Gatela Pele Semoyeng ka go Latela Sekao sa ga Paulo
“Ke tlhabane tlhabano e e molemo, ke tabogile lobelo go ya bofelong, ke bolokile tumelo.”—2 TIM. 4:7.
1, 2. Saulo wa Tareso o ne a dira diphetogo dife mo botshelong jwa gagwe, mme o ne a simolola go dira tiro efe ya botlhokwa?
E NE e le monna yo o botlhale le yo o tsayang kgato ka bofefo. Le fa go ntse jalo, o ne a ‘itshwara tumalanong le dikeletso tsa nama ya gagwe.’ (Baef. 2:3) Moragonyana o ne a itlhalosa a re ke “motlhapatsi le mmogisi le motho yo o se nang maitseo.” (1 Tim. 1:13) Monna yono e ne e le Saulo wa Tareso.
2 Fa nako e ntse e tsamaya, Saulo o ne a dira diphetogo tse dikgolo mo botshelong jwa gagwe. O ne a tlogela mekgwa ya gagwe ya pele mme a dira ka natla gore a se ka a ‘ipatlela molemo mme a o batlele ba bantsi.’ (1 Bakor. 10:33) O ne a nna bonolo mme a bontsha batho ba pele a neng a ba tlhoile gore o a ba rata. (Bala 1 Bathesalonika 2:7, 8.) O ne a re: “Ke ne ka nna modiredi . . . Nna, motho yo o kwa tlase ga yo mmotlana thata mo baitsheping botlhe, ke ne ka newa bopelonomi jo bo sa re tshwanelang jono, gore ke tle ke bolelele ditšhaba dikgang tse di molemo ka ga dikhumo tse di ka se kang tsa tlhaloganngwa tsa ga Keresete.”—Baef. 3:7, 8.
3. Go ithuta makwalo a ga Paulo le pego ya kafa a neng a dira bodiredi jwa gagwe ka teng go ka re thusa jang?
3 Saulo, yo gape a neng a bidiwa Paulo, o ne a gatela pele thata semoyeng. (Dit. 13:9) Tsela nngwe e re ka gatelang pele ka bonako ka yone mo boammaaruring ke ka go ithuta makwalo a ga Paulo le pego ya kafa a neng a dira bodiredi jwa gagwe ka teng, go tswa foo re bo re etsa tumelo ya gagwe. (Bala 1 Bakorintha 11:1; Bahebera 13:7.) A re boneng kafa go dira jalo go ka tlhotlheletsang motho ka teng go nna le thulaganyo ya ka metlha ya go ithuta a le esi, go rata batho ka tsela ya mmatota le go iteba ka tsela e e tshwanetseng.
Thulaganyo ya ga Paulo ya go Ithuta
4, 5. Paulo o ne a solegelwa molemo jang ke go ithuta a le esi?
4 E re ka Paulo e ne e le Mofarasai yo o neng a rutilwe “fa dinaong tsa ga Gamaliele, [a] rutwa Molao o o gagametseng wa bagologolwane,” o ne a setse a na le kitso e e rileng ya Dikwalo. (Dit. 22:1-3; Bafil. 3:4-6) Fela fa a sena go kolobediwa, o ne a “tsena mo Arabia”—e ka tswa e ne e le kwa Sekakeng sa Siria kana mo lefelong lengwe le le didimetseng le a ka tlhatlhanyang kwa go lone mo Setlhaketlhakeng sa Arabia. (Bagal. 1:17) Go lebega Paulo a ne a batla go tlhatlhanya ka Dikwalo tse di neng di supa gore Jesu ke Mesia. Gape Paulo o ne a batla go ipaakanyetsa tiro e e neng e larile kwa pele. (Bala Ditiro 9:15, 16, 20, 22.) Paulo o ne a ipha nako ya go tlhatlhanya ka dilo tsa semoya.
5 Kitso ya Dikwalo le temogo tse Paulo a neng a nna le tsone ka go ithuta a le esi di ne tsa mo thusa go ruta boammaaruri ka tsela e e nang le matswela. Ka sekai, kwa sinagogeng kwa Antioka mo Pisidia, Paulo o ne a dirisa ditemana di ka nna tlhano tse a neng a di nopotse ka tlhamalalo go tswa mo Dikwalong tsa Sehebera go supa gore Jesu e ne e le Mesia. Gape Paulo o ne a umaka Dikwalo tse di boitshepo makgetlho a le mmalwa. Metlotlo ya gagwe e e theilweng mo Baebeleng e ne e tlhatswa pelo mo e leng gore “ba le bantsi ba Bajuda le ba basokologi ba ba neng ba obamela Modimo ba [ne ba] sala Paulo le Barenabase morago” gore ba utlwe mo go oketsegileng. (Dit. 13:14-44) Fa setlhopha sa Bajuda ba kwa Roma se ne se tla kwa go Paulo kwa a neng a nna teng dingwaga di le dintsi moragonyana, o ne a ba tlhalosetsa dikgang “a naya bosupi ka botlalo kaga bogosi jwa Modimo le ka go dirisa mafoko a a tlhatswang pelo kaga Jesu a a mo molaong wa ga Moshe le Baporofeti.”—Dit. 28:17, 22, 23.
6. Ke eng se se neng se thusa Paulo gore a nne a nonofile semoyeng fa a lebana le diteko?
6 Fa Paulo a ne a lebane le diteko, o ne a tswelela a tlhatlhoba Dikwalo mme a nonotshiwa ke molaetsa wa tsone o o tlhotlheleditsweng. (Baheb. 4:12) Fa a ne a tsentswe mo kgolegelong kwa Roma pele ga a bolawa, o ne a kopa Timotheo gore a mo tlisetse “dikwalo tsa momeno” le “dikwalelo tsa letlalo.” (2 Tim. 4:13) Dikwalo tseo e ka tswa e ne e le dikarolo dingwe tsa Dikwalo tsa Sehebera tse Paulo a neng a di dirisa fa a ne a ithuta ka tlhoafalo. Kitso ya Dikwalo e Paulo a neng a e bona ka go nna le thulaganyo ya ka metlha ya go ithuta Baebele e ne e le botlhokwa mme e ne ya mo thusa gore a nne a nitame.
7. Umaka melemo e o ka e bonang fa o ithuta Baebele ka metlha.
7 Go nna le thuto ya ka metlha ya Baebele mmogo le go tlhatlhanya, go tla re thusa go gatela pele semoyeng. (Baheb. 5:12-14) Mopesalema o ne a opela jaana mabapi le kafa Lefoko la Modimo le leng botlhokwa ka teng: “Molao wa molomo wa gago o molemo mo go nna, go feta dikapetla di le diketekete tsa gouta le selefera. Taolo ya gago e ntira botlhale go feta baba ba me, ka gonne ke ya me ka bosakhutleng. Ke thibetse dinao tsa me mo tselaneng nngwe le nngwe e e bosula, ka boikaelelo jwa gore ke boloke lefoko la gago.” (Pes. 119:72, 98, 101) A o na le thulaganyo ya ka metlha ya go ithuta Baebele o le esi? A o ipaakanyetsa dikabelo tse o ka di newang mo isagweng mo tirelong ya Modimo ka go bala Baebele letsatsi le letsatsi le ka go tlhatlhanya ka se o se balang?
Saulo O ne A Ithuta go Rata Batho
8. Saulo o ne a tshwara jang batho ba ba neng ba se mo tumelong ya Sejuda?
8 Pele ga Saulo a nna Mokeresete, o ne a tlhagafetse mo bodumeding jwa gagwe, mme o ne a se na sepe le batho ba ba neng ba se mo tumelong ya Sejuda. (Dit. 26:4, 5) O ne a lebelela fela a sa tshwenyege fa Bajuda bangwe ba ne ba kgobotletsa Setefane ka maje. Saulo o tshwanetse a bo a ne a tsaya gore Setefane o newa kotlhao e e mo tshwanetseng ka go bolawa, mme se a neng a se bona se tshwanetse sa bo se ne sa dira gore ene a se ka a ipona molato ka se a neng a se dira. (Dit. 6:8-14; 7:54–8:1) Pego eo e e tlhotlheleditsweng ya re: “Saulo, a simolola go tshwara phuthego makgwakgwa. A tlhasela matlo ka go latelana, a gogagogela banna le basadi kwa ntle, a ba isa kgolegelong.” (Dit. 8:3) O ne a “ya bokgakaleng jwa go ba bogisa le eleng mo metseng e e kwa ntle.”—Dit. 26:11.
9. Saulo o ne a diragalelwa ke eng se se neng sa dira gore a akanye sentle ka tsela e a neng a tshwara batho ka yone?
9 Fa Morena Jesu a ne a tla mo go Saulo ka ponatshegelo, o ne a le mo tseleng a ya Damaseko go ya go bogisa barutwa ba ga Keresete koo. Kgalalelo e e boitshegang ya Morwa Modimo e ne ya foufatsa Saulo mme seo se ne sa dira gore a tlhoke thuso ya batho ba bangwe. Ka nako ya fa Jehofa a ne a dirisa Ananiase gore a foufolole Saulo, tsela e Saulo a neng a ikutlwa ka yone ka batho ba bangwe e ne e fetogetse ruri. (Dit. 9:1-30) Fa a sena go nna molatedi wa ga Keresete, o ne a leka ka natla go dirisana le batho botlhe jaaka Jesu a ne a dira. Seno se ne se raya gore a tlogele go nna dikgoka mme a ‘agisane le batho botlhe.’—Bala Baroma 12:17-21.
10, 11. Paulo o ne a bontsha jang gore o rata batho ka tsela ya mmatota?
10 Paulo o ne a sa kgotsofalele fela go nna le ba bangwe ka kagiso. O ne a batla go ba bontsha lorato lwa mmatota, mme go nna le seabe mo bodireding jwa Bokeresete go ne go mo naya sebaka sa go dira jalo. Fa a ne a le mo loetong lwa gagwe lwa ntlha lwa borongwa, o ne a rera dikgang tse di molemo kwa Asia Minor. Le fa Paulo le ditsala tsa gagwe ba ne ba ganediwa setlhogo, ba ne ba tlhoma mogopolo mo go thuseng batho ba ba bonolo go nna Bakeresete. Ba ne ba etela metse ya Lisetera le Ikonio gape, le fa baganetsi ba koo ba ne ba kile ba leka go bolaya Paulo.—Dit. 13:1-3; 14:1-7, 19-23.
11 Moragonyana, Paulo le setlhopha sa gagwe ba ne ba senka batho ba ba neng ba batla go nna le kamano le Modimo mo motseng wa Filipi kwa Makedonia. Mosadi mongwe yo o sokologetseng mo Sejudeng yo o neng a bidiwa Lidia o ne a reetsa dikgang tse di molemo mme a nna Mokeresete. Balaodi ba ne ba itaya Paulo le Silase ka dithobane mme ba ba tsenya mo kgolegelong. Le fa go ntse jalo, Paulo o ne a rerela modisa wa kgolegelo, mme seo se ne sa felela ka gore ene le lelapa la gagwe ba kolobediwe mme ba nne baobamedi ba ga Jehofa.—Dit. 16:11-34.
12. Ke eng se se neng sa dira gore Saulo yo o neng a se na maitseo a nne moaposetoloi yo o lorato wa ga Jesu Keresete?
12 Ke eng se se neng sa dira gore Saulo a amogele tumelo ya batho ba pele a neng a ba bogisa? Ke eng se se neng sa dira gore monna yo o se nang maitseo yoo a nne moaposetoloi yo o pelonomi le yo o lorato, yo o neng a ikemiseditse go tsenya botshelo jwa gagwe mo kotsing gore ba bangwe ba tle ba ithute boammaaruri ka Modimo le ka Keresete? Paulo ka boene a re: “Modimo, yo o . . . [neng] a mpitsa ka bopelonomi jwa gagwe jo bo sa re tshwanelang, [o ne] a akanya go le molemo go ntshenolela Morwawe.” (Bagal. 1:15, 16) Paulo o ne a kwalela Timotheo jaana: “Lebaka la go bo ke ne ka bontshiwa kutlwelobotlhoko e ne e le gore go dirisiwa nna jaaka sekao se se kwa pelepele, Keresete Jesu a bontshe go itshwara ka bopelotelele gotlhe e le sekao sa ba ba tlileng go dumela mo go ene gore ba bone botshelo jo bo sa khutleng.” (1 Tim. 1:16) Jehofa o ne a itshwarela Paulo, mme go bontshiwa bopelonomi jo bo sa mo tshwanelang le kutlwelobotlhoko jalo go ne ga mo tlhotlheletsa gore a bontshe ba bangwe lorato ka go ba rerela dikgang tse di molemo.
13. Ke eng se se tshwanetseng go re tlhotlheletsa go bontsha ba bangwe lorato, mme re ka lo bontsha jang?
13 Ka tsela e e tshwanang, Jehofa o itshwarela maleo le diphoso tsa rona. (Pes. 103:8-14) Mopesalema o ne a botsa jaana: “Fa nkabo o lebelela ditlolo, wena Jah, Jehofa, ke mang yo o neng a ka ema?” (Pes. 130:3) Fa Modimo a ka bo a sa re utlwele botlhoko, ga go na ope wa rona yo o neng a ka itumelela go dira tirelo e e boitshepo, e bile re ka bo re se na tsholofelo ya go bona botshelo jo bo sa khutleng. Modimo o re bontshitse bopelonomi jo bo sa re tshwanelang rotlhe. Ka jalo, jaaka Paulo, re tshwanetse go batla go bontsha ba bangwe lorato ka go ba rerela le ka go ba ruta boammaaruri le ka go nonotsha badumedi mmogo le rona.—Bala Ditiro 14:21-23.
14. Re ka atolosa jang bodiredi jwa rona?
14 Paulo o ne a batla go gatela pele e le mmoledi wa dikgang tse di molemo, mme sekao sa ga Jesu se ne sa mo ama maikutlo. Nngwe ya ditsela tse Morwa Modimo a bontshitseng ka tsone gore o rata batho thata ke ka go dira tiro ya go rera. Jesu o ne a re: “Thobo e kgolo, mme badiri ba babotlana. Jalo, kopang Mong wa thobo gore a romele badiri mo thobong ya gagwe.” (Math. 9:35-38) Paulo o ne a dira go dumalana le kopo epe e a ka tswang a ne a e dirile ya go kopa badiri ba ba oketsegileng ka gore ene ka boene a nne modiri yo o tlhoafetseng. Ke eng se wena o ka se dirang? A o ka tokafatsa tsela e o rerang ka yone? Kana a o ka oketsa nako e o e dirisang mo tirong ya go rera ka Bogosi, gongwe ka go rulaganyetsa gore o nne mmulatsela? A re bontsheng kafa re ratang ba bangwe ka tsela ya mmatota ka teng ka go ba thusa go ‘ngangatlela lefoko la botshelo thata.’—Bafil. 2:16.
Tsela e Paulo a Neng a Iteba ka Yone
15. Paulo o ne a ipaya mo seemong sefe fa a lebile Bakeresete mmogo le ene?
15 Paulo, jaaka modiredi wa Mokeresete, o re tlhometse sekao se se tlhomologileng ka tsela e nngwe gape. Le fa Paulo a ne a na le ditshiamelo tse dintsi mo phuthegong ya Bokeresete, o ne a itse sentle gore o ne a sa berekela ditshiamelo tseo e bile o ne a se na tshwanelo ya go di newa ka ntlha ya bokgoni jo a neng a na le jone. O ne a tlhaloganya gore o ne a na le ditshiamelo dingwe ka gonne Modimo a ne a mmontsha bopelonomi jo bo sa mo tshwanelang. Paulo o ne a lemoga gore Bakeresete ba bangwe le bone e ne e le bareri ba ba atlegileng ba dikgang tse di molemo. Le fa a ne a na le maikarabelo mo gare ga batho ba Modimo, o ne a nna a ikokobeditse.—Bala 1 Bakorintha 15:9-11.
16. Paulo o ne a bontsha jang boikokobetso le boingotlo mo kgannyeng ya go rupa?
16 Ela tlhoko kafa Paulo a neng a rarabolola ka teng bothata bongwe jo bo neng jwa tsoga mo motseng wa Antioka kwa Siria. Phuthego ya Bokeresete koo e ne e sa dumalane mo kgannyeng ya go rupa. (Dit.14:26–15:2) E re ka Paulo a ne a tlhomilwe go etelela pele mo tirong ya go rerela Baditšhaba ba ba sa rupang, o ka tswa a ne a akanya gore ke ene a itseng go dirisana sentle le batho ba e seng Bajuda, mme ka jalo ke ene a tshwanelegang thata go rarabolola bothata joo. (Bala Bagalatia 2:8, 9.) Le fa go ntse jalo, fa a ne a sa kgone go rarabolola bothata joo, ka boikokobetso le boingotlo o ne a latela thulaganyo e e neng e tlhomilwe mme a bolelela setlhopha se se laolang kwa Jerusalema ka jone. O ne a dirisana sentle le maloko a setlhopha seo fa ba ne ba reeditse kgang, ba dira tshwetso, ba bo ba mo naya maikarabelo a go nna mongwe wa barongwa ba bone. (Dit. 15:22-31) Ka jalo Paulo o ne a ‘etelela pele mo go bontsheng batlhanka mmogo le ene tlotlo.’—Bar. 12:10b.
17, 18. (a) Paulo o ne a ikutlwa jang ka batho ba ba neng ba le mo diphuthegong? (b) Tsela e bagolwane ba kwa Efeso ba neng ba itshwara ka yone fa Paulo a ne a tsamaya e re ruta eng ka ene?
17 Paulo yo o ikokobeditseng o ne a sa ikgogomosetse bakaulengwe le bokgaitsadi ba gagwe mo diphuthegong. Go na le moo, o ne a ba rata. Fa a ne a konela lekwalo le a neng a le kwalela Baroma, o ne a dumedisa batho ba feta 20 a ba umaka ka maina. Bontsi jwa batho bao ga ba umakiwe gope go sele mo Baebeleng, e bile ke ba le mmalwa fela mo go bone ba ba neng ba na le ditshiamelo tse di kgethegileng. Mme e ne e le batlhanka ba ba ikanyegang ba ga Jehofa, e bile Paulo o ne a ba rata fela thata.—Bar. 16:1-16.
18 Paulo o ne a nonotsha diphuthego ka gonne a ne a ikokobeditse e bile a le botsalano. Fa Paulo a sena go kopana le bagolwane ba kwa Efeso la bofelo, ba ne “ba wela mo molaleng wa [gagwe] ba bo ba mo atla ka lorato, ka gonne ba ne segolobogolo ba utlwisitswe botlhoko ke lefoko le a neng a le buile gore ba ne ba se kitla ba tlhola ba bona sefatlhego sa gagwe.” Batho ba ne ba ka se dire jalo fa e le gore e ne e le motho yo o ikgogomosang, yo o sa kgathaleleng batho.—Dit. 20:37, 38.
19. Re ka nna jang le “mogopolo o o ikokobeditseng” fa re dirisana le Bakeresete mmogo le rona?
19 Botlhe ba ba batlang go gatela pele semoyeng ba tshwanetse go ikokobetsa jaaka Paulo. O ne a kgothatsa Bakeresete mmogo le ene gore ba se ka ba dira ‘sepe ka ntlha ya manganga kgotsa ka ntlha ya go itseela kwa godimo thata, mme ka mogopolo o o ikokobeditseng ba tseye ba bangwe ba le kwa godimo ga bone.’ (Bafil. 2:3) Re ka latela jang kgakololo eo? Tsela e nngwe ke ka go dirisana sentle le bagolwane mo phuthegong ya rona, re latela kaelo ya bone le go ema nokeng ditshwetso tsa boatlhodi tse ba di dirang. (Bala Bahebera 13:17.) Gape re ka dira seo ka go anaanela thata bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona botlhe mo phuthegong. Gantsi diphuthego tsa batho ba ga Jehofa di na le batho ba ditšhaba, merafe, le ditso tse di farologaneng. Ka jalo, a ga re a tshwanela go ithuta go tshwara batho botlhe ka tsela e e sa bontsheng tlhaolele le go ba rata jaaka Paulo a ne a dira? (Dit. 17:26; Bar. 12:10a) Re kgothalediwa go ‘amogelana, fela jaaka Keresete le ene a ne a re amogela, ka tebelelo ya go galaletsa Modimo.’—Bar. 15:7.
‘Taboga ka Boitshoko’ mo Lobelong Lwa Botshelo
20, 21. Ke eng se se tla re thusang go atlega fa re taboga mo lobelong lwa botshelo?
20 Botshelo jwa Mokeresete bo ka tshwantshiwa le lobelo lo loleele. Paulo o ne a re: “Ke tabogile lobelo go ya bofelong, ke bolokile tumelo. Go tswa mo nakong eno go ya pele ke beetswe serwalo sa tshiamo, se Morena, moatlhodi yo o siameng, o tla se nnayang e le maduo mo letsatsing leo, le fa go ntse jalo e seng nna fela, mme le botlhe ba ba ratileng go bonatshega ga gagwe.”—2 Tim. 4:7, 8.
21 Go latela sekao sa ga Paulo go tla re thusa go taboga ka katlego mo lobelong lwa botshelo jo bo sa khutleng. (Baheb. 12:1) Ka jalo, tsweetswee a re tsweleleng re gatela pele semoyeng ka go nna le thulaganyo ya ka metlha ya go ithuta, ka go rata batho ba bangwe thata le ka go nna re ikokobeditse.
O ka Araba Jang?
• Paulo o ne a solegelwa molemo jang ke go ithuta Dikwalo ka metlha a le esi?
• Ke eng fa go le botlhokwa gore Bakeresete ba boammaaruri ba rate batho thata?
• O tla thusiwa ke dinonofo dife gore o se ka wa nna le tlhaolele?
• Sekao sa ga Paulo se ka go thusa jang go dirisana sentle le bagolwane mo phuthegong ya lona?
[Setshwantsho mo go tsebe 23]
Dira gore Dikwalo di go nonotshe, jaaka di ne di nonotsha Paulo
[Setshwantsho mo go tsebe 24]
Bontsha ba bangwe lorato ka go ba rerela dikgang tse di molemo
[Setshwantsho mo go tsebe 25]
A o itse gore ke eng se se neng se dira gore Paulo a ratwe ke bakaulengwe ba gagwe?