Lefatshe Le le Se Nang Bodumedi—A le Tla Nna Botoka?
SETLHOPHA se sesha sa balatolamodimo se akanya ka lefatshe le le se nang bodumedi—go se na batho ba ba ipolayang ka dibomo, go se na dintwa tsa bodumedi e bile go se na bareri ba thelebishene ba ba jang matsomane a bone ntsoma. A kgopolo eo e a go kgatlha?
Pele o araba, ipotse seno, ‘A go na le bosupi jo bo bontshang gore fa batho go ralala lefatshe e ka nna balatolamodimo go tla dira gore lefatshe le nne botoka?’ Akanya ka seno: Go ile ga swa batho ba kwa Cambodia ba ba ka nnang dimilione di le 1,5, fa mokgatlho wa Khmer Rouge o ne o leka go tlhoma puso ya bo-Marxist e e sa dumeleng mo Modimong. Mme kwa nageng ya USSR e e neng e tlhomamisitswe semolao gore ke ya bolatolamodimo, puso ya ga Joseph Stalin, e ne ya dira gore go swe batho ba le dimilone di le masomesome. Gone ke boammaaruri gore, bosula joo bo ka se ka jwa amanngwa ka tlhamalalo le bolatolamodimo. Mme gone bo bontsha gore puso ya bolatolamodimo ga e tlhomamise kagiso le kutlwano.
Batho ba le bantsi ba tla dumela gore bodumedi bo bakile pogo e ntsi. A mme ke molato wa Modimo? Nnyaa! Ga a na molato fela jaaka modiri wa koloi a ka se nne molato fa mokgweetsi a ka baka kotsi ka gonne a kgweetsa a dirisa founo ya selula. Go boga ga batho go bakilwe ke dilo di le dintsi mme sengwe sa dilo tseo se segolo thata go feta ditumelo. Baebele e tlhalosa selo seo e le bosaitekanelang jo re bo ruileng. “Botlhe ba leofile e bile ba tlhaela kgalalelo ya Modimo.” (Baroma 3:23) Tshekamelo eno ya boleo e dira gore go nne le bopelotshetlha, boikgodiso jo bo feteletseng, go batla go itirela ditshwetso malebana le boitsholo mmogo le thubakanyo. (Genesise 8:21) Mme gape e dira gore batho ba buelele le go ganelela mo ditumelong tse di mpampetsang bosula. (Baroma 1:24-27) Jesu Keresete o ne a bolela sentle jaana: “Mo pelong go tswa dikakanyo tse di boikepo, dipolao, maakafalo, dikgokafalo, bogodu, ditshupo tsa maaka, ditlhapatso.”—Mathaio 15:19.
Go Botlhokwa go Dira Pharologanyo
Gone jaanong, go tshwanetse ga dirwa pharologanyo fa gare ga kobamelo ya boammaaruri e leng kobamelo e Modimo a e amogelang le kobamelo ya maaka. Kobamelo ya boammaaruri e ka thusa batho go lwantsha maikutlo a a bosula. E tla rotloetsa lorato lwa go intsha setlhabelo, kagiso, bopelonomi, molemo, bonolo, boikgapo, go ikanyega mo lenyalong le go tlotla batho ba bangwe. (Bagalatia 5:22, 23) Mme kafa letlhakoreng le lengwe, bodumedi jwa maaka, bo rotloetsa batho go latela dilo tse di rategang—bo ‘tsikitla ditsebe tsa batho,’ jaaka Baebele e bolela—ka go mpampetsa dilo dingwe tse di bosula tse Jesu a ileng a di kgala.—2 Timotheo 4:3.
A go ka kgonega gore bolatolamodimo le jone bo dire gore go nne le go sa tlhomamang ga boitsholo kgotsa tlhakatlhakano e e leng teng mo bodumeding jwa maaka? Porofesa nngwe ya molao e bong Phillip Johnson o bolela gore, ‘fa go se na Modimo’ go raya gore ga go na ope yo o ikarabelang mo taolong e e kwa godimo, e bile “ga go na melao epe e re tshwanetseng go e tlotla.” Ka jalo, boitsholo jo bo siameng e setse e le selo se se ikaegileng ka maemo a a rileng fela, mongwe le mongwe o itlhomela melao ya gagwe—fa e le gore o tlhopha go nna le yone. Ga go na pelaelo gore go akanya jalo go dira gore bolatolamodimo e nne filosofi e e kgatlhang mo bathong bangwe.—Pesalema 14:1.
Le fa go ntse jalo, boammaaruri ke gore, Modimo a ka se ka a letlelela maaka go ya go ile—e ka tswa e le a bolatolamodimo kgotsa a bodumedi—le batho ba ba a rotloetsang.a O solofetsa jaana: “Bathokgami [mo boitsholong le mo semoyeng] ke bone ba ba tla agang mo lefatsheng, mme ba ba se nang molato ke bone ba ba tla salang mo go lone. Fa e le baikepi bone, ba tla kgaolwa mo lefatsheng; mme maferefere one, a tla kumolwa mo go lone.” (Diane 2:21, 22) Mme go tla felela ka se go seng motho ope, filosofi epe ya batho le setheo sepe sa batho se ka tsamayang se se tlisa, e leng kagiso le boitumelo mo lefatsheng lotlhe.—Isaia 11:9.
[Ntlha e e kwa tlase]
a O ka bona tlhaloso ya Baebele e e utlwalang ya lebaka la go bo Modimo a letleletse boikepo le go boga ka nakwana mo kgaolong ya 11 ya buka e e re thusang go ithuta Baebele ya Totatota Baebele e Ruta Eng? e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.
[Lebokoso mo go tsebe 6]
KAFA MODIMO A LEBANG BOSETLHOGO JWA BODUMEDI KA TENG
Naga e e neng ya newa Iseraele wa bogologolo e ne e le ya Bakanana, batho ba ba boikepo ba ba neng ba dira boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo—go akaretsa go tlhakanela dikobo le wa losika, bosodoma le go tlhakanela dikobo le diphologolo—mmogo le meetlo ya go ntsha ditlhabelo ka bana. (Lefitiko 18:2-27) Buka ya Archaeology and the Old Testament e bolela gore dilo tse di ribolotsweng “di ile tsa bontsha mekoa ya melora le marapo a masea mo mabitleng a a gaufi le dialetare tsa boheitane, tse di neng di bontsha mokgwa o o neng o tlwaelegile wa [go ntsha bana ditlhabelo].” Buka nngwe e e tlhalosang ka dikgang tsa Baebele e bolela gore, Bakanana ba ne ba obamela medimo ya bone ka go dira boitsholo jo bo sa siamang le go ntshetsa yone medimo eo ditlhabelo ka maitibolo a bone. E oketsa jaana: “Baithutamarope ba ba ileng ba epolola matlotla a metse ya Bakanana ba gakgamadiwa ke go bo Modimo a ile a se ka a ba senya ka bonako go na le kafa a dirileng ka gone.”
Go bo Modimo a ile a senya Bakanana ke kgakololo e e masisi mo go rona gore a ka se ka a itshokela bosula jo bo dirwang ka leina la gagwe go ya go ile. Ditiro 17:31 ya re: “[Modimo] o tlhomile letsatsi le ka lone a ikaelelang go atlhola lefatshe le le nang le banni ka tshiamo.”
[Ditshwantsho mo go tsebe 7]
Batho ba bodumedi le ba ba seng mo bodumeding ba ile ba dira bosetlhogo jo bo feteletseng
Kereke e tshegetsa Hitler
Magata a batho ba ba bolailweng ke mokgatlho wa Khmer Rouge kwa Cambodia
[Motswedi wa Setshwantsho]
AP Photo