KGAOLO 5
Thekololo—Mpho e e Molemo e e Tswang Kwa Modimong
1, 2. (a) Ke eng se se dirang gore mpho e nne botlhokwa mo go wena? (b) Ke mpho efe e e di gaisang tsotlhe e Modimo a re neileng yone mme ke eng fa e le botlhokwa?
KE MPHO efe e e di gaisang tsotlhe e o kileng wa e newa? Mpho ga e tlhoke go ja madi a mantsi gore o e itumelele. Fa e go itumedisa e bile e le sengwe se o se tlhokang, o tshwanetse go e tseela kwa godimo.
2 Mo dimphong tsotlhe tse Modimo a re neileng tsone, go na le e le nngwe fela e e di gaisang tsotlhe. Mo kgaolong eno, re tla ithuta gore Jehofa o ne a romela Morwawe e bong Jesu Keresete gore re kgone go tshela ka bosakhutleng. (Bala Mathaio 20:28.) Jehofa o ile a re bontsha gore o re rata fela thata fa a ne a romela Jesu gore a tle mo lefatsheng go nna thekololo.
THEKOLOLO KE ENG?
3. Ke eng fa batho ba swa?
3 Thekololo ke tsela e Jehofa a gololang batho ka yone mo boleong le mo losong. (Baefeso 1:7) Gore re kgone go tlhaloganya lebaka la go bo re tlhoka thekololo, re tshwanetse go itse se se ileng sa direga dingwaga di le dintsi tse di fetileng kwa tshimong ya Edene. Batsadi ba rona ba ntlha e bong Adame le Efa, ba ile ba leofa mme ba swa. Le rona re a swa ka gonne ba fetiseditse boleo jwa bone mo go rona.—Bona Ntlha e e Kwa Bofelong ya 9.
4. Adame e ne e le mang, mme ke eng se a neng a na le sone?
4 Fa Jehofa a ne a bopa Adame, O ne a mo naya sengwe se se tlhwatlhwakgolo thata. O ne a mmopa a se na boleo. Adame o ne a se kitla a lwala, a tsofala le go swa. Jehofa e ne e le rraagwe ka gonne e le ene a mmopileng. (Luke 3:38) Gangwe le gape Jehofa o ne a bua le Adame. O ne a mo tlhalosetsa se a se lebeletseng mo go ene le go mo naya tiro e e itumedisang thata.—Genesise 1:28-30; 2:16, 17.
5. Baebele e kaya eng fa e re Adame o ne a bopilwe mo “setshwanong sa Modimo”?
5 Adame o ne a bopilwe “mo setshwanong sa [Modimo].” (Genesise 1:27) Jehofa o ne a dira gore a tshwane le ene ka lorato, botlhale, tshiamiso le maatla. O ne a mo naya tshwanelo ya go itlhophela. Adame e ne e se roboto. Modimo o ne a mo neile tshwanelo ya go itlhophela go dira se se siameng kgotsa se se sa siamang. Fa a ka bo a tlhophile go utlwa Modimo, a ka bo a ile a tshelela ruri mo Paradaiseng.
6. Adame o ne a latlhegelwa ke eng fa a ne a tlola taelo ya Modimo? Seno se re ama jang?
6 Fa Adame a ne a tlola taelo ya Modimo mme a atlholelwa loso, o ne a latlhegelwa ke sengwe se se tlhwatlhwakgolo fela thata—botsala jo bo kgethegileng jo a neng a na le jone le Jehofa, botshelo jo bo se nang matshwenyego mmogo le legae la Paradaise. (Genesise 3:17-19) Adame le Efa ba ile ba dira tshwetso ya go tlola taelo ya Modimo, ka jalo, ba ile ba latlhegelwa ke sengwe le sengwe. “Boleo bo ne jwa tsena mo lefatsheng ka motho a le mongwe [Adame] le loso ka boleo, loso lo ne lwa anamela kwa bathong botlhe ka gonne ba leofile botlhe.” (Baroma 5:12) Fa Adame a ne a leofa, o ne a re ‘rekisa’ mme ra nna makgoba a boleo le loso. (Baroma 7:14) A go na le mongwe yo o tla re gololang? Ee o teng.
7, 8. Thekololo ke eng?
7 Thekololo ke eng? E akaretsa dilo tse pedi. Sa ntlha, thekololo ke tlhwatlhwa e e duelwang go golola mongwe kgotsa go rekolola sengwe. Sa bobedi, ke madi a a duelelang sengwe.
8 Ga go na motho ope yo o neng a ka duelela ditshenyegelo tse di seng kana ka sepe tse Adame a di bakileng fa a ne a leofa mme a dira gore re swe. Mme Jehofa o ne a dira thulaganyo ya go re golola mo boleong le mo losong. A re ithute kafa thekololo e dirang ka gone le kafa e ka re thusang ka gone.
KAFA JEHOFA A ILENG A NTSHA THEKOLOLO KA TENG
9. Thekololo e ne e tshwanetse go duelwa jang?
9 Ga go ope wa rona yo o neng a ka rekolola botshelo jo bo se nang boleo jo Adame a bo latlhileng. Ka ntlha yang? Ka gonne rotlhe re baleofi. (Pesalema 49:7, 8) Go ne go tlhokega botshelo jwa motho yo o se nang boleo go golola jo Adame a bo latlhileng. Ke ka lebaka leo e bidiwang “thekololo e e lekanang.” (1 Timotheo 2:6) Thekololo e ne e tshwanetse go lekana le boleng jwa botshelo jo Adame a bo latlhileng.
10. Jehofa o ne a ntsha thekololo jang?
10 Jehofa o ne a ntsha thekololo jang? Ka go romela Morwawe yo a mo ratang thata. Morwa yono, e bong Jesu, e ne e le sebopiwa sa gagwe sa ntlhantlha. (1 Johane 4:9, 10) Jesu o ne a ikemiseditse go kgaogana le Rraagwe le go tlogela legae la gagwe kwa legodimong. (Bafilipi 2:7) Jehofa o ne a ntsha botshelo jwa ga Jesu kwa legodimong a bo tlisa mo lefatsheng mme Jesu a tsholwa e le motho yo o se nang boleo.—Luke 1:35.
11. A motho a le mongwe o ne a ka kgona go golola batho botlhe mo losong? Tlhalosa.
11 Motho wa ntlha e bong Adame o ne a fetisetsa boleo mo bathong botlhe. A go ne go na le motho yo mongwe yo o neng a ka rekolola bana botlhe ba ga Adame mo losong? Ee. (Bala Baroma 5:19.) Jesu yo o neng a se na boleo o ne a ntsha botshelo jwa gagwe gore e nne thekololo. (1 Bakorintha 15:45) Botshelo jwa gagwe bo ne bo ka dirisiwa go tlosa loso mo baneng botlhe ba ga Adame.—1 Bakorintha 15:21, 22.
12. Ke eng fa Jesu a ne a tshwanelwa ke go boga botlhoko jaana?
12 Baebele e tlhalosa kafa Jesu a neng a boga ka gone pele a swa. O ne a itewa, a kokotelwa mo koteng mme a tlogelwa gore a swe loso lo lo botlhoko. (Johane 19:1, 16-18, 30) Ke eng fa Jesu a ne a tshwanelwa ke go boga botlhoko jaana? Ka gonne Satane o ne a re ga go na motho ope yo o ka ikanyegang mo Modimong fa a lekwa. Jesu o ne a bontsha gore motho yo o se nang boleo o kgona go nna a ikanyega mo Modimong le fa a ka boga mo go feteletseng. Akanya fela kafa Jehofa a neng a le motlotlo ka gone ka Jesu!—Diane 27:11; bona Ntlha e e Kwa Bofelong ya 15.
13. Thekololo e ne ya duelwa jang?
13 Thekololo e ne ya duelwa jang? Jesu o ne a naya Rraagwe boleng jwa botshelo jwa gagwe. Go ya ka khalendara ya Bajuda, ka kgwedi ya Nisane 14 ka ngwaga wa 33, Jehofa o ne a letla baba ba gagwe gore ba bolaye Jesu. (Bahebera 10:10) Malatsi a le mararo morago ga moo, Jehofa o ne a mo tsosa e le moengele. Moragonyana fa Jesu a boela kwa go Rraagwe kwa legodimong, o ne a mo naya boleng jwa botshelo jwa gagwe e le thekololo. (Bahebera 9:24) E re ka jaanong thekololo e duetswe, re na le tshono ya go gololwa mo boleong le mo losong.—Bala Baroma 3:23, 24.
THEKOLOLO E KA GO THUSA JANG?
14, 15. Ke eng se re tshwanetseng go se dira gore Modimo a re itshwarele?
14 Mpho eo e e tlhwatlhwakgolo e e tswang kwa Modimong, e setse e re thusa. A re boneng gore e re thusa jang gone jaanong le mo isagweng.
15 Modimo o a re itshwarela. Go thata go dira dilo tse di siameng ka dinako tsotlhe. Re dira diphoso mme ka dinako tse dingwe re bua le go dira dilo tse di sa siamang. (Bakolosa 1:13, 14) Re ka dira eng gore re itshwarelwe? Re tshwanetse go ikwatlhaya go tswa pelong ka phoso e re e dirileng mme re ikokobetse le go kopa Jehofa gore a re itshwarele. Go tswa foo, re ka tlhomamisega gore Modimo o tla re itshwarela.—1 Johane 1:8, 9.
16. Ke eng se re tshwanetseng go se dira gore re nne le segakolodi se se siameng?
16 Re nna le segakolodi se se siameng. Fa segakolodi sa rona se re bolelela gore re dirile sengwe se se phoso, re ipona molato re bo re akanya gore ga re kitla re tlhola re dira dilo sentle kgotsa gore ga re batho ba sepe. Mme ga re tlhoke go ineela. Fa re kopa Jehofa gore a re itshwarele, re ka tlhomamisega gore o tla re reetsa a bo a re itshwarela. (Bahebera 9:13, 14) Jehofa o batla gore re bue le ene ka mathata le makoa ape fela a re nang le one. (Bahebera 4:14-16) Fa re dira jalo, re tla gololesega.
17. Ke ditshegofatso dife tse re nnang le tsone ka ntlha ya loso lwa ga Jesu?
17 Re nna le tsholofelo ya gore re tla tshelela ruri. “Dituelo tse boleo bo di duelang ke loso, mme mpho e Modimo a e nayang ke botshelo jo bo sa khutleng ka Keresete Jesu Morena wa rona.” (Baroma 6:23) E re ka Jesu a re swetse, re kgona go tshelela ruri le go itumelela botshelo. (Tshenolo 21:3, 4) Mme re tshwanetse go dira eng gore re amogele ditshegofatso tseo?
A O TLA LETLA THEKOLOLO GORE E GO THUSE?
18. Re itse jang gore Jehofa o a re rata?
18 O ikutlwa jang fa mongwe a go naya mpho e ntle? Thekololo ke mpho e e tlhwatlhwakgolo go gaisa tsotlhe mme re tshwanetse go leboga Jehofa go tswa pelong go bo a re neile yone. Johane 3:16 ya re: “Modimo o ratile lefatshe mo go kalo mo a bileng a ntsha Morwawe yo o tsetsweng a le esi.” Jehofa o re rata thata jaana mo a ileng a re naya Morwawe yo o rategang gore a re swele. Mme re a itse gore Jesu le ene o a re rata ka gonne o ne a ikemiseditse go re swela. (Johane 15:13) Mpho eno ya thekololo e tshwanetse go dira gore o tlhatswege pelo gore Jehofa le Jesu ba go rata fela thata.—Bagalatia 2:20.
19, 20. (a) O ka nna jang tsala ya ga Jehofa? (b) O ka bontsha jang gore o lebogela thekololo ya ga Jesu?
19 E re ka jaanong o ithutile ka lorato lo logolo lwa Modimo, o ka nna tsala ya gagwe jang? Go thata go rata motho yo o sa mo itseng. Johane 17:3 ya re re ka kgona go itse Jehofa. Fa o ntse o ithuta ka ene, o tla mo rata le go feta, o tla batla go dira dilo tse di mo itumedisang e bile o tla nna tsala ya gagwe. Ka jalo, tswelela o ithuta Baebele gore o kgone go mo itse.—1 Johane 5:3.
20 Bontsha gore o lebogela thekololo ya ga Jesu. Baebele ya re “yo o supang tumelo mo go Morwa o na le botshelo jo bo sa khutleng.” (Johane 3:36) Go supa tumelo go kaya eng? Go kaya go dira dilo tse Jesu a re rutileng tsone. (Johane 13:15) Ga go kgonege gore re re re dumela mo go Jesu mme gone re sa bontshe seo ka ditiro. Jakobe 2:26 ya re: “Tumelo kwantle ga ditiro e sule.”
21, 22. (a) Ke eng fa re tshwanetse go nna gone kwa Segopotsong sa ngwaga le ngwaga sa loso lwa ga Keresete? (b) Re tla tlotla ka eng mo Kgaolo 6 le 7?
21 Nna gone mo Segopotsong sa loso lwa ga Keresete. Mo bosigong jo Jesu a bolailweng ka jone, o ne a re laela gore re gopole loso lwa gagwe. Re dira jalo ngwaga le ngwaga ka nako ya “dijo tsa maitseboa tsa Morena.” (1 Bakorintha 11:20; Mathaio 26:26-28) Jesu o batla gore re gopole gore o ile a ntsha botshelo jwa gagwe jo bo se nang boleo go re rekolola. O ne a re: “Nnang lo dire seno e le go nkgopola.” (Bala Luke 22:19.) Fa o nna gone kwa Segopotsong, o bontsha gore o gopola thekololo le lorato lo logolo lo Jehofa le Jesu ba re lo bontshitseng.—Bona Ntlha e e Kwa Bofelong ya 16.
22 Thekololo ke mpho e e kgolo go di gaisa tsotlhe tse re ka di newang. (2 Bakorintha 9:14, 15) Mpho eo e tla thusa le batho ba bantsintsi ba ba setseng ba sule. Kgaolo 6 le 7 di tla tlhalosa gore seo se tla direga jang.