Nnang lo Ikanyega ka Pelo e e Kitlaneng
“Ke tla tsamaya mo boammaaruring jwa gago. Kitlanya pelo ya me gore e boife leina la gago.”—PES. 86:11.
1, 2. (a) Go ya ka Pesalema 86:2, 11, ke eng se se tla re thusang gore re nne re ikanyega mo go Jehofa fa re welwa ke diteko kgotsa dithaelo? (b) Re tshwanetse ra ithuta leng go ikanyega ka pelo yotlhe?
KE KA ntlha yang fa Bakeresete bangwe ba ba neng ba le mo dikgolegelong kgotsa ba bogisiwa ba ile ba nna ba ikanyega ka dingwagangwaga, mme morago ba bo ba simolola go rata dithoto? Seo se laolwa ke seemo sa pelo ya rona ya tshwantshetso—se tota re leng sone mo teng. Pesalema ya bo86 e amanya boikanyegi le pelo e e kitlaneng; ke gore pelo e e feletseng, e e sa kgaoganang. Mopesalema Dafide o ne a rapela a re: “A ko o dise moya wa me, gonne ke a ikanyega. O Modimo wa me—boloka motlhanka wa gago yo o go ikantseng.” Gape Dafide o ne a rapela a re: “Nthute tlhe Jehofa, kaga tsela ya gago. Ke tla tsamaya mo boammaaruring jwa gago. Kitlanya pelo ya me gore e boife leina la gago.”—Pes. 86:2, 11.
2 Fa re sa ikanye Jehofa ka pelo yotlhe ya rona, dilo tse dingwe tse re amegang ka tsone le tse re di ratang di ka fokotsa boikanyegi jwa rona mo Modimong wa boammaaruri. Dikeletso tsa bopelotshetlha di ntse jaaka dibomo tse di epetsweng mo mmung tse di fitlhilweng kafa tlase ga tsela e re tsamayang mo go yone. Le fa re ka tswa re ile ra ikanyega mo go Jehofa fa re ne re lekwa, re ka nna ra tshwarwa ke diru tsa ga Satane. A bo go le botlhokwa jang ne gore re ithute go ikanyega mo go Jehofa ka pelo yotlhe gone jaanong, re ise re welwe ke diteko le dithaelo! Baebele ya re: “Go feta tsotlhe tse dingwe tse di tshwanetseng go disiwa, dibela pelo ya gago.” (Dia. 4:23) Re ka ithuta dithuto tsa botlhokwa malebana le seno mo kgannyeng ya moporofeti wa kwa Juda yo Jehofa a neng a mo roma kwa go Kgosi Jeroboame wa Iseraele.
‘Mma ke go Neye Mpho’
3. Jeroboame o ne a itshwara jang fa a utlwa molaetsa wa katlholo o o tlang ka moporofeti wa Modimo?
3 Akanya ka tiragalo eno. Monna wa Modimo o sa tswa go tlisa molaetsa o o botlhoko mo go Kgosi Jeroboame, yo o neng a simolotse kobamelo ya namane mo bogosing jwa bokone jwa ditso tse di lesome jwa Iseraele. Kgosi e a galefa. E laela banna ba yone gore ba tshware morongwa yono. Mme Jehofa o na le motlhanka wa gagwe. Gone fela foo seatla se kgosi e neng e se otlolotse e galefile se omelela ka kgakgamatso, mme sebeso se e neng e se dirisetsa kobamelo ya maaka se a tlhatlhamologa. Ka tshoganyetso, Jeroboame o simolola go itshwara ka tsela e sele. O rapela monna wa Modimo a re: “Tsweetswee, nolofatsa sefatlhego sa ga Jehofa Modimo wa gago mme o nthapelele gore seatla sa me se tle se busediwe mo go nna.” Moporofeti o a rapela mme seatla sa kgosi se a fodisiwa.—1 Dikg. 13:1-6.
4. (a) Ke ka ntlha yang fa taletso ya kgosi tota e ne e leka boikanyegi jwa moporofeti? (b) Moporofeti o ne a araba a reng?
4 Go tswa foo Jeroboame o raya monna wa Modimo wa boammaaruri a re: “Tla le nna kwa ntlong o tseye dijo, mme ke go neye mpho.” (1 Dikg. 13:7) Jaanong moporofeti o tla dira eng? A ke a amogele bopelotshweu jwa kgosi a sena go e tlisetsa molaetsa wa katlholo? (Pes. 119:113) Kgotsa a ke a gane taletso ya kgosi, le fa kgosi e lebega e ikwatlhaya? Ruri Jeroboame a ka kgona go naya ditsala tsa gagwe dimpho tse di turang. Fa e le gore moporofeti wa Modimo o ntse a rata dithoto mo sephiring, mafoko a kgosi a ka nna thaelo e kgolo tota mo go ene. Le fa go ntse jalo, Jehofa o laetse moporofeti jaana: “O se ka wa ja senkgwe kgotsa wa nwa metsi, gape o se ka wa boa ka tsela e o tsamaileng ka yone.” Ka jalo moporofeti o araba jaana a sa potapote: “Fa o ne o ka nnaya sephatlo sa ntlo ya gago ke ne ke se kitla ke tla le wena le go ja senkgwe kgotsa go nwa metsi mo lefelong leno.” Go tswa foo moporofeti o tsaya tsela e sele go tswa mo Bethele. (1 Dikg. 13:8-10) Tshwetso e e tserweng ke moporofeti e re ruta eng ka go ikanyega ka pelo yotlhe?—Bar. 15:4.
‘Kgotsofala’
5. Go rata dithoto go amana le boikanyegi ka tsela efe?
5 Go rata dithoto go ka nna ga se lebege e le kgang e e amanang le boikanyegi, mme e amana le jone. A re ikanya tsholofetso ya ga Jehofa ya gore o tla re naya se tota re se tlhokang? (Math. 6:33; Baheb. 13:5) Mo boemong jwa go leka gore le fa go ka nna jang re nne le dilo dingwe tse go tweng di tokafatsa botshelo tse gone jaanong re sa kgoneng go di reka, a re ka kgona go tshela re se na tsone? (Bala Bafilipi 4:11-13.) A re raelesega go se dire mo go oketsegileng mo tirelong ya Modimo e le gore re kgone go bona se re se batlang gone jaanong? A go direla Jehofa ka boikanyegi go tla pele mo matshelong a rona? Dikarabo tsa rona di tla ikaega thata ka gore a re direla Modimo ka pelo yotlhe kgotsa nnyaa. Moaposetoloi Paulo o ne a kwala a re: “Boineelo jono jwa bomodimo mmogo le thetebalo ke tsela ya papadi e kgolo. Gonne ga re a tlisa sepe mo lefatsheng, mme le gone re ka se ka ra tswa re tshotse sepe. Jalo, e re ka re na le dijo le se re ipipang ka sone, re tla kgotsofalela dilo tseno.”—1 Tim. 6:6-8.
6. Re ka solofediwa dilo dife tse di tshwanang le dimpho, mme ke eng se se tla re thusang go dira tshwetso ya gore a re di amogele?
6 Ka sekai, mothapi wa rona a ka re solofetsa gore o tla re tlhatlosa maemo a ba a re naya tuelo e e botoka le melemo e mengwe. Kgotsa gongwe re lemoga gore re ka bona madi a mantsi fa re ka fudugela kwa nageng e nngwe kgotsa kwa lefelong le lengwe mme ra bona tiro koo. Kwa tshimologong, ditshono tseno di ka lebega e le masego a a tswang kwa go Jehofa. Mme pele re dira tshwetso ka tsone, a ga re a tshwanela go tlhatlhoba maitlhomo a rona? Se re tshwanetseng ra tshwenyega thata ka sone ke gore, “Tshwetso ya me e tla ama kamano ya me le Jehofa jang?”
7. Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go fedisa keletso ya dithoto mo dipelong tsa rona?
7 Tsamaiso ya ga Satane e nna e ntse e rotloetsa batho go rata dithoto. (Bala 1 Johane 2:15, 16.) Boikaelelo jwa ga Diabolo ke go kgotlela dipelo tsa rona. Ka jalo, re tshwanetse go ntsha matlho dinameng gore re lemoge fa re eletsa dithoto re bo re fedise keletso eo gotlhelele mo dipelong tsa rona. (Tshen. 3:15-17) Jesu ga a ka a palelwa ke go gana fa Satane a ne a re o mo fa magosi otlhe a lefatshe. (Math. 4:8-10) O ne a tlhagisa jaana: “Nnang lo butse matlho lo bo lo itise kgatlhanong le keletso ya bopelotshetlha ya mofuta mongwe le mongwe, ka gonne le e leng fa motho a na le letlotlo botshelo jwa gagwe ga bo nne gone ka ntlha ya dilo tse a di ruileng.” (Luke 12:15) Boikanyegi bo tla re thusa gore re ikaege ka Jehofa e seng ka rona ka borona.
Moporofeti yo o Tsofetseng “O ne A mo Tsietsa”
8. Boikanyegi jwa moporofeti wa Modimo bo ne jwa lekwa jang?
8 Dilo di ka bo di tsamaetse moporofeti wa Modimo sentle fa a ka bo a ile a tswelela le mosepele a boela gae. Le fa go ntse jalo, ka bonakonyana fela o ne a lebana le teko e nngwe gape. Baebele ya re “moporofeti mongwe yo o tsofetseng o ne a nna mo Bethele, mme bomorwawe ba tsena ba mmolelela” sengwe le sengwe se se neng se diragetse mo letsatsing leo. Fa monnamogolo a utlwa seo, o ba kopa gore ba mmelesetse esele gore a latele moporofeti wa Modimo. Moragonyana fela ga foo, o fitlhela moporofeti a ikhuditse kafa tlase ga setlhare se segolo a bo a mo raya a re: “Ya le nna kwa ntlong mme o je senkgwe.” Fa monna wa Modimo wa boammaaruri a gana go amogela taletso, monnamogolo o mo raya a re: “Le nna ke moporofeti jaaka wena, e bile moengele ka boene o buile le nna ka lefoko la ga Jehofa, a re, ‘Dira gore a boele morago le wena kwa ntlong ya gago gore a tle a je senkgwe a bo a nwe metsi.’” Mme Dikwalo tsa re: “O ne a mo tsietsa.”—1 Dikg. 13:11-18.
9. Dikwalo tsa reng ka batho ba ba tsietsang, mme ba tsenya mang mo kotsing?
9 Go sa kgathalesege gore maikaelelo a moporofeti yo o tsofetseng e ne e le afe, o buile maaka. Gongwe monnamogolo yono o ne a kile a nna moporofeti yo o ikanyegang wa ga Jehofa. Le fa go ntse jalo, jaanong o ne a tsietsa. Dikwalo di kgala boitshwaro jo bo ntseng jalo gotlhelele. (Bala Diane 3:32.) Batho ba ba tsietsang ga ba tsenye bomoya jwa bone fela mo kotsing mme gape gantsi ba tsenya le bomoya jwa ba bangwe mo kotsing.
“A Boela Morago le” Monnamogolo
10. Moporofeti wa Modimo o ne a dirang fa monnamogolo a mo laletsa, mme dilo di ne tsa felela jang?
10 Moporofeti wa kwa Juda o tshwanetse a ka bo a ile a kgona go bona gore moporofeti yo o tsofetseng o ne a dira leano la go mo tsietsa. O ka bo a ile a ipotsa a re, ‘Ke ka ntlha yang fa Jehofa a ka romela moengele yo o tshotseng ditaelo tse dingwe tse di tlang mo go nna mme a mo romela kwa mothong o sele?’ Moporofeti o ka bo a ile a kopa Jehofa gore a tlhalose ditaelo tseo, mme Dikwalo ga di bontshe gore o ne a dira jalo. Go na le moo, o ne “a boela morago le [monnamogolo] gore a tle a je senkgwe mo ntlong ya gagwe le go nwa metsi.” Jehofa ga a ka a itumelela seo. Fa kwa bofelong moporofeti yo o tsieditsweng a tswelela ka mosepele wa go boela Juda, o ne a kopana le tau mme ya mmolaya. A bo tiro ya monna yono ya go nna moporofeti e ne ya fela botlhoko jang ne!—1 Dikg. 13:19-25.a
11. Ahija o ne a tlhoma sekao sefe se se molemo?
11 Kafa letlhakoreng le lengwe, moporofeti Ahija, yo o neng a romilwe go ya go tlotsa Jeroboame gore e nne kgosi, o ne a nna a ikanyega go fitlha le fa a setse a tsofetse. Fa Ahija a ne a tsofetse e bile a foufetse, Jeroboame o ne a roma mosadi wa gagwe kwa go ene gore a ye go botsa ka botsogo jwa morwaabone yo o lwalang. Ahija o ne a bolelela pele ka bopelokgale gore morwa Jeroboame o ne a tla swa. (1 Ki. 14:1-18) Mangwe a masego a mantsi a Ahija a neng a nna le one e ne ya nna tshiamelo ya go nna le seabe ka tsela nngwe mo go kwalweng ga Lefoko la Modimo le le tlhotlheleditsweng. Jang? Moragonyana moperesiti Esera o ne a dirisa tshedimosetso e e mo mekwalong ya gagwe fa a kwala.—2 Ditir. 9:29.
12-14. (a) Re ka ithuta eng mo tiragalong ya moporofeti yo mmotlana? (b) Naya dikai tse di bontshang gore re tshwanetse go akanyetsa kgakololo ya bagolwane e e tswang mo Baebeleng ka kelotlhoko le ka thapelo.
12 Baebele ga e bolele gore ke ka ntlha yang fa moporofeti yo mmotlana a ile a se ka a botsa Jehofa pele a fapoga a ya go ja le go nwa le monnamogolo. A gongwe monnamogolo o ne a mmoleletse se a neng a kgatlhegela go se utlwa? Re ka ithuta eng mo go seo? Re tshwanetse go tlhatswega pelo tota gore dilo tse Jehofa a batlang re di dira di siame. Mme re tshwanetse ra ititaya sehuba go di dira, le fa go ka nna jang.
13 Ba bangwe ba tlhopha se ba batlang go se utlwa fa ba newa kgakololo. Ka sekai, mmoledi a ka solofediwa tiro e e ka mo jelang nako e a e dirisang a na le lelapa la gagwe kgotsa a dira ditiro tsa puso ya Modimo. A ka nna a kopa kgakololo mo mogolwaneng. Mogolwane a ka nna a simolola kgakololo ya gagwe ka go bolela gore a ka se bolelele mokaulengwe yono gore a tlamele ba lelapa la gagwe jang. Go tswa foo mogolwane a ka tlhalosetsa mokaulengwe yono kafa go ka nnang kotsi ka teng semoyeng gore a amogele tiro e a e solofeditsweng. A mokaulengwe o tla gopola fela mafoko a mogolwane a a buileng kwa tshimologong, kgotsa o tla akanyetsa thata mafoko a a builweng morago ga foo? Ruri mokaulengwe yono o tshwanetse go dira tshwetso ya gore ke eng se se mo siametseng semoyeng.
14 Akanya ka seemo se sengwe gape. Kgaitsadi a ka botsa mogolwane gore a ke a kgaogane le monna wa gagwe yo o sa dumeleng. Kwantle ga pelaelo mogolwane o tla tlhalosa gore kgaitsadi ke ene a tshwanetseng go itirela tshwetso ya gore a o kgaogana le monna wa gagwe kgotsa nnyaa. Go tswa foo a ka mmontsha kgakololo e e tswang mo Baebeleng ka kgang eno. (1 Bakor. 7:10-16) A kgaitsadi yono o tla akanyetsa se se buiwang ke mogolwane? A kgotsa o setse a feditse mogopolo gore o kgaogana le monna wa gagwe? Fa a dira tshwetso, go tla bo go le molemo gore a akanyetse kgakololo e e tswang mo Baebeleng ka thapelo.
Nna Boingotlo
15. Re ithuta eng mo phosong e e dirilweng ke moporofeti wa Modimo?
15 Re ka ithuta eng gape mo phosong e e dirilweng ke moporofeti wa kwa Juda? Diane 3:5 ya re: “Ikanye Jehofa ka pelo ya gago yotlhe mme o se ka wa ikaega ka tlhaloganyo ya gago.” Mo boemong jwa gore moporofeti wa kwa Juda a tswelele pele a ikanya Jehofa jaaka a ne a dirile mo nakong e e fetileng, mo lekgetlhong leno o ne a ikanya tsela e ene a lebang dilo ka yone. Phoso ya gagwe e ne ya felela ka gore a swe mme a latlhegelwe ke leina le le molemo le a neng a na le lone le Modimo. Ruri se se mo diragaletseng se gatelela kafa go leng botlhokwa ka teng go direla Jehofa ka boingotlo le ka boikanyegi!
16, 17. Ke eng se se tla re thusang gore re nne re ikanyega mo go Jehofa?
16 Go motlhofo gore pelo ya rona e e bogagapa e re tsietse. “Pelo e boferefere go gaisa sengwe le sengwe mme e gagamalela se e se batlang.” (Jer. 17:9) Fa re batla go nna re ikanyega mo go Jehofa, re tshwanetse go tswelela pele re dira ka natla gore re apole botho jo bogologolo le mekgwa ya jone ya go nna mabela le go iikanya. Mme re tshwanetse go apara botho jo bosha, “jo bo neng jwa bopiwa go ya ka go rata ga Modimo mo tshiamong ya boammaaruri le boikanyegi.”—Bala Baefeso 4:22-24.
17 Diane 11:2 ya re: “Botlhale bo na le ba ba boingotlo.” Go ikaega ka Jehofa ka boingotlo go re thusa go tila diphoso tse di masisi. Ka sekai, go motlhofo gore re se ka ra leba dilo sentle ka gonne re kgobegile marapo. (Dia. 24:10) Re ka nna ra lapisiwa ke go nna le seabe mo karolong nngwe ya tirelo e e boitshepo re bo re simolola go akanya gore re dirile mo go lekaneng fa dingwaga di ntse di feta, re akanya gore gongwe ke nako ya gore tiro e dirwe ke ba bangwe. Kgotsa re ka nna ra eletsa go tshela botshelo jo go tweng ke jo bo tlwaelegileng. Le fa go ntse jalo, re ka dibela pelo ya rona ka go ‘iteka ka tlhagafalo’ le gore ‘ka metlha re nne re na le mo gontsi go go dira mo tirong ya Morena.’—Luke 13:24; 1 Bakor. 15:58.
18. Re ka dirang fa re sa itse gore re tseye tshwetso efe?
18 Ka dinako tse dingwe re ka nna ra tlhoka go dira ditshwetso tse di boima, mme go ka nna ga se nne motlhofo go bona tsela e re tshwanetseng go e tsaya. Fa go ntse jalo, a re tla raelesega go dira se rona re bonang se siame? Nako le nako fa re iphitlhela re le mo maemong a a ntseng jalo, go ka nna molemo gore re kope thuso ya ga Jehofa. Jakobe 1:5 ya re: “Fa mongwe wa lona a tlhoka botlhale, a a nne a kope Modimo, gonne o naya botlhe ka bopelotshweu.” Rraarona yo o kwa legodimong o tla re naya moya o o boitshepo o re o tlhokang gore re dire ditshwetso tse di siameng.—Bala Luke 11:9, 13.
Ititeye Sehuba Gore o Nne o Ikanyega
19, 20. Re tshwanetse ra ititaya sehuba go dira eng?
19 Mo dingwageng tse di tletseng mathata tse di neng tsa latela fa Solomone a sena go tlogela kobamelo ya boammaaruri, boikanyegi jwa batlhanka ba Modimo bo ne jwa lekwa fela thata. Ke boammaaruri gore ba le bantsi ba ne ba ineela ka tsela nngwe. Le fa go ntse jalo, ba bangwe bone ba ne ba nna ba ikanyega mo go Jehofa.
20 Letsatsi le letsatsi re tshwanelwa ke go dira ditshwetso tse di lekang boikanyegi jwa rona. Le rona re ka itshupa re ikanyega. A re nneng re ikanyega mo go Jehofa ka metlha fa re ntse re dira gore pelo ya rona e kitlane, re na le tsholofelo e e tletseng ya gore o tla tswelela pele a segofatsa batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang.—2 Sam. 22:26.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Baebele ga e tlhalose gore a Jehofa o ne a bolaya moporofeti yo o tsofetseng.
O ka Araba Jang?
• Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go tsaya matsapa a go fedisa gotlhelele keletso ya dithoto mo dipelong tsa rona?
• Ke eng se se tla re thusang go nna re ikanyega mo go Jehofa?
• Boingotlo bo ka re thusa jang gore re nne re ikanyega mo Modimong?
[Ditshwantsho mo go tsebe 9]
A o palelwa ke go emelana le dithaelo?
[Ditshwantsho mo go tsebe 10]
A o tla akanyetsa kgakololo e e tswang mo Baebeleng ka thapelo?