Lo se Ka Lwa Naya Diabolo Sebaka
“Lo se ka lwa naya Diabolo tshono.”—BAEFESO 4:27, Byington.
1. Ke eng fa batho ba le bantsi ba belaela gore a ruri Diabolo o gone?
BATHO ba le bantsi ba feditse makgolokgolo a dingwaga ba akanya Diabolo e le setshedi se se dinaka, se se tlhako e e patologaneng, se se apereng bohibidu e bile se dirisa foroko e kgolo go latlhela batho ba ba boikepo mo molelong wa dihele. Baebele ga e tshegetse kgopolo e e ntseng jalo. Le fa go ntse jalo, ga go pelaelo gore dikgopolo tseo tse di phoso ke tsone tse di dirileng gore dimilione tsa batho di belaele gore a ruri Diabolo o gone kana di akanye gore tota Diabolo ga se setshedi sa mmatota ke kgopolo fela e e bosula.
2. Dikwalo di ntsha bosupi bofe kaga Diabolo?
2 Baebele e re naya bosupi jwa batho ba ba boneng ka matlho le jo bo utlwalang sentle jwa gore Diabolo o gone. Jesu Keresete o ne a mmona kwa legodimong e bile o ile a bua le ene mono mo lefatsheng. (Jobe 1:6; Mathaio 4:4-11) Le fa Dikwalo di sa bolele leina la kwa tshimologong la sebopiwa seno sa moya, di mmitsa Diabolo (mo go rayang, “motho yo o senyang ba bangwe leina”) ka gonne a ile a senya Modimo leina. Gape o bidiwa Satane (mo go rayang, “Moganetsi”) ka gonne a ile a ganetsa Jehofa. Satane Diabolo o bidiwa “noga ya kwa tshimologong,” go bonala e le ka gonne a ile a dirisa noga go raela Efa. (Tshenolo 12:9; 1 Timotheo 2:14) Gape o bidiwa “yo o boikepo.”—Mathaio 6:13.a
3. Re tla sekaseka potso efe?
3 Rona batlhanka ba ga Jehofa ga re batle go tshwana ka tsela epe fela le Satane, mmaba yo mogolo wa Modimo yo o esi wa boammaaruri. Ka gone re tshwanetse go sekegela tsebe kgakololo eno ya ga moaposetoloi Paulo: “Lo se ka lwa naya Diabolo tshono.” (Baefeso 4:27, Byington) Mme gone, dingwe tsa ditsela tse Satane a di dirisang ke dife, tse re sa tshwanelang go di etsa?
O se Ka wa Etsa Mosebi yo Mogolo
4. “Yo o boikepo” o ne a senya Modimo leina jang?
4 Go a tshwanela go bo setshedi seno se se ‘boikepo’ se bidiwa Diabolo, ka gonne e le mosebi. Mosebi ke motho yo o buang maaka ka motho yo mongwe, a mo senya leina. Modimo o ile a laela Adame jaana: “Mme fa e le setlhare sa kitso ya molemo le bosula sone o se ka wa ja mo go sone, gonne ka letsatsi le o jang mo go sone ruri o tla swa.” (Genesise 2:17) Efa o ile a itsisiwe taelo eno, le fa go ntse jalo, Diabolo o ne a bua le ene jaana a dirisa noga: “Ruri ga lo kitla lo swa. Gonne Modimo o a itse gore mo go lone letsatsi le lo jang mo go sone ka lone ruri matlho a lona a tla bulega mme lo tla tshwana le Modimo, lo itse molemo le bosula.” (Genesise 3:4, 5) O ne a bua maaka a matala a senya Jehofa Modimo leina!
5. Ke eng fa go ne go tshwanela gore Dioterefese a ikarabelele ditiro tsa gagwe?
5 Baiseraele ba ne ba laelwa jaana: “O se ka wa tsamayatsamaya mo gare ga batho ba gaeno ka boikaelelo jwa go senya motho leina.” (Lefitiko 19:16) Moaposetoloi Johane o ile a bua jaana ka motho mongwe yo o neng a senya batho maina mo motlheng wa gagwe: “Ke ne ka kwalela phuthego sengwe, mme Dioterefese, yo o ratang go nna le maemo a ntlha mo gare ga bone, ga a amogele sepe mo go rona ka tlotlo. Ke gone ka moo e tla reng fa ke tla, ke tla dirang gore go gakologelwe ditiro tsa gagwe tse a tswelelang a di dira, a balabala ka rona ka mafoko a boikepo.” (3 Johane 9, 10) Dioterefese o ne a senya Johane leina mme o ne a tshwanelwa ke gore a ikarabelele ditiro tsa gagwe. Ke Mokeresete ofe yo o ikanyegang yo o ka batlang go tshwana le Dioterefese mme a etsa Satane, mosebi yo mogolo?
6, 7. Ke eng fa re tshwanetse go tila go senya ope leina?
6 Gantsi batho ba na le go bua maaka ka batlhanka ba ga Jehofa le go ba senya leina. ‘Baperesiti ba bagolo le bakwadi ba ne ba ema ka dinao ba latofatsa Jesu ka kgakalo.’ (Luke 23:10) Paulo o ile a pegwa molato wa maaka ke Moperesiti yo Mogolo Ananiase le batho ba bangwe. (Ditiro 24:1-8) Mme gape Baebele e bua ka Satane e re ke “molatofatsi wa bakaulengwe ba rona . . . , yo o ba latofatsang bosigo le motshegare fa pele ga Modimo.” (Tshenolo 12:10) Mo metlheng eno ya bofelo bakaulengwe bao ba ba latofadiwang ka dilo tsa maaka ke Bakeresete ba ba tloditsweng.
7 Ga go a tshwanela ga nna le Mokeresete ope yo o senyang ba bangwe maina kana a ba latofatsa ka dilo tsa maaka. Le fa go ntse jalo, seo se ka direga fa re ka itira basupi ba sengwe se re se nang bosupi jwa sone. Mo Molaong wa ga Moshe, motho o ne a ka bolawa fa a ne a ka bua bosupi jwa maaka ka motho yo mongwe. (Ekesodo 20:16; Duteronome 19:15-19) Mo godimo ga moo, dingwe tsa dilo tse Jehofa a di tsayang di le makgapha di akaretsa “mosupi wa maaka yo o bilolang maaka.” (Diane 6:16-19) Ka gone, re tshwanetse go tila go etsa mosebi le molatofatsi yo mogolo wa maaka.
Tila Ditsela Tsa Mmolai wa Kwa Tshimologong
8. Diabolo o ne a nna jang “mmolai fa a ne a simologa”?
8 Diabolo ke mmolai. Jesu o ile a re: “Ene yoo e ne e le mmolai fa a ne a simologa.” (Johane 8:44) Satane o ne a nna mmolai go tloga fela fa a ne a simolola go dira gore Adame le Efa ba tlhanogele Modimo. O ne a dira gore banyalani bano ba ntlha le bana ba bone ba swe. (Baroma 5:12) Ela tlhoko gore selo se se ntseng jalo se ne se ka dirwa fela ke motho, e seng maikutlo mangwe a a bosula.
9. Jaaka fa 1 Johane 3:15 e bontsha, motho a ka nna mmolai jang?
9 Mongwe wa Melao e e Lesome e e neng ya newa Iseraele wa re: “O se ka wa bolaya motho.” (Duteronome 5:17) Fa Moaposetoloi Petere a ne a kwalela Bakeresete o ile a re: “A ope wa lona a se ka a boga ka go bo e le mmolai.” (1 Petere 4:15) Ka jalo, rona batlhanka ba ga Jehofa re ka se ka ra bolaya motho. Le fa go ntse jalo, Modimo o tla re tsaya re le molato fa re ila Mokeresete ka rona mo re mo eleletsang gore a swe. Moaposetoloi Johane o ile a re: “Mongwe le mongwe yo o tlhoileng mokaulengwe wa gagwe ke mmolai, mme lo a itse gore ga go na mmolai ope yo botshelo jo bo sa khutleng bo ntseng mo go ene.” (1 Johane 3:15) Baiseraele ba ile ba laelwa jaana: “O se ka wa tlhoa morwarrago mo pelong ya gago.” (Lefitiko 19:17) E kete re ka nna bonako go rarabolola bothata bope fela jo re ka nnang le jone le modumedi ka rona e le gore mmolai Satane a se ka a senya kutlwano ya rona ya Bokeresete.—Luke 17:3, 4.
Ema o Nitame Kgatlhanong le Moaki yo Mogolo
10, 11. Re tshwanetse go dira eng e le gore re eme re nitame kgatlhanong le ramaaka yo mogolo Satane?
10 Diabolo ke ramaaka. Jesu o ile a re: “Fa a bua maaka, o bua go ya ka tshekamelo ya gagwe, ka gonne ke moaki le ramaaka.” (Johane 8:44) Satane o ne a aketsa Efa mme Jesu ene o ile a tla mo lefatsheng go tla go naya bosupi ka boammaaruri. (Johane 18:37) Fa rona balatedi ba ga Keresete re batla go ema re nitame kgatlhanong le Diabolo, re ka se ka ra itetla go dirisa maaka le tsietso. Re tshwanetse go ‘bua boammaaruri.’ (Sekarea 8:16; Baefeso 4:25) “Jehofa Modimo wa boammaaruri” o segofatsa fela Basupi ba gagwe ba ba buang boammaaruri. Baikepi ga ba na tshwanelo ya go nna baemedi ba gagwe.—Pesalema 31:5; 50:16; Isaia 43:10.
11 Fa re anaanela kgololesego ya semoya e re nang le yone ya go bo re sa tlhotlhelediwe ke maaka a ga Satane, re tla kgomarela phuthego ya Bokeresete, e e leng yone “tsela ya boammaaruri.” (2 Petere 2:2; Johane 8:32) Dithuto tsotlhe tsa Bokeresete di akaretsa “boammaaruri jwa dikgang tse di molemo.” (Bagalatia 2:5, 14) Poloko ya rona e ikaegile ka ‘go tsamaya ga rona mo boammaaruring’—re bo kgomarela le go ema re nitame kgatlhanong le “ramaaka.”—3 Johane 3, 4, 8.
Ganetsa Motlhanogi yo Mogolo
12, 13. Re tshwanetse go tshwara batlhanogi jang?
12 Sebopiwa sa moya se se neng sa fetoga Diabolo se kile sa bo se le mo boammaaruring. Le fa go ntse jalo, Jesu o ile a re: “O ne a se ka a itsetsepela mo boammaaruring, ka gonne boammaaruri ga bo yo mo go ene.” (Johane 8:44) Motlhanogi yono yo mogolo o ile a nna kgatlhanong le “Modimo wa boammaaruri.” Bakeresete bangwe ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ile ba wela mo “serung sa ga Diabolo,” gongwe e le ka gonne a ile a ba fenya ka go ba tsietsa le go ba faposa mo boammaaruring. Ka gone, Paulo o ile a kgothatsa modirikaene e bong Timotheo gore a laye batho bao ka bonolo e le gore ba boe ba nonofe gape semoyeng le go ikgolola mo serung sa ga Satane. (2 Timotheo 2:23-26) Ke boammaaruri gore go botoka go ngangatlela boammaaruri ka thata le go se letle gore le ka motlha re tlhotlhelediwe ke dikgopolo tsa botlhanogi.
13 Banyalani ba ntlha ba ile ba nna batlhanogi ka ntlha ya go reetsa Diabolo le go se gane maaka a gagwe. Ka gone, a re tshwanetse go reetsa batlhanogi, go bala dibuka tsa bone le go bula mafelo a bone mo Internet? Fa re rata Modimo le boammaaruri, ga re kitla re dira jalo. Ga re a tshwanela go letla batlhanogi go tsena mo matlong a rona le e leng go ba dumedisa, ka gonne go dira jalo go tla re dira gore re ‘tlhakanele le bone mo ditirong tsa bone tse di boikepo.’ (2 Johane 9-11) A le ka motlha re se ineelele go tsiediwa ke Diabolo ka go latlha “tselana ya boammaaruri” ya Bokeresete re latela barutisi ba maaka ba ba “tlang ka dithuto tse di senyang” le go leka go ‘re latlha ka mafoko a tsietso.’—2 Petere 2:1-3; Byington.
14, 15. Paulo o ile a tlhagisa bagolwane ba Efeso le modirikaene e bong Timotheo ka eng?
14 Paulo o ile a laela bagolwane ba Bakeresete ba Efeso jaana: “Itlhokomeleng lo bo lo tlhokomele letsomane lotlhe, le moya o o boitshepo o lo tlhomileng balebedi mo go lone, gore lo dise phuthego ya Modimo, e a neng a e reka ka madi a Morwawe. Ke a itse gore fa ke sena go tsamaya diphiri tse di gatelelang di tla tsena mo gare ga lona mme ga di na go tshwara letsomane ka bonolo, e bile go tla tsoga banna mo gare ga lona mme ba tla bua dilo tse di sokameng gore ba gogele barutwa kwa go bone.” (Ditiro 20:28-30) Fa nako e ntse e ya, batlhanogi bao ba ne ba nna teng mme ba “bua dilo tse di sokameng.”
15 Mo e ka nnang ka 65 C.E., moaposetoloi Paulo o ile a kgothaletsa Timotheo go ‘tshwara lefoko la boammaaruri sentle.’ O ne a re: “Mme tshaba dipuo tse di se nang mosola tse di senyang boitsheko jwa se se boitshepo; gonne ba tla tswelela pele fela ba nna boikepo, mme lefoko la bone le tla anama jaaka ntho e e kekelang. Himenaeo le Fileto ke ba palo eo. Bone banna bano ba fapogile mo boammaaruring, ba re tsogo ya baswi e setse e diragetse; mme ba phetsola tumelo ya bangwe.” Botlhanogi bo ne bo setse bo simolotse! Paulo o ile a oketsa ka go re: “Le fa go ntse jalo, motheo o o tiileng wa Modimo o nna o eme.”—2 Timotheo 2:15-19.
16. Ke eng se se re thusang go nna re ikanyega mo Modimong le mo Lefokong la gagwe go sa kgathalasege maano a a boferefere a motlhanogi yo mogolo?
16 Gantsi Satane o ile a dirisa batlhanogi go leka go senya kobamelo ya boammaaruri—mme ga a atlega. Mo e ka nnang ka ngwaga wa 1868, Charles Taze Russell o ne a simolola go sekaseka dithuto tse di sa bolong go nna di rutwa ke dikereke tse di ipitsang tsa Bokeresete mme a fitlhela di na le go se tlhalose Dikwalo sentle. Russell le batho ba bangwe ba ba neng ba batla boammaaruri ba ne ba tlhoma ditlelase tsa go ithuta Baebele kwa Pittsburgh, Pennsylvania, U.S.A. Mo e batlang e le dingwaga di ka nna 140 fa e sa le ka nako eo, kitso ya batlhanka ba ga Jehofa le lorato lo ba ratang Modimo le Lefoko la gagwe ka lone lo ile lwa oketsega. Go nna ga motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale a thantse semoyeng go thusitse Bakeresete bano ba boammaaruri go nna ba ikanyega mo go Jehofa le mo Lefokong la gagwe go sa kgathalasege maano a a boferefere a motlhanogi yo mogolo.—Mathaio 24:45.
Se Letle Mmusi wa Lefatshe a go Laola
17-19. Lefatshe le le mo maatleng a ga Diabolo ke eng, mme ke eng fa re sa tshwanela go le rata?
17 Tsela e nngwe e Satane a batlang go re raela ka yone ke ka go re dira gore re rate lefatshe—batho ba ba boikepo ba ba tlhoboganeng le Modimo. Jesu o ile a bitsa Diabolo a re ke “mmusi wa lefatshe” a bo a re: “Ga go na jaaka a ka ntshwara.” (Johane 14:30) A le ka motlha Satane a se ka a re tshwara! Mme gone, re a itse gore “lefatshe lotlhe le namaletse mo maatleng a yo o boikepo.” (1 Johane 5:19) Ke gone ka moo Diabolo a neng a ka solofetsa Jesu “magosi otlhe a lefatshe” fa a ne a ka mo direla tiro e le nngwe fela ya botlhanogi ya go mo obamela—selo se Morwa Modimo a neng a se gana gotlhelele. (Mathaio 4:8-10) Lefatshe le le laolwang ke Satane le ila balatedi ba ga Keresete. (Johane 15:18-21) Ga go gakgamatse go bo moaposetoloi Johane a ile a re tlhagisa gore re se ka ra rata lefatshe!
18 Johane o ile a kwala jaana: “Lo se ka lwa bo lo rata lefatshe le fa e le dilo tse di mo lefatsheng. Fa motho a rata lefatshe, lorato lwa ga Rara ga lo yo mo go ene; ka gonne sengwe le sengwe se se mo lefatsheng—keletso ya nama le keletso ya matlho le go bontsha ka mabela se motho a nang le sone mo botshelong—ga se tswe mo go Rara, mme se tswa mo lefatsheng. Mo godimo ga moo, lefatshe le a feta le keletso ya lone, mme yo o dirang thato ya Modimo o ntse ka bosaengkae.” (1 Johane 2:15-17) Ga re a tshwanela go rata lefatshe ka gonne tsela ya lone ya botshelo e a raela e bile e ganetsana gotlhelele le melao ya ga Jehofa Modimo.
19 Go tweng fa re ikutlwa re rata lefatshe? Fa go le jalo a re kopeng Modimo gore a re thuse go fenya lorato loo le dikeletso tsa nama tse di amanang le lone. (Bagalatia 5:16-21) Ruri re tla leka ka natla go ipoloka re “se na selabe se se tswang mo lefatsheng” fa re sa lebale gore “mephato ya meya e e boikepo” ke yone “babusi ba lefatshe” leno ba ba sa bonaleng ba ba laolang batho ba ba boikepo.—Jakobe 1:27; Baefeso 6:11, 12; 2 Bakorintha 4:4.
20. Ke eng fa go ka twe ga re “karolo ya lefatshe”?
20 Jesu o ile a bua jaana malebana le barutwa ba gagwe: “Ga ba karolo ya lefatshe, fela jaaka nna ke se karolo ya lefatshe.” (Johane 17:16) Bakeresete ba ba tloditsweng le ditsala tsa bone tse di ineetseng ba leka ka natla go ipoloka ba le phepa mo boitshwarong le semoyeng, ba farologane le lefatshe leno. (Johane 15:19; 17:14; Jakobe 4:4) Lefatshe leno le le boikepo le a re ila ka gonne re ipoloka re farologane le lone le ka gonne re le ‘bareri ba tshiamo.’ (2 Petere 2:5) Ke boammaaruri gore re tshela mo gare ga batho ba ba akaretsang ba ba dirang kgokafalo, boaka, ba ba tsayang ba bangwe ka dikgoka, baobamedi ba medingwana, magodu, ba ba buang maaka le matagwa. (1 Bakorintha 5:9-11; 6:9-11; Tshenolo 21:8) Le fa go ntse jalo, ga re itetle go hema “moya wa lefatshe,” ka gonne re sa tlhotlhelediwe ke maatla a one a a boikepo.—1 Bakorintha 2:12.
Se Neye Diabolo Sebaka
21, 22. Re ka dirisa jang kgakololo ya ga Paulo e e mo go Baefeso 4:26, 27?
21 Go na le gore re tlhotlhelediwe ke “moya wa lefatshe” leno, re kaelwa ke moya wa Modimo, o o re thusang go nna le dinonofo tse di jaaka lorato le boikgapo. (Bagalatia 5:22, 23) Seno se re thusa go fenya ditlhaselo tsa ga Diabolo. O batla gore re nne re ‘galefile e le fela gore re dire bosula,’ le fa go ntse jalo, moya wa Modimo o re thusa go ‘tlogela bogale le go lesa tšararego.’ (Pesalema 37:8) Ke boammaaruri gore, ka dinako tse dingwe re ka nna le lebaka le le utlwalang la go galefa, le fa go ntse jalo, Paulo o re gakolola jaana: “Lo galefe, mme le fa go ntse jalo lo se ka lwa leofa; a letsatsi le se ka la phirima lo sa ntse lo galefile, le gone lo se ka lwa naya Diabolo sebaka.”—Baefeso 4:26, 27.
22 Fa re itetla go nna re galefile, kgalefo ya rona e ka felela ka gore re dire boleo. Fa re itetla go nna re galefile jalo, re tla bo re naya Diabolo sebaka sa go baka dikgaogano mo phuthegong kana go re tlhotlheletsa go dira ditiro tse di boikepo. Ka gone, re tshwanetse go nna bonako go rarabolola dikgotlhang tse re nnang le tsone le batho ba bangwe ka tsela e Modimo a e amogelang. (Lefitiko 19:17, 18; Mathaio 5:23, 24; 18:15, 16) A re kaelweng ke moya wa Modimo ka go nna le boikgapo le go se itetle go galefa ka tsela e e feteletseng mo go ka felelang ka gore re nne peloethata le letlhoo.
23. Ke dipotso dife tse re tla di sekasekang mo setlhogong se se latelang?
23 Re sekasekile mekgwa mengwe ya ga Diabolo e re sa tshwanelang go e etsa. Le fa go ntse jalo, bangwe ba ka botsa jaana: A re tshwanetse go boifa Satane? Ke eng fa a dira gore Bakeresete ba bogisiwe? Mme gone re ka dira jang gore a se ka a re tsietsa?
[Ntlha e e kwa tlase]
a Bona ditlhogo tsa Tora ya Tebelo ya November 15, 2005 ya setlhogo se se reng, “A Tota Diabolo o Teng?”
O Araba Jang?
• Ke eng fa re sa tshwanela gore le ka motlha re senye ope leina?
• Go ya ka 1 Johane 3:15, re ka tila jang go nna babolai?
• Re tshwanetse go leba batlhanogi jang, mme ka ntlha yang?
• Ke eng fa re sa tshwanela go rata lefatshe?
[Setshwantsho mo go tsebe 23]
Le ka motlha re ka se letle Diabolo a senya kutlwano ya rona ya Bokeresete
[Ditshwantsho mo go tsebe 24]
Ke eng fa Johane a ile a re kgothaletsa go se rate lefatshe?