-
Letsatsi la Katlholo ke Eng?Totatota Baebele e Ruta Eng?
-
-
Ka jalo, batho ba tlile go atlholwa ka se ba se dirang mo nakong ya Letsatsi la Katlholo.
Letsatsi la Katlholo le tla naya dibilione tsa batho tshono ya bone ya ntlha ya go ithuta thato ya Modimo le go tshela tumalanong le yone. Seno se raya gore go tla dirwa tiro e kgolo tota ya go ruta batho. Ee ruri, “banni ba naga e e ungwang ruri ba tla ithuta tshiamo.” (Isaia 26:9) Le fa go ntse jalo, ga se botlhe ba ba tla ratang go tshela tumalanong le thato ya Modimo. Isaia 26:10 ya re: “Le fa moikepi a ka utlwelwa botlhoko, ruri ga a kitla a ithuta tshiamo. Mo lefatsheng la tshiamo o tla dira ka tshiamololo mme ga a kitla a bona tlotlomalo ya ga Jehofa.” Baikepi bano ba tlile go bolaelwa ruri mo nakong ya Letsatsi la Katlholo.—Isaia 65:20.
Kwa bokhutlong jwa Letsatsi la Katlholo, batho ba ba tla bong ba sa ntse ba tshela ba tla bo ba “tshela” ka botlalo e le batho ba ba itekanetseng. (Tshenolo 20:5) Ka jalo, mo Letsatsing la Katlholo, batho ba tla busediwa gape mo boemong jwa bone jwa go itekanela. (1 Bakorintha 15:24-28) Morago ga moo go tla latela teko ya bofelo. Satane o tla gololwa mo kgolegelong ya gagwe a bo a letlwa gore a leke go tsietsa batho la bofelofelo. (Tshenolo 20:3, 7-10) Botlhe ba ba sa tsamaisaneng le ene ba tla ipelela ka botlalo go diragadiwa ga tsholofetso e e mo Baebeleng e e reng: “Basiami ba tla rua lefatshe, mme ba tla aga mo go lone ka bosakhutleng.” (Pesalema 37:29) Ee, Letsatsi la Katlholo le tla solegela batho botlhe ba ba ikanyegang molemo!
-
-
1914—Ngwaga o o Botlhokwa Thata mo Boporofeting Jwa BaebeleTotatota Baebele e Ruta Eng?
-
-
DINTLHA TSE DI OKETSEGILENG
1914—Ngwaga o o Botlhokwa Thata mo Boporofeting Jwa Baebele
MASOMESOME a dingwaga pele ga 1914, baithuti ba Baebele ba ne ba tlhalosa gore ditiragalo dingwe tse di botlhokwa di ne di tlile go direga ka ngwaga oo. E ne e le ditiragalo dife tseo, mme ke bosupi bofe jo bo bontshang gore 1914 e ne e le ngwaga o o botlhokwa jalo?
Jaaka go kwadilwe mo go Luke 21:24, Jesu o ne a re: “Jerusalema o tla gatakwa ke ditšhaba, go fitlha dinako tse di tlhomilweng tsa ditšhaba [“metlha ya Baditšhaba,” King James Version] di fela.” Jerusalema e ne e le motsemoshate wa Bajuda—lefelo le dikgosi tse di tswang mo ntlong segosi ya ga Kgosi Dafide di neng di busa mo go lone. (Pesalema 48:1, 2) Le fa go ntse jalo, dikgosi tseno di ne di na le sengwe se se neng se dira gore di se ka tsa tshwana le babusi ba bangwe. Di ne di ntse mo “setulong sa bogosi sa ga Jehofa” e le baemedi ba Modimo ka boene. (1 Ditiragalo 29:23) Ka jalo, Jerusalema e ne e tshwantshetsa puso ya ga Jehofa.
Le fa go ntse jalo, puso ya Modimo e ne ya simolola leng go “gatakwa ke ditšhaba” mme seno se ne sa direga jang? Seno se ne sa direga ka 607 B.C.E. fa Jerusalema e ne e fenngwa ke Bababelona. Go ne go sa tlhole go na le ope yo o neng a ntse mo “setulong sa bogosi sa ga Jehofa,” mme puso ya dikgosi tsa losika lwa ga Dafide e ne ya kgaosediwa. (2 Dikgosi 25:1-26) A go ‘gatakwa’ gono go ne go tla tswelela ka bosakhutleng? Nnyaa, ka gonne boporofeti jwa ga Esekiele bo ne jwa bolela jaana ka kgosi ya bofelo ya Jerusalema, e bong Sedekia: “Tlosa sethathelela tlhogo, o tsholetse serwalo. . . . Ga e kitla e nna sa ga ope go fitlhela go tla yo o nang le tshwanelo e e kafa molaong, mme ke tla mo se naya.” (Esekiele 21:26, 27) Keresete Jesu ke ene yo o nang le “tshwanelo e e kafa molaong” ya go rwala serwalo sa bogosi sa ga Dafide. (Luke 1:32, 33) Ka jalo, go “gatakwa” gono go ne go tla khutla fa Jesu a nna Kgosi.
Tiragalo e e botlhokwa eo e ne e tlile go direga leng? Jesu o ne a bontsha gore Baditšhaba ba ne ba tla busa ka lobaka lo lo rileng lwa nako. Pego e e mo go Daniele kgaolo 4 e re naya karabo ya gore e ne e tlile go nna lobaka lo lo kae. E re bolelela ka toro ya boporofeti e e neng ya lorwa ke Kgosi Nebukadenesare wa Babelona. O ne a bona setlhare se segolo se se neng sa rengwa. Thito ya sone e ne e sa kgone go gola ka gonne e ne e bofilwe ke tshipi le kgotlho. Moengele o ne a bolela jaana: “A o fetwe ke metlha e supa.”—Daniele 4:10-16.
Mo Baebeleng, ka dinako tse dingwe ditlhare di dirisediwa go tshwantshetsa puso. (Esekiele 17:22-24; 31:2-5) Ka jalo, go rengwa ga setlhare seno sa tshwantshetso go emela kafa puso ya Modimo, e mo go yone go neng go busa dikgosi tsa Jerusalema, e neng e tla kgaosediwa ka gone. Le fa go ntse jalo, ponatshegelo eno e ne e bontsha gore ‘go gatakwa ga Jerusalema’ e ne e tla nna ga nakwana fela—lobaka lwa “metlha e supa.” Ke lobaka lo lo kana kang loo?
Tshenolo 12:6, 14 e bontsha gore metlha e le meraro le halofo e lekana le “sekete makgolo a mabedi le masome a marataro.” Ka jalo, “metlha e supa” yone e tla lekana le lobaka loo gabedi, kgotsa malatsi a le 2 520. Mme gone Baditšhaba ga ba ka ba tlogela go ‘gataka’ bolaodi jwa Modimo fa malatsi a le 2 520 morago ga go wa ga Jerusalema a sena go wela. Ka jalo, go bonala boporofeti jono bo akaretsa nako e telele thata. Go ya ka Dipalo 14:34 le Esekiele 4:6, e e buang ka gore “letsatsi le emela ngwaga,” “metlha e supa” e tla akaretsa dingwaga di le 2 520.
Dingwaga di le 2 520 di simolotse ka October 607 B.C.E. ka nako ya fa Jerusalema e ne e fenngwa ke Bababelona mme dikgosi tsa losika lwa ga Dafide di bo di tlosiwa mo setulong sa bogosi. Nako eo e khutlile ka October 1914. Ka nako eo, “dinako tse di tlhomilweng tsa ditšhaba” di ne tsa khutla, mme Jesu Keresete o ne a tlhomiwa go nna Kgosi ya selegodimo ya Modimo.a—Pesalema 2:1-6; Daniele 7:13, 14.
Fela jaaka Jesu a ile a bolelela pele, ditiragalo tse di tshosang mo lefatsheng—e leng ntwa, tlala, dithoromo tsa lefatshe, dikgogodi tsa bolwetse—di ne di tla tshwaya “go nna gone” ga gagwe e le Kgosi ya selegodimo. (Mathaio 24:3-8; Luke 21:11) Ditiragalo tseno di re naya bosupi jo bo nonofileng jwa gore ngwaga wa 1914 eleruri ke ngwaga o Bogosi jwa selegodimo jwa Modimo bo tlhomilweng ka one e bile ke one ngwaga o ‘metlha ya bofelo’ ya tsamaiso e e boikepo eno ya dilo ya gone jaanong e simologileng ka one.—2 Timotheo 3:1-5.
a Go simolola ka October 607 B.C.E. go fitlha ka October 1 B.C.E. ke dingwaga di le 606. E re ka go se na ngwaga 0, go simolola ka October 1 B.C.E. go fitlha ka October 1914 C.E. ke dingwaga di le 1 914. Fa re tlhakanya dingwaga di le 606 le dingwaga di le 1 914, re bona dingwaga di le 2 520. Go bona tshedimosetso e e buang ka go wa ga Jerusalema ka 607 B.C.E., bona setlhogo se se reng “Chronology” mo kgatisong ya Insight on the Scriptures, le Go Fetolana ka Dikwalo ditsebe 271-3 tse di gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.
-
-
Mikaele Moengele yo Mogolo ke Mang?Totatota Baebele e Ruta Eng?
-
-
DINTLHA TSE DI OKETSEGILENG
Mikaele Moengele yo Mogolo ke Mang?
SEBOPIWA sa semoya se se bidiwang Mikaele ga se umakiwe gantsi mo Baebeleng. Le fa go ntse jalo, fa se umakiwa golo gongwe, se a bo se tshwaregile ka tiro nngwe e e rileng. Mo bukeng ya Daniele, Mikaele o lwa le baengele ba ba boikepo; mo lekwalong la Jude, o ngangisana le Satane; mme mo go Tshenolo, o lwa le Diabolo le madimona a gagwe. Ka go sireletsa bobusi jwa ga Jehofa le go lwantsha baba ba Modimo, Mikaele o tshelela se se kaiwang ke leina la gagwe—“Ke Mang yo o Tshwanang le Modimo?” Mme gone Mikaele ke mang?
Ka dinako tse dingwe, batho ba nna le maina a le mmalwa. Ka sekai, leina le lengwe la ga Jakobe e bong tlhogo ya lotso ke Iseraele, mme le lengwe la ga moaposetoloi Petere ke Simone. (Genesise 49:1, 2; Mathaio 10:2) Ka tsela e e tshwanang, Baebele e supa gore Mikaele ke leina le lengwe la ga Jesu Keresete la pele a tla go tshela mo lefatsheng le morago ga moo. Mma re sekaseke mabaka mangwe a Dikwalo a a dirileng gore re fitlhelele tshwetso eno.
Moengele yo Mogolo. Lefoko la Modimo le bua ka Mikaele “moengele yo mogolo.” (Jude 9) Mafoko a a reng ‘moengele yo mogolo’ mo Baebeleng a tlhaga mo bongweng fela, ga a ke a tlhaga a le mo bontsing, jaaka ‘baengele ba bagolo.’ Seno se raya gore go na le moengele a le mongwe fela yo e leng ‘moengele yo mogolo.’ Mo godimo ga moo, Jesu ke ene fela a amanngwang le ditiro tse di dirwang ke moengele yo mogolo. Bathesalonika wa Ntlha 4:16 e tlhalosa jaana ka Morena Jesu Keresete yo o tsositsweng mo baswing: “Morena ka boene o tla fologa kwa legodimong ka
-