KGAOLO YA BONÈ
Ela Tlhoko Gore o se Nne le Pelo e e Boferefere
1, 2. Ke eng fa go le thata go lemoga seemo sa mmatota sa pelo ya rona ya tshwantshetso?
AKANYA fela moso mongwe o tsosiwa ke setlhabi se se botlhoko mo sehubeng e bile o ikutlwa o hupelwa. O ka nna wa tlelwa ke mogopolo wa go re, ‘A e seng gore ke kubugelwa ke bolwetse jwa pelo?’ Go ganela gore o na le bothata ga go ka ke ga go thusa ka sepe. O tshwanetse go dira sengwe ka yone nako eo. Ka jalo, o ka nna wa tshwanelwa ke go bitsa ambulense gore o kgone go bona kalafi. Ngaka e ka nna ya go tlhatlhoba ka kelotlhoko, gongwe e dirisa motšhini wa go tlhatlhoba pelo o o bidiwang electrocardiogram. Go itse gore tota o tshwerwe ke eng le go batla kalafi ka potlako go ka nna ga boloka botshelo jwa gago.
2 Jaanong go tweng ka pelo ya rona ya tshwantshetso? Go ka nna ga se ka ga nna motlhofo go itse gore tota e mo seemong sefe. Ka ntlha yang? Re bala jaana mo Baebeleng: “Pelo e boferefere go gaisa sengwe le sengwe mme e gagamalela se e se batlang. Ke mang yo o ka e itseng?” (Jer. 17:9) Ka jalo dipelo tsa rona di ka re tsietsa, tsa dira gore re dumele gore ga re na bothata mo semoyeng fa batho ba bangwe bone ba ka tswa ba bona matshwao mangwe a a bontshang gore re na le bothata e bile ba tshwenyegile ka rona. Ke eng fa re ka tsietsega? Tota go lemalela ga rona go dira boleo mmogo le Satane le tsamaiso ya dilo e re tshelang mo go yone, di ka re kgoreletsa gore re se ka ra lemoga boemo jwa mmatota jwa dipelo tsa rona. Ka jalo, Jeremia le batho ba Juda ba mo motlheng wa gagwe ba ka re thusa gore re kgone go tlhatlhoba dipelo tsa rona.
3. Ke dilo dife tse batho ba le bantsi ba di dirileng medimo ya bone?
3 Bontsi jwa Bajuda ba ne ba itshupile gore dipelo tsa bone tsa tshwantshetso di ne di na le bothata. Ba ne ba tlogela Modimo yo o esi wa boammaaruri ba ya go obamela medimo ya Bakanana mme ba dira seo go se tsapa le ba fisang pelo. Jehofa o ne a gwetlha baobamedi bao jaana: “E kae medimo ya gago e o e itiretseng? A e nanoge fa e le gore e ka go boloka mo motlheng wa masetlapelo a gago. Gonne medimo ya gago jaanong e ntse fela jaaka palo ya metse ya gago.” (Jer. 2:28) Ga go pelaelo gore rona ga re itseye re le baobamedi ba medimo ya disetwa. Le fa go ntse jalo, dikishinare nngwe e tlhalosa lefoko “modimo” jaana: “Ke motho kana sengwe se se tseelwang kwa godimo thata.” Selo se se tlang pele mo matshelong a batho ba le bantsi mo lefatsheng ke tiro ya bone ya boitshediso, botsogo jwa bone, lelapa la bone tota le diruiwa tsa bone tsa mo lelapeng. Bangwe ba tsaya metshameko, batho ba ba tumileng, didirisiwa tsa thekenoloji, go ja nala kgotsa dingwao e le tsone di tlang pele mo matshelong a bone. Ba le bantsi ba latelela dilo tseo mo ba feleletsang ba latlhegetswe ke kamano ya bone le Mmopi. A Bakeresete ba boammaaruri le bone ba ka diragalelwa ke seo fela jaaka batho ba Juda ba mo motlheng wa ga Jeremia?
DIPELO TSE DI BOFEREFERE DI KA TSIETSA
4. A batho ba ba neng ba re: “Lefoko la ga Jehofa le kae? Mma le tsene,” ba ne ba bua go tswa pelong?
4 Gongwe o tla kgatlhiwa ke go itse gore ke eng se se dirileng gore Jeremia a re pelo e gagamalela se e se batlang. O ne a lemoga gore batho ba ne ba re: “Lefoko la ga Jehofa le kae? Mma le tsene, tsweetswee.” (Jer. 17:15) Mme gone a ba ne ba bua go tswa pelong? Ela tlhoko gore kgaolo eo ya Jeremia e simolola ka mafoko a a reng: “Boleo jwa Juda bo kwadilwe ka pene e e setang ya tshipi. Bo gabilwe ka ntlha ya teemane mo sekwalelong sa pelo ya bone.” Bothata jo bogolo jwa Bajuda bao e ne e le gore ba ne ba ‘ikanya motho wa mo lefatsheng ba dira nama lebogo la bone mme ba faposa dipelo tsa bone mo go Jehofa.’ Ba ne ba farologane thata le batho ba le mmalwa ba ba neng ba ikanya Modimo, ba ikantse ene gore a ba kaele le go ba segofatsa.—Jer. 17:1, 5, 7.
5. Ke ka ditsela dife batho ba gaabo Jeremia ba ileng ba itlhokomolosa taelo ya ga Jehofa?
5 Tsela e bontsi jwa bone ba neng ba itshwara ka yone fa ba utlwa mafoko a ga Jehofa e ne ya bontsha sentle gore dipelo tsa bone di mo seemong sefe. (Bala Jeremia 17:21, 22.) Ka sekai, letsatsi la Sabata e ne e le la go ikhutsa mo ditirong tsa letsatsi le letsatsi mme e le tshono ya go nna le seabe mo ditirong tsa Modimo. Batho ba gaabo Jeremia ba ne ba sa tshwanela go tsamaisa dikgwebo tsa bone kgotsa go dira ditiro tse dingwe mo letsatsing la Sabata. Le fa go ntse jalo, tsela e ba neng ba itshwara ka yone e ne ya senola seemo sa dipelo tsa bone. “Ga ba a ka ba reetsa kgotsa go sekega tsebe ya bone, ba ne ba thatafatsa thamo ya bone gore ba se ka ba utlwa le gore ba se ka ba amogela kotlhao epe.” Le fa ba ne ba itse molao wa Modimo, ba ne ba dira dilo ka tsela ya bone—ba ne ba ipolelela fela gore ba tla tswelela ka mekgape ya bone mo letsatsing la Sabata.—Jer. 17:23; Isa. 58:13.
6, 7. (a) Mokeresete a ka akanya jang ka tsela e e seng botlhale, le fa gone a itse kgakololo e motlhanka yo o boikanyego a re nayang yone gompieno? (b) Tsela e re yang dipokanong ka yone e ka amega jang?
6 Gompieno ga re tlhole re laolwa ke molao wa Sabata. Mme gone re ka ithuta thuto nngwe ya botlhokwa mo tseleng e batho bao ba neng ba itshwara ka yone e e neng ya bontsha seemo sa dipelo tsa bone. (Bakol. 2:16) E le gore re kgone go dira thato ya Modimo, re tshwanetse go beela kwa thoko ditiro tsa rona tsa bogagapa kgotsa tse re tlwaetseng go di dira. Re lemoga kafa e leng boeleele ka gone go leka go kgatlha Modimo ka go dira dilo ka tsela e e kgotsofatsang rona. E bile re tshwanetse ra bo re itse batho ba le bantsi ba ba kgotsofetseng e bile ba na le kagiso ya mogopolo gonne ba leka ka natla go dira thato ya Modimo. Mme gone re ka tsiediwa jang?
7 Fela jaaka batho ba le bantsi ba mo motlheng wa ga Jeremia, Mokeresete a ka nna a ithaya a re pelo ya gagwe ga e kitla e bo e mo tsietsa. Ka sekai, rre wa lelapa a ka nna a re, ‘Ke tshwanetse go bereka gore ke kgone go tlamela lelapa la me,’ seo se a utlwala. Mme gone go tweng fa seo se dira gore a akanye jaana, ‘Ke tlhoka go oketsa dithuto tsa me gore ke bone tiro e e duelang sentle’? Seo le sone e ka nna ya lebega e le lebaka le le utlwalang le le ka dirang gore a feleletse a swetsa ka go re: ‘Kana dinako di fetogile, mme gore motho a tshele sentle le go bona tiro e e siameng o tshwanetse go ya kholetšheng kgotsa yunibesithing.’ Ruri go ka nna motlhofo gore motho a simolole go sa tseye tsia kgakololo e e botlhale le e e utlwalang ya setlhopha sa motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale e e malebana le thuto e e oketsegileng mme a simolole go se nne teng mo dipokanong ka metlha! Mme ka ntlha ya seo, kgabagare ba le bantsi ba feleleditse ba tshwaeditswe ke tsela e lefatshe le akanyang ka yone le e le lebang dilo ka yone. (Baef. 2:2, 3) Baebele e re tlhagisa jaana ka tsela e e utlwalang: “Lo se ka lwa letla lefatshe go lo bopa gore lo tshwane le lone.”—Bar. 12:2, Phillips.a
8. (a) Ke eng se Mokeresete a ka nnang a ipelafatsa ka sone? (b) Ke eng fa go sa lekana go itse fela ka Modimo le ka dilo tse a kileng a di dira?
8 Ke boammaaruri gore Bakeresete bangwe ba mo lekgolong la ntlha la dingwaga ba ka tswa ba ne ba humile e bile ba na le maemo mangwe a a rileng mo lefatsheng. Go ntse jalo le ka Bakeresete bangwe ba mo motlheng wa rona. Ba tshwanetse go ikutlwa jang ka dilo tse ba di fitlheletseng, mme rona re tshwanetse go leba jang batho ba ba ntseng jalo? Jehofa o dirisitse Jeremia go re naya karabo ya kgang eno. (Bala Jeremia 9:23, 24.) Go na le gore motho a ipelafatse ka dilo tse a di fitlheletseng mo lefatsheng leno, go tla bo go le botlhale gore a lemoge gore selo sa botlhokwatlhokwa ke go itse Molaodimogolo wa Lobopo Lotlhe. (1 Bakor. 1:31) Mme gone, go kaya eng go itse Jehofa? Aitsane, batho ba mo motlheng wa ga Jeremia ba ne ba itse leina la Modimo. Gape ba ne ba itse sentle kafa Jehofa a neng a boloka bagologolwane ba bone ka gone kwa Lewatleng le Lehibidu, ka nako ya fa ba ne ba ya go tsena kwa Lefatsheng le le Solofeditsweng, ka nako ya Baatlhodi le fa go ne go busa dikgosi tse di ikanyegang. Le fa go ntse jalo, tota ba ne ba sa itse Jehofa kgotsa ba sa bontshe gore ba dumela mo go ene. Mme gone ba ne ba re: “Ke setse ke se na molato. Eleruri bogale jwa [Modimo] bo boetse morago bo dule mo go nna.”—Jer. 2:35.
Ke eng fa go le botlhokwa go lemoga gore pelo ya rona e boferefere? Re ka tlhatlhoba jang pelo ya rona le go lemoga kafa Motlhatlhobi yo Mogolo wa dipelo a ka tswang a re leba ka gone?
TSELA E JEHOFA A RE BOPANG KA YONE
9. Ke eng fa re ka tlhomamisega gore go a kgonega gore motho a fetole pelo ya gagwe, mme seo se ka dirwa jang?
9 Bajuda ba Jeremia a neng a ba rerela molaetsa o o tswang kwa Modimong ba ne ba tshwanetse go fetoga mme ba boelane le Modimo. Seo se ne se ka kgonega ka gonne Modimo o ne a bua jaana ka Bajuda ba ba neng ba tla boa kwa botshwarwa: “Ke tla ba naya pelo ya go nkitse, gore ke nna Jehofa; mme ba tla nna batho ba me, mme nna ke tla nna Modimo wa bone, gonne ba tla boela mo go nna.” (Jer. 24:7) Le gompieno go a kgonega gore batho ba ka fetoga ka tsela eo. Mo godimo ga moo, bontsi jwa rona re ka tokafatsa seemo sa pelo ya rona ya semoya. Go tlhokega dilo di le tharo tsa botlhokwa: go ithuta Lefoko la Modimo ka tlhoafalo, go tlhaloganya sentle kafa Modimo a dirang ka gone mo matshelong a rona le go dirisa se re ithutileng sone ka ene. Go farologana le batho ba motlha wa ga Jeremia, re tshwanetse go letla Motlhatlhobi yo Mogolo wa dipelo gore a tlhatlhobe dipelo tsa rona. Mme le rona re ka tlhatlhoba dipelo tsa rona re dirisa kgakololo e e mo Baebeleng le ka go lemoga kafa Jehofa a ileng a re thusa ka gone. (Pes. 17:3) Ruri go botlhale go dira jalo!
10, 11. (a) Ke eng fa Jeremia a ile a ya go leba mmopi wa letsopa? (b) Ke eng se se laolang tsela e Jehofa a bopang batho ka yone?
10 Satane o batla go bopa batho ka go ba pateletsa gore botlhe ba bopege ka tsela e ene a e batlang, mme Modimo ene o ba bopa a akanyetsa tsela e ba leng ka yone. Seno re se bona sentle mo go se se neng sa diragalela Jeremia. Letsatsi lengwe Modimo o kile a re a ye kwa ntlong ya mmopi wa letsopa. Mmopi wa letsopa o ne a ntse a bereka ka leotwana la gagwe, mme fa sejana se a neng a ntse a se dira se senyega, o ne a tsaya lone letsopa leo mme a dira sejana sa mofuta o mongwe. (Bala Jeremia 18:1-4.) Ke eng fa Jeremia a ile a laelwa gore a ye go leba mmopi yono wa letsopa mme rona re ka ithuta eng mo go seo?
11 Jehofa o ne a batla go bontsha Jeremia le Baiseraele gore Ene o na le thata ya go bopa batho le ditšhaba gore ba nne se ene a se batlang. Modimo o tshwara jang letsopa fa a ntse a bopa? Jehofa ga a tshwane le batho ba ba bopang letsopa, ga a dire diphoso; e bile ga a senye tiro ya diatla tsa gagwe ka go tseega maikutlo. Tsela e batho ba itshwarang ka yone fa Jehofa a ba bopa e laola kafa a tla ba bopang ka gone.—Bala Jeremia 18:6-10.
12. (a) Jehoiakime o ne a itshwara jang fa Jehofa a ne a leka go mmopa? (b) O ithuta thuto efe mo pegong ya ga Jehoiakime?
12 Jaanong Jehofa o bopa jang mongwe le mongwe wa rona? Selo sa botlhokwatlhokwa se a se dirisang gompieno ke Baebele. Fa motho a ntse a bala Lefoko la Modimo mme a dirisa se a se balang o itshenola gore ke motho yo o ntseng jang mme Modimo o kgona go mmopa. Jaanong a re sekasekeng sekai sa ga Kgosi Jehoiakime go bona kafa batho ba mo motlheng wa ga Jeremia ba ka tswang ba ne ba bopegile ka gone mo dikgannyeng tse di amang botshelo jwa letsatsi le letsatsi. Molao o ne o laela gore motho a ‘se ka a tsietsa modiri yo o thapilweng’ mme kgosi e ne ya dira sone se molao o neng o se kganela, e ja Baiseraele ntsoma ka go dira gore ba “age matlwana a a kwa godimo” mme ba duelwa madi a a kwa tlase. (Dute. 24:14; Jer. 22:13, 14, 17) Modimo o ne a leka go bopa Jehoiakime a dirisa lefoko la Gagwe le le neng le tla ka baporofeti. Le fa go ntse jalo, kgosi e ne ya latela tshekamelo ya pelo ya yone e e boferefere. O ne a re: “Ga ke na go utlwa” mme a tswelela ka tsela e a neng a dira dilo ka yone go tloga fa a sa ntse a le mosha go ya pele. Ka jalo, Modimo o ne a re: “[Jehoiakime] o tla fitlhwa ka phitlho ya esele e tonanyana, ka go gogwagogwa le go latlhwa.” (Jer. 22:19, 21) Ruri e tla bo e le boeleele gore re ipolelele gore: ‘Ke botho jwa me mme ga nkitla ke fetoga’! Gompieno Modimo ga a re romelele baporofeti ba ba jaaka Jeremia mme gone o sa ntse a re naya kaelo. Setlhopha sa motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale se re thusa go itse melaometheo ya Baebele le go e dirisa. Dilo tseno di ka amana le tsela e re dirang dilo ka yone letsatsi le letsatsi, jaaka tsela e re aparang le e re ipaakanyang ka yone kgotsa mmino o re o reetsang le tsela e re binang ka yone kwa manyalong kana kwa dikokoanong tse dingwe tsa boitlosobodutu. A re tla letla Lefoko la Modimo e nna lone le re bopang?
13, 14. (a) Ke eng fa Bajuda ba kwa Jerusalema ba ba neng ba na le makgoba ba ile ba dumela go golola makgoba a bone a Bahebera? (b) Ke eng se se neng sa senola seemo sa mmatota sa dipelo tsa batho ba ba neng ba na le makgoba?
13 Ela tlhoko sekai se sengwe. Bababelona ba ne ba tlhoma Sedekia mo bogosing jwa Juda gore e nne kgosi ya maemo a a kwa tlase. Mme Sedekia ga a ka a dirisa kgakololo e Modimo a neng a mo naya yone ka Jeremia, o ne a tsuologa. (Jer. 27:8, 12) Ka jalo, Bababelona ba ne ba dikaganyetsa Jerusalema. Kgosi le dikgosana tsa yone ba ne ba bona go tshwanela gore ba dire se Molao o neng o se laela gore Modimo a tle a ba amogele. E re ka Sedekia a ne a itse gore Bahebera ba e neng e le makgoba ba ne ba tla gololwa mo ngwageng wa bosupa wa botshwarwa jwa bone, o ne a dira kgolagano ya go golola makgoba ao. (Ekes. 21:2; Jer. 34:14) Ba ne ba thanya lo le tsebeng; e re ka jaanong Jerusalema e ne e dikaganyeditswe ke baba, e ne e le gone batho ba bonang gore ba tshwanetse go golola makgoba a bone!—Bala Jeremia 34:8-10.
14 Moragonyana masole a Egepeto a ne a tla go namola Jerusalema mme Bababelona ba tloga mo motseng oo. (Jer. 37:5) Jaanong batho ba ba neng ba golotse makgoba a bone ba ne ba tla dirang? Ba ne ba tsaya gape makgoba a ba neng ba a rebotse mme ba a pateletsa go boela mo bokgobeng. (Jer. 34:11) Se re se lemogang fano ke gore fa Bajuda ba ne ba le mo kotsing ba ne ba ikobela melao ya Modimo; jaaka e kete seo se tla phimola ditiro tsotlhe tsa bone tse di bosula. Mme fa dilo di simolola go ba tsamaela sentle, ba ne ba boela gape mo ditirong tsa bone tsa bogologolo. Le fa gone ba ne ba itira e kete ba batla go kaelwa ke Molao, tsela e ba neng ba itshwara ka yone moragonyana e ne ya bontsha gore mo dipelong ba ne ba sa batle go latela kaelo e e mo Lefokong la Modimo le go bopiwa ke yone.
O ithuta thuto efe ya botlhokwa mo kgannyeng e Jeremia a neng a e kwala ka mmopi wa letsopa? Jehofa o re bopa jang gompieno?
LETLA JEHOFA A GO BOPE
15. O ka rata gore Jehofa a go bope go ya bokgakaleng bofe? Tshwantsha.
15 Phuthego ya ga Jehofa ya lefatshe lotlhe e ka re thusa go lemoga melaometheo mengwe e e mo Baebeleng e e amanang le tsela e re tshwanetseng go dira dilo dingwe ka yone. Ka sekai, re ka tswa re itse gore re tshwanetse go itshwara jang fa mokaulengwe a re kgopisa. (Baef. 4:32) Re ka tswa re dumela gore kgakololo e e mo Baebeleng ke e e siameng le e e botlhale. Le fa go ntse jalo, re tla nna letsopa le le ntseng jang? A tota re tla letla gore Jehofa a re bope? Fa pelo ya rona e ntse jaaka letsopa le le metsi, re tla fetoga go nna batho ba ba molemo; Mmopi yo Mogolo o tla re bopa gore re nne dijana tse di tla tshwanelang gore a di dirise. (Bala Baroma 9:20, 21; 2 Timotheo 2:20, 21.) Go na le gore re nne le boemo jwa pelo jo bo tshwanang le jwa ga Jehoiakime kgotsa jwa batho ba ba neng ba na le makgoba ba mo motlheng wa ga Sedekia, re tshwanetse go letla Jehofa a re bopele boikaelelo jo bo tlotlegang.
16. Jeremia o ne a itse boammaaruri bofe jo bo botlhokwa?
16 Tota le Jeremia o ne a bopilwe ke Modimo. Moporofeti yono o ne a itshwara jang? Se a neng a se bua se re lemotsha kafa a neng a itshwara ka gone: “Ga se ga motho yo o tsamayang ka dinao go kaela dikgato tsa gagwe.” Go tswa foo o ne a rapela jaana: “Nkgalemele, tlhe Jehofa.” (Jer. 10:23, 24) Basha, a lo tla etsa Jeremia? Ke boammaaruri gore go na le ditshwetso di le dintsi tse lo tla tshwanelwang ke go di dira mo isagweng. Basha bangwe ba batla go ‘kaela dikgato tsa bone.’ A wena o tla kopa kaelo ya Modimo fa o dira ditshwetso? A o tla tshwana le Jeremia mme o dumele ka boikokobetso gore batho ba itshupile ba sa kgone go kaela dikgato tsa bone? Se lebale: Fa o batla kaelo ya Modimo, o tla go bopa.
17-19. (a) Ke eng fa Jeremia a ne a tsaya loeto lo loleele go ya kwa Euferatese? (b) Go nna boikobo ga ga Jeremia go ile ga lekwa ka tsela efe? (c) Ke eng se se neng sa fitlhelelwa mo tseleng e Jeremia a neng a itshwara ka yone ka kgang ya moitlamo?
17 Kabelo ya ga Jeremia e ne e akaretsa gore a ikobele kaelo ya Modimo. Fa o ne o le Jeremia, a o ka bo o ile wa amogela ditaelo tse a neng a di newa? Nako nngwe Jehofa o ne a laela Jeremia gore a batle moitlamo wa leloba mme a ipofe ka one. Morago ga moo Modimo o ne a mo laela gore a tseye loeto a ye kwa Euferatese. Fa o ka leba mo mmapeng, o tla bona gore o ne a tla tshwanelwa ke go tsamaya dikilometara di ka nna 500. Fa Jeremia a goroga koo, o ne a tshwanetse go fitlha moitlamo oo mo lopharong lwa lefika le legolo mme a tseye loeto lo longwe gape a boele kwa Jerusalema. Moragonyana Modimo o ne a mo laela gore a ye go tsaya moitlamo oo gape. (Bala Jeremia 13:1-9.) Loeto lotlhe lo Jeremia a tla bong a lo tsamaile e ne e tla nna dikilometara di ka nna 1 900. Tota batshwayadiphoso bangwe ga ba dumele gore Jeremia o ne a ka tsaya loeto lo loleele jaana lo lo neng lo tla mo tsaya dikgwedi.b (Esera 7:9) Mme gone ke se Modimo a neng a mo laetse sone mme ke sone se Jeremia a ileng a se dira.
18 Akanya fela moporofeti a ralala dithaba tsa Judea mme go ikaegile ka gore o tsere tsela efe, a tsena mo sekakeng se se yang kwa Euferatese. A tsaya matsapa ano otlhe fela gore a ye go fitlha moitlamo wa leloba! Baagelani ba gagwe ba tshwanetse ba bo ba ile ba ipotsa gore o ile kae fa ba bona go feta nako e telele a seyo. Fa a boela gae, o ne a sa tlhole a tshotse moitlamo wa leloba. Mme Modimo o ne a mo laela gore a tseye gape loeto lo loleele a boele a ye go tsaya moitlamo o jaanong o neng o setse o senyegile e bile “o sa tshwanele sepe.” Ruri go ne go ka nna motlhofo gore a akanye jaana: ‘Ke utlwile jaanong. Selo se ke se dirang seno ga se na tlhaloganyo.’ Le fa go ntse jalo, e re ka a ne a itetlile go bopiwa ke Modimo ga a ka a akanya jalo. Go na le gore a ngongorege, o ne a dira fela jaaka a ne a laetswe!
19 Ke fela fa Jeremia a sena go tsaya loeto lwa bobedi Modimo a neng a mo tlhalosetsa lebaka la go bo a ne a mo roma jalo. Tsela e Jeremia a neng a itshwara ka yone e ne ya mo thusa gore a kgone go bua molaetsa ono o o masisi: “Setšhaba seno sa batho ba ba bosula ba ba ganang go utlwa mafoko a me, ba ba tsamayang mo bologwading jwa pelo ya bone le ba ba nnang ba sala medimo e mengwe morago gore ba e direle le go e ikobela, le bone ba tla nna fela jaaka moitlamo ono o o sa tshwaneleng sepe.” (Jer. 13:10) Ruri tsela eno e Jehofa a neng a e dirisa go ruta batho ba gagwe e a kgatlha! Tsela e Jeremia a neng a ikobela Modimo go tswa pelong ka yone fa a ne a newa kabelo eo e e neng e lebega e se botlhokwa, e ne ya thusa thata mo maitekong a Modimo a neng a a dira go fitlhelela dipelo tsa batho.—Jer. 13:11.
20. Ke eng fa bangwe ba ka gakgamadiwa ke tsela e o bontshang boikobo ka yone, mme ke eng se o ka tlhomamisegang ka sone?
20 Gompieno Modimo ga a kope Bakeresete gore ba tsamaye makgolokgolo a dikilometara e le gore a ba rute thuto nngwe. Mme gone, a gongwe tsela ya Bokeresete e o dirang dilo ka yone e ka dira gore baagelani ba gago kgotsa batho ba o dirisanang le bone ba go gakgamalele kana ba go tshwayatshwaye diphoso? Seno se ka akaretsa tsela e o aparang le e o ipaakanyang ka yone, thutego e o e tlhophang, tiro e o e ratang, tota le tsela e o lebang bojalwa ka yone. A le wena o tla ikemisetsa go reetsa kaelo ya Modimo fela jaaka Jeremia a ne a dira? Dilo tse o di tlhophang gonne o letlile Modimo go bopa pelo ya gago di ka nna bosupi jo bo molemo mo bathong ba bangwe. Mme gone, go ikobela kaelo ya ga Jehofa e e mo Lefokong la gagwe le go amogela kaelo e a go nayang yone ka setlhopha sa motlhanka yo o boikanyego go tla go solegela molemo fela thata. Go na le gore o itetle go kaelwa ke pelo e e boferefere, o ka kgona go tshwana le Jeremia. Ka jalo, ikemisetse gore o tla letla Modimo e nna ene a go bopang; mo letle gore a go dire sejana se se tlotlegang se a tla nnang a se dirisa.
Ke eng fa go le botlhokwa go lwantsha kgatelelo e e tswang kwa go Satane, mo pelong ya rona e e sa itekanelang le e e tswang mo lefatsheng?
a Kgatiso ya NET Bible (2005) e balega jaana: “Lo se ka lwa inyalanya le lefatshe la motlha ono.” Ntlha e e kwa tlase e oketsa ka gore: “Ke boammaaruri gore go ‘inyalanya’ le lefatshe la motlha ono go ka tsewa e le selo se se itiragalelang fela gonne gongwe se direga motho a sa lemoge. Mme gone go ka direga gore ka tsela nngwe . . . motho a ka tswa a lemoga se se diregang kgotsa a dumalana le sone. Kgotsa go ka tswa go bakiwa ke mabaka oomabedi.”
b Bangwe ba re Jeremia ga a ka a goroga kwa Euferatese o ne a boa golo gongwe gaufi le yone. Ka ntlha yang? Mokanoki mongwe o ne a re: “Lebaka le legolo le le dirang gore batho ba ganetse kgang eno ke gore ga ba batle go dumela gore moporofeti yono o tsere maeto ano a mabedi a maleele go tswa kwa Jerusalema go ya kwa Euferatese.”