Kgaolo ya Ntlha
Moporofeti wa Modimo o Tlisetsa Batho Lesedi
1, 2. Ke maemo afe a gompieno a a dirang gore batho ba le bantsi ba tlhobaele jaana?
RE TSHELA mo motlheng o go lebegang motho a kgona go dira mo e batlileng e le sengwe le sengwe fela. Go fofa kwa lefaufaung, boranyane jwa dikhomputara, go fetolwa ga dijini, mmogo le dikgopolo tse dingwe tse disha tsa saense di neetse lotso lwa batho dilo tse disha tse ba ka di dirang, mme seo se tlisitse tsholofelo ya botshelo jo bo botoka—gongwe e bile e le jo boleejana.
2 A kgatelopele e e ntseng jalo e dirile gore o se ka wa tlhoka go lotlela legae la gago? A e tlositse matshosetsi a ntwa? A e fodisitse malwetse kana ya tlosa kutlobotlhoko ya go swelwa ke mongwe yo o mo ratang? Le e seng! Kgatelopele ya batho, le fa e ka tswa e gakgamatsa go le kana kang, e na le mo e tlhaelang teng. Pego nngwe ya Worldwatch Insititute e bolela jaana: “Re setse re kgona go ya kwa ngweding, go dira di-silicon chip tse di maatla le go feta pele, le go tsenya batho dijini tsa batho ba bangwe. Mme ga re ise re kgone go naya batho ba le bilione [dimilione di le sekete] metsi a a phepa, le fa e le go fokotsa go fela ga mefuta e le diketekete ya ditshedi, kana go dirisa maatla a re a tlhokang re sa tshwenyane le loapi.” Go a utlwala go bo batho ba le bantsi ba tlhobaela fa ba akanya ka isagwe, ba sa itse tota gore ba ka leba kae go bona kgomotso le tsholofelo.
3. Go ne go ntse jang kwa Juda mo lekgolong la borobedi la dingwaga B.C.E.?
3 Seemo se re lebaneng le sone gompieno se tshwana le sa batho ba Modimo mo lekgolong la borobedi la dingwaga B.C.E. Ka nako eo, Modimo o ne a roma motlhanka wa gagwe Isaia go tlisetsa banni ba Juda molaetsa o o gomotsang, e leng sone se ba neng ba se tlhoka tota. Setšhaba se ne se faraferwe ke ditiragalo tse di tlisang pheretlhego. Mmusomogolo o o setlhogo wa Asiria o ne o tla tloga o tshwenya naga eno, o tsenya batho ba le bantsi tsebetsebe. Batho ba Modimo ba ne ba ka bona poloko kae? Ka molomo ba ne ba re ba ikanya Jehofa, mme ba ne ba tlhopha go ikanya batho.—2 Dikgosi 16:7; 18:21.
Lesedi le Phatsima mo Lefifing
4. Isaia o ne a romiwa go bolela molaetsa ofe o o gabedi?
4 Ka ntlha ya botsuolodi jwa Juda, Jerusalema e ne e tla senngwa, mme banni ba Juda ba ne ba tla isiwa botshwarwa kwa Babelona. Ee, dinako tsa mathata di ne di larile kwa pele. Jehofa o ne a laela moporofeti wa gagwe e bong Isaia gore a bolelele pele ka motlha ono o o boitshegang, mme gape O ne a mo laela gore a bolele dikgang tse di molemo. Bajuda ba ne ba tla gololwa mo botshwarong kwa Babelona morago ga dingwaga di le 70! Masalela a a itumetseng a ne a tla boela kwa Siona mme a nne le tshiamelo ya go tsosolosa kobamelo ya boammaaruri teng. Jehofa o ne a dirisa moporofeti wa gagwe go phatsimisa lesedi mo lefifing ka molaetsa ono o o itumedisang.
5. Ke ka ntlha yang fa Jehofa a ile a senola maikaelelo a gagwe nako e sa ntse e le kgakala jaana?
5 Juda o ne a swafadiwa go setse go fetile dingwaga di feta lekgolo Isaia a kwadile dipolelelopele tsa gagwe. Ke ka ntlha yang he, fa Jehofa a ile a senola maikaelelo a gagwe nako e sa ntse e le kgakala jaana? A batho ba ba neng ba ikutlwetse dipolelo tsa ga Isaia ba ne ba tla bo ba sa bolo go swa fa dipolelelopele tseo di diragadiwa? Go ntse jalo. Mme gone, ka ntlha ya dilo tse Jehofa a di senoletseng Isaia, batho ba ba neng ba tshela ka nako ya go senngwa ga Jerusalema ka 607 B.C.E. ba ne ba tla bo ba na le pego e e kwadilweng ya melaetsa ya ga Isaia ya boporofeti. Seno e ne e tla nna bosupi jo bo ka se ganediweng jwa gore Jehofa ke “Ene Yo o bolelang bokhutlo go tswa kwa tshimologong, le dilo tse di iseng di dirwe go tswa bogologolong.”—Isaia 46:10; 55:10, 11.
6. Ditsela dingwe tse Jehofa a gaisang batho botlhe ba ba bolelelang dilo pele ka tsone ke dife?
6 Jehofa ke ene fela a ka itlhalosang jalo ka tshwanelo. Motho a ka nna a kgona go bolelela pele isagwe e e fa gaufi a ikaegile ka se a se tlhaloganyang ka seemo sa bopolotiki le sa loago. Mme ke Jehofa fela a kgonang go bolelela pele a tlhomamisegile tota ka se se tla diragalang ka nako epe fela, tota le mo isagweng e e kwa kgakala. Gape a ka naya batlhanka ba gagwe maatla a gore ba bolelele ditiragalo pele di sa ntse di le kgakala thata le go diragala. Baebele e bolela jaana: “Morena Molaodimogolo Jehofa ga a kitla a dira sepe fa a sa senolela batlhanka ba gagwe, e bong baporofeti sephiri sa gagwe.”—Amose 3:7.
Go na Le “BoIsaia” ba le Kae?
7. Bakanoki ba le bantsi ba ile ba belaela jang kgang ya gore Isaia ke ene a kwadileng, mme ka ntlha yang?
7 Kgang ya boporofeti e ile ya dira gore bakanoki ba le bantsi ba belaele gore a Isaia ke ene a kwadileng. Batshwayadiphoso bano ba gatelela gore karolo ya bofelo ya buka eno e tshwanetse ya bo e kwadilwe ke mongwe yo o neng a tshela mo lekgolong la borataro la dingwaga B.C.E., e ka tswa e le ka nako ya botshwarwa jwa kwa Babelona kgotsa morago ga jone. Go ya ka bone, dipolelelopele tsa go swafadiwa ga Juda di ne tsa kwalwa fa di se na go diragala mme ka gone e ne e se dipolelelopele le e seng. Batshwayadiphoso bano gape ba bolela gore morago ga kgaolo 40, buka ya Isaia e bua jaaka e kete Babelona e ne e le yone puso e e busang, le gore Baiseraele ba ne ba le kwa botshwarwa teng. Ka jalo ba akanya gore motho ope yo o kwadileng karolo ya bofelo ya Isaia o tshwanetse a bo a e kwadile mo motlheng oo—mo lekgolong la borataro la dingwaga B.C.E. A go na le lebaka le le utlwalang la go akanya jalo? Legoka!
8. Dipelaelo tsa gore Isaia ke ene a kwadileng di simologile leng, mme di ne tsa anama jang?
8 Kgang ya go ganetsa gore Isaia ke ene a kwadileng e ne ya simolola mo lekgolong la bo12 la dingwaga C.E. E ne ya tla ka motlhalosi wa Mojuda e bong Abraham Ibn Ezra. Encyclopaedia Judaica ya re: “Fa a akgela ka Isaia, [Abraham Ibn Ezra] o bolela gore karolo ya bobedi, go tloga mo go kgaolo 40, e kwadilwe ke moporofeti mongwe yo o neng a tshela ka nako ya Botshwarwa kwa Babelona le kwa tshimologong ya nako ya go Boela kwa Siona.” Mo lekgolong la bo18 le la bo19 la dingwaga, megopolo ya ga Ibn Ezra e ne ya amogelwa ke bakanoki ba le mmalwa, go akaretsa Johann Christoph Doederlein, moithutabodumedi wa Mojeremane yo o neng a gatisa buka ya gagwe e e tshwayang Isaia diphoso ka 1775, mme ya gatisiwa la bobedi ka 1789. New Century Bible Commentary e akgela jaana: “Bakanoki botlhe, kwantle fela ga ba ba tshwarelelang thata mo dikgopolong tsa bogologolo, jaanong ba amogela ditlhaloso tsa ga Doederlein . . . tsa gore dipolelelopele tse di mo dikgaolong 40-66 tsa Isaia ga se mafoko a ga moporofeti Isaia wa lekgolo la borobedi la dingwaga mme a kwadilwe moragonyana ga motlha wa gagwe.”
9. (a) Buka ya Isaia e ile ya kgabetlelelwa jang? (b) Motlhalosi mongwe wa Baebele o sobokanya jang kganetsano e e leng teng malebana le gore Isaia e kwadilwe ke mang?
9 Le fa go ntse jalo, dipelaelo tsa gore buka ya Isaia e kwadilwe ke mang ga di a ka tsa felela foo. Kgopolo ya gore go na le Isaia wa bobedi—kana Deutero-Isaiah—e ne ya tlisa kgopolo ya gore go ka tswa go ne go na le mokwadi mongwe wa boraro.a Go tswa foo buka ya Isaia e ne ya kgabetlelelwa go ya pele, mo e leng gore mokanoki mongwe o bolela fa dikgaolo 15 le 16 di kwadilwe ke moporofeti mongwe yo o sa itsiweng, fa yo mongwe a belaela mokwadi wa dikgaolo 23 go ya go 27. Mme yo mongwe gape ene a re Isaia a ka se ka a bo a kwadile mafoko a a fitlhelwang mo dikgaolong 34 le 35. Ka ntlha yang? Ka gonne tshedimosetso ya teng e tshwana thata le e e fitlhelwang mo dikgaolong 40 go ya go 66, tse go neng go setse go tulwe di kwadilwe ke mongwe yo e seng Isaia wa lekgolo la borobedi la dingwaga! Motlhalosi wa Baebele e bong Charles C. Torrey o sobokanya ka bokhutshwane diphelelo tsa dikakanyo tseo. A re: “Yo pele e neng e le ‘Moporofeti wa kwa Botshwarwa’ yo mogolo e setse e le motho yo e seng wa sepe, mme o setse a batla a bipilwe gotlhelele ke mokoa wa manathonatho a buka eno e e kgabetleletsweng.” Le fa go ntse jalo, ga se bakanoki botlhe ba ba dumalanang le go kgabetlelelwa jalo ga buka ya Isaia.
Bosupi Jwa Gore go Mokwadi a le Mongwe
10. Naya sekai se le sengwe fela sa kafa go boaboelediwa ga dipolelwana tse di tshwanang go bontshang ka teng gore buka ya Isaia e kwadilwe ke motho a le mongwe fela.
10 Go na le mabaka a a utlwalang a go dumela gore buka ya Isaia e kwadilwe ke motho a le mongwe fela. Bosupi jo bongwe ke gore go boaboelediwa dipolelwana tse di tshwanang. Ka sekai, polelwana e e reng “Moitshepi wa Iseraele” e fitlhelwa ga 12 mo go Isaia kgaolo 1 go ya go 39 le ga 13 mo go Isaia kgaolo 40 go ya go 66, mme tsela eno e Jehofa a tlhalosiwang ka yone e fitlhelwa ga 6 fela mo dibukeng tse dingwe tsa Dikwalo Tsa Sehebera. Go dirisiwa kgapetsakgapetsa ga polelwana eno e e sa tlhageng thata mo dibukeng tse dingwe go bontsha gore Isaia e kwadilwe ke motho a le mongwe fela.
11. Ke dilo dife tse di tshwanang ka kgaolo 1 go ya go 39 le kgaolo 40 go ya go 66 tsa Isaia?
11 Go na le dilo tse dingwe gape tse di tshwanang ka Isaia kgaolo 1 go ya go 39 le kgaolo 40 go ya go 66. Dikarolo tseno ka bobedi di dirisa dikapuo dingwe tse di tshwanang tse di tlhomologileng kgapetsakgapetsa, tse di jaaka, mosadi yo o nang le ditlhabi tsa pelegi le “tsela” kana “tsela e kgolo.”b Gape go buiwa gangwe le gape ka “Siona,” lefoko le le dirisiwang ga 29 mo go kgaolo 1 go ya go 39 le a 18 mo go kgaolo 40 go ya go 66. E bile tota, Siona o umakiwa gantsi thata mo bukeng ya Isaia go feta mo bukeng epe e sele ya Baebele! Bosupi jo bo ntseng jalo, jaaka go bolela The International Standard Bible Encyclopedia, “bo dira gore buka eno e tlhomologe ka tsela e go leng thata go e tlhalosa” fa e le gore buka eno e kwadilwe ke bakwadi ba le babedi, ba le bararo kgotsa go feta.
12, 13. Dikwalo Tsa Bokeresete Tsa Segerika di bontsha jang gore buka ya Isaia e kwadilwe ke motho a le mongwe fela?
12 Bosupi jo bogolo go gaisa jotlhe jwa gore buka ya Isaia e kwadilwe ke motho a le mongwe fela bo fitlhelwa mo Dikwalong Tsa Bokeresete Tsa Segerika. Tsone di bontsha sentle gore Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba dumela gore buka ya Isaia e kwadilwe ke motho a le mongwe fela. Ka sekai, Luke o bua ka motlhankedi mongwe wa Moethiopia yo o neng a bala tshedimosetso e gompieno e fitlhelwang mo go Isaia kgaolo 53, yone karolo e batshwayadiphoso ba motlha wa gompieno ba reng e kwadilwe ke Deutero-Isaiah. Le fa go ntse jalo, Luke ene a re Moethiopia o ne a “balela moporofeti Isaia kwa godimo.”—Ditiro 8:26-28.
13 Go tswa foo, akanya ka mokwadi wa Efangele e bong Mathaio, yo o tlhalosang ka fa bodiredi jwa ga Johane Mokolobetsi bo neng bo diragatsa mafoko a boporofeti ka teng a jaanong a fitlhelwang mo go Isaia 40:3. Mathaio a re boporofeti jono bo kwadilwe ke mang? Ke Deutero-Isaiah mongwe yo o sa itsiweng? Nnyaa, o bolela fela gore bo kwadilwe ke “Isaia moporofeti.”c (Mathaio 3:1-3) Ka lekgetlho le lengwe, Jesu o ne a bala mo momenong mafoko a jaanong re a fitlhelang mo go Isaia 61:1, 2. Fa Luke a anela pego eno, a re: “A newa lokwalo lwa momeno lwa ga moporofeti Isaia.” (Luke 4:17) Mo lekwalong le Paulo a le kwaletseng Baroma, o umaka karolo ya ntlha mmogo le ya bofelo ya Isaia, mme le ka motlha ga a fe kgopolo ya gore mokwadi e ne e le mongwe o sele fa e se ene Isaia ka boene. (Baroma 10:16, 20; 15:12) Go bonala sentle gore Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba sa dumele gore buka ya Isaia e ne e kwadilwe ke batho ba le babedi, ba le bararo kgotsa go feta foo.
14. Memeno ya Lewatle le le Suleng e fa lesedi lefe malebana le kgang ya mokwadi wa Isaia?
14 Akanya gape le ka bosupi jwa Memeno ya Lewatle le le Suleng—mekwalo ya bogologolo, e bontsi jwa yone e kwadilweng pele ga motlha wa ga Jesu. Mokwalo mongwe wa seatla wa buka ya Isaia, o o bidiwang Momeno wa ga Isaia, o kwadilwe mo lekgolong la bobedi la dingwaga B.C.E., mme o ganetsa maiphako a batshwayadiphoso a gore mongwe yo go tweng Deutero-Isaiah o ne a simolola go kwala go tloga ka kgaolo 40. Jang? Mo mokwalong ono wa bogologolo, karolo e gompieno re itseng e le kgaolo 40 e simolola mo moleng wa bofelo wa kholomo nngwe, mme polelwana e e simololang e felela mo kholomong e e latelang. Go bonala sentle gore mokwalolodi o ne a sa itse sepe fela ka se se bolelwang sa gore karolo e e latelang e kwadilwe ke mongwe o sele kana gore buka e kgaogantswe foo.
15. Mokwalahisitori wa Mojuda wa lekgolo la ntlha la dingwaga e bong Flavius Josephus a reng kaga dipolelelopele tsa ga Isaia malebana le Kurose?
15 Labofelo, akanya ka bosupi jwa mokwalahisitori wa Mojuda wa lekgolo la ntlha la dingwaga e bong Flavius Josephus. Ga a bontshe fela gore dipolelelopele tse di mo go Isaia tse di malebana le Kurose di ne tsa kwalwa mo lekgolong la borobedi la dingwaga B.C.E. mme gape a re Kurose o ne a itse ka dipolelelopele tseno. Josephus o kwala jaana: “Kurose o ne a itse dilo tseno ka go bala buka ya boporofeti e Isaia a neng a sa bolo go e kwala dingwaga di le makgolo a mabedi le lesome pelenyana.” Go ya ka Josephus, go itse ga ga Kurose dipolelelopele tseno go ka tswa e bile go ile ga rotloetsa Kurose gore a dumele go busetsa Bajuda kwa nagagaeng ya bone, ka gonne Josephus o kwala gore Kurose o ne a “na le keletso e kgolo ya go dira se se neng se kwadilwe.”—Jewish Antiquities, Buka ya boXI, kgaolo 1, serapa 2.
16. Go ka tweng malebana le maiphako a batshwayadiphoso a gore mo karolong ya bofelo ya Isaia Babelona e tlhalosiwa e le puso e e setseng e laola?
16 Jaaka go umakilwe pelenyana, batshwayadiphoso ba le bantsi ba bolela gore go simolola mo go Isaia kgaolo 40 go ya pele, Babelona o tlhalosiwa e le yone puso e e laolang, e bile go buiwa ka Baiseraele ba setse ba ile botshwarwa. A seno se ka tswa se sa bontshe gore mokwadi o ne a tshela mo lekgolong la borataro la dingwaga B.C.E.? E seng jalo tota. Boammaaruri ke gore le eleng pele ga kgaolo 40 ya Isaia, Babelona e a tle e tlhalosiwe e le puso e e laolang ya lefatshe. Ka sekai, mo go Isaia 13:19, Babelona o bidiwa “mokgabiso wa magosi” kana jaaka Today’s English Version e e baya, “bogosi jo bontle go a feta otlhe.” Go bonala sentle gore mafoko ano ke a boporofeti, ka gonne Babelona ga e a ka ya nna mmuso wa lefatshe go fitlha morago ga dingwaga di feta lekgolo. Motshwayadiphoso mongwe o “rarabolola” selo seno se go tweng ke bothata ka go bolela fela gore Isaia 13 e kwadilwe ke mongwe o sele! Le fa go ntse jalo, mo boporofeting jwa Baebele, tota go tlwaelegile go bua ka ditiragalo tsa isagwe jaaka e kete di setse di diragetse. Mokgwa ono wa go kwala o gatelela gore boporofeti joo ruri bo tla diragadiwa. (Tshenolo 21:5, 6) Eleruri, Modimo wa boporofeti jwa boammaaruri ke ene fela a ka reng: “Ke bua dilo tse disha. Pele ga di simolola go tlhaga, ke dira gore lo di utlwe.”—Isaia 42:9.
Buka ya Boporofeti Jo bo Ka Ikanngwang
17. Go fetoga ga mokgwa wa go kwala go tloga mo go Isaia kgaolo 40 go ya pele go ka tlhalosiwa jang?
17 Ka gone he, bosupi bo re tlisa mo tshwetsong efe? Ya gore buka ya Isaia e kwadilwe ke motho a le mongwe fela yo o tlhotlheleditsweng. Buka eno yotlhe e ntse e fetisiwa go ralala makgolo a dingwaga e le buka e le nngwe, e seng tse pedi kgotsa go feta foo. Ke boammaaruri gore bangwe ba ka bolela gore mokgwa wa ga Isaia wa go kwala o a fetoga ka tsela nngwe go simolola mo go kgaolo 40 go ya pele. Le fa go ntse jalo, gakologelwa gore Isaia o ne a nna moporofeti wa Modimo ka dingwaga tse di fetang 46. Go ka lebelelwa gore mo nakong eo diteng tsa molaetsa wa gagwe, mmogo le tsela ya gagwe ya go fetisa molaetsa, e ne e tla fetoga. Eleruri, Modimo o ne a sa roma Isaia fela go bolela melaetsa e e bogale ya tlhagiso ka katlholo. Gape o ne a tshwanetse go bolela mafoko ano a ga Jehofa: “Gomotsang, gomotsang batho ba me.” (Isaia 40:1) Batho ba Modimo a dirileng kgolagano le bone ruri ba ne ba tla gomodiwa ke tsholofetso eno ya gore, morago ga dingwaga tse 70 Bajuda ba ile botshwarwa, ba ne ba tla busediwa nagagaeng ya bone.
18. Kgangkgolo ya buka ya Isaia e e tla tlhalosiwang mo kgatisong eno ke efe?
18 Go gololwa ga Bajuda kwa botshwarong jwa Babelona ke kgangkgolo ya dikgaolo di le dintsi tsa Isaia tse di tlhalosiwang mo bukeng eno.d Dingwe tsa dipolelelopele tseno di na le tiragatso ya motlha wa segompieno, jaaka re tla bona. Mo godimo ga moo, mo bukeng ya Isaia re fitlhela dipolelelopele tse di kgatlhang tse di neng tsa diragadiwa mo botshelong—le ka loso—lwa Morwa yo o tsetsweng a le esi wa Modimo. Eleruri, go ithuta dipolelelopele tsa botlhokwa tse di mo bukeng ya Isaia go tla solegela batlhanka ba Modimo molemo mmogo le batho ba bangwe lefatshe ka bophara. Dipolelelopele tseno, ruri ke lesedi la batho botlhe.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Mokwadi wa boraro yo o akanyediwang, yo go tweng o kwadile dikgaolo 56 go ya go 66, bakanoki ba mmitsa Trito-Isaiah.
b Mosadi yo o nang le ditlhabi tsa pelegi: Isaia 13:8; 21:3; 26:17, 18; 42:14; 45:10; 54:1; 66:7. “Tsela” kana “tsela e kgolo”: Isaia 11:16; 19:23; 35:8; 40:3; 43:19; 49:11; 57:14; 62:10.
c Mo dipegong tse di begang kgang eno, Mareko, Luke le Johane ba dirisa polelwana e e tshwanang.—Mareko 1:2; Luke 3:4; Johane 1:23.
d Dikgaolo tsa ntlha tse 40 tsa Isaia di tlhalositswe mo bukeng ya Boporofeti Jwa ga Isaia—Lesedi la Batho Botlhe I, e e gatisitsweng ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.
[Lebokoso mo go tsebe 9]
Bosupi Jwa Tshekatsheko ya go Fetoga ga Puo
Dipatlisiso tsa go fetoga ga puo—tse di tlhotlhomisang diphetogo tse dinnye tse di diragalang mo puong mo lobakeng lwa dingwaga di le dintsi—di naya bosupi jo bo oketsegileng jwa gore buka ya Isaia e kwadilwe ke motho a le mongwe fela. Fa e ne e le gore karolo nngwe ya Isaia e kwadilwe mo lekgolong la borobedi la dingwaga B.C.E. mme karolo e nngwe e kwadilwe dingwaga di le 200 moragonyana, karolo nngwe le nngwe e ne e tla dirisa Sehebera se se sa tshwaneng le sa e nngwe. Mme go ya ka patlisiso e e gatisitsweng mo Westminster Theological Journal, “bosupi jwa tshekatsheko ya go fetoga ga puo bo tshegetsa ka botlalo gore Isaia 40-66 e kwadilwe pele ga motlha wa botshwarwa.” Mokwadi wa patlisiso eno o konela jaana: “Fa bakanoki ba ba ratang go tshwaya diphoso ba tswelela ba tatalalela gore Isaia e tshwanetse ya bo e kwadilwe ka nako ya botshwarwa kgotsa morago ga jone, ba tla tshwanelwa ke go dira jalo go ntse go na le bosupi jo bo ganetsang seo jwa tshekatsheko ya go fetoga ga puo.”
[Setshwantsho mo go tsebe 11]
Karolo ya Momeno wa Lewatle le le Suleng wa Isaia. Bofelo jwa kgaolo 39 bo supilwe ka letshwao la motsu
[Ditshwantsho mo go tsebe 12, 13]
Isaia o bolelela pele go gololwa ga Bajuda dingwaga di le 200 pele ga go diragala