KGAOLO YA BOSOMEPEDI
“A Seo E ne E se Lebaka la go Nkitse?”
1, 2. Ke eng fa go ne go se botlhale gore Jehoiakime a simolole porojeke ya go aga?
KGOSI JEHOIAKIME o ne a aga ntlo, mme e ne e tlile go nna kgolo. O ne a setse a rulagantse gore e nne le diphaposi tse pedi tse dikgolo mo matlhatlaganyaneng a le mabedi. Difensetere tsa yone di ne di tla nna dikgolo jaana mo marang a letsatsi a neng a tla tsena sentle mo go tsone e bile di ne di tla tsenya le pheswana e e monate e kgosi le ba lelapa la gagwe ba neng ba tla e itumelela. Dipota tsa yone di ne di tla kgabisiwa ka dikgong tsa setlhare se se nkgang monate sa mosedara wa kwa Lebanona. Diphaposi tsa yone tse di mo teng di ne di tla pentiwa ka pente ya bohibidu jo bo galotseng e e rekilweng kwa dinageng di sele, e e neng e ratwa thata ke batho ba maemo le ba ba tlotlegang ba ba nnang kwa dinageng tse dingwe.—Jer. 22:13, 14.
2 Porojeke eo ya go aga e ne e tlile go ja madi a le mantsi tota. Mo e ka nnang ka yone nako eo, go bonala matlotlo a mantsi a setšhaba a ne a felela mo sesoleng le mo go dueleng lekgetho le Egepeto e neng e le batla. (2 Dikg. 23:33-35) Mme gone, Jehoiakime o ne a bona tsela ya go duelela ntlo ya gagwe e ntšha ya segosi. O ne a tlogela go duela badiri ba ba neng ba mo agela! Jehoiakime o ne a ba tshwara jaaka makgoba, a dira gore ba bereke ka natla fela gore a kgone go tsweledisa puso ya gagwe pele.
3. Jehoiakime o ne a farologane jang le rraagwe, mme ka ntlha yang?
3 Modimo o ne a dirisa Jeremia go kgala Jehoiakime ka ntlha ya bopelotshetlha jwa gagwe.a O ne a gakolola Kgosi gore rraagwe e bong Kgosi Josia, o ne a bontsha badiri le batho ba maemo a a kwa tlase bopelonomi jo bogolo e bile a rata go ba abela dilo tse ba di tlhokang. Josia o ne a bo a ba buelela semolao kwa kgotlatshekelo. Jehofa o ne a gopotsa Jehoiakime lebaka la go bo Josia a ne a tlhokomela batho ba maemo a a kwa tlase, ka go mmotsa jaana: “A seo e ne e se lebaka la go nkitse?”—Bala Jeremia 22:15, 16.
4. Ke eng fa go itse Jehofa go tshwanetse ga nna botlhokwa mo go wena?
4 Fa maemo a lefatshe leno la ga Satane a ntse a senyegela pele, re tlhoka thuso le tshireletso e Jehofa a e nayang batho ba ba atamalaneng thata le ene. Ka jalo, re tshwanetse go atamalana le Modimo go feta le fa e le leng pele. Gape re tshwanetse go bontsha dinonofo tsa gagwe tse di molemo gore re kgone go atlega fa re rera dikgang tse di molemo. Le fa go ntse jalo, o ka tswa o ipotsa jaana, ‘Ke eng se Mokeresete a ka se dirang gore a kgone go itse Jehofa sentle jaaka Kgosi Josia?’
SE GO ITSE MODIMO GO SE KAYANG
5, 6. (a) Rre yo o molemo o na le tlhotlheletso efe mo baneng ba gagwe? (b) Go farologana le tsela e Jehoiakime a neng a itshwara ka yone, go itse ditsela tsa ga Jehofa go tshwanetse ga re ama jang?
5 Akanya ka ditsela tse rre yo o molemo a tlhotlheletsang matshelo a bana ba gagwe ka tsone. Ka sekai, fa ba mmona a thusa batho ba maemo a a kwa tlase, go ka direga gore le bone ba tlhotlheletsege go nna le seatla se se bulegileng. Fa ba bona lorato le tlotlo tse a tshwarang mmaabone ka tsone, seo se ka nna sa ba thusa gore le bone ba akanyetse batho ba bong bo sele. Fa ba utlwa gore rraabone o itsege e le motho yo o dirisanang le batho sentle mo dikgannyeng tsa madi e bile o a ikanyega, seo se tshwanetse sa ba tlhotlheletsa gore le bone ba dire dilo ka tsela e e siameng le gore ba ikanyege. Ee, fa bana bano ba bannye ba itse tsela e rraabone a dirang dilo ka yone le dinonofo tse di molemo tse a nang le tsone, gongwe fa ba gola le bone ba tla batla go tshwana le ene mme ba tshware batho ba bangwe fela jaaka rraabone.
6 Ka tsela e e tshwanang, Mokeresete yo o itseng Jehofa jaaka Josia, ga a mo tseye fela e le Molaodimogolo wa Lobopo Lotlhe. Fa Mokeresete a bala Baebele, o ithuta kafa Modimo a tshwarang ba bangwe ka gone, mme go tswa foo o batla go etsa Rraagwe yo o kwa legodimong. Letsatsi le letsatsi fa a ntse a ithuta ka dilo tse Modimo a di ratang le tse a sa di rateng, lorato lo a ratang Jehofa ka lone lo a gola. Kafa letlhakoreng le lengwe motho yo o sa tseyeng tsia melao le dikgakololo tsa Modimo, ka go gana kaelo ya Modimo mo botshelong jwa gagwe, ga a kitla a itse Modimo wa boammaaruri. O tshwana le Jehoiakime, yo o neng a tsaya lefoko le Jehofa a neng a le neile Jeremia mme a le latlhela mo molelong.—Bala Jeremia 36:21-24.
7. Ke eng fa o tshwanetse go itse Jehofa fela jaaka Kgosi Josia?
7 Go atlega ga rona mo tirelong e e boitshepo le tsholofelo e re nang le yone ya go tshela mo lefatsheng le lesha, go ikaegile ka gore re itse Jehofa sentle. (Jer. 9:24) Mma re sekasekeng dinonofo di le mmalwa tsa Modimo tse di tlhalositsweng mo dibukeng tse Jeremia a di kwadileng. Fa re ntse re sekaseka dinonofo tseno tsa Modimo, batla ditsela tse di tla go thusang gore o mo itse o bo o mo etse fela jaaka Kgosi Josia.
Ke eng fa re ka re Kgosi Josia o ne a itse Jehofa sentle? Ke eng se se tlhokegang gore o kgone go itse Jehofa fela jaaka Josia?
“BOPELONOMI JWA GAGWE JWA LORATO KE JWA BOSAKHUTLENG!”
8. Bopelonomi jwa lorato ke eng?
8 Mo dipuong di le dintsi, go thata go bona lefoko le le lengwe fela le le tlhalosang bokao jo bo feletseng jwa nonofo ya Modimo e leng bopelonomi jwa lorato kgotsa lorato lo lo ikanyegang. Go ya ka dikishinare nngwe ya Baebele, lefoko leno la Sehebera le akaretsa dinonofo tse di jaaka maatla, go nitama le lorato. Dikishinare eo e tswelela ka go re: “Tlhaloso epe fela ya lefoko leno la Sehebera e e se nang dinonofo tseno tse tharo ga e tlhalose bokao jo bo feletseng jwa lefoko leno.” Ka jalo, motho yo o bontshang bopelonomi jwa lorato ga se fela motho yo o molemo. Ke motho yo o tshwenyegang thata ka batho ba bangwe mme a leka ka natla go ba thusa ka dilo tse ba di tlhokang, segolobogolo tse ba di tlhokang semoyeng. Lebaka la konokono la go bo a dira jalo ka bopelotshweu ke ka gonne a eletsa go itumedisa Modimo Mothatayotlhe.
9. Tsela e Jehofa a neng a tshwara Iseraele ka yone e bontsha eng?
9 Tsela e e molemolemo ya go tlhaloganya bokao jo bo feletseng jwa lefoko leno le le mo Baebeleng e leng “bopelonomi jwa lorato,” ke ka go ithuta tsela e Modimo a neng a dirisana ka yone le baobamedi ba gagwe ba boammaaruri ka dingwagangwaga. Jehofa o ne a sireletsa Baiseraele le go ba naya dijo mo dingwageng di le 40 tse ba di feditseng ba le mo nageng. Fa ba ne ba le mo Lefatsheng le le Solofeditsweng, Modimo o ne a ba naya baatlhodi gore ba ba golole mo babeng ba bone le go ba busetsa mo kobamelong ya boammaaruri. E re ka Jehofa a ile a ema nokeng setšhaba seno ka masomesome a dingwaga fa go ne go le monate le fa go le bosula, o ne a ka ba raya a re: “Ke go ratile ka lorato lwa bosakhutleng. Ke lone lebaka le ka lone ke go gogileng ka bopelonomi jwa lorato.”—Jer. 31:3.b
10. Jehofa o bontsha jang bopelonomi jwa lorato mo tseleng e a reetsang dithapelo ka yone jaaka a ile a dira ka Bajuda ba ba neng ba le kwa Babelona?
10 Mo motlheng wa rona, Modimo o sa ntse a bontsha baobamedi ba gagwe bopelonomi jwa lorato ka ditsela tse di ba solegelang molemo. Akanya ka kgang ya thapelo. Jehofa o reetsa dithapelo tsotlhe tse di rapelwang ka pelo e e feletseng, mme o reetsa ka kelotlhoko thata fa batlhanka ba gagwe ba ba ineetseng ba mo rapela. Le fa go setse go fetile lobaka lo loleele re ntse re rapela gantsintsi ka bothata bo le bongwe jo bo re tshwenyang thata, Jehofa ga a re felele pelo; e bile ga a lapisiwe ke go reetsa dithapelo tsa rona. Nako nngwe Jehofa o ne a laela Jeremia gore a ise molaetsa kwa setlhopheng sa Bajuda se se neng se setse se le kwa botshwarwa kwa Babelona. Ba ne ba le bokgakala jwa dikilometara di feta 800 go tswa mo tempeleng, ba le kgakala le ba malapa a bone le ditsala kwa Juda. Mme gone, le fa ba ne ba le kgakala jalo le tempele, seo ga se a ka sa thibela Jehofa go utlwa dikopo tsa bone tsa gore a ba amogele le mafoko a bone a pako. O ntse o akantse ka dithapelo tse wena o di rapelang ka tlhoafalo, ela tlhoko tsela e Bajuda ba neng ba ikutlwa ba gomotsegile ka yone fa ba utlwa mafoko a Modimo a a mo go Jeremia 29:10-12.—E bale.
11, 12. (a) Jehofa o ne a solofetsa batho ba Jerusalema eng? (b) Motho yo go ileng ga tlhokega gore a kgalemelwe a ka thusiwa jang?
11 Re bona bosupi jo bongwe gape jwa bopelonomi jo bo lorato jwa ga Jehofa mo tseleng e e siameng e a lebang dilo ka yone. Fa go senngwa ga Jerusalema go ntse go atamela, baagi ba motse oo ba ne ba ntse ba tsweletse ka botsuolodi jwa bone. E re ka tota ba ne ba tsuologela Modimo, isagwe ya bone e ne e tla nna jang? A ba ne ba tla bolawa ke leuba kgotsa ke tšhaka ya Bababelona? Sengwe gape se se neng se ka ba diragalela e ne e le gore ba fetse dingwagangwaga ba le kwa botshwarwa le gore ba swele kwa nageng e sele. Le fa go ntse jalo, ba ba ileng ba ikwatlhaya le go fetola matshelo a bone Jehofa o ne a ba naya ‘lefoko le le molemo.’ O ne a solofetsa gore o tla ‘lebisa tlhokomelo ya gagwe’ kwa go bone. O ne a tla ba ntsha kwa Babelona e e neng e le kgakala mme a ba busetse mo “lefelong leno,” e leng nagagae ya bone. (Jer. 27:22) Ka ntlha ya seo, ba ne ba tla goa jaana: “Bakang Jehofa wa masomosomo, gonne Jehofa o molemo; gonne bopelonomi jwa gagwe jwa lorato ke jwa bosakhutleng!”—Jer. 33:10, 11.
12 Ka ntlha ya bopelonomi jwa gagwe jo bo lorato, Jehofa ke Motswedi wa kgomotso mo go bao go ya ka batho ba lebegang ba le mo maemong a a thata. Gompieno go na le bangwe ba ba kileng ba bo ba le karolo ya phuthego ya Bokeresete mme gone ba ile ba tshwanelwa ke go kgalemelwa ka lorato. Ba ka tswa ba tshwenngwa thata ke go ikutlwa ba le molato mme seo se dira gore jaanong ba okaoke go boela mo phuthegong. Gongwe ba ipotsa gore a Jehofa o tla tsamaya a ba itshwarela le go boa a ba amogela gape. Modimo Mothatayotlhe o tshwaretse batho bao botlhe ‘lefoko le le molemo.’ Ba ka thusiwa ka lorato gore ba dire diphetogo dipe fela tse di tlhokegang mo tseleng e ba akanyang ka yone le e ba dirang dilo ka yone. Mme jaaka re badile mo serapeng se se fetileng, le bone Jehofa o tla ba ‘busetsa mo lefelong la bone,’ mo bathong ba gagwe ba ba itumetseng.—Jer. 31:18-20.
13. Ke eng fa o tshwanetse go kgothadiwa ke tsela e Jehofa a ileng a ema Jeremia nokeng ka yone?
13 E re ka Jehofa e le Modimo wa bopelonomi jwa lorato, gape o thusa batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang. Mo malatsing ano a bofelo a lefatshe la ga Satane, re na le mabaka a a utlwalang a go nna le tsholofelo ya gore Jehofa o tla tlhokomela le go sireletsa botlhe ba ba batlang Bogosi jwa gagwe pele. Se lebale gore fa Jerusalema e ne e le gaufi le go senngwa, Jeremia o ne a ikaegile ka Jehofa gore a mo tlamele ka dijo le go mo sireletsa. Le ka motlha Modimo ga a ise a swabise moporofeti yono. (Jer. 15:15; bala Dikhutsafalo 3:55-57.) Fa o ikutlwa o imetswe ka tsela le fa e ka nna epe fela, tlhomamisega gore Jehofa o gopola ditiro tsa gago tsa boikanyegi. Ka ntlha ya bopelonomi jwa gagwe jo bo lorato, o batla go go ema nokeng gore o se ka wa “khutla.”—Dikhu. 3:22.
Ke karolo efe ya bopelonomi jwa ga Jehofa jo bo lorato e o e ratang thata? Ke eng fa o ikutlwa jalo?
“JAAKA JEHOFA A TSHELA . . . KA TSHIAMISO!”
14. Ke ditiro dife tsa tshiamololo tse o di boneng bosheng jaana?
14 Batho bangwe ba fetsa dingwagangwaga mo kgolegelong ka ntlha ya melato e ba sa e dirang. Go ile ga nna le dikgetsi dingwe tse mo go tsone kgotlatshekelo e ileng ya atlholela motho loso mme fa motho yoo a sena go bolawa e bo e le gone ba bonang bosupi jwa gore o ne a se molato. Mo dinageng tse dingwe, batsadi ba tlalelwa jaana ka ntlha ya go tlhoka dijo mo ba feleletsang ba rekisitse bana ba bone gore e nne makgoba fela gore lelapa le bone sengwe sa go buga legaba. O ikutlwa jang fa o utlwa ka tshiamololo e e kana kana e e diregang gompieno? O akanya gore Jehofa ene o ikutlwa jang? Baebele e tlhalosa sentle gore o batla go fedisa pogo yotlhe. Ke Ene fela yo o ka kgonang go dira seo. Ka jalo, batho ba ba dikobo di magetleng le ba ba senang molato ba ba bogang gompieno, ba ka gomodiwa ke go itse seo. Jehofa, Modimo wa tshiamiso, o dira sengwe go ba golola mo maemong a a ngomolang pelo a ba leng mo go one.—Jer. 23:5, 6.
15, 16. (a) Jeremia o ne a gatelela dintlha dife tse di boammaaruri ka Jehofa? (b) Ke eng fa o ka ikanya melao ya Modimo le ditsholofetso tsa gagwe?
15 Mo motlheng wa ga Jeremia, bangwe ba ne ba itse ka nonofo e kgolo ya Modimo e leng tshiamiso. Ka sekai, moporofeti o ne a re go ka nna ga direga gore Iseraele e ikwatlhaye mo maleong a yone mme e bue mafoko ano e itira e kete e fetotse pelo ya yone, e re: “Jaaka Jehofa a tshela ka boammaaruri, ka tshiamiso le ka tshiamo!” (Jer. 4:1, 2) Seo se boammaaruri ka gonne Jehofa ga a batle tshiamololo. Mme gone go na le bosupi jo bongwe gape jo bo bontshang gore Jehofa o rata tshiamiso.
16 Ga go pelaelo gore Modimo o diragatsa ditsholofetso tsa gagwe mme ga se moitimokanyi. Le fa batho ba le bantsi ba sa diragatse ditsholofetso tsa bone, Jehofa ene ga a nna jalo. Tota le melao ya tlholego, e a e tlhomileng le e e re solegelang molemo, ga e fetoge. (Jer. 31:35, 36) Gape re ka ikanya ditsholofetso tsa gagwe le ditshwetso tsa gagwe tsa boatlhodi, ka gonne di molemo ka dinako tsotlhe.—Bala Dikhutsafalo 3:37, 38.
17. (a) Jehofa o dira eng fa a atlhola? (b) Ke eng fa o ka ikanya tsela e bagolwane ba rarabololang mathata ka yone mo phuthegong? (Bona lebokose le le reng, “Ba Atlholela Jehofa,” mo go tsebe 148.)
17 Fa Jehofa a atlhola, ga a okole kgang fela fa godimo. O sekaseka dintlha tsotlhe tse di amang kgang eo. Gape o sekaseka le maitlhomo a ba ba amegang mo go yone. Bosheng jaana dingaka di na le didirisiwa le mekgwa e e kgethegileng ya go tlhatlhoba pelo ya molwetse e ntse e pompa madi, ka go dira jalo ba kgona go bona sentle boemo jo e leng mo go jone. E bile ba kgona go tlhatlhoba diphilo tse tiro ya tsone e leng go phepafatsa madi. Jehofa ene o kgona go dira se se fetang seo. O tlhatlhoba pelo ya tshwantshetso le go sekaseka maitlhomo a motho le diphilo tsa gagwe tsa tshwantshetso, tse di tshwantshetsang maikutlo a motho a a kwa tengteng. Ka jalo, o kgona go bona gore ke eng se se tlhotlheleditseng motho gore a itshware ka tsela e e rileng le kafa a ikutlwang ka gone ka se a se dirileng. Mme Mothatayotlhe ga a lapisiwe pelo ke tshedimosetso e ntsintsi e a e bonang fa a tlhatlhoba motho. O farologane kgakala le baatlhodi ba le bantsi ba ba botlhale ka gonne Ene o dirisa tshedimosetso eo ka tsela e e siameng le e e tekatekano go bona gore isagwe ya rona e lebile kae.—Bala Jeremia 12:1a; 20:12.
18, 19. Go itse tshiamiso ya Modimo go ka re ama jang?
18 Ka jalo, o na le mabaka a a utlwalang a go ikanya Jehofa, tota le fa ka dinako tse dingwe o tle o ikutlwe o tshwenngwa ke segakolodi ka ntlha ya diphoso tse o di dirileng mo nakong e e fetileng. Se lebale gore Jehofa ga a tshwane le mosekisi yo o seng kutlwelobotlhoko yo ka metlha a senkang lebaka la go otlhaya motho yo o dirileng molato, go na le moo, ke Moatlhodi yo o kutlwelobotlhoko yo o batlang go thusa ba bangwe. Fa e le gore o tshwenngwa ke sengwe se o se dirileng mo nakong e e fetileng kgotsa o tshwenngwa ke kgang nngwe e o e itseng ka mongwe, kopa Jehofa gore a go ‘tlhabanele,’ kgotsa a go thuse go lwantsha maikutlo ao, gore o kgone go lebala ka kgang eo.c Modimo a ka go thusa gore o bone kafa a anaanelang ka teng maiteko a o tswelelang o a dira mo tirelong e e boitshepo.—Bala Dikhutsafalo 3:58, 59.
19 Go a utlwala go bo Modimo yo o nang le tshiamiso e e ka se lekanngweng le sepe a bo a ka lebelela gore batho ba ba batlang go mo itumedisa le bone ba dire dilo ka tshiamiso. (Jer. 7:5-7; 22:3) Go rera dikgang tse di molemo ntle le go tlhaola batho ke tsela ya botlhokwa ya go bontsha tshiamiso eno ya Modimo. Fa o leka ka natla go dira maeto a go boela le go tshwara dithuto tsa Baebele, o bontsha tshiamiso ya Modimo ya maemo a a kwa godimo ka tsela e ruri e solegelang molemo. Ke eng fa re rialo? Ka gonne Modimo o eletsa gore batho ba mefuta yotlhe ba ithute ka ene le gore ba bone poloko. (Dikhu. 3:25, 26) Ruri o na le tshiamelo e kgolo ya go nna modirimmogo le Modimo, o bontsha tshiamiso ya gagwe ka go dira tiro eno e e bolokang matshelo!
Go itse gore Jehofa o tshiamiso go go gomotsa jang? O ka gomotsa ba bangwe jang ka go etsa tshiamiso ya Modimo?
“GA KE NA GO NNA KE KGOTŠWILWE KA BOSAKHUTLENG”
20. (a) Jeremia o ne a gatelela eng ka tsela e Modimo a dirisanang le batho ka yone? (b) Ntlha ya gore Jehofa o a ‘ikwatlhaya’ e amana jang le go itshwarela ga gagwe? (Bona lebokose le le reng, “Jehofa o ‘Ikwatlhaya’ ka Tsela Efe?”)
20 Batho ba le bantsi ba tsaya gore buka ya Jeremia le ya Dikhutsafalo ke dibuka fela tse di kgalang dilo tse di bosula. Go akanya jalo ke go itlhokomolosa kgang ya gore gangwe le gape mo dibukeng tseno Jehofa o bontsha ka bopelonomi gore o batla go itshwarela batho ba gagwe. O ne a ikuela jaana mo Bajudeng: “Tsweetswee, bowang, mongwe le mongwe mo tseleng ya gagwe e e bosula, mme lo dire ditsela tsa lona le ditiro tsa lona molemo.” Mo lekgetlong le lengwe Jeremia o ne a ba rotloetsa jaana: “Dirang ditsela tsa lona le ditiro tsa lona molemo, mme lo utlwe lentswe la ga Jehofa Modimo wa lona, mme Jehofa o tla ikwatlhaela masetlapelo ao a a buileng kgatlhanong le lona.” (Jer. 18:11; 26:13) Mo motlheng wa rona, Jehofa o sa ntse a itshwarela botlhe ba ba ikwatlhayang go tswa pelong mme ba tlogela ditiro tsa bone tse di bosula.
21. Boikaelelo jwa ga Jehofa ke eng fa a itshwarela motho?
21 Le fa go ntse jalo, Jehofa ga a bue fela a re o itshwaretse motho. O dira ditiro tse di bontshang seo. O ne a dirisa Jeremia go rotloetsa jaana: “A ko o boe, wena Iseraele wa motlhanogi . . . Ga ke na go lo leba ka bogale . . . Ga ke na go nna ke kgotšwilwe ka bosakhutleng.” (Jer. 3:12) Modimo ga a nne a galefetse batho ba gagwe ba a ba itshwaretseng. Go na le moo, le fa motho a dirile boleo, Jehofa o batla go baakanya kamano ya gagwe le motho yoo. Go sa kgathalesege maleo a motho a ka tswang a a dirile, fa moleofi yoo ruri a ikwatlhaya mme a kopa Modimo gore a mo itshwarele, Jehofa o tla ‘mmusa’ gore a mo amogele gape le go mo segofatsa. (Jer. 15:19) Kgang eno e e nametsang pelo e tshwanetse go tlhotlheletsa ope fela yo gone jaanong a tlogetseng Modimo wa boammaaruri gore a boele kwa go ene. Ruri tsela e Jehofa a itshwarelang ka yone e dira gore re batle go atamalana le ene.—Bala Dikhutsafalo 5:21.
22, 23. Mokgele wa gago e tshwanetse go nna ofe fa o ntse o etsa Jehofa mo kgannyeng ya go itshwarela?
22 Fa mongwe a go utlwisa botlhoko ka se a se buang le se a se dirang, a o tla etsa Jehofa? Modimo o ne a raya Bajuda ba bogologolo a re o tla “itshekisa” ba a ba itshwaretseng. (Bala Jeremia 33:8.) O kgona go itshekisa, kgotsa go tlhatswa maleo a motho yo o ikwatlhayang mo go rayang gore o lebala maleo ao le go naya motho yoo tshono e nngwe gape ya go simolola sesha go mo direla. Gone ke boammaaruri gore kgang ya gore Modimo o itshwaretse motho yoo, ga e kaye gore o itshekisitswe mo bosaitekanelang jo a bo ruileng, gore jaanong o itekanetse, ga a na boleo. Mme gone, go na le sengwe se re ka ithutang sone mo go se Modimo a neng a se bua ka batho ba ba itshekisitsweng. Re ka leka ka natla go lebala diphoso, kgotsa se motho yono a re kgopisitseng ka sone, ka tsela ya tshwantshetso go nna jaaka e kete re itshekisa mo dipelong tsa rona tsela e re mo lebang ka yone. Re ka dira seo jang?
23 A re re mongwe o go naya mpho ya sejana kgotsa nkgwana e ntle. Fa e tlala leswe kgotsa e tshasegelwa ke sengwe, a o ne o tla itlhaganelela go e latlha? Le e seng. O ne o tla leka ka natla go e phepafatsa mme o le kelotlhoko, o ntsha leswe lepe fela le le mo go yone. O batla go bona bontle jwa yone, tsela e e phatsimang ka yone fa e beilwe mo letsatsing. Ka tsela e e tshwanang, o tla dira sotlhe se o ka se kgonang go tlosa kgalefo kgotsa maikutlo a go tenega a o ka tswang o na le one ka mokaulengwe kgotsa kgaitsadi yo o go kgopisitseng. Lwantsha maikutlo a go nnela go akanya ka mafoko a a botlhoko kgotsa ditiro tse di bosula tse a go dirileng tsone. Fa o ntse o atlega go dira jalo, o phimola mo pelong ya gago setshwantsho le dilo tse di diregileng tse o di bolokileng ka motho yo o mo itshwaretseng. Fa o setse o itshekisitse pelo ya gago jalo o sa tlhole o na le dikgopolo tse di bosula ka motho yoo, jaanong o kgona go boa o nna le botsalano jo bo atamalaneng jo go bonalang bo ne bo senyegetse ruri.
24, 25. O ka bona melemo efe fa o itse Jehofa ka tsela e Kgosi Josia a neng a mo itse ka yone?
24 Re sekasekile dinonofo di le mmalwa fela tsa ga Jehofa le tsela e a dirang dilo ka yone tse re ka ithutang tsone fa re ntse re mo itse botoka. Re kgona go lemoga gore melemo e motho a ka nnang le yone ka ntlha ya go itse Jehofa sentle e ka mo tlhotlheletsa gore a obamele Modimo ka tsela e a e amogelang. Fa re itse Jehofa sentle fela jaaka Kgosi Josia a ne a mo itse, botshelo jwa rona bo tla nna le boitumelo jo bogolo, e leng karolo e nngwe ya botho jwa Modimo.
25 Go itse Jehofa sentle go tla nonotsha botsalano jwa rona le batho ba bangwe. Fa re etsa Jehofa ka go leka ka natla go bontsha bopelonomi jwa lorato, tshiamiso le moya wa go itshwarela, botsalano jwa rona mo phuthegong ya Bokeresete bo tla oketsega mme bo nonofe le go feta. Mo godimo ga moo, re tla tshwanelegela go ruta ba bangwe fa re ntse re dira maeto a go boela mo tshimong ya rona e bile re tshwara dithuto tsa Baebele tse di gatelang pele. Batho ba ba kgatlhegelang molaetsa wa rona ba tla rata tsela ya Bokeresete e ba bonang re tshela ka yone. Ka jalo, re tla bo re tlhomeletse ka botlalo go ba thusa go obamela Jehofa ka tsela e a e amogelang, gore ba latele “tsela e e molemo.”—Jer. 6:16.
Dikhutsafalo 5:21 e go kgothaletsa go dira eng?
a Go bona diphelelo tse di botlhoko tse di ileng tsa tlela Jehoiakime, bona Kgaolo 4, serapa 12, mo bukeng eno.
b The New English Bible e ranola mafoko ano a ga Jehofa jaana: “Ke go ratile thata go tloga bogologolong, mme ke sa ntse ke go tlhokometse ka lorato.”
c Fa mokaulengwe kgotsa kgaitsadi a dirile sengwe se go bonalang sentle gore se kgatlhanong le melao ya Modimo, kgang eo e tshwanetse ya bolelelwa bagolwane ba phuthego gore ba kgone go e rarabolola mme ba neye motho yoo thuso ya Dikwalo.—Jak. 5:13-15.