Kafa Lefatshe Leno le Tla Khutlang ka Gone
“Ga lo mo lefifing, mo letsatsi leo le ka lo welang ka tshoganyetso jaaka le ne le ka wela magodu.”—1 BATHES. 5:4.
1. Ke eng se se tla re thusang go nna re disitse le go itshokela diteko?
GO ISE go ye kae, go tloga go direga ditiragalo tse dikgolo. Go diragadiwa ga boporofeti jwa Baebele go tlhomamisa seo, ka jalo, re tshwanetse go nna re disitse. Ke eng se se tla re thusang go nna re disitse? Moaposetoloi Paulo o re kgothaletsa gore re nne “re tlhomile matlho a rona, . . . mo dilong tse di sa bonweng.” Ke boammaaruri gore re tshwanetse go nna re gakologelwa tuelo ya rona ya botshelo jo bo sa khutleng, e ka tswa e le kwa legodimong kgotsa mo lefatsheng. Jaaka tlhaloso eno e bontsha, Paulo o ne a kwalela badumedimmogo le ene mafoko ao go ba kgothaletsa gore ba nne ba tlhomile mogopolo mo boitumelong jo ba tla nnang le jone fa ba ikanyega. Go dira jalo go tla ba thusa gore ba itshokele diteko le pogiso.—2 Bakor. 4:8, 9, 16-18; 5:7.
2. (a) Ke eng se re tshwanetseng go se dira go boloka tsholofelo ya rona e tlhomame? (b) Ke eng se re tla se sekasekang mo setlhogong seno le se se latelang?
2 Kgakololo eo ya ga Paulo e na le molaomotheo ono o o botlhokwa: Go re re nne le tsholofelo e e tlhomameng, re tshwanetse go leba ka kwa ga dilo tse di fa pele ga rona. Re tshwanetse go tlhoma mogopolo mo ditiragalong tsa botlhokwa tse di iseng di bonwe. (Baheb. 11:1; 12:1, 2) Ka jalo, mma re sekasekeng ditiragalo di le lesome tse di tla diregang mo isagweng tse di amanang thata le tsholofelo ya rona ya botshelo jo bo sa khutleng.a
GO TLA DIRAGALA ENG PELE FELA GA BOKHUTLO BO TLA?
3. (a) Ke tiragalo efe e e umakilweng mo go 1 Bathesalonika 5:2, 3 e e sa ntseng e tla diragala? (b) Ke eng se baeteledipele ba dipolotiki ba tla se dirang, mme ba tla dirisana le bomang?
3 Paulo o umaka tiragalo nngwe e e tla diragalang mo isagweng, mo lekwalong le a le kwaletseng Bathesalonika. (Bala 1 Bathesalonika 5:2, 3.) O umaka “letsatsi la ga Jehofa.” “Letsatsi la ga Jehofa,” jaaka le umakilwe fano, le kaya nako e e tla simololang fa go fedisiwa ga bodumedi jwa maaka mme le tla felela ka ntwa ya Haramagedona. Le fa go ntse jalo, pele fela ga letsatsi leo la ga Jehofa le simologa, baeteledipele ba lefatshe ba tla bo ba re, “Kagiso le polokesego!” Seno se ka raya tiragalo e le nngwe kgotsa motseletsele wa ditiragalo. Ditšhaba di ka nna tsa akanya gore di gaufi le go rarabolola mangwe a mathata a tsone a magolo. Mme go tweng ka baeteledipele ba bodumedi? Ke karolo ya lefatshe, ka jalo, go ka nna ga direga gore ba dirisane le baeteledipele ba dipolotiki. (Tshen. 17:1, 2) Fa baruti ba dira jalo ba tla bo ba etsa baporofeti ba maaka ba kwa Juda wa bogologolo. Jehofa o ne a bua jaana ka bone: “Ba re, ‘Go na le kagiso! Go na le kagiso!’ mme go se na kagiso.”—Jer. 6:14; 23:16, 17.
4. Go farologana le batho botlhe, ke eng se re se lemogang?
4 Go sa kgathalasege gore ke mang yo o tla reng, “Kagiso le polokesego!” tiragalo eo e tla bontsha gore letsatsi la ga Jehofa le a simolola. Ke gone ka moo, Paulo a ka reng: “Bakaulengwe, ga lo mo lefifing, mo letsatsi leo le ka lo welang ka tshoganyetso jaaka le ne le ka wela magodu, gonne lona lotlhe lo bana ba lesedi.” (1 Bathes. 5:4, 5) Go farologana le batho botlhe, re kgona go lemoga botlhokwa jwa Dikwalo malebana le ditiragalo tse jaanong di diregang. Boporofeti jono jo bo buang ka “Kagiso le polokesego!” tota bo tla diragadiwa jang? Re tshwanetse go leta mme re bone. Ka jalo, a re ititeyeng sehuba gore “re nneng re tsogile re bo re nne re thantse mo ditlhaloganyong.”—1 Bathes. 5:6; Sefa. 3:8.
“KGOSIGADI” E E SA ITSENG SE SE TLA E DIRAGALELANG
5. (a) “Pitlagano e kgolo” e tla simolola jang? (b) Ke “kgosigadi” efe e e ka se lemogeng se se tla e diragalelang?
5 Ke tiragalo efe e e iseng e bonwe e e tla diragalang morago ga moo? Paulo o ne a re: “Motlhang ba reng: ‘Kagiso le polokesego!’ foo tshenyego ya tshoganyetso e tla ba wela ka ponyo ya leitlho.” Karolo ya ntlha ya “tshenyego ya tshoganyetso” ke go tlhaselwa ga “Babelona yo Mogolo,” e leng mmusomogolo wa lefatshe wa bodumedi jwa maaka, o gape o itsiweng e le “seaka.” (Tshen. 17:5, 6, 15) Go tlhaselwa goo ga mefuta yotlhe ya bodumedi jwa maaka—go akaretsa le madumedi a a ipitsang a Bokeresete—ke tshimologo ya “pitlagano e kgolo.” (Math. 24:21; 2 Bathes. 2:8) Batho ba le bantsi ba tla gakgamala fa seno se diragala. Ka ntlha yang? Ka gonne go fitlha ka nako eo, seaka se tla akanya gore ke “kgosigadi” e e se ‘kitlang e bona khutsafalo.’ Se tla lemoga ka tshoganyetso go setse go le thari gore ga se itse se se tla se diragalelang. Se tla fedisiwa ka ponyo ya leitlho jaaka e kete ke ka “letsatsi le le lengwe.”—Tshen. 18:7, 8.
6. Ke mang yo o tla fedisang bodumedi jwa maaka?
6 Lefoko la Modimo le tlhalosa gore seaka se tla tlhaselwa ke “sebatana sa naga” se se nang le “dinaka di le lesome.” Go ithuta buka ya Tshenolo go bontsha gore sebatana sa naga ke lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng. “Dinaka di le lesome” di emela mebuso yotlhe ya dipolotiki e jaanong e emang nokeng ‘sebatana se se mmala wa bohibidu jo bo letlhololo.’b (Tshen. 17:3, 5, 11, 12) Tlhaselo eo e tla baka tshenyo e e kana kang? Ditšhaba tsa lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng di tla thopa dikhumo tsa seaka, di bo di senola se tota se leng sone, di se kometsa, le go “se ja ka molelo gotlhelele.” Go fedisiwa ga sone e tla bo e le ga makgaolakgang.—Bala Tshenolo 17:16.
7. Ke eng se se tla dirang gore “sebatana sa naga” se simolole tlhaselo?
7 Gape boporofeti jwa Baebele bo bontsha gore ke eng se se tla tsosang tlhaselo eno. Ka tsela nngwe Jehofa o tla tsenya mo dipelong tsa babusi ba dipolotiki gore ba “diragatse kakanyo ya gagwe,” e leng go gagolaka seaka. (Tshen. 17:17) Bodumedi jo bo ratang ntwa bo tsweletse go baka tshenyo mo lefatsheng; ka jalo, ditšhaba di ka nna tsa akanya gore go fedisa seaka go tla ba tswela mosola. Tota e bile, fa babusi ba tlhasela ba tla akanya gore ba diragatsa “kakanyo e le nngwe” ya bone. Le fa go ntse jalo, ba tla nna jaaka sedirisiwa sa Modimo se se tla fedisang bodumedi jotlhe jwa maaka. Ka jalo, mo tiragalong eo e e gakgamatsang karolo e nngwe ya tsamaiso ya ga Satane e tla tlhasela karolo e nngwe, mme Satane o tla bo a se na maatla a go thibela seo.—Math. 12:25, 26.
BATHO BA MODIMO BA A TLHASELWA
8. Tlhaselo ya “Gogo wa lefatshe la Magogo” ke eng?
8 Morago ga go fedisiwa ga bodumedi jwa maaka, batlhanka ba Modimo ba tla bo ba sa ntse ‘ba ntse ka polokesego,’ e bile “ba se na lobota.” (Esek. 38:11, 14) Ke eng se se tla diragalelang setlhopha seno sa batho ba ba tswelelang ba obamela Jehofa ba go bonalang ba se na tshireletsego? Go bonala ba tla tlhaselwa ke “batho ba le bantsi.” Lefoko la Modimo le tlhalosa tiragalo eo e le tlhaselo ya “Gogo wa lefatshe la Magogo.” (Bala Esekiele 38:2, 15, 16.) Re tshwanetse go leba jang tlhaselo eo?
9. (a) Ke eng se Bakeresete ba amegileng thata ka sone? (b) Ke dikgato dife tse jaanong re tshwanetseng go di tsaya go nonotsha tumelo ya rona?
9 Go itse go sa le gale ka go tlhaselwa ga batho ba Modimo ga go dire gore re tlhobaele thata. Go na le moo, re amegile thata ka go itshepisiwa ga leina la ga Jehofa le go tlotlomadiwa ga bolaodi jwa gagwe, e seng polokesego ya rona. Tota e bile, Jehofa o ne a bua jaana makgetlo a a fetang 60: “Lo tla itse gore ke nna Jehofa.” (Esek. 6:7) Ka jalo, re lebile pele ka tlhoafalo go diragadiwa ga karolo e e setseng ya boporofeti joo jwa ga Esekiele, re ikantse gore “Jehofa o itse kafa a ka gololang batho ba boineelo jwa bomodimo mo tekong ka gone.” (2 Pet. 2:9) Go ntse go le jalo, re batla go dirisa tshono nngwe le nngwe go nonotsha tumelo ya rona gore re kgone go nna re thokgame mo go Jehofa go sa kgathalasege diteko tse re ka nnang ra lebana le tsone. Ke eng se re tshwanetseng go se dira? Re tshwanetse go rapela, go ithuta Lefoko la Modimo le go tlhatlhanya ka lone, le go bolelela ba bangwe molaetsa wa Bogosi. Fa re dira jalo, re a bo re dira gore tsholofelo ya rona ya botshelo jo bo sa khutleng e nonofe fela jaaka “tshetledi.”—Baheb. 6:19; Pes. 25:21.
DITŠHABA DI TLA TSHWANELWA KE GO ITSE JEHOFA
10, 11. Ke eng se se tla bontshang go simologa ga Haramagedona, mme ke eng se se tla diregang ka nako eo?
10 Ke tiragalo efe e kgolo e e tla simololwang ke go tlhaselwa ga batlhanka ba ga Jehofa? Jehofa o tla dirisa Jesu le masomosomo a a leng kwa legodimong go tsereganya mo boemong jwa batho ba Gagwe. (Tshen. 19:11-16) Go tsereganya goo, e tla nna ‘ntwa ya letsatsi le legolo la Modimo Mothatayotlhe’—Haramagedona.—Tshen. 16:14, 16.
11 Jehofa o bua jaana malebana le ntwa eo, a dirisa Esekiele: “‘Mme ke tla biletsa [Gogo] tšhaka mo kgaolong ya me yotlhe e e dithaba,’ go bua Morena Molaodimogolo Jehofa. ‘Tšhaka ya mongwe le mongwe e tla tsogologela morwarraagwe.’” E re ka batho ba ba leng mo letlhakoreng la ga Satane ba tla bo ba tsenwe ke tsebetsebe, ba tla tlhakana tlhogo ba bo ba bolaana bone ka bobone—lesole kgatlhanong le lesole. Le fa go ntse jalo, Satane le ene o tla tlelwa ke mathata. Jehofa o bua jaana: “Ke tla nesetsa [Gogo] pula e kgolo ya morwalela le sefako, le molelo le sulefera mo go ene le mo mephatong ya gagwe le mo ditšhabeng tse dintsi tse di tla bong di na le ene.” (Esek. 38:21, 22) Kgato eno e Modimo a tla e tsayang e tla nna le diphelelo dife?
12. Ditšhaba di tla patelesega go dira eng?
12 Ditšhaba di tla tshwanelwa ke go lemoga gore go ganyaolwa ga tsone, ke ka ntlha ya go bo Jehofa a laetse jalo. Go tswa foo fela jaaka masole a bogologolo a Baegepeto a a neng a latelela Baiseraele kwa Lewatleng le Lehibidu, batho ba ba emang Satane nokeng ba ka nna ba goa jaana ba tlaletswe: ‘Ruri Jehofa o a ba tlhabanela’! (Ekes. 14:25) Ruri, ditšhaba di tla patelesega go itse Jehofa. (Bala Esekiele 38:23.) Re gaufi go le kana kang le go simologa ga motseletsele ono wa ditiragalo?
GA GO NA MMUSO OPE O MONGWE O O TLA BUSANG
13. Ke eng se re se itseng ka karolo ya botlhano ya setshwantsho se Daniele a se tlhalosang?
13 Boporofeti jo bo mo bukeng ya Daniele bo re thusa go tlhaloganya gore re tshela mo nakong efe. Daniele o tlhalosa setshwantsho se se bopegileng jaaka motho e bile se dirilwe ka dimetale tse di farologaneng. (Dan. 2:28, 31-33) Se emela tatelano ya mebuso ya lefatshe e e nnileng le tlhotlheletso e kgolo mo bathong ba Modimo, mo nakong e e fetileng le gone jaanong. Ke Babelona, Bameda le Baperesia, Gerika, Roma—mme mmuso o mongwe wa lefatshe wa bofelo, o busa mo motlheng wa rona. Go ithuta boporofeti jwa ga Daniele go bontsha gore mmuso ono wa bofelo mo setshwantshong, o emelwa ke maoto le menwana. Ka nako ya Ntwa ya Lefatshe ya I, Boritane le United States di ne tsa simolola go dirisana mmogo ka tsela e e kgethegileng. Ee, karolo ya botlhano ya setshwantsho sa ga Daniele ke Mmuso wa Lefatshe Lotlhe wa Maesemane le Maamerika. Maoto a bopa karolo ya bofelo ya setshwantsho seno, mme seo se bontsha gore ga go na mmuso ope wa batho wa lefatshe lotlhe o o tla tlhagelelang. Maoto le menwana e e dirilweng ka tshipi le letsopa e tshwantshetsa seemo se se koafetseng sa Mmuso wa Lefatshe Lotlhe wa Maesemane le Maamerika.
14. Ke mmuso ofe wa lefatshe o o tla bong o busa fa Haramagedona e tla?
14 Jone boporofeti joo bo bontsha gore Bogosi jwa Modimo, jo bo tshwantshediwang ke leje le legolo, bo ne jwa ngatholwa mo thabeng ya ga Jehofa ya bolaodi ka 1914. Gone jaanong leje leo le ntse le atamela maoto a setshwantsho seo ka bofefo. Maoto le setshwantsho sotlhe di tla thubaganngwa ka Haramagedona. (Bala Daniele 2:44, 45.) Ka jalo, Mmuso wa Lefatshe Lotlhe wa Maesemane le Maamerika, e tla bo e sa ntse e le mmuso o o laolang lefatshe fa Haramagedona e tla. Go tla bo go kgatlha tota go bona boporofeti jono bo diragadiwa ka botlalo!c Le fa go ntse jalo, ke eng se Jehofa a tla se dirang Satane?
SE SE TLILENG GO DIRAGALELA MMABA YO MOGOLO WA MODIMO
15. Ke eng se se tla diragalelang Satane le madimona a gagwe morago ga Haramagedona?
15 Santlha, Satane o tla tshwanelwa ke go bona fa phuthego yotlhe ya gagwe mo lefatsheng e fedisiwa gotlhelele. Go tswa foo, Satane o tla diragalelwa ke sengwe. Moaposetoloi Johane o bega se se tla tlogang se diragala. (Bala Tshenolo 20:1-3.) Jesu Keresete—“moengele, . . . a tshotse selotlolo sa molete o o se nang bolekanngo”—o tla golega Satane le madimona a gagwe mme a bo a ba latlhela mo moleteng o o se nang bolekanngo, a bo a ba tlogela foo dingwaga di le sekete. (Luke 8:30, 31; 1 Joh. 3:8) Tiragalo eo e tla bo e le kgato ya ntlha ya go kgobiwa ga tlhogo ya noga.d—Gen. 3:15.
16. Go latlhelwa ga ga Satane mo ‘moleteng o o se nang bolekanngo’ go tla bo go kaya eng?
16 “Molete o o se nang bolekanngo” o Satane le madimona a gagwe ba tla latlhelwang mo go one ke eng? Lefoko la Segerika e leng aʹbys·sos le le dirisitsweng ke Johane, le kaya “botengteng” kgotsa “boteng jo bogolo thata.” Gape le raya gore molete oo “ga o ka ke wa lekanngwa” kgotsa “ga o na fa o felelang teng.” Ka jalo, ke lefelo le go seng motho ope yo o ka fitlhang kwa go lone fa e se Jehofa le moengele wa gagwe yo a mo tlhomileng, yo o ‘tshotseng selotlolo sa molete o o se nang bolekanngo.’ Foo, Satane o tla nna jaaka e kete o sule, gore “a se ka a tlhola a tsietsa ditšhaba.” Ruri, “tau e e kurutlang” eo e tla didimadiwa!—1 Pet. 5:8.
DITIRAGALO TSE DI LEBISANG KWA NAKONG YA KAGISO
17, 18. (a) Ke ditiragalo dife tse di sa ntseng di tla bonwa tse re setseng re di sekasekile? (b) Morago ga ditiragalo tseno, ke eng se re tla se itumelelang?
17 Ditiragalo tse di botlhokwa le tse dikgolo di sa ntse di larile kwa pele. Re lebile pele go bona kafa mafoko ano a a reng, “Kagiso le polokesego!” a tla diragadiwang ka gone. Ka jalo, re tla bona go fedisiwa ga Babelona yo Mogolo, go tlhaselwa ga Gogo wa Magogo, ntwa ya Haramagedona le go latlhelwa ga ga Satane le madimona a gagwe mo moleteng o o se nang bolekanngo. Morago ga ditiragalo tseno, fa boikepo jotlhe bo tla bo bo fedile, re tla tshela botshelo jo bosha—mo Pusong ya Dingwaga Tse di Sekete, nako e ka yone re tla itumelelang ‘letlotlo la kagiso.’—Pes. 37:10, 11.
18 Mo godimo ga ditiragalo di le tlhano tse re setseng re di sekasekile, go na le ‘dilo tse di sa bonweng’ tse re batlang go ‘tlhoma matlho a rona mo go tsone.’ Re tla sekaseka ditiragalo tseno mo setlhogong se se latelang.
a Mo setlhogong seno le se se latelang re tla sekaseka ditiragalo di le lesome.
b Bona Tshenolo—Konelo ya Yone e e Molemolemo e Atametse! tsebe 251-258.
c Polelwana e e reng go “fedisa magosi ano otlhe,” e e mo go Daniele 2:44 e kaya magosi, kgotsa mebuso ya lefatshe lotlhe, e e tshwantshediwang ke dikarolo tsa setshwantsho seo. Le fa go ntse jalo, boporofeti jwa Baebele jo bo tshwanang le joo bo bontsha gore ‘dikgosi tsa lefatshe lotlhe le le nang le banni’ di tla kopana mmogo go lwa kgatlhanong le Jehofa ka “letsatsi le legolo la Modimo Mothatayotlhe.” (Tshen. 16:14; 19:19-21) Ka jalo, ga se mebuso e e mo setshwantshong seo fela e e tla fedisiwang ka Haramagedona mme gape le mebuso yotlhe ya lefatshe leno.
d Go tšhwetlakanngwa la bofelo ga tlhogo ya noga go diragala morago ga dingwaga di le sekete fa Satane le madimona a gagwe ba latlhelwa mo “bodibeng jwa molelo le sulefera.”—Tshen. 20:7-10; Math. 25:41.