KGAOLO 14
Jehofa o Dirile Thulaganyo ya “go Rekolola ba le Bantsi”
1, 2. Baebele e tlhalosa jang maemo a batho ba leng mo go one, mme tsela e le nngwe fela ya go a fedisa ke efe?
“POPO yotlhe e ntse e le mo khutsafalong e bile e ntse e le mo kutlobotlhokong.” (Baroma 8:22) Ka mafoko ao moaposetoloi Paulo o tlhalosa maemo a a tlhomolang pelo a re iphitlhelang re le mo go one. Go ya ka pono ya batho, go bonala go se na tsela e pogo, boleo le loso di ka felang ka yone. Mme Jehofa ene ga a palelwe jaaka batho. (Dipalo 23:19) Modimo wa tshiamiso o re abetse sengwe se se ka fedisang mathata a rona. Se bidiwa thekololo.
2 Thekololo ke mpho e kgolo go gaisa tsotlhe tse Jehofa a di abetseng batho. E dira gore go kgonege gore re gololwe mo boleong le mo losong. (Baefeso 1:7) Ke motheo wa tsholofelo ya botshelo jo bo sa khutleng, e ka ne e le jwa kwa legodimong kana mo lefatsheng la paradaise. (Luke 23:43; Johane 3:16; 1 Petere 1:4) Mme totatota thekololo ke eng? E re ruta jang kaga tshiamiso ya ga Jehofa e e sa lekaneng le epe?
Goreng Thekololo E ne Ya Tlhokega?
3. (a) Ke eng fa thekololo e ile ya tlhokega? (b) Ke eng fa Modimo a se kile a phimola kotlhao ya loso fela mo baneng ba ga Adame?
3 Thekololo e ne ya tlhokega ka ntlha ya boleo jwa ga Adame. Ka go se ikobele Modimo, Adame o ne a tlogelela bana ba gagwe boswa jwa bolwetse, bohutsana, botlhoko le loso. (Genesise 2:17; Baroma 8:20) Modimo o ne a ka se ka a ineelela go tseega maikutlo mme a bo a phimola kotlhao ya loso. Go dira jalo e ne e tla bo e le go itlhokomolosa molao ono wa gagwe ka namana: “Dituelo tsa boleo ke loso.” (Baroma 6:23) Mme fa Jehofa a ne a ka itlhokomolosa ditekanyetso tsa gagwe ka namana tsa tshiamiso, tlhakatlhakano le go tlhoka molao di ne di tla anama mo lobopong lotlhe!
4, 5. (a) Satane o ne a senya Modimo leina jang, mme ke eng fa Jehofa a ile a tshwanelwa ke go araba ditatofatso tseo? (b) Satane o ne a latofatsa batlhanka ba ga Jehofa ba ba ikanyegang ka eng?
4 Jaaka fa re bone mo Kgaolong ya 12, botlhanogi jwa kwa Edene bo ne jwa tsosa dikgang tse di masisi tota. Satane o ne a senya leina la Modimo le lentle. Tota e bile, o ne a latofatsa Jehofa ka gore o bua maaka e bile ke mogateledi yo o setlhogo yo o amogang dibopiwa tsa gagwe kgololesego. (Genesise 3:1-5) Gape fa Satane a ne a dira se go neng go bonala e le go kgoreletsa maikaelelo a Modimo a go tlatsa lefatshe ka batho ba ba siameng, o ne a bolela gore Modimo o paletswe. (Genesise 1:28; Isaia 55:10, 11) Fa Jehofa a ka bo a ile a tlogela dikgang tseno di sa rarabololwa, bontsi jwa dibopiwa tsa gagwe tse di botlhale di ne di ka nna tsa se ka tsa tlhola di tshepa bolaodi jwa gagwe.
5 Gape Satane o ne a senya batlhanka ba ga Jehofa ba ba ikanyegang leina, a bolela gore ba mo direla fela ka ntlha ya maitlhomo a bogagapa le gore fa ba ne ba ka lekwa, ga go ope wa bone yo o neng a ka sala a ikanyega mo Modimong. (Jobe 1:9-11) Dikgang tseno di ne di le botlhokwa thata go feta maemo a a thata a batho ba neng le mo go one. Jehofa o ne a ikutlwa a tshwanelwa ke go araba ditatofatso tsa maaka tsa ga Satane. Mme gone, Modimo o ne a ka rarabolola dikgang tseno jang mme a bo a namola le batho?
Thekololo—Sengwe se se Lekanang
6. Mangwe a mafoko a a dirisitsweng mo Baebeleng go tlhalosa se Modimo a se dirileng go namola batho ke afe?
6 Tsela e Jehofa a neng a rarabolola dilo ka yone e ne e bontsha kutlwelobotlhoko e kgolo le tshiamiso e e sa lekaneng le epe—e go neng go se na motho ope yo o neng a ka tla ka yone. Le fa go ntse jalo, e ne e le motlhofo tota. E bidiwa ka ditsela tse di farologaneng go twe ke go reka, go boelana, go golola, go agisana le go itshwarelwa. (Pesalema 49:8; Daniele 9:24; Bagalatia 3:13; Bakolosa 1:20; Bahebera 2:17) Mme gone lefoko le gongwe le tlhalosang dilo sentle ke le le neng la dirisiwa ke Jesu ka boene. O ne a re: “Morwa motho [o] ne a sa tla go direlwa mme o ne a tletse go direla le go ntsha botshelo jwa gagwe go rekolola [lyʹtron ka Segerika] ba le bantsi.”—Mathaio 20:28.
7, 8. (a) Mo Dikwalong lefoko “thekololo” le kaya eng? (b) Thekololo e akaretsa jang kgang ya go lekana?
7 Thekololo ke eng? Lefoko la Segerika le le dirisitsweng fano le tswa mo lediring le le kayang “go bofolola, go golola.” Lefoko leno le ne le dirisiwa go tlhalosa madi a a neng a duelelwa go gololwa ga batshwarwa ba ntwa. Ka jalo, totatota thekololo e ka tlhalosiwa e le sengwe se se duelwang go rekolola sengwe. Mo Dikwalong Tsa Sehebera, lefoko le le ranolwang e le “thekololo” (koʹpher) le tswa mo lediring le le kayang “go bipa.” Ka sekai, Modimo o ne a bolelela Noa gore o ne a tshwanetse go “bipa [kgotsa go tshasa]” (popego e nngwe ya lefoko leo) araka ka tere. (Genesise 6:14) Seno se re thusa go tlhaloganya gore go rekolola gape go kaya go bipa [kgotsa go itshwarela] maleo.—Pesalema 65:3.
8 Theological Dictionary of the New Testament e bolela gore lefoko leno (koʹpher) “ka metlha le kaya sengwe se se lekanang,” kana se se tsamaelanang le se sengwe. Ka gone, e le go rekolola kana go bipa boleo, go tlhokega gore go duelwe tlhwatlhwa e e tsamaelanang ka botlalo kana e e bipang ka botlalo tshenyo e e bakilweng ke boleo. Ke gone ka moo Molao o Modimo a neng a o neile Baiseraele o neng o laela jaana: “Botshelo bo tla duelelwa ka botshelo, leitlho ka leitlho, leino ka leino, seatla ka seatla, lonao ka lonao.”—Duteronome 19:21.
9. Ke eng fa banna ba ba ikanyegang ba ile ba ntsha ditlhabelo tsa diphologolo, mme Jehofa o ne a leba ditlhabelo tseo jang?
9 Banna ba ba ikanyegang go tloga ka Abele go ya pele ba ne ba ntshetsa Modimo ditlhabelo tsa diphologolo. Ka go dira jalo ba ne ba bontsha gore ba a lemoga gore go na le boleo le gore go tlhokega kgololo e bile ba ne ba bontsha go dumela mo tsholofetsong ya Modimo ya gore o tla golola batho ka “losika” lwa gagwe. (Genesise 3:15; 4:1-4; Lefitiko 17:11; Bahebera 11:4) Jehofa o ne a itumelela ditlhabelo tseo mme a dira gore baobamedi bao ba nne le kamano e ntle le ene. Le fa go ntse jalo, ditlhabelo tsa diphologolo e ne e le tshwantshetso fela. Tota diphologolo di ne di ka se ka tsa bipa boleo jwa motho ka gonne di na le maemo a a kwa tlase go na le batho. (Pesalema 8:4-8) Ke gone ka moo Baebele e reng: “Madi a dipoo le a dipodi a ka se tlose maleo.” (Bahebera 10:1-4) Ditlhabelo tseo e ne e le tshwantshetso fela ya setlhabelo sa mmatota sa thekololo se se neng se tla.
“Tlhwatlhwa e e Neng e Tlhokega”
10. (a) Motho yo o neng a tla nna thekololo o ne a tshwanetse a lekana le mang, mme ka ntlha yang? (b) Ke eng fa go ne go tlhokega setlhabelo sa motho a le mongwe fela?
10 Moaposetoloi Paulo o ile a re: “Batho botlhe ba swa ka ntlha ya ga Adame.” (1 Bakorintha 15:22) Ka gone, thekololo e ne e tshwanetse go akaretsa go swa ga motho yo o lekanang kgo le Adame—motho yo o itekanetseng. (Baroma 5:14) Go ne go se na setshedi sepe se sele se se neng se lekane go ka dira gore tshiamiso e diragadiwe. Ke motho yo o itekanetseng fela, mongwe yo o neng a sa amiwe ke kotlhao ya loso ya ga Adame, yo o neng a ka kgona “go duelela tlhwatlhwa e e neng e tlhokega gore batho botlhe ba gololwe mo boleong”—e e lekanang kgo le Adame. (1 Timotheo 2:6) Go ne go ka se tlhokege gore dimilionemilione tsa batho di ntshiwe setlhabelo e le gore go duelelwe ngwana mongwe le mongwe wa ga Adame. Moaposetoloi Paulo o ile a tlhalosa jaana: “Boleo bo ne jwa tsena mo lefatsheng ka motho a le mongwe, [Adame] mme boleo bo ne jwa tlisa loso.” (Baroma 5:12) Mme e re ka “loso lo nnile gone ka motho a le mongwe,” Modimo o ne a rulaganya gore batho ba rekololwe “ka motho a le mongwe.” (1 Bakorintha 15:21) Jang?
“Tlhwatlhwa e e neng e tlhokega gore batho botlhe ba gololwe mo boleong”
11. (a) Motho yo o neng a tla nna thekololo o ne a tla ‘utlwela motho mongwe le mongwe loso’ jang? (b) Ke eng fa Adame le Efa ba ne ba ka se solegelwe molemo ke thekololo eno? (Bona ntlhanyana e e kwa tlase.)
11 Jehofa o ne a rulaganya gore motho yo o itekanetseng a ithaopele go ntsha botshelo jwa gagwe setlhabelo. Go ya ka Baroma 6:23, “dituelo tsa boleo ke loso.” Fa motho yono yo o neng a tla nna thekololo a ne a ntsha botshelo jwa gagwe setlhabelo, o ne a tla bo a ‘utlwela motho mongwe le mongwe loso.’ Ka mafoko a mangwe, o ne a tla bo a duela tlhwatlhwa ya boleo jwa ga Adame. (Bahebera 2:9; 2 Bakorintha 5:21; 1 Petere 2:24) Seno se ne se tla nna le diphelelo tse di botlhokwa tsa semolao. Ka go fedisa kotlhao ya loso mo baneng ba ba kutlo ba ga Adame, thekololo e ne e tla khumola maatla a a senyang a boleo ka medi ya one.a—Baroma 5:16.
12. Tshwantsha kafa go duelwa ga sekoloto se le sengwe go ka solegelang bontsi jwa batho molemo ka teng.
12 Go tshwantsha: Akanya o nna mo toropong e bontsi jwa baagi ba yone ba berekang mo femeng e kgolo. Wena le baagelani ba gago lo duelwa sentle mme lo tshela botshelo jo bo monate. Ke gore, go fitlha ka letsatsi le feme eo e tswalwang ka lone. E tswalelwa eng? Mookamedi wa feme o ne a simolola bonweenwee, a dira gore kgwebo e phutlhame. Ka tshoganyetso wena le baagelani ba gago ga lo tlhole lo kgona go duela dikoloto tsa lona ka go bo lo sa tlhole lo bereka. Balekane ba lona ba lenyalo, bana le batho ba lo ba kolotang ba nna mo mathateng ka ntlha ya bonweenwee jwa motho a le mongwe. A go na le tharabololo? Ee! Mohumi mongwe yo o thuso o dira tshwetso ya gore a lo namole. O lemoga botlhokwa jwa khampani eo. Gape o tlhomolwa pelo ke badiri ba yone ba bantsi le ba malapa a bone. Ka gone o dira dithulaganyo tsa go duela sekoloto sa khampani eo a bo a bula feme eno gape. Go phimolwa ga sekoloto seo se le sosi go namola bontsi jwa badiri le ba malapa a bone le batho ba ba ba kolotang. Ka tsela e e tshwanang, go phimolwa ga molato wa ga Adame go solegela dimilionemilione tsa batho molemo.
Ke Mang yo Ntshang Thekololo?
13, 14. (a) Jehofa o ne a ntshetsa batho thekololo jang? (b) Thekololo e duelwa mang, mme ke eng fa tuelo e e ntseng jalo e tlhokega?
13 Ke Jehofa fela yo o neng a ka ntsha “Kwana . . . e e tlosang boleo jwa lefatshe.” (Johane 1:29) Mme gone Modimo o ne a se ka a romela moengele mongwe le mongwe fela gore a namole batho. Go na le moo, o ne a romela Ene yo o neng a ka ntsha karabo ya makgaolakgang ya tatofatso e Satane a neng a latofatsa batlhanka ba ga Jehofa ka yone. Ee, Jehofa o ne a intsha setlhabelo se segolo ka go romela Morwawe yo o tsetsweng a le esi, ‘yo o neng a ratega thata mo go ene.’ (Diane 8:30) Morwa Modimo “o ne a tlogela sengwe le sengwe se a neng a na le sone” kwa legodimong. (Bafilipi 2:7) Ka kgakgamatso, Jehofa o ne a fudusa botshelo jwa Morwawe wa leitibolo wa kwa legodimong mme a bo tsenya mo popelong ya lekgarebane la Mojuda e bong Marea. (Luke 1:27, 35) Fa a sena go nna motho o ne a tla bidiwa Jesu. Mme gone ka tsela ya semolao o ne a ka bidiwa Adame wa bobedi, ka gonne o ne a lekana sentle le Adame. (1 Bakorintha 15:45, 47) Ka gone Jesu o ne a ka intsha setlhabelo sa go rekolola batho ba ba nang le boleo.
14 Thekololo eo e ne e tla duelwa mang? Pesalema 49:7 e bua ka tlhamalalo gore thekololo e duelwa “Modimo.” Mme gone, a Jehofa ga se ene a rulagantseng gore thekololo e duelwe? Ee ke ene, mme seno ga se bolele gore thekololo ke kananyo fela ya seomodiro, e e se nang boleng—e e jaaka go ntsha madi mo pateng e nngwe o a tsenya mo go e nngwe. Re tshwanetse go tlhaloganya gore thekololo ga se kananyo ya dithoto, go na le moo ke theko ya semolao. Fa Jehofa a ne a ntsha tuelo ya thekololo, tota le fa go ile ga dira gore a latlhegelwe thata, o ne a tlhomamisa gore o kgomarela tshiamiso ya gagwe e e molemo a sa fetoge.—Genesise 22:7, 8, 11-13; Bahebera 11:17; Jakobe 1:17.
15. Ke eng fa go ne go tlhokega gore Jesu a boge a bo a swe?
15 Ka dikgakologo tsa 33 C.E., Jesu Keresete o ne a ineela go tsena mo matshwenyegong a a neng a tla dira gore go duelwe thekololo. O ne a itlogelela gore a tshwarwe ka ditatofatso tsa maaka, a bonwe molato le go kokotelwa mo koteng ya polao. A tota go ne go tlhokega gore Jesu a boge go le kalo? Ee, ka gonne kgang ya boikanyegi jwa batlhanka ba Modimo e ne e tshwanetse go rarabololwa. Sengwe sa botlhokwa ke gore, Modimo o ne a se ka a letla gore lesea Jesu le bolawe ke Herode. (Mathaio 2:13-18) Mme fa Jesu a sena go nna mogolo, o ne a kgona go emelana le ditlhaselo tse di botlhoko tsa ga Satane a tlhaloganya mabaka a gone ka botlalo.b Fa Jesu a ne a tswelela ‘a ikanyega, a se na molato, a sa leswafala, a farologane le baleofi’ le fa a ne a tshwerwe makgwakgwa thata, o ne a bontsha ka tsela e e ka se kang ya belaelwa gore Jehofa o na le batlhanka ba ba nnang ba ikanyega le fa ba le mo ditekong. (Bahebera 7:26) Ga go gakgamatse he go bo Jesu a ile a tlhaeletsa jaana ka tsela ya phenyo pele a swa: “Go diragaditswe!”—Johane 19:30.
Go Wetsa Tiro ya Gagwe ya go Rekolola
16, 17. (a) Jesu o ne a tsweletsa jang tiro ya gagwe ya go golola? (b) Ke eng fa go ne go tlhokega gore Jesu “a re bonalele fa pele ga Modimo ka namana”?
16 Jesu o ne a sa ntse a tshwanelwa ke go wetsa tiro ya gagwe ya go rekolola. Mo letsatsing la boraro fa Jesu a sena go swa, Jehofa o ne a mo tsosa mo baswing. (Ditiro 3:15; 10:40) Jehofa ka tiro eno e kgolo o ne a se ka a duelela Morwawe go mo direla ka boikanyegi fela mme gape o ne a mo naya tshono ya go wetsa tiro ya gagwe ya go rekolola e le Moperesiti yo Mogolo wa Modimo. (Baroma 1:4; 1 Bakorintha 15:3-8) Moaposetoloi Paulo o tlhalosa jaana: “Fa Keresete a tla, e ne e le moperesiti yo mogolo . . . . O ne a tsena mo lefelong le le boitshepo, e seng ka madi a dipodi le a dipowana, mme ka madi a gagwe. O ne a tsena gangwe fela a bo a dira gore re gololwe ka bosakhutleng. Gonne Keresete ga a ka a tsena mo lefelong le le boitshepo le le dirilweng ka diatla, le le emelang selo sa mmatota, mme o tsene mo legodimong ka bolone, mo e leng gore gone jaanong o re emela fa pele ga Modimo.”—Bahebera 9:11, 12, 24.
17 Keresete o ne a ka se ye ka madi a gagwe a mmatota kwa legodimong. (1 Bakorintha 15:50) Go na le moo, o ne a ya ka se madi ao a neng a se tshwantshetsa: tlhwatlhwa ya semolao ya setlhabelo sa botshelo jwa gagwe jwa motho yo o itekanetseng. Morago ga foo o ne a ya fa pele ga Modimo go mo neela tlhwatlhwa ya botshelo joo e le thekololo e e rekololang batho ba ba nang le boleo. A Jehofa o ne a amogela setlhabelo seo? Ee, mme seo se ne sa bonala ka Pentekosete ya 33 C.E., fa moya o o boitshepo o ne o tshololelwa mo barutweng ba ka nna 120 kwa Jerusalema. (Ditiro 2:1-4) Le fa seo se ne se itumedisa thata, ka nako eo thekololo e ne e le gone e simololang go neela batho melemo e e itumedisang.
Melemo ya Thekololo
18, 19. (a) Ke ditlhopha dife tse pedi tsa batho tse di solegelwang molemo ka go bo thekololo e dirile gore ba kgone go nna ditsala tsa Modimo? (b) Ke melemo efe e mengwe ya thekololo e ba “boidiidi jo bogolo” ba itumelelang yone gone jaanong le e ba tla e itumelelang mo nakong e e tlang?
18 Mo lekwalong le Paulo a neng a le kwalela Bakolosa, o tlhalosa gore Modimo o ne a bona go le molemo gore a dirise Keresete go dira gore dilo tsotlhe tse dingwe di boelane le ene gape ka go dira kagiso ka madi a ga Jesu a a tshololetsweng mo thupeng ya tlhokofatso. Gape Paulo o tlhalosa gore go boelana gono go akaretsa ditlhopha tse pedi tse di farologaneng tsa batho, e leng, “dilo tse di kwa magodimong” le “dilo tse di mo lefatsheng.” (Bakolosa 1:19, 20; Baefeso 1:10) Setlhopha seo sa pele ke sa Bakeresete ba le 144 000 ba ba abelwang tsholofelo ya go nna baperesiti kwa legodimong le go busa lefatshe e le dikgosi le Keresete Jesu. (Tshenolo 5:9, 10; 7:4; 14:1-3) Melemo ya thekololo e tla diragadiwa ka bone kgato ka kgato mo bathong ba ba kutlo mo lobakeng lwa dingwaga tse di sekete.—1 Bakorintha 15:24-26; Tshenolo 20:6; 21:3, 4.
19 “Dilo tse di mo lefatsheng” ke batho ba ba solofetseng go bona botshelo jo bo itekanetseng mo Paradaiseng mo lefatsheng. Tshenolo 7:9-17 e ba tlhalosa e le “boidiidi jo bogolo” jo bo tla falolang “pitlagano e kgolo” e e tlang. Mme gone ga go tlhokege gore ba emele nako eo e bo e le gone ba solegelwang molemo ke melemo ya thekololo. Ba setse “ba tlhatswitse diaparo tsa bone tse ditelele ba bo ba di sweufatsa mo mading a Kwana.” E re ka ba dumela mo thekololong, tota le gone jaanong ba amogela dilo tse dintsi tse di molemo go tswa kwa go Jehofa. Ka sekai, o ba tsaya ba e le ditsala tsa gagwe tse di siameng! (Jakobe 2:23) Ka ntlha ya setlhabelo sa ga Jesu, ba kgona go ‘atamela kwa setulong sa bogosi sa bopelonomi jo bogolo e bile ba rapela ba sa tshabe sepe.’ (Bahebera 4:14-16) Fa ba leofa, ba itshwarelwa ka tsela ya mmatota. (Baefeso 1:7) Tota le fa ba sa itekanela, ba na le segakolodi se se phepa. (Bahebera 9:9; 10:22; 1 Petere 3:21) Ka gone, go letlana ga bone le Modimo ga se selo fela se ba sa ntseng ba se solofetse, ke selo se se diregang gone jaanong! (2 Bakorintha 5:19, 20) Ka nako ya Puso ya Dingwaga Tse di Sekete, kgato ka kgato ba tla ‘gololwa gore ba se ka ba nna batlhanka ba mmele o o swang,’ mme kgabagare ba tla nna le “kgololesego e e galalelang ya bana ba Modimo.”—Baroma 8:21.
20. Go tlhatlhanya ka thekololo go go ama jang wena ka namana?
20 ‘Re leboga Modimo ka go dirisa Jesu Keresete’ gore a nne thekololo! (Baroma 7:25) Ke thulaganyo e e motlhofo tota mme gone e le botlhokwa thata mo e re dirang gore re nne le poifo ya go mo tlotla. (Baroma 11:33) Mme go tlhatlhanya ka yone ka kanaanelo, go re ama dipelo le go re atamalanya thata le Modimo wa tshiamiso. Fela jaaka mopesalema, re na le mabaka a a utlwalang a go galaletsa Jehofa ka gonne e le Modimo yo o ‘ratang tshiamo le tshiamiso.’—Pesalema 33:5.
a Adame le Efa ba ne ba ka se solegelwe molemo ke thekololo. Molao wa ga Moshe o ne wa bolela molaomotheo ono malebana le mmolai wa ka boomo: “Ga lo a tshwanela go tsaya thekololo epe e e ntshediwang botshelo jwa mmolai yo o tshwanelwang ke loso.” (Dipalo 35:31) Ga go pelaelo gore Adame le Efa ba ne ba tshwanelwa ke go swa ka gonne ba ne ba tlola molao wa Modimo ka boomo e bile ba itse. Ka gone ba ne ba latlha tebelelo ya bone ya botshelo jo bo sa khutleng.
b Jesu o ne a tshwanelwa ke go swa e le monna yo o itekanetseng e seng e le lesea le le itekanetseng e le gore a duelele boleo jwa ga Adame. Se lebale gore boleo jwa ga Adame e ne e le boleo jwa ka boomo jo a bo dirileng a itse ka botlalo bomasisi jwa kgato eo le matswela a yone. Ka gone gore Jesu a nne “Adame wa bofelo” mme a bipe boleo joo, o ne a tshwanetse go dira tshwetso a itse se a se dirang e bile e le motho yo o godileng ka botlalo e le gore a bontshe gore o ikanyega mo go Jehofa. (1 Bakorintha 15:45, 47) Ka gone botshelo jotlhe jwa go ikanyega ga ga Jesu—go akaretsa le loso lwa gagwe lwa go intsha setlhabelo—e ne ya nna “tiro e le nngwe ya tshiamiso.”—Baroma 5:18, 19.