O se Ka wa Leba Kwa “Dilong Tse di Kwa Morago”
“Ga go motho ope yo o beileng seatla sa gagwe mo mogomeng mme a leba kwa dilong tse di kwa morago yo o tshwanelang bogosi jwa Modimo sentle.” —LUKE 9:62.
O TLA ARABA JANG?
Ke eng fa re tshwanetse go ‘gakologelwa mosadi wa ga Lote’?
Re tshwanetse go tila go nna re akanya ka dilo dife tse tharo?
Re tswelela jang re tsamaisana le phuthego ya ga Jehofa?
1. Jesu o ne a naya tlhagiso efe, mme go tsoga potso efe?
“GAKOLOGELWANG mosadi wa ga Lote.” (Luke 17:32) Tlhagiso eo e Jesu Keresete a neng a e naya mo e ka nnang dingwaga di le 2 000 tse di fetileng e botlhokwa gone jaanong go feta le fa e le leng pele. Le fa go ntse jalo, Jesu o ne a kaya eng ka tlhagiso eno e e masisi? Bajuda ba ba neng ba mo reeditse ba ne ba tlhaloganya seo sentle. Ba ne ba itse se se ileng sa diragalela mosadi wa ga Lote. Fa mosadi yoo le lelapa la gagwe ba ne ba tshaba go tswa kwa Sodoma, ka go tlhoka kutlo o ne a gadima kwa morago mme a fetoga pilara ya letswai.—Bala Genesise 19:17, 26.
2. Ke goreng fa mosadi wa ga Lote a ka tswa a ile a leba kwa morago, mme go tlhoka kutlo ga gagwe go ile ga dira gore a latlhegelwe ke eng?
2 Mme gone, ke eng fa mosadi wa ga Lote a ne a gadima kwa morago? A o ne a batla go itse gore go diragala eng kwa morago? A o ne a gadima ka ntlha ya go belaela kgotsa ka ntlha ya go tlhoka tumelo? Kgotsa gongwe, o ne a dira jalo ka gonne a akantse ka dilo tsotlhe tse a di tlogetseng kwa morago kwa Sodoma? (Luke 17:31) Le fa lebaka e ka tswa e le lefe la go bo a ile a gadima kwa morago, o ne a duelela botlhokakutlo jwa gagwe ka botshelo. Akanya fela! O ne a swa mo go lone letsatsi le banni ba ba sa siamang ba Sodoma le Gomora ba suleng ka lone. Ga go gakgamatse go bo Jesu a ile a re: “Gakologelwang mosadi wa ga Lote”!
3. Jesu o ne a gatelela jang lebaka la go bo re sa tshwanela go leba kwa morago ka tsela ya tshwantshetso?
3 Le rona re tshela mo nakong e ka yone go leng botlhokwa gore re se ka ra leba kwa morago ka tsela ya tshwantshetso. Jesu o ne a gatelela ntlha eno fa a ne a araba monna yo o neng a mmotsa gore a a ka boela kwa lelapeng la gaabo gore a laele pele ga e nna morutwa. Jesu o ne a re: “Ga go motho ope yo o beileng seatla sa gagwe mo mogomeng mme a leba kwa dilong tse di kwa morago yo o tshwanelang bogosi jwa Modimo sentle.” (Luke 9:62) A Jesu o ne a le bogale kgotsa a se tekatekano fa a ne a araba ka tsela eno? Nnyaa, ka gonne o ne a itse gore kopo ya monna yono e ne e le seipato fela sa go tshabela boikarabelo. Jesu o ne a tlhalosa mokgwa ono wa go beela dilo nako e e tlang e le go leba kwa “dilong tse di kwa morago.” Ga go re sepe gore motho yo o lemang o leba ka nakwana kwa dilong tse di kwa morago kgotsa o baya mogoma fa fatshe a bo a gadima kwa morago. Le fa a ka tswa a dira eng, o iteegile tsebe mo go se a tshwanetseng go se dira, mme tiro ya gagwe e ka nna ya amega ka tsela e e sa siamang.
4. Re tshwanetse go nna re tlhomile matlho mo go eng?
4 Go na le go tlhoma mogopolo mo dilong tse di fetileng, re tshwanetse go nna re tlhomile matlho mo go se se sa ntseng se le kwa pele. Ela tlhoko kafa seno se tlhalosiwang sentle ka gone mo go Diane 4:25: “Fa e le matlho a gago, a tshwanetse go leba kwa pele, ee, matlho a gago a a phatsimang a lebe kwa pele fa pele ga gago.”
5. Re na le lebaka lefe la go se lebe kwa dilong tse di kwa morago?
5 Re na le lebaka le le utlwalang la gore re se ka ra leba kwa dilong tse di kwa morago. Lebaka leo ke lefe? Eno ke ‘metlha ya bofelo.’ (2 Tim. 3:1) Gone jaanong re lebane le go senngwa ga tsamaiso yotlhe ya lefatshe ya dilo, e seng metse e mebedi fela e e boikepo. Ke eng se se tla re thusang go tila sepe fela se se tshwanang le se se diragaletseng mosadi wa ga Lote? Sa ntlha, re tshwanetse go lemoga dingwe tsa dilo tse di kwa morago tse re ka raelesegang go di leba. (2 Bakor. 2:11) Ka jalo, mma re sekasekeng gore dilo tseo ke eng le gore re ka tila jang go tlhoma mogopolo mo go tsone.
MALATSI A A MONATE A MALOBA
6. Ke goreng e se ka metlha re ka ikanyang se re se gopolang?
6 Sengwe sa dilo tse di ka nnang kotsi ke tsela e e sa siamang e re lebang ka yone malatsi a a monate a maloba. Ga se ka metlha re ka ikanyang se re se gopolang. Ka go se lemoge re ka nna ra nyenyefatsa mathata a re neng re na le one mo nakong e e fetileng mme ra feteletsa boitumelo jo re neng re na le jone re dira e kete dilo di ne di le molemo thata go gaisa kafa tota di neng di le ka gone. Tsela eno e e phoso e re gopolang dilo ka yone e ka dira gore re tlhologelelwe malatsi a a monate a maloba. Mme gone, Baebele e re tlhagisa jaana: “O se ka wa re, ‘Ke ka ntlha yang fa malatsi a maloba a ne a le botoka go na le malatsi ano?’ ka gonne ga go botlhale go botsa jalo.” (Mor. 7:10, New English Translation) Ke eng fa tsela eno ya go akanya e le kotsi jaana?
7-9. (a) Baiseraele ba ne ba diragalelwa ke eng kwa Egepeto? (b) Baiseraele ba ne ba na le lebaka lefe la go itumela? (c) Ke eng se Baiseraele ba neng ba simolola go se ngongoregela le go se ngunangunela?
7 Akanya ka se se diragaletseng Baiseraele mo motlheng wa ga Moshe. Le fa kwa tshimologong Baiseraele ba ne ba lebiwa e le baeng kwa Egepeto, morago ga motlha wa ga Josefa, Baegepeto ba ne “ba tlhomela [Baiseraele] balaodi bao ba ba patelelang go dira tiro e e boima ka boikaelelo jwa go ba gatelela mo go sikareng mekgweleo ga bone.” (Ekes. 1:11) Kgabagare batho ba Modimo ba ne ba lebana le mofuta mongwe wa kgailo ya morafe fa Faro a ne a leka go fokotsa palo ya bone. (Ekes. 1:15, 16, 22) Ka jalo, ga go gakgamatse go bo Jehofa a ile a raya Moshe a re: “Kwantle ga pelaelo ke bone pogisego ya batho ba me ba ba kwa Egepeto, e bile ke utlwile selelo sa bone ka ntlha ya bao ba ba gatelelang go dira; ka gonne ke itse sentle botlhoko jo ba bo utlwang.”—Ekes. 3:7.
8 A o ka akanya boipelo jo Baiseraele ba ileng ba nna le jone fa ba ne ba gwanta ba tswa mo lefatsheng la bokgoba e le batho ba ba gololesegileng? Ba ne ba bone maatla a ga Jehofa ka tsela e e gakgamatsang fa a ne a tlisetsa Faro yo o ikgogomosang le batho ba gagwe Dipetso tse di Lesome. (Bala Ekesodo 6:1, 6, 7.) Kana e bile, Baegepeto ga ba a ka ba letla Baiseraele fela gore kgabagare ba tsamaye ka kgololesego, mme ba ne ba ba rotloetsa gore ba tsamaye ba bo ba ba naya gauta le selefera tse dintsi jaana mo go neng go ka twe, batho ba Modimo ba ile ba “amoga Baegepeto.” (Ekes. 12:33-36) Baiseraele ba ne ba itumela gape fa ba bona Faro mmogo le masole a gagwe ba senngwa mo Lewatleng le Lehibidu. (Ekes. 14:30, 31) Ruri go tshwanetse ga bo go ne go nonotsha tumelo go bona fa ditiragalo tse di kgatlhang jalo di diragala!
9 Le fa go ntse jalo, go a gakgamatsa gore mo nakong e khutshwane fela morago ga go gololwa ga bone, bone batho bano ba ne ba simolola go ngongorega le go ngunanguna. Ba ngongoregela eng? Dijo! Ba ne ba sa kgotsofalele se Jehofa a neng a ba naya sone mme ba ngongorega ba re: “A bo re gakologelwa jang ne tlhapi e re neng re tle re e je mahala kwa Egepeto, makgomane le magapu le diliki le dieie le gareleke! Mme jaanong moya wa rona o omeletse. Matlho a rona ga a bone sepe fela fa e se mana.” (Dipa. 11:5, 6) Ee, tsela e ba lebang dilo ka yone e ne e le phoso thata jaana mo ba neng ba batla go boela kwa nageng e e neng e le makgoba kwa go yone! (Dipa. 14:2-4) Baiseraele ba ne ba leba kwa dilong tse di kwa morago mme ba latlhegelwa ke kamogelo ya ga Jehofa.—Dipa. 11:10.
10. Sekao sa Baiseraele se re ruta eng?
10 Rona re ithuta eng gompieno? Fa re lebane le mathata, a re se keng ra nna re tlhomile mogopolo mo go se se ka lebegang e ne e le dilo tse di molemo tsa mo nakong e e fetileng—gongwe le eleng pele ga re itse boammaaruri. Le fa go se phoso go tlhatlhanya ka dithuto tse re ithutileng tsone mo nakong e e fetileng, kgotsa go akanya ka dilo tsa bogologolo tse re neng re di rata, re tshwanetse go tswelela re le tekatekano, re leba dilo tse di diregileng mo nakong e e fetileng ka tsela e e tshwanetseng. Go seng jalo, re ka oketsa go se kgotsofalele maemo a re lebaneng le one gone jaanong mme ra raelesega go boela kwa tseleng e re neng re tshela ka yone bogologolo.—Bala 2 Petere 2:20-22.
DILO TSE RE DI ITHONTSHITSENG MO NAKONG E E FETILENG
11. Bangwe ba leba jang dilo tse ba ithontshitseng tsone mo nakong e e fetileng?
11 Se se utlwisang botlhoko ke gore, bangwe ba leba kwa morago kwa dilong tse ba di ithontshitseng mo nakong e e fetileng mme ba di leba e le ditshono tse di ba latlhegetseng. Gongwe o ne o na le ditshono tsa go nna le thuto e e kwa godimo, botumo kgotsa go nna le madi, le fa go ntse jalo o ne wa swetsa ka gore o se ka wa di latelela. Bontsi jwa bakaulengwe ba rona le bokgaitsadi ba tlogetse maemo a a kwa godimo mo go tsa kgwebo, mo boitlosobodutung, mo go tsa thuto kgotsa mo metshamekong. Jaanong nako e fetile mme bofelo ga bo ise bo goroge. A o akanya ka se se ka bong se diregile fa o ka bo o sa ithontsha dilo tseo?
12. Paulo o ne a ikutlwa jang ka dilo tse a di tlogetseng kwa morago?
12 Moaposetoloi Paulo o ne a ithontsha dilo tse dintsi gore e nne molatedi wa ga Keresete. (Bafil. 3:4-6) O ne a ikutlwa jang ka dilo tse a di tlogetseng kwa morago? O re bolelela jaana: “Dilo le fa e le dife tse e neng e le dipoelo mo go nna, ke di tsere e le tatlhegelo ka ntlha ya ga Keresete.” Ka ntlha yang? O tswelela ka go re: “Aitsane, ka ntlha ya seo, eleruri gape ke tsaya dilo tsotlhe e le tatlhegelo ka ntlha ya mosola o mogolo thata wa kitso ya ga Keresete Jesu Morena wa me. Ka ntlha ya gagwe ke amogetse go latlhegelwa ke dilo tsotlhe mme ke di tsaya e le matlakala a mantsi, gore ke bone Keresete.”a (Bafil. 3:7, 8) Fela jaaka motho yo o latlhang matlakala, moragonyana a ka se ka a a lelela, Paulo ga a ka a ikwatlhaela ditshono dipe fela tsa lefatshe tse a di tlogetseng kwa morago. O ne a sa tlhole a di tsaya di le mosola.
13, 14. Re ka etsa jang sekao se Paulo a re tlhometseng sone?
13 Ke eng se se ka re thusang fa re iphitlhela re simolola go akanya ka dilo tse re ka bong re di dirile mo nakong e e fetileng? Ke go latela sekao se Paulo a re tlhometseng sone. Jang? Akanya ka botlhokwa jwa se o nang le sone gone jaanong. O na le kamano e e molemo le Jehofa e bile o itiretse leina le le molemo le ene. (Baheb. 6:10) Lefatshe le ka se go neye dithoto dipe tse di ka gaisang masego a semoya a o nang le one gone jaanong le a o tla nnang le one mo isagweng.—Bala Mareko 10:28-30.
14 Go tswa foo Paulo o umaka sengwe se se tla re thusang go tswelela re ikanyega. A re o ne a ‘lebala dilo tse di kwa morago mme a gagamalela pele kwa dilong tse di kwa pele.’ (Bafil. 3:13) Ela tlhoko gore Paulo o gatelela dikgato tse pedi, tse bobedi jwa tsone di leng botlhokwa. Ya ntlha, re tshwanetse go lebala dilo tse re di tlogetseng kwa morago, re sa senye maatla le nako ya rona ya botlhokwa re tshwenyega thata ka tsone. Ya bobedi, fela jaaka motabogi yo o fitlhang kwa moleng wa phenyo, re tshwanetse go gagamalela kwa pele, re tlhomile mogopolo mo go se se kwa pele.
15. Re solegelwa molemo jang fa re tlhatlhanya ka dikao tsa batlhanka ba ba ikanyegang ba Modimo?
15 Fa re tlhatlhanya ka dikao tsa batlhanka ba Modimo ba ba ikanyegang—e ka tswa e le ba mo nakong e e fetileng kgotsa ba gompieno—re ka tlhotlheletsega go nna re gagamalela kwa pele go na le go leba kwa dilong tse di kwa morago. Ka sekai, fa Aborahame le Sara ba ka bo ba ile ba nna ba gakologelwa Ure, “ba ka bo ba ile ba nna le sebaka sa go boa.” (Baheb. 11:13-15) Le fa go ntse jalo, ga ba a ka ba boela koo. Kwa tshimologong Moshe o ne a tlogela dilo di le dintsi kwa Egepeto go feta tse Moiseraele le fa e ka nna ope fela a di tlogetseng. Le fa go ntse jalo, ga re utlwe gope go twe o ne a tlhoafalela dilo tseo. Go na le moo, pego ya Baebele e re bolelela gore “o ne a tsaya fa go kgojwa ka ntlha ya ga Keresete e le dikhumo tse dikgolo go feta matlotlo a Egepeto; gonne o ne a leba ka tlhomamo kwa go neweng maduo.”—Baheb. 11:26.
DILO TSE DI BOSULA TSE DI DIREGILENG MO NAKONG E E FETILENG
16. Dilo tse di diregileng mo nakong e e fetileng di ka re ama jang?
16 Mme gone, ga se dilo tsotlhe tse di diregileng mo nakong e e fetileng tse di ka bonalang di le molemo. Gongwe re imelwa ke go akanya ka maleo a rona a mo nakong e e fetileng kgotsa diphoso tse re di dirileng. (Pes. 51:3) Re ka tswa re sa ntse re utlwa manokonoko a kgakololo e e gagametseng e re e neilweng. (Baheb. 12:11) Go tlhoka tshiamiso—ga mmatota kgotsa go re akanyang gore go ka tswa go diregile—go ka fekeetsa dikakanyo tsa rona. (Pes. 55:2) Re ka dira eng go tlhomamisa gore ga re letle dilo tse di ntseng jalo di dira gore re tlhome mogopolo mo dilong tse di kwa morago? Akanya ka dikai di le tharo.
17. (a) Ke ka ntlha yang fa Paulo a ile a itlhalosa e le “motho yo o kwa tlase ga yo mmotlana thata mo baitsheping botlhe”? (b) Paulo o ne a thusiwa ke eng gore a se ka a fekeediwa ke dikakanyo tse di bosula?
17 Diphoso tsa bogologolo. Moaposetoloi Paulo o ne a itlhalosa e le “motho yo o kwa tlase ga yo mmotlana thata mo baitsheping botlhe.” (Baef. 3:8) Ke eng fa a ne a ikutlwa jalo? A re: “Ka gonne ke ne ka bogisa phuthego ya Modimo.” (1 Bakor. 15:9) A o ka akanya kafa Paulo a tshwanetseng a bo a ne a ikutlwa ka gone fa a ne a kopana le bangwe ba a neng a ba bogisa mo nakong e e fetileng? Le fa go ntse jalo, go na le gore Paulo a letle dikakanyo tseno tse di bosula di mo fekeetsa, o ne a tlhoma mogopolo mo bopelonoming jo bo sa tshwanelang jo a neng a bo bontshiwa. (1 Tim. 1:12-16) Kanaanelo e a neng a nna le yone e ne ya mo tlhotlheletsa mo bodireding jwa gagwe. Paulo o ne a akaretsa boitsholo jwa gagwe jwa mo nakong e e fetileng jwa boleo mo dilong tse a di tlogetseng tse a neng a ikemiseditse go di lebala. Fa le rona re ka tlhoma mogopolo mo bopelonoming jo Jehofa a re bontshitseng jone, re tla tila go fediwa maatla ke go tlhobaediwa ke ditiragalo tsa mo nakong e e fetileng tse re ka se di fetoleng. Re ka dirisa maatla a rona mo tirong e re lebaneng le yone.
18. (a) Ke eng se se ka diregang fa re leba ka tsela e e sa siamang kgakololo e re kileng ra e newa? (b) Re ka reetsa jang mafoko a ga Solomone a go amogela kgakololo?
18 Kgakololo e e go utlwisitseng botlhoko. Go tweng fa e le gore re raelesega go leba kwa morago re gopola kgakololo nngwe e re e neilweng? Seno se ka nna sa se ka sa nna botlhoko fela, gape se ka re kgoba marapo—se dira gore re “felelwe ke thata.” (Baheb. 12:5) Go sa kgathalesege gore re “nyenyefatsa” kgakololo ka gonne re sa batle go e amogela kgotsa re “felelwa ke thata” ka gonne re e amogela mme go tswa foo re bo re sa e dirise, diphelelo di a tshwana—tota ga re letle gore kgakololo e re solegele molemo e bo e re lolamise. Ruri go molemo go reetsa mafoko ano a ga Solomone: “Tshwara kotlhao; o se ka wa e tlogela. E dibele, gonne ke yone botshelo jwa gago.” (Dia. 4:13) Fela jaaka mokgweetsi yo o ikobelang matshwao a tsela, a re amogeleng kgakololo, re e dirise, mme re tswelele ka botshelo.—Dia. 4:26, 27; bala Bahebera 12:12, 13.
19. Re ka etsa jang tumelo ya ga Habakuke le Jeremia?
19 Go tlhoka tshiamiso—ga mmatota kgotsa go re akanyang gore re go diretswe. Ka dinako dingwe re ka ikutlwa jaaka moporofeti Habakuke yo o neng a lelela Jehofa a kopa tshiamiso, ka gonne a sa tlhaloganye lebaka la go bo Jehofa a ile a letla dilo dingwe tse di sa siamang di direga. (Hab. 1:2, 3) Ruri go botlhokwa gore re etse sekao sa tumelo sa moporofeti yoo, yo o neng a re: “Le fa go ntse jalo, fa e le nna, ke tla itumela mo go Jehofa ka boene; ke tla ipela mo Modimong wa poloko ya me.” (Hab. 3:18) Fela jaaka Jeremia wa bogologolo, fa re tswelela re na le “boikutlo jwa go leta,” re na le tumelo e e feletseng mo go Jehofa Modimo wa tshiamiso, re ka tlhatswega pelo gore dilo tsotlhe di tla baakanngwa ka nako e e siameng.—Dikhu. 3:19-24.
20. Re ka bontsha jang gore re ‘gakologelwa mosadi wa ga Lote’?
20 Re tshela mo dinakong tse di kgatlhang thata. Go na le ditiragalo tse dintsi tse di molemo tse di diregang gone jaanong, mme go sa ntse go na le tse di tla tlogang di direga. E kete mongwe le mongwe wa rona a ka nna a tsamaisana le phuthego ya ga Jehofa. A re reetseng tlhagiso ya Dikwalo ya go leba kwa pele mme re se ka ra leba kwa dilong tse di kwa morago. Ka go dira jalo re tla bo re bontsha gore re ‘gakologelwa mosadi wa ga Lote’!
[Ntlha e e kwa tlase]
a Lefoko la puo ya ntlhantlha le fano le ranotsweng e le “matlakala” gape le ne le kaya se se “latlhelelwang dintša,” “boloko,” “mantle.” Mokanoki mongwe wa Baebele a re tsela e Paulo a dirisitseng lefoko leno ka yone e kaya “go dira tshwetso ya go tlogela sengwe se se seng mosola le se se makgapha se motho a neng a sa tlhole a se batla.”