Go Direla Modimo yo o Boikanyo
Jaaka go boletse Kimon Progakis
E ne e le maitseboa a a tsididi thata ka 1955. Nna le mosadi wa me Giannoula re ne ra simolola go tshwenyega ka gonne morwaarona wa dingwaga tse 18 e bong George, a ne a ise a fitlhe mo gae go tswa kwa kagonyaneng e a berekelang kwa go yone. Ka tshoganetso fela, lepodise le ne la kokota mo kgorong. Le ne la bolela jaana: “Morwaalona o thudilwe ke koloi fa a ntse a palame baesekele a tla gae, mme o tlhokafetse.” Go tswa foo o ne a obegela kwa pele mme a buela jaana kwa tlase: “Ba tla lo bolelela gore e ne e le kotsi, mme lo ntumele, o bolailwe.” Moruti wa mo lefelong leo le baeteledipele bangwe ba masole ba ne ba rerile go mmolaya.
KA DINGWAGA tseo, fa Gerika e ne e rarabologelwa mo metlheng ya ntwa le mathata, go ne go le kotsi fa o le mongwe wa Basupi ba ga Jehofa. Ke ne ke itse sentle gore Kereke ya Greek Orthodox le mekgatlho ya sesole e ne e na le tlhotlheletso e e ntseng jang ka gonne ke ne ke le leloko la tsone le le tlhagafetseng ka dingwaga tse di fetang 15. E re ke go bolelele ka ditiragalo tse di neng tsa dira gore go felele go na le matlhotlhapelo ano mo lelapeng la gaetsho mo dingwageng tse di fetang 40 tse di fetileng.
Ke Goletse Kwa Gerika
Ke tshotswe ka 1902 mo lelapeng le le itsholetseng kwa motsaneng o o gaufi le toropo ya Chalcis, kwa Gerika. Rre o ne a tshwaregile thata mo dipolotiking mo lefelong leo, mme ba lelapa la gaetsho e ne e le maloko a a tlhagafetseng thata mo Kerekeng ya Greek Orthodox. Ke ne ka simolola go rata go bala dibuka tsa bopolotiki le tsa bodumedi ka nako ya fa bontsi jwa baagikanna ba ne ba sa rutega.
Go anama ga lehuma le tshiamololo kwa tshimologong ya lekgolo bo20 la dingwaga go ne ga ntira gore ke eletse lefatshe le le nang le maemo a a botoka. Ke ne ka akanya gore bodumedi ke jone jo bo neng bo ka kgona go tokafatsa maemo a a sa itumediseng a baagikanna. E re ka ke ne ke rata bodumedi thata, banna ba ba di gogang kwa pele mo motseng wa gaetsho ba ne ba akantsha gore ke nne moruti wa motse oo wa Greek Orthodox. Lefa go ntse jalo, lefa gone ke ne ke kile ka etela kwa matlong a baitlami e bile ke ne ka buisana le bobishopo le ditlhogo tsa baitlami ka nako e telele, ke ne ke sa ikutlwe ke tshwanela kana ke eletsa go amogela boikarabelo joo.
Mo Gare ga Ntwa ya Selegae
Dingwaga moragonyana, ka April 1941, Gerika e ne ya nna kafa tlase ga masole a Bonasi. Seno se ne sa simolola motlha wa dipolaano tse di setlhogo, tlala, go thukutha le go boga thata ga batho. Go ne ga tlhomiwa mokgatlho o o nonofileng wa kganetso, mme ke ne ke le mongwe wa ditlhopha tsa go lwela kgololesego tse di neng di lwantsha batlhasedi ba Banasi. Ka ntlha ya seo, legae la gaetsho le ne la tshubiwa ka molelo ka makgetlho a le mmalwa, ke ne ka hulwa ka tlhobolo, mme dijalo tsa gaetsho di ne tsa senngwa. Kwa tshimologong ya 1943 nna le ba lelapa la gaetsho re ne ra tshwanelwa ke go tshabela kwa dithabeng tse di tletseng maje. Re ne ra nna koo go fitlhela masole a Jeremane a emisa go laola koo ka October 1944.
Ntwa ya sepolotiki le ya selegae e ne ya tlhagoga morago ga gore Bajeremane ba tsamaye. Setlhopha sa kganetso sa balwelakgololesego se ke neng ke le mo go sone se ne sa nna sengwe sa masole a magolo thata mo ntweng ya selegae. Le mororo ke ne ke kgatlhiwa ke gore go nne le maikaelelo a Bokomonisi a tshiamiso, go lekalekana le go abelana, kgabagare a ne a ntlogela ke swabile gotlhelele. E re ka ke ne ke na le maemo mo setlhopheng seno, ke ne ka bona ka matlho gore maatla a go busa tota a ka senya batho. Go sa kgathalesege dikgopolo le maikaelelo a a neng a lebega a le botlhokwa thata, bopelotshetlha le go sa itekanela go senya maikaelelo a bopolotiki a a molemolemo.
Se se neng sa ntshosa le go feta e ne e le gore mo matlhakoreng a a farologaneng a dintwa tsa selegae, baruti ba Orthodox ba ne ba tsaya ditlhobolo gore ba bolaye batho ba bodumedikabone! Ke ne ka akanya gore, ‘Baruti bano ba ne ba ka bolela jang gore ba emela Jesu Keresete, yo o neng a tlhagisa jaana: “Botlhe ba ba tsayang tšhaka ba tlaa nyelela ka tšhaka”?’—Mathaio 26:52.
Ka ntwa ya selegae ya 1946, ke ne ke iphitlhile gaufi le toropo ya Lamia, kwa bogare jwa Gerika. Diaparo tsa me di ne di onetse thata, ka jalo ke ne ka akanya gore ke ikgakise batho mme ke ye go bona moroki kwa toropong a nthokele diaparo tse dingwe tse disha. Go ne go na le kganetsano ya moruthutha fa ke fitlha koo, mme go ise go ye kae ke ne ka iphitlhela ke tsene mo motlotlong, e seng wa dipolotiki, mme o ke neng ke o kgatlhegela pele, wa bodumedi. Fa bareetsi ba utlwa dintlha tsa me tse di rutang, ba ne ba akantsha gore ke bue le ‘porofesa nngwe ya thutabomodimo.’ Ka bonako fela ba ne ba ya go mmitsa.
Go Bona Tsholofelo E e Ka Ikanngwang
Mo motlotlong o re neng re o tshwere, “porofesa” eno e ne ya mpotsa gore dilo tse ke neng ke di dumela di ne di theilwe mo go eng. Ke ne ka araba jaana: “Ka Borara ba ba Boitshepo le mo go Sinote ya Ditlhopha Tsa Kereke.” Mo boemong jwa gore a nkganetse, o ne a bula Baebele ya gagwe e potlana mo go Mathaio 23:9, 10, mme a nkopa gore ke bale mafoko ano a ga Jesu: “Lo se ka lwa bitsa ope rraeno mo lefatsheng; gonne Rraeno o mongwe fela yo o kwa legodimong. Le gone lo se ka lwa bidiwa Beng, gonne Mong wa lona o mongwe fela, e bong Keresete.”
Seo se ne sa mpula matlho! Ke ne ka lemoga gore monna yono o bua boammaaruri. Fa a ne a ipolela gore ke mongwe wa Basupi ba ga Jehofa, ke ne ka mo kopa dibuka dingwe gore ke bale. O ne a ntlela buka ya Light, e e tlhalosang buka ya Baebele ya Tshenolo, mme ke ne ka tsamaya le yone kwa lefelong le ke neng ke iphitlha mo go lone. E ne e setse e le nako e telele ke sa itse tota gore dibatana tse go buiwang ka tsone mo go Tshenolo di emela eng, mme gone jaanong ke ithutile gore di emela mekgatlho ya bopolotiki e e leng gone mo lekgolong la rona la bo20 la dingwaga. Ke ne ka simolola go tlhaloganya gore Baebele e mosola thata mo metlheng ya rona le gore ke tshwanetse go e ithuta le go tshela go dumalana le boammaaruri jwa yone.
Go Tshwarwa le go Tsenngwa mo Kgolegelong
Ka bonako fela morago ga moo, masole a ne a phomegela mo lefelong le ke neng ke iphitlhile mo go lone a bo a ntshwara. Ke ne ka latlhelwa mo moleteng wa kgolegelo. E re ka ke ne ke batliwa jaaka senokwane ka nako e telele, ke ne ke lebeletse gore ke tla bolawa. Mo kamoreng ya me ya kgolegelo, ke ne ka etelwa ke Mosupi yo o neng a simolola go bua le nna. O ne a nkgothatsa gore ke ikanye mo go Jehofa ka peloyotlhe, e le se ke neng ka se dira. Ke ne ka atlholelwa go ntshiwa mo nageng ka dikgwedi di le thataro ke isiwa kwa setlhaketlhakeng sa Aegean sa Ikaria.
Fa ke fitlha koo fela, ke ne ka se ka ka ikitsise ke le Lekomonise, mme ke le Mosupi wa ga Jehofa. Batho ba bangwe ba ba neng ba ithutile boammaaruri jwa Baebele le bone ba ne ba isitswe koo, ka jalo ke ne ka ba bona, mme re ne re ithuta Baebele mmogo ka metlha. Ba ne ba nthusa go nna le kitso e e oketsegileng e e tswang mo Dikwalong le gore ke tlhaloganye Modimo wa rona yo o boikanyo, Jehofa botoka.
Ka 1947, fa katlholo ya me e fela, ke ne ka bilediwa kwa ofising ya mosekisi wa batho. O ne a mpolelela gore o kgatlhilwe ke boitshwaro jwa me a bo a re ke ka dirisa leina la gagwe jaaka motho yo a ka mpuelelang fa e le gore ke ka ntshiwa mo nageng gape. Fa ke fitlha kwa Athene, koo ba lelapa la gaetsho ba neng ba fudugela teng fa ke ne ke le koo, ke ne ka simolola go kopanela le phuthego ya Basupi ba ga Jehofa mme go ise go ye kae ke ne ka kolobediwa e le go tshwantshetsa boineelo jwa me mo go Jehofa.
Go Latofadiwa ka go Sokolola Batho
Ka masomesome a dingwaga, Gerika e ne e ntse e sekisa Basupi ba ga Jehofa ka melao e e neng ya dumalanwa ka 1938 le ka 1939 e e neng e thibela go sokololela batho mo bodumeding. Ka gone, go tloga ka 1938 go ya go 1992, Basupi ba ne ba tshwerwe ga 19 147 kwa Gerika, mme dikgotlatshekelo di ne tsa atlhola dikgetsi tse di neng di ka lekana le dingwaga di le 753, mme tota dingwaga tse 593 di ne tsa nniwa mo kgolegelong. Nna ke ne ka tshwarelwa go rera mafoko a molemo a Bogosi jwa Modimo ka makgetlho a a fetang 40, mme mo go one otlhe ke ne ka tsenngwa mo dikgolegelong tse di farologaneng ka dikgwedi di le 27.
Nako nngwe fa ke ne ke tshwarwa, e ne e le go bo ke ne ka kwalela moruti mongwe wa kereke ya Greek Orthodox lekwalo kwa Chalcis. Ka 1955, diphuthego tsa Basupi ba ga Jehofa di ne di rotloeditswe gore di romelele baruti botlhe bukana ya Christendom or Christianity—Which One Is “the Light of the World”? Mongwe wa baruti ba maemo a a kwa godimo yo ke neng ka mo kwalela lekwalo o ne a ntshekisetsa go sokolola batho. Ka nako ya tsheko eo, mmueledi wa Mosupi mmogo le agente ya lefelo leo ba ne ba mpuelela ka tsela e e botswerere, ba tlhalosa boikaelelo jwa go bo Bakeresete ba boammaaruri ba tshwanetse go rera mafoko a a molemo a Bogosi jwa Modimo.—Mathaio 24:14.
Moatlhodi yo o neng a tshwere marapo wa kgotlatshekelo o ne a botsa archimandrite (motlotlegi yo mogolo wa kereke yo o tlang morago ga mobishopo ka maemo) jaana: “A o badile lekwalo le bukana eo?”
“Nnyaa,” o ne a araba jalo ka kgakalo, “ke ne ka di gagola mme ka di latlha ka bonako fela fa ke sena go bula enfelopo!”
“Jaanong o ka bolela jang gore monna yono o ne a go sokolola?” moatlhodi yono yo o neng a tshwere marapo o ne a botsa jalo.
Go tswa foo mmueledi wa rona o ne a umaka dikai tsa boporofesa le ba bangwe ba ba neng ba abela dilaeborari tsa batho botlhe dibuka di le dintsi thata. “A o ne o ka bolela gore batho bao ba ne ba leka go sokolola ba bangwe?” o ne a botsa jalo.
Go phepafetse gore tiro e e ntseng jalo e ne e se ya go sokolola batho. Ke ne ka leboga Jehofa fa ke ne ke utlwa katlholo e re: “Ga a bonwe molato.”
Loso Lwa Morwaake
Gape morwaake George o ne a tshwenngwa ka metlha, gantsi e le baruti ba Orthodox ba ba neng ba tlhotlheletsa seo. Le ene o ne a tshwarwa ka makgetlho a le mantsi ka ntlha ya go tlhagafala ga gagwe a le mosha mo go boleleng mafoko a a molemo a Bogosi jwa Modimo. Kgabagare, baganetsi ba ne ba swetsa ka gore ba mmolaye mme, lefa go ntse jalo, ba romela molaetsa o o neng o re tlhagisa rotlhe gore re tlogele go rera.
Lepodise le le neng la tla kwa ntlong ya gaetsho go tla go bega ka loso lwa ga George le ne la bolela gore moruti wa Greek Orthodox wa lefelo leo le baeteledipele bangwe ba masole ba ile ba rera go bolaya morwaarona. “Dikotsi” tse di ntseng jalo di ne di tlwaelegile mo metlheng eo e e kotsi. Go sa kgathalesege gore re ne re hutsafetse go le kana kang ka loso lwa gagwe, re ne ra nonotsha boikaelelo jwa rona gore re nne re le tlhaga mo tirong ya go rera le go ikanya mo go Jehofa ka botlalo.
Go Thusa ba Bangwe go Ikanya mo go Jehofa
Mo bogareng jwa dingwaga tsa bo1960, mosadi wa me le bana ba ne ba nna dikgwedi tsa selemo kwa motsaneng mongwe o o gaufi le lotshitshi wa Skala Oropos, o o sekgala sa dikilometara di ka nna 50 go tswa kwa Athene. Ka nako eo go ne go sena Basupi ba ba neng ba nna koo, ka jalo re ne re dira bosupi jo e seng jwa ka tlwaelo mo baagelaning ba rona. Balemi ba bangwe ba lefelo leo ba ne ba kgatlhegela seo fela thata. E re ka banna ba ne ba bereka diura tse ditelele mo masimong a bone motshegare, re ne re tshwara dithuto tsa Baebele le bone bosigo thata, mme ba le mmalwa ba bone ba ne ba nna Basupi.
Fa re bona gore Jehofa o segofatsa maiteko a rona, mo e ka nnang dingwaga di le 15, re ne re ya koo beke nngwe le nngwe e le gore re tshware dithuto tsa Baebele le batho ba ba kgatlhegang. Mo e ka nnang batho ba le 30 ba re neng ra ithuta le bone ba ne ba gatela pele go fitlha ba kolobediwa. Kwa tshimologong, go ne ga tlhomiwa setlhopha sa thuto, mme ke ne ka abelwa go tshwara dipokano koo. Morago ga moo setlhopha seo se ne sa nna phuthego, mme gompieno Basupi ba ba fetang lekgolo ba mo karolong eo ba bopa Phuthego ya Malakasa. Re itumelela gore batho ba le banè ba re neng ra ba thusa ba direla e le badiredi ba nako e e tletseng gompieno.
Boswa jo Bogolo
Morago fela fa ke sena go neela botshelo jwa me mo go Jehofa, mosadi wa me o ne a simolola go gatela pele semoyeng mme a kolobediwa. Ka nako e e thata ya pogiso, tumelo ya gagwe e ne e ntse e nonofile mme o ne a nitame e bile bothokgami jwa gagwe bo sa reketle. O ne a sa nke a ngongorega ka mathata a mantsi a re neng re na le one ka ntlha ya go bo ke ne ke tsenngwa mo kgolegelong kgapetsakgapetsa.
Mo dingwageng tse di fetileng, re ne re tshwara dithuto tsa Baebele di le dintsi mmogo, mme ka tsela e e nang le matswela o ne a thusa batho ba le bantsi ka mokgwa wa gagwe o o motlhofo le o o matlhagatlhaga. Gone jaanong, o na le tselana ya dimakasine e e akaretsang batho ba le bantsi ba a ba neelang Tora ya Tebelo le Tsogang! ka metlha.
E re ka segolobogolo ke thusitswe ke mogatsake yo ke mo ratang, bana ba rona ba bararo ba ba tshelang le ba malapa a bone, a a akaretsang bana ba bana ba le barataro le ditlogolwana tse nnè, botlhe ba tlhagafetse mo tirelong ya ga Jehofa. Le mororo ba ne ba sa itshokela pogiso le go ganediwa thata mo nna le mosadi wa me re neng re lebane le gone, ba ikanya Jehofa ka peloyotlhe, mme ba tswelela pele ba tsamaya mo ditseleng tsa gagwe. A bo e tla nna boitumelo jang ne fa rotlhe re kopana gape le George wa rona yo re mo ratang thata fa a boa ka tsogo!
Go Ititaya Sehuba Gore ke Ikanye Jehofa
Ka dingwaga tseno tsotlhe, ke bone moya wa ga Jehofa o thusa batho ba gagwe. Mokgatlho wa gagwe o o kaelwang ke moya o nthusitse go bona gore re ka se ikanye maiteko a batho. Ditsholofetso tsa bone tsa go nna le isagwe e e botoka ga di na mosola, tsotlhe ke maaka a magolo fela.—Pesalema 146:3, 4.
Go sa kgathalesege go bo ke godile thata le mathata a magolo a botsogo, matlho a me a lebile thata mo go ikanyeng Bogosi gore ke jwa mmatota. Totatota ke maswabi ka dingwaga tse ke di sentseng ke direla bodumedi jwa maaka le go leka go lere maemo a a botoka ka ditsela tsa bopolotiki. Fa go ne go ka twe ke simolole botshelo jwa me sesha, kwantle ga pelaelo ke ne ke tla swetsa gape gore ke direle Jehofa, Modimo yo o boikanyo.
(Kimon Progakis o tlhokafetse bosheng jaana. O ne a solofetse go tshela mo lefatsheng.)
[Setshwantsho mo go tsebe 26]
Senepe sa ga Kimon sa bosheng a na le mosadi wa gagwe, Giannoula