Dingwaga di le Sekete Tsa Kagiso—Le Morago ga Tsone!
“Gore Modimo a nne dilo tsotlhe mo go mongwe le mongwe.”—1 BAKOR. 15:28.
1. Ke tsholofelo efe e e itumedisang e e letetsweng ke “boidiidi jo bogolo”?
AKANYA ka dilo tsotlhe tse di molemo tse puso e e maatla e e nang le mmusi yo o nang le tshiamiso le kutlwelobotlhoko e ka di direlang babusiwa ba yone mo dingwageng di le sekete. “Boidiidi jo bogolo” jo bo se nang palo—e leng bafalodi ba ‘pitlagano e kgolo’ e e tla fedisang gotlhelele tsamaiso eno e e boikepo ya dilo—bo letetswe ke ditiragalo tse di itumedisang.—Tshen. 7:9, 14.
2. Batho ba ile ba lebana le eng mo dingwageng di le 6 000 tse di fetileng?
2 Mo dingwageng di le 6 000 tsa botshelo jwa motho, go batla go itlhophela puso le go batla go ipusa go tliseditse batho masetlapelo a le mantsi le kutlobotlhoko. Baebele e ile ya bolela jaana bogologolo: ‘Motho o laotse motho yo mongwe go mo utlwisa botlhoko.’ (Mor. 8:9) Re bona eng gompieno? Kwantle ga dintwa le dikhuduego, go na le mathata a magolo a khumanego, malwetse, go senngwa ga tikologo, go fetoga ga tlelaemete, le dilo tse dingwe. Badiredi ba bagolo ba puso ba ile ba tlhagisa gore fa re sa fetole mokgwa wa rona wa go dira dilo ka tsela e re tlwaetseng go di dira ka yone, go tla nna le diphelelo tse di botlhoko.
3. Puso ya Dingwaga tse di Sekete e tla tlisa eng?
3 Mo pusong ya ga Mesia Kgosi Jesu Keresete le babusimmogo le ene ba le 144 000, Bogosi jwa Modimo bo tla tsaya dikgato go dirolola tshenyo yotlhe e e diretsweng batho le e e dirilweng mo legaeng la bone, e leng polanete ya Lefatshe. Puso ya Dingwaga tse di Sekete e tla diragatsa tsholofetso eno e e itumedisang e e dirilweng ke Jehofa Modimo: “Ke bopa magodimo a masha le lefatshe le lesha; mme dilo tsa pele ga di kitla di gakologelwa, le fa e le go tsoga mo pelong.” (Isa. 65:17) Re letetswe ke ditiragalo dife tse di itumedisang le fa di ise di bonwe? Mma re sekasekeng dilo tse di “sa bonweng” tse di kgatlhang tse Lefoko la Modimo la boporofeti le re thusang go di tlhaloganya.—2 Bakor. 4:18.
‘BA TLA AGA MATLO LE GO JALA MASIMO A MOFINE’
4. Batho ba le bantsi ba lebane le mathata afe a bonno?
4 Ke mang yo o ka se batleng go nna le ntlo ya gagwe, lefelo le ene le lelapa la gagwe ba ka ikutlwang ba sireletsegile e bile ba babalesegile mo go lone? Le fa go ntse jalo, mo lefatsheng gompieno kgang ya go tlhokega ga matlo ke bothata jo bogolo. Batho ba pitlagane mo ditoropong tse di tletseng. Batho ba le bantsi ba tshwanelwa ke go nna mo matlong a nakwana mo mekhukhung. Mo go bone go nna le matlo a e leng a bone ke toro fela.
5, 6. (a) Isaia 65:21 le Mika 4:4 di tla diragadiwa jang? (b) Re ka bona jang masego ao?
5 Mo pusong ya Bogosi, keletso ya moagi mongwe le mongwe ya go nna le legae la gagwe e tla diragadiwa ka gonne Isaia o ne a bolelela pele jaana: “Ruri ba tla aga matlo ba nne mo go one; ruri ba tla jala masimo a mofine ba je maungo a one.” (Isa. 65:21) Le fa go ntse jalo, gore batho ba nne le magae a bone ga se yone fela tsholofelo e ba nang le yone. Kana e bile, batho bangwe gompieno ba na le magae a bone, tota e bile ba le mmalwa ba nna mo matlong a magolo. Le fa go ntse jalo, ba nna ba tshwenyega ka gore ba ka latlhegelwa ke matlo a bone ka ntlha ya go nna le mathata a tsa madi kgotsa gore dikebekwa di ka ba thubela mo matlong a bone. A bo go tla bo go farologane jang ne mo pusong ya Bogosi! Moporofeti Mika o ne a kwala jaana: “Ruri ba tla nna, mongwe le mongwe kafa tlase ga mofine wa gagwe le kafa tlase ga setlhare sa gagwe sa mofeige, mme go tla bo go se na ope yo o ba boifisang.”—Mik. 4:4.
6 Re ntse re akantse ka tsholofelo eo e e molemolemo, ke eng se re tshwanetseng go se dira? Ke boammaaruri gore rotlhe re tlhoka matlo. Le fa go ntse jalo, go na le go lwela go batla ntlo ya ditoro tsa rona gone jaanong—gongwe le e leng go ikgama ka dikoloto gore re dire jalo—a go tla bo go se botlhale gore re tlhome mogopolo mo tsholofetsong ya ga Jehofa? Gakologelwa se Jesu a neng a se bua ka ene: “Diphokoje di na le mengobo le dinonyane tsa legodimo di na le dintlhaga, mme Morwa motho ga a na gope kwa a ka latsang tlhogo ya gagwe gone.” (Luke 9:58) Jesu o ne a na le bokgoni le maatla a go aga kgotsa go nna le ntlo e e gaisang epe fela e motho a neng a ka nna le yone. Ke ka ntlha ya eng fa a sa ka a dira jalo? Ga go pelaelo gore Jesu o ne a batla go tila sepe fela se se neng se ka mo kgoreletsa le go mo rareetsa gore a se ka a dira gore Bogosi bo tle pele. A re ka latela sekao sa gagwe mme ra boloka leitlho la rona le sa raraana—re sa rareediwe ke dikhumo le ditlhobaelo?—Math. 6:33, 34.
“PHIRI LE KWANYANA DI TLA FULA MMOGO”
7. Kwa tshimologong Jehofa o ne a laela gore go nne le kamano efe magareng ga batho le diphologolo?
7 Fa Jehofa a ntse a bopa, o ne a bopa batho morago ga dilo tsotlhe, e le setlhoa sa ditiro tsa gagwe tsa mo lefatsheng. Jehofa o ne a bolelela Morwawe wa leitibolo, yo e leng Modiri yo o Setswerere maikaelelo a gagwe, a re: “A re dire motho mo setshwanong sa rona, kafa tshwanong ya rona, mme a ba laole ditlhapi tsa lewatle le dibopiwa tse di fofang tsa magodimo le diruiwa le lefatshe lotlhe le phologolo nngwe le nngwe e e tsamayang mo lefatsheng.” (Gen. 1:26) Ka jalo, Adame le Efa ba ne ba laelwa gore ba laole diphologolo mme kgabagare, batho botlhe le bone ba ne ba laelwa go dira jalo.
8. Ke mokgwa ofe o o tlwaelegileng mo diphologolong gompieno?
8 A ruri go a kgonega gore batho ba laole diphologolo tsotlhe le gore ba tshele le tsone ka kagiso? Batho ba le bantsi ba rata diphologolo tsa bone tsa fa gae, tse di jaaka dintša le dikatse. Le fa go ntse jalo, go tweng ka diphologolo tsa naga? Pego nngwe ya re: “Baitsesaense ba ba ileng ba nna le diphologolo tsa naga mme ba ithuta tsone, ba fitlhetse gore diphologolo tsotlhe di na le maikutlo.” Gone ke boammaaruri gore re bona diphologolo di boifa kgotsa di nna bogale fa di tshosiwa, le fa go ntse jalo, a di kgona go nna le se bangwe ba ka nnang ba se tlhalosa e le maikutlo a lorato? Pego eo e tswelela ka go re: “Nonofo nngwe e kgolo e diphologolo di nang le yone e bonala mo tseleng e di godisang bana ba tsone ka yone—bokgoni jwa tsone jo bogolo jwa go bontsha lorato.”
9. Ke diphetogo dife tse di tla nnang teng mo diphologolong?
9 Ka jalo, ga re a tshwanela go gakgamala fa re bala mo Baebeleng gore go tla nna le kagiso magareng ga batho le diphologolo. (Bala Isaia 11:6-9; 65:25.) Ka ntlha yang? Gopola gore fa Noa le lelapa la gagwe ba ne ba tswa mo arakeng morago ga Morwalela, Jehofa o ne a ba bolelela jaana: ‘Sebopiwa sengwe le sengwe se se tshelang sa lefatshe se tla lo boifa e bile se tla lo tshoga.’ Seno e ne e le gore diphologolo di sireletsege. (Gen. 9:2, 3) A Jehofa a ka se kgone go tlosa selekanyo se se rileng sa poifo eo gore taelo ya gagwe ya kwa tshimologong e kgone go diragadiwa? (Hos. 2:18) Abo batho botlhe ba ba tla tshelang mo lefatsheng ba tla nna le nako e e itumedisang jang ne!
“O TLA PHIMOLA DIKELEDI TSOTLHE”
10. Ke ka ntlha yang fa gantsi batho ba lela?
10 Fa Solomone a sena go bona “ditiro tsotlhe tsa kgatelelo tse di dirwang kafa tlase ga letsatsi,” o ne a bua jaana ka khutsafalo: “Bona! dikeledi tsa ba ba gatelelwang, mme ba ne ba se na mogomotsi.” (Mor. 4:1) Gompieno boemo bo maswe le go feta. Ke mang mo go rona yo o iseng a ko a lele? Gone ke boammaaruri gore ka dinako dingwe dikeledi tsa rona e ka nna tsa boitumelo. Le fa go ntse jalo, gantsi re lela ka ntlha ya go bo re utlwile botlhoko.
11. Ke pego efe ya Baebele e e go amang maikutlo thata?
11 Gakologelwa ditiragalo di le dintsi tse di amang maikutlo tse re balang ka tsone mo Baebeleng. Fa Sara a ne a swa a le dingwaga di le 127, “Aborahame [o ne] a tla go hutsafalela Sara le go mo lelela.” (Gen. 23:1, 2) Fa Naomi a ne a sadisa sentle dingwetsi tsa gagwe tse pedi tsa batlholagadi, ba ne ba simolola “go tsholetsa mantswe a bone ba lela,” mme go tswa foo ba “tsholetsa mantswe a bone ba lela gape.” (Ruthe 1:9, 14) Fa Kgosi Hesekia a ne a tshwerwe ke bolwetse bongwe e bile go lebega gore o tla swa, o ne a rapela Modimo mme a “simolola go lela fela thata,” mme go bonala seo se ne sa ama Jehofa. (2 Dikg. 20:1-5) Mme ke mang yo o sa amiweng ke pego ya fa moaposetoloi Petere a ne a itatola Jesu? Fa Petere a utlwa mokoko o lela, o ne a “tswela kwa ntle a lela mo go botlhoko.”—Math. 26:75.
12. Puso ya Bogosi e tla tlisetsa batho kgololo efe ya mmatota?
12 Batho ba tlhoka go gomodiwa le go gololwa ka ntlha ya masetlapelo a ba lebanang le one—a ka tswa a le magolo kgotsa a le mannye. Ke sone se Puso ya Dingwaga tse di Sekete e tla se tlisetsang babusiwa ba yone: “[Modimo] o tla phimola dikeledi tsotlhe mo matlhong a bone, mme loso lo tla bo lo seyo, le fa e le khutsafalo le fa e le selelo le fa e le botlhoko di tla bo di sa tlhole di le gone.” (Tshen. 21:4) Le fa go itumedisa go itse gore khutsafalo, selelo le botlhoko di tla bo di sa tlhole di le gone, tsholofetso ya Modimo e akaretsa le go tlosa mmaba wa batho yo mogolo—loso. Seo se tla direga jang?
“BOTLHE BA BA MO MABITLENG A KGAKOLOGELO BA TLA . . . TSWA”
13. Loso lo amile batho jang fa e sa le Adame a leofa?
13 Fa e sa le Adame a leofa, loso lo ntse lo busa e le kgosi mo bathong. E ntse e le mmaba yo o sa fenngweng, bokhutlo jwa batho botlhe ba ba leofileng, mme le bakela batho khutsafalo le kutlobotlhoko e e seng kana ka sepe. (Bar. 5:12, 14) Tota e bile, “ka ntlha ya go boifa loso” dimilionemilione tsa batho ba “mo botlhankeng botshelo jotlhe jwa bone.”—Baheb. 2:15.
14. Go tla diragala eng fa loso lo nyelediwa?
14 Baebele e bua ka nako ya fa “loso lo tla nyelediwa, e le mmaba wa bofelo.” (1 Bakor. 15:26) Go umakiwa ditlhopha tse pedi tse di tla solegelwang molemo ke seo. “Boidiidi jo bogolo” jo bo tshelang gone jaanong, bo tla kgona go falolela mo lefatsheng le lesha bo na le tsholofelo ya go tshela ka bosakhutleng. Dibilionebilione tsa batho ba ba setseng ba sule ba tla kgona go tsosiwa. A o kgona go akanya ka boitumelo le boipelo jo bo tla nnang gone fa boidiidi jo bogolo bo amogela ba ba tsositsweng? Go sekaseka ka kelotlhoko dingwe tsa dipego tse di mo Baebeleng tse di buang ka tsogo go ka re naya maoko a gore go tla nna jang.—Bala Mareko 5:38-42; Luke 7:11-17.
15. O tla ikutlwa jang fa o bona mongwe yo o mo ratang a tsosediwa mo botshelong?
15 Akanya ka dipolelwana tse di jaaka “go tlhapelwa ke boitumelo,” le “ba simolola go galaletsa Modimo.” Fa o ka bo o le teng mo ditiragalong tseo, gongwe le wena o ka bo o ile wa ikutlwa ka tsela e e tshwanang. Eleruri, go bona batho ba re neng re ba rata ba ba suleng ba tsosediwa mo botshelong go tla dira gore re nne le maikutlo a boitumelo jo bogolo le boipelo. Jesu o ne a re: “Nako e etla e mo go yone botlhe ba ba mo mabitleng a kgakologelo ba tla utlwang lentswe la gagwe ka yone mme ba tla tswa.” (Joh. 5:28, 29) Ga go ope wa rona yo o kileng a bona seno se direga; ga go pelaelo gore e tla nna sengwe sa dilo tse dikgolo go gaisa ‘tse di sa bonweng.’
MODIMO O TLA NNA “DILO TSOTLHE MO GO MONGWE LE MONGWE”
16. (a) Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go bua ka matlhagatlhaga fa re bua ka masego a a iseng a bonwe? (b) Paulo o ne a reng fa a kgothatsa Bakeresete ba kwa Korintha?
16 Batho ba ba ikanyegang mo go Jehofa mo dinakong tseno tsa mathata ba letetswe ke isagwe e e itumedisang ruri! Le fa masego a magolo a ise a bonwe, go nna re akantse ka one go tla re thusa go tlhoma mogopolo mo go se ruri se leng botlhokwa le gore re tile go itewa tsebe ke dilo tse di kgatlhang tse di fetang ka bonako tsa tsamaiso eno ya dilo. (Luke 21:34; 1 Tim. 6:17-19) Ka nako ya kobamelo ya lelapa, fa re tlotla le badumedimmogo le rona, le fa re bua le ba re ithutang le bone Baebele, le ba ba kgatlhegang, a re bueng le bone ka tsholofelo e e itumedisang e re nang le yone, re dira jalo ka matlhagatlhaga. Seno se tla re thusa gore tsholofelo eno e nne ya mmatota mo megopolong le mo dipelong tsa rona. Seo ke se moaposetoloi Paulo a ileng a se dira fa a ne a kgothatsa Bakeresetemmogo le ene. Mafoko a gagwe a ne a ba thusa gore ba akanye ka se se neng se tla direga kwa bokhutlong jwa Puso ya ga Keresete ya Dingwaga tse di Sekete. Leka go akanya ka botlhokwa jwa mafoko a ga Paulo a a fitlhelwang mo go 1 Bakorintha 15:24, 25, 28.—E bale.
17, 18. (a) Jehofa e ne e le “dilo tsotlhe mo go mongwe le mongwe” ka tsela efe kwa tshimologong ya hisitori ya batho? (b) Jesu o tla dira eng go busetsa kutlwano?
17 Ga go na tsela e e molemo e re ka tlhalosang ka yone kafa botshelo bo tla nnang ka gone kwa bokhutlong jwa dingwaga tse di sekete go feta mafoko a a reng, “gore Modimo a nne dilo tsotlhe mo go mongwe le mongwe.” Seo se kaya eng? Gopola mo nakong e e fetileng kwa Edene, fa batho ba ba itekanetseng e bong Adame le Efa e ne e le karolo ya lelapa la ga Jehofa la lobopo lotlhe le le nang le kagiso le kutlwano. Jehofa Molaodimogolo wa Lobopo Lotlhe, o ne a busa dibopiwa tsotlhe tsa gagwe ka tlhamalalo, baengele le batho. Ba ne ba kgona go bua le ene ka tlhamalalo, ba mo obamela mme ene a ba segofatsa. Jehofa e ne e le “dilo tsotlhe mo go mongwe le mongwe.”
18 Kamano eo ya kagiso e ne ya senyega fa batho ba ba neng ba tlhotlhelediwa ke Satane ba ne ba tsuologela bolaodi jwa ga Jehofa. Le fa go ntse jalo, fa e sa le ka 1914, Bogosi jwa Mesia bo ntse bo tsaya dikgato go busetsa kutlwano eo. (Baef. 1:9, 10) Ka nako ya Puso ya Dingwaga tse di Sekete, dilo tse di molemo tse gone jaanong di “sa bonweng,” di tla nna tsa mmatota. Go tswa foo “bokhutlo” bo tla tla, ke go re, bofelo jwa Puso ya ga Keresete ya Dingwaga tse di Sekete. Morago ga foo go tla diragala eng? Le fa Jesu a neilwe “taolo yotlhe . . . kwa legodimong le mo lefatsheng” ga a ikgodise. Ga a na maikaelelo ape a go itseela maemo a ga Jehofa. Ka boikokobetso o “neela Modimo wa gagwe le Rraagwe bogosi.” O tla dirisa boemo jwa gagwe le bolaodi jwa gagwe jo bo sa tshwaneng le bope, “kgalalelong ya Modimo.”—Math. 28:18; Bafil. 2:9-11.
19, 20. (a) Babusiwa botlhe ba Bogosi ba tla bontsha jang gore ba amogela bolaodi jwa ga Jehofa? (b) Re letetse tsholofelo efe e kgolo?
19 Ka nako eo, babusiwa ba Bogosi ba mo lefatsheng ba tla bo ba itekanetse. Ba tla etsa sekao sa ga Jesu mme ka boikokobetso le ka go rata ba amogele bolaodi jwa ga Jehofa. Ba tla nna le tshono ya go bontsha gore ba eletsa go dira seo, ka go falola teko ya makgaolakgang ka katlego. (Tshen. 20:7-10) Morago ga foo batsuolodi botlhe—ba batho le ba baengele—ba tla fedisediwa ruri. Abo eo e tla bo e le nako e e itumedisang jang ne! Lelapa la lobopo lotlhe le tla baka Jehofa ka boitumelo, yo e tla nnang “dilo tsotlhe mo go mongwe le mongwe.”—Bala Pesalema 99:1-3.
20 A dilo tse di itumedisang tse Bogosi bo tla tlogang bo di lere di go tlhotlheletsa go tlhoma mogopolo le go dira bojotlhe go dira thato ya Modimo? A o ka tila go itewa tsebe ke ditsholofetso tsa maaka le manobonobo a lefatshe la ga Satane le go solofetsang one? A o tla ema o nonofile mo tshwetsong e o e dirileng ya go ema bolaodi jwa ga Jehofa nokeng le go bo tlotlomatsa? E kete ditiro tsa gago di ka supa gore o eletsa go dira jalo ka bosakhutleng. Fa go ntse jalo, o tla nna le tshiamelo ya go nna le kagiso le katlego dingwaga di le sekete—le morago ga tsone!