Kgaolo ya Bosomethataro
Dikgosi Tse di Lwang di Fitlha Kwa Bokhutlong Jwa Tsone
1, 2. Kgosi ya botsheka e ne ya fetoga jang morago ga ntwa ya bobedi ya lefatshe?
RAFILOSOFI mongwe wa Mofora e bile e le rahisitori e bong Alexis de Tocqueville o ne a kwala jaana ka 1835, fa a ne a lebile boemo jwa sepolotiki jwa United States le Russia: “Yo mongwe o gololesegile; yo mongwe o mo botlhankeng. Ba . . . tsamaya mo ditseleng tse di sa tshwaneng; le fa go ntse jalo, go bonala mongwe le mongwe wa bone a kaelwa ke maatla mangwe a a sa bonaleng a Bomodimo gore letsatsi lengwe a tshware ka diatla tsa gagwe isagwe ya bontlhanngwe jwa lefatshe.” Polelelopele eno e ne e le boammaaruri go le kana kang morago ga Ntwa ya Lefatshe II? Rahisitori J. M. Roberts o kwala jaana: “Kwa bokhutlong jwa Ntwa ya bobedi ya Lefatshe eleruri lefatshe le ne, kgabagare, la bonala le laolwa ke dipuso tse pedi tse dikgolo tse di sa tshwaneng gotlhelele, e nngwe e le ya se e neng e le Russia, e nngwe e le ya United States of America.”
2 Ka nako ya dintwa tse pedi tsa lefatshe, Jeremane e ne e le mmaba yo mogolo wa kgosi ya borwa—Mmuso wa Lefatshe wa Maesemane le Maamerika—mme e ne e le yone kgosi ya botsheka. Le fa go ntse jalo, morago ga Ntwa ya Lefatshe II, naga eo e ne ya nna e kgaogane. Jeremane Bophirima e ne ya ikgolaganya le kgosi ya borwa, mme Jeremane Botlhaba ya ikgolaganya le puso e nngwe e e nonofileng thata—puso ya ditšhaba tsa Bokomonise tse di neng di eteletswe pele ke Soviet Union. Ditšhaba tseno, kana puso eno ya sepolotiki, e ne ya ema e le kgosi ya botsheka, e ganetsana thata le puso ya kgolagano ya Maesemane le Maamerika. Ntwa mo gare ga dikgosi tse pedi tseno e ne ya nna Ntwa ya Molomo e e neng ya tswelela go tloga ka 1948 go fitlha ka 1989. Mo nakong e e fetileng, kgosi ya botsheka ya Jeremane e ne ya “tlhabana le kgolagano e e itshepileng.” (Daniele 11:28, 30) Ditšhaba tsa Bokomonise di ne di tla dira jang malebana le kgolagano eno?
BAKERESETE BA BOAMMAARURI BA A WA MME BA NNA THATA
3, 4. Ke bomang “ba ba ikepang ka ga kgolagano,” mme ba ne ba nna le kamano efe le kgosi ya botsheka?
3 Moengele wa Modimo o ne a bolela jaana: “Ba ba ikepang ka ga kgolagano, [kgosi ya botsheka] o tlaa ba timetsa ka mafoko a a borethe.” Moengele o ne a tswelela pele jaana: “Mme batho ba ba itseng Modimo wa bone ba tlaa nna thata, ba tlaa dira ditiro tse dikgolo. Ba ba botlhale mo bathong ba tlaa ruta batho ba le bantsi; le fa go ntse jalo ba tlaa wa ka tšhaka le ka kgabo ya molelo, ka botshwaro, le ka go thopiwa ka malatsi a le mantsi.”—Daniele 11:32, 33.
4 “Ba ba ikepang ka ga kgolagano” e ka nna fela baeteledipele ba Labokeresete, bao ba ipolelang gore ke Bakeresete mme ba itshekolola leina la Bokeresete ka ditiro tsa bone. Mo bukeng ya gagwe ya Religion in the Soviet Union, Walter Kolarz o bolela jaana: “[Ka ntwa ya bobedi ya lefatshe] Puso ya Soviet e ne ya leka go dira gore Dikereke di e thuse ka dilo tse di bonalang le ka go e ema nokeng go sireletsa naga ya yone.” Morago ga ntwa baeteledipele ba kereke ba ne ba leka go boloka botsalano joo bo ntse bo tsweletse, le fa mmuso o jaanong e neng e le kgosi ya botsheka o ne o sa dumele gore Modimo o gone. Ka tsela eo, go feta le fa e le leng pele, Labokeresete e ne ya nna karolo ya lefatshe leno—botlhanogi jo bo ferosang sebete mo matlhong a ga Jehofa.—Johane 17:16; Jakobe 4:4.
5, 6. “Batho ba ba itseng Modimo wa bone” e ne e le bomang, mme ba ne ba dira jang fa ba busiwa ke kgosi ya botsheka?
5 Go tweng ka Bakeresete ba boammaaruri—“batho ba ba itseng Modimo wa bone” le “ba ba botlhale”? Le mororo Bakeresete ba ba buswang ke puso ya kgosi ya botsheka ba ne ba le “mo taolong ya balaodi ba bagolo” ka tshwanelo, ba ne ba se karolo ya lefatshe leno. (Baroma 13:1; Johane 18:36) Fa ba ntse ba leka go lefa “Kaesara dilo tsa ga Kaesara,” ba ne gape ba naya “Modimo dilo tsa Modimo.” (Mathaio 22:21) Ka ntlha ya seno, bothokgami jwa bone bo ne jwa gwetlhiwa.—2 Timotheo 3:12.
6 Ka ntlha ya moo, Bakeresete ba boammaaruri ba ne ba “wa” ba bo ba “nna thata.” Ba ne ba wa ka kgopolo ya gore ba ne ba bogisiwa fela thata, bangwe ba bone ba bo ba bolawa. Mme ba ne ba nna thata ka kgopolo ya gore ba le bantsi ba bone ba ne ba nna ba ikanyega. Ba ne ba fenya lefatshe, fela jaaka Jesu a ne a dira. (Johane 16:33) Mo godimo ga moo, ga ba ise ba ko ba emise go rera, le fa ba ne ba iphitlhela ba le mo kgolegelong kana mo dikampeng tsa pogisetso. Ka go dira jalo, ba ne ba “ruta batho ba le bantsi.” Le fa Basupi ba ga Jehofa ba ne ba bogisiwa mo dinageng di le dintsi tse di neng di busiwa ke kgosi ya botsheka, palo ya bone e ne ya oketsega. Ka ntlha ya go ikanyega ga “ba ba botlhale,” go ile ga nna le karolo e e nnang e ntse e oketsega ya “boidiidi jo bogolo” mo dinageng tseo.—Tshenolo 7:9-14.
BATHO BA GA JEHOFA BA A ITSHEKISIWA
7. Bakeresete ba ba tloditsweng ba ba buswang ke kgosi ya botsheka ba ne ba amogela “thusonyana” efe?
7 “Jaana e tlaa re ba wa [batho ba Modimo], ba tlaa thusiwa ka thusonyana,” moengele o ne a rialo. (Daniele 11:34a) Phenyo ya kgosi ya borwa mo ntweng ya bobedi ya lefatshe e ne ya dira gore Bakeresete ba ba busiwang ke kgosi e e lwantshanang nayo ba nne le kgololesegonyana e e rileng. (Bapisa Tshenolo 12:15, 16.) Ka tsela e e tshwanang, ba ba neng ba bogisiwa ke kgosi e e neng ya tlhatlhama eno ba ne ba nna ba gololesega nako le nako. Fa Ntwa ya Molomo e ntse e ya bokhutlong ka iketlo, baeteledipele ba le bantsi ba ne ba simolola go lemoga gore Bakeresete ba ba ikanyegang ga ba kotsi mme ka gone ba simolola go ba letlelela semolao. Gape, thuso e ne ya tla e tswa mo palong e e ntseng e oketsega ya ba boidiidi jo bogolo, ba ba neng ba amogela thero e e ikanyegang ya batlodiwa mme ba ba thusa.—Mathaio 25:34-40.
8. Bangwe ba ne ba ikopanya le batho ba Modimo “ka mafoko a a borethe” jang?
8 Ga se botlhe ba ba neng ba bolela gore ba rata go direla Modimo mo dingwageng tsa Ntwa ya Molomo ba ba neng ba dira jalo ka maitlhomo a a siameng. Moengele o ne a ile a tlhagisa jaana: “Batho ba le bantsi ba tlaa ikopanya nabo ka mafoko a a borethe.” (Daniele 11:34b) Ba le bantsi thata ba ne ba bontsha gore ba kgatlhegela boammaaruri mme ba ne ba sa batle go ineela mo Modimong. Mme ba bangwe ba ba neng ba bonala e kete ba amogela dikgang tse di molemo, tota e ne e le ditlhodi tsa puso. Pego nngwe go tswa kwa nageng nngwe e balega jaana: “Bangwe ba batho bano ba ba sa siamang ba ne ba bolelwa e le Bakomonise ba ba neng ba kukunetse mo phuthegong ya Morena, ba ba neng ba dira jaaka e kete ba tlhoafetse thata, ba bo ba tlhomiwa go direla mo maemong a a kwa godimo a tirelo.”
9. Ke ka ntlha yang fa Jehofa a ne a letla Bakeresete bangwe ba ba ikanyegang gore ba ‘we’ ka ntlha ya batho ba ba kukunetseng?
9 Moengele o ne a tswelela pele jaana: “Bangwe ba bone ba ba botlhale ba tlaa wa, gore ba itshekisiwe, le gore ba nne bantle, le go ba sweufatsa, go ya go fitlha mo lobakeng lwa bokhutlo; gonne go sa ntse go le ga lobaka lo lo laotsweng.” (Daniele 11:35) Batho bano ba ba kukunetseng mo teng ba ne ba dira gore badiredi ba puso ba tshware bangwe ba ba ikanyegang. Jehofa o ne a letla dilo tseno go diragala gore batho ba gagwe ba itshekisiwe ba bo ba ntlafadiwe. Fela jaaka Jesu a ne a “ithuta kutlo mo dilong tse a neng a di boga,” fela jalo bano ba ba ikanyegang ba ne ba ithuta go itshoka ka go lekwa tumelo. (Bahebera 5:8; Jakobe 1:2, 3; bapisa Malaki 3:3.) Ka tsela e e ntseng jalo, ba a ‘itshekisiwa, le go ntlafadiwa, le go sweufadiwa.’
10. Polelo e e reng “go ya go fitlha mo lobakeng lwa bokhutlo” e bolelang?
10 Batho ba ga Jehofa ba ne ba tshwanetse go digiwa le go itshekisiwa “go ya go fitlha mo lobakeng lwa bokhutlo.” Gone ke boammaaruri gore ba lebeletse gore ba tla bogisiwa go fitlha kwa bokhutlong jwa tsamaiso eno e e boikepo ya dilo. Le fa go ntse jalo, go phepafadiwa le go sweufatswa ga batho ba Modimo ka ntlha ya go tsenatsena ga kgosi ya botsheka go ne go tla direga ka “lobaka lo lo laotsweng.” Ka gone, mo go Daniele 11:35, ‘lobaka lwa bokhutlo’ lo tshwanetse lwa bo lo amana le bokhutlo jwa nako e e tlhokegang ya gore batho ba Modimo ba itshekisiwe fa ba ntse ba itshoketse go tlhaselwa ke kgosi ya botsheka. Go bonala go wa go ne ga khutla ka lobaka lo lo laotsweng ke Jehofa.
KGOSI E A IKGODISA
11. Moengele o ne a reng ka boikutlo jwa kgosi ya botsheka malebana le bolaodi jwa ga Jehofa?
11 Malebana le kgosi ya botsheka, moengele o ne a oketsa jaana: “Kgosi e tlaa dira ka fa go rateng ga yone; e tlaa itsholetsa e itira mogolo bogolo go medimo yotlhe, [ka go gana go amogela bolaodi jwa ga Jehofa] e tlaa bua dilo tse di gakgamatsang ka ga Modimo wa medimo; e tlaa tlhogonolofala go tsamaya tšhakgalo e dirafale; gonne se se laotsweng se tlaa dirwa. Le gone ga e ketla e tlhokomela medimo ya borraa yone, le fa e le keletso ya basadi, le fa e le go tlhokomela modimo ope; gonne e tlaa ikgodisa godimo ga botlhe.”—Daniele 11:36, 37.
12, 13. (a) Kgosi ya botsheka e ne ya latlha “medimo ya borraa yone” ka tsela efe? (b) “Basadi” ba kgosi ya botsheka e se kileng ya ela tlhoko “keletso” ya bone e ne e le bomang? (c) Kgosi ya botsheka e ne ya galaletsa “modimo” ofe?
12 Kgosi ya botsheka e ne ya diragatsa mafoko ano a boporofeti ka go latlha “medimo ya borraa yone,” e e jaaka modimo wa Tharonngwe wa Labokeresete. Ditšhaba tsa Bokomonise di ne tsa buelela bolatolamodimo ka tlhamalalo. Ka go rialo kgosi ya botsheka e ne ya itira modimo, ‘e ikgodisa godimo ga botlhe.’ E re ka kgosi eno e ne e sa ele tlhoko “keletso ya basadi”—dinaga tse di kafa tlase ga yone, tse di jaaka Vietnam Bokone, tse di neng di dira jaaka malata mo pusong ya yone—e ne ya “dira ka fa go rateng ga yone.”
13 Fa moengele yono a tswelela pele ka boporofeti o ne a re: “Kwa ga yone e tlaa tlotla modimo wa dikago tsa tlhabanelo; mme modimo mongwe o borraa yone ba ne ba sa o itse e tlaa o tlotla ka gouta le ka selefera, le ka majana a a tlhokegang le ka dilo tse di eletsegang.” (Daniele 11:38) Tota e bile, kgosi ya botsheka e ne ya ikanya sesole sa segompieno se se dirisang dilo tse di dirilweng ke borasaense, “modimo wa dikago tsa tlhabanelo.” O ne a batla go bolokwa ke “modimo” yono, a ntsha dikhumo tse dintsintsi setlhabelo mo sebesong sa one.
14. Kgosi ya botsheka e ne ya dira jang “ka tsela e e nang le matswela”?
14 “E tlaa [“dira ka tsela e e nang le matswela kgatlhanong le,” NW] dikago tsa tlhabanelo tse di thata bogolo ka thuso ya modimo mongwe wa seeng; le fa e le mang yo o ipolelang yone, e tlaa mo godisa ka kgalalelo; e tlaa ba laodisa batho ba le bantsi, mme e tlaa aba lefatshe ka tuelo.” (Daniele 11:39) E re ka kgosi ya botsheka e ne e ikantse “modimo mongwe wa seeng” wa sesole, e ne ya dira “ka tsela e e nang le matswela,” e itshupa go nna mmuso o o boitshegang thata wa sesole mo “malatsing a bofelo.” (2 Timotheo 3:1) Ba ba neng ba tshegetsa kgopolo ya gagwe ba ne ba duelwa ka go tshegediwa mo go tsa sepolotiki, tsa madi, mme ka dinako tse dingwe le ka tsa sesole.
‘GO KGOROMETSANA’ MO MOTLHENG WA BOKHUTLO
15. Kgosi ya borwa e ne ya “kgorometsana” jang le kgosi ya botsheka?
15 “E tlaa re mo motlheng wa bokhutlo kgosi ya borwa e tlaa [“kgorometsana,” NW] nayo,” moengele o ne a bolelela Daniele jalo. (Daniele 11:40a) A kgosi ya borwa e ile ya ‘kgorometsa’ kgosi ya botsheka mo “motlheng wa bokhutlo”? (Daniele 12:4, 9) Ee ruri. Morago ga ntwa ya ntlha ya lefatshe, tumalano ya kagiso e e neng e diretswe go otlhaya yo ka nako eo e neng e le kgosi ya botsheka—Jeremane—e ne ruri e le ‘go kgorometsa,’ e e tlhotlheletsa gore e ipusolosetse. Fa kgosi ya borwa e se na go fenya mo ntweng ya bobedi ya lefatshe, e ne ya konopela moemakgatlhanong nayo dibetsa tse di kotsi tsa nuklea mme ya dira kgolagano e e maatla ya sesole kgatlhanong le ene, ya North Atlantic Treaty Organization (NATO). Malebana le se NATO e neng e se dira, rahisitori mongwe wa Moboritane o bolela jaana: “E ne e le ene sedirisiwa se segolo sa go ‘hupetsa’ USSR, e ka nako eo e neng e lejwa e le sekgoreletsi se segolo mo kagisong ya Yuropa. E ne ya dira jalo dingwaga di le 40, mme ya atlega fela thata.” Fa dingwaga tsa Ntwa ya Molomo di ntse di tsweletse, ‘go kgorometsa’ ga kgosi ya borwa go ne ga akaretsa go dirisa mekgwa ya maemo a a kwa godimo ya setegeniki ya go tlhola puso ya kgosi ya botsheka le go dirisa matlhale le sesole go tlhasela.
16. Kgosi ya botsheka e ne ya tsibogela jang go kgoromediwa ke kgosi ya borwa?
16 Kgosi ya botsheka e ne ya tsiboga jang? “Kgosi ya botsheka e tlaa tla go tlhabana le yone jaaka setsuatsue ka dikara, le ka bapalami ba dipitse, le ka dikepe di le dintsi; e tlaa tsena mo mafatsheng, e tlaa farafara e ralala.” (Daniele 11:40b) Hisitori ya malatsi a bofelo e ile ya bontsha kafa kgosi ya botsheka e neng ya atolosa melelwane ya yone ka gone. Ka ntwa ya bobedi ya lefatshe, “kgosi” ya Bonasi e ne ya ralala melelwane ya yone ya tsena mo dinageng tse di mabapi. E ne ya re fa ntwa eo e fela, “kgosi” eno ya motlhatlhami ya aga mmusomogolo o o nonofileng. Ka nako ya Ntwa ya Molomo, kgosi ya botsheka e ne e lwa le moemakgatlhanong nayo ka go ema nokeng dintwa tsa dinaga tse dingwe tse e neng e golagane natso le ka go dirisa botsuologela puso mo Afrika, Asia, le Latin America. E ne ya bogisa Bakeresete ba boammaaruri, ya kgoreletsa tiro ya bone—mme gone e sa e emise gotlhelele. Mme ditlhaselo tsa yone tsa sesole le tsa sepolotiki di ne tsa dira gore e kgone go laola dinaga di le dintsi. Seo ke sone se moengele a neng a se boleletse pele: “E bile e tlaa tsena le mo lefatsheng le le galalelang [lefatshe la semoya la batho ba ga Jehofa], mme mafatshe a le mantsi a tlaa ribegediwa.”—Daniele 11:41a.
17. Thulaganyo ya kgosi ya botsheka ya go atolosa melelwane ya yone e ne ya se ka ya atlega ka tsela efe?
17 Le fa go ntse jalo, kgosi ya botsheka ga ya kgona go fenya lefatshe lotlhe. Moengele o ne a bolelela pele jaana: “Mme mafatshe a, a tlaa gololwa mo seatleng sa yone, e bong Edome, le Moabe, le ditlhogo tsa bana ba Amone.” (Daniele 11:41b) Mo metlheng ya bogologolo, Edome, Moabe, le Amone di ne di le mo gare ga dinaga tse di neng di busiwa ke kgosi ya borwa ya Egepeto le kgosi ya botsheka ya Siria. Mo metlheng ya gompieno di emela ditšhaba le mekgatlho e kgosi ya botsheka e neng e ikaeletse go e gapa mme e sa kgona.
EGEPETO GA E FALOLE
18, 19. Kgosi ya borwa e ne ya utlwa tlhotlheletso ya kgosi e e lwantshanang nayo ka ditsela dife?
18 Moengele wa ga Jehofa o ne a tswelela pele jaana: “Gape [kgosi ya botsheka] e tlaa otlololela mafatshe letsogo la yone; le lefatshe la Egepeto ga le ketla le falola. E tlaa nna le taolo mo dikhumong tsa gouta le selefera, le mo dilong tsotlhe tse di tlhokegang tsa Egepeto; le Balebia le Baethiopia ba tlaa nna fa dikgatong tsa yone.” (Daniele 11:42, 43) Tota le eleng kgosi ya borwa, “Egepeto,” e ne ya se ka ya falola diphelelo tsa go atolosa melelwane ga kgosi ya botsheka. Ka sekai, kgosi ya borwa e ne ya fenngwa mo go botlhoko kwa Vietnam. Mme go tweng ka “Balebia le Baethiopia”? Dinaga tseno tse e leng baagelani ba Egepeto wa bogologolo di ka nna tsa bo di tshwantshetsa sentle ditšhaba tse, go ya ka thutafatshe, e leng baagelani ba “Egepeto” wa segompieno (kgosi ya borwa). Ka dinako tse dingwe, di ntse e le balatedi ba—‘di ntse fa dikgatong tsa’—kgosi ya botsheka.
19 A kgosi ya botsheka e kile ya nna le taolo mo ‘dikhumong tsa Egepeto’? Ee ruri, e nnile le taolo mo tseleng e kgosi ya borwa e ntseng e dirisa madi a yone ka yone. Ka gonne e tshaba kgosi eno e e lwantshanang nayo, kgosi ya borwa e dirisitse madi a le mantsi go tlhokomela masole a a nonofileng, masole a a lwang ka dikepe tsa ntwa, le a a lwang ka difofane. Mo ntlheng eno, kgosi ya botsheka e ‘ile ya laola,’ boemo jwa dikhumo tsa kgosi ya borwa.
LETSHOLO LA BOFELO
20. Moengele o tlhalosa jang letsholo la bofelo la kgosi ya botsheka?
20 Ntwa mo gare ga kgosi ya botsheka le kgosi ya borwa—e ka tswa e le ka sesole, ka tsa itsholelo, kana ka ditsela tse dingwe—e ela kwa bokhutlong. Fa moengele wa ga Jehofa a ne a senola dintlha tsa ntwa e e sa ntseng e tla lowa o ne a re: “Ditumedi tse di tswang ntlheng ya botlhabatsatsi le ntlheng ya botsheka di tlaa e hudua [kgosi ya botsheka]; e tlaa bolola ka tšararego e kgolo, e ya go senya le go tlosetsa ruri batho ba le bantsi. E tlaa tlhoma megope ya ntlo ya yone ya bogosi fa gare ga lewatle le thaba e e boitshepo e e galalelang; le fa go ntse jalo e tlaa fitlha mo bokhutlong jwa yone, mme go se ope yo o tlaa e thusang.”—Daniele 11:44, 45.
21. Ke eng se re sa ntseng re tlhoka go se itse ka kgosi ya botsheka?
21 E ne ya re fa Soviet Union e phutlhama ka December 1991, kgosi ya botsheka ya wa mo go botlhoko. Ke mang yo o tla nnang kgosi eno fa Daniele 11:44, 45 e diragadiwa? A e tla nna nngwe ya dinaga tse e neng e le karolo ya Soviet Union ya maloba? Kana a e tla fetoga gotlhelele, jaaka e dirile makgetlhonyana pele ga mono? A lebaka la go bo dinaga tse di oketsegileng di dira dibetsa tsa nuklea le tla dira gore go nne le mofuta o mosha wa dibetsa le go re bontsha gore ke mang kgosi eo? Re tla bona dikarabo tsa dipotso tseno fa nako e ntse e tsamaya. Go botlhale gore re se ka ra fopholetsa. E tla re fa kgosi ya botsheka e bolotsa letsholo la yone la bofelo, go diragadiwa ga boporofeti jono go tla lemogwa sentle ke botlhe ba ba nang le temogo e e theilweng mo Baebeleng.—Bona “Dikgosi mo go Daniele Kgaolo 11,” mo tsebeng ya 284.
22. Go tsoga dipotso dife ka tlhaselo ya bofelo ya kgosi ya botsheka?
22 Le fa go ntse jalo, re a itse gore kgosi ya botsheka e tloga e tsaya kgato efe. Ka ntlha ya ditumedi “tse di tswang ntlheng ya botlhabatsatsi le ntlheng ya botsheka,” e tla bolotsa letsholo la go ya ‘go tlosetsa ruri batho ba le bantsi.’ Letsholo leno le kobisitswe mo go bomang? Mme ke “ditumedi” dife tse di dirang gore ba tlhaselwe jalo?
GO TSHOSIWA KE DITUMEDI TSE DI TSHWENYANG
23. (a) Go tshwanetse ga diragala tiragalo efe e e tlhomologileng pele ga Aramagedona? (b) “Dikgosi tse di tswang kwa tlhabong ya letsatsi” ke bomang?
23 Ela tlhoko se buka ya Tshenolo e se buang ka bofelo jwa Babelona o Mogolo, mmusomogolo wa lefatshe wa bodumedi jwa maaka. Pele ga ‘ntwa ya letsatsi le legolo la Modimo Mothatayotlhe,’ Aramagedona, mmaba yo mogolo yono wa kobamelo ya boammaaruri “o tla jewa mo go feletseng ka molelo.” (Tshenolo 16:14, 16; 18:2-8) Go senngwa ga gagwe go tshwantshediwa ke go tshololelwa ga mogopo wa borataro wa bogale jwa Modimo mo nokeng ya tshwantshetso ya Euferatese. Noka eno e a kgala gore “dikgosi tse di tswang kwa tlhabong ya letsatsi di baakanyediwe tsela.” (Tshenolo 16:12) Dikgosi tseno ke bomang? Ga se dipe fa e se Jehofa Modimo le Jesu Keresete!—Bapisa Isaia 41:2; 46:10, 11.
24. Ke eng se Jehofa a se dirang se se ka nang sa tshwenya kgosi ya botsheka?
24 Go senngwa ga Babelona o Mogolo go tlhalosiwa ka phepafalo sentle mo bukeng ya Tshenolo, e e bolelang jaana: “Mme dinaka tse di lesome tse o di boneng, [dikgosi tse di busang mo motlheng wa bofelo] le phologolo ya naga, [lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng] tseno di tla tlhoa seaka mme di tla se senyetsa ruri di bo di se dira se se sa ikategang, mme di tla ja dikarolo tsa sone tse di dinama di di fetsa di ba di se ja ka molelo mo go feletseng.” (Tshenolo 17:16) Ke ka ntlha yang fa babusi ba tlile go senya Babelona o Mogolo? Gonne “Modimo o tsentse go diragatsa kakanyo ya one mo dipelong tsa tsone.” (Tshenolo 17:17) Mo gare ga babusi bano go na le kgosi ya botsheka. Se a se utlwang ‘se se tswang ntlheng ya botlhabatsatsi’ se ka nna sa bo se bolela seno se Jehofa a tlileng go se dira, fa a tla bo a go tsenya mo teng ga dipelo tsa baeteledipele ba batho gore ba senye seaka seno se segolo sa bodumedi.
25. (a) Kgosi ya botsheka e kobile eng ka mo go kgethegileng? (b) Kgosi ya botsheka e ‘tlhoma kae megope ya ntlo ya yone ya bogosi’?
25 Mme bogale jwa kgosi ya botsheka bo kobisitswe go mongwe yo o kgethegileng. E tla “tlhoma megope ya ntlo ya yone ya bogosi fa gare ga lewatle le thaba e e boitshepo e e galalelang,” moengele a rialo. Mo metlheng ya ga Daniele lewatle le legolo e ne e le Mediterranean mme thaba e e boitshepo e ne e le Siona, eo e kileng ya bo e le lefelo le tempele ya Modimo e neng e le mo go lone. Ka gone, fa boporofeti jono bo diragadiwa, kgosi eno ya botsheka e e shakgetseng e tla bolotsa letsholo kgatlhanong le batho ba Modimo. Ka kgopolo ya semoya, lefelo le le “fa gare ga lewatle le thaba e e boitshepo” le emela lefatshe la semoya la batlhanka ba ba tloditsweng ba ga Jehofa. Ba dule mo ‘lewatleng’ la batho ba ba furaletseng Modimo mme ba na le tsholofelo ya go busa kwa Thabeng ya Siona ya selegodimo le Jesu Keresete.—Isaia 57:20; Bahebera 12:22; Tshenolo 14:1.
26. Jaaka fa go bontshitswe mo boporofeting jwa ga Esekiele, dikgang ‘tse di tswang ntlheng ya botsheka’ di ka nna tsa bo di tswa kae?
26 Esekiele, yo o tshetseng ka nako e le nngwe le Daniele, le ene o ne a bolelela pele go tlhaselwa ga batho ba Modimo “mo metlheng ya bofelo.” O ne a bolela gore Goge wa Magoge, ke gore, Satane Diabolo, o ne a tla tsosa bobaba jono. (Esekiele 38:14, 16) Ka tsela ya tshwantshetso, Goge yono o tswa ntlheng efe? “Kwa dikhutlong tsa ntlha ya botsheka,” go rialo Jehofa, ka Esekiele. (Esekiele 38:15) Le fa a ka tla ka tlhaselo e e bogale jang, ga e kitla e senya batho ba ga Jehofa. O tla ba tlhasela jaana ka ntlha ya maano a a dirilweng ke Jehofa a go senya mephato ya ga Goge. Ka gone, Jehofa o raya Satane a re: “Ke tsenya dikobe mo ditlhaeng tsa gago, ke tlaa go ntshetsa kwa ntle.” “Ke tlaa go . . . tlhatlosa kwa dikhutlong tsa ntlha ya botsheka; ke tlaa go lere mo dithabeng tsa Iseraele.” (Esekiele 38:4; 39:2) Ka gone dikgang ‘tse di tswang ntlheng ya botsheka’ tse di galefisang kgosi ya botsheka di tshwanetse tsa bo di tswa kwa go Jehofa. Mme gore ditumedi tseno “tse di tswang ntlheng ya botlhabatsatsi le ntlheng ya botsheka” di tla bo di reng, go itse Modimo fela mme re tla bona fa nako e ntse e ile.
27. (a) Ke ka ntlha yang fa Goge a tlile go tlhotlheletsa ditšhaba, go akaretsa le kgosi ya botsheka, gore di tlhasele batho ba ga Jehofa? (b) Tlhaselo ya ga Goge e tla felela jang?
27 Fa e le Goge ene, o rulaganyetsa go tlhasela ka botlalo gonne a bona tsela e “Iseraele wa Modimo” a tlhogonolofalang ka yone, ene yo mmogo le “boidiidi jo bogolo” jwa “dinku tse dingwe,” ba sa tlholeng ba le karolo ya lefatshe la gagwe. (Bagalatia 6:16; Tshenolo 7:9; Johane 10:16; 17:15, 16; 1 Johane 5:19) Goge o dilola ‘batho ba ba tswang go phuthwa kwa merafeng, ba ba bapetseng dik[hu]mo le dithoto [tsa semoya].’ (Esekiele 38:12) Fa Goge a leba lefatshe la semoya la Bakeresete jaaka e kete ke ‘lefatshe la metsana e e sa agelwang’ le le siametseng go gapiwa, o leka sotlhe se a ka se kgonang go fedisa sekgoreletsi seno se se mo kgoreletsang go laola setho sotlhe. Mme o a retelelwa. (Esekiele 38:11, 18; 39:4) Fa dikgosi tsa lefatshe, go akaretsa le kgosi ya botsheka, di tlhasela batho ba ga Jehofa, di tla ‘fitlha mo bokhutlong jwa tsone.’
‘KGOSI E TLA FITLHA MO BOKHUTLONG JWA YONE’
28. Re itse eng ka isagwe ya kgosi ya botsheka le kgosi ya borwa?
28 Letsholo la bofelo la kgosi ya botsheka ga le a kobisiwa mo kgosing ya borwa. Ka jalo, kgosi ya botsheka ga e fedisiwe ke moemakgatlhanong nayo yo mogolo. Ka tsela e e tshwanang, kgosi ya borwa ga e senngwe ke kgosi ya botsheka. Kgosi ya botsheka e senngwa, “e seng ka letsogo [la motho],” mme ka Bogosi jwa Modimo.a (Daniele 8:25) Tota e bile, ka ntwa ya Aramagedona, dikgosi tsotlhe tsa lefatshe di tla tlosiwa ke Bogosi jwa Modimo, mme go bonala seno e le sone se se diragalelang kgosi ya botsheka. (Daniele 2:44) Daniele 11:44, 45 e tlhalosa ditiragalo tse di isang kwa ntweng eo ya bofelo. Ke ka ntlha ya moo ‘go se kitlang go nna le ope yo o tla thusang’ kgosi ya botsheka fa e ya bokhutlong jwa yone!
[Ntlha e e kwa tlase]
a Bona Kgaolo 10 ya buka eno.
O LEMOGILENG?
• Kgosi ya botsheka e ne ya fetoga jang morago ga ntwa ya bobedi ya lefatshe?
• Ke eng se kgabagare se tlileng go diragalela kgosi ya botsheka le kgosi ya borwa?
• O solegetswe molemo jang ke go ela tlhoko boporofeti jwa ga Daniele jo bo malebana le ntwa mo gare ga dikgosi tse pedi tseno?
[Setshwantsho mo go tsebe 284]
DIKGOSI MO GO DANIELE KGAOLO 11
Kgosi ya Botsheka Kgosi ya Borwa
Daniele 11:5 Seleucus I Nicator Ptolemy I
Daniele 11:6 Antiochus II Ptolemy II
(Laodice mosadi) (Berenice morwadie)
Daniele 11:7-9 Seleucus II Ptolemy III
Daniele 11:10-12 Antiochus III Ptolemy IV
Daniele 11:13-19 Antiochus III Ptolemy V
(morwadie Cleopatra I) Motlhatlhami:
Batlhatlhami: Ptolemy VI
Seleucus IV le
Antiochus IV
Daniele 11:20 Augustus
Daniele 11:21-24 Tiberius
Daniele 11:27-30a Mmusomogolo wa Jeremane Boritane,
(Ntwa ya Lefatshe I) e latelwa
ke Mmuso wa
Lefatshe
wa Maesemane le
Maamerika
Daniele 11:30b, 31 Mmusomogolo wa Boraro Mmuso wa
Lefatshe wa
wa ga Hitler Maesemanele
Maamerika
(Ntwa ya Lefatshe II)
Daniele 11:32-43 Ditšhaba tsa Bokomonise Mmuso wa Lefatshe wa
(Ntwa ya Molomo) Maesemane le Maamerika
Daniele 11:44, 45 O sa ntse o tla tsogab Mmuso wa Lefatshe wa
Maesemane le Maamerika
[Ntlha e e kwa tlase]
b Boporofeti jo bo mo go Daniele kgaolo 11 ga bo bolelele pele maina a mebuso ya sepolotiki e e nnang kgosi ya botsheka le kgosi ya borwa mo dinakong tse di farologaneng. Maina a yone a itsiwe fela morago ga gore ditiragalo tseno di simolole go direga. Mo godimo ga moo, e re ka ntwa eno e direga ka dikarolwana tsa yone, go nna le dibaka tse go se nang ntwa mo go tsone—kgosi e nngwe e tshwere marapo fa e nngwe yone e sa dire sepe.
[Setshwantsho se se tletseng mo go tsebe 271]
[Ditshwantsho mo go tsebe 279]
‘Go kgorometsa’ ga kgosi ya borwa go ile ga akaretsa go dirisa thulaganyo ya setegeniki ya maemo a a kwa godimo ya go tlhola puso ya kgosi ya botsheka le go tshosetsa ka ntwa