Kgaolo ya Bobedi
Mafoko a a Gomotsang a Boporofeti A a Go Amang
1. Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse ra kgatlhegela boporofeti jwa ga Isaia?
ISAIA o ne a kwala buka e e bidiwang ka leina la gagwe dingwaga di ka nna 3 000 tse di fetileng, mme e mosola tota mo go rona gompieno. Re ka ithuta melaometheo ya botlhokwa mo ditiragalong tsa hisitori tse a di kwadileng. Mme re ka nonotsha tumelo ya rona ka go ithuta boporofeti jo a bo kwadileng ka leina la ga Jehofa. Ee, Isaia e ne e le moporofeti wa Modimo yo o tshelang. Jehofa o ne a mo tlhotlheletsa go kwala hisitori go sa le gale—go tlhalosa ditiragalo di ise di diragale. Ka jalo Jehofa o ne a bontsha gore a ka bolelela isagwe pele e bile a ka e rulaganya. Fa Bakeresete ba boammaaruri ba se na go ithuta buka ya Isaia, ba dumela ba se na pelaelo gore Jehofa o tla diragatsa sotlhe se a se solofeditseng.
2. Seemo e ne e le sefe kwa Jerusalema fa Isaia a ne a kwala buka ya gagwe ya boporofeti, mme go ne go tla nna le phetogo efe?
2 Fa Isaia a ne a wetsa go kwala boporofeti jwa gagwe, Jerusalema e ne e falotse matshosetsi a Asiria. Tempele e ne e sa ntse e eme, mme batho ba ne ba dira ditiro tsa bone tsa letsatsi le letsatsi fela jaaka ba ne ba ntse ba di dira ka makgolo a dingwaga. Le fa go ntse jalo, seemo seo se ne se tla fetoga. Go ne go tla tla nako ya gore khumo ya dikgosi tsa Bajuda e tseelwe kwa Babelona mme makawana a Bajuda a nne batlhankedi kwa motseng oo.a (Isaia 39:6, 7) Seno se ne se tla diragala dingwaga di feta 100 moragonyana.—2 Dikgosi 24:12-17; Daniele 1:19.
3. Isaia kgaolo 41 e na le molaetsa ofe?
3 Le fa go ntse jalo, molaetsa wa Modimo o a o fetisitseng ka Isaia, ga se molaetsa wa matlhotlhapelo fela. Kgaolo 40 ya buka ya gagwe e simolola ka lefoko “Gomotsang.”b Bajuda ba ne ba tla gomodiwa ke go tlhomamisediwa gore bone kgotsa bana ba bone ba ne ba tla kgona go boela kwa nagagaeng ya bone. Kgaolo 41 e tsweletsa molaetsa o o gomotsang oo le go bolelela pele gore Jehofa o ne a tla dira gore go nne le kgosi e e maatla e e neng e tla diragatsa maikaelelo a Modimo. E na le dikgothatso e bile e re rotloetsa gore re ikanye Modimo. Gape e senola gore medimo ya maaka e batho ba ditšhaba ba e ikanyang ga e na maatla. Dilo tseno tsotlhe di ka nonotsha tumelo tota, mo motlheng wa ga Isaia le mo motlheng wa rona.
Jehofa o Gwetlha Ditšhaba
4. Jehofa o gwetlha ditšhaba ka mafoko afe?
4 Jehofa o bolela jaana a dirisa moporofeti wa gagwe: “Ntirelang ka tidimalo, lona ditlhaketlhake; mme a ditlhopha tsa ditšhaba di nne le maatla gape. A di atamele. A di bue ka nako eo. A re atameleng mmogo kwa katlholong.” (Isaia 41:1) Jehofa o dirisa mafoko ano go gwetlha ditšhaba tse di ganetsang batho ba gagwe. A ba eme fa pele ga gagwe mme ba ipaakanyetse go bua! Jaaka re tla bona moragonyana, Jehofa o laela, jaaka e kete ke moatlhodi mo kgotlatshekelong, gore ditšhaba tseno di neye bosupi jwa gore medingwana ya tsone ruri ke medimo. A medimo eno e ka bolelela pele gore baobamedi ba yone ba tlile go bolokwa kana gore baba ba bone ba tlile go atlholwa? Fa go ntse jalo, a ba ka diragatsa dipolelelopele tse di ntseng jalo? Karabo ke nnyaa. Jehofa ke ene fela a ka dirang dilo tseno.
5. Tlhalosa kafa dipolelelopele tsa ga Isaia di sa diragadiweng ka tsela e le nngwe fela ka teng.
5 Fa re ntse re tlhatlhoba boporofeti jwa ga Isaia, a re gopoleng gore mafoko a gagwe, jaaka go ntse ka dipolelelopele di le dintsi tsa Baebele, ga a diragadiwe ka tsela e le nngwe fela. Ka 607 B.C.E., Juda o tla ya botshwarwa kwa Babelona. Le fa go ntse jalo, boporofeti jwa ga Isaia bo senola gore Jehofa o tla golola Baiseraele ba ba isitsweng botshwarwa teng. Seno se diragala ka 537 B.C.E. Go gololwa jalo go ile ga tshwana le se se neng sa direga mo masimologong a lekgolo la bo20 la dingwaga. Ka ntwa ya ntlha ya lefatshe, batlhanka ba ga Jehofa ba ba tloditsweng ba ba mo lefatsheng ba ile ba feta mo motlheng wa mathata. Ka 1918 kgatelelo e e tswang mo lefatsheng la ga Satane—e e neng e tlhotlhelediwa ke Labokeresete e re ka e le karolo ya konokono ya Babelona o Mogolo—e ne ya batla e emisa tiro ya go rera dikgang tse di molemo gotlhelele. (Tshenolo 11:5-10) Batlhankedi bangwe ba ba eteletseng pele ba Mokgatlho wa Watch Tower ba ne ba latlhelwa mo kgolegelong ka melato e e itlhametsweng. Go ne go lebega jaaka e kete lefatshe le ne le fentse mo ntweng ya lone kgatlhanong le batlhanka ba Modimo. Go tswa foo, fela jaaka go ile ga diragala morago kwa ka 537 B.C.E., Jehofa o ne a ba golola go sa lebelelwa. Ka 1919 batlhankedi ba ba neng ba tlhatlhetswe ba ne ba gololwa, mme moragonyana melato e ba neng ba e lebisitswe e ne ya phimolwa. Kopano e kgolo ya kwa Cedar Point, Ohio, ka September 1919 e ile ya rotloetsa batlhanka ba ga Jehofa go boela mo tirong ya go rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi. (Tshenolo 11:11, 12) Fa e sa le ka nako eo go fitlha jaanong, bogolo jwa tiro eo ya go rera bo oketsegile ka tsela e e gakgamatsang. Mo godimo ga moo, mafoko a le mantsi a ga Isaia a tla diragadiwa ka tsela e e molemolemo mo lefatsheng le le tlang la Paradaise. Ka ntlha ya seo, mafoko a ga Isaia a bogologolo a ama ditšhaba tsotlhe le batho ba mefuta yotlhe gompieno.
Go Bidiwa Mogolodi
6. Moporofeti o tlhalosa jang motho yo o tlileng go fenya mo isagweng?
6 Jehofa o dirisa Isaia go bolelela pele mofenyi yo o tla namolang batho ba Modimo mo go Babelona a bo a tlisa katlholo mo babeng ba bone. Jehofa o botsa jaana: “Ke mang yo o kurusitseng mongwe go tswa kwa botlhabatsatsi? Ke mang yo o neng a mmiletsa mo dinaong tsa Gagwe ka tshiamo, gore a mo neye ditšhaba, le go dira gore a fenye dikgosi? Ke mang yo o neng a nnela go ba neelela tšhaka ya gagwe jaaka lorole, mo ba kgokgweeditsweng jaaka serite fela ka bora jwa gagwe? Ke mang yo o neng a nnela go ba latelela, a nnela go fetela pele ka kagiso ka dinao mo tselaneng e a neng a sa tla ka yone? Ke mang yo o ntseng a le matlhagatlhaga e bile a dirile seno, a tlhaeletsa dikokomana go tswa kwa tshimologong? Nna Jehofa, Wa Ntlha; le mo go ba bofelo ke ntse ke le ene yoo.”—Isaia 41:2-4.
7. Mofenyi yo o tlang ke mang, mme o atlega go dira eng?
7 Ke mang yo o tla kurusiwang go tswa kwa mafelong a botlhabatsatsi? Dinaga tsa Medo-Persia le Elama di kwa botlhaba jwa Babelona. Kurose wa Moperesia o gwanta go tswa koo, mmogo le sesole sa gagwe se se nonofileng. (Isaia 41:25; 44:28; 45:1-4, 13; 46:11) Le fa Kurose e se moobamedi wa ga Jehofa, o dira tumalanong le thato ya ga Jehofa, Modimo yo o tshiamo. Kurose o fenya dikgosi, mme di phatlaladiwa jaaka lorole fa pele ga gagwe. E re ka a batla go fenya, o feta “ka kagiso,” kana ka pabalesego, mo ditseleng tse ka tlwaelo go sa tsamaiweng ka tsone, a fenya dikgoreletsi tsotlhe. Ka ngwaga wa 539 B.C.E., Kurose o fitlha kwa motseng o o nonofileng wa Babelona a bo a o fenya. Seo se felela ka gore batho ba Modimo ba gololwe gore ba kgone go boela kwa Jerusalema ba ya go tlhoma kobamelo e e itshekileng sesha.—Esera 1:1-7.c
8. Ke eng se e leng Jehofa fela yo o ka se dirang?
8 Ka jalo, Jehofa o dirisa Isaia go bolelela pele go nna gone ga ga Kurose lobaka lo loleele pele kgosi eo e tsholwa. Modimo wa boammaaruri ke ene fela a ka porofetang selo se se ntseng jalo ka nepo. Jehofa ga a na ope yo a lekanang le ene mo medimong ya maaka ya ditšhaba. Jehofa o bolela jaana ka lebaka le le utlwalang: “Ga nkitla ke naya ope o sele kgalalelo ya me.” Ke Jehofa fela a ka bolelang jaana ka tshwanelo: “Ke nna wa ntlha e bile ke nna wa bofelo, mme kwantle ga me ga go na Modimo ope.”—Isaia 42:8; 44:6, 7.
Ditšhaba Tse di Tshogileng di Ikanya Medingwana
9-11. Ditšhaba di itshwara jang fa Kurose a tla?
9 Jaanong Isaia o tlhalosa kafa ditšhaba di tla itshwarang ka teng malebana le motho yono yo e tlileng go nna mofenyi: “Ditlhaketlhake di ne tsa bona mme tsa simolola go boifa. Dintlha tsa lefatshe di ne tsa simolola go roroma. Di ne tsa atamela mme tsa nna tsa tla. Mongwe le mongwe o ne a thusa molekane wa gagwe, mme mongwe a reye morwarraagwe a re: ‘Nonofa.’ Ka jalo modiri yo o setswerere o ne a nonotsha mothudi wa tshipi; yo o rethefatsang ka noto ya go thula a nonotsha ene yo o kokotelang lentswetshipi, a bolela jaana kaga go lomaganngwa: ‘Go molemo.’ La bofelo mongwe a le kokotela ka dimapo gore le se ka la reketlisiwa.”—Isaia 41:5-7.
10 Jehofa o lebile ditiragalo tsa lefatshe dingwaga di ka nna 200 pele ga di diragala. Masole a a nonofileng a a okametsweng ke Kurose a feta ka bofefo, a fenya baganetsi botlhe. Ditšhaba—tota le banni ba ditlhaketlhake, ba ba kwa mafelong a a kwa kgakala—ba a tshoga fa a atamela. Ba kopana mmogo ka poifo ba ganetsa ene yo Jehofa a mmiditseng go tswa kwa botlhaba go tla go diragatsa katlholo. Ba leka go kgothatsana, ba re: “Nonofa.”
11 Babetli ba dira mmogo go bopa medimo ya ditshwantsho e e tla gololang batho. Mmetli wa logong o dira setshwantsho sa logong, a bo a kgothaletsa modirikagouta go se manega ka metale nngwe, gongwe gouta. Moseti o seta metale ono gore o sale o le borethe a bo a dumelela gore se ka lomaganngwa. Gongwe go buiwa ka tsela ya tshotlo fa go umakwa gore se kokotelwa ka dimapo gore se se ka sa reketla kgotsa sa bontsha bokoa jaaka setshwantsho sa modingwana Dagone se se neng sa wela fa pele ga letlole la ga Jehofa.—1 Samuele 5:4.
Lo se Ka Lwa Boifa!
12. Jehofa o kgothatsa Iseraele jang?
12 Jaanong Jehofa o lebisa tlhokomelo ya gagwe mo bathong ba gagwe. Ba ba ikanyang Modimo wa boammaaruri ga ba a tshwanela go boifa ka gope jaaka ditšhaba tse di ikanyang medingwana e e sa tsheleng. Jehofa o simolola go ba kgothatsa ka go ba gakolola gore Iseraele ke bana ba ga Aborahame tsala ya gagwe. Isaia o dirisa mafoko a a bonolo tota go bega mafoko a ga Jehofa: “Wena Iseraele, o motlhanka wa me, wena Jakobe, yo ke mo tlhophileng, losika lwa ga Aborahame tsala ya me; wena, yo ke go tshwereng go tloga kwa dintlheng tsa lefatshe, le wena, yo ke go biditseng go tswa kwa dikarolong tse di kwa kgakala tsa lone. Mme ka go raya ka re, ‘O motlhanka wa me; ke go tlhophile, mme ga ke a go gana. O se ka wa boifa, gonne ke na le wena. O se ka wa leba kwa le kwa, gonne ke Modimo wa gago. Ke tla go thatafatsa. Ke tla go thusa tota. Ruri ke tla go ngangatlela ka thata ka seatla sa me sa moja sa tshiamo.’”—Isaia 41:8-10.
13. Ke ka ntlha yang fa mafoko a ga Jehofa a tla gomotsa Bajuda ba ba kwa botshwarwa?
13 A bo mafoko ano a tla gomotsa Bajuda ba ba ikanyegang jang ne, ba ba isitsweng botshwarwa kwa nageng e sele! A bo go tla ba kgothatsa jang ne go utlwa Jehofa a ba bitsa “motlhanka wa me” ka nako ya fa e tla bo e le batshwarwa, batlhanka ba kgosi kwa Babelona! (2 Ditiragalo 36:20) Le fa gone Jehofa a tla ba otlhaya ka gonne ba sa ikanyege, ga a kitla a ba latlha. Iseraele ke wa ga Jehofa, ga se wa Babelona. Go tla bo go se na lebaka la gore batlhanka ba Modimo ba rorome fa Kurose yo o fenyang a tla. Jehofa o tla bo a na le batho ba gagwe gore a ba thuse.
14. Mafoko a Jehofa a a bolelelang Iseraele a gomotsa batlhanka ba Modimo jang gompieno?
14 Mafoko ao a ile a kgothatsa batlhanka ba Modimo le go ba nonotsha go tla go fitlha le mo motlheng wa rona tota. Morago kwa ka 1918 ba ne ba eletsa go itse gore thato ya ga Jehofa ka bone ke eng. Ba ne ba eletsa go gololwa mo seemong sa bone sa botshwarwa jwa semoya. Gompieno re eletsa go tswa mo mathateng a re a tlisediwang ke Satane, lefatshe le go sa itekanelang ga rona. Mme re itumelela gore Jehofa o itse gore ke leng le gone ke jang a tshwanetseng go tsaya kgato go thusa batho ba gagwe. Fela jaaka bana ba bannye, re itshwarelela ka seatla sa gagwe se se nonofileng re tshepa gore o tla re thusa go itshoka. (Pesalema 63:7, 8) Jehofa o rata batho ba ba mo direlang. Gompieno o re tshegetsa fela jaaka a ile a tshegetsa batho ba gagwe mo metlheng e e thata ya 1918-1919 le fela jaaka a ile a tshegetsa Baiseraele ba ba ikanyegang bogologolo.
15, 16. (a) Go tla diragalang ka baba ba Iseraele, mme Iseraele o tshwana le seboko ka ditsela dife? (b) Mafoko a ga Jehofa a kgothatsa thata gompieno malebana le tlhaselo efe e e tlang?
15 Ela tlhoko se Jehofa a se buang ka Isaia go tswa foo: “‘Bona! Botlhe ba ba go galefelang ba tla tlhabiwa ke ditlhong e bile ba tla kokobediwa. Banna ba ba omanang le wena ba tla fetoga go nna lefela e bile ba tla nyelela. O tla ba batla, mme ga o kitla o ba bona, banna bao ba ba lwang le wena. Ba tla nna jaaka sengwe se se seyong le jaaka lefela, banna bao ba ba lwang le wena. Gonne nna, Jehofa Modimo wa gago, ke tshwere seatla sa gago sa moja, Nna yo ke go rayang ke re, “O se ka wa boifa. Nna ke tla go thusa.” O se ka wa boifa, wena Jakobe seboko, lona banna ba Iseraele. Nna ke tla go thusa,’ go bua Jehofa, le Morekolodi wa gago, Moitshepi wa Iseraele.”—Isaia 41:11-14.
16 Baba ba Iseraele ga ba kitla ba fenya. Ba ba galefetseng Iseraele ba tla tlhabiwa ke ditlhong. Ba ba mo lwantshang ba tla nyelela. Le fa Baiseraele ba ba kwa botshwarwa ba lebega ba le bokoa e bile ba se na maatla fela jaaka seboko se se nyokologang mo leroleng, Jehofa o tla ba thusa. A bo seno se ile sa kgothatsa jang ne “mo metlheng ya bofelo” jaaka Bakeresete ba boammaaruri ba ntse ba lebane le letlhoo le le tseneletseng la batho ba bantsi jaana mo lefatsheng! (2 Timotheo 3:1) Mme a bo tsholofetso ya ga Jehofa e kgothatsa jang ne fa re akanya ka tlhaselo e e tlang ya ga Satane, yo boporofeti bo mmitsang “Gogo wa lefatshe la Magogo”! Mo tlhaselong e e matlhomahibidu ya ga Gogo, batho ba ga Jehofa ba tla lebega ba se na se ba iphemelang ka sone fela jaaka seboko—batho ‘ba ba ntseng ba se na lobota’ e bile ba se na “le fa e le mophakalego le ditswalo.” Le fa go ntse jalo batho ba ba solofetseng mo go Jehofa ga ba ne ba tlhoka go roroma ka ntlha ya poifo. Mothatayotlhe ka boene o tla lwa gore a ba golole.—Esekiele 38:2, 11, 14-16, 21-23; 2 Bakorintha 1:3.
Iseraele o a Gomodiwa
17, 18. Isaia o tlhalosa jang go newa maatla ga Iseraele, mme re ka tlhomamisega ka go diragadiwa gofe?
17 Jehofa o tswelela pele go gomotsa batho ba gagwe: “Bona! Ke go dirile selei se se phothang, sedirisiwa se sesha se se phothang se se nang le meno a a magalemabedi. O tla gataka dithaba o di thubaganye; le dithota o tla di dira fela jaaka mmoko. O tla di olosa, mme di tla pheulwa ke phefo, le phefo ya matsubutsubu e tla di phatlalatsa. Mme wena o tla ipela mo go Jehofa. O tla ipelafatsa mo Moitsheping wa Iseraele.”—Isaia 41:15, 16.
18 Iseraele o tla newa maatla a gore a tseye kgato, a bo a fenye baba ba gagwe ka tsela ya semoya ba ba ntseng jaaka dithaba. Fa Iseraele a boa kwa botshwarwa, o tla fenya baba ba ba lekang go thibela go agiwa sesha ga tempele le ga dipota tsa Jerusalema. (Esera 6:12; Nehemia 6:16) Le fa go ntse jalo, mafoko a ga Jehofa a tla diragadiwa ka tsela e kgolwane mo go “Iseraele wa Modimo.” (Bagalatia 6:16) Jesu o solofetsa Bakeresete ba ba tloditsweng jaana: “Yo o fenyang a ba a boloka ditiro tsa me go fitlha kwa bokhutlong ke tla mo naya taolo godimo ga ditšhaba, mme o tla disa batho ka thobane ya tshipi mo ba tla thubegang dikarolwana jaaka dijana tsa letsopa, fela jaaka ke amogetse mo go Rre.” (Tshenolo 2:26, 27) Ruri nako e tla tla e ka yone bomorwarraagwe Keresete ba ba tsoseditsweng mo kgalalelong ya selegodimo ba tla nnang le seabe fa go senngwa baba ba ga Jehofa Modimo.—2 Bathesalonika 1:7, 8; Tshenolo 20:4, 6.
19, 20. Isaia o kwala eng kaga go tsosolosediwa ga Iseraele kwa lefelong la bontle, mme seno se diragadiwa jang?
19 Ka puo ya tshwantshetso, Jehofa jaanong o gatelela tsholofetso ya gagwe ya go tlisetsa batho ba gagwe thuso. Isaia o kwala jaana: “Ba ba bogisiwang le ba ba humanegileng ba senka metsi, mme ga a yo. Loleme lwa bone lo omile ka ntlha ya lenyora. Nna Jehofa, ke tla ba araba. Nna, Modimo wa Iseraele, ga nkitla ke ba tlogela. Ke tla bula dinoka mo dithoteng tse di lolea, mme mo mabaleng a mekgatšha ke tla bula metswedi. Ke tla dira naga mogobe wa metsi o o tletseng lotlhaka, mme lefatshe le le se nang metsi ke tla le dira metswedi ya metsi. Mo nageng ke tla baya setlhare sa mosedara, mokala le moretela le setlhare sa leokwane. Mo lebaleng le le sekaka ke tla baya setlhare sa mofira, setlharesetuba le mokuperese ka nako e le nngwe; gore batho ba tle ba bone ba bo ba itse le go tsaya tsia le go lemoga ka nako e le nngwe fela, gore seatla sa ga Jehofa se dirile seno, le Moitshepi wa Iseraele o se bopile.”—Isaia 41:17-20.
20 Le fa Baiseraele ba ba kwa botshwarwa ba nna mo motsemoshate wa mmusomogolo wa lefatshe o o humileng, mo go bone o ntse jaaka sekaka se se se nang metsi. Ba ikutlwa jaaka Dafide fa a ne a iphitlhetse Kgosi Saulo. Ka 537 B.C.E., Jehofa o ba bulela tsela ya go boela kwa Juda go ya go aga tempele ya gagwe sesha kwa Jerusalema, ka jalo ba tsosolosa kobamelo e e itshekileng. Jehofa le ene o a ba segofatsa. Mo boporofeting jo bo latelang, Isaia o bolelela pele jaana: “Jehofa ruri o tla gomotsa Siona. Ruri o tla gomotsa mafelo a gagwe otlhe a a swafetseng, mme o tla dira naga ya gagwe gore e tshwane le Edene le lebala la gagwe le le sekaka gore le tshwane le tshingwana ya ga Jehofa.” (Isaia 51:3) Seno se diragala tota fa Bajuda ba sena go boela kwa nagagaeng ya bone.
21. Ke tsosoloso efe e e neng ya diragala mo metlheng ya segompieno, mme go tla diragala eng mo isagweng?
21 Go ne ga diragala sengwe se se tshwanang mo metlheng ya segompieno fa Kurose yo Mogolwane, Keresete Jesu, a ne a golola balatedi ba gagwe ba ba tloditsweng mo botshwarong jwa semoya gore ba kgone go tsosolosa kobamelo e e itshekileng. Batho bao ba ba ikanyegang ba ne ba segofadiwa ka paradaise e e nonneng ya semoya, tshingwana ya tshwantshetso ya Edene. (Isaia 11:6-9; 35:1-7) Go ise go ye kae, fa Modimo a fedisa baba ba gagwe, lefatshe lotlhe le tla fetolwa paradaise ya mmatota, fela jaaka Jesu a ne a solofetsa modirabosula mo thupeng.—Luke 23:43.
Kgwetlho e e Lebaneng Baba ba Iseraele
22. Jehofa o gwetlha ditšhaba ka mafoko afe gape?
22 Jaanong Jehofa o boela mo kgannyeng ya gagwe le ditšhaba le medimo ya tsone ya ditshwantsho: “‘Tlisang kgang ya lona ya kganetsano,’ go bua Jehofa. ‘Ntshang mabaka a lona,’ go bua Kgosi ya ga Jakobe. ‘Ntshang lo bo lo re bolelele dilo tse di tlileng go diragala. Dilo tsa ntlha—gore e ne e le eng—a ko lo boleleng, gore re tle re tlhome pelo ya rona mme re itse isagwe ya tsone. Kgotsa lo dire gore re utlwe le dilo tse di tlang. Bolelang dilo tse di tla latelang morago ga moo, gore re tle re itse gore lo medimo. Ee, lo tshwanetse lwa dira molemo kgotsa lwa dira bosula, gore re tle re lebe kwa le kwa re bo re go bone ka nako e le nngwe. Bonang! Lo sengwe se se seyong, le se lo se fitlheletseng ga se sepe. Motho ope fela yo o lo tlhophang o makgapha.’” (Isaia 41:21-24) A medimo ya ditšhaba e kgona go porofeta ka nepo mme ka jalo e supe gore e na le kitso e e fetang e e tlwaelegileng? Fa go ntse jalo, ruri go tshwanetse ga nna le matswela, e ka tswa e le a a molemo kana a a bosula, go tshegetsa maiphako a bone. Le fa go ntse jalo, tota medimo ya ditshwantsho ga e kgone go dira sepe e bile go tshwana fela le fa e seyo.
23. Ke ka ntlha yang fa Jehofa ka baporofeti ba gagwe a ne a kgala medingwana kgapetsakgapetsa jaana?
23 Mo motlheng wa rona batho bangwe ba ka ipotsa gore ke ka ntlha yang fa Jehofa, a dirisa Isaia le baporofeti ba bangwe, a ile a dirisa nako e ntsi jaana a kgala boeleele jwa kobamelo ya medingwana. Gompieno batho ba le bantsi ba ka bona fela gore medingwana e e itiretsweng ga e na mosola. Le fa go ntse jalo, fa tsamaiso ya tumelo ya maaka e setse e itshetletse e bile e amogelwa gongwe le gongwe, go thata go e ntsha mo megopolong ya batho ba ba e dumelang. Ditumelo di le dintsi tse di leng teng gompieno ke tsa boeleele fela jaaka tumelo ya gore ditshwantsho tse di sa tsheleng tota ke medimo. Le fa go ntse jalo, batho ba ngaparela ditumelo tse di ntseng jalo le fa go na le mabaka a a utlwalang kgatlhanong le tsone. Fa bangwe ba utlwa boammaaruri kgapetsakgapetsa ke gone fela ba lemogang mosola wa go ikanya Jehofa.
24, 25. Jehofa o boa gape a umaka Kurose jang, mme seno se re gopotsa boporofeti bofe jo bongwe?
24 Jehofa o boa gape o lebisa kgang kwa go Kurose: “Ke kurusitse mongwe go tswa kwa bokone, mme o tla tla. O tla bitsa leina la me go tswa kwa botlhabatsatsi. Mme o tla tla mo bathusing ba mmusi jaaka e kete ke letsopa le jaaka mmopi wa letsopa a gataka letsopa le le bongola.” (Isaia 41:25)d Go fapaana le medimo ya ditšhaba, Jehofa o kgona go diragatsa dilo. Fa a lere Kurose go tswa kwa botlhaba, “kwa botlhabatsatsi,” Modimo o tla bontsha gore o kgona go bolelela pele a bo a rulaganya isagwe gore e diragatse polelelopele ya gagwe.
25 Mafoko ano a re gopotsa tlhaloso ya ga moaposetoloi Johane ya boporofeti ya dikgosi tse di neng di tla kurusediwa go tsaya kgato mo motlheng wa rona. Fa re bala mo go Tshenolo 16:12 re utlwa gore “dikgosi tse di tswang botlhabatsatsi” di tla baakanyediwa tsela. Dikgosi tseno ke Jehofa Modimo le Jesu Keresete. Fela jaaka Kurose a ile a golola batho ba Modimo bogologolo, dikgosi tseno tse di maatla le go gaisa di tla fedisa baba ba ga Jehofa le go disa batho ba gagwe go ralala pitlagano e kgolo le go tsena mo lefatsheng le lesha la tshiamo.—Pesalema 2:8, 9; 2 Petere 3:13; Tshenolo 7:14-17.
Jehofa o Mogolo go Gaisa!
26. Jaanong Jehofa o botsa potso efe, mme a e a arabiwa?
26 Jehofa o boa gape o bolela boammaaruri jwa gore ke ene fela Modimo wa boammaaruri. O botsa jaana: “Ke mang yo o boletseng sepe go tswa kwa tshimologong, gore re tle re itse, kgotsa go tswa mo dinakong tse di fetileng, gore re ka re, ‘O nepile’? Tota ga go na ope yo o bolelang. Tota ga go na ope yo o dirang gore mongwe a utlwe. Ruri ga go na ope yo o utlwang mafoko ape a lona.” (Isaia 41:26) Ga go modimo ope wa setshwantsho o o kileng wa itsise ba ba o ikanyang gore mofenyi o tlile go ba golola. Medimo yotlhe e e ntseng jalo ga e na botshelo, ga e itse go bua. Ga se medimo gotlhelele.
27, 28. Ke ntlha efe ya botlhokwa e e gatelelwang mo ditemaneng tse di konelang tsa Isaia 41, mme ke bomang ba e leng bone fela ba bolelang seno?
27 Fa Isaia a sena go bega mafoko ano a a gakgamatsang a boporofeti jwa ga Jehofa, o gatelela ntlha ya botlhokwa: “Go na le wa ntlha, yo o rayang Siona a re: ‘Bonang! Ke ba!’ mme ke tla naya Jerusalema mongwe yo o tlisang dikgang tse di molemo. Ke ne ka nna ka leba, mme go ne go se na motho ope; mme mo go bano gape go ne go se na ope yo o fang kgakololo. Mme ke ne ka nna ka ba botsa, gore ba tle ba fetole. Bonang! Botlhe ke sengwe se se seyong. Ditiro tsa bone ke lefela. Ditshwantsho tsa bone tse di thetsweng ke phefo le selo se e seng sa mmatota.”—Isaia 41:27-29.
28 Jehofa ke ene wa ntlha. O mogolo go gaisa! Ke ene Modimo wa boammaaruri, yo o itseseng ka go gololwa ga batho ba gagwe, a ba tlisetsa dikgang tse di molemo. Mme Basupi ba gagwe ke bone fela ba bolelang bogolo jwa gagwe mo ditšhabeng. Jehofa o kgala batho ba ba ikanyang kobamelo ya medingwana ka go ba nyatsa, a bolela fa medingwana ya bone e le “phefo le selo se e seng sa mmatota.” A bo leo e le lebaka la botlhokwa jang ne la go ngaparela Modimo wa boammaaruri! Jehofa ke ene fela a tshwanelwang ke gore re mo ikanye ka tshepo.
[Dintlha tse di kwa tlase]
c Kurose yo Mogolwane, yo e rileng ka 1919 a golola “Iseraele wa Modimo” mo botshwarong jwa semoya, ga se ope fa e se Jesu Keresete, yo o ntseng a beilwe mo setulong sa bogosi e le Kgosi ya Bogosi jwa Modimo jwa selegodimo fa e sa le ka 1914.—Bagalatia 6:16.
d Le fa nagagae ya ga Kurose e ne e le kwa botlhaba jwa Babelona, fa a ne a tlhasela motse ono la bofelo, o ne a tswa kwa bokone, kwa Asia Minor.
[Setshwantsho mo go tsebe 19]
Le fa Kurose e le moheitane, o tlhophiwa gore a dire tiro ya Modimo
[Setshwantsho mo go tsebe 21]
Ditšhaba di ikanya medingwana e e sa tsheleng
[Ditshwantsho mo go tsebe 27]
Iseraele o tla ‘thubaganya dithaba’ jaaka “selei se se phothang”