Buka ya Bibela ya bo 59—Yakobe
Mokwadi: Jakobe
Lefelo Leo E Kwaletsweng kwa go Lone: Jerusalema
Go Wediwa ga go E Kwala: Pele ga 62 C.E.
1. Ke eng se se dirang gore go belaelwe gore Jakobe o kwadile buka e e bidiwang Yakobe?
“OA TSÈNWA.” Balosika lwa ga Jesu ba ne ba akanya jalo ka ene. Mo bodiheding jwa gagwe jwa mo lefatsheng, “bomonnawè ba ne ba sa dumele mo go èna,” ebile Jakobe, mmogo le Josefa, Simone, le Judase ba ne ba sa balelwe mo balateding ba pele ba ga Jesu. (Mar. 3:21; Yoh. 7:5; Math. 13:55) Mme ke ka mabaka afe he go ka bolelwang gore Jakobe morwarraagwe Jesu ka mmè o kwadile buka ya Bibela e e bidiwang Yakobe?
2. Ke mabaka afe a a supang gore morwarraagwe Jesu ka mmè ke ene a kwadileng Yakobe?
2 Pego e bolela gore Jesu o ne a itlhagisa mo go Jakobe fa a sena go tsosiwa mo baswing, mme ga go belaetse gore seno se ne sa mo tlhatswa pelo tota gore Jesu e ne e le Mesia. (1 Bakor. 15:7) Ditihō 1:12-14 e bolela gore le pele ga Pentekosete, Maria le bomorwarraagwe Jesu ba ne ba kopanela le baaposetoloi kwa kamoreng e e kwa godimo kwa Jerusalema go rapela. Mme a lokwalo lono ga lo a kwalwa ke moaposetoloi yo a neng a bidiwa Jakobe? Nnyaa, gonne mokwadi o ipolela gore ke mang kwa tshimologong fela, eseng jaaka moaposetoloi, mme a re ke ‘motlhanka wa Morena Jesu Keresete.’ Mo godimo ga moo, mafoko a a simololang a ga Jude, a a tshwanang fela le a ga Jakobe, a umaka Jude (kana Judase) le ene jaaka “motlhanka oa ga Yesu Keresete, le monna Yakobe.” (Yak. 1:1; Yude 1) Re ka kgona go konela go tswa mo go seno kwantle ga poifo gore Jakobe le Jude, bomorwarraagwe Jesu ka mmè, ba ne ba kwala dibuka tsa Bibela tse di bidiwang ka maina a bone.
3. Ke ditshwanelego dife tseo di neng tsa dira gore Jakobe a kgone go kwala lokwalo loo?
3 Jakobe o ne a tshwanela tota go kwalela phuthego ya Bokeresete lokwalo lo lo ba gakololang. O ne a tlotliwa thata jaaka molebedi mo phuthegong ya Jerusalema. Paulo o bua ka “Yakobe monna Morèna” a re ke mongwe wa “maotwana” mo phuthegong, ene mmogo le Kefase le Johane. (Bagal. 1:19; 2:9) Lefoko le Petere a neng a le romela kwa go “Jakobe le bakaulengwe” ka bonako fela fa a sena go gololwa mo kgolegelong le supa gore Jakobe o ne a tseelwa kwa godimo. Mme a Jakobe ga se ene a neng a dira jaaka mmueledi wa “baaposetoloi le bagolwane” fa Paulo le Barenabase ba ne ba ile kwa Jerusalema go ya go kopa gore go dirwe tshwetso mabapi le go rupa? Mme ebile tshwetso eno le lokwalo lwa ga Jakobe tsotlhe di simolola ka mokgwa o o tshwanang, “Dumèlañ”!—sengwe gape se se bontshang gore di kwadilwe ke mokwadi a le mongwe.—Dit. 12:17,NW; 15:13, 22, 23; Yak. 1:1.
4. Ke eng se se supang gore lokwalo lwa Yakobe lo ne lwa kwalwa ka bonako fela pele ga 62 C.E.?
4 Raditiragalo Josephus o re bolelela gore Moperesiti yo Mogolo Ananase (Ananiase), yo e neng e le Mosadukai, ke ene a neng a dira gore Jakobe a bolawe ka go kgobotlediwa ka maje. Seno se ne sa diragala morago ga loso lwa mmusi wa Moroma Feseto, mo e ka nnang ka 62 C.E., le pele ga fa motlhatlhami wa gagwe Albinus a simolola tiro eo.a Mme Jakobe o ne a kwala lokwalo lono lwa gagwe leng? Jakobe o ne a kwala lokwalo lono a le kwa Jerusalema a le lebisa go “dichaba tse di shomè le mecō e mebedi tse e leñ tsa Phaladi,” totatota, a raya “(ba ba) faladitsweng.” (Yak. 1:1, ntlhanyana e e kwa tlase go NW) Go ne go tla tsaya nako gore Bokeresete bo aname morago ga go tshololwa ga moya o o boitshepo ka 33 C.E., mme go ne go tla tsaya nako gape gore maemo a a tshosang a a mo lokwalong lono a simolole go bonala. Mo godimo ga moo, lokwalo lono lo supa gore Bakeresete e ne e sa tlhole e le ditlhophanyana fela tse dinnye mme ba ne ba rulagantswe ka diphuthego tse di nang le “bagolwane” bao ba neng ba ka rapelela le go tshegetsa ba ba bokoa. Mo godimo ga moo, go ne go setse go fetile lobakanyana mo ba neng ba ka tsenwa ke moya wa go se nne podimatseba mmogo le go dira dilo jaaka seomodiro fela. (2:1-4; 4:1-3; 5:14; 1:26, 27) Ka gone, Jakobe a ka tswa a kwadile lokwalo lwa gagwe ka letlha le le kwa moragonyana, gongwe pele fela ga 62 C.E., fa e le gore pego ya ga Josephus kaga ditiragalo tse di neng tsa diragala pele le morago ga loso lwa ga Feseto le fa e le gore metswedi e e bolelang fa Feseto a sule mo e ka nnang ka 62 C.E. e le boammaaruri.
5. Ke eng se se supang gore Yakobe e boammaaruri?
5 Mekwalo ya Vatican No. 1209, wa Sinai, le wa Alexandria e supa fa Yakobe e le karolo ya Dikwalo, ka e le gone mo memenong eno. E akareditswe mo mananeng a a ka nnang lesome a pele ga Lekgotla la Carthage ya 397 C.E.b Bakwadi ba pele ba e tsopola thata. Go dumalana ga yone thata le Dikwalo tse dingwe tse di tlhotlheleditsweng go bonala sentle mo dikwalong tsa ga Jakobe.
6. (a) Jakobe o ne a tlhotlhelediwa ke maemo afe gore a kwale lokwalo lwa gagwe? (b) Go na le go mo ganetsa, Jakobe o tlatsa mabaka a Paulo a a tlhalosang kaga tumelo jang?
6 Ke ka ntlhayang fa Jakobe a ne a kwala lokwalo lono? Lokwalo lono fa lo sekasekiwa ka kelotlhoko le supa gore maemo a a neng a le gone a ne a dira gore bakaulengwe ba nne le mathata mo gare ga bone. Ditekanyetso tsa Bokeresete di ne di isiwa kwa tlase, ee, le eleng go itlhokomolosiwa, mo bangwe ba neng ba fetogile diaka tsa semoya ka ntlha ya go tsalana le lefatshe. Batho bangwe ba ba ileng ba gakalela gore ba supe dipolelo dingwe jaaka tse di ikganetsang, ba ne ba bolela gore lokwalo lwa ga Jakobe lo lo neng lo kgothaletsa gore batho ba supe tumelo ka ditiro lo ne lo dira gore makwalo a ga Paulo a a neng a bolela gore poloko e tla ka tumelo eseng ka ditiro jaanong a se ka a nna le mosola. Lefa go ntse jalo, ditemana tse di dikologileng di bontsha gore Jakobe o bua ka tumelo e e tshegediwang ke ditiro, eseng ka mafoko fela, fa Paulo ene a bua ka phepafalo fela ka ditiro tsa Molao. Jakobe totatota o tlatsa mabaka a ga Paulo, a tswelela go ya kwa pele ka go tlhalosa kafa tumelo e ka bontshiwang ka gone. Kgakololo ya ga Jakobe e dira tota mo go rarabololeng mathata a Mokeresete a botshelo jwa malatsi otlhe.
7. Jakobe o etsa mokgwa wa ga Jesu wa go ruta jang, mme seno se mosola jang?
7 Ditshwantsho tsa dilo tse di diragalang mo botshelong jo batho ba bo tlwaetseng, go akaretsa le diphologolo, mekoro, masimo, le dijalo, di tshegetsa mabaka a ga Jakobe kaga tumelo, bopelotelele, le boitshoko fela thata. Go dirisiwa gono ga tsela e e atlegang ya go ruta ya ga Jesu go nonotsha kgakololo ya gagwe tota. Lokwalo lono lo kgona go gatelela mo mothong gore Jakobe o ne a kgatlhegela thata dilo tse di tlhotlheletsang batho.
SEO SE LENG MO GO YAKOBE
8. Go itshoka ka bopelotelele go tla felela ka eng, mme go eletsa bosula go tla felela ka eng?
8 Go itshoka ka bopelotelele jaaka “badihi ba lehoko” (1:1-27). Jakobe o simolola ka mafoko a a kgothatsang ano: “Ba ga echo, lo kaeè ha e le boitumèlō hèla, mogañ lo wèlañ mo ditekoñ di le dintsi.” Ba ne ba tla dirwa boitekanelo fa ba ne ba ka itshoka ka bopelotelele. Fa motho a sena botlhale o tshwanetse go nna a bo kopa mo Modimong, eseng ka go belaela, jaaka lekhubu le le akgaakgiwang ke phefo mo lewatleng, mme ka tumelo. Ba ba boikobo ba tla golediwa, mme bahumi ba tla nyelela jaaka sethunya fa se swaba. Go itumela monna yo o itshokelang teko, ka go bo o tla bona “serwalō sa botshelō, se Morèna o se sholoheditseñ ba ba mo ratañ.” Modimo ga o leke motho ka dilo tse di bosula gore a we. Keletso e e bosula ya motho fa e setse e godile e tsala boleo, mme jone bo lere loso.—1:2, 12, 22.
9. Go nna ‘badiri ba lefoko’ go kopanyeletsa eng, mme Modimo o amogela mofuta ofe wa kobamelo?
9 Dineo tsotlhe tse di molemo di tswa kae? Kwa go “Rra masedi” yo a se kang a fetoga. “O re tsetse,” Jakobe o bua jalo, “kaha go rateñ ga gagwè ka lehoko ya boamarure, gore re nnè ekete re mabucwa pele a dibopiwa tsa gagwè.” Ka gone, Bakeresete ba tshwanetse go nna bonako go utlwa, bonya go bua, bonya go galefa, mme ba tshwanetse go tlosa bomaswe jotlhe le boitsholo jotlhe jo bo maswe mme ba amogele go jalwa ga lefoko la poloko. “Lo nnè badihi ba lehoko, e señ bautlwi hèla.” Gonne yo o itebang mo molaong wa sekaseipone wa kgololesego mme a ganelela mo go one “o tla segōhala mo go diheñ ga gagwè.” Kobamelo ya motho yo o sa diseng loleme lwa gagwe ga e na mosola ope, mme “tumèlō e e itshekileñ, e e sa leshwèhalañ ha pele ga Modimo le Rra echo, ke e, go lekola masièla le basadi ba ba batlhōlagadi mo pitlaganoñ ea bōnè, le motho go ikilèla gore a se mathwe gopè ke lehatshe.”—1:17, 18, 22, 25, 27.
10. (a) Ke tsela efe ya go tlhaola batho e e sa tshwanelang? (b) Ditiro le tumelo di amana jang?
10 Tumelo e dirwa boitekanelo ke ditiro tse di siameng (2:1-26). Bakaulengwe ba a tlhaola, ba tsalana thata le ba ba humileng go na le bahumanegi. Mme ka boammaaruri “Modimo a ga oa itlhaolèla ba e leñ bahumanegi kaga lehatshe yeno, gore ba nnè bahumi mo tumeloñ, le barui ba bogosi”? A bahumi ga ba gatelele? Bakaulengwe ba tshwanetse go dira go ya ka molao ono o o kwa godimo, “U ratè moñwe ka wèna yaka u ithata,” mme ba se ka ba tsaya ba bangwe jaaka ba ba botoka mo go ba bangwe. A ba ithute go nna boutlwelobotlhoko, ka gonne go ya ka Molao, yo o tlolang molao o le mongwe o e tlotse yotlhe. Tumelo fa e sena ditiro ga se sepe, fela jaaka go raya mokaulengwe kana kgaitsadi yo o tlhokang o re “tsamaeañ sentlè, lo thuthahalè, lo kgorè” mme o sa ba neye sepe. A tumelo e ka supiwa kwantle ga ditiro? A tumelo ya ga Aberahame ga e a siamisiwa ka ditiro tsa gagwe fa a ne a isa Isake setlhabelo mo sebesong? Ka mo go tshwanang, Rahabe wa seaka o ne a “siamisiwa ka ditihō.” Ka jalo tumelo fa e sena ditiro e sule.—2:5, 8, 16, 19, 25.
11. (a) Jakobe o dirisa setshwantsho sefe go tlhagisa kaga loleme? (b) Botlhale le tlhaloganyo di tshwanetse go supiwa jang?
11 Go laola loleme gore lo rute botlhale (3:1-18). Bakaulengwe ba tshwanetse go itlhokomela gore ba se ka ba nna barutisi, gore ba se ka ba amogela kotlhao e e bokete. Mongwe le mongwe o kgotšwa gantsi. Fela jaaka mmele wa pitse o laolwa ka ditomo le seketswana se laolwa ka selaolasekepe se sennye, ka jalo le yone tokololo e nnye eo, loleme, lo maatla tota. Lo jaaka molelo o o ka tshubang sekgwa se segolo! Diphologolo tse di tlhaga di kgonwa go kgwabofadiwa bonolo go na le loleme. Batho ba baka Jehofa ka lone, lefa go le jalo ba kgala batho ba bangwe ka lone. Seno ga se a tshwanela. A motswedi o ka ntsha metsi a a botlhoko le a a monate? A setlhare sa feige se ka ungwa motlhware? mofine, difeige? a metsi a a letswai a ka fetoga a a monate? Jakobe o botsa jaana: “E mañ eo o botlhale le tlhaloganyō mo go lona?” A supe ditiro tsa gagwe ka bonolo mme a tile dikgogakgogano, go ikgantsha ga bophologolo kgatlhanong le boammaaruri. Ka go bo “botlhale yo bo cwañ kwa godimo bo simologa bo le boitshèkō, hoñ bo nne kagishō, bo bonōlō, bo rapèlèsège ka boheho, bo tletse kutlwèlō botlhoko, le mauñō a a molemō, bo sena kakabalō, bo sena boitimokanyō.”—3:13, 17.
12. (a) Ke maemo afe a a phoso a a leng gone mo phuthegong, mme a bakiwa ke eng? (b) Ke boikutlo bofe jo bo tshwanetseng go tilwa mme ke nonofo efe e motho a tshwanetseng go e tlhagolela gore a amogelwe ke Jehofa?
12 Tilang menate ya nama, go tsalana le lefatshe (4:1-17). “Ana dintwa di cwa kae . . . mo go lona?” Jakobe o araba potso eno ya gagwe jaana: “A ga di cwe mo, eboñ mo dikgatlhegoñ”! Bangwe ba na le maikaelelo a a phoso. Bao ba tla nnang ditsala tsa lefatshe ke “diaka,” mme e nna baba ba Modimo. Ka gone, o kgothatsa jaana: “Tlhabanañ le diabolo, me o tla lo tshaba. Atamèlañ Modimoñ, me o tla lo atamèla.” Jehofa o tla goletsa ba ba boikokobetso. Ka jalo bakaulengwe ba tshwanetse go tlogela go atlhola ba bangwe. Mme ereka go se ope yo a ka tlhomamisegang gore botshelo jwa gagwe jwa letsatsi le le latelang bo tla nna jang, ba tshwanetse go re: “Ha Morèna a rata re tla tshela, re ba re diha se kgotsa sele.” Boikgogomoso bo bosula tota, mme o dira boleo fa o itse selo se se siameng mme o sa se dire.—4:1, 4, 7, 8, 15.
13. (a) Ke ka ntlhayang fa go twe bahumi ba a latlhega? (b) Jakobe o bontsha jang botlhokwa jwa go nna pelotelele le boitshoko, mme seo se felela ka eng?
13 Go itumela bao ba tla itshokang mo tshiamong! (5:1-20). ‘Lona bahumi lo lele, lo bokolele!’ Jakobe o bua jalo. ‘Morodu wa khumo ya lona o tla supa kgatlhanong le lona. Morena wa masomosomo o utlwile selelo sa ba ba robileng mabele a lona ba lo ba tsieditseng. Lo ntse lo tshela ka letlepu le ka monate, mme lo bolaile mosiami.’ Lefa go ntse jalo, ereka go nna gone ga Morena go setse go le gaufi, bakaulengwe ba tshwanetse go nna pelotelele, jaaka molemi yo o emetseng thobo ya gagwe, mme ba tlhokomele dikao tsa baperofeti, “ba ba kileñ ba bua mo ineñ ya Morèna.” Go itumela ba ba ileng ba itshoka! Bakaulengwe ba tshwanetse go gakologelwa boitshoko jwa ga Jobe le seo Jehofa a neng a se mo direla, “yaka Morèna a tletse bopelotlhomogi, me a le boutlwèlō botlhoko.”—5:1-6, 10, 11.
14. Ke kgakololo efe e e konelang e e neelwang kaga go ipolela boleo le thapelo?
14 A ba tlogele go tlhola ba dira ikano. Go na le moo, a “E ea lona e nnè E,” le “Nya ea lona e nnè Nya.” Ba tshwanetse go ipolela maleo a bone phatlalatsa mme ba rapelelane. Jaaka dithapelo tsa ga Elija di supa gore “mokokotlèlō oa mosiami o thusa thata.” Fa mongwe a tlogetse boammaaruri ka go tsiediwa, yoo a mo sokololang o “tla golola mōea mo loshuñ, me a ba a bipa bontsi yoa dibe.”—5:12, 16, 20.
LEBAKA LA GO BO E LE MOSOLA
15. Jakobe o dirisa Dikwalo tsa Sehebera jang? Tshwantsha.
15 Lemororo Jakobe a umaka leina la ga Jesu gabedi fela (1:1; 2:1), o dirisa dithuto tsa Mong yono thata, jaaka re bona seno fa re bapisa lokwalo lono lwa ga Jakobe ka kelotlhoko le Thuto ya kwa Thabeng. Ka nako e e tshwanang, leina la ga Jehofa le tlhaga ka makgetlo a le 13 (New World Translation), mme go gatelelwa gore o tla duela Bakeresete ba ba bolokang tumelo ka ditsholofetso tsa gagwe. (4:10; 5:11) Jakobe o dirisa Dikwalo tsa Sehebera kgapetsakgapetsa a tshwantsha ka tsone a bo a di tsopola gore a ntshe kgakololo e e nang le mosola. O supa kwa di tswang gone ka mafoko a a reng: “kaha lokwaloñ,” “lokwalō loa dihahala,” le ‘lokwalo lo a bua,’ mme o tswelela go supa kafa dikwalo tseno di ka dirisiwang ka gone mo botshelong jwa Bokeresete. (2:8, 23; 4:5) Fa a naya kgakololo ka tlhamalalo le fa a tiisa tumelo mo Lefokong la Modimo jaaka e le selo se le sengwe se se dumalanang, Jakobe o umaka sentle ditiro tsa ga Aberahame tsa tumelo, tumelo e Rahabe a neng a e supa ka ditiro, le go itshoka ka boikanyegi ga ga Jobe, le go ikanya thapelo ga ga Elija.—Yak. 2:21-25; 5:11, 17, 18; Gen. 22:9-12; Yosh. 2:1-21; Yobe 1:20-22; 42:10; 1 Dikg. 17:1; 18:41-45.
16. Jakobe o fa kgakololo efe le tlhagiso efe, mme botlhale jo bo ntseng jalo jo bo mosola bo ka bonwa kae?
16 Kgakololo ya ga Jakobe ya go nna badiri ba lefoko eseng bautlwi fela, go nna re supa tumelo ka ditiro tse di siameng, go ipela re itshokile fa re lekwa ka ditsela tse di farologaneng, go nna re kopa Modimo gore o re neye botlhale, go mo atamela ka metlha ka thapelo, le go dira go ya ka molao o mogolo ono o o reng: “U ratè moñwe ka wèna yaka u ithata,” e botlhokwa eleruri. (Yak. 1:22; 2:24; 1:2, 5; 4:8; 5:13-18; 2:8) Ditlhagiso tsa gagwe kgatlhanong le dithuto tse di phoso, go sa diriseng loleme sentle go go ka gobatsang, go tlhaola batho ka maemo mo phuthegong, go eletsa menate ya nama, le go ikanya mahumo a a senyegang di nonofile tota. (3:1, 8; 2:4; 4:3; 5:1, 5) Jakobe o bontsha ka phepafalo fela gore go nna tsala ya lefatshe go tshwana fela le go dira boaka jwa semoya le go nna mmaba wa Modimo, mme o tlhalosa seo se kaiwang ke mofuta wa kobamelo e e phepa mo Modimong jaana: “Go lekola masièla le basadi ba ba batlhōlagadi mo pitlaganoñ ea bōnè, le motho go ikilèla gore a se mathwe gopè ke lehatshe.” (4:4; 1:27) Kgakololo eno yotlhe, e e dirang ebile e ka kgona go tlhaloganngwa bonolo, ke sengwe seo se ka lebelelwang mo ‘leotwaneng’ leno la phuthego ya pele ya Bokeresete. (Bagal. 2:9) Molaetsa wa lone o o itsegeng thata o tswelela go nna mosupatsela mo Bakereseteng mo dinakong tse di sa iketlang tseno tsa rona, ka go bo ke “botlhale yo bo cwañ kwa godimo,” joo bo ungwang “louñō loa tshiamō.”—3:17, 18.
17. Ke lebaka lefe le le nonofileng le le newang mabapi le go itshokela go dira ditiro tsa boikanyegi?
17 Jakobe o ne a batla tota go thusa bakaulengwe ba gagwe gore ba fitlhelele mokgele wa bone wa go bona botshelo mo Bogosing jwa Modimo. Ka jalo o ba kgothatsa jaana: “Le lona lo nnè pelotelele; lo itiisè dipelo: gonne go tla ga Morèna go gauhi.” Ba tla itumela fa ba ka tswelela ba itshokela diteko ka gonne fa Modimo o ba amogela go raya gore ba tla amogela “serwalō sa botshelō, se Morèna o se sholoheditseñ ba ba mo ratañ.” (5:8; 1:12) Ka gone tsholofetso ya Modimo ya serwalo sa botshelo—e le ya botshelo jwa bosasweng kwa legodimong kana botshelo jo bosakhutleng mo lefatsheng—e gatelelwa jaaka lebaka le le nonofileng tota la go itshoka o dira ka boikanyegi. Eleruri lokwalo lo lo molemo lono lo tla kgothaletsa botlhe go gagamalela mokgele wa botshelo jo bosakhutleng kwa legodimong kana mo lefatsheng je lesha la ga Jehofa koo go tla bong go busa Losika lwa Bogosi, Morena wa rona Jesu Keresete.—2:5.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Jewish Antiquities, XX, 197-200 (ix, 1); Webster’s New Biographical Dictionary, 1983, tsebe 350.
b Bona tšhate, tsebe 303.