Jehofa Ga a Na go Tlogela Batho ba Gagwe ba ba Ikanyegang
“[Jehofa] ga a na go tlogela batho ba gagwe ba ba ikanyegang. Ba tla disiwa ka bosakhutleng.”—PES. 37:28.
1, 2. (a) Ke ditiragalo dife tsa lekgolo la bolesome la dingwaga B.C.E. tse di neng tsa leka boikanyegi jwa batlhanka ba Modimo? (b) Jehofa o ne a dibela batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang mo maemong afe a mararo?
KE LEKGOLO la bolesome la dingwaga B.C.E. mme ke nako ya gore go dirwe tshwetso. Ditso tsa bokone tsa Iseraele tse di sa iketlang di neilwe selekanyo se se rileng sa boipuso mme seo se thusitse go thibela ntwa ya selegae e e neng e tloga e runya. Kgosi ya tsone e e sa tswang go tlhomiwa e bong Jeroboame, o tsaya kgato ka bonako go nonotsha maemo a gagwe ka go tlhoma bodumedi jo bosha jwa Naga. O batla gore babusiwa ba gagwe ba ikanyege mo go ene ka tsela e e feletseng. Batlhanka ba ga Jehofa ba ba ikanyegang ba tla dirang? A ba tla tswelela ba ikanyega mo Modimong yo ba mo obamelang? Ba le bantsi ba dira jalo, mme Jehofa o a ba tlhokomela fa ba ntse ba tswelela pele ba ikanyega.—1 Dikg. 12:1-33; 2 Ditir. 11:13, 14.
2 Le mo motlheng wa rona boikanyegi jwa batlhanka ba Modimo bo ntse bo a lekwa. Baebele e tlhagisa jaana: “Nnang lo thantse mo ditlhaloganyong, disang. Mmaba wa lona, Diabolo, o tsamayatsamaya jaaka tau e e kurutlang, e e batlang go kometsa mongwe.” A re ka kgona go ‘ganetsana le ene, re nonofile mo tumelong’? (1 Pet. 5:8, 9) A re sekasekeng ditiragalo dingwe tsa nako ya fa go ne go tlhomiwa Kgosi Jeroboame ka 997 B.C.E. mme re bone gore re ka ithuta eng mo go tsone. Mo metlheng eo e e boima, batlhanka ba ga Jehofa ba ba ikanyegang ba ne ba gateletswe. Gape ba ne ba lebana le tlhotlheletso ya batlhanogi fa ba ntse ba dira ditiro tse di boima tse ba neng ba di neilwe. Mo maemong ano otlhe, Jehofa ga a ka a tlogela batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang, mme le gompieno a ka se ba tlogele.—Pes. 37:28.
Fa ba Gateletswe
3. Ke ka ntlha yang fa puso ya ga Kgosi Dafide e ne e sa gatelele?
3 A re simololeng ka go sekaseka se se neng se direga pele ga Jeroboame a nna kgosi. Diane 29:2 ya re: “Fa ope yo o boikepo a busa, batho ba a fegelwa.” Fa go ne go busa Kgosi Dafide wa Iseraele wa bogologolo, batho ba ne ba sa fegelwe. Dafide o ne a sa itekanela, mme o ne a ikanyega mo Modimong e bile a mo ikanya. Puso ya ga Dafide e ne e sa gatelele. Jehofa o ne a dira kgolagano le Dafide, a re: “Ntlo ya gago le bogosi jwa gago ruri bo tla nitama ka bosakhutleng fa pele ga gago; setulo sa gago sa bogosi ka bosone e tla nna se se tlhomamisitsweng ka thata ka bosakhutleng.”—2 Sam. 7:16.
4. Batho ba ne ba tshwanetse go dira eng gore ba bone masego mo pusong ya ga Solomone?
4 Kwa tshimologong, puso ya ga Solomone morwa Dafide e ne e ritibetse e bile e atlegile mo go neng go tshwanela gore e tshwantshetse Puso e e tlang ya ga Keresete Jesu ya Dingwaga tse di Sekete. (Pes. 72:1, 17) Mo nakong eo, go ne go se na lebaka la gore lotso lope lwa ditso tse 12 tsa Iseraele lo tsuologe. Le fa go ntse jalo, Solomone le babusiwa ba gagwe ba ne ba tshwanetse go dira sengwe gore ba bone masego a ba neng ba a bona. Jehofa o ne a reile Solomone a re: “Fa o ka tsamaya mo melaong ya me o bo o diragatsa ditshwetso tsa me tsa boatlhodi le go boloka ditaolo tsa me tsotlhe ka go tsamaya mo go tsone, ruri le nna ke tla diragatsa lefoko la me mo go wena le ke le buileng le Dafide rrago; mme eleruri ke tla aga mo gare ga bomorwa Iseraele, mme ga ke na go tlogela batho ba me Iseraele.”—1 Dikg. 6:11-13.
5, 6. Fa Solomone a ne a sa tlhole a ikanyega mo Modimong, seo se ne sa felela ka eng?
5 Fa Solomone a tsofala, o ne a se ka a tlhola a ikanyega mo go Jehofa mme a inaakanya le kobamelo ya maaka. (1 Dikg. 11:4-6) Fa nako e ntse e ya, Solomone o ne a kgaotsa go ikobela melao ya ga Jehofa mme a gatelela batho thata. O ne a ba gatelela mo e leng gore le fa a sena go swa, ba ne ba ngongorega ka ene mo go morwawe yo o neng a mo tlhatlhama e bong Rehoboame, ba kopa go namolwa. (1 Dikg. 12:4) Jehofa o ne a dirang fa Solomone a ne a sa tlhole a ikanyega?
6 Baebele ya re: “Jehofa o ne a tukela Solomone bogale, ka gonne pelo ya gagwe e ne e fapogetse kgakala le . . . Modimo wa Iseraele, yo o neng a bonetse mo go ene gabedi.” Jehofa o ne a raya Solomone a re: “Ka lebaka la gore . . . ga o a boloka kgolagano ya me le melao ya me e ke e go laetseng, ruri ke tla gagolaka bogosi ke bo ntsha mo go wena, mme ruri ke tla bo naya motlhanka wa gago.”—1 Dikg. 11:9-11.
7. Jehofa o ne a tlhokomela jang batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang, le fa a ne a latlhile Solomone?
7 Go tswa foo Jehofa o ne a romela moporofeti Ahija gore a ye go tlotsa mongwe yo o neng a tla ba namola. Motho yono e ne e le Jeroboame, monna yo o nang le bokgoni yo o neng a bereka mo pusong ya ga Solomone. Le fa Jehofa a ile a tswelela a bolokile kgolagano ya Bogosi e a neng a e dirile le Dafide, o ne a letlelela gore ditso tse 12 di kgaogane, di busiwe ke batho ba le babedi. Ditso tse di lesome di ne di tla newa Jeroboame; tse pedi di ne di tla sala le losika lwa ga Dafide, lo jaanong lo neng lo emelwa ke Kgosi Rehoboame. (1 Dikg. 11:29-37; 12:16, 17, 21) Jehofa o ne a raya Jeroboame a re: “Go tla diragala gore fa o utlwa sotlhe se ke tla se go laelang, mme o tsamaya mo ditseleng tsa me gape o dira se se siameng mo matlhong a me ka go boloka melao ya me le ditaelo tsa me, fela jaaka Dafide motlhanka wa me a ne a dira, ke tla itshupa ke na le wena, mme ke tla go agela ntlo e e nnelang ruri, fela jaaka ke e agetse Dafide, mme ke tla go naya Iseraele.” (1 Dikg. 11:38) Jehofa o ne a tsaya kgato go thusa batho ba gagwe mme a ba namola mo kgatelelong.
8. Batho ba Modimo gompieno ba lebana le diteko dife?
8 Gompieno go tletse kgatelelo le go tlhoka tshiamiso. Moreri 8:9 ya re: “Motho [o laotse] motho yo mongwe go mo utlwisa botlhoko.” Go dira kgwebo ka bogagaru le go busa ka bonokwane go ka felela ka maemo a a maswe a itsholelo. Gantsi batho ba ba di gogang kwa pele mo pusong, mo kgwebong le mo bodumeding ga ba tlhome sekao se sentle mo dikgannyeng tsa boitsholo. Ka jalo, fela jaaka Lote wa mosiami, batlhanka ba Modimo ba ba ikanyegang gompieno ba “tshwenyegile thata ka go itlhapedisa mo boitshwarong jo bo repileng ga batho ba ba tlhokomologang molao.” (2 Pet. 2:7) Mo godimo ga moo, fa re ntse re leka go tshela ka melao ya Modimo re sa tshwenye ope, gantsi re bogisiwa ke babusi ba ba ikgodisang.—2 Tim. 3:1-5, 12.
9. (a) Jehofa o setse a dirile eng go namola batho ba gagwe? (b) Ke ka ntlha yang fa re ka tlhomamisega gore Jesu o tla nna a ikanyega mo Modimong ka dinako tsotlhe?
9 Le fa go ntse jalo, re ka tlhomamisega ka ntlha eno ya konokono: Jehofa ga a na go tlogela batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang! Akanya fela ka dikgato tse a setseng a di tsere go emisetsa babusi ba ba bosula ba lefatshe ka ba bangwe. Bogosi jwa Modimo jwa ga Mesia jo bo eteletsweng pele ke Keresete Jesu bo setse bo tlhomilwe. Jesu Keresete o ntse a busa kwa legodimong ka dingwaga di ka nna lekgolo. O tla tloga a namola gotlhelele batho ba ba boifang leina la Modimo. (Bala Tshenolo 11:15-18.) Jesu o setse a itshupile a ikanyega mo Modimong go fitlha losong. Le ka motlha a ka se swabise babusiwa ba gagwe, jaaka Solomone a ne a dira.—Baheb. 7:26; 1 Pet. 2:6.
10. (a) Re ka bontsha jang gore re anaanela Bogosi jwa Modimo? (b) Fa re lekwa, re ka tlhomamisega ka eng?
10 Bogosi jwa Modimo ke puso ya mmatota e e tla fedisang kgatelelo yotlhe. Re tshwanetse go ikanyega mo go Jehofa Modimo le mo thulaganyong ya gagwe. Re gana boikepo jwa lefatshe leno re bo re tlhoafalela go dira ditiro tse di molemo, re ikantse Bogosi ka pelo yotlhe. (Tito 2:12-14) Re leka go nna re se na selabe mo lefatsheng leno. (2 Pet. 3:14) Le fa re ka lebana le diteko tse di ntseng jang gone jaanong, re ka tlhomamisega gore Jehofa o tla re sireletsa fa tumelo ya rona e tlhaselwa. (Bala Pesalema 97:10.) Mo godimo ga moo, Pesalema 116:15 e re tlhomamisetsa jaana: “Loso lwa batho ba ga Jehofa ba ba ikanyegang lo tlhwatlhwakgolo mo matlhong a gagwe.” Jehofa o tsaya batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang ba le tlhwatlhwakgolo mo a ka se ba letleng ba swa e le setlhopha.
Fa ba Lebane le Tlhotlheletso ya Batlhanogi
11. Jeroboame o ne a kgaotsa go ikanyega jang?
11 Puso ya ga Kgosi Jeroboame e ka bo e ile ya namola batho ba Modimo ka selekanyo se se rileng. Mo boemong jwa moo, ditiro tsa gagwe di ne tsa leka boikanyegi jwa bone mo Modimong le go feta. E re ka Jeroboame a ne a sa kgotsofalele tlotlo le tshiamelo e a neng a setse a e neilwe, o ne a simolola go batla ditsela tse a neng a ka nonotsha maemo a gagwe ka tsone. O ne a akanya jaana: “Fa batho bano ba tswelela go ya go ntsha ditlhabelo mo ntlong ya ga Jehofa kwa Jerusalema, pelo ya batho bano ruri e tla boela kwa moreneng wa bone, Rehoboame kgosi ya Juda; mme eleruri ba tla mpolaya ba bo ba boela kwa go Rehoboame kgosi ya Juda.” Ka jalo Jeroboame o ne a simolola bodumedi jo bosha jo bo neng bo remeletse mo kobamelong ya dinamane tse pedi tsa gouta. “Foo a baya e nngwe mo Bethele, mme e nngwe a e baya kwa Dana. Mme selo seno sa baka boleo, le batho ba simolola go ya fa pele ga e e kwa Dana. Mme a simolola go dira ntlo ya mafelo a a kwa godimo le go dira baperesiti mo bathong ka kakaretso, ba e neng e se ba bomorwa Lefi.” Jeroboame o ne a ba a itlhomela letsatsi la go direla “bomorwa Iseraele moletlo,” mme a “dira ditshupelo mo sebesong gore a kuise mosi wa setlhabelo.”—1 Dikg. 12:26-33.
12. Batlhanka ba Modimo ba ba ikanyegang ba bogosi jwa bokone ba ne ba dirang fa Jeroboame a ne a simolola kobamelo ya namane kwa Iseraele?
12 Jaanong batlhanka ba Modimo ba ba ikanyegang ba ba mo bogosing jwa bokone ba ne ba tla dirang? Fela jaaka borraabonemogologolwane ba ba ikanyegang, Balefi ba ba neng ba nna mo metseng e ba neng ba e abetswe mo nageng ya bogosi jwa bokone ba ne ba tsaya kgato ka bonako. (Ekes. 32:26-28; Dipa. 35:6-8; Dute. 33:8, 9) Ba ne ba tlogela boswa jwa bone ba fuduga le malapa a bone ba fudugela kwa borwa kwa Juda, kwa ba neng ba ka kgona go tswelela pele ba obamela Jehofa teng ba sa kgorelediwe ke sepe. (2 Ditir. 11:13, 14) Baiseraele ba bangwe ba ba neng ba ntse ba thibeletse ka nakwana mo Juda ba ne ba swetsa ka gore ba nnele ruri koo ba se ka ba boela gae. (2 Ditir. 10:17) Jehofa o ne a tlhomamisa gore tsela ya go boela mo kobamelong ya boammaaruri e nna e bulegile gore mo dikokomaneng tse di latelang, ba bangwe ba ba tswang mo bogosing jwa bokone ba kgone go tlogela kobamelo ya namane mme ba boele Juda.—2 Ditir. 15:9-15.
13. Mo metlheng ya gompieno, tlhotlheletso ya batlhanogi e ile ya leka batho ba Modimo jang?
13 Batho ba Modimo gompieno ba mo kotsing ya go tlhotlhelediwa ke batlhanogi. Babusi bangwe ba ile ba itlhomela mofuta wa bone wa bodumedi jwa Naga, ba gatelela babusiwa ba bone gore ba bo amogele. Baruti ba ditumelo tse di ipitsang tsa Bokeresete le ba bangwe ba ba mabela ba ile ba leka go ipolela fa e le baperesiti ba segosi. Le fa go ntse jalo, batlodiwa ba mmatota, ba e leng “boperesiti jwa segosi” ba fitlhelwa fela mo Bakereseteng ba boammaaruri.—1 Pet. 2:9; Tshen. 14:1-5.
14. Re tshwanetse go leba dikgopolo tsa batlhanogi jang?
14 Fela jaaka Balefi ba ba ikanyegang ba lekgolo la bolesome la dingwaga B.C.E., batlhanka ba Modimo ba ba ikanyegang gompieno ga ba tsiediwe ke dikgopolo tsa batlhanogi. Batlodiwa le balekane ba bone ba Bakeresete ba bonako go tila le go gana dikgopolo tsa batlhanogi. (Bala Baroma 16:17.) Le fa gone re iketleeditse go ikobela mebuso mo dikgannyeng tse e seng tsa bodumedi e bile re sa tseye letlhakore fa go na le dikgotlhang tsa lefatshe, re ikanyega mo Bogosing jwa Modimo. (Joh. 18:36; Bar. 13:1-8) Re gana maiphako a maaka a batho ba ba reng ba direla Modimo mme ba ntse ba mo tlontlolola ka boitshwaro jwa bone.—Tito 1:16.
15. Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go ikanyega mo ‘motlhankeng yo o boikanyego le yo o botlhale’?
15 Akanya le ka ntlha ya gore Jehofa o dirile gore batho ba ba dipelo di ikanyegang ba kgone go tswa ka tsela ya tshwantshetso mo lefatsheng le le boikepo, mme ba tsene mo paradaiseng ya semoya e a e dirileng. (2 Bakor. 12:1-4) Ka dipelo tse di tletseng ditebogo, re nna re le gaufi le “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale yo mong wa gagwe a neng a mo tlhoma gore a okamele ba ntlo ya gagwe, go ba naya dijo tsa bone ka nako e e tshwanetseng.” Keresete o tlhomile motlhanka yono “gore a okamele dilo tsa gagwe tsotlhe.” (Math. 24:45-47) Ka jalo, le fa re sa tlhaloganye ka botlalo lebaka la go bo setlhopha sa motlhanka se dira dilo ka tsela e e rileng, seo ga se a tshwanela go dira gore re nne manganga kgotsa re boele kwa lefatsheng la ga Satane. Mo boemong jwa moo, boikanyegi bo tla dira gore re ikokobetse mme re emele gore Jehofa a re thuse go tlhaloganya dilo sentle.
Fa ba Ntse ba Dira Tiro E ba E Neilweng ke Modimo
16. Moporofeti mongwe wa kwa Juda o ne a romiwa go dira eng?
16 Jehofa o ne a kgalela Jeroboame ditiro tsa gagwe tsa botlhanogi. O ne a roma moporofeti mongwe yo o tswang Juda gore a tseye mosepele a ye ntlheng ya bokone kwa Bethele a ye kwa go Jeroboame ka nako ya fa a fisa maswalo mo sebesong sa gagwe. Moporofeti yono o ne a tshwanetse go naya Jeroboame molaetsa o o bogale wa katlholo. Kwantle ga pelaelo, eo e ne e le tiro e e boima.—1 Dikg. 13:1-3.
17. Jehofa o ne a sireletsa morongwa wa gagwe jang?
17 Jeroboame o ne a gakala fa a utlwa katlholo ya ga Jehofa. O ne a ntshetsa moemedi wa Modimo seatla, a goa banna ba ba fa gaufi a re: “Lona banna, mo tshwareng!” Mme ka bonako fela, pele ope a ka dira sepe, “seatla sa gagwe se a neng a se ntshitse kgatlhanong le ene sa omelela, mme a se ka a kgona go se busetsa mo go ene. Mme sebeso sone se ne sa tlhatlhamololwa mo melora e e mafura e neng ya tshologa mo sebesong.” Jeroboame o ne a patelesega go kopa moporofeti gore a nolofatse sefatlhego sa ga Jehofa a bo a rapele gore seatla se se omeletseng se fole. Moporofeti o ne a dira jalo, mme seatla sa fodisiwa. Ka jalo Jehofa o ne a sireletsa morongwa wa gagwe mo kotsing.—1 Dikg. 13:4-6.
18. Jehofa o re sireletsa jang fa re ntse re mo direla tirelo e e boitshepo ka go tlhoka poifo?
18 Fa re ntse re dira tiro ya go rera ka Bogosi le go dira barutwa ka boikanyegi, re a tle re kopane le batho ba ba seng botsalano, kgotsa ba ba mabifi. (Math. 24:14; 28:19, 20) Mme le ka motlha ga re a tshwanela go ngodiega mo bodireding ka gonne re tshaba go ganediwa. Fela jaaka moporofeti yo o sa umakiwang ka leina wa motlha wa ga Jeroboame, re na le “tshiamelo ya go . . . direla [Jehofa] tirelo e e boitshepo ka go tlhoka poifo ka boikanyegi.”a (Luke 1:74, 75) Le fa re sa lebelela gore Jehofa a re sireletse ka go dira dikgakgamatso gompieno, o sa ntse a re sireletsa rona Basupi ba gagwe a dirisa moya wa gagwe o o boitshepo le baengele. (Bala Johane 14:15-17; Tshenolo 14:6.) Le ka motlha Modimo a ka se tlogele batho ba ba tswelelang ba bua lefoko la gagwe ka go tlhoka poifo.—Bafil. 1:14, 28.
Jehofa o Tla Disa Batlhanka ba Gagwe ba ba Ikanyegang
19, 20. (a) Ke ka ntlha yang fa re ka tlhomamisega gore le ka motlha Jehofa a ka se re tlogele? (b) Re tla tlotla ka dipotso dife mo setlhogong se se latelang?
19 Jehofa ke Modimo wa rona yo o ikanyegang. (Tshen. 15:4; 16:5) “O ikanyega mo ditirong tsa gagwe tsotlhe.” (Pes. 145:17) Mme Baebele e re tlhomamisetsa jaana: “O tla disa tsela ya batho ba gagwe ba ba ikanyegang.” (Dia. 2:8) Fa batlhanka ba Modimo ba ba ikanyegang ba lebane le diteko kgotsa tlhotlheletso ya batlhanogi kgotsa fa ba dira tiro nngwe e e boima e ba e neilweng, ba ka tlhomamisega gore Jehofa o tla ba kaela le go ba ema nokeng.
20 Jaanong se mongwe le mongwe wa rona a tshwanetseng go akanya ka sone ke se: Ke eng se se tla nthusang gore ke nne ke ikanyega mo go Jehofa le fa nka lebana le diteko kgotsa dithaelo? Ka mafoko a mangwe, nka dira jang gore ka metlha ke tswelele ke ikanyega mo Modimong?
[Ntlha e e kwa tlase]
a Mo setlhogong se se latelang go tla tlhalosiwa gore a moporofeti yono o ne a tswelela pele a ikobela Jehofa kgotsa nnyaa, le gore go ne ga diragala eng ka ene morago ga moo.
O ka Araba Jang?
• Jehofa o bontshitse jang gore ga a tlogele batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang fa ba gatelelwa?
• Re tshwanetse ra dirang fa re lebana le batlhanogi le tlhotlheletso ya bone?
• Jehofa o disa jang batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang fa ba ntse ba le mo bodireding jwa Bokeresete?
[Mmapa/Setshwantsho mo go tsebe 5]
(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)
BOGOSI JWA BOKONE (Jeroboame)
Dana
SHEKEMA
Bethele
BOGOSI JWA BORWA (Rehoboame)
JERUSALEMA
[Setshwantsho]
Jehofa ga a ka a tlogela batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang fa Jeroboame a ne a simolola kobamelo ya namane
[Setshwantsho mo go tsebe 3]
Solomone le babusiwa ba gagwe ba ne ba tshwanetse go dira sengwe gore ba bone masego a ba neng ba a bona