“Nnang lo Ntse Lo na Le Boitshwaro jo bo Molemo mo Ditšhabeng”
“Tlotlang batho ba mefuta yotlhe, ratang bakaulengwe botlhe.”—1 PETERE 2:17.
1, 2. (a) Mmegi mongwe wa lokwalodikgang o ne a akgela jang ka Basupi ba ga Jehofa? (b) Ke ka ntlha yang fa Basupi ba ga Jehofa ba leka ka natla go nna ba na le maitshwaro a maemo a a kwa godimo?
DINGWAGA di le mmalwa tse di fetileng, mmegi mongwe wa lokwalodikgang kwa Amarillo, Texas, U.S.A., o ne a etela dikereke tse di farologaneng mo lefelong leo mme a bega ka se a se boneng. Go ne go na le setlhopha sengwe se a neng a bona se farologane le tse dingwe. O ne a re: “Ke ne ka fetsa dingwaga di le tharo ke ya kwa dikopanong tsa Basupi ba ga Jehofa tsa ngwaga le ngwaga tse di tshwarelwang kwa Amarillo Civic Center. Fa ke ntse ke ikopanya le bone, ga ke ise nko ke bone ope wa bone a tshuba sekerete, a bula thini ya bojalwa, kgotsa a tlhapatsa. E ne e le boidiidi jwa batho ba ba phepa, ba ba itshwereng sentle, ba ba apereng sentle, ba ba maitseo go gaisa botlhe ba nkileng ka kopana le bone.” Gangwe le gape go ile ga gatisiwa dikakgelo tse di tshwanang le tseno ka ga Basupi ba ga Jehofa. Ke ka ntlha yang fa Basupi ba akgolwa thata jaana ke batho ba e seng ba bodumedi jwa bone?
2 Gantsi batho ba Modimo ba akgolelwa boitshwaro jwa bone jo bo molemo. Le fa maitshwaro a batho ka kakaretso a ntse a senyegela pele, Basupi ba ga Jehofa ba tsaya gore ba tshwanetse go nna le maitshwaro a maemo a a kwa godimo, ba tsaya gore ke karolo ya kobamelo ya bone. Ba itse gore ditiro tsa bone di bolela go le gontsi ka Jehofa le ka bakaulengwe ba bone ba Bakeresete le gore boitshwaro jwa bone jo bontle bo buelela boammaaruri jo ba bo rutang. (Johane 15:8; Tito 2:7, 8) Ka gone a re boneng gore re ka dira jang gore re tswelele re na le boitshwaro jo bo molemo mme ka jalo re nne re tshegeditse leina le lentle la ga Jehofa le Basupi ba gagwe le gore re ka solegelwa molemo jang ke go dira jalo.
Lelapa la Bakeresete
3. Malapa a Bakeresete a tshwanetse go sirelediwa mo go eng?
3 Akanya ka boitshwaro jwa rona mo lelapeng. Buka e e buang ka kgololesego ya bodumedi (Die Neuen Inquisitoren: Religionsfreiheit und Glaubensneid) e e kwadilweng ke Gerhard Besier le Erwin K. Scheuch e bolela jaana: “[Basupi ba ga Jehofa] ba tsaya lelapa e le sengwe se se tshwanetseng go sirelediwa thata.” Mafoko ao a boammaaruri, mme gompieno go na le dilo di le dintsi tse lelapa le tshwanetseng go sirelediwa mo go tsone. Go na le bana “ba ba sa utlweng batsadi” le bagolo “ba ba se nang lorato lwa tlholego” kgotsa “ba ba se nang boikgapo.” (2 Timotheo 3:2, 3) Mo malapeng banyalani ba a lwantshana, batsadi ba sotla bana ba bone kgotsa ba a ba tlhokomologa mme bana ba a tsuologa, ba dirisa diokobatsi ka tsela e e sa siamang le go dira boitsholo jo bo maswe, kgotsa ba a ngwega. Seno sotlhe se bakwa ke tlhotlheletso e e sa siamang ya ‘moya wa lefatshe.’ (Baefeso 2:1, 2) Re tshwanetse go sireletsa malapa a rona mo moyeng oo. Jang? Ka go tsaya tsia kgakololo ya ga Jehofa le kaelo e a e nayang maloko a lelapa.
4. Ke dilo dife tse maloko a lelapa la Bakeresete a tshwanetseng go di direlana?
4 Banyalani ba Bakeresete ba lemoga gore go na le dilo tse ba tshwanetseng go di direlana tse di amanang le maikutlo, bomoya le se ba se tlhokang mo mmeleng. (1 Bakorintha 7:3-5; Baefeso 5:21-23; 1 Petere 3:7) Batsadi ba Bakeresete ba na le maikarabelo a magolo mo baneng ba bone. (Diane 22:6; 2 Bakorintha 12:14; Baefeso 6:4) Mme fa bana ba ba mo malapeng a Bakeresete ba ntse ba gola, ba lemoga gore le bone ba na le maikarabelo. (Diane 1:8, 9; 23:22; Baefeso 6:1; 1 Timotheo 5:3, 4, 8) Go diragatsa maikarabelo mo lelapeng go tlhoka boiteko, go ikemisetsa le moya wa lorato le go ithontsha dilo dingwe. Le fa go ntse jalo, fa botlhe mo lelapeng ba diragatsa maikarabelo a bone a ba a neilweng ke Modimo, seo se tla dira gore ba nne thuso mo go ba bangwe mo lelapeng le mo phuthegong. Se se botlhokwa le go feta ke gore ba tla bo ba tlotla Mosimolodi wa lelapa, Jehofa Modimo.—Genesise 1:27, 28; Baefeso 3:15.
Bokaulengwe Jwa Bokeresete
5. Go kopanela le Bakeresete ka rona go re naya melemo efe?
5 Gape rona Bakeresete re na le dilo tse re tshwanetseng go di direla badumedi ka rona mo phuthegong, mme le ba e leng “bakaulengwe botlhe . . . mo lefatsheng.” (1 Petere 5:9) Re tlhoka go nna le kamano e e siameng le phuthego gore re nne re tsogile sentle semoyeng. Fa re kopanela le Bakeresete ka rona, re ipelela botsalano jwa bone jo bo re kgothatsang mmogo le dijo tse di nonotshang semoyeng tse re di newang ke “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale.” (Mathaio 24:45-47) Fa re na le mathata, re ka kopa bakaulengwe ba rona kgakololo e e molemo e e theilweng mo melaometheong ya Dikwalo. (Diane 17:17; Moreri 4:9; Jakobe 5:13-18) Fa re tlhoka, bakaulengwe ba rona ga ba ke ba re latlha. A bo e le selo se se molemo jang ne go nna karolo ya phuthego ya Modimo!
6. Paulo o ne a bontsha jang gore go na le dilo tse re tshwanetseng go di direla Bakeresete ba bangwe?
6 Le fa go ntse jalo, ga re a tlela go fiwa fela mo phuthegong; le rona re tshwanetse go aba. Ee ruri, Jesu o ne a re: “Go na le boitumelo jo bogolo mo go abeng go na le jo bo leng gone mo go amogeleng.” (Ditiro 20:35) Moaposetoloi Paulo o ne a gatelela boikutlo jwa go rata go aba fa a ne a kwala jaana: “A re ngangatleleng go bolela phatlalatsa tsholofelo ya rona kwantle ga go reketla, gonne yo o solofeditseng o a ikanyega. Mme a re akanyetsaneng gore re tlhotlheletsaneng mo loratong le mo ditirong tse di molemo, re sa lese go phuthega mmogo ga rona, jaaka bangwe ba na le mokgwa oo, mme re kgothatsana, mme re dira jalo le go feta e re ka lo bona letsatsi le atamela.”—Bahebera 10:23-25.
7, 8. Re ka bontsha jang boikutlo jwa go rata go aba mo phuthegong le mo Bakereseteng ba ba kwa dinageng tse dingwe?
7 Fa re le mo phuthegong, re ‘bolela tsholofelo ya rona’ fa re araba mo pokanong kgotsa re nna le seabe ka ditsela tse dingwe mo thulaganyong. Ruri maiteko ano a re a dirang a kgothatsa bakaulengwe ba rona. Gape re ba kgothatsa ka go tlotla le bone pele ga dipokano le morago ga tsone. Eo ke nako e re ka nonotshang ba ba bokoa ka yone, ra nametsa ba ba tshwenyegileng maikutlo le go gomotsa ba ba lwalang. (1 Bathesalonika 5:14) Bakeresete ba ba peloephepa ba aba jalo ka bopelotshweu, mme ke sone se se dirang gore batho ba le bantsi ba ba tlang dipokanong tsa rona lekgetlho la ntlha ba kgatlhiwe ke lorato lo ba lo bonang mo gare ga rona.—Pesalema 37:21; Johane 15:12; 1 Bakorintha 14:25.
8 Le fa go ntse jalo, ga re bontshe lorato lwa rona mo phuthegong ya rona fela. Re lo bontsha bakaulengwe botlhe ba rona mo lefatsheng lotlhe. Ka sekai, ke gone ka moo Holo nngwe le nngwe ya Bogosi e nang le lebokose la meneelo la Letlole la Diholo Tsa Bogosi. Holo ya rona ya Bogosi e ka tswa e le mo seemong se se siameng, le fa go ntse jalo, re itse gore Bakeresete ka rona ba le diketekete mo dinageng tse dingwe ga ba na lefelo le le siameng le ba ka kopanelang mo go lone. Fa re tsenya meneelo mo Letloleng la Diholo Tsa Bogosi, re bontsha batho bao lorato le fa re ka tswa re sa ba itse ka namana.
9. Ke lebaka lefe la konokono le le dirang gore Basupi ba ga Jehofa ba ratane?
9 Ke ka ntlha yang fa Basupi ba ga Jehofa ba ratana? Ka gonne Jesu o ba laetse gore ba dire jalo. (Johane 15:17) Mme lorato lo ba ratanang ka lone lo supa gore moya wa Modimo o dira mo go mongwe le mongwe wa bone le mo go bone botlhe ba le setlhopha. Lorato ke longwe lwa “maungo a moya.” (Bagalatia 5:22, 23) Fa Basupi ba ga Jehofa ba ntse ba ithuta Baebele, ba nna teng kwa dipokanong tsa Bokeresete, ba rapela Modimo ka metlha, lorato e nna sengwe sa tlholego fela mo go bone le fa ba nna mo lefatsheng le mo go lone ‘lorato lwa ba bantsi lo tsidifetseng.’—Mathaio 24:12.
Go Dirisana le Lefatshe Leno
10. Ke boikarabelo bofe jo re nang le jone mo lefatsheng leno?
10 Lebaka la go bo Paulo a umakile “go bolela phatlalatsa tsholofelo ya rona” le re gakolola ka boikarabelo jo bongwe jo re nang le jone. Go bolela phatlalatsa go akaretsa tiro ya go rerela batho ba ba iseng ba nne bakaulengwe ba rona ba Bakeresete dikgang tse di molemo. (Mathaio 24:14; 28:19, 20; Baroma 10:9, 10, 13-15) Go dira tiro eno ya go rera le gone ke go aba. Go e dira go tlhoka nako, maatla, go baakanyetsa, go ithapisa le go dirisa dilo tse re nang le tsone. Le fa go ntse jalo, gape Paulo o ne a kwala jaana: “Ke molato mo Bagerikeng le mo Bathoseeng, mo go ba ba botlhale le ba ba se nang tlhaloganyo: ka jalo ke na le tlhagafalo ya go bolela dikgang tse di molemo le mo go lona koo kwa Roma.” (Baroma 1:14, 15) Fela jaaka Paulo, a re nneng pelotshweu fa re duela “molato” ono.
11. Ke melaometheo efe e mebedi ya Dikwalo e e laolang tsela e re dirisanang le lefatshe ka yone, mme le fa go ntse jalo, ke eng se re se itseng?
11 A re na le maikarabelo a mangwe mo bathong ba e seng badumedi ka rona? Ee ruri. Gone ke boammaaruri gore re a itse fa “lefatshe lotlhe le namaletse mo maatleng a yo o boikepo.” (1 Johane 5:19) Re itse gore Jesu o ne a bolela jaana ka barutwa ba gagwe: “Ga ba karolo ya lefatshe, fela jaaka nna ke se karolo ya lefatshe.” Le fa go ntse jalo, re tshela mo lefatsheng, re itshedisa mo go lone e bile re amogela ditirelo tsa lone. (Johane 17:11, 15, 16) Ka jalo go na le dilo tse re tshwanetseng go di dira mo lefatsheng leno. Ke dilo dife tseo? Moaposetoloi Petere o ne a araba potso eo. Nakwana fela pele Jerusalema e senngwa, o ne a kwalela Bakeresete ba kwa Asia Minor lokwalo, mme mafoko mangwe mo lokwalong loo a re thusa go nna tekatekano fa re dirisana le lefatshe.
12. Bakeresete ke “baeng le baagi ba nakwana” ka tsela efe, mme ka jalo ba tshwanetse go ithiba mo dilong dife?
12 Sa ntlha Petere o ne a re: “Baratwa, ke lo rotloetsa lo le baeng le baagi ba nakwana gore lo nne lo ithibe mo dikeletsong tsa senama, tse e leng tsone tota tse di tlhabanang le moya.” (1 Petere 2:11) Bakeresete ba boammaaruri ke “baeng le baagi ba nakwana” ka tsela ya semoya ka gonne selo se segolo mo matshelong a bone ke tsholofelo ya go tshelela ruri—ba ba tloditsweng ba tshela kwa legodimong mme ba “dinku tse dingwe” ba tshela mo paradaiseng e e tlang ya mo lefatsheng. (Johane 10:16; Bafilipi 3:20, 21; Bahebera 11:13; Tshenolo 7:9, 14-17) Mme dikeletso tsa senama ke eng? Di akaretsa dilo tse di jaaka go eletsa go huma, go eletsa maemo, dikeletso tsa boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo le dikeletso tse di tlhalosiwang e le “lefufa” le “bopelotshetlha.”—Bakolosa 3:5; 1 Timotheo 6:4, 9; 1 Johane 2:15, 16.
13. Dikeletso tsa senama di ‘tlhabana le moya wa rona’ jang?
13 Ruri dikeletso tseno di ‘tlhabana le moya wa rona.’ Di senya kamano ya rona le Modimo mme ka jalo di tsenya tsholofelo ya rona ya Bokeresete (“moya,” kgotsa botshelo jwa rona) mo kotsing. Ka sekai, fa re kgatlhegela dilo tsa boitsholo jo bo sa siamang, re ka ikisa jang “setlhabelo se se tshelang, se se boitshepo, se se amogelesegang mo Modimong”? Fa re wela mo seraing sa go rata dikhumo, a re a bo re ‘batla bogosi pele’? (Baroma 12:1, 2; Mathaio 6:33; 1 Timotheo 6:17-19) Tsela e e molemo ke go latela sekao sa ga Moshe, re gane dithaelo tsa lefatshe mme re dire gore tirelo ya ga Jehofa e tle pele mo matshelong a rona. (Mathaio 6:19, 20; Bahebera 11:24-26) Seo ke sengwe sa botlhokwa se se ka re thusang go nna tekatekano fa re dirisana le lefatshe.
‘Nnang Lo na Le Boitshwaro jo bo Molemo’
14. Ke ka ntlha yang fa rona Bakeresete re leka go nna re na le boitshwaro jo bo molemo?
14 Kaelo e nngwe ya botlhokwa e fitlhelwa mo mafokong a ga Petere a a latelang: “Nnang lo ntse lo na le boitshwaro jo bo molemo mo ditšhabeng, gore, mo selong se ba lo kgalang jaaka badirabosula mo go sone, ba tle ba galaletse Modimo mo letsatsing la go tlhatlhoba ga gagwe ka ntlha ya ditiro tsa lona tse di molemo tse ba leng basupi ba tsone ba ba di boneng ka matlho.” (1 Petere 2:12) Rona Bakeresete re leka go tlhoma sekao. Re ithuta ka tlhoafalo kwa sekolong. Re dira ka natla e bile re a ikanyega kwa tirong—tota le fa go lebega mothapi wa rona a sa akanyetse ba bangwe. Mo lelapeng le le kgaoganeng ka bodumedi, monna kgotsa mosadi yo o dumelang o leka ka natla go latela melaometheo ya Bokeresete. Ga go motlhofo ka dinako tsotlhe mme re itse gore boitshwaro jwa rona jo bo tlhomang sekao bo itumedisa Jehofa mme gantsi bo nna le ditlamorago tse di molemo mo go ba e seng Basupi.—1 Petere 2:18-20; 3:1.
15. Re itse jang gore boitshwaro jwa maemo a a kwa godimo jwa Basupi ba ga Jehofa bo lemogiwa mo lefatsheng lotlhe?
15 Tsela e bontsi jwa Basupi ba ga Jehofa ba atlegileng ka yone fa ba ntse ba itshwere ka tsela e e tlhomang sekao e bontshiwa ke dikakgelo tse di dirwang ka bone tse di ileng tsa gatisiwa fa dingwaga di ntse di feta. Ka sekai, Il Tempo ya kwa Italy e ne ya bega jaana: “Batho ba ba dirang le Basupi ba ga Jehofa ba ba tlhalosa e le badiri ba ba ikanyegang, ba ba tlhatswegileng pelo ka tumelo ya bone thata jaana mo go ka nnang ga lebega e kete e ba ile kwa tlhogong; le fa go ntse jalo, ba tshwanelwa ke go tlotlwa ka ntlha ya go nna le boitshwaro jo bontle.” Lokwalodikgang lwa Herald lwa kwa Buenos Aires, Argentina lo ne lwa re: “Mo dingwageng tse di ntseng di feta, Basupi ba ga Jehofa ba ile ba itshupa e le baagi ba ba dirang ka natla, ba ba masisi, ba ba somarelang le ba ba boifang Modimo.” Mokanoki wa kwa Russia e bong Sergei Ivanenko o ne a bolela jaana: “Mo lefatsheng lotlhe Basupi ba ga Jehofa ba itsege e le batho ba ba ikobelang molao ka ditsela tsotlhe mme segolobogolo ba itsege ka mokgwa wa bone wa boikanyegi fa go tliwa mo go dueleng makgetho.” Manejara wa lefelo lengwe kwa Zimbabwe le Basupi ba ga Jehofa ba neng ba le dirisetsa kopano ya bone o ne a re: “Ke bona Basupi bangwe ba sela dipampiri le go phepafatsa matlwana a boithomelo. Ba tlogela mabala a ditshupo a le phepa go feta pele. Basha ba lona ba maitseo. E kete lefatshe lotlhe le ka bo le tletse ka Basupi ba ga Jehofa.”
Go Ikoba ga Bakeresete
16. Re dirisana jang le balaodi ba lefatshe, mme ka ntlha yang?
16 Petere gape o bua ka tsela e re dirisanang ka yone le balaodi ba lefatshe. A re: “Ka ntlha ya Morena ipeyeng mo taolong ya sebopiwa sengwe le sengwe se e leng motho: e ka ne e le kgosi ka e le kgolo kgotsa balaodi ka ba romilwe ke yone gore ba diragatse kotlhao mo badirabosuleng mme ba bake ba ba dirang molemo. Gonne Modimo o rata jalo, gore ka go dira molemo lo tle lo bofe puo ya go tlhoka kitso ya batho ba ba seng tekatekano.” (1 Petere 2:13-15) Re anaanela melemo e re e newang ke puso e e dirang dilo ka thulaganyo, mme e re ka re kaelwa ke mafoko a ga Petere, re ikobela melao ya yone le go duela makgetho a rona. Le fa gone re lemoga gore Modimo o neile dipuso tshwanelo ya go otlhaya batlolamolao, totatota re ikobela balaodi ba lefatshe “ka ntlha ya Morena.” Ke thato ya Modimo. Mo godimo ga moo, ga re batle go tlisa kgobo mo leineng la ga Jehofa ka go otlhaelwa go dira sengwe se se sa siamang.—Baroma 13:1, 4-7; Tito 3:1; 1 Petere 3:17.
17. Fa “batho ba ba seng tekatekano” ba re ganetsa, re ka tlhomamisega ka eng?
17 Ka maswabi, ‘batho bangwe ba ba seng tekatekano’ ba ba mo taolong ba re bogisa le go re ganetsa ka ditsela tse dingwe—jaaka go rotloetsa matsholo a go re senya leina. Le fa go ntse jalo, ka metlha maaka a bone a senoga ka nako ya ga Jehofa e e tshwanetseng, mme ‘puo ya bone ya go tlhoka kitso’ e a didimadiwa. Tsela e rona Bakeresete re ntseng re itshwara sentle ka yone e bontsha gore boammaaruri bo fa kae. Ke gone ka moo gantsi batlhankedi ba ba ikanyegang ba puso ba re akgolelang go nna badiri ba se se molemo.—Baroma 13:3; Tito 2:7, 8.
Batlhanka ba Modimo
18. Ke ka ditsela dife rona Bakeresete re ka tilang go dirisa kgololesego ya rona ka tsela e e sa siamang?
18 Jaanong Petere o tlhagisa jaana: “Nnang jaaka batho ba ba gololesegileng, mme le fa go ntse jalo lo tshola kgololesego ya lona, e seng jaaka sesiro sa bosula, mme jaaka batlhanka ba Modimo.” (1 Petere 2:16; Bagalatia 5:13) Gompieno go itse boammaaruri jwa Baebele go re golola mo dithutong tsa bodumedi jwa maaka. (Johane 8:32) Mo godimo ga moo, re na le kgololesego ya go itlhophela. Le fa go ntse jalo, ga re dirise kgololesego ya rona ka tsela e e sa siamang. Fa re tlhopha batho ba re itsalanyang le bone, se re se aparang, tsela e re ikgabisang ka yone, boitlosobodutu—tota le dijo le dino—re gakologelwa gore Bakeresete ba boammaaruri ke batlhanka ba Modimo, ga ba itumedise bobone fela. Re tlhopha go direla Jehofa go na le go nna batlhanka ba dikeletso tsa rona tsa senama kgotsa ba difeshene le mekgwa ya lefatshe.—Bagalatia 5:24; 2 Timotheo 2:22; Tito 2:11, 12.
19-21. (a) Re leba jang balaodi ba lefatshe? (b) Bangwe ba bontshitse jang gore ba ‘rata bakaulengwe botlhe’? (c) Re na le boikarabelo bofe jo bo botlhokwa go gaisa jotlhe?
19 Petere o tswelela jaana: “Tlotlang batho ba mefuta yotlhe, ratang bakaulengwe botlhe, boifang Modimo, tlotlang kgosi.” (1 Petere 2:17) E re ka Jehofa Modimo a letla batho go nna le maemo a a farologaneng a bolaodi, re naya batho bao tlotlo e e tshwanetseng. E bile re rapela ka ga bone, gore re letlelelwe go dira bodiredi jwa rona ka kagiso le ka boineelo jwa bomodimo. (1 Timotheo 2:1-4) Le fa go ntse jalo, gape re ‘rata bakaulengwe botlhe.’ Ka metlha re leka go direla bakaulengwe ba rona ba Bakeresete molemo e seng go ba gobatsa.
20 Ka sekai, fa setšhaba sengwe sa kwa Afrika se ne se kgautlhantswe ke ntwa ya bomorafe, boitshwaro jwa Bokeresete jwa Basupi ba ga Jehofa bo ne jwa tlhomologa. Lokwalodikgang lwa Reformierte Presse lwa kwa Switzerland lo ne lwa bega jaana: “Ka 1995, mokgatlho wa Ditshwanelo Tsa Baafrika . . . o ile wa kgona go supa gore dikereke tsotlhe kwantle ga Basupi ba ga Jehofa di ile tsa nna le seabe [mo ntweng eo].” Fa lefatshe le utlwela ka ditiragalo tseo tsa masetlapelo, Basupi ba ga Jehofa kwa Yuropa ba ne ba akofa ba romelela bakaulengwe ba bone le batho ba bangwe dijo le thuso ya tsa kalafi kwa nageng eo e e aparetsweng ke mathata. (Bagalatia 6:10) Ba ne ba tsaya tsia mafoko ano a Diane 3:27: “O se ka wa gana ka molemo mo go ba o ba tshwanetseng, fa go le mo maatleng a seatla sa gago go o dira.”
21 Le fa go ntse jalo, go na le boikarabelo bongwe jo bo botlhokwa go feta tlotlo e re tshwanetseng go e bontsha balaodi ba lefatshe e bile bo le botlhokwa go feta lorato lo re tshwanetseng go lo bontsha bakaulengwe ba rona. Ke boikarabelo bofe joo? Petere o ne a re: “Boifang Modimo.” Se re tshwanetseng go se direla Jehofa se segolo thata go feta se re tshwanetseng go se direla motho ope fela. Ka tsela efe? Mme re ka nna tekatekano jang fa re dira dilo tse re tshwanetseng go di direla Modimo le tse re tshwanetseng go di direla balaodi ba lefatshe? Dipotso tseno di tla arabiwa mo setlhogong se se latelang.
A o A Gakologelwa?
• Bakeresete ba na le maikarabelo afe mo lelapeng?
• Re ka bontsha jang boikutlo jwa go rata go aba mo phuthegong?
• Re na le maikarabelo afe mo lefatsheng leno?
• Melemo mengwe ya go nna le boitshwaro jwa maemo a a kwa godimo ke efe?
[Setshwantsho mo go tsebe 9]
Lelapa la Bakeresete le ka tlisa boipelo jo bogolo jang?
[Ditshwantsho mo go tsebe 10]
Ke ka ntlha yang fa Basupi ba ga Jehofa ba ratana?
[Ditshwantsho mo go tsebe 10]
A re ka bontsha bakaulengwe ba rona lorato le fa re sa ba itse ka namana?