Kgaolo ya Lesometharo
Fa Lenyalo le Setse le Tla Thubega
1, 2. Ke dipotso dife tse di tshwanetseng go bodiwa fa go na le mathata mo lenyalong?
MOSADI mongwe yo o bidiwang Lucia wa kwa Italy o ne a tshwenyegile thata mo maikutlong ka 1988.a Lenyalo la gagwe la dingwaga di le lesome le ne le setse le tla khutla. O ne a lekile gantsintsi go rarabolola mathata a gagwe le monna wa gagwe mme go ne go sa siame sepe. Ka jalo o ne a kgaogana le ene gonne ba ne ba sa tshwanelane mme jaanong a lebanwe ke go godisa bomorwadie ba babedi a le nosi. Lucia o gakologelwa nako eo jaana: “Ke ne ke tlhomamisa tota gore go ne go se na sepe se se ka bolokang lenyalo la rona.”
2 Fa lo na le mathata mo lenyalong, lo ka tswa lo tlhaloganya kgang ya ga Lucia. Lo ka tswa lo na le mathata mo lenyalong e bile lo ipotsa gore a le santse le ka kgona go bolokiwa. Mo kgannyeng e e ntseng jalo, o tla fitlhela go thusa thata go akanyetsa potso eno: A ke latetse kgakololo yotlhe e e molemo e Modimo o e re neetseng ka Baebele go re thusa gore manyalo a rona a atlege?—Pesalema 119:105.
3. Le mororo tlhalo e tletsetletse, ke eng se se bolelwang ke batho ba ba tlhadileng le ba malapa a bone?
3 Fa go na le mathata a a maswe thata fa gare ga monna le mosadi, go ka lebega go fedisa lenyalo e le selo se se motlhofo se se ka dirwang. Lefa malapa a a thubegang a oketsega ka selekanyo se se boitshegang jaana mo dinageng tse dintsi, dipatlisiso tsa bosheng di supa gore diperesente tse dintsi tsa banna le basadi ba ba tlhalaneng di ikotlhaela go bo di ne tsa kgaogana. Bontsi jwa bone bo na le mathata a boitekanelo, e le mo mmeleng kana mo tlhaloganyong, go gaisa ba ba ileng ba nna mo manyalong a bone. Go tlalelwa le go sa itumeleng ga bana ba batsadi ba ba tlhalaneng gantsi go tsaya lobaka lwa dingwaga. Batsadi le ditsala tsa batho ba malapa a a thubegileng le bone ba a boga. Mme go tweng ka tsela e Modimo, Mosimolodi wa lenyalo, a lebang boemo jono ka yone?
4. Mathata a tshwanetse go rarabololwa jang mo lenyalong?
4 Jaaka go umakilwe mo dikgaolong tse di fetileng, boikaelelo jwa Modimo e ne e le gore lenyalo e nne kgolagano ya botshelo jotlhe. (Genesise 2:24) Ka gone, ke eng fa manyalo a mantsi jaana a thubega? Go ka nna ga se ka ga diragala ka tshoganetso. Gantsi go nna le ditshupo tse di lo tlhagisang. Mathata a mannye thata mo lenyalong a ka gola go fitlha a nna magolo thata. Mme fa mathata ano a rarabololwa ka bonako go dirisiwa Baebele, go ka tilwa gore manyalo a mantsi a thubege.
LEBA DILO KAFA DI NTSENG KA TENG TOTA
5. Ke boemo bofe jo bo leng teng tota jo go tshwanetseng ga lebaganwa nabo mo lenyalong lengwe le lengwe?
5 Selo sengwe se se bakang mathata ke fa mongwe wa banyalani kana bone boobabedi ba solofetse dilo tse di ka se kang tsa kgonega. Dibuka tsa lorato, dimakasine tse di ratiwang thata, dithulaganyo tsa thelebishene le dibaesekopo di ka dira gore motho a solofele le go eletsa dilo tse di ka se kang tsa bonwa mo botshelong. Fa motho a sa bone dilo tse a di eletsang tseno, o ikutlwa a tsieditswe, a sa kgotsofala, e bile o a galefa. Gone mme, batho ba babedi ba ba sa itekanelang ba ka nna monate jang mo lenyalong? Go batlega gore go dirwe ka natla tota gore botsalano bo nnele ruri.
6. (a) Baebele e re naya kgopolo e e lekalekaneng jang ka lenyalo? (b) Ke dilo dife tse go a tleng go se dumalanwe mo go tsone mo lenyalong?
6 Baebele e bolela dilo kafa di ntseng ka teng tota. E bolela gore lenyalo le a itumedisa mme gape e tlhagisa ba ba tsenang mo lenyalong gore “ba tlaa bona pitlagano mo nameng.” (1 Bakorinthe 7:28) Jaaka go setse go boletswe, boobabedi ga ba a itekanela e bile ba a leofa. Ditlhaloganyo le maikutlo a bone mmogo le tsela e mongwe le mongwe wa bone a godisitsweng ka yone ga di tshwane. Ka dinako tse dingwe banyalani ga ba dumalane ka madi, bana le ba bogwe. Go sa nneng le nako e e lekaneng ya go dira dilo mmogo, go akaretsa le mathata a tlhakanelodikobo le tsone di ka baka dikgotlhang.b Se kgobege marapo, dikgang tse di ntseng jalo di tsaya nako go rarabololwa! Banyalani ba bantsi ba kgona go itebaganya le mathata ao ba bo ba a rarabolola ka kutlwano.
BUISANANG KA DILO TSE LO SA DUMALANENG KA TSONE
7, 8. Ke tsela efe ya Dikwalo e e ka rarabololang bothata fa mongwe mo lenyalong a utlwile botlhoko kana a sa tlhaloganngwe?
7 Ba le bantsi ga ba kgone go buisana ba ritibetse fa ba bua ka dilo tse di utlwisitseng maikutlo a bone botlhoko, fa ba sa tlhaloganngwe sentle kana dilo tse yo mongwe a paletsweng mo go tsone. Go na le gore motho a bue fela ka tlhamalalo a re: “Ke akanya gore ga o ntlhaloganye,” mongwe wa banyalani a ka kukega maikutlo a bo a feteletsa bothata. Ba le bantsi ba tla re: “O ikakanyetsa o le nosi,” kana, “Ga o nthate.” Yo mongwe a ka nna a gana go buisa yo mongwe gonne a sa batle go tsena mo dikgogakgoganong.
8 Tsela e e botoka e e ka tsewang ke go reetsa kgakololo eno ya Baebele: “Lo nne bogale, mme lo se ka lwa leofa; a letsatsi le se lo phirimele lo sa le bogale.” (Baefeso 4:26) Banyalani bangwe ba ba itumetseng ba ne ba bodiwa selo sa botlhokwa se se dirileng gore lenyalo la bone le atlege fa ba ne ba fetsa dingwaga di le 60 ba ntse ba nyalane. Monna o ne a re: “Re ne ra ithuta gore re se ka ra robala re sa rarabolola dilo dipe fela tse re sa dumalaneng mo go tsone, lefa di ne di ka tswa di le dinnye.”
9. (a) Ke eng seo Dikwalo di bolelang gore ke karolo ya botlhokwa ya puisano? (b) Ke eng se gantsi banyalani ba tshwanetseng go se dira lefa se batla bopelokgale le boikokobetso?
9 Fa monna le mosadi ba sa dumalane, mongwe le mongwe wa bone o tshwanetse “a nne bonako go utlwa, le bonya go bua, le bonya go tlala bogale.” (Jakobe 1:19) Fa ba sena go reetsana ka kelotlhoko bone boobabedi ba ka bona go le botlhokwa go kopana maitshwarelo. (Jakobe 5:16) Go bua ka pelo yotlhe o re, “Intshwarele go bo ke go utlwisitse botlhoko,” go batla boikokobetso le bopelokgale. Banyalani fa ba rarabolola dilo tse ba sa dumalaneng mo go tsone ka tsela eno ga ba kitla ba kgona fela go rarabolola mathata a bone gape ba tla kgona go ratana le go atamalana thata goo go tla dirang gore ba itumelele go nna mmogo.
GO NEELANA TSHWANELO YA LENYALO
10. Ke tshireletso ya mofuta ofe e Paulo a neng a e akantsha Bakeresete ba kwa Korinthe e e ka dirisiwang ke Bakeresete ba gompieno?
10 Fa moaposetoloi Paulo a ne a kwalela Bakorinthe, o ne a buelela lenyalo “ka ntlha ya maakafalo.” (1 Bakorinthe 7:2) Gompieno lefatshe le maswe fela jaaka Korinthe wa bogologolo kana le e leng go e feta. Dilo tsa boitsholo jo bo maswe tse batho ba selefatshe ba tlotlang ka tsone fela phatlalatsa, tsela e e seng bori ya go apara, le dikgang tsa tlhakanelodikobo tse di mo dimakasineng le mo dibukeng, mo thelebisheneng le mo dibaesekopong, tsotlhe fa di tlhakana di tsosa keletso ya go tlhakanela dikobo ka ditsela tse di maswe thata. Moaposetoloi Paulo o ne a raya Bakorinthe ba ba neng ba nna mo tikologong e e tshwanang le eno a re: “Go molemo go nyala bogolo go go babalelwa.”—1 Bakorinthe 7:9.
11, 12. (a) Monna le mosadi ba kolotana eng mme ba tshwanetse go neelana seno ka boikutlo jo bo ntseng jang? (b) Go tshwanetse ga dirwa eng fa tshwanelo ya lenyalo e tshwanetse go emisiwa ka lobakanyana?
11 Ka gone, Baebele e laela Bakeresete ba ba nyetseng jaana: “A monna a neele mosadi tshwanelo ya gagwe; mosadi le ene a direle monna jalo.” (1 Bakorinthe 7:3) Ela tlhoko gore go gatelelwa go aba—e seng go batla ka kgang. Go tshwarana, go atlana le go tlhakanela dikobo mo lenyalong go tla itumedisa tota fa mongwe le mongwe a amegile thata ka go direla yo mongwe molemo. Ka sekai, Baebele e laela banna gore ba dirisane le basadi ba bone “ka fa kitsong.” (1 Petere 3:7) Seno se dira thata mo go neeleng le mo go amogeleng tshwanelo ya lenyalo. Fa mosadi a sa nenekediwe, a ka fitlhela go le bokete go itumelela karolo eno ya lenyalo.
12 Go na le dinako tse banyalani ba ka timanang tshwanelo ya lenyalo ka tsone. Seno se ka diragala ka mosadi ka dinako tsa fa a le mo kgweding kana fa a ikutlwa a lapile thata. (Bapisa Lefitiko 18:19.) Go ka nna jalo ka monna fa a na le bothata bongwe jo bo masisi kwa tirong e bile a ikutlwa a le bokoa thata. Dinako tseo tse tshwanelo ya lenyalo e emisitsweng ka tsone di ka rarabololwa botoka fa banyalani ba tlotla ka boemo jono ka tlhamalalo ba bo ba “dumalana.” (1 Bakorinthe 7:5) Seno se tla thibela ope fela wa bone gore a se ka a itlhaganelela go dira tshwetso e e phoso. Fa e le gore mosadi o tima monna wa gagwe kana monna a dira ka boomo fela gore a se ka a mo neela tshwanelo ya gagwe ya lenyalo ka tsela e e supang lorato, yo mongwe a ka nna mo kotsing ya go raelesega. Mathata a ka tsoga mo lenyalong fa boemo bo ntse jalo.
13. Bakeresete ba dira jang gore ba nne ba akanya dilo tse di phepa?
13 Fela jaaka Bakeresete botlhe, batlhanka ba ba nyetseng ba Modimo ba tshwanetse go tila dilo tse di tsosang keletso ya tlhakanelodikobo, tse di ka dirang gore ba nne le keletso e e leswe le e e seng ya tlholego. (Bakolosa 3:5) Gape ba tshwanetse go disa megopolo le ditiro tsa bone fa ba dirisana le batho botlhe ba bong bo sele. Jesu o ne a tlhagisa jaana: “Mongwe le mongwe yo o lebang mosadi fela ka go mo eletsa, o setse a dirile boaka nae mo pelong.” (Mathaio 5:28) Banyalani ba tshwanetse gore ba kgone go tila go raelesega le go dira boaka ka go dirisa kgakololo ya Baebele ya tlhakanelodikobo. Ba ka tswelela ba itumelela katamalano e e boteng mo lenyalong eo mo go yone tlhakanelodikobo e tseelwang kwa godimo jaaka mpho e e molemo thata e e tswang kwa go Jehofa, Mosimolodi wa lenyalo.—Diane 5:15-19.
MABAKA A BAEBELE A GO TLHALA
14. Ke boemo bofe jo bo hutsafatsang joo ka dinako dingwe bo tlhagang? Ka ntlha yang?
14 Se se itumedisang ke gore, mathata ape fela a a tlhagang mo manyalong a Bakeresete a ka rarabololwa. Lefa go ntse jalo, ka dinako tse dingwe seno ga se kgonege. Manyalo a mangwe a a thubega gonne batho ga ba a itekanela e bile ba nna mo lefatsheng le le ratang boleo le le laolwang ke Satane. (1 Johane 5:19) Bakeresete ba tshwanetse go dira jang mo maemong a a ntseng jalo a a bokete?
15. (a) Ke lebaka lefe le le lengwe le Dikwalo di dumelelang motho go tlhala mme a ka nyala gape? (b) Ke eng fa bangwe ba ile ba swetsa go sa tlhale motho yo o sa ikanyegeng yo ba nyalaneng nae?
15 Jaaka Kgaolo 2 ya buka eno e setse e umakile, kgokafalo ke yone lebaka fela la Dikwalo le motho a ka tlhalang ka lone mme a ka nna a nyala gape.c (Mathaio 19:9) Fa e le gore o na le bosupi jo bo tlhomameng jwa gore yo o nyalaneng nae ga a ikanyege, he, o lebanwe ke go dira tshwetso e e bokete tota. A o tla tswelela ka lenyalo leno kana a o tla tlhala? Ga go na melao epe. Bakeresete ba bangwe ba ile ba itshwarela motho yo ba nyalaneng nae fa a ne a ikwatlhaya ka boammaaruri mme lenyalo leo le ba neng ba le boloka le ne la atlega. Ba bangwe ba ile ba swetsa gore ba se ka ba tlhala fela ka ntlha ya bana.
16. (a) Ke mabaka afe a a ileng a dira gore bangwe ba tlhale motho yo o dirileng phoso yo ba nyalaneng nae? (b) Ke eng fa go sena ope yo o tshwanetseng go kgala motho yo o senang molato fa a dira tshwetso ya gore a tlhale kana a se ka a tlhala?
16 Kafa letlhakoreng le lengwe, boleo joo bo ka nna jwa felela ka gore yo mongwe a ithwale kana a tsenwe ke bolwetse jo bo tshelanwang ka tlhakanelodikobo. Kana gongwe bana ba tshwanetse go sirelediwa mo motsading yo o ba sotlang ka go tlhakanela dikobo le bone. Go phepafetse gore go na le dilo tse dintsi tse di tshwanetseng go akanyediwa pele go dirwa tshwetso. Lefa go ntse jalo, fa o ka itse sentle gore yo o nyalaneng nae ga a ikanyege mme morago ga foo o bo o tswelela o tlhakanela dikobo nae, o tla bo o supa gore o mo itshwaretse le gore o batla go tswelela ka lenyalo. Mabaka a go tlhala a Dikwalo a a letlang gore o ka nyala gape ga a tlhole a le teng. Ga go na ope yo o tshwanetseng go tsena kgang eno le go leka go go tlhotlheletsa gore o dire tshwetso efe, e bile ga go na ope yo o tshwanetseng go kgala tshwetso ya gago fa o sena go e dira. O tlile go tshwanela go boga matswela a tshwetso ya gago. “Motho mongwe le mongwe o tlaa ithwalela morwalo wa gagwe.”—Bagalatia 6:5.
MABAKA A GO KGAOGANA
17. Fa go sena yo o gokafetseng, Dikwalo di kganela jang go kgaogana kana go tlhalana?
17 A go na le maemo a a nayang mabaka a go kgaogana gongwe e bile le a go tlhala yo o nyalaneng nae lefa a sa gokafala? Ee, mme mo mabakeng ao Mokeresete ga a gololesega go senka motho yo mongwe gape a batla go nyalana nae. (Mathaio 5:32) Le mororo Baebele e letla gore go ka kgaoganwa, e bolela gore yo o tsamaileng o tshwanetse gore “a nne fela a sa nyalwe; fa go sa nna jalo, a a letlane” le yo mongwe. (1 Bakorinthe 7:11) Ke maemo afe a a maswe thata a a ka dirang gore go se nne botlhale go kgaogana?
18, 19. Ke maemo afe a a maswe thata a a ka dirang gore motho a sekaseke gore a go botlhale go kgaogana kafa molaong kana go tlhala lefa gone a ka se ka a kgona go nyala gape?
18 Gone mme, lelapa le ka humanega ka ntlha ya botshwakga le mekgwa e e maswe ya monna.d A ka nna a betšha ka madi a lelapa kana a a dirisa go reka diokobatsi kana bojalwa jo bo setseng bo mo tshwakgotse. Baebele ya re: “Fa mongwe a sa tlamele . . . ba ntlo ya gagwe, o latotse tumelo, mme o bosula go gaisa yo o sa dumeleng.” (1 Timotheo 5:8) Fa monna yo o ntseng jalo a gana go fetola ditsela tsa gagwe, gongwe e bile a duelela ditiro tsa gagwe tse di leswe ka madi a mosadi wa gagwe a a berekelang, mosadi a ka nna a batla go itshireletsa le go sireletsa bana ka go kgaogana le ene kafa molaong.
19 Dikgato tseno tsa semolao di ka akanyediwa fa yo o nyalaneng nae a rata go lwa thata, gongwe e bile a tlhola a iteile yo mongwe mo boitekanelo jwa gagwe gongwe le jone botshelo jwa gagwe bo leng mo kotsing. Mo godimo ga moo, fa mongwe mo lenyalong a tlhola a pateletsa yo mongwe go tlola melao ya Modimo ka tsela nngwe, yoo a tshosediwang yono a ka nna a akanyetsa go kgaogana le ene, segolobogolo fa seno se baya semoya sa gagwe mo kotsing. Yoo a leng mo kotsing a ka nna a swetsa gore tsela fela ya go “utlwa Modimo bogolo go batho” ke go kgaogana le ene kafa molaong.—Ditiro 5:29.
20. (a) Ke eng se ditsala tse di nonofileng le bagolwane ba ka thusang ka sone fa lenyalo le thubegile, mme ke eng se ba sa tshwanelang go se bolela? (b) Banyalani ga ba a tshwanela go dirisa koo Baebele e buang teng ka go kgaogana le tlhalano jaaka seipato sa go dira eng?
20 Mo mabakeng otlhe a fa motho a sotliwa ke yo a nyalaneng nae, ga go na ope yo o tshwanetseng go gatelela yo o senang molato yono go kgaogana le yo mongwe kana go nna nae. Le fa gone ditsala tse di nonofileng sentle mmogo le bagolwane ba ka nna ba go ema nokeng le go go gakolola ka Baebele ga ba kake ba itse dintlha tsotlhe tsa se se diragalang fa gare ga monna le mosadi. Jehofa ke ene fela a kgonang go bona. Gone mme, mosadi wa Mokeresete o tla bo a sa tlotle thulaganyo ya Modimo ya lenyalo fa a ne a ka dira diipato tse di sa reng sepe fela gore a tswe mo lenyalong. Mme fa boemo bongwe jo bo kotsi thata bo ntse bo tswelela, ga go ope yo o tshwanetseng go mo tshwaya phoso fa a tlhopha gore ba kgaogane. Go ka bolelwa dilo tse di tshwanang fela ka monna wa Mokeresete yoo a batlang go kgaogana le mosadi. “Rotlhe re tlaa ema fa pele ga senno sa tshekelo sa Modimo.”—Baroma 14:10.
KAFA LENYALO LE LE THUBEGILENG LE NENG LA BOLOKIWA KA GONE
21. Ke boitemogelo bofe jo bo supang gore kgakololo ya Baebele ka lenyalo e mosola?
21 Lucia, yo o umakilweng kwa tshimologong, o ne a kopana le Basupi ba ga Jehofa morago ga dikgwedi di le tharo a sena go kgaogana le monna wa gagwe mme o ne a simolola go ithuta Baebele le bone. O tlhalosa jaana: “Se se neng sa nkgakgamatsa ke gore, Baebele e ne e rarabolola bothata jwa me ka ditsela tse di utlwalang tota. Ke ne ke setse ke batla go boelana le monna wa me morago ga go ithuta ka lobaka lwa beke fela. Gompieno, nka bolela gore Jehofa o itse go boloka manyalo a a mo mathateng gonne dithuto tsa gagwe di thusa banyalani go ithuta go tseelana kwa godimo. Ga go boammaaruri gore Basupi ba ga Jehofa ba thuba malapa jaaka batho ba bangwe ba bolela. Mo go nna, go ne ga diragala selo se se farologaneng le seo.” Lucia o ne a ithuta go dirisa melaometheo ya Baebele mo botshelong jwa gagwe.
22. Banyalani botlhe ba tshwanetse go tshepa eng?
22 Ga se Lucia fela. Lenyalo e tshwanetse go nna tshegofatso e seng mokgweleo. Gore go nne jalo, Jehofa o re neile motswedi o o molemo thata wa kgakololo ya lenyalo o o kileng wa kwalwa—Lefoko la gagwe le le tlhwatlhwakgolo. Baebele e kgona go “tlhalefisa ba ba sa tlhalefang.” (Pesalema 19:7-11) E ile ya boloka manyalo a mantsi a a neng a setse a tla thubega e bile e ile ya tokafatsa a mantsi a a neng a na le mathata a a masisi. E kete banyalani botlhe ba ka tshepa kgakololo ya lenyalo e Jehofa Modimo a e ba nayang. E mosola tota!
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Leina le fetotswe.
b Go setse go tlotlilwe ka dingwe tsa dikarolo tseno mo dikgaolong tse di fetileng.
c Lefoko la Baebele le le ranotsweng jaaka “kgokafalo” le akaretsa ditiro tsa boaka, bosodoma, go kopana le diphologolo le ditiro tse dingwe tse di leswe tse di dirwang ka botlhogoethata tse go dirisiwang dirwe tsa tlhakanelodikobo mo go tsone.
d Seno ga se akaretse maemo a mo go one monna, le mororo a sena maikaelelo ape fela a a maswe, a sa kgoneng go tlamela lelapa la gagwe ka ntlha ya mabaka a a sa kgoneng go a laola, jaaka bolwetse kana a sa kgone go bona tiro.
MELAOMETHEO ENO YA BAEBELE E KA THUSA . . . MOTHO JANG GO TILA GO THUBEGELWA KE LENYALO?
Go na le boitumelo le matshwenyego mo lenyalong.—Diane 5:18, 19; 1 Bakorinthe 7:28.
Dikgogakgogano di tshwanetse go rarabololwa ka bonako.—Baefeso 4:26.
Fa go tlotliwa, go reetsa go botlhokwa fela jaaka go bua.—Jakobe 1:19.
Tshwanelo ya lenyalo e tshwanetse go neelwa ka go tlhoka bogagapa le ka go neneketsa.—1 Bakorinthe 7:3-5.
[Setshwantsho mo go tsebe 154]
Rarabololang mathata ka bonako. Se letleng letsatsi la wela le ntse le galefile