“Jaanong Ke Nako e e Amogelesegang Segolobogolo”
“Bona! Jaanong ke nako e e amogelesegang segolobogolo. Bona! Jaanong ke letsatsi la poloko.”—2 BAKOR. 6:2.
1. Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go itse dilo tsa botlhokwa tse re tshwanetseng go di dira ka dinako tsotlhe?
“SENGWE le sengwe se na le nako e se e tlhometsweng, le nako ya tiragalo nngwe le nngwe kafa tlase ga magodimo.” (Mor. 3:1) Solomone o ne a kwala ka botlhokwa jwa go itse nako e e siametseng tiro nngwe le nngwe ya botlhokwa—e ka tswa e le go lema, go ja nala, go tsamaisa kgwebo kgotsa go buisana le ba bangwe. Le fa go ntse jalo, re sa ntse re tlhoka go itse gore ke tiro efe e e botlhokwatlhokwa e re tshwanetseng go e dira ka dinako tsotlhe. Seno se raya gore re tshwanetse go itse dilo tse di tlang pele mo botshelong jwa rona.
2. Re itse jang gore fa Jesu a ntse a rera, o ne a itse sentle gore o tshela mo lobakeng lofe?
2 Fa Jesu a ne a le mo lefatsheng o ne a itse sentle gore o ne a tshela mo lobakeng lofe le gore ke eng se a neng a tshwanetse go se dira. E re ka a ne a itse sentle dilo tse di tlang pele mo botshelong jwa gagwe, o ne a itse gore e ne e setse e le nako ya gore boporofeti jo go neng go sa bolo go buiwa ka jone jo bo amanang le Mesia, bo diragadiwe. (1 Pet. 1:11; Tshen. 19:10) O ne a na le tiro ya go itsise batho gore ke ene Mesia yo o solofeditsweng. O ne a tshwanetse go naya bosupi ka botlalo ka boammaaruri jwa Bogosi le go phutha ba e neng e tla nna bajaboswa ba Bogosi mmogo le ene mo isagweng. Gape o ne a tshwanetse go simolola tiro ya go rera le go dira barutwa e phuthego ya Bokeresete e neng e tla tswelela ka yone mo dikarolong tsotlhe tsa lefatshe.—Mar. 1:15.
3. Tsela e Jesu a neng a dira dilo ka yone e ne ya amiwa jang ke go itse lobaka lo a neng a tshela mo go lone?
3 Kitso eo e Jesu a neng a na le yone, e ne ya mo tlhotlheletsa ka tsela e e molemo gore a tswelele a tlhagafetse fa a ntse a dira thato ya ga Rraagwe. O ne a raya barutwa ba gagwe a re: “Thobo e kgolo, eleruri, mme badiri ba mmalwa. Jalo kopang Mong wa thobo gore a romele badiri mo thobong ya gagwe.” (Luke 10:2; Mal. 4:5, 6) Mo barutweng ba Jesu a neng a na le bone, o ne a tlhopha pele ba le 12 go tswa foo ba le 70, a ba naya ditaelo tse di maleba mme a ba roma gore ba ye go rera molaetsa ono o o amang pelo: “Bogosi jwa magodimo bo atametse.” Re bala jaana ka ga Jesu: “E rile . . . a sena go naya barutwa ba gagwe ba ba lesome le bobedi ditao, a bolola go tswa koo a ya go ruta le go rera kwa metseng ya bone.”—Math. 10:5-7; 11:1; Luke 10:1.
4. Paulo o ne a etsa Jesu Keresete ka tsela efe?
4 Jesu o ile a tlhomela balatedi botlhe ba gagwe sekao se se molemolemo sa tlhagafalo le boineelo. Ke sone se moaposetoloi Paulo a neng a se kaya fa a ne a kgothatsa badumedimmogo le ene jaana: “Nnang baetsi ba me, fela jaaka nna ke le wa ga Keresete.” (1 Bakor. 11:1) Paulo o ne a etsa Keresete ka tsela efe? Tsela ya botlhokwatlhokwa e ne e le ka go dira bojotlhe fa a ntse a rera dikgang tse di molemo. Mo makwalong a Paulo a neng a a kwalela diphuthego, re fitlhela dipolelwana tse di jaaka, “lo se ka lwa nyahala mo tirong ya lona,” “nnang batlhanka ba ga Jehofa,” “ka metlha lo na le mo gontsi go go dira mo tirong ya Morena” le e e reng “le fa e le eng se lo se dirang, se direng ka moya otlhe jaaka lo se direla Jehofa.” (Bar. 12:11; 1 Bakor. 15:58; Bakol. 3:23) Le ka motlha Paulo ga a ka a lebala nako e ka yone a neng a kopana le Morena Jesu Keresete mo tseleng e e yang kwa Damaseko mmogo le mafoko ano a ga Jesu a gongwe morutwa Ananiase a a boleletseng Paulo: “Monna yono ke sejana se se tlhophilweng mo go nna gore a sikarele leina la me kwa ditšhabeng mmogo le kwa dikgosing le kwa go bomorwa Iseraele.”—Dit. 9:15; Bar. 1:1, 5; Bagal. 1:16.
“Nako e e Amogelesegang Segolobogolo”
5. Ke eng se se neng sa tlhotlheletsa Paulo gore a dire bodiredi jwa gagwe ka tlhagafalo?
5 Fa re bala buka ya Ditiro re bona sentle kafa Paulo a neng a le pelokgale e bile a tlhagafetse ka gone mo bodireding. (Dit. 13:9, 10; 17:16, 17; 18:5) Paulo o ne a lemoga kafa nako e a neng a tshela mo go yone e neng e le botlhokwa ka gone. O ne a re: “Bona! Jaanong ke nako e e amogelesegang segolobogolo. Bona! Jaanong ke letsatsi la poloko.” (2 Bakor. 6:2) Pele ga foo ka 537 B.C.E., e ne e le nako e e amogelesegang ya gore batshwarwa ba ba kwa Babelona ba boele kwa nagagaeng ya bone. (Isa. 49:8, 9) Mme gone, Paulo o bua ka eng fano? Ditemana tse di dikologileng kgang eno di re thusa go bona gore o ne a akantse ka eng.
6, 7. Ke tshiamelo efe e kgolo mo motlheng ono e e neilweng Bakeresete ba ba tloditsweng mme ke bomang ba ba dirang mmogo le batlodiwa?
6 Pelenyana mo lekwalong la gagwe, Paulo o ne a bua ka tshiamelo e kgolo e ene mmogo le Bakeresete ka ene ba ba tloditsweng ba e neilweng. (Bala 2 Bakorintha 5:18-20.) O ne a re Modimo o ba bileditse boikaelelo jo bo rileng, gore ba dire “bodiredi jwa tetlanyo,” ba kope batho gore ba ‘letlane le Modimo.’ Seno se ne se kaya gore ba boele ba nne mo kagisong le Modimo kgotsa ba nne le kamano le ene.
7 Fa e sale ka nako ya botsuolodi jwa kwa Edene, batho botlhe ba ntse ba kgaogane le Jehofa e bile ba mo latlhile. (Bar. 3:10, 23) Go kgaogana le Modimo go dirile gore batho ba nne mo lefifing la semoya, e leng se se bakileng gore ba boge ba bo ba swe. Paulo o ne a kwala jaana: “Re a itse gore popo yotlhe e nna e fegelwa mmogo le go nna mo botlhokong mmogo go fitlha jaanong.” (Bar. 8:22) Mme tota, Modimo o tsere kgato go rotloetsa batho kgotsa go ba “kopa” gore ba boele kwa go ene kgotsa ba letlane le ene. Ke jone bodiredi jo ka nako eo bo neng bo neilwe Paulo le Bakeresete ka ene ba ba tloditsweng. Gongwe “nako [eo] e e amogelesegang,” e ne e tla nna “letsatsi la poloko” mo bathong ba ba dumelang mo go Jesu. Bakeresete botlhe ba ba tloditsweng le ditsala tsa bone, e leng ba “dinku tse dingwe” ba ba dirang mmogo le bone, ba ntse ba laletsa batho gore ba solegelwe molemo ke “nako [eno] e e amogelesegang.”—Joh. 10:16.
8. Ke eng se se dirang gore kgang ya go kopiwa ga batho go letlana le Modimo e itumedise?
8 Se se dirang gore kgang ya go kopiwa ga batho go letlana le Modimo e itumedise le go feta ke gore le fa batho e le bone ba beileng legora magareng ga bone le Modimo—ka ntlha ya botsuolodi jo motho a bo dirileng kwa Edene—Modimo ke ene a ileng a tsaya kgato pele go tlosa legora leo. (1 Joh. 4:10, 19) O ne a dira eng? Paulo a re: “Modimo o ne a letlanya lefatshe le ene ka Keresete, a sa ba balele ditlolo tsa bone, mme o ne a re naya lefoko la tetlanyo.”—2 Bakor. 5:19; Isa. 55:6.
9. Paulo o ne a dira eng go bontsha kafa a anaanelang boutlwelobotlhoko jwa Modimo ka gone?
9 Fa Jehofa a ne a ntsha setlhabelo sa thekololo o ne a dira gore batho ba ba nang le tumelo mo go ene, ba kgone go itshwarelwa ditlolo tsa bone mme ba boele ba nne mo kagisong le Modimo kgotsa ba nne le kamano le ene. Mo godimo ga moo, o ne a romela baemedi ba gagwe gore ba rotloetse batho gongwe le gongwe go dira kagiso le Modimo fa ba sa ntse ba kgona. (Bala 1 Timotheo 2:3-6.) E re ka Paulo a ne a tlhaloganya thato ya Modimo e bile a lemoga gore o tshela mo lobakeng lofe, o ne a dira ka natla mo ‘bodireding jwa tetlanyo.’ Thato ya ga Jehofa ga e ise e fetoge. Le gompieno o sa ntse a batla gore batho ba letlane le ene. Mafoko a ga Paulo a a reng, “jaanong ke nako e e amogelesegang segolobogolo” le a a reng, “jaanong ke letsatsi la poloko” a sa ntse a dira le gompieno. Abo Jehofa e le Modimo yo o kutlwelobotlhoko le yo o pelotlhomogi jang ne!—Ekes. 34:6, 7.
Lo se Ka “Lwa Fosa Boikaelelo Jwa Jone”
10. “Letsatsi la poloko” le ne le kaya eng mo Bakereseteng ba ba tloditsweng ba mo nakong e e fetileng le ba mo motlheng ono?
10 Batho ba ntlha ba ba ileng ba solegelwa molemo ke tshiamelo eno ya go letlanngwa le Modimo ke ba ba neng ba le “seoposengwe le Keresete.” (2 Bakor. 5:17, 18) Mo go bone, “letsatsi la poloko” le simologile ka Pentekosete ya 33 C.E. Go tloga ka nako eo go ya pele, ba ile ba newa tiro ya go bolela “lefoko la tetlanyo.” Gompieno, masalela a Bakeresete ba ba tloditsweng a sa ntse a tsweletse ka “bodiredi jwa tetlanyo.” Ba a itse gore baengele ba le banè ba moaposetoloi Johane a ba boneng mo ponatshegelong ya boporofeti, “ba ngangatletse diphefo tse nnè tsa lefatshe, gore go se ka ga foka phefo epe mo lefatsheng.” Ka jalo, e sa ntse e le “letsatsi la poloko” le “nako e e amogelesegang segolobogolo.” (Tshen. 7:1-3) Ka ntlha ya seo, fa e sa le mo tshimologong ya lekgolo la bo20 la dingwaga, masalela a batlodiwa a ntse a dira tiro eno ya “bodiredi jwa tetlanyo” ka tlhagafalo mo dikarolong tsotlhe tsa lefatshe.
11, 12. Mo tshimologong ya lekgolo la bo20 la dingwaga, Bakeresete ba ba tloditsweng ba ne ba bontsha jang gore ba lemoga botlhokwa jwa nako e ba tshelang mo go yone? (Bona setshwantsho mo tsebeng ya 15.)
11 Ka sekai, jaaka go bontshitswe mo bukeng ya Basupi ba ga Jehofa—Baboledi ba Bogosi jwa Modimo, kwa bokhutlong jwa lekgolo la bo20 la dingwaga, “C. T. Russell le ditsala tsa gagwe ba ne ba dumela ka tsela e e nonofileng gore ba ne ba le mo nakong ya thobo le gore batho ba ne ba tlhoka go utlwa boammaaruri jo bo gololang.” Ba ne ba dira eng ka seno? E re ka bakaulengwe bano ba ne ba lemoga gore ba mo nakong ya thobo, e leng “nako e e amogelesegang segolobogolo” ba ne ba sa kgotsofalele fela go laletsa batho gore ba tle mo tirelong nngwe ya bodumedi. Baruti ba dikereke tse di ipitsang tsa Bokeresete bone ba ne ba sa bolo go nna ba dira sone seo. Go na le moo, Bakeresete bao ba ba tloditsweng ba ne ba simolola go batla ditsela tse dingwe tse di nang le matswela tse ba ka di dirisang go anamisa dikgang tse di molemo. Sengwe sa dilo tse ba neng ba di dira, ke go dirisa ka botlhale didirisiwa tsa bosheng tsa thekenoloji gore ba kgone go tsweletsa tiro ya bone.
12 Gore setlhopha seno se sennye sa badiredi ba ba tlhagafetseng se kgone go anamisa dikgang tse di molemo tsa Bogosi, se ne sa dirisa dipampitshana, diphamfolete, dimakasine le dibuka. Gape ba ne ba kwala dithero le ditlhogo tsa Baebele mme ba di romela kwa makwalodikgannyeng a le diketekete gore di gatisiwe. Ba ile ba gasa dithulaganyo tsa Baebele mo radiong ya setšhaba le ya boditšhabatšhaba. Ba ile ba dira diselaete tse di nang le modumo o o rekotilweng le go di dirisa, tota le pele ga madirelo a difilimi a ka direla batho diselaete tsa mofuta oo. Tlhagafalo eo e kgolo e ile ya nna le matswela afe? Gompieno, go na le batho ba ka nna dimilione di le supa ba ba ileng ba tsibogela molaetsa ono: “Letlanang le Modimo,” mme ba nna le seabe mo go o boleleng. Ke boammaaruri gore batlhanka ba ga Jehofa ba mo motlheng oo, e ne e le dikao tse di molemo tsa tlhagafalo le fa ba ne ba le bannye ka palo e bile ba se na maitemogelo.
13. Ke boikaelelo bofe jwa Modimo jo re tshwanetseng go bo tsaya tsia?
13 Mafoko a ga Paulo a a reng, “jaanong ke nako e e amogelesegang segolobogolo” a sa ntse a le boammaaruri. Rona ba re amogetseng bopelonomi jo bo sa re tshwanelang jwa ga Jehofa re leboga thata go bo re neilwe tshono ya go utlwa molaetsa wa tetlanyo le go o amogela. Go na le go nna le boikutlo jwa go sa kgathale, re tsaya tsia mafoko a a latelang a ga Paulo: “Gape re lo rapela gore lo se ka lwa amogela bopelonomi jo bo sa re tshwanelang jwa Modimo mme lwa fosa boikaelelo jwa jone.” (2 Bakor. 6:1) Boikaelelo jwa bopelonomi jo bo sa re tshwanelang jwa Modimo ke go “letlanya lefatshe le ene” a dirisa Keresete.—2 Bakor. 5:19.
14. Go bulega ditshono dife mo dinageng di le dintsi?
14 Bontsi jwa batho ba ba foufaditsweng ke Satane, ba sa ntse ba kgaogane le Modimo mme ga ba itse boikaelelo jwa bopelonomi jo bo sa re tshwanelang jwa gagwe. (2 Bakor. 4:3, 4; 1 Joh. 5:19) Le fa go ntse jalo, maemo a lefatshe a a ntseng a nna maswe le go feta a dirile gore batho ba le bantsi ba tseye kgato fa ba bontshiwa gore boikepo le pogo tse di leng gone mo bathong di bakiwa ke go bo ba kgaogane le Modimo. Tota le mo dinageng tse batho ba le bantsi ba neng ba sa kgatlhegele tiro ya rona ya go rera mo go tsone, gone jaanong bontsi jwa bone ba amogela dikgang tse di molemo mme ba tsaya kgato gore ba letlane le Modimo. A jaanong re a tlhaloganya gore eno ke nako ya gore re dire ka natla le ka tlhagafalo fa re ntse re kopa batho jaana: “Letlanang le Modimo”?
15. Go na le go rerela batho gonne fela re batla gore ba ikutlwe botoka, ke eng se re batlang gore gongwe le gongwe batho ba se itse?
15 Tiro ya rona ga se go bolelela batho gore fa fela ba dumela mo Modimong, dilo tsotlhe di tla ba tsamaela sentle. Ba le bantsi ba a bo ba batla go utlwa sone seo fa ba ya kerekeng mme ke sone se baruti ba se buang. (2 Tim. 4:3, 4) Joo ga se jone boikaelelo jwa bodiredi jwa rona. Re rera dikgang tse di molemo tse di tlhalosang gore Jehofa o ikaeletse go itshwarela maleo a dirisa Keresete, gonne Modimo o lorato. Ka jalo, batho ba tla bo ba sa tlhole ba kgaogane le Modimo mme ba tla letlana le ene. (Bar. 5:10; 8:32) Le fa go ntse jalo, “nako e e amogelesegang segolobogolo,” e ntse e ya bokhutlong ka bofefo.
“Tukang mo Moyeng”
16. Ke eng se se neng sa thusa Paulo gore a nne pelokgale a bo a tlhagafale?
16 Jaanong ke eng se re ka se dirang gore re tlhagafalele kobamelo ya boammaaruri le go tswelela re tlhagafetse? Bangwe ba ka tswa ba le ditlhong ka tlholego kgotsa ba sa bue thata mme ba ka nna ba fitlhela go le thata go ntsha maikutlo a bone kgotsa go nna botsalano. Mme gone, go molemo go gopola gore tlhagafalo ga se fela tsela e motho a bontshang ka yone gore o ikutlwa jang kgotsa gore o itumetse go le kana kang; e bile ga e a ikaega ka botho jwa motho. Paulo o ne a tlhalosa gore Bakeresete ka ene ba ka dira seo jang fa a ne a ba rotloetsa jaana: “Tukang mo moyeng.” (Bar. 12:11) Moya wa ga Jehofa o ne wa thusa thata baaposetoloi gore ba nne pelokgale ba bo ba itshoke mo tirong ya go rera. Paulo o ne a tswelela a tlhagafetse go simolola fa Jesu a ne a mmitsa go fitlha a golegwa la bofelo le go swela tumelo kwa Roma—lobaka lwa dingwaga di feta 30. Ka metlha Paulo o ne a ikaegile ka Modimo yo o neng a dirisa moya wa gagwe go mo naya nonofo e a neng a e tlhoka. O ne a re: “Mo dilong tsotlhe ke na le nonofo ka ntlha ya yo o nnayang maatla.” (Bafil. 4:13) Ruri re tla solegelwa molemo thata fa re ka ithuta mo sekaong sa gagwe!
17. Ke eng se se ka re thusang gore re ‘tuke mo moyeng’?
17 Lefoko le le ranotsweng e le, go “tuka” tota le raya go “bela.” (Kingdom Interlinear) Molelo o tshwanetse go tswelela o tuka gore metsi a a mo ketleleng a nne a bela. Ka tsela e e tshwanang, gore re ‘tuke mo moyeng,’ re tshwanetse go nna re na le moya wa Modimo. Gore re kgone go nna le one re tshwanetse go dirisa dilo tsotlhe tse Jehofa a re nayang tsone go re nonotsha semoyeng. Seno se kaya gore re tseye kobamelo ya rona ya lelapa le ya phuthego di le botlhokwa—re nne le thuto ya botho le ya lelapa ya ka metlha, re rapele re bo re kopane le Bakeressete mmogo le rona ka metlha. Seo se tla re thusa go nna le “molelo” gore re nne re “bela” mme re tswelele re ‘tuka mo moyeng.’—Bala Ditiro 4:20; 18:25.
18. Ke boikaelelo bofe jo rona Bakeresete ba ba kolobeditsweng re tshwanetseng go tlhoma mogopolo mo go jone?
18 Motho yo o ineetseng ke yo o tlhomileng mogopolo ka botlalo mo boikaelelong jo bo rileng mme ga a itetle go iteega tsebe motlhofo kgotsa go kgobega marapo fa a ntse a bo latelela. Boikaelelo jwa rona Bakeresete ba ba kolobeditsweng ke go dira sengwe le sengwe se Jehofa a batlang re se dira, fela jaaka Jesu a ile a dira. (Baheb. 10:7) Gompieno thato ya ga Jehofa ke gore batho ba le bantsi kafa go ka kgonegang ka gone ba letlane le ene. Ka jalo, a re direng ka natla re tlhagafetse—re etsa Jesu le Paulo—mo tirong eno ya botlhokwa, ee, tiro e e potlakileng e e tshwanetseng go dirwa gompieno.
A o A Gakologelwa?
• Paulo le Bakeresete bangwe ba ba tloditsweng ba ne ba neilwe ‘bodiredi bofe jwa tetlanyo’?
• Masalela a batlodiwa a ile a dirisa jang “nako e e amogelesegang segolobogolo” ka tsela e e molemo?
• Badiredi ba Bakeresete ba ka ‘tuka mo moyeng’ jang?
[Setshwantsho mo go tsebe 12]
Le ka motlha Paulo ga a ka a lebala nako e a neng a kopana le Morena Jesu Keresete ka yone