Kgaolo ya Bosupa
Go Boela mo Kobamelong ya ga Jehofa
1. Maina a medimo e mebedi ya konokono ya Babelona ke afe, mme ke eng se se bolelelwang pele ka yone?
FA Iseraele a isitswe botshwarwa kwa Babelona, o tla bo a faraferwe ke kobamelo ya maaka. Mo motlheng wa ga Isaia, batho ba ga Jehofa ba sa ntse ba le mo nageng ya bone, e bile ba na le tempele le thulaganyo ya boperesiti. Mme le fa go ntse jalo batho ba le bantsi ba setšhaba se se ineetseng sa Modimo ba ineeletse kobamelo ya medingwana. Go botlhokwa he go ba baakanya go sa le gale gore ba se ka ba tla ba tshosiwa ke medimo ya maaka ya Babelona kgotsa ba raelesega go e direla. Ka gone, Isaia o bua jaana a bua ka tsela ya boporofeti kaga medimo e mebedi ya konokono ya Babelona: “Bele o iname, Nebo o obegetse kwa pele; medingwana ya bone e fetogile ya dibatana tsa naga le ya diruiwa, merwalo ya bone, dithoto, mokgweleo wa diphologolo tse di lapileng.” (Isaia 46:1) Bele ke one modingwana wa konokono mo Bakaladieng. Nebo o tseelwa kwa godimo jaaka modimo wa botlhale le thuto. Tsela e batho ba le bantsi ba tlotlang medimo eno e mebedi ka yone e bontshiwa ke gore maina a yone a fitlhelwa mo maineng a le mmalwa a batho ba Babelona—Beleshasare, Nabopolassar, Nebukadenesare le Nebusaradane, fa re umaka a se kae fela.
2. Go bontshiwa jang gore medimo ya Babelona ga e na mosola?
2 Isaia a re Bele o “iname” mme Nebo o “obegetse kwa pele.” Medimo eno ya maaka e tla digwa. Fa Jehofa a dira ditiro tsa gagwe tsa katlholo kgatlhanong le Babelona, medimo eno ga e kitla e kgona go thusa baobamedi ba yone. Ga e kitla e kgona le gone go ipoloka yone ka boyone! Bele le Nebo ga ba kitla ba tlhola ba tsamaisiwa mo mafelong a a tlotlegang ka mekoloko, jaaka mo medirong ya Babelona ya Letsatsi la Ngwaga o Mosha. Go na le moo, batho ba ba e obamelang ba tla tshwanelwa ke go e gogoula fela jaaka dithoto tse di tlwaelegileng. Mo boemong jwa go bakwa le go tlotlwa e tla sotlwa le go nyadiwa.
3. (a) Ke eng se se tla tshosang Bababelona? (b) Se se diragaletseng medimo ya Babelona se ka re ruta eng gompieno?
3 A bo Bababelona ba tla tshoga jang ne fa ba utlwa gore medingwana ya bone e ba e ratang thata ke morwalo fela o o tla sikarwang ke diphologolo tse di lapileng! Le gompieno, medimo ya lefatshe—dilo tse batho ba di ikanyang le tse ba di berekelang le gone go di swela—di ka se ba tswele molemo. Dikhumo, dibetsa, menate, babusi, naga e motho a tsaletsweng kwa go yone kana matshwao a yone le dilo tse dingwe tse dintsi, di setse di obamelwa. Ka nako ya ga Jehofa e e tshwanetseng go tla senoga gore medimo eno ga e na mosola.—Daniele 11:38; Mathaio 6:24; Ditiro 12:22; Bafilipi 3:19; Bakolosa 3:5; Tshenolo 13:14, 15.
4. Medimo ya Babelona e “obegela kwa pele” le go “inama” ka tsela efe?
4 Boporofeti jono bo tswelela jaana, bo gatelela gape kafa medimo eno ya Babelona e paletsweng gotlhelele ka teng: “Ba tshwanetse go obegela kwa pele; mongwe le mongwe wa bone o tshwanetse go inama ka go tshwana; ruri ga ba kgone go falotsa mokgweleo wa bone, mme moya wa bone o tshwanetse go ya botshwarwa.” (Isaia 46:2) Medimo ya Babelona e lebega okare e “obegela kwa pele” e bile e ‘iname’ jaaka e kete e gobetse kwa ntweng kgotsa e koafaditswe ke botsofe. Ga e kgone le fa e le go fokotsa morwalo kana go falotsa diphologolo tse di e sikereng. Ka jalo, a batho ba Jehofa a dirileng kgolagano le bone, le fa ba ile botshwarwa kwa Babelona, ba tshwanetse ba e naya tlotlo epe? Nnyaa! Ka tsela e e tshwanang, batlhanka ba ga Jehofa ba ba tloditsweng, le fa ba ne ba le mo botshwarong jwa semoya, ga ba a ka ba tlotla ka gope medimo ya maaka ya “Babelona o Mogolo,” e e sa kgonang go kganela go wa ga gagwe ka 1919 e bile e se kitla e mo falotsa matlhotlhapelo a a tla mo welang ka nako ya “pitlagano e kgolo.”—Tshenolo 18:2, 21; Mathaio 24:21.
5. Gompieno Bakeresete ba tila jang go boeletsa diphoso tsa Bababelona ba ba neng ba obamela medingwana?
5 Bakeresete ba boammaaruri gompieno ga ba ikobele medingwana ya mofuta ope fela. (1 Johane 5:21) Difapaano, dibaga tse di tshwarwang fa go rapelwa le ditshwantsho tsa baitshepi ga di atametse motho kwa Mmoping ka gope. Ga di kake tsa re buelela. Mo lekgolong la ntlha la dingwaga, Jesu o ne a ruta barutwa ba gagwe tsela e e tshwanetseng ya go obamela Modimo fa a ne a re: “Ke nna tsela le boammaaruri le botshelo. Ga go na ope yo o tlang kwa go Rara fa e se ka nna. Fa lo kopa sengwe ka leina la me, ke tla se dira.”—Johane 14:6, 14.
“Ba lo Tshotsweng mo Sebopelong”
6. Jehofa o farologane jang le medimo ya ditšhaba?
6 Fa Jehofa a sena go senola bosenangmosola jwa medingwana ya Babelona, o raya batho ba gagwe a re: “Ntheetsa, wena ntlo ya ga Jakobe, le lona lotlhe ba lo setseng ba ntlo ya ga Iseraele, lona ba lo ntshitsweng ke nna mo mpeng, ba lo tshotsweng mo sebopelong.” (Isaia 46:3) A bo go na le pharologanyo e kgolo jang ne fa gare ga Jehofa le ditshwantsho tse di setilweng tsa Babelona! Medimo ya Babelona ga e kgone go direla baobamedi ba yone sepe. Gore e sute, e tshwanetse ya sikarwa ke phologolo nngwe. Mme Jehofa ene o ntse a sikere batho ba gagwe. O ba tlhokometse go tswa “mo sebopelong,” go tloga ka nako ya fa setšhaba seno se ne se bopiwa. Fa Bajuda ba gakologelwa ka boitumelo kafa Jehofa a neng a ba sikere ka teng, seo se tshwanetse sa ba kgothatsa gore ba gane kobamelo ya medingwana le go mo ikanya gotlhelele jaaka Rraabone le Tsala ya bone.
7. Tsela e Jehofa a tlhokomelang baobamedi ba gagwe ka lorato ka yone e feta jang le tsela e batsadi ba batho ba tlhokomelang bana ba bone ka yone?
7 Jehofa o na le mafoko a mangwe gape a lorato ka batho ba gagwe: “Ke ntse ke le ene Yoo go fitlha botsofeng jwa motho; mme ke tla nna ke sikere go fitlha botlhogoputsweng jwa motho. Ruri ke tla tsaya kgato, gore ke rwale le gore ke sikare ke bo ke falotse.” (Isaia 46:4) Jehofa o tlhokomela batho ba gagwe ka tlhokomelo e e fetang le ya motsadi yo o tlhokomelang bana thata. Fa bana ba ntse ba gola, batsadi ba ka ikutlwa ba sa tlhole ba na le boikarabelo mo go bone. Fa batsadi ba tsofala, gantsi ba tlhokomelwa ke bana. Ga go ke go nna jalo ka Jehofa. Ga a ke a kgaotsa go tlhokomela bana ba gagwe ba batho—tota le fa ba setse ba tsofetse. Baobamedi ba Modimo gompieno ba ikanya Mmopi wa bone e bile ba a mo rata mme mafoko ano a boporofeti jwa ga Isaia a ba gomotsa tota. Ga ba tlhoke go tshwenyega kaga malatsi kana dingwaga tse di setseng tse ba tla di nnang mo tsamaisong eno ya dilo. Jehofa o solofetsa gore o tla ‘nna a sikere’ batho ba ba tsofetseng, a ba naya maatla a ba a tlhokang go itshoka le go nna ba ikanyega. O tla ba sikara, a ba nonotshe le go ba falotsa.—Bahebera 6:10.
Itise mo Medingwaneng ya Segompieno
8. Bangwe ba batho ba gaabo Isaia ba dirile boleo bofe jo bo ka se kang jwa itshwarelwa?
8 Akanya fela kafa Bababelona ba ba ikanyang medingwana ba tla kgobegang marapo ka teng, fa e itshupa e se na mosola gotlhelele! A Iseraele o tshwanetse a dumela gore medimo eo e ka tshwantshiwa le Jehofa? Ruri nnyaa. Go a tshwanela he, go bo Jehofa a botsa jaana: “Lo tla ntshwantshanya le mang kgotsa lwa ntekanya le ene kgotsa lwa ntshwantsha le ene gore re tle re tshwane?” (Isaia 46:5) A bo go se na seipato jang ne go bo bangwe ba batho ba gaabo Isaia ba simolotse go obamela ditshwantsho tse di sa bueng, tse di sa tsheleng, tse di se nang thuso! Ke boeleele tota gore setšhaba se se itseng Jehofa se ikanye ditshwantsho tse di sa tsheleng, tse di ka se kang tsa iphemela, tse di dirilweng ke motho.
9. Tlhalosa kakanyo e e sa utlwaleng ya batho bangwe ba ba obamelang medingwana.
9 Utlwa kakanyo e e sa utlwaleng ya batho ba ba obamelang medingwana. Boporofeti bo tswelela pele jaana: “Go na le ba ba ntshang gouta e ntsi mo sekgwameng, mme ba lekanya selefera ka jokwe ya sekale. Ba thapa mothudi wa tshipi, mme o e dira modimo. Ba a obama, ee ba a ikoba.” (Isaia 46:6) Baobamedi bano ga ba ikgogone go dirisa madi a mantsi go dira modimo wa bone, jaaka e kete modingwana o o turang o na le maatla a go boloka go feta o o dirilweng ka logong. Le fa go ntse jalo, le fa go ka dirwa maiteko a a kana kang kgotsa ga dirisiwa madi a mantsi jang, setshwantsho se se sa tsheleng e tla nna e le setshwantsho se se sa tsheleng, se ka se fetoge.
10. Go tlhalosiwa jang kafa kobamelo ya medingwana e se nang thuso ka teng?
10 Boporofeti jono bo tswelela jaana bo ntse bo gatelela kafa kobamelo ya medingwana e leng ya boeleele ka teng: “Ba e rwala mo legetleng, ba e sikara ba bo ba e baya mo lefelong la yone gore e eme fela. Ga e tswe mo lefelong la yone la go ema. Motho e bile o goela kwa go yone, mme ga e arabe; ga e boloke motho mo matshwenyegong a gagwe.” (Isaia 46:7) A boeleele go rapela setshwantsho se se sa kgoneng go utlwa le fa e le go dira! Mopesalema o tlhalosa sentle kafa dilo tse di ntseng jalo tse di obamelwang di se nang mosola ka teng: “Medingwana ya bone ke selefera le gouta, tiro ya diatla tsa motho wa mo lefatsheng. E na le molomo, mme ga e kgone go bua; e na le matlho, mme ga e kgone go bona; e na le ditsebe, mme ga e kgone go utlwa. E na le nko, mme ga e kgone go dupa. E na le diatla, mme ga e kgone go tshwara. E na le dinao, mme ga e kgone go tsamaya; ga e ntshe modumo ope ka mometso wa yone. Ba ba e dirang ba tla tshwana fela le yone, botlhe ba ba e ikanyang.”—Pesalema 115:4-8.
“Lo Nne Pelokgale”
11. Ke eng se se tla thusang batho ba ba etsaetsegang go ‘nna pelokgale’?
11 Fa Jehofa a sena go bontsha kafa go obamela medingwana go se nang thuso ka teng, jaanong o naya batho ba gagwe mabaka a go bo ba tshwanetse go direla ene: “Gakologelwang seno, gore lo tle lo nne pelokgale. Go iseng pelong, lona batlodi. Gakologelwang dilo tsa ntlha tsa bogologolo, gore ke nna Yo ke Leng Modimo mme ga go na Modimo ope o sele, le fa e le ope yo o tshwanang le nna.” (Isaia 46:8, 9) Batho ba ba etsaetsegang fa gare ga kobamelo ya boammaaruri le kobamelo ya medingwana ba tshwanetse ba gakologelwa se se diragetseng mo nakong e e fetileng. Ba tshwanetse ba gakologelwa dilo tse Jehofa a di dirileng. Seno se tla ba thusa gore ba nne pelokgale mme ba dire se se tshwanetseng. Se tla ba thusa gore ba boe ba obamele Jehofa gape.
12, 13. Bakeresete ba semeletse mo ntweng efe, mme ba ka fenya jang?
12 Kgothatso eno e sa ntse e tlhokega gompieno. Jaaka Baiseraele, Bakeresete ba ba peloephepa ba tshwanetse ba lwantsha dithaelo le bosaitekanelang jwa bone. (Baroma 7:21-24) Mo godimo ga moo, ba semeletse mo ntweng ya semoya ba lwa le mmaba yo o sa bonaleng mme a le maatla ka tsela e e boitshegang. Moaposetoloi Paulo a re: “Re lwa, e seng le madi le nama, mme le dipuso, le balaodi, le babusi ba lefatshe ba lefifi leno, le mephato ya meya e e boikepo mo mafelong a selegodimo.”—Baefeso 6:12.
13 Satane le badimona ba gagwe ba tla leka ka natla yotlhe gore ba fapose Bakeresete mo kobamelong ya boammaaruri. Gore Bakeresete ba atlege mo ntweng eno, ba tshwanetse ba latela kgakololo ya ga Jehofa mme ba nne pelokgale. Jang? Moaposetoloi Paulo o tlhalosa jaana: “Aparang diaparo tse di feletseng tsa tlhabano tse di tswang kwa Modimong gore lo tle lo kgone go ema lo nitame kgatlhanong le maano a boferefere a ga Diabolo.” Jehofa ga a romele batlhanka ba gagwe kwa ntweng ba sa tlhomela sentle. Diaparo tsa bone tsa ntwa tsa semoya di akaretsa “thebe e kgolo ya tumelo, e [ba] tla kgonang go tima dibetsa tsotlhe tse di konopiwang tse di fisang tsa yo o boikepo ka yone.” (Baefeso 6:11, 16) Baiseraele e ne e le batlolamolao ka gonne ba ne ba tlhokomologa dithulaganyo tsa semoya tse Jehofa a neng a di ba diretse. Fa ba ka bo ba ile ba tlhatlhanya ka ditiro tse dikgolo tse Jehofa a neng a ntse a di ba direla gangwe le gape, ba ka bo ba sa ka ba tsena mo kobamelong e e makgapha ya medingwana. A tlhe re ithuteng sengwe mo sekaing sa bone mme re ititeye sehuba gore le ka motlha re ka se ka ra etsaetsega mo ntweng ya go dira se se siameng.—1 Bakorintha 10:11.
14. Jehofa o umaka bokgoni bofe go bontsha gore ke ene fela Modimo wa boammaaruri?
14 Jehofa ke “Ene Yo o bolelang bokhutlo go tswa kwa tshimologong, le dilo tse di iseng di dirwe go tswa bogologolong; Yo o reng, ‘Boikaelelo jwa me bo tla ema, mme ke tla dira sengwe le sengwe se ke se kgatlhegelang.’” (Isaia 46:10) Ke modimo ofe o mongwe o o ka tshwanang le Jehofa mo ntlheng eno? Sengwe se se supang tota gore Mmopi ke ene Modimo ke gore o kgona go bolelela isagwe pele. Le fa go ntse jalo, go tlhomamisa gore dilo tse di boleletsweng pele di a diragala go tlhoka se se fetang fela go bonela dilo pele. Polelo ya gore “boikaelelo jwa me bo tla ema” e gatelela gore boikaelelo jo Modimo a bo tlhomileng ga bo fetoge. E re ka Jehofa a na le maatla a a ka se lekanngweng, ga go na sepe mo lobopong se se ka mo thibelang go diragatsa thato ya gagwe. (Daniele 4:35) Ka jalo re ka tlhomamisega gore boporofeti bope fela jo bo sa ntseng bo tla diragadiwa ruri bo tla diragala ka nako ya Modimo e e tshwanetseng.—Isaia 55:11.
15. Re newa sekai sefe se se gakgamatsang sa kafa Jehofa a kgonang go bolelela isagwe pele ka teng?
15 Jaanong boporofeti jwa ga Isaia bo re bontsha sekai se se tlhomologileng sa bokgoni jwa ga Jehofa jwa go bolelela ditiragalo pele a bo a diragatsa mafoko a gagwe: “Ene Yo o bitsang nonyane e e jang nama go tswa kwa botlhabatsatsi, le motho yo o tswang kwa lefatsheng le le kgakala gore a diragatse boikaelelo jwa me. Ke bo buile; mme ke tla bo tlisa. Ke bo bopile e bile ke tla bo diragatsa.” (Isaia 46:11) E re ka Jehofa Modimo e le “Ene Yo o bolelang bokhutlo go tswa kwa tshimologong,” o tla fetola maemo a ditiragalo tsa batho gore a diragatse boikaelelo jwa gagwe. O tla bitsa Kurose “go tswa kwa botlhabatsatsi,” kgotsa kwa Peresia kwa botlhaba, kwa motsemogolo wa ga Kurose o o rategang e leng Pasargadae o tla bong o le teng. Kurose o tla bo a tshwana le “nonyane e e jang nama,” a pharuma Babelona ka tshoganyetso go sa lebelelwa.
16. Jehofa o tlhomamisa jang gore polelelopele ya gagwe ka Babelona ruri e tla diragala?
16 Tsela e polelelopele ya ga Jehofa malebana le Babelona e tlhomamisegileng ka yone e tlhomamisiwa ke mafoko ano, “Ke bo buile; mme ke tla bo tlisa.” Le fa batho ba ba sa itekanelang ba na le go solofetsa dilo ka go phamoga fela, Mmopi ene ga a ke a tlhoka go diragatsa lefoko la gagwe. E re ka Jehofa e le Modimo “yo a ka se kang a aka,” re ka tlhomamisega gore fa a “bo bopile,” o tla ba a “bo diragatsa.”—Tito 1:2.
Dipelo Tse di se Nang Tumelo
17, 18. Ke bomang ba ba ka tlhalosiwang e le ba ba “pelo e maatla” (a) mo metlheng ya bogologolo? (b) gompieno?
17 Jehofa o boa gape a itebaganya le Bababelona mo boporofeting, a re: “Ntheetsang, lona ba lo pelo e maatla, lona ba lo kgakala le tshiamo.” (Isaia 46:12) Polelwana e e reng “ba lo pelo e maatla” e tlhalosa batho ba ba tlhogoethata e bile ba sa tshikinyege mo go ganetseng ga bone thato ya Modimo. Kwantle ga pelaelo, Bababelona ba kgakala le Modimo. Go tlhoa Jehofa le batho ba gagwe ga bone go ba tlhotlheletsa gore ba senye Jerusalema le tempele ya yone le go isa banni ba yone kwa botshwarwa.
18 Gompieno batho ba ba nang le dipelo tse di tletseng dipelaelo le tse di sa dumeleng ba gana ka botlhogoethata go reetsa molaetsa wa Bogosi, o o ntseng o rerwa mo lefatsheng lotlhe le le nniwang. (Mathaio 24:14) Ga ba batle go dumela gore Jehofa ke ene Molaodimogolo yo o tshwanelang. (Pesalema 83:18; Tshenolo 4:11) Ba gana e bile ba ganetsa thato ya gagwe ka dipelo tse di “kgakala le tshiamo.” (2 Timotheo 3:1-5) Fela jaaka Bababelona, ba gana go reetsa Jehofa.
Poloko ya Modimo ga e Kitla e Diega
19. Jehofa o tla direla Iseraele kgato efe e e bontshang tshiamo?
19 Mafoko a a konelang a Isaia kgaolo 46 a gatelela dintlha dingwe tsa botho jwa ga Jehofa: “Ke atameditse tshiamo ya me. Ga e kgakala, le poloko ya me ga e kitla e diega. Mme ke tla neelana ka poloko mo Siona, ke bo ke neele Iseraele bontle jwa me.” (Isaia 46:13) Fa Modimo a golola Iseraele e tla bo e le kgato e e bontshang tshiamo. Ga a ne a letla batho ba gagwe go nnela ruri kwa botshwarwa. Poloko ya Siona e tla tla ka nako e e tshwanetseng, “ga e kitla e diega.” Fa Baiseraele ba sena go gololwa kwa botshwarwa, ba tla nna segakgamalelo sa ditšhaba tse di gaufi. E re ka Jehofa a tla bo a golotse setšhaba sa gagwe, seo se tla supa gore o na le maatla a go boloka. Go tla senoga gore medimo ya Babelona e bong Bele le Nebo ga e na mosola le gore ga e na maatla.—1 Dikgosi 18:39, 40.
20. Bakeresete ba ka tlhomamisega jang gore “poloko [ya ga Jehofa] ga e kitla e diega”?
20 Ka 1919, Jehofa o ne a golola batho ba gagwe mo botshwarong jwa semoya. Ga a ka a diega. Tiragalo eo, mmogo le ditiragalo tsa mo metlheng ya bogologolo fa Kurose a ne a fenya Babelona, di a re kgothatsa gompieno. Jehofa o solofeditse gore o tla fedisa tsamaiso eno e e boikepo ya dilo, go akaretsa le kobamelo ya yone ya maaka. (Tshenolo 19:1, 2, 17-21) Fa Bakeresete bangwe ba leba dilo go ya kafa batho ba lebang dilo ka teng ba ka nna ba akanya gore poloko ya bone e diegile. Le fa go ntse jalo go bo Jehofa a nnile pelotelele go fitlha ka nako ya gagwe e e tshwanetseng gore a diragatse tsholofetso eo, ruri go bontsha tshiamo. Kana e bile, “[Jehofa] ga a eletse gore ope a senngwe mme o eletsa gore botlhe ba fitlhe mo boikwatlhaong.” (2 Petere 3:9) Ka gone, tlhomamisega gore, fela jaaka mo metlheng ya bogologolo ya Iseraele, “poloko . . . ga e kitla e diega.” Eleruri, fa letsatsi la poloko le ntse le atamela, Jehofa ka lorato o tswelela pele go laletsa jaana: “Batlang Jehofa, a sa ntse a ka bonwa. Mmitseng a sa ntse a le gaufi. A moikepi a tlogele tsela ya gagwe, le motho yo o kotsi dikakanyo tsa gagwe; mme a boele kwa go Jehofa, yo o tla mo utlwelang botlhoko, le kwa Modimong wa rona, gonne o tla itshwarela ka tsela e kgolo.”—Isaia 55:6, 7.
[Ditshwantsho mo go tsebe 94]
Medimo ya Babelona ga e mo sireletse gore a se ka a senngwa
[Ditshwantsho mo go tsebe 98]
Bakeresete gompieno ba tshwanetse ba itisa mo medingwaneng ya segompieno
[Ditshwantsho mo go tsebe 101]
Nna pelokgale go dira se se siameng