Go Naya Jehofa Se se Mo Tshwanetseng
JAAKA GO BOLETSE TIMOLEON VASILIOU
Ke ne ke tshwaretswe go ruta ka Baebele mo motsaneng wa Aidhonochori. Mapodise a ile a nthola ditlhako mme ba simolola go mpetsa kafa tlase ga dinao. Fa ba ntse ba mpetsa jalo, dinao tsa me di ne tsa swa bogatsu mme ke ne ke sa tlhole ke kgona go utlwa botlhoko. Pele ga ke tlhalosa gore ke eng se se ileng sa dira gore ke sotliwe jaana, e leng selo se se neng se tlwaelegile kwa Greece ka nako eo, mma ke tlhalose gore go tlile jang gore ke rute ka Baebele.
KA BONAKO fa ke sena go tsholwa ka 1921, lelapa la gaetsho le ile la fudugela kwa toropong ya Rodholívos, kwa bokone jwa Greece. Fa ke sa le mosha, ke ne ke tshela botshelo jo bo sa laolesegeng. Fa ke le dingwaga di le 11, ke ne ka simolola go goga. Moragonyana, ke ne ke nwa thata e bile ke betšha mme ke ya kwa diphathing tse di sa siamang mo e ka nnang bosigo bongwe le bongwe. Ke ne ke na le talenta ya mmino, ka jalo ka ikamanya le setlhopha sengwe sa mmino sa mo lefelong la rona. Mo e ka nnang ka lobaka lwa ngwaga, ke ne ke kgona go tshameka bontsi jwa diletswa tsa setlhopha seo. Mme gape, ke ne ke rata go ithuta e bile ke rata tshiamiso.
Mo masimologong a 1940, fa Ntwa ya Lefatshe II e simolola, setlhopha sa rona se ne sa lalediwa go ya go tshameka mmino kwa phitlhong ya mosetsanyana mongwe. Kwa mabitleng, ba losika le ditsala ba ne ba lela ba hutsafetse fela thata. Khutsafalo ya bone e e feteletseng e ile ya nkama thata. Ke ne ka simolola go ipotsa gore, ‘Ke eng fa re swa? A go na le se sengwe mo botshelong kwantle fela ga go tshela ka nakwana? Nka bona kae dikarabo?’
Malatsi a sekae morago ga foo, ke ne ka bona khopi ya Tesetamente e Ntšha mo shelefong ya ntlo ya me. Ke ne ka e ntsha mme ka simolola go bala. Fa ke ne ke bala mafoko a ga Jesu mo go Mathaio 24:7 kaga gore ntwa ya selekanyo se segolo e tla nna karolo ya sesupo sa go nna gone ga gagwe, go ne ga tla mo mogopolong wa me gore mafoko a gagwe a tshwanetse a bo a dira mo motlheng wa rona. Mo dibekeng tse di latelang, ke ne ka bala khopi eno ya Dikwalo Tsa Bokeresete Tsa Segerika ka makgetlo a le mmalwa.
Mme ka December 1940, ke ne ka etela lelapa lengwe le le neng le le fa gaufi—motlholagadi le bana ba gagwe ba batlhano. Mo ntlwaneng ya bone e e fa godimo, mo gare ga mokoa wa dibukana ke ne ka fitlhela nngwe ya tsone e na le setlhogo se se reng A Desirable Government, e e gatisitsweng ke Watch Tower Bible and Tract Society. Ke ne ka nna kwa ntlwaneng e e kwa godimo eno mme ka bala bukana eo yotlhe. Ke ne ka tlhatswega pelo ka botlalo go ya ka se ke neng ke se badile gore tota re tshela mo go se Baebele e reng ke ‘malatsi a bofelo’ le gore go ise go ye kae Jehofa Modimo o tla fedisa tsamaiso eno ya dilo mme a bo a e emisetsa ka lefatshe le lesha la tshiamo.—2 Timotheo 3:1-5; 2 Petere 3:13.
Se se neng sa nkgatlha thata e ne e le bosupi jwa Dikwalo jwa gore batho ba ba ikanyegang ba tla tshelela ruri mo lefatsheng la paradaise le gore go boga le loso go tla bo go sa tlhole go le gone mo lefatsheng leo le lesha kafa tlase ga puso ya Bogosi jwa Modimo. (Pesalema 37:9-11, 29; Tshenolo 21:3, 4) Fa ke ntse ke bala, ke ne ka lebogela Modimo dilo tseno ka thapelo, mme ka mo kopa gore a mpontshe gore dilo tse a di batlang ke eng. Ke ne ka kgona go bona sentle gore Jehofa Modimo o tshwanelwa ke gore ke ineele mo go ene ka moya otlhe.—Mathaio 22:37.
Go Dirisa Se ke Se Ithutileng
Go tloga ka nako eo, ke ne ka tlogela go goga, ka emisa go tlhola ke tagwa ka ba ka tlogela go betšha. Ke ne ka phutha bana ba batlhano ba motlholagadi le bonnake ba bararo mme ka ba tlhalosetsa se ke se ithutileng mo bukaneng eno. Go ise go ye kae rotlhe re ile ra simolola go anamisa tshedimosetsonyana e re neng re na le yone. Re ne ra itsege mo tikologong re le Basupi ba ga Jehofa, le fa gone re ne re ise re kopane le Basupi bape. Go tloga fela kwa tshimologong, ke ne ka dirisa diura di le lekgolo kgwedi nngwe le nngwe go bolelela ba bangwe ka dilo tse dintle tse ke di ithutileng.
Mongwe wa baruti ba Greek Orthodox o ne a ya go ngongorega ka rona go ratoropo. Le fa go ntse jalo, malatsinyana pele ga foo, rona re sa itse, Mosupi mongwe yo mosha o ile a bona pitse e e latlhegileng mme a bo a e busetsa beng ba yone. Ka ntlha ya go ikanyega gono, ratoropo o ne a tlotla Basupi, mme o ne a gana go reetsa moruti.
Ka letsatsi lengwe mo e ka nnang ka October 1941, fa ke ntse ke neela bosupi mo borekisetsong, mongwe o ne a bua ka Mosupi wa ga Jehofa yo o nnang mo toropong e e fa gaufi. E kile ya bo e le lepodise yo o neng a bidiwa Christos Triantafillou. Ke ne ka ya go mmona mme ka utlwa gore o sa le a nna Mosupi ka 1932. A bo ke ne ka itumela jang ne fa a ne a nnaya dikgatiso tsa bogologolo tsa Watch Tower! Di ile tsa nthusa tota gore ke gatele pele semoyeng.
Ka 1943, ke ne ka supa boineelo jwa me go Modimo ka go kolobediwa mo metsing. Ka nako eo ke ne ke setse ke tshwara dithuto tsa Baebele mo metsaneng e meraro e e gaufi—Dhravískos, Palaeokomi le Mavrolofos. Ke ne ke dirisa buka ya The Harp of God gore re ithute Baebele ka yone. Kgabagare, ke ne ka nna le tshiamelo ya go bona go tlhomiwa diphuthego tse nnè tsa Basupi ba ga Jehofa mo karolong eno.
Go Rera Le fa Go na Le Dikgoreletsi
Ka 1944, Greece e ne e sa tlhole e busiwa ke Jeremane mme ka nako nngwe moragonyana ga foo, re ne ra kgona go ikgolaganya le ofisi ya lekala ya Mokgatlho wa Watch Tower kwa Athena. Ofisi ya lekala e ne ya ntaletsa go ya go rera kwa tshimong e go iseng go ke go nne le ope yo o kileng a utlwa molaetsa wa Bogosi gone. Fa ke sena go fudugela gone, ke ne ka dira mo polaseng nngwe ka dikgwedi tse tharo mme karolo e e setseng ya ngwaga ke ne ka e fetsa mo bodireding.
Mo ngwageng oo ke ne ka nna lesego go bona mmè a kolobediwa mmogo le motlholagadi yole le bana ba gagwe, kwantle ga morwadie yo mmotlana, yo o neng a kolobediwa ka 1943 mme a nna mosadi wa me yo o rategang ka November mo go one ngwaga oo. Dingwaga tse 30 morago ga foo, ka 1974, rre le ene o ne a nna Mosupi yo o kolobeditsweng.
Mo masimologong a 1945 re ne ra amogela makasine wa ntlha o o kopolotsweng wa Tora ya Tebelo go tswa kwa ofising ya lekala. Setlhogo sa one se segolo se ne se re “Tsamayang, lo Rute Ditšhaba Tsotlhe.” (Mathaio 28:19, The Emphatic Diaglott) Nna le Marianthi re ne ra tlogela ntlo ya rona kwantle ga go senya nako go ya go dira kwa ditshimong tse di kgakala kwa botlhaba jwa Noka ya Strymon. Moragonyana Basupi ba bangwe ba ne ba tla go dira le rona.
Gantsi re ne re tsamaya re sa rwala ditlhako go ya go fitlha kwa motsaneng, re tsamaya dikilometara tse dintsi re ralala melatswana le dithaba. Re ne re dira seno go boloka ditlhako tsa rona ka gonne fa di ka onala, re ne re se na tse dingwe tse re ka di rwalang. Ka dingwaga tsa 1946 go ya go 1949, go ne ga tsoga ntwa ya selegae kwa Greece mme go ne go le kotsi thata go tsaya loeto. Go ne go tlwaelegile go bona ditopo di raletse mo patlelong fela.
Go na le gore re kgobiwe marapo ke maemo ano a a boima, re ne ra tswelela re dira ka tlhoafalo. Gantsi ke ne ke tle ke ikutlwe jaaka mopesalema yo o neng a kwala jaana: “Ee, le fa ke ralala mogogoro wa moriti wa loso, ga nketla ke boifa bosula bope; gonne o na le nna; kgoge ya gago, le thobane ya gago, tsone di a nkgomotsa.” (Pesalema 23:4) Ka nako eno gantsi re ne re sa nne mo gae ka dibeke tse dintsi mme ka dinako tse dingwe ke ne ke dirisa diura di le 250 ka kgwedi mo bodireding.
Bodiredi Jwa Rona Kwa Aidhonochori
Mongwe wa metsana e re neng ra e etela ka 1946 e ne e le Aidhonochori, o o neng o le kwa godimo ga thaba. Re ile ra kopana le monna mongwe koo yo o neng a re bolelela gore go na le banna ba babedi mo motsaneng ba ba neng ba batla go utlwa molaetsa wa Baebele. Le fa go ntse jalo, e re ka monna yono a ne a tshaba baagelani ba gagwe, o ne a sa batle go re bontsha kwa ba leng teng. Le fa go ntse jalo re ne ra bona matlo a bone mme ba re amogela ka lorato. Tota e bile, mo metsotswaneng e sekae fela, ntlo e ne e tletse ka batho! E ne e le ba losika kana ditsala tse di gaufi thata. Ke ne ka gakgamala tota go bona kafa ba dutseng ka teng ba tlhwaile tsebe ba re reeditse. Go ise go ye kae re ile ra utlwa gore ba ne ba letile ka tlhoafalo go kopana le Basupi ba ga Jehofa mme ka nako ya puso ya Jeremane go ne go se na bape mo lefelong leo. Ke eng se se tsositseng kgatlhego ya bone?
Ditlhogo tse pedi tseno tsa malapa di ne di kile tsa bo di na le maemo a a kwa godimo mo lekokong la Bokomonise, mme ba ne ba rotloetsa megopolo ya Bokomonise mo bathong. Mme fa go ntse go ya ba ne ba bona khopi ya buka ya Government, e e gatisitsweng ke Mokgatlho wa Watch Tower. Mme fa ba ntse ba e bala, ba ne ba tlhatswega pelo gore tsholofelo e le yosi ya puso e e itekanetseng e e siameng ke Bogosi jwa Modimo.
Re ne ra dula re ntse re bua le banna bano le ditsala tsa bone go fitlha bosigogare. Ba ne ba kgotsofetse tota ka dikarabo tse di theilweng mo Baebeleng tsa dipotso tse ba neng ba na le tsone. Le fa go ntse jalo, ka bonako morago ga foo, Bakomonise mo motsaneng oo ba ne ba loga maano a go mpolaya ka gonne ba ne ba tsaya gore ke nna ke sokolotseng batho ba pele e neng e le baeteledipele ba bone. Go ne ga direga gore mo gare ga batho ba ba neng ba le teng mo bosigong jwa ntlha e ne e le monna yo o neng a re bolelela ka batho ba ba kgatlhegang mo motseng. Kgabagare o ne a gatela pele mo kitsong ya Baebele, a kolobediwa mme moragonyana a nna mogolwane wa Mokeresete.
Pogiso e e Setlhogo
E ne e se nako e telele morago ga gore re kopane le batho bano ba pele e neng e le Bakomonise fa mapodise a mabedi a ne a phomegela mo teng ga ntlo e re neng re tshwere thuto mo go yone. Ba ne ba tshwara ba le banè ba rona ba re supile ka ditlhobolo mme ba re isa kwa seteisheneng sa mapodise. Fa re ntse re le koo, lefotenente wa mapodise, yo o neng a na le dikamano thata le baruti ba Greek Orthodox o ne a re kgoba. Kgabagare, a re botsa, “Jaanong, ke tlile go dira eng ka lona?”
Mapodise a mangwe a a neng a eme kafa morago ga rona a ne a goeletsa otlhe ka nako e le nngwe “A re ba betse thata!”
Ka nako eo go ne go le bosigo thata. Mapodise a ne a re tswalela kwa phaposing e e kwa tlase mme ba ya kwa lefelong le le rekisang bojalwa le le neng le le fa gaufi. Fa ba sena go tagwa thata, ba ne ba boa mme ba ntlhatlosetsa kwa godimo.
Fa ke bona gore ba mo boemong jo bo ntseng jang, ke ne ka lemoga gore ba ka nna ba mpolaya nako nngwe le nngwe. Ka jalo ke ne ka rapela Modimo gore a nneye maatla a go itshokela sengwe le sengwe se se tla ntiragalelang. Ba ne ba tsaya dithupa tsa legong, mme jaaka ne ke ne ke tlhalosa kwa tshimologong, ba ne ba simolola go mpetsa kafa tlase ga dinao. Morago ga foo ba ne ba betsa mmele wa me otlhe, mme go tswa foo ba ntatlhela gape kwa phaposing e e kwa tlase. Morago ga foo ba tsaya yo mongwe mme ba simolola go mmetsa.
Ka nako eo, ke ne ka dirisa tshono eo go baakanyetsa Basupi ba bangwe ba babedi ba basha gore ba lebane le teko e e ba tlelang. Mme go na le moo mapodise a ne a tlhopha go busetsa nna gape kwa godimo. Ba ne ba nkapola diaparo tsa me, mme ba le batlhano ba bone ba ne ba mpetsa mo e ka nnang ka ura, ba nkgataka tlhogo ka dibutu tsa bone tsa sesole. Morago ga foo ba ne ba ntatlhela kwa tlase, koo ke neng ka rapama gone ke idibetse mo e ka nnang ka diura di le 12.
Fa re gololwa kgabagare, lelapa lengwe mo motseng le ne la re amogela mo bosigong joo mme la re tlhokomela. Ka letsatsi le le latelang, re ne ra tsamaya ra boela gae. Re ne re lapile thata jaana ka ntlha ya go itewa mo e leng gore loeto lo gantsi lo tsayang diura di le pedi, lo ile lwa re tsaya diura tse robedi. Ke ne ke rurugile thata jaana ka ntlha ya go itewa mo e leng gore Marianthi o ne a sa nkitse.
Koketsego le Mororo Go na Le Kganetso
Ka 1949, fa ntwa ya selegae e ne e sa ntse e tsweletse, re ne ra fudugela kwa Thesalonika. Ke ne ka abelwa go direla ke le mothusi wa motlhanka wa phuthego mo go nngwe ya diphuthego tse nnè tsa toropokgolo eno. Morago ga ngwaga phuthego e ne ya gola thata jaana mo e leng gore re ne ra tlhoma e nngwe, mme ke ne ka abelwa go nna motlhanka wa phuthego kana molebedi yo o okamelang. Ngwaga morago ga foo phuthego e ntšha eo e ne e setse e oketsegile gabedi go feta pele, mme ga tlhomiwa phuthego e nngwe gape!
Baganetsi ba ne ba galefetse koketsego ya Basupi ba ga Jehofa kwa Thesalonika. Ka letsatsi lengwe ka 1952 fa ke ne ke boela gae ke tswa tirong, ke ne ka fitlhela ntlo ya rona e shele lore. Marianthi o ne a falotse ka tshoba la mogodu. Fa re le kwa dipokanong mo bosigong joo, re ne ra tshwanela gore re tlhalose gore ke ka ntlha yang fa re apere diaparo tse di leswe—re ne re latlhegetswe ke sengwe le sengwe. Bakaulengwe ba rona ba Bakeresete ba ne ba le kutlwelobotlhoko thata e bile ba re tshegetsa.
Ka 1961, ke ne ka abelwa tiro ya go eta, ke etela phuthego e e farologaneng beke nngwe le nngwe go nonotsha bakaulengwe mo semoyeng. Mo dingwageng tse 27 tse di latelang, nna le Marianthi re ne ra etela dipotologo le dikgaolo tsa Makedonia, Thrace le Thessaly. Le mororo Marianthi wa me yo o rategang a ne a batla a foufetse fa e sa le ka 1948, o ne a direla le nna ka bopelokgale, a itshokela diteko tse dintsi tsa tumelo. Le ene o kile a tshwarwa, a sekisiwa a bo a tsenngwa mo kgolegelong ka makgetlo a mantsi. Morago ga foo botsogo jwa gagwe bo ne jwa simolola go koafala mme o ne a swa ka 1988 morago ga gore a lwe nako e telele le kankere.
Mo go one ngwaga oo, ke ne ka abelwa go direla ke le mmulatsela yo o kgethegileng kwa Thesalonika. Gone jaanong, morago ga dingwaga tse di fetang 56 ke direla Jehofa, ke sa ntse ke kgona go dira ka natla le go nna le seabe mo dikarolong tsotlhe tsa bodiredi. Ka dinako tse dingwe, ke ne ke tshwara dithuto tsa Baebele tse 20 le batho ba ba kgatlhegang beke nngwe le nngwe.
Ke lemogile gore tota re simolola thulaganyo e kgolo ya go ruta e e tla tswelelang go fitlha mo lefatsheng le lesha la ga Jehofa e bo e tswelela ka dingwaga di le sekete. Le fa go ntse jalo, ke akanya gore eno ga se nako ya gore re tseye dilo motlhofo, re senye nako, kana go dirisa nako ya rona re kgotsofatsa dikeletso tsa rona tsa nama. Ke leboga Modimo go bo a nthusitse gore ke boloke tsholofetso ya me e ke e dirileng kwa tshimologong ka gonne eleruri Jehofa o tshwanelwa ke gore re ineele mo go ene re bo re mo direle ka moya otlhe.
[Setshwantsho mo go tsebe 24]
Ke neela puo ka nako ya fa tiro ya rona ya go rera e ne e thibetswe
[Setshwantsho mo go tsebe 25]
Ke na le mosadi wa me, Marianthi