Batlang Jehofa Pele ga Letsatsi la Bogale Jwa Gagwe
“Batlang Jehofa . . . Batlang tshiamo, batlang bopelonolo. Gongwe lo ka nna lwa sujwa mo letsatsing la bogale jwa ga Jehofa.”—SEFANIA 2:3.
1. Maemo a semoya a Juda a ne a ntse jang fa Sefania a ne a simolola tiro ya gagwe ya go porofeta?
SEFANIA o simolotse tiro ya gagwe ya go porofeta mo motlheng o o maswe thata mo hisitoring ya Juda. Boemo jwa semoya jwa setšhaba seno bo ne bo le maswe thata. Batho ba ne ba kopa kaelo mo baperesiting ba baheitane le mo balepadinaleding, go na le gore ba ikanye Jehofa. Lefatshe la bone le ne le tletse ka kobamelo ya ga Baale, le ka dingwao tsa yone tsa tsalo. Baeteledipele ba setšhaba—dikgosana, batlotlegi le baatlhodi—ba ne ba gatelela bone batho ba go neng go lebeletswe gore ba ba sireletse. (Sefania 1:9; 3:3) Ga go gakgamatse go bo Jehofa a ile a “otlolola seatla sa gagwe” kgatlhanong le Juda le Jerusalema gore a di senye!—Sefania 1:4.
2. Batlhanka ba ba ikanyegang ba Modimo ba kwa Juda ba ne ba na le tsholofelo efe?
2 Mme gone, le fa boemo bo ne bo le maswe thata, go ne go na le tsholofelonyana. Josia, morwa Amone, o ne jaanong a le mo setulong sa bogosi. Le fa Josia e ne e le mosimanyana fela, gone o ne a rata Jehofa thata. Fa kgosi eno e ntšha e ne e ka tsosolosa kobamelo e e itshekileng mo Juda, a bo seo se ne se tla itumedisa ba le mmalwa ba ba neng ba direla Modimo wa boammaaruri ka boikanyegi jang ne! Batho ba bangwe ba ne ba ka nna ba latela sekao sa bone mme le bone ba bolokwa mo letsatsing la bogale jwa ga Jehofa.
Dilo Tse di Batlegang Gore Motho a Bolokwe
3, 4. Ke dilo dife tse tharo tse di batlegang gore motho a sujwe “mo letsatsing la bogale jwa ga Jehofa”?
3 A go na le batho bangwe ba ba neng ba tla bolokwa mo letsatsing leo la bogale jwa ga Jehofa? Ee, fa fela ba ne ba ka kgona go dira dilo tse tharo tse di kwadilweng mo go Sefania 2:2, 3. Fa re ntse re bala ditemana tseno, a re eleng tlhoko dilo tseno tse di batlegang. Sefania o ile a kwala jaana: “Pele molao o belega sepe, pele ga fa letsatsi le fetile fela jaaka mmoko, pele bogale jo bo tukang jwa ga Jehofa bo tla mo go lona, pele letsatsi la bogale jwa ga Jehofa le tla mo go lona, batlang Jehofa, lona lotlhe ba ba pelonolo ba lefatshe, ba lo dirileng tshwetso ya Gagwe ya boatlhodi. Batlang tshiamo, batlang bopelonolo. Gongwe lo ka nna lwa sujwa mo letsatsing la bogale jwa ga Jehofa.”
4 Ka gone, gore motho a bolokwe, o ne a tshwanetse (1) go batla Jehofa, (2) go batla tshiamo, le (3) go batla bopelonolo. Gompieno re tshwanetse go kgatlhegela thata dilo tseno tse di batlegang. Ka ntlha yang? Ka gonne fela jaaka Juda le Jerusalema di ile tsa lebana le letsatsi la katlholo mo lekgolong la bosupa la dingwaga B.C.E., ditšhaba tsa Labokeresete—tota e bile, baikepi botlhe—Jehofa Modimo o tlile go ikopanya le bone mo ‘pitlaganong e kgolo’ e e tlang. (Mathaio 24:21) Ope fela yo o batlang go sujwa ka nako eo, o tshwanetse go tsaya kgato ya makgaolakgang gone jaanong. Jang? Ka go batla Jehofa, go batla tshiamo, le go batla bopelonolo pele go nna thari!
5. Go ‘batla Jehofa’ go akaretsa eng gompieno?
5 O ka nna wa re: ‘Ke motlhanka yo o ineetseng, yo o kolobeditsweng wa Modimo, mongwe wa Basupi ba ga Jehofa. A ga ke bolo go nna ke dira dilo tseo?’ Totatota, ga go tlhokege fela gore re ineele mo go Jehofa. Iseraele e ne e le setšhaba se se ineetseng, mme mo motlheng wa ga Sefania, batho ba Juda ba ne ba sa tshele tumalanong le boineelo joo. Ka ntlha ya seo, setšhaba seno se ile sa kgaphelwa kwa thoko. Go ‘batla Jehofa’ gompieno go akaretsa go nna le botsala jo bogolo le ene ka go nna seoposengwe le phuthego ya gagwe ya mo lefatsheng. Go raya go itse kafa Modimo a lebang dilo ka gone le go itse kafa a ikutlwang ka gone. Re batla Jehofa fa re ithuta Lefoko la gagwe ka kelotlhoko, re tlhatlhanya ka lone le go dirisa kgakololo ya lone mo botshelong. Fa re ntse re batla kaelo ya ga Jehofa ka go mo rapela ka tlhoafalo le go latela kaelo ya moya wa gagwe o o boitshepo, kamano ya rona le ene e a gola, mme re tlhotlheletsega go mo direla ‘ka pelo yotlhe, ka moya otlhe le ka nonofo yotlhe ya rona.’—Duteronome 6:5; Bagalatia 5:22-25; Bafilipi 4:6, 7; Tshenolo 4:11.
6. Re ‘batla tshiamo’ ka tsela efe, mme ke eng fa seo se ka kgonega le e leng mo lefatsheng leno?
6 Selo sa bobedi se se batlegang se se umakwang mo go Sefania 2:3 ke go ‘batla tshiamo.’ Bontsi jwa rona re dirile diphetogo tse di botlhokwa mo botshelong jwa rona gore re tshwanelegele kolobetso ya Bokeresete, mme gone, re tshwanetse go tswelela pele re boloka melao e e siameng ya ga Jehofa mo botshelong jotlhe jwa rona. Batho bangwe ba ba ileng ba simolola sentle mo ntlheng eno ba ile ba itetla go leswafadiwa ke lefatshe. Ga go motlhofo go batla tshiamo ka gonne re dikologilwe ke batho ba ba lebang boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo, go aka, le maleo a mangwe e le dilo tse di itshiametseng fela. Le fa go ntse jalo, keletso e e nonofileng ya go batla go itumedisa Jehofa e ka fekeetsa mokgwa lefa e le ofe fela wa go batla go amogelwa ke lefatshe ka go leka go tshwana le lone. Juda e ile ya se ka ya amogelwa ke Modimo ka gonne e ne e leka go etsa baagelani ba yone ba baditšhaba. Ka gone, go na le gore re etse lefatshe, a re nneng “baetsi ba Modimo,” ka metlha re apara “botho jo bosha, jo bo neng jwa bopiwa go ya ka go rata ga Modimo mo tshiamong ya boammaaruri le boikanyegi.”—Baefeso 4:24; 5:1.
7. Re ‘batla bopelonolo’ ka tsela efe?
7 Selo sa boraro se se tlhalosiwang ke Sefania 2:3 ke gore fa re batla go sujwa mo letsatsing la bogale jwa ga Jehofa, re tshwanetse go ‘batla bopelonolo.’ Letsatsi le letsatsi re kopana le banna, basadi, le basha ba ba seng pelonolo ka gope. Mo go bone, go nna bonolo ke bogole. Ba leba go ikokobetsa e le bokoa jo bo masisi. Ba batla go newa se ba se batlang, ba pelotshetlha, e bile ba batla gore sengwe le sengwe se dirwe ka tsela ya bone, ba batla gore ba newe se ba se lebang e le “ditshwanelo” tsa bone le dilo tse ba di ratang go sa kgathalesege gore seo se ama jang ba bangwe. A bo go ne go tla utlwisa botlhoko jang ne fa le rona re ne re ka nna le maikutlo a a ntseng jalo! Eno ke nako ya gore re ‘batle bopelonolo.’ Jang? Ka go ikobela Modimo, le gore ka boikokobetso re amogele kgalemelo ya gagwe le go dira dilo go dumalana le thato ya gagwe.
Ke Eng fa go Twe “Gongwe” re ka Sujwa?
8. Lebaka la go bo Sefania 2:3 e dirisa lefoko “gongwe” le bontsha eng?
8 Ela tlhoko gore Sefania 2:3 ya re: “Gongwe lo ka nna lwa sujwa mo letsatsing la bogale jwa ga Jehofa.” Ke eng fa go dirisiwa lefoko “gongwe” fa go buiwa ka “ba ba pelonolo ba lefatshe”? Ebu, batho bao ba ba pelonolo ba tsere dikgato tse di molemo, mme gone ba ne ba sa tshwanela go itshepa thata. Ba ne ba ise ba wetse botshelo jwa bone jwa boikanyegi. Go ne go ka direga gore bangwe ba bone ba wele mo boleong. Go ntse jalo le ka rona. Jesu o ile a re: “Yo o itshokileng go ya bokhutlong ke ene yo o tla bolokwang.” (Mathaio 24:13) Ee, gore re bolokwe mo letsatsing la bogale jwa ga Jehofa go ikaegile ka gore re tswelele pele re dira se se siameng. A o ikemiseditse go dira jalo?
9. Ke dikgato dife tse di siameng tse di neng tsa tsewa ke Kgosi Josia yo mmotlana?
9 Go bonala Kgosi Josia a ile a tsibogela mafoko a ga Sefania ka go tlhotlheletsega go “batla Jehofa.” Dikwalo di a re: “Mo ngwageng wa borobedi wa go busa ga ga [Josia], fa a ne a sa ntse a le mosimanyana [wa dingwaga di ka nna 16], a simolola go batla Modimo wa ga Dafide rraagwemogologolwane.” (2 Ditiragalo 34:3) Gape Josia o ne a nna a ‘batla tshiamo,’ ka gonne re bala jaana: “Mo ngwageng wa bolesome le bobedi [fa Josia a ne a le dingwaga di ka nna 20] a simolola go phepafatsa Juda le Jerusalema go simolola kwa mafelong a a kwa godimo le dikota tse di boitshepo le ditshwantsho tse di thetsweng le difikantswe tse di thetsweng. Mo godimo ga moo, ba rutla dibeso tsa Bobaale fa pele ga gagwe.” (2 Ditiragalo 34:3, 4) Josia o ne a ‘batla le bopelonolo’ ka gore ka boikokobetso a dire dilo ka tsela e e itumedisang Jehofa ka go fedisa kobamelo ya medingwana le mekgwa e mengwe ya bodumedi jwa maaka mo lefatsheng. A bo batho ba bangwe ba ba pelonolo ba ile ba itumelela seo jang ne!
10. Go ne ga direga eng kwa Juda ka 607 B.C.E., mme go ne ga falola bomang?
10 Bajuda ba le bantsi ba ne ba boela kwa go Jehofa ka nako ya puso ya ga Josia. Le fa go ntse jalo, fa kgosi eno e sena go swa, bontsi bo ne jwa boela mo ditseleng tsa bone tsa pele—ba boela mo mekgweng e Modimo a sa e amogeleng gotlhelele. Fela jaaka Jehofa a ile a laela, Bababelona ba ne ba fenya Juda le go senya motsemogolo wa yone e bong Jerusalema ka 607 B.C.E. Le fa go ntse jalo, ga se gore go ne go se sepe se se neng se ka dirwa. Moporofeti Jeremia, Ebede-meleke wa Moethiopia, dikokomana tsa ga Jonadabe, le batho ba bangwe ba ba neng ba ikanyega mo Modimong, ba ne ba sujwa mo letsatsing leo la bogale jwa ga Jehofa.—Jeremia 35:18, 19; 39:11, 12, 15-18.
Baba ba Modimo—Elang Tlhoko!
11. Ke eng fa gompieno go se motlhofo go nna re ikanyega mo Modimong, mme ke eng se baba ba batho ba ga Jehofa ba tshwanetseng go se akanyetsa?
11 Fa re ntse re letetse letsatsi la bogale jwa ga Jehofa go wela tsamaiso eno e e boikepo ya dilo, re “kopana le diteko tse di farologaneng.” (Jakobe 1:2) Mo dinageng di le mmalwa tse di bolelang gore di na le kgololesego ya bodumedi, baruti ba ba boferefere ba tlhotlheleditse balaodi ba lefatshe gore ba bogise batho ba Modimo setlhogo. Batho ba ba bosula ba senya Basupi ba ga Jehofa leina, ba ba bitsa “lekoko le le kotsi.” Modimo o etse ditiro tsa bone tlhoko—mme ga a kitla a ba tlogela fela a sa ba otlhaela tsone. Baba ba gagwe ba tshwanetse go akanya ka se se neng sa diragalela baba ba bogologolo ba batho ba gagwe ba ba jaaka Bafilisitia. Boporofeti bo bolela jaana: “Fa e le Gasa, o tla nna motse o o tlogetsweng; mme Ashekelona o tla nna kgakgabalo. Fa e le Ashedoda, ba tla mo leleka motshegare o mogolo; mme fa e le Ekerone ene, o tla kumolwa.” Metse ya Bafilisitia ya Gasa, Ashekelona, Ashedoda le Ekerone e ne e tla senngwa.—Sefania 2:4-7.
12. Go ne ga direga eng ka Filisitia, Moabe le Amone?
12 Boporofeti bo tswelela jaana: “Ke utlwile kgobo ya Moabe le mafoko a a kgobang a bomorwa Amone, a ba kgobileng batho ba me ka one mme ba nna ba ikgodisa, ba ikgodisetsa karolo ya bone ya naga.” (Sefania 2:8) Ke boammaaruri gore Egepeto le Ethiopia di ne tsa fenngwa ke batlhasedi ba Bababelona. Mme gone Modimo o ne a atlhola jang Moabe le Amone, e leng ditšhaba tse di tswang mo setlogolong sa ga Aborahame e bong Lote? Jehofa o ile a bolelela pele jaana: “Moabe ka boene o tla nna fela jaaka Sodoma, mme bomorwa Amona ba tla nna jaaka Gomora.” Moabe le Amone ba ba ikgogomosang ba tla lebana le katlholo ya Modimo—ba sa tshwane le bommaabonemogolo—bomorwadia Lote ba babedi ba ba neng ba falola go senngwa ga Sodoma le Gomora. (Sefania 2:9-12; Genesise 19:16, 23-26, 36-38) Gompieno se kae setšhaba sa Filisitia le metse ya sone? Go tweng ka Moabe le Amone ba ba kileng ba bo ba le boikgogomoso? Le fa o ka leka go ba batla, o ka se ka wa ba bona.
13. Ke dilo dife tse di neng tsa ribololwa ke baithutamarope kwa Ninife?
13 Mo motlheng wa ga Sefania, Mmusomogolo wa Asiria o ne o le maatla tota. Moithutamarope e bong Austen Layard o ne a kwala jaana fa a tlhalosa karolo nngwe ya ntlo ya segosi e a neng a e ribolotse kwa motsengmogolo wa Ninife wa Asiria: “Disiling . . . di ne di na le dikamotshana tse di sekwere, di kgabisitswe ka ditshwantsho tsa dithunya, kgotsa ka ditshwantsho tsa diphologolo. Dingwe di ne di manegilwe lonaka lwa tlou, kamotshana nngwe le nngwe e na le matlhakore a mantle a a kgabisitsweng. Dikota, mmogo le matlhakore a matlwana, di ka tswa di ne di manegilwe, kgotsa di pentilwe ka gouta le selefera; mme fenitšhara ya teng ya logong e ne e dirilwe ka dikgong tse di neng di bonwa sewelo, tse bontsi jwa tsone e neng e le tsa mosedara.” Le fa go ntse jalo, jaaka go boleletswe pele mo boporofeting jwa ga Sefania, Asiria e ne e tlile go senngwa mme motsemogolo wa yone e bong Ninife, o ne o tlile go nna “kgakgabalo.”—Sefania 2:13.
14. Boporofeti jwa ga Sefania bo ile jwa diragadiwa jang mo go Ninife?
14 Ninife yo o nonofileng yono o ne a senngwa dingwaga di le 15 fela morago ga Sefania a sena go bua boporofeti jono, lefelo la yone la segosi la fetoga thotobolo ya matlakala. Ee, motse o o ikgogomosang oo o ne wa senngwa gotlhelele. Tsela e o neng wa senngwa ka yone e tlhalosiwa sentle mo mafokong ano: “Kukara mmogo le noko di tla lala bosigo mo gare ga ditlhogo tsa dipilara tsa gagwe. Lentswe le tla nna le opela mo fensetereng. Go tla nna le tshwafalo fa serepoding.” (Sefania 2:14, 15) Dikago tse dikgolo tsa Ninife di ne di tla tshwanela fela go nna bonno jwa dikukara le dinoko. Go ne go se kitla go tlhola go utlwala modumo wa bagwebi mo mebileng, mekgosi ya batlhabani, le dipina tsa baperesiti. Mo mebileng eo e e kileng ya bo e tlhanasela, go ne go tla utlwala fela lentswe le opela ka kutlobotlhoko fa fensetereng, gongwe e le molodi wa nonyane e opela ka khutsafalo kgotsa go tsubutla ga phefo. E kete baba botlhe ba Modimo ba ka nyelediwa fela jalo!
15. Re ka ithuta eng mo go se se diragaletseng Filisitia, Moabe, Amone le Asiria?
15 Re ithuta eng ka se se diragaletseng Filisitia, Moabe, Amone le Asiria? Re ithuta gore: Rona batlhanka ba ga Jehofa ga re a tshwanela go boifa baba ba rona. Modimo o bona se se dirwang ke batho ba ba ganetsang batho ba gagwe. Jehofa o ile a tseela baba ba gagwe dikgato mo nakong e e fetileng mme gompieno lefatshe lotlhe le le nang le banni le tla lebana le katlholo ya gagwe. Le fa go ntse jalo, go tla nna le bafalodi—‘boidiidi jo bogolo go tswa mo merafeng yotlhe.’ (Tshenolo 7:9) O ka nna mongwe wa bone—fa fela o tswelela pele o batla Jehofa, o batla tshiamo e bile o batla bopelonolo.
A bo Go Latlhega Badirabosula Ba ba Se Nang Maitseo!
16. Boporofeti jwa ga Sefania bo ile jwa reng ka dikgosana le baeteledipele ba Juda, mme ke eng fa mafoko ao a tshwanela Labokeresete?
16 Boporofeti jwa ga Sefania bo boa gape bo bua ka Juda le Jerusalema. Sefania 3:1, 2 ya re: “A bo go latlhega ene yo o tsuologang e bile a ikgotlela, motse o o gatelelang! Ga a ka a reetsa lentswe; ga a ka a amogela kotlhao. Ga a ka a ikanya Jehofa. Ga a ka a atamela Modimo wa gagwe.” A bo go hutsafatsa jang ne go bo maiteko a ga Jehofa a go otlhaya batho ba gagwe a ile a se ka a tsewa tsia! Bosetlhogo jwa dikgosana, batlotlegi le baatlhodi bo ne bo utlwisa botlhoko tota. Sefania o ile a kgala matlhabisaditlhong a baeteledipele ba bodumedi jaana: “Baporofeti ba gagwe ba ne ba se na maitseo, e ne e le batho ba ba boferefere. Baperesiti ba gagwe ba ne ba itshepolola se se neng se le boitshepo; ba ne ba siamololela molao.” (Sefania 3:3, 4) A bo gompieno mafoko ao a tshwanela baporofeti le baperesiti ba Labokeresete jang ne! Ka ntlha ya lenyatso, ba ile ba tlosa leina la Modimo mo dithanolong tsa bone tsa Baebele le go ruta dithuto tse di tlontlololang Ene yo ba bolelang gore ba a mo obamela.
17. E ka ne batho ba a reetsa kana nnyaa, ke eng fa o tshwanelwa ke go nna o bolela dikgang tse di molemo?
17 Jehofa o ile a akanyetsa batho ba gagwe ba bogologolo ka go ba tlhagisa malebana le kgato e a neng a tloga a e tsaya. O ile a romela batlhanka ba gagwe baporofeti—ba bangwe ba bone e neng e le Sefania le Jeremia—go kgothaletsa batho gore ba ikwatlhaye. Ee, “Jehofa . . . o ne a se ke a dira tshiamololo epe. Moso le moso o ne a ntsha tshwetso ya gagwe ya boatlhodi. E ne e se ke e tlhokega motshegare.” Ba ile ba arabela jang? “Mme yo o sa siamang o ne a sa itse ditlhong dipe,” Sefania o ne a rialo. (Sefania 3:5) Go ntshiwa tlhagiso e e tshwanang le mo nakong eno. Fa e le gore o mmoledi wa dikgang tse di molemo, o nna le seabe mo tirong eno ya go ntsha tlhagiso. Tswelela pele o bolela dikgang tse di molemo o sa kgaotse! E ka ne batho ba a reetsa kana nnyaa, bodiredi jwa gago bo a atlega go ya kafa Modimo a bo lebang ka teng fa fela o bo dira ka boikanyegi; ga go tlhokege gore o tlhajwe ke ditlhong fa o ntse o dira tiro ya Modimo ka tlhoafalo.
18. Sefania 3:6 e tla diragadiwa jang?
18 Go diragadiwa ga katlholo ya Modimo ga go kitla go felela fela ka go kgakgabadiwa ga Labokeresete. Jehofa o dira gore katlholo ya gagwe e akaretse ditšhaba tsotlhe: “Ke ne ka kgaola ditšhaba; ditora tsa tsone tsa dikhutlo di ne tsa kgakgabadiwa. Ke ne ka swafatsa mebila ya tsone, gore go se ka ga nna le ope yo o e ralalang. Metse ya tsone e ne ya kgakgabadiwa.” (Sefania 3:6) Mafoko ano a ikanyega thata jaana mo e bileng Jehofa a buang jaaka e kete a setse a diragetse. Go ne ga diragalang ka metse ya Filisitia, Moabe le Amone? Mme go tweng ka motsemogolo wa Asiria e leng Ninife? Go senngwa ga yone ke sekao se se tshwanetseng go tlhagisa ditšhaba tsa gompieno. Modimo ga se yo o ka sotlwang.
Nna o Batle Jehofa
19. Ke dipotso dife tse di dirang gore motho a akanye tse re ka ipotsang tsone?
19 Mo motlheng wa ga Sefania, bogale jwa Modimo bo ne jwa wela batho ba ba boikepo ba ba dirang gore “ditiro tsa bone tsotlhe e nne tse di senyang.” (Sefania 3:7) Go tla direga se se tshwanang le mo motlheng wa rona. A o kgona go bona bosupi jwa gore letsatsi la bogale jwa ga Jehofa le gaufi? A o tswelela pele o ‘batla Jehofa’ ka go bala Lefoko la gagwe ka metlha—letsatsi le letsatsi? A o ‘batla tshiamo’ ka go tshela botshelo jwa boitsholo jo bo phepa go dumalana le melao ya Modimo? Mme a o ‘batla bopelonolo’ ka go nna bonolo, le go ikokobeletsa Modimo le dithulaganyo tsa gagwe tsa go re boloka?
20. Ke dipotso dife tse di tla sekasekwang mo setlhogong sa bofelo sa metseletsele eno ya boporofeti jwa ga Sefania?
20 Fa re nna re batla Jehofa, re batla tshiamo, le bopelonolo ka boikanyegi, re ka lebelela go nna le masego a magolo gone jaanong—ee, le e leng mo ‘metlheng eno ya bofelo’ e e gwetlhang tumelo. (2 Timotheo 3:1-5; Diane 10:22) Mme gone re ka nna ra ipotsa gore, ‘Jehofa o re segofatsa jang rona batlhanka ba gagwe ba gompieno, mme boporofeti jwa ga Sefania bo tsholetse batho ba ba tla sujwang mo letsatsing la bogale jwa ga Jehofa le le ntseng le atamela ka bofefo masego afe a mo isagweng?’
O ne O Tla Araba Jang?
• Batho ba “batla Jehofa” jang?
• ‘Go batla tshiamo’ go akaretsa eng?
• Re ka ‘batla bopelonolo’ jang?
• Ke eng fa re tshwanetse go nna re batla Jehofa, tshiamo le bopelonolo?
[Setshwantsho mo go tsebe 18]
A o batla Jehofa ka go nna le thuto ya Baebele le go mo rapela ka tlhoafalo?
[Setshwantsho mo go tsebe 21]
Boidiidi jo bogolo bo tla falola letsatsi la bogale jwa ga Jehofa ka gonne bo nna bo mmatla