KGAOLO 16
“Jesu . . . A ba Rata go ya Bokhutlong”
1, 2. Jesu o fetsa maitseboa a gagwe a bofelo le baaposetoloi ba gagwe a dira eng, mme ke eng fa a tsaya nako eno ya gagwe ya bofelo e le botlhokwa thata?
FA Jesu a ntse a phuthela baaposetoloi ba gagwe kwa phaposing e e kwa godimo kwa ntlong nngwe kwa Jerusalema, o a itse gore maitseboa ao ke maitseboa a gagwe a bofelo le bone. Nako e atametse ya gore a boele kwa go Rraagwe. Mo diureng di se kae Jesu o tla tshwarwa mme tumelo ya gagwe e tla lekwa go feta le fa e le leng pele. Le fa a itse gore o tla tloga a swa, seo ga se dire gore a tlhokomologe dilo tse baaposetoloi ba gagwe ba di tlhokang.
2 Jesu o setse a ile a itsise baaposetoloi ba gagwe gore o tlile go ba tlogela, le fa go ntse jalo, o sa ntse a na le dilo di le dintsi go di bua le bone le go ba thusa go lebana le dilo tse di tlileng go direga. Ka jalo o fetsa nako eno e e botlhokwatlhokwa ya gagwe ya bofelo le bone a ba ruta dithuto tsa botlhokwa tse di tla ba thusang go nna ba ikanyega. Mafoko a gagwe ke mangwe a mafoko a a botsalano le a a lorato go gaisa otlhe a a kileng a a bua le bone. Mme gone, ke eng fa Jesu a amegile thata ka baaposetoloi ba gagwe go na le go amega ka ene ka boene? Ke eng fa diura tseno tsa gagwe tsa bofelo le bone di le botlhokwa thata mo go ene? Ke ka ntlha ya lorato. O ba rata fela thata.
3. Re itse jang gore Jesu o ne a se ka a letela maitseboa a gagwe a bofelo e bo e le gone a bontshang gore o rata balatedi ba gagwe?
3 Masome a dingwaga moragonyana, moaposetoloi Johane o ile a kwala jaana fa a ne a simolola pego ya gagwe e e tlhotlheleditsweng e e kaga ditiragalo tsa maitseboa ao: “Ka gonne a ne a itse pele ga moletlo wa tlolaganyo gore nako ya gagwe e ne e tlile ya gore a fuduge mo lefatsheng leno a ye kwa go Rara, Jesu, ka a ne a ratile ba gagwe ba ba neng ba le mo lefatsheng, a ba rata go ya bokhutlong.” (Johane 13:1) Jesu ga a ka a letela bosigo joo e bo e le gone a bontshang “ba gagwe” gore o a ba rata. Mo bodireding jotlhe jwa gagwe o ile a bontsha go rata barutwa ba gagwe ka ditsela tse dintsi tse di farologaneng. Go ka nna molemo gore re sekaseke dingwe tsa ditsela tse a bontshitseng lorato lwa gagwe ka tsone, ka gonne fa re mo etsa mo kgannyeng eno re tla bo re bontsha fa re le barutwa ba gagwe ba boammaaruri.
Go Bontsha Bopelotelele
4, 5. (a) Ke eng fa Jesu a ile a tshwanelwa ke go nna pelotelele fa a dirisana le barutwa ba gagwe? (b) Jesu o ne a tsiboga jang fa baaposetoloi ba gagwe ba bararo ba ne ba otsela kwa tshimong ya Gethesemane?
4 Lorato lo tsamaisana le bopelotelele. Temana ya 1 Bakorintha 13:4 e tlhalosa gore “lorato lo pelotelele,” mme bopelotelele bo akaretsa go itshokela ba bangwe ka go se ba felele pelo. A Jesu o ne a tshwanelwa ke go nna pelotelele fa a dirisana le barutwa ba gagwe? Ee go ntse jalo! Jaaka fa re bone mo go Kgaolo 3, baaposetoloi ba ne ba le bonya go ithuta go nna boikokobetso. Go ne ga direga ka makgetlo a le mantsi gore ba ganetsane ka ga gore ke mang yo mogolo mo go bone. Jesu o ile a tsibogela seo jang? A o ile a ba galefela a bontsha go ba tenegela le go ba kgotswela? Nnyaa, o ile a akantshana le bone ka bopelotelele tota le fa go ne go tsoga “kganetsano e e gotetseng” kaga kgang eno mo bosigong jwa gagwe jwa bofelo le bone!—Luke 22:24-30; Mathaio 20:20-28; Mareko 9:33-37.
5 Moragonyana mo bosigong joo jwa bofelo, fa Jesu a ne a ya kwa tshimong ya Gethesemane le baaposetoloi ba ba 11 ba ba ikanyegang, bopelotelele jwa gagwe bo ne jwa lekwa gape. Jesu o ne a tlogela baaposetoloi ba gagwe ba le robedi mme a tsaya Petere, Jakobe le Johane a ya le bone kwa tengnyana ga tshimo. Jesu o ile a ba raya a re: “Moya wa me o hutsafetse thata, le eleng go ya losong. Nnang fano mme lo nne lo disitse.” O ne a tsenelela kwa gare ga tshimo a bo a simolola go rapela ka tlhoafalo. Morago ga go rapela lobaka lo loleele, o ne a boela kwa baaposetoloing ba bararo. O ne a fitlhela ba dira eng? Ka nako eo e e masisi thata, ba ne ba thulametse! A o ile a ba omanyetsa go palelwa ke go nna ba thantse? Nnyaa, o ile a ba kgothatsa ka bopelotelele. Mafoko a gagwe a bopelonomi a bontsha gore o ne a tlhaloganya gore ke eng fa ba ne ba ngomogile pelo e bile ba le bokoa.a O ile a re: “Gone, moya o tlhaga, mme nama yone e bokoa.” Jesu o ne a tswelela a le pelotelele le bone mo bosigong joo, tota le fa a ne a ba fitlhela ba robetse makgetlo a mangwe gape a le mabedi!—Mathaio 26:36-46.
6. Re ka etsa Jesu jang mo tseleng e re dirisanang le ba bangwe ka yone?
6 Go a kgothatsa go bona gore Jesu o ne a se ka a tlhoboga baaposetoloi ba gagwe. Kgabagare go nna pelotelele ga gagwe go ne ga nna le matswela ka gonne banna bano ba ba ikanyegang ba ile ba ithuta botlhokwa jwa go nna boikokobetso le go nna ba thantse. (1 Petere 3:8; 4:7) Re ka etsa Jesu jang mo tseleng e re dirisanang le ba bangwe ka yone? Bagolwane ke bone ba segolobogolo ba tshwanetseng go bontsha bopelotelele. Badumedi mmogo ba ka tla kwa mogolwaneng ka mathata a bone ka nako e mogolwane ka boene a lapileng kgotsa a tshwentsweng ke mathata a gagwe. Ka dinako tse dingwe, batho ba ba tlhokang thuso ba ka nna ba nna bonya go tsibogela kgakololo. Le fa go ntse jalo, mogolwane yo o pelotelele o tla ruta ka “bonolo” le go “tshwara letsomane ka bonolo.” (2 Timotheo 2:24, 25; Ditiro 20:28, 29) Batsadi le bone ba dira sentle fa ba etsa bopelotelele jwa ga Jesu, ka gonne ka dinako tse dingwe bana ba ka nna bonya go tsibogela kgakololo le kgalemelo ya bone. Lorato le go nna pelotelele go tla thusa batsadi go se ineele fa ba ntse ba dira ka natla go thapisa bana ba bone. Matswela a bopelotelele jo bo ntseng jalo a ka nna magolo e le ruri.—Pesalema 127:3.
Go ba Tlhokomela ka Dilo Tse ba di Tlhokang
7. Jesu o ne a tlamela barutwa ba gagwe jang ka dilo tse ba di tlhokang?
7 Lorato lo bonala ka ditiro tse e seng tsa bogagapa. (1 Johane 3:17, 18) “Ga lo ipatlele melemo ya lone fela.” (1 Bakorintha 13:5) Lorato lo ne lwa tlhotlheletsa Jesu go tlamela barutwa ba gagwe ka dilo tse ba di tlhokang. Gantsi o ne a ba direla dilo le pele ga ba ka mo kopa tsone. Fa a ne a lemoga gore ba lapile, o ne a akantsha gore ba ye le ene “kwa thoko mo lefelong le le se nang batho mme [ba] ikhutse go sekae.” (Mareko 6:31) Fa a ne a lemoga gore ba tshwerwe ke tlala, o ne a tsaya kgato pele go ba fepa—bone le diketekete tse dingwe tsa batho ba ba neng ba tlile go mo reetsa fa a ruta.—Mathaio 14:19, 20; 15:35-37.
8, 9. (a) Ke eng se se bontshang gore Jesu o ne a tsaya tsia dilo tsa semoya tse barutwa ba gagwe ba di tlhokang le gore o ne a ba tlamela ka tsone? (b) Fa Jesu a le mo koteng, o ile a bontsha jang gore o amegile thata ka mmaagwe?
8 Jesu o ne a lemoga dilo tsa semoya tse barutwa ba gagwe ba di tlhokang mme o ne a ba tlamela ka tsone. (Mathaio 4:4; 5:3) Gantsi fa a ruta o ne a ba naya tlhokomelo e e kgethegileng. O ne a neela Thero ya kwa Thabeng segolobogolo e le gore barutwa ba gagwe ba solegelwe molemo. (Mathaio 5:1, 2, 13-16) Fa a ne a ruta ka ditshwantsho, o ne a tle a “tlhalosetse barutwa ba gagwe dilo tsotlhe kwa thoko.” (Mareko 4:34) Jesu o ne a tlhoma “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale” go tlhomamisa gore balatedi ba gagwe ba fepiwa sentle semoyeng morago ga gore a boele kwa legodimong. Setlhopha seno sa motlhanka, se se dirilweng ka bomorwarraagwe Jesu ba ba tloditsweng ba mo lefatsheng, se ntse se aba ‘dijo tsa semoya ka nako e e tshwanetseng’ ka boikanyegi fa e sa le go tloga mo lekgolong la ntlha la dingwaga C.E.—Mathaio 24:45.
9 Mo letsatsing le Jesu a neng a swa ka lone, o ne a bontsha ka tsela e e amang pelo gore o amega ka bomoya jwa baratiwa ba gagwe. Akanya ka seno se se neng sa direga. Jesu o ne a le mo koteng, a utlwa botlhoko jo bogolo. Gore a kgone go goga mowa, go bonala a ile a tshwanelwa ke go itsholeletsa kwa godimo ka go goga maoto. Ga go pelaelo gore seno se ne sa dira gore a utlwe botlhoko jo bogolo fa dimapo di ntse di gagola maoto a gagwe le kota e gotlhana le mokwatla wa gagwe o o setlakilweng. O tshwanetse a bo a ne a utlwa botlhoko jo bogolo fa a ntse a leka go laola tsela e a hemang ka yone fa a leka go bua. Le fa go ntse jalo, pele fela ga a swa, o ne a bua mafoko a a bontshang kafa a neng a rata mmaagwe e bong Marea thata ka teng. Fa a bona Marea le moaposetoloi Johane ba eme fa gaufi, o ne a raya mmaagwe jaana ka lentswe le le kwa godimo sentle mo le neng la utlwiwa ke batho ba ba fetang ka tsela: “Mosadi, bona! Morwao!” Go tswa foo a bo a raya Johane a re: “Bona! Mmago!” (Johane 19:26, 27) Jesu o ne a itse gore moaposetoloi yono yo o ikanyegang o ne a tla tlhokomela Marea e seng fela ka dilo tsa senama mme gape le ka dilo tsa semoya.b
10. Batsadi ba ka etsa Jesu jang fa ba ntse ba tlamela bana ba bone ka dilo tse ba di tlhokang?
10 Batsadi ba ba ratang bana ba bone ba bona go le molemo gore ba etse sekao sa ga Jesu. Rre yo ruri a ratang ba lelapa la gagwe o tla ba tlamela ka dilo tse ba di tlhokang. (1 Timotheo 5:8) Ditlhogo tsa malapa tse di dirang dilo ka tekatekano le ka lorato di dira gore gangwe le gape lelapa le ikhutse le go itapolosa. Selo se se botlhokwa le go feta ke gore, batsadi ba Bakeresete ba tlamela bana ba bone ka dilo tsa semoya. Jang? Batsadi ba ba ntseng jalo ba rulaganya gore lelapa le nne le thuto ya ka metlha ya Baebele, e bile ba leka go dira gore nako eno ya go ithuta e nne e e agang le e e itumedisang mo baneng. (Duteronome 6:6, 7) Ka lefoko le ka sekao, batsadi ba ruta bana ba bone gore bodiredi ke tiro ya botlhokwa le gore go baakanyetsa dipokano tsa Bokeresete le go nna gone kwa go tsone ke karolo ya botlhokwa ya thulaganyo ya bone ya ka metlha ya dilo tsa semoya.—Bahebera 10:24, 25.
Go Iketleeletsa go Itshwarela
11. Jesu o ne a ruta balatedi ba gagwe eng kaga go itshwarela?
11 Go itshwarela ke karolo ya lorato. (Bakolosa 3:13, 14) Temana ya 1 Bakorintha 13:5 ya re, lorato “ga lo nnele go gopola kutlwisobotlhoko.” Jesu o ne a dirisa makgetlo a le mmalwa go ruta balatedi ba gagwe botlhokwa jwa go itshwarela. O ne a ba kgothaletsa go itshwarela ba bangwe “e seng, Go fitlha go makgetlo a le supa, mme, Go fitlha go makgetlo a le masome a supa le bosupa”—ke go re, ka makgetlo a a sa lekanyediwang. (Mathaio 18:21, 22) O ile a ba ruta gore moleofi o tshwanetse go itshwarelwa fa a bontsha go ikwatlhaya morago ga gore a kgalemelwe. (Luke 17:3, 4) Le fa go ntse jalo, Jesu o ne a sa tshwane le Bafarasai ba baitimokanyi, ba ba neng ba ruta ka lefoko fela; ene o ne a ruta le ka sekao. (Mathaio 23:2-4) A re bone kafa Jesu a neng a bontsha go iketleeletsa go itshwarela ka teng tota le fa a ne a swabisitswe ke tsala e a neng a e ikanya.
12, 13. (a) Petere o ne a swabisa Jesu jang mo bosigong jo Jesu a neng a tshwarwa ka jone? (b) Tsela e Jesu a neng a dira dilo ka yone morago ga tsogo ya gagwe e bontsha jang gore o ne a sa rere fela ka molomo gore batho ba itshwarelane?
12 Jesu o ne a na le kamano ya botsala le moaposetoloi Petere, monna yo o pelontle yo ka dinako dingwe a neng a dira dilo ka go phamoga. Jesu o ile a lemoga dinonofo tse di molemo tse Petere a neng a na le tsone mme o ne a mo abela dikabelo tse di kgethegileng. Petere, a na le Jakobe le Johane, ba ne ba nna le tshono ya go bona dikgakgamatso dingwe tse baaposetoloi ba bangwe botlhe ba neng ba se ka ba di bona. (Mathaio 17:1, 2; Luke 8:49-55) Jaaka fa re boletse pelenyana, Petere e ne e le mongwe wa baaposetoloi ba ba neng ba ya le Jesu kwa karolong e e kwa tengnyana ya tshimo ya Gethesemane mo bosigong jo a neng a tshwarwa ka jone. Le fa go ntse jalo, mo go jone bosigo joo jo Jesu a neng a okwa le go tshwarwa ka jone, Petere le baaposetoloi ba bangwe ba ne ba tlogela Jesu mme ba tshaba. Moragonyana Petere o ne a nna pelokgale mme a ya go ema kwa ntle fa Jesu a ntse a sekisiwa mo tshekong e e seng kafa molaong. Mme moragonyana Petere o ne a boifa mme a dira phoso e e masisi—o ne a bua maaka gararo ka go latola gore o itse Jesu! (Mathaio 26:69-75) Jesu o ile a itshwara jang? Wena o ka bo o ile wa itshwara jang fa tsala ya gago e kgolo e ne e go swabisitse ka tsela eo?
13 Jesu o ne a iketleeleditse go itshwarela Petere. O ne a itse gore Petere o ne a utlwisitswe botlhoko thata ke boleo jwa gagwe. Tota e bile moaposetoloi yono yo o ikwatlhaileng o ne a “utlwa botlhoko thata mme a thubega ka selelo.” (Mareko 14:72) Mo letsatsing le Jesu a tsositsweng ka lone, o ne a bonala kwa go Petere, gongwe e le go mo gomotsa le go mo kgothatsa. (Luke 24:34; 1 Bakorintha 15:5) Go ne go ise go fete dikgwedi di le pedi morago ga moo, ke fa Jesu a tlotla Petere ka go mo letla gore a etelele pele mo tirong ya go neela bosupi fa pele ga boidiidi jwa batho kwa Jerusalema mo letsatsing la Pentekosete. (Ditiro 2:14-40) Se sengwe se re sa tshwanelang go se lebala ke gore, Jesu o ne a se ka a nna a kgotswetse baaposetoloi botlhe ba le setlhopha ka ntlha ya go mo phuaganya. Go na le moo, morago ga tsogo ya gagwe o ne a sa ntse a ba bitsa “bomorwarre.” (Mathaio 28:10) A seno ga se bosupi jo bo molemo jwa gore Jesu o ne a sa rute fela ka molomo gore batho ba itshwarelane?
14. Ke eng fa re tshwanetse go ithuta go itshwarela ba bangwe, mme re ka bontsha jang gore re iketleeleditse go itshwarela?
14 Rona barutwa ba ga Keresete re tshwanetse go ithuta go itshwarela batho ba bangwe. Ka ntlha yang? Ka gonne rona ga re a itekanela jaaka Jesu—fela jaaka batho ba ba ka re leofelang le bone ba sa itekanela. Gangwe le gape rotlhe re tla kgotšwa ka lefoko kgotsa ka ditiro. (Baroma 3:23; Jakobe 3:2) Fa re itshwarela ba bangwe fa go na le lebaka la go ba utlwela botlhoko, re a bo re dira gore le rona Modimo a re itshwarele maleo. (Mareko 11:25) Mme re ka bontsha jang gore re iketleeleditse go itshwarela batho ba ba re leofelang? Gantsi lorato lo re thusa go itlhokomolosa maleo le diphoso tse dinnye tsa batho ba bangwe. (1 Petere 4:8) Fa batho ba ba re diretseng phoso ba ikwatlhaya go tswa pelong, fela jaaka Petere, ruri re tla batla go etsa tsela e Jesu a neng a iketleeleditse go itshwarela ka yone. Go na le go boloka sekgopi, re tla tlhopha go itshwarela ba bangwe. (Baefeso 4:32) Ka go dira jalo, re dira gore go nne le kagiso mo phuthegong le gore rona ka borona re nne le kagiso.—1 Petere 3:11.
Go Bontsha go Ikanya ba Bangwe
15. Ke eng fa Jesu a ile a ikanya barutwa ba gagwe le mororo ba ne ba na le makoa?
15 Lorato lo tsamaisana le go ikanya batho ba bangwe. Lorato “lo dumela dilo tsotlhe.”c (1 Bakorintha 13:7) Ka go bo Jesu a ne a tlhotlhelediwa ke lorato, o ne a bontsha go iketleeletsa go itshwarela barutwa ba gagwe le mororo ba ne ba na le makoa a go sa itekanela. O ne a ba ikanya e bile a sa belaele gore ruri ba ne ba rata Jehofa go tswa pelong le gore ba ne ba batla go dira thato ya gagwe. Tota le fa ba ne ba dira diphoso, o ne a sa belaele maitlhomo a bone. Ka sekai, fa moaposetoloi Jakobe le Johane ba ne ba dira gore mmaabone a kope Jesu gore a ba beye go bapa le ene mo Bogosing jwa gagwe, Jesu o ne a se ka a belaela boikanyegi jwa bone kgotsa go ba tlogedisa tiro ya boaposetoloi.—Mathaio 20:20-28.
16, 17. Ke maikarabelo afe a Jesu a a abetseng barutwa ba gagwe?
16 Jesu o ile a bontsha go ikanya barutwa ba gagwe ka go ba abela maikarabelo a a farologaneng. Mo makgetlong a mabedi a o neng a oketsa dijo ka kgakgamatso ka one le go fepa boidiidi, o ne a abela barutwa ba gagwe maikarabelo a go aba dijo tseo. (Mathaio 14:19; 15:36) Fa a ne a baakanyetsa Tlolaganyo ya gagwe ya bofelo, o ne a abela Petere le Johane go ya kwa Jerusalema go baakanya dilo. Ba ne ba dira dithulaganyo tsa gore go nne le kwanyana, beine, senkgwe se se sa bedisiwang, merogo e e galakang le dilo tse dingwe tse di neng di tlhokega. Kabelo eno e ne e le kabelo e e masisi ka gonne Molao o ne o laela gore Tlolaganyo e ketekwe ka tsela e e tshwanetseng mme Jesu o ne a tshwanelwa ke go ikobela Molao oo. Kwantle ga moo, moragonyana mo bosigong joo Jesu o ne a dirisa beine le senkgwe se se sa bedisiwang go nna ditshwantshetso tsa botlhokwa fa a ne a simolola Segopotso sa loso lwa gagwe.—Mathaio 26:17-19; Luke 22:8, 13.
17 Jesu o ile a bona go tshwanela gore a abele barutwa ba gagwe maikarabelo a magolwane. Jaaka fa re boletse pelenyana, o ne a abela balatedi ba gagwe ba ba tloditsweng ba ba mo lefatsheng boikarabelo jo bo botlhokwa jwa go aba dijo tsa semoya. (Luke 12:42-44) Gape se lebale gore o ile a abela barutwa ba gagwe tiro e e botlhokwa ya go rera le go dira barutwa. (Mathaio 28:18-20) Tota le gone jaanong, le mororo Jesu a sa bonale e bile a busa a le kwa legodimong, o neile “dimpho tse e leng banna” ba a bonang ba tshwanelega boikarabelo jwa go tlhokomela phuthego ya gagwe ya mo lefatsheng.—Baefeso 4:8, 11, 12.
18-20. (a) Re ka bontsha jang gore re ikanya badumedi ka rona? (b) Re ka etsa jang tsela e Jesu a neng a iketleeleditse ka yone go abela ba bangwe gore ba mo thuse maikarabelo? (c) Go tla tlotlwa ka eng mo setlhogong se se latelang?
18 Re ka etsa sekao sa ga Jesu jang fa re dirisana le batho ba bangwe? Go ikanya badumedi ka rona ke tsela e re bontshang lorato lwa rona ka yone. A re se lebale gore lorato lo senka dinonofo tse di molemo mo go ba bangwe e seng diphoso. Fa ba bangwe ba re swabisa, e leng selo se re ka lebelelang gore se direge gangwe le gape, lorato lo tla re thibela go itlhaganelela go belaela maitlhomo a bone. (Mathaio 7:1, 2) Fa re ipoloka re na le maikutlo a a siameng ka badumedi ka rona, re tla ba tshwara ka tsela e e agang go na le go ba kgoba marapo.—1 Bathesalonika 5:11.
19 A re ka etsa sekao sa ga Jesu sa go iketleeletsa go kopa ba bangwe go re thusa ditiro tsa rona? Go a thusa fa ba ba nang le maikarabelo mo phuthegong ba abela ba bangwe maikarabelo a a tshwanelang e bile e le a a mosola, ba dira jalo ka go ba ikanya gore ba tla a dira ka bojotlhe jwa bone. Ka gone, bagolwane ba ba nang le maitemogelo ba ka abela makawana a a tshwanelegang le a a ‘kgaratlhelang’ go thusa phuthego, ba ba abela thapiso e e tlhokegang le e e mosola. (1 Timotheo 3:1; 2 Timotheo 2:2) Thapiso eno e botlhokwa. Fa Jehofa a ntse a tsweletse ka go akofisa tiro ya rona ya Bogosi go tla tlhokega gore banna ba ba tshwanelegang ba thapisiwe gore ba kgone go lepalepana le koketsego eno.—Isaia 60:22.
20 Jesu o re tlhometse sekao se se molemo sa go bontsha ba bangwe lorato. Mo ditseleng tsotlhe tse re ka mo etsang ka tsone, ya botlhokwa go di gaisa tsotlhe ke ya go etsa lorato lwa gagwe. Mo kgaolong e e latelang, re tla sekaseka tsela e kgolo go di gaisa tsotlhe e a re bontshitseng lorato ka yone—go iketleeletsa ga gagwe go ntsha botshelo jwa gagwe setlhabelo.
a Go otsela ga baaposetoloi go ne go sa bakwe fela ke go lapa. Pego e e tsamaisanang le eno ya Luke 22:45 ya re Jesu o ne “a ba fitlhela ba otsela ka ntlha ya khutsafalo.”
b Go bonala Marea e ne e le motlholagadi ka nako eo, mme go ka direga gore bana ba bangwe ba gagwe e ne e ise e nne barutwa ba ga Jesu.—Johane 7:5.
c Ke boammaaruri gore, seno ga se bolele gore lorato lo tsietsega motlhofo. Go na le moo, go bolela gore lorato ga lo nnele go tshwaya diphoso go sa tlhokege kgotsa go belaela. Lorato lo thibela motho go se itlhaganelele go belaela maitlhomo a ba bangwe kgotsa go dira ditshwetso tse di phoso ka bone.