Dithuto Kaga Dikwa,lo tse di Tlhotlhele Ditsweng le Tshedimosetso Kaga Tsone
Dikwalo tse di Tlhotlheleditsweng di Naya Melemo E E Sa Khutleng
GO SEKASEKA ga rona “Lokwalō loñwe le loñwe lo lo kwadilweñ ka tlhotlheleco ea Modimo” go re lemotshitse bolaodi jwa ga Jehofa le boikaelelo jwa Bogosi jwa gagwe ka tsela e e itumedisang. Re lemogile gore Bibela ke Buka e le nngwe fela, e e nang le setlhogo se le sengwe fela se segolo—eleng go tlotlomadiwa ga bolaodi jwa ga Jehofa le gore kgabagare boikaelelo jwa gagwe ka lefatshe bo tla diragadiwa go dirisiwa Bogosi jwa gagwe tlase ga Keresete, yo o leng Losika Lo Lo Solofeditsweng. Go simolola mo ditsebeng tsa ntlha tsa Bibela, setlhogo se sengwe fela seno se godisiwa le go tlhalosiwa mo dikwalong tse di latelang, go fitlhela go phepafadiwa go diragadiwa ga boikaelelo jo bo molemolemo jwa Modimo ka Bogosi jwa gagwe ka tsela e e gakgamatsang mo dikgaolong tsa yone tsa bofelo. Abo Bibela e le buka e e kgatlhisang thata jang ne! Go simolola fela ka popo e e boitshegang ya magodimo a a bonalang le lefatshe le ditshedi tsotlhe tse di mo go lone, Bibela e re bolelela polelo e e tlhotlheleditsweng e e boammaaruri ya ditirisano tsa Modimo le setho go fitlha ka nako ya motlha wa rona e bo e re fetisetsa kwa go bonaleng ka botlalo ga popo e e kgatlhisang ya ga Jehofa ya “legodimo ye lesha le lehatshe ye lesha.” (Tshen. 21:1) Ereka boikaelelo jwa gagwe jo bo molemolemo bo tla bo bo diragaditswe ka Bogosi jwa Losika, Jehofa Modimo o bonwa a le mo kamanong e e tshwanang le ya Rre yo o pelonomi wa lelapa le le itumetseng le le utlwanang la batho, leo le kopanang le masomosomo otlhe a selegodimo mo go mmakeng le mo go itshepiseng leina la gagwe le le boitshepo.
2 Abo setlhogo seno se se kopanyeletsang Losika se godisiwa ka mo go gakgamatsang jang ne mo Dikwalong tsotlhe! Fa Modimo o ne o bolela boperofeti jwa ntlha jo bo tlhotlheleditsweng, o solofetsa gore ‘losika lwa mosadi’ lo tla tapeta tlhogo ya noga. (Gen. 3:15) Go feta dingwaga tse di fetang 2 000, go tswa foo Modimo o raya Aberahame yo o ikanyegang a re: “Merahe eotlhe ea lehatshe e tla segōhala mo losikeñ loa gago.” Dingwaga tse di fetang tse 800 moragonyana, Jehofa o fa mongwe wa ditlogolwana tsa ga Aberahame, ebong Kgosi Dafide yo o ikanyegang tsholofetso e e tshwanang, a bontsha gore Losika lono lo ne lo tla nna lwa segosi. Fa nako e ntse e tsamaya, baperofeti ba ga Jehofa le bone ba nna le seabe ka boitumelo jo bogolo go bolelela pele dilo tse di itumedisang tsa Bogosi joo. (Gen. 22:18; 2 Sam. 7:12, 16; Isa. 9:6, 7; Dan. 2:44; 7:13, 14) Go tswa foo go bonala lone Losika ka bolone, dingwaga tse di fetang 4 000 morago ga tsholofetso ya ntlha kwa Edena. Yono, yo gape e leng ‘losika lwa ga Aberahame,’ ke Jesu Keresete, “Morwa Mogodimodimo,” mme ene Jehofa o mo naya “setulō sa ga Dafide rragwè.”—Bagal. 3:16; Luke 1:31-33.
3 Lemororo Losika lono, ebong Kgosi e e tloditsweng ya Modimo, e gobadiwa ka go bolawa ke losika lwa Noga lwa selefatshe, Modimo o mo tsosa mo baswing a bo a mo tlhatlosetsa kwa letsogong la Gagwe le legolo, koo a letelang nako ya gagwe e e tshwanetseng ya go ‘tapeta tlhogo ya ga Satane.’ (Gen. 3:15; Baheb. 10:13; Bar. 16:20) Go tswa foo Tshenolō e bolela konelo e e itumedisang ya ponatshegelo eno yotlhe. Keresete o tsaya maatla a Bogosi a bo a piriganya “nōga ea bogologolo . . ., eōna e e bidiwañ Diabolo le Satane,” go tswa kwa legodimong a mo piriganyetsa mo lefatsheng. Ka lobaka lo lokhutshwane, Diabolo o tlisa tatlhego mo lefatsheng a bo a tlhabana le ‘ba ba setseng ba losika lwa mosadi wa Modimo.’ Mme Keresete ene, jaaka “KGOSI EA DIKGOSI,” o kgemetha merafe. Noga ya bogologolo, ebong Satane, o tsenngwa mo moleteng mme morago o tla senyediwa ruri ka bosakhutleng. Fa go santse go ntse jalo, ka Jerusalema o Mosha, eleng monyadiwa wa ga Kwana, melemo ya setlhabelo sa ga Keresete e dirisiwa mo sethong go segofatsa malapa otlhe a a mo lefatsheng. Ka gone, re tlhaloganya ka bonya setlhogo se se molemolemo sa Dikwalo tse di tlhotlheleditsweng ka tsela yotlhe e ntle e e kgatlhisang ya sone!—Tshen. 11:15; 12:1-12, 17; 19:11-16; 20:1-3, 7-10; 21:1-5, 9; 22:3-5.
GO SOLEGELWA MOLEMO KE REKOTO E E TLHOTLHELEDITSWENG ENO
4 Re ka solegelwa molemo thata jang ke Dikwalo tse di Boitshepo tseno? Re ka solegelwa molemo ka go dira gore Bibela e dire mo matshelong a rona. Ka go ithuta ka malatsi otlhe le go dirisa Dikwalo tse di tlhotlheleditsweng, re ka bona kaelo e e tswang kwa Modimong. “Lehoko ya Modimo le tshedile, le tlhaga,” ebile le ka nna maatla a a gakgamatsang a go dira tshiamo mo matshelong a rona. (Baheb. 4:12) Fa re ithuta le go latela kaelo ya Lefoko la Modimo ka metlha, re tla kgona go ‘apara botho jo bosha jo bo bopilweng mo tshiamong le mo boikanyegong go ya ka thato ya Modimo.’ Maatla a a tlhotlheletsang megopolo ya rona a tla shafadiwa, mme re tla kgona go fetolwa ke go nna re baakanya megopolo ya rona, e le gore re iponele “mo e leñ go rata ga Modimo, mo go molemō, le mo go lebosègañ, le mo go itekanetseñ.”—Baef. 4:23, 24; Bar. 12:2.
5 Re ka ithuta mo gogolo ka go elatlhoko kafa batlhanka ba bangwe ba ba ikanyegang ba Modimo ba ileng ba solegelwa molemo ka gone ke go ithuta Lefoko la Modimo le go tlhatlhanya ka lone. Ka sekai, go kile ga nna le Moshe, ‘motho yo o bonolo go gaisa batho botlhe,’ yo ka metlha a neng a kgona go rutega a bile a iketleeleditse go ithuta. (Dipa. 12:3) Ka metlha re tshwanetse go nna le kanaanelo ya bopeloephepa ya bolaodi jwa ga Jehofa fela jaaka go ne go ntse ka ene. Moshe ke ene yo o neng a re: “[Jehofa], u nntse u le boagō yoa rona mo tshikatshikeñ cotlhe. E rile pele, dithaba di e se di tsalwe, le gōna e rile u e se u bope lehatshe le lobopō, hèla go cwa kwa bosasimologeñ le go ea kwa bosakhutleñ, ua bo u nntse u le Modimo hèla.” Moshe o ne a tlwaelane le botlhale jwa Modimo ka botlalo, ka gonne o ne a dirisiwa ke Jehofa go kwala dibuka tsa ntlha tsa Bibela. Ka gone, o ne a tlhaloganya gore go botlhokwa go batla botlhale jwa ga Jehofa letsatsi le letsatsi. Ka jalo he, o ne a rapela Modimo jaana: “Yalo u re rutè go bala malatsi a rona, gore re tlè re itseèlè pelo ea botlhale.” Ereka “malatsi a dinyaga tsa rona” a ka nna a nna makhutshwane, ya nna dingwaga di le 70, kana 80 “ka ntlha ea thata” fela, re tla bo re le botlhale fa re ka iphepa ka Lefoko la gagwe ka malatsi otlhe, ka gonne fa re dira jalo “bontlèntlè yoa ga Yehofa, Modimo oa rona” bo tla ‘nna mo go rona,’ fela jaaka bo ne bo ntse mo motlhankeng wa gagwe yo o ikanyegang Moshe.—Pes. 90:1, 2, 10, 12, 17.
6 A bo go le botlhokwa jang ne go tlhatlhanya ka malatsi otlhe ka Lefoko la Modimo! Jehofa o ne a phepafaletsa motlhatlhami wa ga Moshe, ebong Joshua seno, ka go mo raya a re: “U nnè thata hèla le pelokgale thata hèla, go tlhōkōmèla go diha kaha molaoñ otlhe, o Moshe motlhanka oa me o o gu laoletseñ; u se ka ua o hapoga ua ea kaha ntlheñ ea ye legolo kgotsa go ya molèma, gore u tlè u bōnè go segōhala sentlè kwa le kwa u eañ gōna. Lokwalō lo loa molaō, a lo se tlogè mo molomuñ oa gago, u akanyè mo go lōna motshegare le bosigo, gore u tlhōkōmèlè go diha kaha go cotlhe tse di kwadilweñ mo go lōna: gonne tsela ea gago e tla na le letlhōgōnōlō yalo, me u tla bōna go segōhala sentlè.” A go bala Molao wa ga Jehofa ka metlha ga ga Joshua go ne ga ‘atlegisa tsela ya gagwe’? Go bo Jehofa a ne a segofatsa letsholo la go ya kwa Kanana ga gagwe ka bopelokgale ke gone mo go nayang karabo ya seo.—Yosh. 1:7, 8; 12:7-24.
7 Gape, akanya ka Dafide yo o rategang, motho yo mongwe yo o neng a tseela botlhale jo bo tswang kwa go Jehofa kwa godimo. A bo a ile a bontsha kanaanelo e e tswang mo pelong ya “molaō,” “ditaeō,” “taolō,” le “dikatlholō” tsa ga Jehofa jang ne! Fela jaaka Dafide a ne a tlhalosa: “Di eletsèga bogolo go gouda, E, bogolo go gouda e ntsi, e e bontlè bogolo: di bile di botshe bogolo go dinotshe, le bogolo go lomepa loa dinotshe.” (Pes. 19:7-10) Setlhogo se se ipedisang seno se tlhalosiwa ka mo go oketsegileng ebile se boelediwa ke mopesalema yo mongwe ka tsela e ntle e e tshikinyang maikutlo mo Pesalemeng yotlhe ya bo 119. Fa re ntse re ithuta Lefoko la Modimo letsatsi le letsatsi re bo re tshela go ya ka kgakololo ya lone e e botlhale, ekete ka metlha re ka kgona go raya Jehofa re re: “Lehoko ya gago ke lobōnè loa dinaō tsa me, le lesedi ya tsela ea me. Dichupō tsa gago dia gakgamatsa: ke gōna ka mouō mōea oa me o di bolokañ.”—Pes. 119:105, 129.
8 Mo malatsing a boikanyegi jwa gagwe, morwa wa ga Dafide ebong Solomone le ene o ne a tshela tumalanong le Lefoko la Modimo, mme le mo mafokong a gagwe, re ka bona mafoko a a tlhotlheletsang a kanaanelo ao re tla bong re dira sentle fa re a dira a rona. Ka go bala Bibela letsatsi le letsatsi le go e dirisa, re tla kgona go tlhaloganya boteng jwa tlhaloso ya mafoko a ga Solomone ka botlalo a a reng: “Go tlhōgōnōlō motho eo o bōnañ botlhale, le motho eo o bapalañ tlhaloganyō. Boleele yoa malatsi bo mo seatleñ sa gagwè se se siameñ; mo seatleñ sa gagwè sa molèma go dikhumō le tlotlō. Ditsela tsa gagwè ke ditsela tsa monate, le ditselana tsa gagwè cotlhe ke kagishō. O setlhare sa botshelō mo go ba ba mo chwarañ: me go tlhōgōnōlō moñwe le moñwe eo o mo itshadisañ.” (Dia. 3:13, 16-18) Go ithuta Lefoko la Modimo letsatsi le letsatsi le go le utlwa go naya boitumelo jo bogolo jaanong, mmogo le tlhomamisego ya “boleele yoa malatsi”—eleng botshelo jo bosakhutleng mo lefatsheng la ga Jehofa le lesha.
9 Ba ba sa tshwanelang go tlodisiwa matlho gareng ga bao ba ileng ba ngomaela le go utlwa Dikwalo tse di tlhotlheleditsweng ke baperofeti ba ba ikanyegang ba Modimo. Ka sekai, Jeremia o ne a abetswe tiro e e thata fela thata. (Yer. 6:28) Jaaka a ne a bolela: “Lehoko ya ga Yehofa le dihilwe mo go nna kgōbō le setshègō, motshegare otlhe.” Mme o ne a nonotshitswe ke go bo a ne a ile a ithuta Lefoko la Modimo, ebile tota, ene ka boene o ne a dirisiwa go kwala dibuka tse nné tsa Dikwalo tse di tlhotlheleditsweng—Dikgosi wa Ntlha le wa Bobedi, Yeremia, le Dikhutsahalō. Jalo, go ne ga diragala eng fa go ne go lebega ekete Jeremia o fekeediwa ke go kgobega marapo mme a ne a akanya gore o ne a tla tlogela go rera “lehoko ya ga Yehofa”? A Jeremia ka boene a ikarabele: “Go bo go nne mo peduñ ea me ekete molelō o o shañ o cwalecwe mo marapoñ a me, me ke bile ke lapile ka go iphapaanya, ke be ke retelèlwe ke go ichōka.” O ne a patelesega go bua mafoko a ga Jehofa, mme fa a ne a dira jalo, o ne a bona gore Jehofa o ne a nna nae “yaka segañka, yaka eo o boitshègañ.” Fa re ithuta Lefoko la Modimo kwantle ga go kgaotsa, mo le felelang le ntse jaaka karolo ya rona fela jaaka go ne go ntse ka Jeremia, he maatla a ga Jehofa a a sa fenyegeng a tla nna le rona ka tsela e e tshwanang, mme re tla kgona go fenya sengwe le sengwe se se re kgoreletsang go tswelela re bua ka boikaelelo jwa Gagwe jo bo itumedisang kaga Bogosi.—Yer. 20:8, 9, 11.
10 Jaanong, go tweng ka sekao sa rona se segolo, ‘Moemedi yo Mogolo le Mosiamisi wa tumelo ya rona, Jesu’? A o ne a tlwaelane le Dikwalo tse di tlhotlheleditsweng fela jaaka go ne go ntse ka baperofeti botlhe le banna ba bangwe ba ba ikanyegang ba ba tshetseng pele ga gagwe? Eleruri ee, fela jaaka ditsopolo tsa gagwe le tsela ya botshelo jwa gagwe e e neng e dumalana le Dikwalo di bontsha ka phepafalo. O ne a itlisa go tla go dira thato ya ga Rraagwe mono lefatsheng leno ka go bo a ne a akantse ka Lefoko la Modimo le le reng: “Bōna, ke tsile: mo momenaganoñ oa lokwalō go kwadilwe kaga me, ga twe: Ke itumèla thata go diha go rata ga gago, Modimo oa me; E, molaō oa gago o mo teñ ga pelo ea me.” (Baheb. 12:2; Pes. 40:7, 8; Baheb. 10:5-7) Ka gone, Lefoko la Modimo le ne le na le seabe se segolo mo go itshepiseng Jesu ga ga Jehofa, kana go mo tshwaela tirelo ya gagwe. Jesu o ne a rapelela gore ekete balatedi ba gagwe le bone ba ka itshepisiwa: “Ba itshepisè mo boamarureñ: lehoko ya gago ke boamarure. Yaka u nthomile mo lehatshiñ, le nna ke romile bōnè yalo mo lehatshiñ. Me kea itshepisa ka ntlha ea bōnè, gore le bōnè ka bosi ba itshepisiwè mo boamarureñ.”—Yoh. 17:17-19.
11 Ereka balatedi ba ba tsetsweng ka moya le ba ba tloditsweng ba ga Jesu ba itshepisiwa “ka boamarure,” ba tshwanetse ‘go nnela rure mo lefokong la gagwe’ e le gore ba tle ba nne barutwa ba gagwe ba mmannete. (Yoh. 8:31) Ka gone, fa Petere a ne a kwalela “ba ba bonyeñ tumèlō,” o gatelela gore go tlhokega gore ba ithute ba bo ba tlhokomele Lefoko la Modimo ba sa kgaotse: “Me ka re, ke tla bo ke nntse ke iketleeleditse go lo gopodisa dilō tse, leha lo di itse, lo bile lo tlhōmame mo boamarureñ yo bo mo go lona.” (2 Pet. 1:1, 12) Dikgakololo tse di sa feleng, tse di tshwanang le tse di bonwang fa Lefoko la Modimo le balwa le bo le ithutiwa ka metlha, di botlhokwa gape le go botlhe ba ba solofelang go nna “boidiidi yo bogolo” bao Johane a neng a ba bona mo ponatshegelong morago ga a sena go tlhalosa batshwaiwa ba ba 144 000 ba ditso tsa Iseraele wa semoya. Ka gonne fa ba boidiidi jo bogolo jono ba sa nne ba nwa metse a botshelo a boammaaruri, ba ka kgona jang go nna ba “thèla loshalaba lo logolo, ba re, Poloka e nnè go Modimo oa rona o o dutseñ mo setuloñ sa bogosi, le go Kwana” sentle?—Tshen. 7:9, 10; 22:17.
12 Ga go na ka gope! Tsela fela ya go bona mosola o mogolo mo Dikwalong tse di tlhotlheleditsweng, tsela fela ya go bona poloko ya go tshela ka bosakhutleng, ke ka go ithuta Dikwalo tseo le go tshela tumalanong le tsone ka malatsi otlhe a go tshela ga rona. Re tshwanetse go tlhatlhanya ka Lefoko la Modimo gangwe le gape, re na le boikutlo jwa kanaanelo ya bopeloephepa e e tshwanang le e e neng ya tlhalosiwa ke mopesalema fa a ne a re: “Ke tla nna ke umaka ditihō tsa ga Yehofa; gonne ke tla gakologèlwa dikgakgamacō tsa bogologolo. Le gōna ke tla akanya tihō ea gago eotlhe.” (Pes. 77:11, 12) Go tlhatlhanya ka ‘ditiro tse di gakgamatsang le tiro’ tsa ga Jehofa le rona go tla re tlhotlheleletsa gore re tlhagafalele go dira ditiro tse di molemo, re lebile pele botshelong jo bosakhutleng. Boikaelelo jwa buka eno, eleng “Lokwalo Longwe le Longwe lo Tlhotlheleditswe ke Modimo Ebile lo Mosola,” ke go thusa mongwe le mongwe yo o ratang tshiamo gore a nne le seabe mo mesoleng ya bosaengkae le e e kgotsofatsang eo e bonwang ka go ithuta le go dirisa Lefoko la Modimo ka go sa kgaotse.
MO ‘METLHENG E E THATA’
13 Motlha ono wa segompieno ke o o thata go gaisa yotlhe mo hisitoring ya batho. Go na le dilo tse di senang palo tse di boitshegang tse di ka nnang tsa diragala mo go one. Eleruri, go ka bolelwa ka boammaaruri gore gone go tshela fela ga losika lwa batho go mo kotsing e e maswe. He, mafoko a ga moaposetoloi Paulo a tshwanetse fela thata a a reng: “Me itse seo se, go re, mo metlheñ ea bohèlō go tla tla dipaka tse di tlhokohatsañ. Gonne batho ba tla nna baithati, le barati ba madi, le babelahadi, le baipegi, le bakgadi, le ba ba sa utlweñ batsadi ba bōnè, le ba ba sa lebogeñ, le ba ba sa itshèpañ, Ba sena loratō loa tlhōlègō, e le ba ba sa ichwareleñ, e le bapateletsi, ba sena boithibō, ba le bogale, e se barati ba molemō gopè, E le baoki, e le ba ba tlhōgōethata, e le ba ba ikgogomosañ, e le barati ba dikgatlhègō, bogolo go go nna barati ba Modimo; E le ba ba chotseñ sechwanchō hèla sa poihōmodimo, me thata ea eōna ba e latotse: le bōnè bauō o kgaoganè nabō.”—2 Tim. 3:1-5.
14 Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go kgaogana le batho ba go nna jalo? Ka gonne tsela ya bone e e seng ya bomodimo e tloga e nyelediwa! Go na le moo, ekete, mmogo le batho ba dipelo tse di ikanyegang, re ka leba go thuto e e nayang botshelo ya Dikwalo tse di tlhotlheleditsweng, re dira gore Dikwalo tseno e nne motheo tota wa matshelo a rona a letsatsi le letsatsi. A re tlhwaeleng tsebe mafoko a ga Paulo go Timotheo yo mmotlana a a reng: “Me wèna u nnèlè rure mo diloñ tse u di ithutileñ le tse u di tlhomamisedicweñ.” (2 Tim. 3:14) Ee, re “nnèlè rure” mo go tsone, Paulo o bolela jalo. Fa re ntse re dira jalo, re tshwanetse ka boikokobetso re letle Dikwalo go re ruta, go re kgalemela, go re tlhamalaletsa dilo, le go re otlhaya ka tshiamo. Jehofa o itse se re se tlhokang, ka gonne megopolo ya gagwe e kwa godimo fela thata go feta megopolo ya rona. Ka Dikwalo tsa gagwe tse di tlhotlheleditsweng, o re bolelela se se leng mosola mo go rona e le gore re tle re tlhomelele ka botlalo le go iketleeleletsa go dira tiro nngwe le nngwe e e molemo ya go supa ka leina la gagwe le Bogosi. Paulo o naya kgakololo eno e e tlhomologileng mo mafokong a fa a tlhalosa “dipaka tse di thata” tse di tla nnang gone mo “metlheñ ea bohèlō”: “Lokwalō loñwe le loñwe lo lo kwadilweñ ka tlhotlheleco ea Modimo, lo bile lo molemō go ruta, le go kgalemèla, le go shokolola, le go kaèla ka tshiamō: Gore motho oa Modimo a tlè a nnè boitèkanèlō, a iketleeleletse rure tihō ñwe le ñwe e e molemō.” A rotlhe re falole dipaka tse di botlhoko tseno ka go reetsa kgakololo e e tlhotlheleditsweng.—2 Tim. 3:16, 17; Isa. 55:8-11.
15 Mokgele wa rona e tshwanetse go nna go utlwa Dikwalo tse di tlhotlheleditsweng. Motho wa ntlha o ne a wela mo sebeng le mo losong ka baka la go sa ikobele lefoko le molao wa ga Jehofa, mme “yalo losho loa hetèla mo bathuñ botlhe.” Ka jalo motho o ne a latlhegelwa ke tshono eo e ka bong e ile ya nna ya gagwe kwa Paradaiseng ya Edena ya go “tsaea le shōna setlhare sa botshelō, me a ya, me a tshela ka bosena bokhutlō.” (Bar. 5:12; Gen. 2:17; 3:6, 22-24) Mme Jehofa o tla dira gore “noka ea metse a botshelō, e [e galalelang] yaka legwèka” e elele go solegela molemo batho botlhe bao ba ineetseng mo go Ene ka kutlo ka baka la go utlwa ga ga Keresete le ka baka la setlhabelo sa ‘Kwana eno ya Modimo.’ Fela jaaka moaposetoloi Johane a ne a e bona mo ponatshegelong: “Moseya ono ga noka, le moseya ole, ga bo go le setlhare sa botshelō, se se uñwañ mauñō a le mehuta e le shomè le bobedi, se uñwa ka kgwedi ñwe le ñwe: me makakaba a setlhare e ne e le a a hodisañ merahe.”—Yoh. 1:29; Tshen. 22:1, 2; Bar. 5:18, 19.
16 Tsela ya go bona botshelo jo bosakhutleng e bulegetse batho gape. Ka jalo, go itumela ba ba tsayang tsia lokwalo lo lo tlhotlheleditsweng lo lo reng: “Ke gōna itshenkèlè botshelō, gore u tshelè, wèna le losika loa gago: Gore u ratè Yehofa Modimo oa gago, go inèla go utlwa lencwe ya gagwè, le go mo ñaparèla: gonne ke èna botshelō yoa gago, le bolele yoa malatsi a gago.” (Dute. 30:19, 20) A go bakwe Jehofa, Modimo le Rara wa Morena wa rona Jesu Keresete, yo o dirang paakanyetso eno ya go bona botshelo ka baka la setlhabelo sa Morwa wa gagwe le ka Bogosi jwa gagwe jo bosakhutleng. Abo re ipela ebile re leboga mo gogolo jang ne go bo re ka bala ra bo ra bala, ra ithuta ra bo ra ithuta gape, le go tlhatlhanya ka boammaaruri jono jwa botlhokwa, ka gonne eleruri ‘lokwalo longwe le longwe lo tlhotlheleditswe ke Modimo ebile lo mosola,’ lo isa botshelong jo bosakhutleng kwa legodimong kana mo lefatsheng la paradaise. (Yoh. 17:3; Baef. 1:9-11) Ka nako eo sengwe le sengwe e tla bo e le ‘boitshepelo Jehofa.’—Seka. 14:20; Tshen. 4:8.
[Dipotso Tsa Thuto]
1. Go tlhatlhobisa ga rona “lokwalō loñwe le loñwe” go re lemotshitse eng se se itumedisang?
2, 3. Setlhogo se se buang ka Losika se godisiwa jang mo Dikwalong tsotlhe?
4. Re ka bona molemo o mogolo jang mo Dikwalong tse di Boitshepo, mme ka ntlha yang?
5. Ke eng se re ka se ithutang mo boikutlong le sekao sa ga Moshe?
6. Rona, jaaka Joshua, re ka atlegisa tsela ya rona jang?
7. Dafide o ne a tlhalosa go anaanela botlhale jwa Modimo ga gagwe jang, mme kanaanelo e e tshwanang e tlhalosiwa jang mo go Pesalema 119?
8. Ke mafoko afe a ga Solomone a re tshwanetseng go a dira a rona?
9. Re ka bona kgothatso efe mo sekaong sa ga Jeremia?
10. Dikwalo di ne di na le seabe sefe mo botshelong jwa ga Jesu, mme ke eng se a neng a se rapelela barutwa ba gagwe?
11. (a) Petere o ne a gatelelela Bakeresete ba ba tloditsweng eng malebana le Lefoko la Modimo? (b) Ke ka ntlha yang fa go ithuta Bibela le gone go le botlhokwa mo go ba boidiidi jo bogolo?
12. Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go tlhatlhanya ka Lefoko la Modimo ka go sa kgaotse?
13. Re tshela mo ‘dipakeng dife tse di thata’?
14. Ponong ya dinako tse re tshelang mo go tsone, ke kgakololo efe ya ga Paulo e re tshwanetseng go e tsaya tsia?
15. (a) Go tlhoka kutlo go feletse ka eng? (b) Ke tshono efe e e itumedisang eo e ileng ya kgonega ka ntlha ya go utlwa ga ga Keresete?
16. Dikwalo tse di tlhotlheleditsweng di na le mosola ofe wa bosakhutleng?