KGAOLO 17
“Ga go Na Ope yo o Nang le Lorato lo Logolo go Feta Lono”
1-4. (a) Go direga eng fa Pilato a neela Jesu mo segopeng sa batho se se neng se kokoanetse kafa ntle ga ntlo ya gagwe ya segosi? (b) Jesu o itshwara jang fa a sotlwa le go bogisiwa, mme ke dipotso dife tse di botlhokwa tse re ipotsang tsone?
“BONANG! Monna!” Ka mafoko ao, Mmusi wa Roma e bong Ponto Pilato o neela Jesu Keresete mo segopeng sa batho ba ba galefileng ba ba kokoanetseng kafa ntle ga ntlo ya gagwe ya segosi mo mosong wa letsatsi la Tlolaganyo ya 33 C.E. (Johane 19:5) Malatsi a se kae pele ga moo, boidiidi jwa batho bo ne jwa tlotlomatsa Jesu fa a ne a tsena jaaka mofenyi mo Jerusalema e le Kgosi e e tlhomilweng ke Modimo. Le fa go ntse jalo, gompieno boidiidi joo jo bo galefileng ga bo tlhole bo mo leba jalo.
2 Jesu o apere seaparo se se bobududu jo bo mokgona se se tshwanang le se se aparwang ke magosi, e bile o rwele serwalo se e keteng sa segosi mo tlhogong. Le fa go ntse jalo, o apesitswe seaparo seo se se bipileng nama ya gagwe e e setlakakilweng e e dutlang madi le serwalo seo sa mmitlwa se se tlobeletsweng mo tlhogong ya gagwe e e elelang madi e le fela go sotla ka maemo ao a gagwe a segosi. Batho bao ba tlhotlhelediwa ke baperesiti ba bagolo gore ba gane go amogela monna yono yo o setlakakilweng yo o emeng fa pele ga bone. Baperesiti bao ba tlhaeletsa jaana: “Mmapole! Mmapole!” E re ka batho ba tletse maikutlo a polao mo dipelong tsa bone, ba tlhaeletsa jaana: “O tshwanetse go swa.”—Johane 19:1-7.
3 Ka seriti le ka bopelokgale, Jesu o itshokela go sotlwa le go bogisiwa jalo a sa ngongorege.a O ipaakanyeditse ka botlalo go lebana le loso. Moragonyana mo Letsatsing leo la Tlolaganyo, o ineelela go swa loso lo lo botlhoko mo koteng ya tlhokofatso.—Johane 19:17, 18, 30.
4 Ka go neela botshelo jwa gagwe, Jesu o ne a itshupa e le tsala ya boammaaruri mo balateding ba gagwe. O ile a re: “Ga go na ope yo o nang le lorato lo logolo go feta lono, gore motho a neele moya wa gagwe mo boemong jwa ditsala tsa gagwe.” (Johane 15:13) Seo se dira gore re ipotse dipotso tseno tse di botlhokwa. A ruri go ne go tlhokega gore Jesu a boge go le kalo a bo a swe? Ke eng fa a ne a iketleeleditse go dira jalo? Rona “ditsala tsa gagwe” le balatedi ba gagwe, re ka etsa sekao sa gagwe jang?
Ke Eng Fa go Ne go Tlhokega Gore Jesu a Boge A bo A Swe?
5. Jesu o ne a itse jang diteko tse di neng di tlile go mo diragalela?
5 E re ka Jesu e ne e le Mesia yo o solofeditsweng, o ne a itse se a tshwanetseng go se lebelela. O ne a itse dipolelelopele tse dintsi tse di mo Dikwalong tsa Sehebera tse di neng di bolelela pele ka botlalo ka go boga le go swa ga ga Mesia. (Isaia 53:3-7, 12; Daniele 9:26) O ne a bua makgetlo a le mmalwa le barutwa ba gagwe a ba baakanyetsa diteko tse a neng a tlile go lebana le tsone. (Mareko 8:31; 9:31) Fa a le mo tseleng ya go ya kwa Jerusalema go ya kwa Tlolaganyong ya gagwe ya bofelo, o ne a bua jaana ka tlhamalalo le baaposetoloi ba gagwe: “Morwa motho o tla neelwa baperesiti ba bagolo le bakwadi, mme ba tla mo atlholela loso ba bo ba mo neye batho ba ditšhaba, mme ba tla sotla ka ene ba bo ba mo kgwele mathe mme ba mo kgwathise ba bo ba mmolaye.” (Mareko 10:33, 34) Mafoko ano e ne e se mafoko fela a a se nang bokao. Jaaka fa re bone, ruri Jesu o ne a sotlwa, a kgwelwa mathe, a kgwathisiwa a bo a bolawa.
6. Ke eng fa go ile ga tlhokega gore Jesu a boge a bo a swe?
6 Mme gone, ke eng fa go ne go tlhokega gore Jesu a boge a bo a swe? E ne e le ka ntlha ya mabaka a se kae a botlhokwa. La ntlha, ka go tswelela a ikanyega, o ne a tla bo a bontsha go ikanya bolaodi jwa ga Jehofa le go bo ema nokeng. Se lebale gore Satane o ile a bua maaka a gore batho ba direla Modimo fela ka ntlha ya mabaka a bogagapa. (Jobe 2:1-5) Ka go nna a ikanyega “go fitlha losong . . . mo koteng ya tlhokofatso,” o ne a kgona go araba tatofatso ya maaka ya ga Satane ka karabo e e kgaolang kgang. (Bafilipi 2:8; Diane 27:11) La bobedi, go boga le go swa ga Mesia go ne go tla thusa gore go nne le tetlanyo ya maleo a batho ba bangwe. (Isaia 53:5, 10; Daniele 9:24) Jesu o ne a “ntsha moya wa gagwe e le thekololo gore a bone ba le bantsi,” a re bulela tsela ya gore re kgone go amogelwa ke Modimo. (Mathaio 20:28) La boraro, ka go itshokela mefuta yotlhe ya mathata le pogo, Jesu o ne a ‘lekwa ka ditsela tsotlhe jaaka rona.’ Ka gone, ke Moperesiti yo Mogolo yo o nang le kutlwelobotlhoko yo o kgonang go “re utlwela botlhoko ka makoa a rona.”—Bahebera 2:17, 18; 4:15.
Ke Eng fa Jesu A ne A Iketleeleditse go Ntsha Botshelo Jwa Gagwe?
7. Jesu o ne a latlhegelwa go le kana kang ka go tla mo lefatsheng?
7 Gore o tlhaloganye sentle se Jesu a neng a iketleeleditse go se dira, akanya ka seno: Ke mang yo o neng a ka dumela go tlogela lelapa le legae la gagwe a bo a fudugela kwa nageng e sele mme a ntse a itse gore batho ba koo ba ne ba tla fitlha ba mo sotla le go mmogisa le gore kgabagare o ne a tla bolawa? Jaanong akanya ka se Jesu a ileng a se dira. Pele ga a tla mo lefatsheng, o ne a na le maemo a a kgethegileng kwa legodimong go bapa le Rraagwe. Le fa go ntse jalo, o ne a iketleeletsa go tlogela legae la gagwe la kwa legodimong a bo a tla go tshela mo lefatsheng. O ne a fuduga jalo, a ntse a itse gore bontsi jwa batho ba ne ba tlile go mo gana le gore o ne a tlile go sotlwa setlhogo, go bogisiwa le go swa loso lo lo botlhoko. (Bafilipi 2:5-7) Ke eng se se neng sa tlhotlheletsa Jesu go intsha setlhabelo jalo?
8, 9. Ke eng se se neng sa tlhotlheletsa Jesu go intsha setlhabelo?
8 Mo godimo ga tseo tsotlhe, Jesu o ne a tlhotlhelediwa ke go rata Rraagwe ka lorato lo logolo. Boitshoko jwa ga Jesu e ne e le sesupo sa gore o rata Jehofa. Lorato loo lo ne lwa mo dira gore a amege thata ka leina la ga Rraagwe. (Mathaio 6:9; Johane 17:1-6, 26) Go feta dilo tse dingwe tsotlhe, o ne a batla go bona leina la ga Rraagwe le tlosiwa kgobo yotlhe e e ileng ya koelelwa mo go lone. Ka gone, Jesu o ne a go tsaya e le tshiamelo e kgolo go boga ka ntlha ya go dira tshiamo, ka gonne o ne a itse gore go ikanyega ga gagwe go ne go tla nna le seabe mo go itshepiseng leina le le molemo la ga Rraagwe.—1 Ditiragalo 29:13.
9 Go na le lebaka le lengwe gape le le neng la dira gore Jesu a ntshe botshelo jwa gagwe setlhabelo—go rata batho. Lorato lono lo a ratang batho ka lone lo sale lo nna teng kwa tshimologong ya hisitori ya batho. Lobaka lo loleele pele ga Jesu a tla mo lefatsheng, Baebele e senola gore o ile a ikutlwa jaana: “Dilo tse ke neng ke di rata di ne di na le bomorwa batho.” (Diane 8:30, 31) Lorato loo lo ne lwa bonala sentle fa a le mo lefatsheng. Jaaka fa re bone mo dikgaolong tse tharo tsa buka eno tse di tlileng pele ga eno, Jesu o ile a bontsha ka ditsela di le dintsi gore o rata batho ka kakaretso mme segolobogolo balatedi ba gagwe. Mme ka Nisane 14, 33 C.E., o ne a dumela go ntsha botshelo jwa gagwe setlhabelo mo boemong jwa rona. (Johane 10:11) Ruri go ne go se na tsela e kgolo go gaisa eno e a neng a ka re bontsha lorato ka yone. A re tshwanetse go mo etsa mo kgannyeng eno? Ee. Tota e bile re laelwa go dira jalo.
“Lo Ratane . . . Fela Jaaka ke lo Ratile”
10, 11. Taelo e ntšha e Jesu a e neileng balatedi ba gagwe ke efe, e akaretsa eng, mme ke eng fa go le botlhokwa gore re e ikobele?
10 Mo bosigong jwa pele ga Jesu a swa, o ne a raya barutwa ba gagwe a re: “Ke lo naya taelo e ntšha, ya gore lo ratane; fela jaaka ke lo ratile, gore le lona lo ratane. Botlhe ba tla itse gore lo barutwa ba me ka seno, fa lo ratana.” (Johane 13:34, 35) “Lo ratane”—ke eng fa taelo eno e le “taelo e ntšha”? Molao wa ga Moshe o ne o setse o na le taelo eno: “O rate mongwe ka wena [kgotsa moagelani] jaaka o ithata.” (Lefitiko 19:18) Le fa go ntse jalo taelo eo e ntšha e tlhoka motho go nna le lorato lo logolwane, lorato lo lo tla re tlhotlheletsang go ntsha botshelo jwa rona setlhabelo ka ntlha ya ba bangwe. Jesu ka boene o ne a tlhalosa seno sentle fa a ne a re: “Eno ke taelo ya me, gore lo ratane fela jaaka ke lo ratile. Ga go na ope yo o nang le lorato lo logolo go feta lono, gore motho a neele moya wa gagwe mo boemong jwa ditsala tsa gagwe.” (Johane 15:12, 13) Totatota taelo eno e ntšha ya re: “Rata ba bangwe, e seng jaaka fa o ithata, go na le moo, go feta kafa o ithatang ka teng.” Ruri Jesu o ne a bontsha lorato lo lo ntseng jalo ka botshelo le loso lwa gagwe.
11 Ke eng fa go le botlhokwa gore re ikobele taelo e ntšha? Se lebale gore Jesu o ile a re: “Botlhe ba tla itse gore lo barutwa ba me ka seno, fa lo ratana [ka lorato lwa go intsha setlhabelo].” Ee, lorato lwa go intsha setlhabelo lo re tlhalosa gore re Bakeresete ba boammaaruri. Re ka bapisa lorato lono le betšhe e e tlhalosang gore motho ke mang. Batho ba ba tlang kwa dikopanong tse dikgolo tsa ngwaga le ngwaga tsa Basupi ba ga Jehofa ba tsenya dibetšhe. Betšhe eno e tlhalosa motho yo o e tsentseng, e bontsha leina le phuthego ya gagwe. Lorato lwa go intsha setlhabelo lo re ratanang ka lone lo ntse jaaka betšhe e e tlhalosang Bakeresete ba boammaaruri. Ka mafoko a mangwe, lorato lo re ratanang ka lone lo tshwanetse go bonala sentle jaaka e kete ke sesupo kana betšhe e e bolelelang batho ba ba re lebileng gore ruri re balatedi ba boammaaruri ba ga Keresete. Go molemo gore mongwe le mongwe wa rona a ipotse go re, ‘A “betšhe” ya lorato lwa go intsha setlhabelo e a bonala mo botshelong jwa me?’
Lorato Lwa go Intsha Setlhabelo—Lo Akaretsa Eng?
12, 13. (a) Re tshwanetse go iketleeletsa go bontshana lorato go le kana kang? (b) Go intsha setlhabelo go kaya eng?
12 Rona balatedi ba ga Jesu re tshwanetse go ratana fela jaaka a re ratile. Seno se bolela gore re iketleeletse go intsha setlhabelo ka ntlha ya badumedi ka rona. Re tshwanetse go iketleeletsa go intsha setlhabelo go le kana kang? Baebele ya re: “Re simolotse go itse lorato ka seno, ka gonne yoo o ne a neela moya wa gagwe mo boemong jwa rona; mme re patelesega go neela meya ya rona mo boemong jwa bakaulengwe ba rona.” (1 Johane 3:16) Jaaka Jesu, re tshwanetse go iketleeletsa go swelana fa go tlhokega. Ka nako ya dipogiso, re ka mpa ra ntsha botshelo jwa rona setlhabelo go na le gore re senole bakaulengwe ba rona mme ka go dira jalo re tsenya botshelo jwa bone mo kotsing. Mo dinageng tse di kgaogantsweng ke dintwa tsa ditso kana tsa semorafe, re tla tsenya botshelo jwa rona mo kotsing go sireletsa bakaulengwe ba rona go sa kgathalesege gore ke ba lotso kana morafe ofe. Fa ditšhaba di lwa re ka mpa ra tsenngwa mo kgolegelong kgotsa le e leng go bolawa go na le gore re lwe le bakaulengwe ba rona mo ntweng eo—kgotsa le motho ope fela.—Johane 17:14, 16; 1 Johane 3:10-12.
13 Go iketleeletsa go swela bakaulengwe ba rona ga se yone fela tsela e re ka bontshang lorato lwa go intsha setlhabelo ka yone. Tota e bile, ga se ba le bantsi ba rona ba go tleng go tlhokege gore re intshe setlhabelo ka tsela e kgolo jalo. Le fa go ntse jalo, fa ruri re rata bakaulengwe ba rona mo re iketleeleditseng go ba swela, a ga re a tshwanela go iketleeletsa go intsha setlhabelo mo dilong tse dinnye, re tsaya matsapa a go ba thusa gone jaanong? Go intsha setlhabelo go bolela go itima dilo dingwe e le gore ba bangwe e nne bone ba ba solegelwang molemo. Re dira gore dilo tse ba di tlhokang e nne tsone di tlang pele ga tsa rona le fa go dira jalo go se motlhofo. (1 Bakorintha 10:24) Re ka bontsha lorato lwa go intsha setlhabelo ka ditsela dife?
Mo Phuthegong le mo Lelapeng
14. (a) Bagolwane ba tshwanelwa ke go intsha setlhabelo mo dilong dife? (b) O ikutlwa jang ka bagolwane ba ba dirang ka natla mo phuthegong ya lona?
14 Bagolwane ba phuthego ba intsha setlhabelo mo dilong di le dintsi gore ba kgone go ‘disa letsomane.’ (1 Petere 5:2, 3) Kwantle ga go tlhokomela malapa a bone, ba ka nna ba tshwanelwa ke go ipha nako maitseboa kgotsa ka mafelobeke go dira dilo tsa phuthego, go akaretsa le go baakanyetsa dipuo tsa dipokano, go dira maeto a bodisa le go sekaseka dikgang tsa boatlhodi. Bagolwane ba le bantsi ba intsha setlhabelo le mo dilong tse dingwe, ba dira ka natla kwa dikopanong tse dinnye le tse dikgolo le go nna maloko a Dikomiti Tsa Puisano le Dikokelo, Ditlhopha Tse di Etelang Balwetse le Dikomiti Tsa Kago Tsa Kgaolo. Bagolwane, le ka motlha lo se lebale gore ka go dira maikarabelo a lona ka go rata—lo dirisa nako ya lona, maatla a lona le dilo tse dingwe tsa lona go disa letsomane—lo a bo lo bontsha lorato lwa go intsha setlhabelo. (2 Bakorintha 12:15) Maiteko a bopelotshweu a lo a dirang a anaanelwa e seng fela ke Jehofa mme le ke phuthego e lo e disitseng.—Bafilipi 2:29; Bahebera 6:10.
15. (a) Dilo dingwe tse basadi ba bagolwane ba intshang setlhabelo mo go tsone ke dife? (b) O ikutlwa jang ka basadi ba ba abelang phuthego ya lona nako e ba ka bong ba e fetsa ba na le banna ba bone?
15 Mme go tweng ka basadi ba bagolwane—a basadi bano ba ba emang banna ba bone nokeng le bone ga ba intshe setlhabelo e le gore banna ba bone ba ka tlhokomela letsomane? Ruri mosadi o intsha setlhabelo fa monna wa gagwe a tshwanelwa ke go dirisa nako e a ka bong a e fetsa le lelapa la gagwe mme jaanong a e dirisetsa dilo tsa phuthego. Akanya le ka basadi ba balebedi ba ba etang le kafa ba intshang setlhabelo ka teng ka go tsamaya le banna ba bone go tswa mo phuthegong e nngwe go ya kwa go e nngwe le go tswa potologong e nngwe go ya kwa go e nngwe. Ba itima go nna le legae la bone mme gongwe ba tshwanelwa ke go itshokela go robala mo bolaong jo ba sa bo tlwaelang beke nngwe le nngwe. Basadi ba ba iketleeletsang go dira gore dilo tsa phuthego e nne tsone di tlang pele ga tsa bone ba tshwanelwa ke go akgolelwa lorato lwa bone lo logolo lwa go intsha setlhabelo.—Bafilipi 2:3, 4.
16. Batsadi ba Bakeresete ba intsha setlhabelo mo dilong dife ka ntlha ya bana ba bone?
16 Re ka bontsha jang lorato lwa go intsha setlhabelo mo lelapeng? Batsadi, lo intsha setlhabelo mo dilong di le dintsi gore lo tlamele bana ba lona le go ba godisetsa “mo kotlhaong le mo taolong ya mogopolo ya ga Jehofa.” (Baefeso 6:4) Lo ka nna lwa tshwanelwa ke go bereka diura tse dintsi kwa ditirong tse di lapisang e le fela gore lo kgone go tlamela bana ba lona ka dijo, diaparo le bonno. Lo ka mpa lwa itima dilo dingwe lona ka bolona go na le gore bana ba lona ba tlhoke dilo tsa botlhokwa mo botshelong. Gape lo dira maiteko a magolo go ithuta le bana ba lona, go ya le bone kwa dipokanong tsa Bokeresete, le go dira le bone mo bodireding jwa tshimo. (Duteronome 6:6, 7) Lorato lwa lona lwa go intsha setlhabelo lo itumedisa Mosimolodi wa lelapa e bile lo ka thusa bana ba lona go bona botshelo jo bo sa khutleng.—Diane 22:6; Baefeso 3:14, 15.
17. Banna ba Bakeresete ba ka etsa jang boikutlo jwa ga Jesu jwa bopelotshweu?
17 Banna, lo ka etsa Jesu jang ka go bontsha lorato lwa go intsha setlhabelo? Baebele e araba jaana: “Banna, tswelelang lo rate basadi ba lona, fela jaaka Keresete le ene a ne a rata phuthego a ba a ineela ka ntlha ya yone.” (Baefeso 5:25) Jaaka fa re bone, Jesu o ne a rata balatedi ba gagwe thata jaana mo a neng a ba swela. Monna wa Mokeresete o etsa boikutlo jwa bopelotshweu jwa ga Jesu, yo o neng “a se ka a iitumedisa.” (Baroma 15:3) Monna yo o ntseng jalo o iketleeletsa go dira gore dilo tse mosadi wa gagwe a di tlhokang e nne tsone di tlang pele ga tsa gagwe. Ga a gagamalele gore ka metlha dilo di dirwe ka tsela e ene a batlang ka yone, go na le moo o iketleeletsa go ineela fa kgang e sa thulane le Dikwalo. Monna yo o bontshang lorato lwa go intsha setlhabelo o amogelwa ke Jehofa mme o tla gapa lorato le tlotlo ya mosadi wa gagwe le bana.
O Tla Dira Eng?
18. Ke eng se se re tlhotlheletsang go latela taelo e ntšha ya gore re ratane?
18 Go ikobela taelo e ntšha ya gore re ratane ga se selo se se motlhofo, mme gone re na le lebaka le le nonofileng la go dira jalo. Paulo o ile a re: “Lorato lo Keresete a nang le lone lo a re patelela, ka gonne seno ke se re se sweditseng, gore motho a le mongwe o ne a swela botlhe . . . , mme o ne a swela botlhe gore ba ba tshelang ba tle ba se ka ba tlhola ba itshelela, mme ba tshelele ene yo o neng a ba swela a ba a tsosiwa.” (2 Bakorintha 5:14, 15) E re ka Jesu a re swetse, a ga re a tshwanela go ikutlwa re patelesega go mo tshelela? Re ka dira jalo ka go latela sekao sa gagwe sa go nna le lorato lwa go intsha setlhabelo.
19, 20. Jehofa o re abetse mpho efe e e tlhwatlhwakgolo, mme re ka bontsha jang gore re a e amogela?
19 Jesu o ne a sa feteletse dilo fa a ne a re: “Ga go na ope yo o nang le lorato lo logolo go feta lono, gore motho a neele moya wa gagwe mo boemong jwa ditsala tsa gagwe.” (Johane 15:13) Go iketleeletsa ga gagwe go re ntshetsa botshelo jwa gagwe setlhabelo e ne e le tsela e kgolo go di gaisa tsotlhe ya go re bontsha lorato. Le fa go ntse jalo, go na le mongwe yo o ileng a re bontsha lorato le e leng go feta. Jesu o ile a tlhalosa jaana: “Modimo o ratile lefatshe mo go kalo mo a bileng a ntsha Morwawe yo o tsetsweng a le esi, gore mongwe le mongwe yo o dumelang mo go ene a se ka a senngwa mme a nne le botshelo jo bo sa khutleng.” (Johane 3:16) Modimo o re rata thata jaana mo a ileng a ntsha Morwawe go nna setlhabelo, a dira gore go kgonege gore re namolwe mo boleong le mo losong. (Baefeso 1:7) Setlhabelo ke mpho e e tlhwatlhwakgolo e re e neilweng ke Jehofa. Le fa go ntse jalo, ga a re pateletse go e amogela.
20 Go tswa mo go rona gore a re tla amogela mpho eno e Jehofa a re abelang yone. Jang? Ka go ‘dumela’ mo go Morwawe. Le fa go ntse jalo, tumelo ga e bontshiwe fela ka mafoko. Re e bontsha ka ditiro, ka tsela e re tshelang ka yone. (Jakobe 2:26) Re bontsha tumelo ya rona mo go Jesu Keresete ka go mo latela letsatsi le letsatsi. Ka go dira jalo re tla bona masego a magolo gone jaanong le mo isagweng, jaaka fa kgaolo ya bofelo ya buka eno e tlile go bontsha.
a Gabedi mo letsatsing leo Jesu o ne a kgwelwa mathe, sa ntlha ke baeteledipele ba Bajuda mme morago ga moo ke masole a Roma. (Mathaio 26:59-68; 27:27-30) Tota le tsela eno e e setlhogo e a tshwarwang ka yone, o e itshokela kwantle ga go ngongorega, a diragatsa mafoko ano a boporofeti: “Ga ke a ka ka fitlha sefatlhego sa me mo dilong tse di tlhabisang ditlhong le mo go kgwelweng mathe.”—Isaia 50:6.