Buka ya Bibela ya bo 62—1 Yohane
Mokwadi: Moaposetoloi Johane
Lefelo Leo E Kwaletsweng kwa go Lone: Efeso, kana gaufi
Go Wediwa ga go E Kwala: mo e ka nnang ka 98 C.E.
1. (a) Ke nonofo efe e go buiwang thata ka yone mo dikwalong tsa ga Johane, mme ke eng seo se bontshang gore e ne e se motho yo o nang le boikutlo jo bo boteng jwa lorato? (b) Ke ka ntlhayang fa makwalo a gagwe a mararo a ne a lebaganye sentle?
JOHANE, moaposetoloi yo o rategang wa ga Jesu Keresete, o ne a rata tshiamo tota. Seno se ne sa mo dira gore a tlhoafalele go itse kgopolo ya ga Jesu. Ka gone ga re gakgamale go bo setlhogo sa dikwalo tsotlhe tsa gagwe e le lorato. Lefa go ntse jalo, e ne e se motho yo o nang le maikutlo a a boteng a lorato, ka go bo Jesu o ne a re ke mongwe wa “Bomorwa tumō ea maru [Boaneregese].” (Mar. 3:17) Ebile tota, o ne a kwala makwalo a gagwe a mararo go femela boammaaruri le tshiamo, gonne botenegi joo moaposetoloi Paulo a neng a bo boleletse pele bo ne bo setse bo bonetse. Eleruri makwalo a mararo ano a ga Johane a ne a lebagane sentle tota, ka go bo a ne a thusa go nonotsha Bakeresete ba pele mo ntweng ya bone kgatlhanong le go tsenelela ga “eo o boshula.”—2 Bathes. 2:3, 4; 1 Yoh. 2:13, 14; 5:18, 19.
2. (a) Ke eng se se bontshang gore makwalo a ga Johane a ne a kwalwa morago thata ga Mathaio, Mareko, le makwalo a borongwa? (b) Makwalo ano a lebega a ne a kwalelwa kae le gone leng?
2 Se se leng mo mokwalong ono se supa fa e le lwa lobaka lo lo kwa moragonyana thata ga lwa Diefangele tsa Mathaio le Mareko—e le a moragonyana gape ga makwalo a borongwa a ga Petere le Paulo. Dinako di ne di fetogile. Ga go buiwe sepe ka tumelo ya Sejuda, sengwe seo se neng se le kotsi tota mo phuthegong mo metlheng ya fa e ne e santse e simolola; mme ga go na le fa e le tsopolo e le nngwe go tswa mo Dikwalong tsa Sehebera. Kafa letlhakoreng le lengwe, Johane o bua ka “nakō ea bohèlō” le go nna gone ga “baganetsa Keresete ba le bantsi.” (1 Yoh. 2:18) O bitsa babadi ba gagwe ka mafoko a a reng “banyana ba me” mme o ipitsa “mogolwane.” (1 Yoh. 2:1, 12, 13, 18, 28; 3:7, 18; 4:4; 5:21; 2 Yoh. 1; 3 Yoh. 1) Sotlhe seno se akantsha gore makwalo a mararo a gagwe a kwadilwe ka letlha la moragonyana. Gape, 1 Yoh. 1:3, 4 ekete e supa fa Efangele ya ga Johane e kwadilwe mo e ka nnang ka nako e e tshwanang. Go dumelwa ka kakaretso fela gore makwalo a mararo a ga Johane a weditswe ka 98 C.E., ka bonako fela pele ga loso lwa moaposetoloi yono, le gore a ne a kwalelwa mo tikologong ya Efeso.
3. (a) Ke eng se se supang gore Yohane wa Ntlha e kwadilwe ke mang le gore e boammaaruri? (b) Go ne ga okediwa ka eng moragonyana, mme ke eng se se supang gore ga se boammaaruri?
3 Go supa tota gore Yohane wa Ntlha e kwadilwe ke moaposetoloi Johane ke ka go bo e batlile go tshwana thata le Efangele ya bonè, e kwantle ga pelaelo a e kwadilweng. Ka sekai, o simolola lokwalo lono lwa gagwe a itlhalosa a bone ka matlho “Lehoko ya Botshelō, . . . , botshelō yo bo sa khutleñ, yo bo noñ bo na le Rara, me yoa bōnatshediwa rona,” mafoko a a tshwanang ka mo go gakgamatsang le ao a simololang Efangele ya ga Johane. Muratorian Fragment mmogo le bakwadi bangwe ba pele ebong Irenaeus, Polycarp, le Papias, bao botlhe e leng ba lekgolo la bobedi la dingwaga C.E., ba supa fa le le boammaaruri.a Go ya ka Eusebius (mo e ka nnang ka 260–342 C.E.) ga go ise go ke go belaelwe fa Yohane wa Ntlha e le boammaaruri.b Lefa go ntse jalo, re tshwanetse go tlhokomela gore dithanolo dingwe tsa bogologolo di ne tsa oketsa ka mafoko a a letelang mo go kgaolo 5 kwa bokhutlong jwa temana ya 7 le kwa tshimologong ya temana ya 8 jaana: “Kwa legodimong, go na le Rara, Lefoko, le Moya o o Boitshepo: ba bararo ba ke motho a le mongwe. Mme go na le ba bararo ba ba supang mo lefatsheng.” (King James Version) Temana eo ga e yo mo mekwalong epe fela ya bogologolo ya Segerika mme e tsentswe fela go gatelela thuto ya Tharonngwe. Dithanolelo tse dintsi tsa segompieno, tsa Sekatoliki le tsa Seporotesetanta, ga di akaretse mafoko ano gope mo mokwalong ka kakaretso.—1 Yoh. 1:1, 2.c
4. Johane o batla go sireletsa Bakeresete ka ene mo go bomang, mme o ganetsa dithuto dife tsa maaka?
4 Johane o kwalela “baratwa,” le “banyana,” ba gagwe gore a ba sireletse kgatlhanong le “baganetsa Keresete” ba le bantsi bao ba tswileng mo go bone le bao ba lekang go ba dira gore ba tlogele boammaaruri. (2:7, 18) Baganetsa Keresete bano ba batenegi ba ka tswa ba tlhotlheleditswe ke botlhale jwa Bagerika, go akaretsa le Bo-Gnostic jwa pele, bao batho ba jone ba neng ba iphaka gore Modimo o ba neile kitso nngwe e e kgethegileng ya mofuta mongwe o o sa itseweng.d Johane o bua a nonofile kgatlhanong le botenegi a bua thata ka ditlhogo tse tharo tseno: boleo, lorato, le moganetsa Keresete. Dipolelo tsa gagwe ka boleo, tse di tshegetsang setlhabelo sa ga Jesu sa maleo, di supa gore baganetsa Keresete bano ba ne ba ipona ba le tshiamo ba ipolela fa ba sena boleo ebile ba sa tlhoke setlhabelo sa ga Jesu sa thekololo. “Kitso” eo ya bone e ne e ba dira gore ba nne bogagapa, ba tlhoke lorato, boemo joo Johane a bo senolang jaaka a tswelela a gatelela lorato lwa boammaaruri lwa Bokeresete. Mo godimo ga moo, go lebega Johane a ganetsa dithuto tsa bone tsa maaka ka go tlhalosa gore Jesu ke Keresete, go re o ne a kile a tshela pele a nna motho, go re o ne a tla mo nameng jaaka Morwa Modimo go tla go golola batho ba ba dumelang. (1:7-10; 2:1, 2; 4:16-21; 2:22; 1:1, 2; 4:2, 3, 14, 15) Johane o bua ka phepafalo gore baruti bano ba maaka ke “baganetsa Keresete,” mme o naya ditsela di sekae tseo bana ba Modimo le bana ba ga Diabolo ba ka bonwang ka tsone.—2:18, 22; 4:3.
5. Ke eng se se supang gore Yohane wa Ntlha e ne e kwaletswe phuthego yotlhe ya Bokeresete?
5 Ereka a ne a sa le lebisa kwa phuthegong epe e e kgethegileng, lokwalo lono go lebega e ne e le lwa Bakeresete botlhe. Seno se supiwa ke go sa simololeng ga lone ka tumediso le go sa weleng ga lone ka tumediso epe. Bangwe ba ile ba tlhalosa gore seno ke pego fela ga se lokwalo. Go dirisiwa ga “lona” mo bontsing mo go lone lotlhe (jaaka e kwadilwe ka ditlhaka tse dikgolo mo go New World Translation) go bontsha gore mokwadi o ne a bua le setlhopha eseng le motho a le mongwe.
SEO SE LENG MO GO YOHANE WA NTLHA
6. Johane o supa pharologanyo e e fa gare ga bao ba tsamayang mo leseding le ba ba tsamayang mo lefifing jang?
6 Go tsamaya mo leseding, eseng mo lefifing (1:1–2:29). “Me dilō tse re di kwala,” Johane o a bua, “gore boitumèlō yoa rona bo dihalè.” Ereka ‘Modimo e le lesedi,’ ke bao ba ‘tsamayang mo leseding’ fela ba nnang le “bolekane le ōna” le bone ka bobone. Bano ba tlhapisitswe boleo jotlhe ka “madi a ga Yesu Morwa ōna.” Kafa letlhakoreng le lengwe, bao ba ‘tsamayang mo lefifing’ le bao ba ba reng, “Ga re na boleo bopè,” ba a itsietsa mme boammaaruri ga bo yo mo go bone. Fa ba ipolela maleo a bone, Modimo o tla ikanyega mo go bone mme o ba itshwarele.—1:4-8.
7. (a) Motho o bontsha jang gore o itse Modimo le gore o a mo rata? (b) Moganetsa Keresete o bonwa jang?
7 Jesu Keresete o supiwa fa e le “seletlanyō se se ntshedicweñ” maleo, ene yoo eleng ‘mmueledi wa rona mo go Rara.’ Yo a iphakang gore o itse Modimo mme a sa reetse lefoko la One ke moaki. Yo o ratang mokaulengwe wa gagwe o nna mo leseding, mme yo o ilang mokaulengwe wa gagwe o tsamaya mo lefifing. Johane o gakolola ka thata gore ba se ka ba rata lefatshe kana dilo tse di mo lefatsheng, ka go bo a re, “Ha motho a rata lehatshe, loratō loa Rara ga loeō mo go èna.” Go ne ga nna le baganetsa Keresete ba le bantsi, mme “ba dule mo go rona,” Johane o a tlhalosa, “me ea bo e ne e se ba rona.” Moganetsa Keresete ke motho yo o latolang gore Jesu ke Keresete. O latola Rara le Morwawe. A “banyana” ba nne mo dilong tse ba di ithutileng go tloga kwa tshimologong gore ba tle ba ‘nnele ruri mo go Morwa Modimo, le Rara,’ go dumalana le kafa a ba tloditseng ka gone, goo go leng boammaaruri.—2:1, 2, 15, 18, 19, 24.
8. (a) Ke eng se se farologanyang bana ba Modimo le ba ga Diabolo? (b) “Banyana” ba ile ba itse lorato jang, mme ba tshwanetse go nna ba sekaseka dipelo tsa bone jang?
8 Bana ba Modimo ga ba dire boleo (3:1-24). Ba bidiwa “bana ba Modimo” ka go bo Rara a ba rata, mme ba tla tshwana le Modimo fa a bonadiwa mme ba “mmōna hèla yaka a nntse.” Boleo ke boikepo, mme bao ba nnang mo go Keresete ga ba dire boleo. Yo o tswelelang ka go dira boleo ke wa ga Diabolo, yoo Morwa Modimo a tlang go senya ditiro tsa gagwe. Ka gone bana ba Modimo le bana ba ga Diabolo ba a bonala: Ba eleng ba Modimo ba a ratana, mme ba yo o bosula ba tshwana le Kaine, yoo a neng a ila morwarraagwe a bo a mmolaya. Johane o raya “banyana” a re ba kgonne go itse lorato ka gonne “a inetse mo loshuñ” ka ntlha ya bone, mme o ba kgothatsa gore ba se ka ba ‘ikitsa go tlhomogela pelo’ bakaulengwe ba bone. A ba se ka ba rata “ka molomo hèla, leha e le ka loleme hèla; ha e se ka tihō le boamarure.” Go sekaseka fa e le ba “boamarure,” ba tshwanetse ba batlisisa gore ke eng se se mo dipelong tsa bone le go bona fa e le gore ba “diha dilō tse di kgatlhañ mo matlhoñ a [Modimo].” Ba tshwanetse go obamela molao wa gagwe wa gore ba “dumèlè mo inèñ ya Morwa ōna Yesu Keresete, le go ratana.” Ka gone ba tla itse gore ba tla nna ba ntse ba le mo go ene, le ene o tla nna mo go bone ka moya.—3:1, 2, 16-19, 22, 23.
9. (a) Dipolelo tse di tlhotlheleditsweng di tshwanetse go lekwa jang? (b) Ke eng se se gatelelang gore batho ba na le boikarabelo jwa go ratana?
9 Go ratana mo Modimong (4:1–5:21). Mafoko a a tlhotlheleditsweng a tshwanetse go lekiwa. Mafoko a a ganetsang gore Keresete o ne a tla jaaka nama ga ‘se a Modimo’ mme ke a baganetsa Keresete. A tswa mo lefatsheng ebile a utlwana le lone, mme lefoko le le tlhotlheleditsweng la boammaaruri le tswa mo Modimong. Johane o bua jaana: “Modimo o loratō,” mme “loratō lo mo, e señ go re, re ratile Modimo, ha e se gore, o ratile rona, me oa roma Morwa ōna go tla a nna seletlanyō se se ntshedicweñ dibe tsa rona.” Abo boikarabelo jono jwa go ratana bo le bogolo jang ne! Modimo o nna le bao ba ratanang, mme ka gone lorato lo ne lwa dirwa boitekanelo gore “re tlè re nnè le botlhōka poihō.” “Rona,” Johane o a bua, “rea rata, ka go bo o re ratile pele.” “Eo o ratañ Modimo, a a ratè le mogagabō.”—4:3, 8, 10, 17, 19, 21.
10. (a) Bana ba Modimo ba ka fenya lefatshe jang, mme ba tlhomamisegile ka eng? (b) Ba tshwanetse go leba boleo le kobamelo ya medimo ya disetwa jang?
10 Go supa lorato jaaka bana ba Modimo go raya go ikobela melao ya gagwe, mme seno se felela ka gore re fenye lefatshe ka tumelo ya rona. Modimo o naya bao ba dumelang mo go Morwa Modimo bosupi jwa gore ke Ene a ba neileng “botshelō yo bo sa khutleñ, me botshelō youō bo mo go Morwa ōna.” Ka gone ba ka tlhomamisega gore o tla ba utlwa fa ba mo kopa sepe fela tumalanong le go rata ga gagwe. Bosula jotlhe ke boleo, mme go na le boleo jo bo sa iseng losong. Mongwe le mongwe yo o tsetsweng ke Modimo ga a dire boleo. Lemororo “lehatshe yeotlhe le namaletse ha tlhatse ga eo o boshula . . . , Morwa Modimo [o ne a] tsile,” mme o neile barutwa ba gagwe “tlhaloganyō” ya go bona kitso ka Modimo wa boammaaruri, yoo jaanong ba leng mo kutlwanong le ene ka “Morwa ōna Yesu Keresete.” Ba tshwanetse go itisa gape mo medimong ya disetwa!—5:11, 19, 20.
LEBAKA LA GO BO E LE MOSOLA
11. Bakeresete ba ka tila baganetsa Keresete le dikeletso tsa lefatshe jang?
11 Fela jaaka go ne go ntse mo dingwageng tsa bofelo tsa lekgolo la ntlha la dingwaga la Motlha o o Tlwaelegileng, le gompieno go na le “baganetsa Keresete ba le bantsi” bao Bakeresete ba boammaaruri ba tshwanetseng go tlhagisiwa kgatlhanong le bone. Bakeresete bano ba boammaaruri ba tshwanetse go ngaparela ‘lefoko le ba le utlwileng kwa tshimologong, mme ba ratane,’ ba nne mo Modimong le mo thutong ya boammaaruri, ba dira tshiamo ba bua ka tshosologo. (2:18; 3:11; 2:27-29) Se se leng botlhokwa thata gape ke tlhagiso e e kgatlhanong le “thatō ea nama, le kgatlhègō ea matlhō, le mabela a botshelō,” dilo tsa lefatshe tse di bosula tse di bonalang tseo di tshwereng ba le bantsi bao ba iphakang gore ke Bakeresete. Bakeresete ba boammaaruri ba tla ila lefatshe le keletso ya lone, ba itse gore “eo o dihañ go rata ga Modimo o nnetse rure ka bosakhutleñ.” Mo motlheng ono oo go tletseng keletso ya go rata lefatshe, go nang le makoko, le kilo, abo go ithuta go rata ga Modimo mo Dikwalong tse di tlhotlheleditsweng le go dira go rata ga gagwe go ka re solegela molemo jang ne!—2:15-17.
12. Ke dipharologano dife tse Yohane wa Ntlha e di tlhalosang gore re tle re solegelwe molemo, mme re ka fenya lefatshe jang?
12 Yohane wa Ntlha e molemo thata mo go rona ka go bo e supa pharologanyo e e fa gare ga lesedi le le tswang kwa go Rara le lefifi le le senyang boammaaruri le le tswang mo go yo o bosula, e e fa gare ga dithuto tse di nayang botshelo tsa Modimo le maaka a a tsietsang a baganetsa Keresete, e e fa gare ga lorato loo lo leng mo phuthegong yotlhe ya bao ba dumalanang le Rara le Morwawe le letlhoo le le tshwanang le la ga Kaine wa mmolai leo le leng mo go bao ba ‘duleng mo go rona . . . gore go bonadiwe kafa ba seng ba rona botlhe ka gone.’ (2:19; 1:5-7; 2:8-11, 22-25; 3:23, 24, 11, 12) Ereka re lemoga seno jaanong a re nneng le keletso e e nonofileng ya go ‘fenya lefatshe.’ Mme re ka dira seno jang? Ka go nna le tumelo e e nonofileng le ka go nna le “loratō loa Modimo,” leo le rayang go boloka ditaolo tsa one.—5:3, 4.
13. (a) Lorato lwa Modimo lo tlhomololwa jaaka maatla a a dirang jang? (b) Lorato lwa Mokeresete lo tshwanetse go nna lwa mofuta ofe, mme lo felela ka bokopano bofe?
13 “Loratō loa Modimo”—abo nonofo eno e e tlhotlheletsang e otlelelwa jang ne mo lokwalong lono lotlhe! Re bona pharologano e kgolo fa gare ga lorato lwa lefatshe le lorato lwa ga Rara mo go kgaolo 2. Morago ga foo re tlhokomedisiwa gore “Modimo o loratō.” (4:8, 16) Mme abo seno e le lorato lo lo nang le mosola jang ne! Rara o ne a le bontsha sentle ka go romela “Morwawè go tla a nna Mmoloki oa lehatshe.” (4:14) Seno se tshwanetse go tlhotlheletsa dipelo tsa rona gore di nne le lorato lo lo anaanelang, lo lo nonofileng, go dumalana le mafoko ano a moaposetoloi: “Rona rea rata, ka go bo o re ratile pele.” (4:19) Lorato lwa rona lo tshwanetse go nna lwa mofuta o o tshwanang le lwa ga Rara le Morwawe—lorato lo lo solegelang molemo, lwa go intsha setlhabelo. Fela jaaka Jesu a ne a re ntshetsa moya wa gagwe, ka jalo “re chwanetse go inèla mo loshuñ ka ntlha ea ba ga rona,” ee, re bule dikgoro tsa lorato lwa rona lo lo neneketsang gore re rate bakaulengwe ba rona, eseng ka mafoko fela, mme ka “tihō le boamarure.” (3:16-18) Jaaka lokwalo lwa ga Johane lo supa fela ka phepafalo, lorato lono mmogo le kitso ya boammaaruri kaga Modimo, ke lone lo bofaganyang bao ba tsamayang le Modimo mo bokopanong jo bo ka se kang jwa senngwa le Rara le Morwawe. (2:5, 6) Johane o ne a bua le baruaboswa ba Bogosi ba ba mo loratong lono fa a ne a re: “Re mo go èna eo o boamarure, eboñ mo go Morwa ōna Yesu Keresete. Eo, ke èna Modimo oa amarure, le botshelō yo bo sa khutleñ.”—5:20.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a The International Standard Bible Encyclopedia, Bol. 2, 1982, e e kwadilweng ke G. W. Bromiley, ditsebe 1095-6.
b The Ecclesiastical History, III, XXIV, 17.
c Insight on the Scriptures, Bol. 2, tsebe 1019.
d New Bible Dictionary, kgatiso ya bobedi, ya 1986, e e kwadilweng ke J. D. Douglas, ditsebe 426, 604.