Buka ya Bibela ya bo 61—2 Petere
Mokwadi: Petere
Lefelo Leo E Kwaletsweng kwa go Lone: Babelona (?)
Go Wediwa ga go E Kwala: mo e ka nnang ka 64 C.E.
1. Ke dintlha dife tse di supang tota gore Petere o kwadile lokwalo lwa Petere wa Bobedi?
FA PETERE a ne a kwala lokwalo lwa gagwe lwa bobedi o ne a setse a lemogile gore o tla tloga a swa. O ne a eletsa thata go gakolola Bakeresete ka ene ka botlhokwa jwa go nna le kitso e e tlhomameng go ba thusa go nna ba nitame mo bodiheding jwa bone. A go ne go na le lebaka la go belaela gore Petere e ne e le mokwadi wa lokwalo lwa bobedi lo lo neng lo bidiwa ka leina la gagwe? Lokwalo loo ka bolone lo tlosa dipelaelo dipe tseo di neng di ka tsoga kaga mokwadi wa lone. Mokwadi o ipolela fa e le “Simona Petero, motlhanka le moaposetoloi oa ga Yesu Keresete.” (2 Pet. 1:1) O bolela gore seno ke “lokwalō loa bobedi lo ke lo lo kwalèlañ.” (3:1) O bolela gore o ne a bona ka matlho fa Jesu Keresete a ne a fetoga ponalo, tshiamelo eo Petere a neng a nna nayo mmogo le Jakobe le Johane, mme o kwala seno jaaka yo o boneng ka matlho tota. (1:16-21) O umaka gore Jesu o ne a setse a boleletse pele loso lwa gagwe.—2 Pet. 1:14; Yoh. 21:18, 19.
2. Ke eng seo se buelelang gore Petere wa Bobedi ke karolo ya Dikwalo?
2 Lefa go ntse jalo, batho bangwe ba ba ganetsang ba ne ba bolela gore lokwalo lono lwa bobedi ga se lwa ga Petere ka ntlha ya fa mokgwa wa go kwala wa makwalo a mabedi ano o farologana. Mme seno ga se a tshwanela go nna bothata, ka gonne o ne a kwala ka selo se se farologaneng le ka boikaelelo jo bo sa tshwaneng. Mo godimo ga moo, Petere o ne a kwala lokwalo lwa gagwe lwa ntlha “ka Silefano, mokauleñwe eo o boikañō,” mme fa e le gore Silefano o ne a letlilwe go kwala mela e mengwe, seno e ka nna lone lebaka la go bo mokgwa o makwalo a mabedi ano a kwadilweng ka one o farologana, ereka Silefano a se kile a nna le seabe sepe fa lokwalo lwa bobedi lo ne lo kwalwa. (1 Pet. 5:12) Go ile ga ganediwa gape gore ke karolo ya Dikwalo go bolelwa gore “Borara ba ne ba sa le umake thata.” Lefa go ntse jalo, jaaka re ka bona mo tšhateng “Dikataloko tsa Pele Tse Di Tlhomologileng tsa Dikwalo tsa Bokeresete tsa Segerika,” batho ba bantsi pele ga Lekgotla la Boraro la Carthage ba ne ba tsaya Petere wa Bobedi jaaka karolo ya lenane la Bibela.a
3. Petere wa Bobedi e lebega e kwaletswe kae le gone leng, mme e ne e lebisitswe go bomang?
3 Lokwalo lwa ga Petere lwa bobedi lo ne lwa kwalwa leng? Go lebega lo kwadilwe mo e ka nnang ka 64 C.E. a le kwa Babelona kana mo tikologong ya yone, ka bonako fela fa morago ga lokwalo lwa ntlha, mme ga go na bosupi jo bo tlhamaletseng, segolobogolo ka lefelo leo lo kwaletsweng kwa go lone. Ka nako ya fa a ne a kwala, bontsi jwa makwalo a ga Paulo bo ne bo ntse bo tsamaisiwa mo diphuthegong mme Petere o ne a a itse, mme o ne a a leba jaaka a a tlhotlheleditsweng ke Modimo mme a a tsaya e le karolo ya “dikwalō tse diñwe.” Lokwalo lwa bobedi lwa ga Petere lo lebisitswe go “ba ba bonyeñ tumèlō e e tlhōkègañ le e e nntseñ yaka ea rona,” mme ba akaretsa bao ba neng ba kwaletswe lokwalo lwa ntlha le ba bangwe bao Petere a neng a setse a ba reretse. Fela jaaka lokwalo lwa ntlha lo ne lwa tsamaisiwa mo mafelong a mantsi, go ne ga diragala selo se se tshwanang ka lokwalo lwa bobedi.—2 Pet. 3:15, 16; 1:1; 3:1; 1 Pet. 1:1.
SEO SE LENG MO GO PETERE WA BOBEDI
4. (a) Bakaulengwe ba tshwanetse go leka go nna le maungo mabapi le kitso e e tlhomameng jang, mme ba solofediwa eng? (b) Lefoko la boperofeti le tlhomamisiwa jang ka mo go oketsegileng, mme ke ka ntlhayang fa le tshwanetse go reediwa?
4 Go tlhomamisa pitso ya Bogosi jwa selegodimo (1:1-21). Petere o bonako go bontsha kamego e e lorato mo go bao ba “bonyeñ tumèlō.” O eletsa ekete bopelonomi jo bo sa tshwanelang le kagiso ya bone di ka okediwa ke ‘go itse Modimo le Jesu Keresete.’ Modimo o ba neile “dipolèlō tsa ōna tsa choloheco tse di tlhōkègañ le tse dikgolo thata,” tseo ka tsone ba ka nnang le seabe ka tsela ya bomodimo. Ka gone, ba tshwanetse go dira maiteko a magolo mme ba oketse tumelo ya bone ka tlhoafalo, kitso, boikgapo, boitshoko, poifomodimo, tlekeetso ya bokaulengwe, le lorato. Fa ba tletse ka dinonofo tseno, ga ba kitla ba koafala kana ba tlhoka maungo a kitso e e tlhomameng. Bakaulengwe ba tshwanetse go dira sengwe le sengwe go tlhomamisa go bidiwa le go tlhophiwa ga bone, mmogo le go tsena ga bone mo Bogosing jo bosakhutleng jwa Morena wa bone. Ereka ba itse gore ‘go apola motlaagana wa gagwe go tla ka bofefo,’ Petere o batla go ba gakolola dilo tseno gore ba nne ba bue ka tsone fa a sena go tsamaya. Petere o ne a bona kgalalelo ya ga Keresete ka matlho mo thabeng e e boitshepo fa mafoko ‘a ne a tswa kwa kgalalelong e e feteletseng a re, Yo ke Morwaake yo o rategang, yo ke kgatlhegang thata mo go ena.’ Ka gone lefoko leno la boperofeti le tlhomamisiwa tota, mme le tshwanetse go reediwa, ka gonne ga le a tla ka go rata ga motho, ka gonne “go bua ga batho [go] cwa mo Modimoñ, ka ba tlhotlhelediwa ke Mōea o o Boitshèpō.”—1:1, 2, 4, 14, 17, 21.
5. Petere o naya tlhagiso efe kgatlhanong le baruti ba maaka, mme o dirisa ditshwantsho dife tse di nonofileng tsa gore eleruri Modimo o tlile go atlhola batho ba ba ntseng jalo?
5 Tlhagiso e e nonofileng kgatlhanong le baruti ba maaka (2:1-22). Baperofeti le baruti ba maaka ba ne ba lere makoko a a senyang, ba tlhotlheletsa boitshwaro jo bo maswe, mme ba dira gore boammaaruri bo kgobiwe. Ruri ba tlile go senngwa. Modimo ga o a ka wa lesa baengele ba ba neng ba leofa o sa ba otlhaya, ga o a ka wa tlogela fela o sa lere morwalela mo motlheng wa ga Noa, kana wa se ka wa senya Sodoma le Gomora ka molelo. Mme o ne wa boloka Noa wa moreri le mosiami Lote, ka jalo “Morèna o itse go golola badumedi mo thaeloñ, le go cwalèla basiamolodi mo pecoñ, go tlo go tsamaeè letsatsi ya tshekishō le be le ba hitlhèlè.” Ka gone bano ga ba boife sepe, ba gagamalela maikutlo a bone, jaaka diphologolo tse di senang tlhaloganyo, ga ba itse sepe, ba bua dilo tse di senyang, ba itumelela dithuto tse di timetsang, ke baakafadi, ke matagwa, mme ba tshwana le Balaame yo a neng a duelelwa go dira bosula. Ba solofetsa kgololesego mme bone ka bobone e le batlhanka ba sebodu. Go ka bo go ne go le botoka fa ba ne ba se kile ba itse tsela ya tshiamo, ka gonne ba diragaditse polelo e e reng: “Nca e boetse matlhatseñ a eōna, le kolobè e e tlhapisicweñ mo go bidikameñ mo seretseñ.”—2:9, 22.
6. (a) Ke eng se se dirang gore Petere a kwale, mme o bua eng mabapi le ditsholofetso tsa Modimo? (b) Go farologana le bakgadi, Bakeresete ba tshwanetse go itshupa jang gore ba nna ba disitse?
6 Go nna ba gakologetswe letsatsi la ga Jehofa (3:1-18). Petere o kwalela Bakeresete gore ba simolole go akanya sentle ka phepafalo, gore ba gakologelwe dilo tse di kileng tsa buiwa. Bakgadi ba tla nna gone mo metlheng ya bofelo ba re: “Polèlō ea choloheco ea go tla ga” Keresete e kae? Batho bano ga ba lemoge gore Modimo o ne wa senya lefatshe la metlha ya bogologolo ka metsi le gore “magodimo a gompiyeno a beecwe molelō, le lehatshe, e nntse e le ka yeōna lencwe yeuō” mme a “letisiwa letsatsi ya tshekishō le ya tshenyègō ea baikepi.” Dingwaga tse di sekete di tshwana le letsatsi le le lengwe mo go Jehofa, ka jalo “Morèna ga a bonya kaga polèlō ea gagwè ea choloheco,” mme o pelotelele, ka a sa batle gore ope a nyelele. Ka gone, Bakeresete ba tshwanetse go ela boitsholo jwa bone tlhoko mme ba dire ditiro tsa poifomodimo jaaka ba ntse ba gakologetswe go tla ga letsatsi la ga Jehofa, leo ka lone magodimo a tla senngwang ka molelo le dilo di nyerolosiwa ke mogote o mogolo. Mme go tshwanetse gore go nne le “magodimo a masha, le lehatshe ye lesha” go ya ka tsholofetso ya Modimo.—3:4, 7, 9, 13.
7. Ereka ba na le kitso eno ya dilo tse di tla tlang, Bakeresete ba tshwanete go iteka ka natla jang?
7 Ka gone, ba tshwanetse go dira sengwe le sengwe gore ba ‘fitlhelwe ba le mo kagisong ba sena selabe, ba sena molato.’ Ba tshwanetse go leba bopelotelele jwa Morena wa bone jaaka poloko, fela jaaka Paulo yo o rategang a ne a ba kwalela. Ereka ba na le kitso eno ya dilo tse di kwa pele, a ba itise gore ba se ka ba tlogela go nitama ga bone. “Me,” Petere o a konela, “golañ mo tshegōhacoñ le mo kicoñ ea Morèna oa rona le Mmoloki Yesu Keresete. A kgalalèlō e nnè go èna, yanoñ le ka bosakhutleñ.”—3:14, 18.
LEBAKA LA GO BO E LE MOSOLA
8. (a) Petere o supa jang gore Dikwalo tsa Sehebera le tsa Segerika di tlhotlheleditswe? (b) Re tla solegelwa molemo jang fa re tshwarelela mo kitsong e e tlhomameng?
8 Abo kitso e e tlhomameng e le botlhokwa jang ne! Petere o tlhakanya kitso e e tlhomameng e a e boneng mo Dikwalong tsa Sehebera le mabaka ao a a nayang. O supa gore di tlhotlheleditswe ka moya o o boitshepo: “Gonne ga go polèlèlō pele epè e e kileñ ea tla ka go rata ga motho hèla: me go bua ga batho ga cwa mo Modimoñ, ka ba tlhotlhelediwa ke Mōea o o Boitshèpō.” O supa gape gore botlhale joo Paulo a nang nabo ‘o bo neilwe.’ (1:21; 3:15) Re solegelwa molemo tota fa re tlhatlhoba Dikwalo tsotlhe tse di tlhotlheleditsweng le ka go kgomarela kitso e e tlhomameng. He ga re kitla re ikgotsofalela fela, jaaka bao Petere a tlhalosang gore ba bua jaana: “Dilō cotlhe di sa nntse di nntse yaka di nntse di nntse le mo tshimologoñ ea popō.” (3:4) Lefa e le gone go wela mo serung sa go tshwarwa ke baruti ba maaka jaaka bao Petere a ba tlhalosang mo go kgaolo 2 ya lokwalo lwa gagwe. Go na le moo, re tshwanetse go akanya ka dikgakololo tsa ga Petere le bakwadi ba bangwe ba Bibela ka metlha. Tseno di re thusa gore re “tlhōmame mo boamarureñ” mme ka bopelotelele le ka nitamo ‘re tswelele re gola mo tshegofatsong le mo kitsong ya Morena wa rona le Mmoloki Jesu Keresete.’—1:12; 3:18.
9. Re kgothalediwa go dira boiteko bofe ka tlhoafalo, mme ka ntlhayang?
9 Petere o akantsa gore maiteko a a tlhoafetseng a go aga dinonofo tsa Bokeresete tse di mo go kgaolo 1, ditemana tsa 5 go fitlha ka 7, ke tsone tse di ka thusang mo go oketseng ‘go itse Modimo le Jesu Morena wa rona.’ Morago o oketsa jaana mo temaneng ya 8: “Gonne ha dilō tse e le tsa lona, me ka di bile di totile, dia bo di lo diha gore lo se nne bobodu, leha e le botlhōka louñō, mo kicoñ ea Morèna oa rona Yesu Keresete.” Eleruri seno ke kgothatso e e molemo ruri ya go dira jaaka badihedi ba Modimo mo metlheng eno e e botlhoko!—1:2.
10. (a) Petere o gatelela ditsholofetso dife, mme o kgothaletsa eng malebana le tsone? (b) Petere o naya tlhomamisetso efe kaga boperofeti jo bo malebana le Bogosi?
10 Abo go le botlhokwa thata jang ne gore re iteke tota gore re tle re tlhomamisediwe gore re tla nna le seabe mo ‘ditsholofetsong tse di tlhokegang le tse dikgolo’ tsa ga Jehofa Modimo! Ka jalo ke ka gone moo Petere a kgothaletsang Bakeresete ba ba tloditsweng go tlhoma matlho a bone fela mo mokgeleng wa Bogosi, fa a re: “Lo tlhōahalèlè bogolo go rurehatsa go bidiwa ga lona le go itshenkèlwa ga lona: gonne ha lo diha dilō tse, ga lo ketla lo kgocwa gopè: Gonne yalo lo tla nèwa go tsèna ka megolokwane e megolo mo bogosiñ yo bo sa khutleñ yoa Morèna oa rona le Moreboloki Yesu Keresete.” Morago Petere o gogela tlhokomelo ya bone mo kgalalelong ya ga Jesu ya Bogosi, eo a ileng a e bona ka matlho mo ponatshegelong ya fa a ne a fetoga ponalo, a bo a oketsa jaana: “Me re na le lehoko ya polèlèlō pele le rurehadicwe bogolo.” Ka boammaaruri, boperofeti bongwe le bongwe jo bo mabapi le kgalalelo ya Bogosi jwa ga Jehofa bo tla diragadiwa ka mmatota. Ka gone, re bua mafoko ano a ga Petere a a tsopotsweng mo boperofeting jwa ga Isaia fela ka go tlhoka poifo re re: “Re lebeletse magodimo a masha, le lehatshe ye lesha, a go tla agañ tshiamō mo go aōna.”—2 Pet. 1:4, 10, 11, 19; 3:13; Isa. 65:17, 18.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Bona tšhate mo tsebeng ya 303.