A o Leofetse Moya o o Boitshepo?
“Go na le boleo jo bo bakang loso.”—1 JOHANE 5:16.
1, 2. Re itse jang gore go a kgonega gore motho a leofele moya o o boitshepo wa Modimo?
“KE NTSE ke tshwenngwa ke maikutlo a gore ke leofetse moya o o boitshepo.” Mafoko ao a ne a kwalwa ke mosadi mongwe kwa Jeremane, yo o neng a direla Modimo. A ruri Mokeresete a ka leofela moya o o boitshepo wa Modimo, kgotsa maatla a gagwe a a dirang?
2 Ee, go a kgonega gore motho a leofele moya o o boitshepo wa ga Jehofa. Jesu Keresete o ne a re: “Batho ba tla itshwarelwa boleo jwa mofuta mongwe le mongwe le tlhapatso, mme go tlhapatsa moya ga go na go itshwarelwa.” (Mathaio 12:31) Re tlhagisiwa jaana: “Fa re dira boleo ka boomo re sena go amogela kitso e e leng yone ya boammaaruri, ga go tlhole go na le setlhabelo sepe sa maleo se se setseng, mme go na le tebelelo nngwe e e boifisang ya katlholo.” (Bahebera 10:26, 27) Mme moaposetoloi Johane o ne a kwala jaana: “Go na le boleo jo bo bakang loso.” (1 Johane 5:16) A mme motho yo o dirileng boleo jo bo masisi ke ene a tshwanetseng go dira tshwetso ya gore a o dirile “boleo jo bo bakang loso”?
Go Ikwatlhaya go Felela ka go Itshwarelwa
3. Seemo e ka tswa e le sefe fa e le gore boleo jo re bo dirileng bo re utlwisa botlhoko thata?
3 Jehofa ke ene Moatlhodi wa makgaolakgang wa batho ba ba leofileng. Ee ruri, rotlhe re tshwanetse go ikarabelela mo go ene, mme ka metlha o dira se se tshwanetseng. (Genesise 18:25; Baroma 14:12) Jehofa ke ene a dirang tshwetso ya gore a re dirile boleo jo bo ka se itshwarelweng, e bile a ka re amoga moya wa gagwe. (Pesalema 51:11) Le fa go ntse jalo, fa re utlwisiwa botlhoko thata ke boleo jo re bo dirileng, go ka direga gore re ikutlwa jalo ka go bo re ikwatlhaya ka mmatota. Mme gone go ikwatlhaya ga mmatota ke eng?
4. (a) O ne o ka tlhalosa go ikwatlhaya jang? (b) Ke eng se se gomotsang jaana ka Pesalema 103:10-14?
4 Go ikwatlhaya go kaya gore re fetola boikutlo jwa rona malebana le phoso e re e dirileng kgotsa e re neng re ikaeletse go e dira. Go kaya gore re utlwile botlhoko mme re tlogela tsela ya boleo. Fa re dirile boleo jo bo masisi mme re tsere dikgato tse di tlhokegang go bontsha gore ruri re ikwatlhaile, re ka gomodiwa ke mafoko ano a mopesalema: “[Jehofa] ga a re direla kafa maleong a rona; le gone ga a re tlisetsa se se re tshwanelang kafa ditlolong tsa rona. Gonne jaaka magodimo a le kwa godimo go feta lefatshe, bopelonomi jwa gagwe jwa lorato bo bogolo mo go ba ba mmoifang. Fela jaaka botlhabatsatsi bo le kgakala le bophirimatsatsi, o beile ditlolo tsa rona kgakala le rona fela jalo. Fela jaaka rre a bontsha bomorwawe kutlwelobotlhoko, Jehofa o bontshitse ba ba mmoifang kutlwelobotlhoko. Gonne o itse popego ya rona sentle, a gakologelwa gore re lorole.”—Pesalema 103:10-14.
5, 6. Bolela ntlha ya konokono ya 1 Johane 3:19-22, mme o tlhalose gore mafoko a moaposetoloi a kaya eng.
5 Mafoko ano a ga moaposetoloi Johane le one a a gomotsa: “Re tla itse ka seno gore re tswa mo boammaaruring, mme re tla tlhomamisetsa dipelo tsa rona fa pele ga gagwe ka ga selo le fa e le sefe se dipelo tsa rona di ka re bonang molato mo go sone, ka gonne Modimo o mogolo go feta dipelo tsa rona e bile o itse dilo tsotlhe. Baratwa, fa dipelo tsa rona di sa re bone molato, re na le kgololesego ya go bua ka ga Modimo; mme le fa e le eng se re se kopang re se amogela mo go ene, ka gonne re boloka ditaelo tsa gagwe mme re dira dilo tse di itumedisang mo matlhong a gagwe.”—1 Johane 3:19-22.
6 Re ‘itse gore re tswa mo boammaaruring’ ka gonne re bontsha lorato lwa bokaulengwe mme ga re dire gore go leofa e nne mokgwa. (Pesalema 119:11) Fa ka tsela nngwe re ikutlwa re le molato, re tshwanetse go gopola gore “Modimo o mogolo go feta dipelo tsa rona e bile o itse dilo tsotlhe.” Jehofa o re tlhomogela pelo ka gonne o itse “lorato lwa bokaulengwe lo lo se nang boitimokanyo” lo re lo bontshang, o itse kafa re lwantshang boleo ka teng, le kafa re lekang ka teng go dira thato ya gagwe. (1 Petere 1:22) Pelo ya rona e ‘ka se re bone molato’ fa re ikanya Jehofa, re bontsha lorato lwa bokaulengwe e bile re sa dire boleo ka boomo. Re tla nna le ‘kgololesego ya go bua le Modimo’ ka thapelo mme o tla re araba ka gonne re ikobela melao ya gagwe.
Ba ne Ba Leofela Moya
7. Ke eng se se laolang gore a boleo bo ka itshwarelwa kgotsa nnyaa?
7 Ke maleo afe a a sa itshwarelweng? Re tla araba potso eno ka go sekaseka dingwe tsa dikai tse di mo Baebeleng. Seno se tla re gomotsa fa e le gore re a ikwatlhaya mme gone re sa ntse re hutsafadiwa thata ke diphoso tse di masisi tse re di dirileng. Re tla bona gore se se laolang gore a boleo bo ka itshwarelwa kgotsa nnyaa ga se gore motho o dirile boleo jo bo ntseng jang; mme go na le moo, ke boitlhomo jwa gagwe, seemo sa gagwe sa pelo le selekanyo se a bo dirileng ka boomo ka sone.
8. Baeteledipele bangwe ba bodumedi ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba Bajuda ba ne ba leofela moya o o boitshepo jang?
8 Baeteledipele ba bodumedi ba Bajuda ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ba neng ba ganetsa Jesu Keresete ka bopelompe ba ne ba leofela moya o o boitshepo. Ba ne ba bona jaaka moya wa Modimo o dira mo go Jesu fa a ntse a dira dikgakgamatso tse di tlisetsang Jehofa tlotlo. Le fa go ntse jalo, baba bano ba ga Keresete ba ne ba re o fiwa maatla ke Satane Diabolo. Go ya ka Jesu, batho ba ba neng ba tlhapatsa moya o o boitshepo wa Modimo jalo ba ne ba dira boleo jo bo ka se itshwarelweng “mo tsamaisong eno ya dilo le fa e le mo go e e tla tlang.”—Mathaio 12:22-32.
9. Tlhapatso ke eng, mme Jesu o ne a reng ka yone?
9 Tlhapatso ke puo e e senyang leina, e e utlwisang botlhoko kgotsa e e kgobang. E re ka moya o o boitshepo o tswa kwa Modimong, go bua dilo tse di kgatlhanong le moya wa ga Jehofa go tshwana le go bua kgatlhanong le ene. Go bua dilo tse di ntseng jalo o sa ikwatlhaye go ka se itshwarelwe. Tiragalo e e diregileng pele ga foo e e dirileng gore Jesu a bue ka boleo jo bo ntseng jalo e bontsha gore Jesu o bua ka batho ba ba ganetsang ka boomo go dira ga moya o o boitshepo wa Modimo. E re ka Bafarasai ba ne ba bona moya wa ga Jehofa o dira mo go Jesu mme ba re o tsaya maatla ano mo go Diabolo, ba ne ba leofa ka go tlhapatsa moya. Ka gone, Jesu o ne a re: “Le fa e le mang yo o tlhapatsang moya o o boitshepo ga a na boitshwarelo ka bosaengkae, mme o na le molato wa boleo jwa bosakhutleng.”—Mareko 3:20-29.
10. Ke ka ntlha yang fa Jesu a ne a bitsa Judase “morwa tshenyego”?
10 Akanya le ka kgang ya ga Judase Isekariota. O ne a dira boferefere, a utswa mo lebokoseng la madi le a neng a le abetswe gore a le tlhokomele. (Johane 12:5, 6) Moragonyana Judase o ne a ya kwa baeteledipeleng ba Bajuda mme a rulaganya gore a tle a oke Jesu ka dipapetlana di le 30 tsa selefera. Ee, Judase o ne a ipona molato morago ga go oka Jesu, mme ga a ise a tsamaye a ikwatlhaele boleo jono jwa ka boomo. Ka jalo, Judase ga a tshwanelwe ke go tsosiwa. Ka gone, Jesu o ne a mmitsa “morwa tshenyego.”—Johane 17:12; Mathaio 26:14-16.
Ba ba Sa Leofelang Moya
11-13. Kgosi Dafide o ne a leofa jang le Bathesheba, mme re ka gomodiwa jang ke tsela e Modimo a neng a dirisana le bone ka yone?
11 Gangwe le gape, Bakeresete ba ba ileng ba ipolela maleo a bone a a masisi mme ba thusiwa ke bagolwane ba phuthego ba ka nna ba bo ba sa ntse ba tshwenyega ka ntlha ya melato e ba e dirileng mo nakong e e fetileng fa ba ne ba tlola molao wa Modimo. (Jakobe 5:14) Fa rona ka namana re tshwenyegile ka tsela eno, re ka nna ra solegelwa molemo ke go sekaseka se Dikwalo di se bolelang ka batho ba ba ileng ba itshwarelwa maleo.
12 Kgosi Dafide o ne a dira boleo jo bo masisi ka kgang ya gagwe le Bathesheba, mosadi wa ga Uria. E ne ya re nako nngwe Dafide a le kwa borulelong a bona mosadi yono yo montle a tlhapa felo gongwe gaufi. Morago ga moo, Dafide o ne a dira gore mosadi yono a tlisiwe mo ntlong ya gagwe ya segosi mme a tlhakanela dikobo le ene. Fa a sena go utlwa gore mosadi o imile, o ne a loga leano la gore monna wa gagwe e bong Uria a robale le ene gore go se ka ga bonala gore ba dirile boaka. Fa leano leo le sa atlege, kgosi e ne ya rulaganya gore Uria a bolawe kwa ntweng. Morago ga moo, Bathesheba o ne a nyalwa ke Dafide, a mo tsholela ngwana, mme ngwana yoo a swa.—2 Samuele 11:1-27.
13 Jehofa o ne a tseela kgang ya ga Dafide le Bathesheba kgato. Modimo o ne a itshwarela Dafide, mme go lebega a ne a akanyetsa dilo tse di jaaka gore o a ikwatlhaya le gore o dirile kgolagano ya Bogosi le ene. (2 Samuele 7:11-16; 12:7-14) Go bonala Bathesheba a ile a nna le boikutlo jwa go ikwatlhaya, ka gonne o ne a nna le tshiamelo ya go nna mmaagwe Kgosi Solomone le mogologolwane wa ga Jesu Keresete. (Mathaio 1:1, 6, 16) Fa re leofile, go molemo go gopola gore Jehofa o ela tlhoko go ikwatlhaya ga rona.
14. Kgang ya ga Kgosi Manase e bontsha jang kafa Modimo a itshwarelang ka teng?
14 Selekanyo se Jehofa a itshwarelang ka sone se bontshiwa le ke kgang ya ga Kgosi Manase wa Juda. O ne a dira se se bosula mo matlhong a ga Jehofa. Manase o ne a agela Baale dibeso, a obamela “lesomo lotlhe la magodimo,” a ba a agela medimo ya maaka dibeso mo malwapeng a mabedi a tempele. O ne a ralatsa bomorwawe molelo, a rotloetsa batho go dira mekgwa ya tirisabadimo, a ba a dira gore banni ba Juda le Jerusalema “ba dire se se bosula go feta ditšhaba tse Jehofa a neng a di nyeleditse fa pele ga bomorwa Iseraele.” Ga a ka a tsaya tsia ditlhagiso tsa baporofeti ba Modimo. Kgabagare, kgosi ya Asiria e ne ya isa Manase botshwarwa. Fa Manase a ntse a le kwa botshwarwa, o ne a ikwatlhaya, a nna a rapela Modimo ka boikokobetso, mme Modimo a mo itshwarela a ba a mmusetsa mo bogosing jwa Jerusalema, kwa a ileng a fitlha a rotloetsa kobamelo ya boammaaruri teng.—2 Ditiragalo 33:2-17.
15. Ke eng se se diragetseng mo botshelong jwa ga moaposetoloi Petere se se bontshang gore Jehofa o itshwarela “ka tsela e kgolo”?
15 Makgolo a dingwaga moragonyana, moaposetoloi Petere o ne a dira boleo jo bo masisi ka go itatola Jesu. (Mareko 14:30, 66-72) Le fa go ntse jalo, Jehofa o ne a itshwarela Petere “ka tsela e kgolo.” (Isaia 55:7) Ka ntlha yang? Ka gonne Petere o ne a ikwatlhaya tota. (Luke 22:62) Go ne go na le bosupi jo bo bonalang sentle jwa gore Modimo o ne a mo itshwaretse fa malatsi a le 50 moragonyana ka letsatsi la Pentekosete, Petere a ne a nna le tshiamelo ya go naya bosupi ka bopelokgale ka ga Jesu. (Ditiro 2:14-36) Le gompieno, Modimo a ka itshwarela fela jalo Bakeresete ba ba ikwatlhayang ka mmatota. Mopesalema o ne a opela a re: “Fa nkabo o lebelela ditlolo, wena Jah, Jehofa, ke mang yo o neng a ka ema? Gonne o na le boitshwarelo jwa boammaaruri.”—Pesalema 130:3, 4.
Go Kokobetsa Matshwenyego ka ga Boleo
16. Modimo o itshwarela mo maemong afe?
16 Dikai tse di fa godimo di tshwanetse tsa re thusa go kokobetsa matshwenyego a rona a gore re leofetse moya o o boitshepo. Di bontsha gore ruri Jehofa o itshwarela baleofi ba ba ikwatlhayang. Selo sa botlhokwatlhokwa ke go rapela Modimo ka tlhoafalo. Fa re leofile, re ka rapelela go itshwarelwa ka ntlha ya setlhabelo sa ga Jesu sa thekololo, bopelotlhomogi jwa ga Jehofa, bosaitekanelang jo re bo ruileng, le rekoto e re nang le yone ya go direla ka boikanyegi. E re ka re itse bopelonomi jwa ga Jehofa jo bo sa re tshwanelang, re ka kopa go itshwarelwa re na le tsholofelo ya gore re tla itshwarelwa.—Baefeso 1:7.
17. Re tshwanetse go dira eng fa re leofile mme re tlhoka thuso ya semoya?
17 Go tweng fa e le gore re leofile mme ga re kgone go rapela ka gonne boleo bo sentse kamano ya rona le Jehofa mo re sa kgoneng go mo rapela? Mo ntlheng eno, morutwa Jakobe o ne a kwala a re: “A [motho yo o ntseng jalo] a biletse banna ba bagolwane ba phuthego kwa go ene, mme a ba mo rapelele, ba mo tlotse ka leokwane ka leina la ga Jehofa. Mme thapelo ya tumelo e tla fodisa yo o bokoa, e bile Jehofa o tla mo kakatlolola. Gape, fa a dirile maleo, o tla a itshwarelwa.”—Jakobe 5:14, 15.
18. Ke ka ntlha yang fa go ntshiwa ga motho mo phuthegong go sa bolele gore o dirile boleo jo bo sa itshwarelweng?
18 Tota le fa motho yo o dirileng phoso a sa ikwatlhaye ka nako eo e bile a ntshitswe mo phuthegong, ga se gore boleo jwa gagwe bo ka se itshwarelwe. Paulo o ne a kwala jaana a bua ka modiraphoso yo o tloditsweng wa kwa Korintha yo o neng a kgaotswe: “Go kgalema mono mo go newang ke bontsi go lekane motho yo o ntseng jalo, mo e leng gore, go farologana le seo jaanong, lo tshwanetse go mo itshwarela ka bopelonomi lo bo lo mo gomotse, gore ka tsela nngwe motho yo o ntseng jalo a tle a se ka a komediwa ke go utlwa botlhoko thata ga gagwe.” (2 Bakorintha 2:6-8; 1 Bakorintha 5:1-5) Le fa go ntse jalo, e le gore batho ba ba dirileng phoso ba thusiwe gore ba boe ba nne le kamano e e molemo le Jehofa, ba tshwanetse go amogela thuso e e theilweng mo Baebeleng e ba e newang ke bagolwane ba Bakeresete mme ba bontshe gore tota ba a ikwatlhaya. Ba tshwanetse go ‘ungwa maungo a a tshwanelang boikwatlhao.’—Luke 3:8.
19. Ke eng se se ka re thusang gore re nne re ‘itekanetse mo tumelong’?
19 Ke eng se se ka nnang sa dira gore re akanye gore re leofetse moya o o boitshepo? Go nna kelotlhoko mo go feteletseng kgotsa bokoa bongwe mo mmeleng le tsone di ka dira gore re ikutlwe jalo. Fa go le jalo, go rapela le go itapolosa mo go oketsegileng go ka thusa. Mme re tshwanetse ra itlhokomela thata gore Satane a se ka a re kgoba marapo gore re tlogele go direla Modimo. E re ka Jehofa a sa itumelele loso lwa moikepi, ruri ga a itumelele go latlhegelwa ke ope wa batlhanka ba gagwe. Ka jalo, fa re boifa gore re ka tswa re leofetse moya, re tshwanetse go tswelela pele re iphepa ka Lefoko la Modimo, go akaretsa le dikarolo tse di gomotsang thata tsa Dipesalema. Re tshwanetse ra tswelela pele re nna teng mo dipokanong tsa phuthego e bile re nna le seabe mo tirong ya go rera ka Bogosi. Go dira jalo go tla re thusa gore re “itekanele mo tumelong” mme re se ka ra tlhola re tshwenyega ka gore re ka tswa re dirile boleo jo bo sa itshwarelweng.—Tito 2:2.
20. Motho a ka thusiwa ke go akanya ka eng gore a bone gore ga a leofela moya o o boitshepo?
20 Batho bape ba ba boifang gore ba ka tswa ba leofetse moya o o boitshepo ba ka ipotsa jaana: ‘A ke tlhapaditse moya o o boitshepo? E re ka ke ne ke ikwatlhaetse boleo jwa me, a jaanong ke fetotse mogopolo ka boikotlhao joo? A ke na le tumelo ya gore Modimo o itshwarela maleo? A ke motlhanogi yo o ganneng lesedi la semoya?’ Batho bano ba ka lemoga gore ga ba a tlhapatsa moya wa Modimo o o boitshepo, e bile ga ba a fetoga batlhanogi. Ba a ikwatlhaya, mme ba na le tumelo e e sa feleng ya gore Jehofa o itshwarela maleo. Fa go le jalo, ga ba a leofela moya wa ga Jehofa o o boitshepo.
21. Setlhogo se se latelang se tla sekaseka dipotso dife?
21 A bo go imolola jang ne go tlhomamisega gore ga re a leofela moya o o boitshepo! Mme se sengwe gape se se amanang le kgang eno ke dipotso tse di tla sekasekwang mo setlhogong se se latelang. Ka sekai, re ka nna ra ipotsa jaana: ‘A ruri ke eteletswe pele ke moya o o boitshepo wa Modimo? A leungo la one le a bonala mo botshelong jwa me?’
O Araba Jang?
• Ke ka ntlha yang fa go twe motho a ka leofela moya o o boitshepo?
• Go ikwatlhaya go kaya eng?
• Ke bomang ba ba neng ba leofela moya fa Jesu a ne a le mo lefatsheng?
• Motho a ka fenya jang boikutlo jwa gore o dirile boleo jo bo sa itshwarelweng?
[Setshwantsho mo go tsebe 17]
Batho ba ba neng ba re Jesu o ne a dira dikgakgamatso ka maatla a ga Satane ba ne ba leofela moya wa Modimo o o boitshepo
[Setshwantsho mo go tsebe 18]
Le fa Petere a ne a itatola Jesu, o ne a sa dira boleo jo bo sa itshwarelweng