng?
• Ke eng se se ka dirang gore Mokeresete a latlhegelwe ke tumelo?
• Ke eng fa re tshwanetse go nna re tlhomile mogopolo wa rona mo sekgeleng?
[Setshwantsho mo go tsebe 23]
“Boleo jo bo re rareetsang motlhofo” ke eng, mme bo ka re rareetsa jang?